AFL1502 - Study Unit 3 and 4 - 2012-TRANSLATED Setswana QA Matjila PDF

You might also like

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 42

Yuniti ya thuto 3

MATSENO GO DIKINANE/MAINANE
Dr N Masuku

Kwa bofelong jwa serutwa se o tshwanetse o be o kgona go:


● tlhalosa gore ‘dikinane’ ke eng;
● tlhopha dikwalo tsa bogologolo go ya ka dipopego le dirutwa tse di farologaneng;
● tlhaola dipharologano magareng ga naane ya ditumelo, kgang/mabare-bare le leinane.
● fa tlhaloso ya seane, leele le thamalakwane
● go naya dikai di se kae tsa maboko a setso

3.1 MATSENO

Ka setso sa seAfrika sa bagologolo, e ne e le tiro ya batsadi go ruta bana ba bona. E ne e le


barutabana bao ba neng ba ruta ebile ba otla bana ba ba sa obameleng molao. Ba ne ba na le
kelotlhoko e e tseneletseng ya go ruta bana ka tsela ya badimo, gore le bone mo nakong e e tlang
ba tle ba kgone go fetisetsa ditsela tse go bana ba bona. E ne e le tiro ya batsadi botlhe go rata le
go tsweletsapele tlhokomelo ya bana go ya ka paballo le kaelo ya badimo.

Thuto yone, ba ne ba e utlwa go ba bangwe kgotsa ba ne ba bolelelana ka ga yone. Letsatsi


lengwe le lengwe la beke, fa go fetswa ditiro tsa fa lapeng, lolwapa lotlhe lo ne lo ora molelo
kgotsa sebeso. Bagolo, sebeng thata bo Koko le bo ntatemogolo, ba bo ba simolola go ba anegela
mainane. Bao ba utlweletseng ba tsaya karolo ka go opela dipina tsa setso, go phaphatha diatla,
le go bina fa go tlhokagala. Go ne go diriswa loleme lwa tlhago, go nolofaletsa baithuti go
tlhaloganya dithuto tse. Ka tiriso ya loleme lwa tlhago bana ba, ba ithutile go simolola dikamano le
bana ba bangwe. Ba ithutile gape go farologanya dilo tse di siameng le tse di sa siamang, le go
akanya ka bophelo.

Ke ka ntlha ya kamano le ditiragalo tse gore yuniti e e tlhalose mosola wa setso sa dikinane mo go
bopeng le go tlhotlheletseng semelo sa ngwana kgotsa mongwe mo morafeng o o rileng. Pele re
tlhalosa mefuta e e farologaneng ya dikinane, a re tlhaloseng pele gore dikwalo tsa bogologolo ke
eng.
3.2 Ke eng dikwalo tse di buiwang ka molomo?

Go ya ka Okpewho (1992: 1) setlhogo se go buiwang ka sona se, se ka tlhaloswa ka mareo a


tshwana le dikwalo tse di tlotliwang ka molomo, puo/motlotlo, dikwalo tsa bogologolo, le
dikinane. Mareo a, a kaya gore dikwalo tse ke tseo batho ba bolelelanang kgotsa ba tlotlelanang
ka ga tsona. Ka lebaka la thuto e re ya go dirisa lereo dikwalo tsa bogologolo. Botlhokwa jwa
dikwalo tsa bogologolo ke gore ke tsa kgale ebile di fetiseditswe go tswa go malokong a mangwe
go ya go a mangwe. Dikinane di supa fa batlhodi ba dikwalo tse e le morafe, ka se go kaiwa batho
ba ba sa rutegang ba kwa metseng kgotsa kwa magaeng. “Dikwalo tsa bogologolo di ka tlhaloswa
jaaka mafoko ale, a buiwa, a bokwa kgotsa a opelwa, ao tlhamo le tiragatso ya one di bontshang
dimelo tsa bokgabo tsa dikakanyo tse di nepileng le puo e e botlhale” Okpewho (1992:1). Fa tlase
fa go buiwa ka mefuta e e farologaneng ya dikinane, le dikai tsa ntlha nngwe le nngwe di a fiwa.

3.2.1 Semelo sa dikwalo tsa bogologolo

Fa re bua ka semelo sa dikinane, go botlhokwa go lebelela mathata a a lebaneng thata le tsona,


jaaka tlhaloso ya tsone le dintlha tsa tiro yotlhe ya tsone, di tshwana le modiragatsi; bareetsi le
babogedi; le tirelo kgotsa moletlo.

Dikinane di tlhaloswa ka kakaretso ke baitseanape ba tshwana le Okpewho (1983:42), jaaka


“mofuta wa bokgabo o o dirwang ka puo ya molomo go tswa go malokong a mangwe go ya go a
mangwe, morago o be o boeletswa lefoko ka lefoko, ka tlhogo”. Tlhaloso e e lekanyeditswe fela
ntlha ya go bolelelwa dikinane ka molomo, ebile e tlhaola dikarolo tse dingwe di tshwana le go
tlhalosa ka ditiro, dithwe tsa mmele le ditshwantsho. Finnegan (1970:15) o a e fetola fa a re “mo
dikinaneng, mafoko a a sa kgabiswang a ka se itlhalose”, ka se o raya gore mafoko ka bosi ga a a
lekana mo dikinaneng. O tswelelapele ka go re: dikinane ke mofuta mongwe wa dikwalo o o nang
le dimelo tse di rileng tsa tiragalo, phetisetso le kagisano kgotsa phedisano ya morafe. Se, se raya
gore bokgabo jotlhe bo lebelelwa mo tiragalong ya dikinane, jaaka bo itemogetswe ebile bo
fetisitswe go tswa mo dikamanong tsa mefutafuta jaaka kagisano, thuto le ditiragalo tsa kgale.

Jaaka go builwe mo nakong e e fetileng, dikinane di laolwa ke modiragatsi yo o di tlhagisang le go


di tlhalosa ka mafoko mo tiragalong kgotsa tirelong e e rileng. Jaaka go itshupa gore ke ka
tiragatso ya dikinane feela go ka lemogiwang mosola le boleng jwa dikinane jaaka tiragalo e e ntle
ya bokgabo, go botlhokwa-tlhokwa gore re lebelele dikarolo tse di bopang tiragalo yotlhe, ebong
modiragatsi, bareetsi le babogedi, le tirelo/tiragalo. Mabaka a a farologaneng a ka tlhotlheletsa
bokgoni jwa modiragatsi jwa go tlhagisa dikakanyo. A akaretsa go itlhalosa ka ditiro di tshwana le
go bopa sefatlhego, go tsamaisa dithwe tsa mmele, tebego, re sa lebale diletswa tsa mmino.
Didiriswa tse dingwe tse di ka amang boleng jwa tiragatso ya dikinane di akaretsa batho ba ba
itsegeng jaaka diopedi tse di thusang. Tiriso ya sefatlhego go itlhalosa e bontsha mefuta e e
farologaneng ya maikutlo jaaka kutlo-botlhoko, letshogo, boitumelo le tlalelo kgotsa tshwenyego, fa
tiriso ya dimelo tse dingwe e supa maitshwaro a batsaya-karolo ba ba farologaneng mo leinaneng
kgotsa mo tiragatsong. Dimelo tsotlhe tse di dira gore kanegelo ya leinane e bonagale ebile e
utlwagale, e kgatlhise e bo e dumeletshege. Bokgoni jotlhe jo bo diriswang ke badiragatsi ba
dinaane bo supa gore modiragatsi mongwe le mongwe o lokologile go ka dirisa mokgwa mongwe
le mongwe oo a o ratang, mo kanegelong ya dikinane, go tsamaelana le mofuta o wa dikwalo.

Bareetsi le babogedi ke karolo e e botlhokwa tota, ebile ba tlhotlheletsa kanegelo ya leinane e le


ruri. Okpewho (1992:57) o gatelela se fa a re “tiragatso e e dirwang ka molomo e teng ka nnete fa
go na le bareetsi le babogedi ba ba gapeletsang maitseo a modiragatsi ba bo ba tsenya tiragatso
mo rekotong, e ka nna mo tlhaloganyong kgotsa mo theiping”. Se, se raya gore go tsaya karolo ga
bareetsi le babogedi ke ntlha e e botlhokwa thata ya mainane, ebile fa e ka thibelwa e ya go dira
gore tiragalo yotlhe ya leinane e latlhegelwe ke bokao le mosola. Ka gonne babogedi le bareetsi e
le karolo ya tiragatso ya leinane, ba tlhotlheletsa tlhopho ya setlhogo, mokgwa oo leinane le
anegelwang ka ona, le tiriso ya dithwe tsa mmele le mmino go itlhalosa. Maloko a bareetsi le
babogedi ba dira se ka go botsa dipotso kgotsa ka go tsena ganong ba baakanya dintlha tsa
ditiragalo tsa kgale. Maitshwaro a babogedi le bareetsi a a tliswang ke bodutu le go ngenega,
jaaka go tsamaya ba tlogela modiragatsi a sa ntse a tlotla, a senya tiragatso, a dira gore
modiragatsi a kgaoletse tiragatso kgotsa tiragalo yotlhe.

Feela jaaka babogedi le bareetsi, tirelo ke ntlha ya botlhokwa ya tiragatso. Ka ntle go tirelo,
tiragatso ga e tlhokagale ka lebaka la gore leinane ga le a tlhamelwa tiragatso, mme le tlhangwa
mo tiragatsong. Se, se raya gore go tlhangwa ga leinane go diragala mo tiragatsong ya lone
kgotsa ke karolo ya tiragatso ya lone. Ditirelo kgotsa ditiragalo tseo mainane a tlhangwang mo go
tsone ke manyalo, dintsho/diphitlho, mekete ya phenyo le go didimatsa lesea kgotsa go robatsa
lesea. Mmoki a ka tlhama leboko la go boka kgotsa go rorisa kgosi mo tirelong ya fa kgosi e
tlhongwa mo setulong, kgotsa motlhokomedi wa ngwana a ka tlhama pina ya go didimatsa ngwana
fa a lela.

3.2.2 Dintlha ka ga dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng

Lereo “dikwalo tse di tlwaelegileng” ke leakaretsi le le diriswang go kaya mefuta yotlhe ya


dikanegelo tsa dikgang tsa setso sa morafe o o rileng. Dikwalo tse di tlwaelegileng di kgaogantswe
ka meedi. Re na le kanegelo ya dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng le kanegelo e e kgabisitsweng.
Dikai tsa dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng ke naane ya ditumelo, kgang kgotsa mabare-bare le
mainane. Fa re bua ka kanegelo e e kgabisitsweng re bua ka maele, dithamalakwane le diane.
Tsotlhe tse di ne di sa kwalwe mo merafeng ya bogologolo mme di ne di fetisetswa go malokong a
mangwe ka molomo. Lo tla anegelwa ka boripana ka ga dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng, le ka ga
kanegelo e e kgabisitsweng.

