Download as doc, pdf, or txt
Download as doc, pdf, or txt
You are on page 1of 2

TLHATSO (children with mothers)

Maikaelelo a tlhatso ke afe?

Ka tlhatso Bakreste ba ntshiwa mo sebene sa tlholego le lefifi mme ba dirwa barwa le barwadi ba Modimo le ditokololo tsa batho ba gagwe ba ba Boitshepo. Jesu ka tlhamalalo o tlhomile tlhatso ka taolo ya gagwe go balatedi ba gagwe: Ka
moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa oo Boithsepo (Mt 28:19).

Re balatedi ba ga Jesu mme re obamela taolo ya gagwe. Dikamano tsa semoya tsa tlhatso ke kolobetsa masea gonne Jesu ke bo-ene o rile:
10:14). Acts 2:39; 11:13-18; 10:48a; 16:15,33; 18:8; 1 Cor 1:16;)

boitshwarelo jwa dibe, go amogela Moya oo Boitshepo, le go tsena mo botsalanong jwa Kereke. Kereke ee Katholike e Lesang bana ba tle go nna, lo se ka lwa ba iletsa; gonne puso ya Modimo ke ya ba ba ntseng jalo (Mk

Modimo o re neile diatla tse pedi mme re a itse ka moo re di tlhokang ka teng, ka moo di leng botlhokwa ka teng. Ga re kake ra bona tiro re nale letsogo le le nosi. Ga go na motho ope o ka go thapang. Mme jaanong o tla iphitlhela o le motho yo a sa batilweng ke ope fela. Jaanong leka go akanya le go ipotsa gore ngwana wa gago o ikutlwa jang fa a sena rragwe a sa mo itse. Re ka re ngwana wa gago o nale letsogo le le lengwe fela ke gore motsadi a le esi ebong mma , rre ene o kae ke potso e ngwana a ipotsang ngwana o tlhoka rre le mme. Reetsang moitshepi Paulo a re: Le lona borrabana, se rumoleng bana ba lona, mme ba godisetseng mo thutong le mo kaelong ya Morena(Ef 6:4).

Tshwanelo ya batsadi le baemedi ke go dumela mo Modimong le go amogela mpho ya gagwe ya botshelo jo bosa mo boemong jwa ngwana yo a kolobediwang. Go tlisa ngwana go kolobediwa go tlhoka boikarabelo go tswa kafa batsading go godisetsa ngwana mo maemong ao ka golang mo go o ne mo tumelong ee katholike. Selo se, se ka baakanyetsa ngwana gore le ene ka moso fa a godile a dire maikarabelo a botho jwa tumelo gagwe mo go Jesu Kreste. Ka bophara bana ba tlhoka mo kgodisong ya bone lorato lo godileng lwa batsadi ka bobedi eleng rre le mme. Botsadi ga bo tlamele bana fela ka botshelo sekai ka dijo jaaka papa, masi le diaparo mme gape ka thuto mo tseleng ya Bokreste. Batsadi ba bopa bana ba bone ka go ba ruta mokgwa wa batho, maikarabelo le boitsheko. Ba ba bontsha tsela ya nnete mo botshelong.

Moitshepi Paulo o naya batsadi dintlha tse di nonofileng tsa thuto tsa bopelotlhomogi lekang go itse le go tlhaloganya ngwana, mo ruteng mo tseleng ya Bokreste ka go ya kafa melaong ya semoya. Ke ka re: nnang le maikarabelo mo baneng ba lona le bomme ba lo naleng bana le bone. Modimo o dirile thulaganyo le tolamo go bao ba tshatileng le botshelo jwa lolwapa jaaka bo senotswe mo dikwalong tse di boitshepo le mo tumelong ya setso sa se katholike.

Mothao wa thulaganyo le tolamo ya lenyalo le botshelo jwa lolwapa gase selo se se ka fetolwang ke motho mo ngwaong(culture) le mo mekgweng ya setso mo morafeng.

TLHATSO (children with mothers)

Lolwapa ke mothao(foundation) o mogolo wa setlhopa sa botho.Ke thato ya Modimo go motho mongwe le mongwe go tsena mo lefatshing mme go ipaakanyetsa go tsaya karolo mo sesabeng ka botshelo jwa lolwapa. Kaga jalo Batswana ke batho bangwe ba ba farologanang le merafe e mengwe, mme ba batla go siamisa thulaganyo ya Modimo ba tlogetse malwapa kwa ntle. Mma o itumetse go nna le ngwana a dira tiro ya rra le mma. Ke go tswa kwa lolwapeng gore ditokololo tse dintsha tsa kereke di tlisiwa mo tlhatsong, mme mo lolwapeng batho ba rutiwa le go katisiwa mo kitsong ya go ithuta tumelo ya bone. Batsadi ke bone baruta bana ba ntlha ba tumelo le boitsheko jwa bana ba bone. Sa botlhokwa gase gore o tsena kereke efe. Monna le Mosadi ba tshwanetse go tshela mmogo jaaka banyalani. Kereke ya rona ee katholike e tlhalosa selo se sentle.
Ke rata go botsa borre ba ba fano mo kerekeng: A lo borre ba ba siameng? A lo boikanyego mo basading ba lona? A lo ikutlwa lo nale maikarabelo mo botshelong bongwe le bongwe jo lo bo tlisang mo lefatsing? A lo tlamela bana ba lona? Baefeso 5:25 Lona banna, ratang basadi ba lona, jaaka Kreste le ene a ratile phuthego Basadi ba me ba ba rategang. Lo tlisitse bana ba

ditsholofetso tse, lo tshela jaaka bahaitane le bana ba lo ba tshedisa jaaka bahaitanenyana. A tota lo tlhokomela mewa ya bana ba? A lo tlhokometse bokamoso jwa bana ba? A tota lo a ba rata kgotsa go ithata lona fela ka go lesa bana ba gola ba sa itse borra bone le lorato lwa bone. Lo tla araba lo reng fa lo bidiwa ke bana ba lona gore rre o kae? A lo tla re batho ba dirile diphoso mme sesaba se se itekanetseng sa demokrasi ga se tlhoke botshelo jaaka lolwapa? Mme lwa reng ka melao ya Modimo le botshelo jwa lona jo bo itshekileng? Tlhatso e re dira bana ba Modimo. A lo ka kgona go ruta bana ba lona go latela sekao sa Morena Jesu? Ka sekao sa lona se se siameng bana ba ba tla kgona. Amen.

go kolobediwa. A lo gone gompijeno jaaka lolwapa? A lo tlile le banna ba lona mo tlhatsong ya bana ba lona? Gakgamalelang maikarabelo a lona go tlotla dithuto tsa Kereke, ga lo batle go tshegetsa

You might also like