3.3 Ditlhopha tsa kanegelo ya dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng


3.3.1 Naane ya ditumelo

Naane ya ditumelo ke naane ka ga medimo, medingwana kgotsa bagale ba ditso tse di rileng.
Naane ya ditumelo e ka ga tlholego ya lefatshe, tlholego ya molao, tlhago ya batho, morafe kgotsa
setso. Canonici (1996:78) o bua jaana ka ga dinaane tsa ditumelo:

Dinaane tsa ditumelo ke dinaane tse di boitshepo, tse di anegelwang jaaka boammaaruri ebile di
dumelwa gore di nepagetse; di na le ditlhaloso tsa ditiragalo tsa botshelo. Nako yone, ditiragalo tse
di mo dikakanyong di tshwanetse tsa bo di diragetse bogologolo tala. Lefelo lone, ditiragalo tseo di
tshwanetse tsa bo di diragetse kwa lefatsheng lengwe leo le farologaneng le la rona. Baanegwa
bone: baanegwa-bagolo gantsi ga se batho, e ka tswa e le medimo, badimo, medingwana; dilo tse
di buisana le batho, diphologolo le maatla a mangwe a tlhago.

3.3.2 Kgang/ Mabare-bare

Ke kgang kgotsa mabare-bare a tiragalo ya kgale ao a nang le karolo e e botlhokwa ya histori


jaaka leina la moanegwa yo o rileng yoo botlhokwa jwa gagwe go buiwang feela ka jone go le
gonnye, ekare ke kakanyo feela kgotsa seka-tumelo. Ka lebaka le, go ka twe ke ‘tiragalo e e
fetotsweng’ ka gonne kgakologelo ya boammaaruri jwa yone e fetotswe ya okediwa ka dikarolo tse
di farologaneng tse di ntshitsweng/tserweng mo ditumelong.

3.3.3 Leinane

Leinane ke kgang ya maitlhamelo kgotsa naane ya maaka e e dirisang diphologolo tse di


mothofaditsweng kgotsa didiriswa tsa tlhago jaaka baanegwa. Ka metlha, mainane a felela ka
molaetsa wa boitshwaro o o bonagalang ebile o utlwagala. Se se raya gore mainane ke dinaane
tse di rutang kgotsa tse di re kaelang, tseo di nang le molaetsa ka ga botho kgotsa maitshwaro a
setho. Kamano ya mainane ga e a lebana ka gope le nako le lefelo.

3.3.4 Baanegwa ba kanegelo ya dikwalo tse di tlwaelegileng

Le fa baanegwa ba bantsi mo dikinaneng e le batho le diphologolo, ba farologana go ya ka


mefutanyana e e farologaneng. Mo dinaaneng tsa ditumelo, baanegwa, ke batho le diphologolo, ba
ba nang le maatla a boloi: sekai, batho, ke modimo le modimogadi fa diphologolo ele leobu le
sebokolodi. Mo dinaaneng tsa mabare-bare, baanegwa ke batho, ka gale ke bagale ba nang le
maatla a boloi. Mo dikinaneng, baanegwa ke batho, diphologolo di tshwana le digagabi (dinoga,
mekgaditswane, dikwena, j.j), dilo tse di sa tsheleng jaaka dinoka, dikgong le ditlhare, le ledimo
kgotsa majabatho.

3.3.5 Baanegwa ba diphologolo

Diphologolo di tlhaloswa le go bontshwa ekare di nagana le go dira jaaka batho mo tikologong ya


batho. Baanegwa ba diphologolo tse di kgolo ba akaretsa tau, tlou, nkwe le phokojwe. Tau: e tiile,
e maatla feela ga e botlhale; kgosi ya diphologolo Tlou: e boima, e bonya ebile e sulafaletswe,
gagolo-golo e bonya; Phiri: e setlhogo/kgopo, ke lesilo, ka metlha e tsiediwa ke diphologotswana
tsa phetakapejana; Lengau: ga le tshepagale ebile le kgopo; gantsi le a tsietswa go sa
kgathalatshege bonweenwee jwa lona.

Diphologolo tse dikgolo di a gatelela. Di maatla mme di bosilo. Tau, tlou le gantsintsi, phiri di a
ganetsana ebile di a tsietsa ke maferefere, ao maatla le bogale jwa one a sa tsamaelaneng le
kgotsa a sa tseneng ka sepe mo bofefong jwa matlhale a mmutlana le botlhale jo bo iketlileng, jo
bo pelotelele jwa khudu.

Diphologolo tse di nnye di akaretsa pela, khudu le ramoshwe. Di tsietsa di bo di tlhatlhamolole


dibatana tse di maatla. Di di tsietsa mo lobelong. Di di tsietsa mo mogoganong.

3.3.6 Baanegwa ba batho

Baanegwa ba batho ke dikgosi, banna, basadi le bana. Basadi ke bagadikane ba ba lwelang


monna a le mongwe. Ba tletse maaka, lefufa, boshaedi/tlhokomologo, boitshunyatshunyo kgotsa le
dingongorego. Banna ga ba a botega ebile ga ba na maikarabelo. Ba kgona go ja ba le esi ka
dinako tsa leuba le tlala mme feela ba a lemogwa. Batsadi ba na le mosola mo baneng ba bona.
Ba tsaya tshweetso ya melao eo ba batlang bana ba bona ba e obamele, ba kgona go tseela bana
ba bona (sekai, diaparo) mme ba a senolwa. Bana ba ka nna bokoa, ba tlhoka kitso, ba nna le
phisego, ba humanega kgotsa ya nna dikhutsana; mme feela, ka dinako tse dingwe ba botlhale
ebile ba a thusa kgotsa ba mosola. Gantsi ke bagale. Ba babalelwa ke diphologolo ebile ka dinako
dingwe ba na le maatla a boloi go iphemela, go femela malapa a bone kgotsa morafe otlhe.
☞☞Tirwana 1

(a) O tlhaloganya eng ka lereo dikinane, puo/motlotlo, dikwalo tsa setso kgotsa dikwalo tsa
bogologolo?
(b) Naya sekai sa tse di latelang go tswa mo lolemeng lwa gago:
● Naane ya ditumelo
● Kgang/ Mabarebare le
● Leinane.
(c) Ke baanegwa ba mofuta mang ba ba fitlhelwang mo mainaneng?
(d) A o nagana gore baanegwa ba ba fitlhelwang mo mainaneng ba bontsha dilo tsa nnete?
Naya mabaka.
(e) Naya semelo sa leinane.

3.4 Kanegelo e e rutang e e kgabisitsweng

Kanegelo e e rutang e e kgabisitsweng ke karolo ya setso sa batho, ka jalo ke lekala la dikinane. E


sa le kanegelo e e rutang e e kgabisitsweng e tsewa jaaka bokgabo, e tlhotshwa jaaka setlhopha
sa kanegelo ya setso e e bopilweng ka dithamalakwane, diane le maele. Mefutanyana e ya
kanegelo e e rutang e e kgabisitsweng gatwe e kgabisitswe ka gonne e begwa ka puo ya
tshwantshiso, ebile e a ruta ka gonne maikaelelo a yona ke go ruta. Karolo e e ya go tlhalosa gore
thamalakwane ke eng. Diteng tsa leele le seane di ya go tlhaloswa. Karolo e e ya go tswelela ka
go tlhalosa tikologo ya thamalakwane, seane le leele, le maemo a tsone le botlhokwa jwa go
kwalwa ga tsone mo setshabeng/morafeng.

3.4.1 Thamalakwane

Dithamalakwane di dintsintsi mo ditsong tsa seAfrika ebile re fitlhela lereo le le lengwe kgotsa go
feta, la thamalakwane mo go nngwe le nngwe ya maleme a le robongwe a seAfrika. Ka seTsonga
thamalakwane e itsiwe jaaka ‘Ntayili’ kgotsa ‘Xitekatekisani’. Ka seZulu, ke ‘isiphicaphicwano’;
‘imfumbe’ kgotsa ‘impicabadala’; bangwe ba e bitsa ‘isiqandelo’ le ‘ingqayingqayi’ (Hadebe
1978:2). Sesotho sa Lebowa se dirisa ‘thai’ kgotsa ‘nyepo’ go kaya thamalakwane, le ka seVenda
ke ‘thai’. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Setswana se e bitsa thamalakwane; ka Sesotho
dithamalakwane ke ‘dilotho’; ka seXhosa thamalakwane ke ‘iqhina’. Sa bofelo, baShona ba e bitsa
‘chirhwe’ (Zezuru), ‘chirbwe’ (Karanga) kgotsa ‘Chipri’ (Manyika).

Thamalakwane e jaaka “puo ya bogologolo e e nang le tlhaloso e lenngwe kgotsa


go feta, bobedi jo bo ganetsanyang; lesupi kgotsa karabo ya dikarolo e a
akanngwa” (Georges & Dundes 1963:113).
E batlile e nna merafe yotlhe, eo dithamalakwane di diragalang maitseboa, ka mo ntlong, go orilwe
molelo. E sa le go se na meila ka ga dithamalakwane mo merafeng e mentsi, re ipolelela gore
dithamalakwane di diragala maitseboa ka gonne go le mosola ebile go tshwanelega. Ka nako e,
ditiro tsa fa lapeng tsa letsatsi le letsatsi di a bo di setse di feditswe kgotsa di emisitswe, ebile le
batho ba kgona go iketla kgotsa go ithabisa ka maitiso. Ruri-ruri, fa go tlhokagala, dithamalakwane
di ka tshitshinywa kae le kae, nako nngwe le nngwe, ngwaga otlhe. Badiragatsi, le bareetsi le
babogedi ke bana. Mme feela bagolo le bona ba ka tla maitisong a, sebeng thata batsadi ba bona
kgotsa masika/tshika. Go tshwanetswe gwa elwa tlhoko gore bagolo ka bosi, ka sewelo, ba dira
dithamalakwane.

E sa le dithamalakwane e le motshameko, go tshwanetswe ga solofelwa gore babogedi le bareetsi


ba ka se eme feela, ba bogetse kgotsa ba utlweletse feela ba sa dire sepe. Mongwe le mongwe o
bona tshono ya go latlhela thamalakwane, ka gale ke yo o fetsang go rarabolola thamalakwane a
fiwang tshono ya go botsa potso. Tuelo ke gore bao ba reteletsweng ke go rarabolola
thamalakwane ga ba nke ba bona tshono ya go botsa nngwe. Le gale, se se ka farologana mo
merafeng. Sa bobedi, leloko lengwe le lengwe la babogedi le bareetsi le na le tokelo ya go gana fa
modiragatsi a botsa potso e e thata e e dirang gore ba retelelwe ke go akanya karabo. Sa boraro,
maloko a babogedi le bareetsi a ka thusa modiragatsi yo o retelelwang, ka go mo gopotsa dintlha
tsa thamalakwane tseo a di lebetseng.

3.4.2 Tlhopho ya thamalakwane go ya ka mofuta

Dithamalakwane di ka tlhotshwa go ya ka mefuta e mebedi: dithamalakwane tse di leele le tse di


bonolo. Bangwe ba tlhaola go ya ka mefuta e meraro: thamalakwane e e bonolo, thamalakwane e
e marara, le thamalakwane ya pina (Doke, 1947:117–120). Re latela Hadebe, (1978:69–78), re ya
go aroganya dithamalakwane go ya ka ditlhopha tse nne: thamalakwane e e bonolo,
thamalakwane e e leele, thamalakwane ya polelonolo e e marara, le thamalakwane ya polelontsi
ya kganetsano kgotsa e e gakang e e marara.

Thamalakwane e e bonolo. Poeletso ya mofuta o wa thamalakwane e na le sekapolelo kgotsa


polelonolo ya tiro kgotsa letiro le le lengwe. Ka metlha karabo kgotsa tharabololo ya yona ke lefoko
le le lengwe kgotsa sekapolelo se se khutswane, jaaka:

Tope e paqang haholo (Southern Sotho)


(Mosetsana yo o fang ka maatla)
Karabo: Pitsa ha e bela (Pitsa e e belang)
Ke swa ke sutela (Northern Sotho)
(Ke a shwa mme ke ntse ke sutelela/atamela)
Karabo: Masekgo (Sebeso)

Tukara tunoburana (Shona)


(Dibata di a kgotlhana/tlhabana)
Karabo: Minzwa (Mebitlwa)

3.4.3 Thamalakwane e e leele

Poeletso ya mofuta o wa thamalakwane e tlwaelegile jaaka polelontsi kgotsa polelo-polelwana e e


leele ya dipolelwana tse pedi kgotsa go feta. Ke tshwantshiso e e katolositsweng e e fang
kgakololo e e tletseng ya karabo ka ntata ya go e tlhalosa. Godimo ga fao, karabo ya mofuta o wa
thamalakwane gantsi ga se lefoko le le lengwe, mme ke polelo e e tlhotlheletsang karabo.

(i) Nginiphicaphica ngenkunzi yami ebomvu, ehlaba emnyama, emmyama ihlabe emhlophe
yeqe uthango (Zulu)
(Ke le gaka ka poo ya me e khibidu, e e tlhabang e ntsho, e ntsho e tlhabe e tshweu; e
tshweu e tlole legora)

Inkunzi ebomvu umlilo kanti emnyama yibhoduve kanti emhlophe yiphalishi elixhaphazelayo
(Poo e khibidu ke molelo; e ntsho ke pitsa; fa e tshweu e le bogobe/motogo o o kgakgathang)

3.4.4 Thamalakwane ya polelonolo e e marara

Hadebe (1978:75) o tlhalosa thamalakwane e jaaka nngwe e e batlang karabo ntle le go


tlaleletswa kgotsa go ngangisana ka yone. O umaka sekai se se latelang:

Kuyiqiniso yini ukuthi uma imbila uyibambe ngomsila aphuma onke amazinyo ayo? (Zulu)
Sequent: Imbila ayinawo umsila (A ke nnete gore fa o ka tshwara pela ka mogatla meno otlhe
a yona a a kgolega?) Karabo: Pela ga e na mogatla

3.4.5 Thamalakwane ya kganetsano e e gakang, e e marara

E ke mofuta wa thamalakwane ya naane kgotsa kgang eo mo go yona go fiwang tshedimosetso ka


botlalo. Fa bareetsi le babogedi ba tshwanetse go tlotla le go ngangisana go fitlhelela ba bona
tharabololo ya bothata jo. Sekai se fitlhelwa mo go Guma (1967:46–47):
(a) Monna ya tsamayang le nkwe, podi le letsepa. Nkwe e ja podi, podi e ja letsepa. Ba
fihla nokeng eo ba tshwanelang ho e tshela. Ho na le sekepenyana se lekaneng
batho ba babedi feela ka nako. Ba tla tshela joang? (Southern Sotho)

(Monna o tsamaya le nkwe, podi le letlhaka. Nkwe e ja podi, podi e ja letlhaka. Ba fitlha
kwa nokeng eo ba tshwanetseng go e tshela. Go na le seketswana se se lekaneng batho
ba babedi feela ka nako. Ba tla tshela jang?)

Tharabololo
(ii) Monna o tla nka podi a tshele le yona, a fihle a e siye ka nqane. A kgutle le sekepe a fihle a
nke nkwe a e tshedise. Ebe a kgutla le podi; a fihla a e theola; a nke letsepa a le
tshedisetse ka ho nkwe. A kgutle, a tlo lata podi, a fihle a theohe le yona ka kwana, ba
tsamaye.

(Monna o tla tsaya podi a tshele le yona, a fitlhe a e tlogele ka kwa. A boe le sekepe a fitlhe a
tseye nkwe a e tshedise. Ebe a boa le podi; a fitlha a e folosa; a tseye letlhaka a le
tshedisetse ka kwa nkweng. A boe a le esi a tle go tsaya podi, a fitlhe a fologe le yone ka
kwa, ba tsamaye).

Thuto kgotsa thero e e fa godimo fa e lebane le tlhaloso ya thamalakwane, popego ya yone le


ditlhopha tsa dithamalakwane. Thero e e latelang e ka ga seane le leele.

3.5 Seane
3.5.1 Tlhaloso ya seane

Mieder (1993:5) o tlhalosa seane jaana: “Seane ke polelo e khutshwane, e e itsegeng ya bagolo e
e nang le botlhale, boammaaruri, melao ya boitshwaro le dikakanyo tsa setso ka mokgwa wa
tshwantshiso, o o lekanyeditsweng o o re o ithutang gore re kgone go o gakologelwa, o o
fetisetswang go tswa go malokong a mangwe go ya go a mangwe”.
Ka one mokgwa oo, Norrick (1985:31) o bua jaana ka seane: “Proverbs are consistently described
as self-contained, pithy, traditional expressions with didactic content and fixed poetic form”. Se se
tlhaloganngwang ka seane mo ditlhalosong tse, ke tse di latelang:
Se tlhagisa nnete ka kakaretso.
Mafoko a sona a mannye ebile a maatla a a dumeletshega
Se dirisa dikakanyo
Setso kgotsa morafe o dumela mo go tsone
3.5.2 Mosola/tiriso le tiro ya diane

Diane di diriswa go tshwaela mo kagisanong. Kagisano ke fa motho a phedisana kgotsa a dirisana


mmogo le motho o mongwe. Tirisano mmogo e e ka diragala fa gae, kwa tirong, mo makgotleng
kgotsa kae le kae. Sebui se ka tshwaela ka go dumalana kgotsa ka go latola maemo a a rileng, se
laolwa ke gore se lekantse kgotsa se tlhatlhobile jang dintlha tsotlhe tsa maemo ao. Tshwaelo ya
mofuta oo e ka dirwa go tsibosa/kgalemela, rotloetsa, go nyemisa mooko, go laya/rulaganya, go
tshitshinya sengwe, kgotsa go gakolola mongwe. Gape tiro ya diane ke go ruta le go tsweletsa
kagisano mo morafeng.

Ntle le ditiro tse di builweng fa godimo fa, diane di diriswa go tsweletsa le go godisa puo. Ke tsela
e e utlwagalang, e e sa tlwaelegang, e e amang maikutlo ya go tlhagisa dikakanyo.

☞☞Tirwana 2

(a) Naya tlhaloso ya seane.


(b) Naya ditiro tsa seane.
(c) Ke diane dife tse o ka di dirisang
(i) fa go tlhagile loso. Naya dikai di le tharo.
(ii) go tsibosa/kgalemela motho yo o ganang go utlwa dikgakololo. Naya dikai tse pedi.
(iii) go rotloetsa motho go dira sentle/ka natla. Naya dikai di le pedi.
(iv) go tlhalosa/bontsha diane tse di lebaneng manyalo.
(v) go bontsha diane tse di lebaneng kgodiso ya bana.

3.6 MAELE
3.6.1 Tlhaloso ya leele

Guma (1967:66) o bua jaana ka leele: maele ke dika-polelo tsa puo ya tlhago, tseo bokao jwa
tsone bo ka se tshweetsweng go tswa mo kitsong eo re nang le yona ka mafoko a a di bopileng. Di
tlhaga mo puong/ lolemeng, ebile di dirilwe ka mokgwa o o di nayang semelo sa tlhago.

Leele ke popego e e sa fetogeng kgotsa sekapolelo sa mafoko a a dirang mmogo se se sa


fetogeng, se se amanang feela le ramatlhale kgotsa setswerere sa loleme jaaka se le ka ga
popego ya polelo, tiriso e e letleletsweng, le bokao jo bo ka se batlisisweng mo dithweng tse di
bopang popego e, go ya ka tlhaloganyo le monagano wa motho (Ntsan’wisi, 1968).
3.6.2 Popego ya leele

Semelo se se makatsang se se mo pepeneneng sa leele ke gore ke sekapolelo ebile ga se na


popego eo se tshwanetseng se e latele ka dinako tsotlhe.

3.6.3 Tiro ya maele

Maele ke popego ya puo e e diriswang go fa puo mmala kgotsa go dira gore puo e kgatlhise e
itumedise. Ka go dira jalo, a dira gore puo e tlhomame. Ela tlhoko gore o tshwanetse o be o kgona
go bapisa diane le maele go ya ka dintlha tsa tsone tse di farologaneng, sekai, popego, diteng, le
tiriso.

☞☞Tirwana 3

(a) Ke eng dipharologanyo magareng ga seane le leele?


(b) Naya dikai tsa maele a loleme lwa gago.
(c ) Dirisa maele a mo dipolelong go bontsha boako jwa one.

3.6 Maboko a setso/segologolo

Thero ya tlhaloso ya maboko e umaka maboko jaaka morethetho wa mafoko o o tlhagisang


dikakanyo, maikutlo, le botlhale tseo mokwadi a itemogelang tsona, ka mokgwa o o tlholang
boitemogelo jo bo tshwanang le jo bo mo kakanyong ya mmadi kgotsa moreetsi. Puo e e supa fa
mmoki a dirisa kopanyo kgotsa tswakanyo ya mafoko go utlwagatsa dikakanyo tsa gagwe. Maboko
a a buiwang ka molomo a tsamaiswa kgotsa a fetiswa ka puo ya molomo go na le gore a kwalwe.
Phapang go maboko a a kwalwang ke gore, tsamaiso/pego, thulaganyo kgotsa kanego ya one di
buiwa ka molomo ebile ga di ikanye mokwalo.

Maboko a bokwa ke bagolo, le fa basha ba a boka. Batsadi kgotsa bagolo ba boka kwa medirong
kgotsa kwa meletlong. Ba boka gape fa mongwe wa leloko la morafe kgotsa wa losika a dirile
sentle ka go thusa morafe kgotsa losika. Fa batho ba babedi kgotsa go feta, ba kopana morago ga
lobaka lo loleele, ba dumedisana le go amogelana ka go bokana kgotsa ka go retana. Fa go lwewa
kwa magaeng, babogedi ba boka batlhabani go ya ka mefuta ya maina a bona. Kwa magaeng, fa
badisa ba goroga le dikgomo, dipodi, dinku le diesele, le dipitse, ba goeletsa ba be ba letse le
melodi go boka diruiwa, ba di leboga kgotsa ba di utlwela botlhoko. Maboko a setso a na le dikai
tse di farologaneng. Tsona ke maboko a dikgosi le dikgosigadi, direto, dipina tsa go didimatsa
bana, dithaetlele, dipina tsa tlhabano, le dipina tsa kwa tirong. Dikai di se kae tsa maboko a setso
di a tlhaloswa.

3.6.1 Direto

Losika ke karolo ya morafe, setlhopha sa malapa a lotso lo le longwe. Marivate (1979:31) o


tlhalosa losika jaana: “Malapa a golaganngwa ka lotso lwa bo rraarona magareng ga ditlhogo tsa
malapa a bo a tsewa jaaka lolwapa lo lo longwe lo logolo”. Morudi wa losika ka metlha ke kgosana
ya bone eo ba tswang mo sefaneng sa gagwe. Sefane ke leina la gagwe ebile se na le sereto
kgotsa leboko, sekai, Nkuna (Tsonga), Buthelezi (Zulu), Mukwevho (Venda) kgotsa Bakali (Lemba
kwa Venda). Batho ba bantsi ba tswang mo sefaneng se sa tlhago ba na le difane tse dingwe.
Lebaka ke gore mo malobeng go ne go na le tlhabano, dingangisano, dikhudugo jalo le jalo, tseo
di kgaogantseng/thubileng losika ebile maloko mangwe a losika a tsamaile, a dirisa maina a bone
jaaka difane. Marivate (1978:32) o kwala gore e batlile e nna difane tsotlhe (xivongo kgotsa ka
seZulu le seXhosa isibongo) tse di nang le ditiragalo tsa kgale tseo maloko a tsone a
tshwanetseng go di itse. Fa a kopiwa go ikitsise, o tshwanetse a bo a kgona go fa dikgolagano tsa
losika kgotsa lotso lwa bo rraagwe go simolola ka leina la gagwe go ya kwa sefaneng sa gagwe, le
difane tsotlhe tse di tlang kwa pele ga sone go fitlha kwa sefaneng sa lotso kgotsa sa kgosana ya
bone. Sekai, o bontsha gore fa Muhlari a kopiwa go ikitsise, o tla re:
“Hi mina Muhlari wa Xoxoloko wa Kulaleni wa Rinono wa Nkuna.”
Ke nna Muhlari (morwa) wa ga Xoxoloko wa ga Kulaleni wa ga Rinono wa ga Nkuna)

3.6.2 Thaetlele/Seano

Difane tsa lotso/losika tse dintsi di na le thaetlele kgotsa seano se se bidiwang ‘xithopo’ mo
lolemeng lwa seTsonga le ‘isithakazelo’ mo lolemeng lwa seZulu. Gatwe ke tsela ya go tlhompha
le go tlotla e e tlhomelwang mo sefaneng sa losika. Marivate (1978:34) a re fa Xipalana a ka direla
baeng ba gagwe bontle, ba tla go goeletsa ba re “Dzungeni!” go supa kgatlhego, ebe Xipalana
kgotsa mang le mang wa losika lwa gagwe a araba ka gore ‘Sibongo sihle!’ (sefane se se ntlle).
Baithuti ba tshwanetse go dira dipatlisiso ka ga dithaetlele mo malemeng a mangwe.

3.6.3 Maboko (a thoriso)

Maboko a, a ne a tlhamiwa ka molomo ka ga dikgosana le batlhabani. Tiro ya one e ne e le go


boka dikgosana le bagale ka boganka ba bone mo tlhabanong. Ka jalo, maboko a mantsi a thoriso
a ne a rotloetswa ke tlhabano. Dikgosana di ne di itlhamela maboko a tsona, mme ka dinako tse
dingwe seroki, mmoki, sereti kgotsa ‘imbongi’ o ne a tlhama maboko ao. Pele ga ditlhabano tsa
difaqane, batlhabani ba basha ba ne ba itshupa bonna jwa bona ka go utswa dikgomo, mme se se
ne se tsosa ntwa-kgolo. Morago ga dintwa tsa mofuta o, lekoko/lesomo le le fentseng le ne le
tlhama maboko go teketa phenyo.
Maboko a thoriso a bidiwa ka mareo a a farologaneng mo malemeng a a supa a seAfrika a a mo
Borweng jwa Afrika. Ka Setswana a bidiwa maboko (leboko mo bongweng), ka Sesotho sa
Lebowa ke direto (sereto mo bongweng), ka Sesotho dithoko (thoko mo bongweng), ka seZulu le
seXhosa izibongo (sibongo mo bongweng), ka seTsonga swiphato (xiphato mo bongweng) le
zwikhodo (tshikhodo mo bongweng) ka seVenda. Baitseanape ba dikwalo tsa setso ba dirisa
mareo a a farologaneng go tlhalosa maboko a thoriso. Finnegan (1970) o supa mefuta e meraro:
maboko le thuso ya dikgosi go baboki; puo/temana ya go boka; le maboko a tiro e e kgethegileng.
Puo kgotsa temana ya leboko ke lekaelagongwe la maboko a thoriso le le bokang bogatlhamela-
masisi le dilo tse di kgatlhisang tseo dikgosi, dikgosana kgotsa batlhabani ba di dirileng mo
tlhabanong kgatlhanong le sera. Kunene (1971) o rata lereo ‘maboko a bagale kgotsa
digatlhamela-masisi’ go feta ‘maboko a thoriso’. O nganga ka go re mareo a mabedi a, a supa dilo
tse pedi tse di farologaneng gotlhelele mme di a amana: lereo le la ntlha le ka diriswa go kaya
‘boganka/bogatlhamela-masisi’ le ‘leboko le le tlhametsweng mogale ka lebaka la seo!’ Mme se se
botlhokwa ke gore ‘maboko a bagale’ ke lereo le le tshwanetseng maboko a thoriso feela jaaka
puo kgotsa temana ya leboko.

3.6.4 Ditlhopha

Maboko (mo malemeng a Sesotho le a Nguni) a tlhophilwe jaana:


(a) Maboko a dikgosana, bagale kgotsa diganka tseo di tsereng karolo mo ditlhabanong tsa
merafe e e farologaneng ya Nguni le ya Basotho, le magareng ga Maburu le MaEngelane
ka ngwaga-kgolo wa 18 le 19.
(b) Maboko a baeteledipele ba ba kgethegileng, ba ba makatsang bao ba tumileng mo
dithutong kgotsa mo dikarolong dingwe tsa morafe. Pretorius (1984) o umaka maboko a
mofuta oo jaaka dithoko tsa bahlalefi (maboko a banna ba ba botlhale).
(c) Maboko a diphologolo, dinonyane, dijo, boporofeta ba boloi, boroka le kalafi (ditlhare le
mesunkwana).
(d) Maboko a bogwera.

3.6.5 Tirelo/Moletlo o o go dirwang maboko a mo go one

Maboko a ne a bokwa kwa meletlong pele moletlo o simologa. Ka dinako tse dingwe a ne a bokwa
gape fa moletlo o fela. Maboko a ne a bokwa gape kwa meletlong ya kwa tirong fa batho ba feditse
go lema mafatshe a kgosana ya bone. E ne e le setso gore mmoki a tsoge phakela mo mosong a
tsamaele kwa lekgotleng la kgosana, a mo boka. Fa kgosana nngwe e etela e nngwe, mmoki wa
yona o o mo felegetsang ka metlha, o ne a boka go bega fa a gorogile.
3.6.6 Ditiro

Dithaetlele kgotsa diano di diriswa ke batho ba ba farologaneng mo mafelong le mo ditirelong tse


di farologaneng, di dirisetswa mesola kgotsa ditiro tse di farologaneng. Ditiro tsa tsone di laolwa
ke maemo ao di diriswang mo go one. Dingwe tsa ditiro tse ke tsa puo, kagisano, ditiragalo tsa
kgale kgotsa ke tse di rutang. Go a bonagala ka diano tse gore mafoko a mangwe a fitlhelwa mo
malemeng a lotso lo lo longwe, ebile se ke sesupo sa go tshwana go go tseneletseng ga maleme
ao. Diano tse dingwe di diriswa jaaka diane fa tse dingwe di tletse-tletse mo matshwaong, sekai,
mo ditshwantshisong. Bontsi jwa tse bo ka ga dimelo tse di makatsang tsa diphologolo tsa naga,
dibata, dinonyane jalo le jalo. Gape, diano di bokwa ka meletlo e e kgethegileng go solofetsa thuso
kgotsa tirisanommogo, go rotloetsa bangwe, go boka le go tlotla. Diano tse dingwe di boka bagale
ba ba tumileng ba bogologolo le mafelo ao ba tsaletsweng kwa go one, di akanya ka ga maphelo a
batho. Sa bofelo, diano di tsosa tlhaloganyo kgotsa kakanyo ya mongwe, di a ruta ebile di tlisa
boitumelo.

3.7 Bokhutlo

Yuniti e e go neile tlhaloso ka kakaretso mabapi le makala a a farologaneng a dikinane. Yuniti e e


buile ka boripana ka ga mainane, diane, maele, dithamalakwane le maboko. Go umakilwe gore
dikwalo tsa bogologolo di ka tlhaloswa ka mareo a a farologaneng. Bangwe ba rata dikinane,
etswa ba bangwe ba di bitsa dikwalo tsa bogologolo kgotsa puo/motlotlo. Go umakilwe gape gore
dikwalo tsa setso di kgaogantswe go ya ka kanegelo ya setso le maboko a setso. Dimelo tsa
kanegelo le maboko a setso di tlhalositswe ka boripana. Kwa seemong sa bo 2, ditlhopha tsa
dikwalo di tla tlhaloswa ka botlalo. Go tla tlaleletswa mabapi le popego ya seane, popego ya
maboko a setso le tebano ya dikinane mo ngwageng–kgolo wa bo 21.

LENANEO LA DITSHUPETSO

Canonici, NN. 1985. CLS Nyembezi’s use of traditional Zulu folktales in his Igoda Series of
School Readers. MA dissertation, University of Natal, Durban.

Canonici, NN. 1996. Zulu oral traditions. Durban: University of Natal

Doke, CM. 1947. Bantu wisdom lore. African Studies 6(3).

Guma, SM. 1969. The forms, contents and techniques of traditional literature in Southern Sotho.
Pretoria: Van Schaik.
Finnegan, R. 1970. Oral literature in Africa. London: Oxford University Press.

Georges, RA & Dundes, A. 1963. Towards a structural definition of the riddle. Journal of American
Folklore vol 76.

Hadebe, SB. 1978. A survey of Zulu riddles. MA dissertation, University of South Africa, Pretoria
Kunene, DP. 1971. The heroic poetry of the Basotho. Oxford: Clarendon Press

Marivate, CTD. 1978. Tsonga folktales, in Second Africa languages congress of Unisa, edited by
EJMBaumbach. Pretoria.

Mieder, W. 1993. Proverbs are never out of season; popular wisdom in the modern age. New York:
Oxford University Press.

Mzolo, DM. 1977. A study of Nguni clan praises in Natal and Zululand. MA thesis, University of
Natal, Durban.

Norrick, KN. 1985. How proverbs mean. New York: Mouton.

Ntswanisi, HNE. 1967. Tsonga idioms. Kensington: Swiss Mission in S.A.

Okpewho, I. 1992. African oral literature. Bloomington: Indiana University Press.

Opland, J. 1983. Xhosa oral poetry: aspects of a black South African tradition. Johannesburg:
Ravan.

Owomoyela, Oyokan. 1979. African literatures: an introduction. Massachusetts: African Studies


Association

Schapera, I. 1965. Praise poems of Tswana chiefs. London: Oxford University Press.

Vilakazi, BW. 1945. The oral and written literature of the Nguni. Doctoral thesis, University of
the Witwatersrand, Johannesburg.
Yuniti ya thuto 4
Matseno a dikwalo tsa segompieno
Ka Mme KY Ladzani le Mme SR Mdluli

4.1 MATSENO

Lebaka la thuto e ke go:


• go itsise dikwalo tsa segompieno, kanegelo (padi, kgang-khutshwe le ditlhamo),
tiragatso/terama le maboko.
• go itsise maboko jaaka setlhopha sa dikwalo tsa segompieno.
• supa dikarolo-dikgolo tsa maboko a segompieno.
• tlhalosa tiragatso jaaka setlhopha sa dikwalo tsa segompieno.
• rera ka ga dikarolo-dikgolo tsa tiragatso.

Dipotso tsa ntlha tse lo ka tswang lo ipotsa tsona ke tse di latelang:

• Dikwalo ke eng?
• Dikwalo tsa segompieno ke eng?
• Goreng re di bala?
• Goreng dikwalo di le botlhokwa?
• Bakwadi ba tsaya kae thotloetso ya go kwala?

Dikwalo ke eng?

Dikwalo ke lereo le le dirisitsweng go tlhalosa didiriswa tse di kwadilweng kgotsa tse di buiwang ka
molomo. Ka bophara, "dikwalo" le dirisitswe go tlhalosa sengwe le sengwe go simolola ka dikwalo
tsa bokgabo go ya go ditirong tsa setegeniki kgotsa saense, mme feela lereo le le tlwaelegile
gantsi ka go kaya ditiro tsa bokgoni jwa go tlhola dikakanyo, le akaretsa maboko, tiragatso,
dikinane, le dikwalo tsa ditiragalo tsa nnete (Abrams, M.H. (1981), Cohen, B.B. (1973), Mayhead,
R.(1955).

Dikwalo tsa segompieno ke eng?

Dikwalo tsa segompieno ke tseo di tlhalosang dilo, kgotsa di bontshang dilo, ka sejwalejwale.
Sekai, fa go neng go na le ditlhopha tsa baagisani bao ba kgaogantsweng go ya ka maemo a bona
mo setshabeng, fa dinako di ntse di tsamaya baagi ba a gololosega le ditlhopha tsa kgaoganyo
kgotsa karoganyo ya setshaba di a rerwa. Dikwalo tsa sejwale-jwale di tlhaloswa jaaka go kwala
ka ga lefashe go simolola ka ngwaga-kgolo wa 16 go fitlha jaanong. www.ask.com/answers

Goreng re bala dikwalo?

Dikwalo di emela puo kgotsa batho: setso le meetlo. Feela, dikwalo di botlhokwa thata go gaisa
sekgabiso sa kgale kgotsa sa setso. Dikwalo di re itsise maitemogelo a mantshwa. Re ithuta ka ga
dibuka le dikwalo; re ithabisa ka metlae le matlhotlhapelo a maboko, dikanegelo/dikgang, le
ditiragatso; ebile re ka gola ra fetoga ka loeto lwa rona lwa go kwala le go ithuta ka dibuka. Kwa
bofelong, re ka fitlhelela bokao mo dikwalong ka go lebelela seo mokwadi a se buang le gore o se
bua jang. Re ka tlhaloganya molaetsa wa mokwadi ra o fetolela. Mo maemong a rona (ditswerere
tsa dithuto), phetolelo e ya dikwalo e dirwa ka theori ya go kwala le go ithuta dikwalo, re dirisa
ditumelo, thulaganyo ya morafe kgotsa setshaba, ditlhaloganyo le dikakanyo tsa batho, ditiragalo
tsa kgale, kgotsa mokgwa o mongwe.
Go sa kgathalatshege gore re dirisa sekao sefe go tlhalosa le go lokolola dikwalo, di sa ntse di na
le boleng jwa bokgabo (Shreiber, S.M. (1969), Don Kuiken (2008), Sikora, S., Kuiken, D., & Miall,
D.S. (2011).

Goreng dikwalo di le botlhokwa?

Dikwalo di botlhokwa go rona ka gonne di bua le rona, di amana le batho botlhe ebile di ama
lefatshe lotlhe. Le fa di le mabifi, di dintle.

Bakwadi ba tsaya kae thotloetso ya go kwala?

Bakwadi ba kgothatswa ke seo ba itemogelang sona mo matshelong a bona letsatsi le letsatsi. Lo


itse sentle gore re ka se tshele kwa ntle ga thuto, bodumedi, dipolotiki, maphelo, temothuo,
tikologo, ditiragalo tsa kgale, lefatshe, ditso tsa merafe, metshameko, bokgabo, boitapoloso,
mebuso, dikamano tsa batho, ditlhabano le dilo tse dingwe tse dintsi. Ke tsone dintlha tse di
rotloetsang bakwadi go kwala dikwalo tse di itumedisang.

Jaaka go umakilwe fa godimo fa, dikwalo tsa segompieno di kgaogantswe go ya ka ditlhopha


kgotsa mefuta e meraro e e latelang:

• Dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng


• Tiragatso le
• maboko

4.2 DIKWALO TSA PUO E E TLWAELEGILENG

Dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng di arogantswe go ya ka mefuta e meraro: padi, kgang-khutswe le


tlhamo. Le fa mefuta e ya kanegelo e tshwana ka dilo di le dintsi, mofuta mongwe le mongwe o na
le dimelo tsa one tse di farologaneng le tsa e mengwe. Go botlhokwa gore baithuti ba kanegelo ya
segompieno ba itse dimelo tse.

4.2.1 PADI

Padi e wela mo setlhopheng sa dikwalo tse di itsegeng jaaka mainane. Seo se raya gore padi ke
bokgabo jo bo tswang mo dikakanyong. Se se kaya gape gore, ke bokgabo jo bo nang le bokao jo
bo gaisang go feta jwa kgang feela.

4.2.1.1 Matseno

Go na le ditlhaloso tse di farologaneng tsa padi tse di filweng ke ditswerere tse di farologaneng.
Lever (1961:16) fa a tlhalosa padi o bua jaana;

Padi ke kanegelo kgotsa leinane le le kwadilweng, le le leele tota, le le tsenyang mmadi mo


dikakanyong tsa lefatshe le le ntshwa la nnete ka gonne le tlhodilwe ke mokwadi.

Etswa Freedman (1969:59) a re:

Dipadi di tlwaelegile jaaka motlotlo: mmadi o lebelela baanegwa ba a ka itshwantshanyang


le bona, mo tiragatsong eo a ka ipayang mo go yona, kgotsa mo dikakanyong le melaetsa
ya morero eo e diragatswang.

Motlhamongwe o kile wa bala dipadi le ditiragatso tsa bakwadi ba ba farologaneng mo botshelong


jwa gago. Fa o ne o bala mofuta o wa dikwalo, a o lemogile setaele kgotsa mokgwa o o di neng di
kwadilwe ka one?
Fa re lebelela mekgwa ya go kwala tiragatso le padi re kgona go bona gore di farologane.
Pharologanyo e mo popegong. Padi e kgaogantswe ka dikgaolo ebile e tlhaolwa ka mokwadi wa
ditiragalo. Kanegelo ya ditiragalo e tshwana le ya mainane. Mo mainaneng go na le modiragatsi a
le mongwe le bareetsi. Go ntse fela jalo mo pading; go na le mokwadi a le mongwe yo o tlotlelang
babadi. Mo mefuteng e mebedi e ya dikwalo, padi le leinane, sebui se dirisa baanegwa bangwe go
tlhagisa molaetsa wa naane kgotsa kgang.

Padi ke yone feela e e ka nnang le dipopego tse dintsi tsa mainane. E tshwana le dikanegelo tse
dingwe, jaaka naane ya diganka tsa bogologolo le padi ya tsa marato, ka dimelo tse pedi tse
dikgolo: kgang le sebui. Naane ya diganka tsa bogologolo e re anagela kgang ya setso ebile ke
motswako wa naane ya ditumelo, ditiragalo tsa kgale, le dikinane. Diganka tsa yona ke medimo le
medimogadi, le banna le basadi ba ba makatsang. Padi ya marato le yone e anegela dinaane tsa
baanegwa ba ba botlhokwa go fetisisa. E re lemosa botlhokwa jwa go lekeletsa dilo tse di ntshwa
tse di sa tlwaelegang ebile gantsi e akaretsa go latela sera seo mongwe a sa bolong go batlana le
sona. Ditiragalo di supa, ka matshwao, dikeletso kgotsa ditakatso, ditsholofelo, le dipoifo tse
dikgolo tse di mo tlhaloganyong ya motho ebile di tshwana le ditoro, ditumelo, le ditirelo. Le fa go le
jalo ka dipadi tse dingwe, se se farologanyang padi mo pading ya marato ke temogo le kamogelo
ya yona ya botshelo le mekgwa. Diganka tsa yone ke banna le basadi jaaka rona.
www.academic.brooklyn.cuny.edu/english/melani/csi6/novel

Padi e leele go feta mefuta e mengwe ya kanegelo ya dikgang/dinaane. Mme se ga se reye gore
padi ke kgang-khutswe e e leele. Maxwell-Mahon (1984:11) o supa bonnete jwa puo e e fa godimo
fa ka go re:

Padi ga se kgang-khutswe e e katolositsweng, le fa e le setlhopha sa dikgang-khutswe tsa


baanegwa ba mefutafuta e mentsi le ditiragalo tsa mefuta e e farologaneng.

Se Maxwell-Mahon a se kayang ke gore padi ga e a bopiwa ka dikgang-khutswe tse mmalwa, tsa


ditiragalo tse di sa amaneng. Padi e bopilwe ka tiragatso e e utlwagalang go ya ka tlhaloganyo ya
motho, ya baanegwa-bagolo ba ba sa fetogeng go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa
bokhutlong.

4.2.2 Mefuta ya padi

Go na le mefuta e e mmalwa ya dipadi. www.britannica.com e supa mefuta e e latelang ya dipadi,


mme ga re ye go bua ka mefuta eo.

Padi ya ditiragalo tsa kgale; padi ya loeto lwa senokwane; padi ya maikutlo a
kutlwelobotlhoko le lorato; padi ya dikakanyo tsa maitshwaro le tirisanommogo mo
setshabeng, padi ya dipolotiki, padi ya ditiragalo tsa nnete; padi ya dikgang le mathata a
basadi; padi ya naane ka ga tikologo e e rileng; padi ya boipobolo/maipolelo; padi ya
metlae; padi ya naane ya dilo tse di sa tlhaloganngweng tse di boifisang le marato; padi e
e bontshang botlhokwa jwa semelo, dikakanyo le mabaka mo tlhotlheletsong ya ditiro tsa
baanegwa; padi ya boitshwaro, puo, meetlo le melao tsa setlhopha sa batho ba ba rileng
ba nako e e rileng; padi ya makwalo a a latelanang; padi ya naane ya magae le lorato lwa
kgale; padi ya bosha jwa mongwe le go tsena ga gagwe mo bogolong; padi ya ditiragalo
tsa nnete ka maina a maitlhamelo/maaka; padi ya naane e e senang poloto, motlotlo le
kgatlhiso; padi ya lesomo la ditumelo tse di tshwanang tse di tshosang; padi ya bosenyi le
dipolao tse di sa tlhaloganngweng; padi ka ga Bophirima jwa kgale jwa Amerika; padi ka ga
naane ya dikeletso tsa mongwe le boporofeta; padi ya baagi ba maemo a a kwa tlase mo
setshabeng j.j.
☞☞Tirwana 1

Mo digongwaneng tsa lona tsa thuto kgotsa wena ka bosi, tswee-tswee tsamayang lo
ye go dira dipatlisiso mabapi le mefuta ya dipadi e e fa godimo fa, lo be lo tlhalose ka
boripana kgotsa lo tlhalose mofuta mongwe le mongwe ka botlalo, gape fa go na le
padi nngwe le nngwe eo lo e itseng mo malemeng a lona lo ka e dirisa jaaka sekai.
Lo ka botsa ba bangwe, barutisi ba lona, la tlhola mo dibukeng tse di rutang ka ga
dikwalo, mo inthaneteng, le mo di Ensaeklopedia le dibukantswe tse dingwe tsa
dithuto tsa dikwalo.

4.2.3 Dikarolo tsa padi

Padi ya konokono e tlhoka go nna le semelo kgotsa popego kgotsa dikarolo tse di rileng. Tse di
latelang ke dikarolo tse mongwe a tshwanetseng go di lebelela fa a lokolola padi.

4.2.3.1 Morero

Go na le ditlhaloso tse dintsi tsa morero, mme morero ke kgang kgotsa ditiragalo tse di bopang
seo padi e leng ka ga sona. Ditswerere di tlhalosa morero jaaka tsamao ya kgang go ya kwa
bokhutlong. Barry and Wright (1966:69) ba tlhalosa morero jaaka:

Tsela eo mokwadi a rulaganyang ditiragalo mo kanegelong gore di kgatlhise jaaka kgang e


e atlegileng e e tumileng, go tsweletsa tatelano ya ditiragalo.

Maxwell-Mahon (1984:32) fa a bua ka morero a re:

Lereo le le tswa mo lefokong la seFora ‘complot’ leo le kayang borukhutli kgotsa morero.
Go rera sengwe go akaretsa go loga maano a go fitlhelela selo se o se ikaeletseng, se ka
tswa se le molemo kgotsa bosula. Dirukhutli di rera seo mongwe le mongwe wa bona a
tlang go se dira le gore se tla go dirwa neng. Ka jalo morero o tlhoka lebaka le ditlamorago.

➨Potso eo o ka tswang o e botsa ka ga morero ke gore re bona jang gore o ke


morero o o siameng. Morero o bonwa ke wena mmadi fa o lemoga gore ga o batle
go emisa go bala padi ya gago. Se ke sesupo sa gore o bala kgang kgotsa naane e
e monate. Fa ditiragalo tse di latelanang mo kgang/pading di tsosa kgotlhang mo
kgang/pading eo, karolo eo e bidiwa morero.

Go na le dikarolo di le nne tseo di tlhaolang morero:

(i) Matseno

Matseno ke tshedimosetso eo mokwadi a e nayang babadi ka ga morero, ditiragalo tsa kgale


tsa matshelo a baanegwa, tikologo/lefelo, le kgangkgolo. Go ya ka Maxwell-Mahon (1984:31)
matseno a rona a botshelo ke nako ya fa ne re santse re le bana, fao re neng re kgatlhwa ke
go tshwara fale le fale. Mo pading, mokwadi o re bontsha baanegwa bagolo, mathata a bona,
tikologo ya bona, le tshimologo ya kgotlhang. Mmadi o kopana le dilo tse lwa ntlha.

(ii) Tlhatlhogo/Bothata/Tharano

Tlhatlhogo ke ditiragalo tse di latelanang tseo di re isang kwa setlhoeng sa kgang, ka gale ke
dikgotlhang kgotsa nthagaraga eo moanegwa-mogolo a itemogelang yona. Maxwell-Mahon
(1984:16) a re; kgotlhang e ka tsoga mo maikutlong kgotsa dikakanyong tsa moanegwa mogolo.
A ka iphitlhela a le mo dipelaelong ka ntlha ya dikakanyo le ditumelo tse di ganetsanang; ka
fa letlhakoreng le lengwe, kgotlhang e ka tlhagiswa mo dikamanong tsa baanegwa ba ba
farologaneng mo pading.

Maxwell-Mahon (1984:32) fa a tlhalosa bothata kgotsa tharano mo matshelong a rona a re di tsoga


fa re gola. Botshelo bo a rarakana fa bo ntse bo fetoga re kopana le dilo tse di farologaneng.
Diphetogo tsa maikutlo le botlhale jwa rona di a gola re bo re pateletshega go tsaya ditshweetso.
Gantsi, fa e se ka metlha, mo kgang, kgotlhang e tsoga fa baanegwa ba le mo digongwaneng. Fa
kgang e ntse e tswela pele, ditiro tsotlhe tse di simololwang ke baanegwa di rwala kgangkgolo
kgotsa molaetsa o o tsamaiswang ke kgotlhang, mo maemong a mokwadi o dirisa morero go
senola baanegwa ba gagwe.

(iii) Setlhoa

Setlhoa ke phetogo e kgolo e e amang botshelo jwa motho mo pading, phetogo eo e tlisang
tshweetso kgotsa tharabololo. Go ya ka Cohen (1973: 69);

Setlhoa, mo kgang, e ka nna motsotso kgotsa metsotswana ya kotsi, ya boitumelo jo bo


fetisisang kgotsa ya kgakologelo/temogo ya nnete e moanegwa a neng a sa e itse.

Maxwell-Mahon (1984:32) o bona setlhoa ka tsela e: setlhoa ke kgato kgotsa karolo ya bogolo, e e
tlang le mathata kgotsa ditiragalo tse di botlhokwa tse di tlhokang ditshweetso le ditharabololo gore
re tle re kgone go tshela botshelo jo bo tsepameng jo bo nang le bokao. Mo pading, setlhoa ke
motsotso wa tharabololo. Moanegwa mogolo o lebanwe ke ditshweetso tse dikgolo le mathata. Ke
motsotswana wa mathata a a tseneletseng. Mo dikgang tse di rileng, re bala ka dintsho fa mo go
tse dingwe re bala ka boitumelo. Abrams (1971:139) o tlhalosa setlhoa jaaka mathata a a
tseneletseng, kgotsa phetogo e kgolo e e amang bokamoso jwa mongwe…

(iv) Bokhutlo

Go ya ka tsela ya Maxwell-Mahon, se ke tiro ya bofelo ya botshelo jwa rona; loso lo tswala sesiro.
Mo kgang/pading se ke tema kgotsa tiragatso ya bofelo. Moanegwa mogolo o feleletsa a atlegile
kgotsa a reteletswe. Dikgogakgogano le dingangisano tsotlhe di lebetswe le merero e thubegile
kgotsa e retetse. Ditswerere dingwe di tlhalosa bokhutlo jaaka ditlamorago kgotsa dipholo tsa
tlhatlhogo/tharano mo pading.

4.2.3.2 Kgangkgolo/Molaetsa

Kgangkgolo ke molaetsa oo mokwadi a batlang go o utlwagatsa kgotsa thuto eo a batlang mmadi


a e ithute. Kgangkgolo e senolwa ka melao le ditumelo tsa baanegwa fa ba rarabolola dithibedi, ba
rarabolola dikgotlhang gore batle ba kgone go fitlhelela tsholofelo ya bone. E tsewa jaaka motheo
le maikaelelo a padi. Kwa ntle ga maikaelelo kgang e latlhegelwa ke mosola, ga e sa le botlhokwa.
Perrine (1959:118) o tlhalosa kgangkgolo jaaka;

Kakanyo e e botlhokwa e e kopanyang ya kgang…e tshwanetse ya bega dintlha tsotlhe tse


di botlhokwa tsa kgang… kgangkgolo ga e a tshwanelwa ke go ikanya dintlha tseo di ka
tswang di se teng kgotsa di sa diragale, dintlha tse di sa buiwang kgotsa di sa kaiwa ke
kgang ka tsela e e utlwagalang. Kgangkgolo e tshwanetse ya nna ka fa gare, eseng ka kwa
ntle ga kgang. E tshwanetse ya nna ka ga tshedimosetso ya kgang ka bo yone, eseng ka
dikakanyo tse di tlhotlheletswang ke maitemogelo a rona.

Mafela (1996: 230 o ela tlhoko gore;

…kgangkgolo e ka tlhaloswa jaaka kakanyo e e botlhokwa ya bokao, eo tirokgolo ya yone e


leng go kopanya dikarolo tsotlhe tsa kgang, kwa bofelong e bo e feleletsa e le molaetsa wa
kakaretso o o rutang ka ga botshelo le boitemogelo.
Ka boripana, kgangkgolo ke kakanyo e e botlhokwa eo mokwadi a e tlhagisang kgotsa setlhogo se
se botlhokwa se se rarabololwang mo kgang. Le fa bakwadi ba bantsi fa ba kwala dipadi tsa bona
ba sa kgone go tlhalosa kgotsa go bontsha kgangkgolo e lenngwe feela, mme fa o bala ditiro tsa
bona o fitlhele dikgangkgolo tse dintsi-ntsi di tletse-tletse mo pading yotlhe. Mo kgatong e ga re
solofele gore o lokolole padi epe, seo se tla dirwa kwa kgatong ya bobedi.

☞☞Tirwana 2

Mo digongwaneng tsa lona tsa dithuto kgotsa wena ka bosi, lebelela padi e o e
badileng kwa mophatong wa gago o o fetileng o be o tlhole gore a mokwadi o
kgonne go tlhalosa kgangkgolo kgotsa a go na le dikgangkgolo tse dintsi-ntsi mo
pading eo. Ka go dira se o tla be o ipaakanyetsa kgato ya bobedi.

4.2.3.3. Boanegwa

Baanegwa ba kgang/padi ga se batho ba nnete, mme ba dirilwe go tshela botshelo jaaka batho ba
nnete. E sa le ba dirilwe go tshela jaaka batho ba nnete, sengwe le sengwe seo ba se dirang se
tshwanetse sa bo se na le sengwe seo se se tlhotlheletsang. Schole et al. (1978:18) a re;

“Sengwe seo se tlhotlheletsang baanegwa, ditiro tsa letswalo le temogo le dikakanyo, ke


tebang ya dipadi le dikgang-khutswe tse dintsi.”

Ditswerere dingwe fa di tlhalosa baanegwa di bua jaana, ‘baanegwa ba ka itlhamelwa mo


tlhaloganyong kgotsa ya nna ditshedi tsa kgale. E ka nna batho, metlholo/boloi, dikakanyo
feela/maaka, medimo le medimogadi, diphologolo kgotsa mothofatso wa dikakanyo ka kakaretso’.
Se se kaya gore fa re ntse re bala go tlhaloganya baanegwa, re tshwanetse ra lebelela ditiro tsa
bona, kgatlhanong le tsa rona. Mo botshelong jwa nnete, re kgatlhana le bo tlhogoethata,
baikgantshi, batho ba ba nyemisang mooko, ba ba sa tshege-tshegeng feela, le bao ba
tshegisang, ka ona mokgwa oo re tshwanetse ra solofela go kopana le ba ba jalo mo dikwalong.
Ditswerere dingwe di bua jaana fa di tlhalosa baanegwa: baanegwa ba mo pading ba amogela
tlhago ebile ba na le ditshobotsi le dimelo tsa botho/batho tse di feletseng. Baanegwa ba
botlhokwa e le tota mo pading, ka gonne ke ka ga bone gore mokwadi a re tseele kgang.

4.2.3.3.1 Tlhaloso ya baanegwa

Nngwe ya dilo tse di botlhokwa tota ka go nna mokwadi ke kitsiso kgotsa pego ya baanegwa go
babadi. Baanegwa ba padi ba ka tlhaloswa ka ditsela tse di latelang:

(i) Tsela ya go raya maina

Go botlhokwa thata gore mokwadi a tlhophe leina le le lebaneng. Go na le dintlha tseo


mokwadi a tshwanetseng go di lebelela fa a raya baanegwa maina, kgotsa, ke tse di
latelang:

• A dire gore leina le lebane le dingwaga– a seka a tlhopha leina le le sa


tsamaelaneng le dingwaga.
• A tlhophe leina le le nang le bokao.
• Fa a kwala padi a seka a dirisa maina a batho ba ba tumileng kgotsa maina
a batho ba ba itsegeng mo tikologong ya gagwe, ka gonne ba tla galefa ba
ferekana maikutlo.

Bakwadi gantsi ba naya baanegwa ba bona maina a a botlhokwa kgotsa a a nang le


mosola mo kgang. Go tlhopha leina go ya ka bokao jwa lone go supa dimelo tse di
botlhokwa, kgotsa karolo e moanegwa a e tshamekang/diragatsang mo pading.
(ii) Tsela ya Matseno

E ke tsela eo bakwadi ba bantsi ba e dirisang fa ba tlhalosa baanegwa. Fa, mokwadi o re


naya tshedimosetso ka ga boithekgo jwa moanegwa. Go ya ka Wikipedia website,
‘matseno ke mofuta wa puisanyo e e tlotliwang ka molomo kgotsa e e kwalwang, e e
diriswang go tlhalosa; go naya tshedimosetso kgotsa go itsise/bega seo se ntseng se
tlotliwa. …e bolelela babadi ka ga tshedimosetso ya go tlhopha baanegwa.

(iii) Tsela ya tiragatso

Fa, ke fao mokwadi a letlelelang baanegwa ba gagwe go bua kgotsa go fetolwa maikutlo ke
maemo a a farologaneng mo pading. Ga a tlhalose ditiro tsa bona le mekgwa ya bona.
Mokwadi o naya baanegwa tshono ya go lemosa dimelo tsa bona ka puo.

(iv) Moanegwa yo o senolwang/Semelo se se senolwang ke baanegwa ba bangwe

Fa, ke fao baanegwa ba bangwe mo pading ba tlotlang ka ga moanegwa mogolo. Ba mo


seba a sa itse. Ka dinako tse dingwe ba feleletsa ba mo neile leina la lesomo.

4.2.3.3.2 Mefuta ya baanegwa

Go na le mefuta e e farologaneng ya baanegwa mo pading. Go na le baanegwa bagolo le


baanegwa ba ba tlwaelegileng.

(i) Modiragatsi-mogolo/Moanegwa-mogolo

Modiragatsi-mogolo ke moanegwa-mogolo mo pading, mo tiragatsong kgotsa mo tirong


nngwe le nngwe ya dikwalo.

Modiragatsi-mogolo ke moanegwa yoo morero otlhe wa kgang o leng ka ga ene. Go ya ka


Abhijit Naik mo www.buzzle.com;

Lereo ‘protagonist’ le tswa mo ‘protagonistes’ – lefoko la seGerika leo le kayang


mongwe yo o tshamekang karolo ya ntlha kgotsa modiragatsi-mogolo. Le fa
moanegwa-mogolo e le motho yo o siameng mo dikgang tse dintsi, a ka nna motho
yo o sa siamang gape. Fa moanegwa-mogolo e le mogale, babadi ba tshwanetse
go ipaya mo maemomg a gagwe le mokwadi o tshwanetse go akanya ka se fa a
kwala ka ga ene. Fa moanegwa-mogolo e le motho yo o sa siamang babadi ba ka
se mo utlwele botlhoko, ka jalo semelo sa gagwe se tshwanetse sa ba tshwarelela
kgotsa sa ba tlhaba e le tota gore ba nne le kgatlhego.

Moanegwa-mogolo a ka nna a sa fitlhelele maikaelelo a gagwe, feela ka go a latela,


o tsweletsa morero. O ntse a godiswa fa ntse kgang e tswelapele.

(ii) Lenaba/Sera

Lenaba ke moanegwa o o emelang kgogakgogano eo moanegwa-mogolo a solofetsweng


go ema kgatlhanong le yona. Ka mantswe a mangwe ke sera seo ka metlha se lwantshang
moanegwa-mogolo wa kgang. Mo pading, o ke moanegwa o o tlholang bothata ebile o
tsosa kgotlhang. Ka gale ga se motho, ka dinako tse dingwe sera e ka nna eng kana eng
se se lwantshang moanegwa mogolo. Go ya ka Abhijit Naik mo www.buzzle.com;

Lenaba ga le tlhoke go nna pelotshetlha kgotsa le galefise, feela le tshwanetse go


thatafaletsa moanegwa-mogolo dilo ka ntata ya go tsosa kgotlhang mo kgang.
(iii) Moanegwa yoo farologaneng le moanegwa-mogolo etswa ba tsamaisana

Go ya ka Abhijit Naik mo www.buzzle.com;

Moanegwa yo o farologaneng le moanegwa-mogolo etswa ba tsamaisana


ke moanegwa wa maemo/tiro e e tshwanang le ya moanegwa-mogolo kwa
lefelong le le farologaneng, ebile o thusa kgang go tlhola le go tsosa
kgogakgogano e nngwe gape e e gakgamatsang, e e kgatlhisang kgotsa e e
tshegisang. Fa lenaba/sera le le kgatlhanong le maikaelelo a moanegwa-
mogolo, moanegwa ka ene wa lefelo le le farologaneng (foil) o dira jaaka
lelatodi la moanegwa-mogolo, o farologane le moanegwa-mogolo ka
semelo.

Gantsi, moanegwa ka moanegwa-mogolo yo o farologaneng o dira gore


moanegwa-mogolo a tlhagise mekgwa ya gagwe e e bobebe, kgotsa o dira gore
moanegwa-mogolo a bone dikgogakgogano ka tsela e ntshwa e e farologaneng.

(iv) Batlalaletsi

Bontsi jwa dikgang le dipadi di na le dikarolo tsa batlaleletsi, bao ba ka anegwang ka


pejana ba tlwaetswa babadi ba nako ya bona. Dikarolo tsa baanegwa ba ga di gole jaaka
karolo ya moanegwa-mogolo, mme ke dikarolwana tse di lekanyeditsweng fela go tsamaisa
le go tsweletsa kgang.

4.2.3.4 Kakanyo/Ntlha ya mokwadi

Go ya ka Hess (1978:155),

Kakanyo ya mokwadi e botlhokwa mo mabakeng a mmalwa: (1) E tshweetsa gore go tla


bonwa eng gwa se bonwe eng, ke eng se se botlhokwa le seo se seng botlhokwa. (2) E
tlhola kamano ya mmadi le kgang, mmadi o tla ikamanya le kgang go le kaakang, le go
tshweetsa ka bonnete jwa kgang. (3) E tlhola mokgwa wa kgang le dintlha le dikakanyo tse
di tlhagisitsweng. (4) E tlhola kamano ya mokwadi le kgang. A mokwadi o na le maikutlo
kgotsa ga a na maikutlo ka baanegwa ba gagwe, a o a ikamanya le bona kgotsa nyaa? (5)
E tshweetsa gore mokwadi o re tlhalosetsa/anegela go le kaakang.

Mo pading kakanyo kgotsa ntlha ya mokwadi ke maitemogelo a gagwe a a amanang le kgang. Ka


dinako tse dingwe kanegelo e dirwa go tswa mo kakanyong ya motho wa ntlha, motho wa bobedi
kgotsa motho wa boraro.

4.2.3.5 Lefelo/Tikologo ya tiragatso

Lefelo kgotsa tikologo ya tiragatso ke lefelo le nako tseo tiragatso e diragalang ka tsone. Tikologo
ya tiragatso e tshwanetse ya golaganngwa le baanegwa. Ga re batle baanegwa ba ba sa
tsamaelaneng le tikologo e e tlhaloswang mo kgang. Re ka se solofele tikologo ya profense ya
Limpopo mo pading e e buang ka batho ba ba tsamayang ka ‘Gautrain’ go ya tirong. Kgotsa
mokwadi a re anegela ka basha ba 1925 bao ba utlwelelang ebile ba binela mmino wa Kwaito.
Boemong jwa seo, ke basha ba gompieno bao re ba solofelang go dira se se fa godimo se. Go
botlhokwa go netefatsa gore padi e akanyetsa kgotsa e baa mo dikakanyong dilo tse di latelang:

Nako le lefelo.
☞☞Tirwana 3

(i) Ka digongwana tsa lona tsa dithuto, kgotsa wena ka bosi, tswee-tswee tsamayang
lo ye go dira dipatlisiso mo dibukeng tseo lo di badileng (dipadi), lo tlhophe e
lenngwe eo mo go yona mokwadi a tlhalositseng lefelo kgotsa tikologo ya tiragatso
ka mokgwa o o gaisang, lo be lo buisanye/tlotle ka ga yona.

(ii) A mokwadi wa buka e o e tlhophileng o kgonne go kgotsofatsa nako, lefelo?

4.2.3.6 Kgotlhang

Kgotlhang ke pelo ya morero mongwe le mongwe. Kgotlhang e ka nna magareng ga moanegwa-


mogolo le moanegwa yo mongwe, sera; magareng ga moanegwa-mogolo le tlhago; kgotsa
moanegwa-mogolo le morafe. Ka dinako dingwe kgotlhang e ka nna ka fa gare mo maikutlong
kgotsa mo tlhaloganyong.

Scott le Modden (1968:6) fa ba tlhalosa kgotlhang ba bua jaana;

…kgotlhang e kaya feela gore kgang e kopanya maatla a mabedi a a lwantshanang, ao re


a bitsang moanegwa-mogolo…. Le sera, e bo e gola e rarabolola nthagaraga magareng ga
maatla a mabedi a.

4.2.3.7 Puo le Setaele

Middleton Murray (1976:65) fa a tlhalosa puo le setaele a re:

Setaele ke boleng jwa puo e e tlhagisang ka nepagalo, maikutlo le dikakanyo, tsa mokwadi.

Setaele ga se jalo jalo seo se kwadilweng, mme ke gore se kwadilwe le go tlhaloswa jang. Setaele
mo pading se kaya meetlo ya puo e e dirisitsweng go tlhama kgang. Mokwadi wa padi a ka laola
kutlwagalo ya puo, popego ya polelo, sekapolelo, motlotlo, le dintlha dingwe tsa puo go bopa
setaele le maikutlo. Puo e e kgatlhisang e e tlhamilweng ka setaele sa mokwadi e bidiwa ‘lentswe
la kgang’ ka dinako tse dingwe. Mokwadi mongwe le mongwe o na le setaele sa gagwe kgotsa
lentswe la gagwe le le tshwanang le le nosi (Provost 1988:8). Setaele ka dinako tse dingwe se
kwalwa jaaka nngwe ya dikarolo tse di botlhokwa tsa padi.

Setaele se jaaka ditsela tse di diriswang ke mokwadi. Se ka tswa se diriswa go thatafatsa sengwe
j.j, feela se batlile se ama mmadi ka metlha ka ntlha ya tsela eo se diriswang ka yona.

4.2.3. 8 Motlotlo

Go kwala motlotlo o o atlegileng, gantsi ke sengwe seo se tlhaolang setswerere sa mokwadi go


mokwadinyana feela. Ga go akabatse ka gonne motlotlo e le karolo ya padi e e thata-tota go
kwalwa le go tlhaloganngwa. Sengwe le sengwe se ikanya mo go yona gotlhelele, fa motlotlo o
retela, kgang yotlhe e a retela. (Findingfatherhood.com)

Motlotlo ke tiro e e botlhokwa-tlhokwa e e amang katlego ya dikwalo, katlego ya go tlhalosa


baanegwa le katlego ya go tsweletsa morero. Motlotlo o tshwanetse go rulaganngwa ka
matsetseleko.
(http://www.ehow.com/how_8628379_cite-dialogue-novel.html#ixzz1nEGIR4d7)
Mo pading motlotlo o tshwanetse go dira nngwe ya tse di latelang:

Go tlhola maikutlo a mokwadi kgotsa maikutlo a mmadi, go re naya tlhamo kgotsa motheo
wa kgang, go senola semelo/mokgwa le tlhotlheletso, go ikamanya kgotsa go ipaya mo
maemong ga mmadi, go tsweletsa morero le/kgotsa go oketsa lobelo lwa one, go tlhola
kgotsa go oketsa kgotlhang, go gakolola/gopotsa mmadi dilo tseo ba ka tswang ba di
lebetse, go lemosa/bonelapele ditlamorago.

4.3 KGANG-KHUTSWE

E ke kgang e khutshwane. Go ya ka van Rooyen,et al (1980:133),

Ke ka ngwagakgolo wa 19 go supilweng kgang-khutshwe go tswa mo mefuteng mengwe ya


dikgang. Ka ngwaga wa 1842 Edgar Allan Poe o tlhodile melao e se kae ya go laola kgang-
khutswe. Go ya ka ene kgang-khutswe e tshwanetse ya balwa e bo e fetswa ka ura kgotsa
pele ura e feta, gore mmadi a kgone go e fetsa kwa ntle ga go tsenwa ganong kgotsa go
tshwenngwa.

4.3.1 Matseno

Go ya ka Wikipedia website, ‘kgang-khutswe ke tiro ya leinane eo ka gale e kwalwang ka puo e e


tlwaelegileng, gantsi ka mokgwa wa kanegelo’. Se se kaya gore kgang-khutshwe ke tiro e e
khutshwane ya maitlhamelo feela.

6.3.2 Mefuta ya dikgang-khutshwe

Tse di latelang ke mefuta ya dikgang-khutswe:

Dinaane tsa bogologolo, dikakanyo tse di monate, metlae/dilo tse di tshegisang, padi ya
metlae le pheteletso, naane ya thuto, ditiragalo tsa kgale, dikwalo ka ga botshelo jwa
mongwe, padi kgotsa maboko a melao le meetlo ya tikologo e e rileng, j.j

☞☞Tirwana 4

Re a dumela gore mo mephatong e e fetileng ya dithuto tsa lona lo rutilwe ka


dikgang-khutswe. Ka bosi leka go gakologelwa tsotlhe tse o di rutilweng ka mofuta o
wa dikwalo, o be o di kwale fatshe mo bukeng ya gago e o e dirisang fa o bala. Se,
se tla go tswela mosola jaaka kitso e o setseng o na le yona.

4.3.3 DIKAROLO TSA KGANG-KHUTSWE

4.3.3.1 Morero

Mo kgang-khutsweng morero ke mokgwa oo mokwadi a rulaganyang ditiragalo ka one go godisa


kakanyo ya gagwe. Ke go latelana ga ditiragalo mo kgang-khutsweng. Pele mokwadi a kwala
kgang-khutswe ya gagwe o tshwanetse go e logela leano pele gore tle e nne le tatelano ya
ditiragalo tse di pakanang, tse di nang le tshimologo, bogare le bokhutlo. E tshwanetse ya nna le
morero o le mongwe feela gore e tle e balwe e fetswe mo nakong e lenngwe. Morero o na le
dikarolo tse tlhano tse di botlhokwa-tlhokwa tse di latelang:

(i) Matseno

Ke tshimologo ya kgang fao baanegwa le lefelo kgotsa tikologo ya tiragatso di begwang.


(ii) Tlhatlhogo

Ke fao ditiragalo tsa kgang di nnang marara le kgotlhang e tsoga.

(iii) Setlhoa

Ke ntlha-kgolo e e kgatlhisang le phetogo e kgolo e e amang botshelo jwa moanegwa. Fa,


mmadi o ipotsa gore go tla go diragala eng gape; a kgotlhang e tla rarabololwa kgotsa
nyaa?

(iv) Tharabololo/Tharabologo

Ditiragalo le ditharano di somolola go itharabolola. Babadi ba a itse gore ke eng se se


latelang, le gore kgotlhang e tla rarabologa kgotsa nyaa.

(v) Bokhutlo

Ke ditlamorago kgotsa tharabologo ya ditiragalo tsa kgang.

4.3.3.2 Kgangkgolo/Molaetsa

Kgangkgolo ke kakanyo ya botlhokwa e e tlhagiswang phatlhalatsa kgotsa ka mpoteletsane


mo kgang-khutshweng. Kgang-kgolo e araba potso, ‘O ithutile eng ka ga kgang-khutshwe
e?’ Mo dikgang-khutsweng di le dintsi o fitlhela e le gore bokao bo ka kaiwa, ka go
tshitshinngwa mo pepeneneng kgotsa ka go angwa mo kgang-khutsweng.

Lo ka tswa lo ipotsa gore naare re supa jang kgangkgolo mo kgang-khutsweng? Ka dinako


tse dingwe mokwadi o kwala kgang-khutswe – ya kakanyo e e botlhokwa, eo mo go yona
go leng bonolo go supa le go tlhaloganya molaetsa o tshwana le lorato, thuto, letlhoo, loso,
setegeniki, j.j.

Gantsi bakwadi ba kwala dikgang tseo mo go tsone molaetsa o tshitshinngwang, go se


bonolo go o supa. Se se kaya gore molaetsa o ka tlhaloganngwa gantsi mo morerong wa
kgang ka baanegwa le ka go tlhaloganya kgotlhang. Babadi ba tshwanetse go lokolola
kgang gore ba tle ba fitlhelele kgangkgolo kgotsa molaetsa.

4.3.3. 3 Kgotlhang

Kgotlhang ke nthagaraga ya maatla a a lwantshanang mo kgang. Ke yone e tlholang


tiragatso le bodiragatsi tseo di tsamaisang kgang go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa
bokhutlong. Kgang nngwe le nngwe e na le kgotlhang, ntle le kgotlhang, ga go na kgang
http://www.ehow.com/facts_5949306_definition-conflict-story.html#ixzz1nHey68rr.

Bangwe ba tlhalosa kgotlhang jaaka nthagaraga magareng ga batho ba le babedi kgotsa


dilo tsa pedi mo kgang-khutsweng. Ka gale moanegwa-mogolo o ka fa letlhakoreng le
lengwe la kgotlhang. Ka fa letlhakoreng le lengwe, moanegwa-mogolo a ka lwa
kgatlhanong le moanegwa mongwe yo o botlhokwa, kgatlhanong le tlhago, kgatlhanong le
morafe, kgotsa kgatlhanong le sengwe se se mo jang mo mafatlheng (maibi, maikutlo,
bolwetse, j.j). nthagaraga eo moanegwa a ka tswang a na le yona le maatla a a kwa ntle ga
gagwe e bidiwa kgotlhang ya ka fa ntle, etswa nthagaraga e e mo moweng, eo e tlhokang
gore mongwe a tsee ditshweetso, a fole botlhokong, a lwantshe phisego, j.j, e bidiwa
kgotlhang ya ka fa gare kgotsa ya semowa.
4.3.3.4 Baanegwa

Moanegwa ke motho, kgotsa phologolo ka dinako dingwe, o o tsayang karolo mo


tiragatsong ya kgang-khutswe kgotsa mo tirong nngwe ya dikwalo. Mo kgang-khutsweng
jaaka dikanegelo tsa dikwalo tse di tlwaelegileng go na le moanegwa-mogolo yo o bidiwang
modiragatsi-mogolo, yo o begwang mo temaneng ya ntlha ya kgang-khutswe ebile o
lebanwe ke bothata go tloga kwa tshimologong. Gape go na le sera/lenaba, seo e leng
moanegwa yo mogolo kgotsa wa ntlha yo o kgatlhanong le modiragatsi-mogolo kgotsa
seganka sa kanegelo.

Boanegwa ke karolo e e botlhokwa tota ya dikgang-khutswe. Go a tlhokagala go lebelela


ka kelotlhoko gore baanegwa ba senolwa jang fa o ntse o ithuta boanegwa jaaka bokgabo.
Gantsi baanegwa ba lemoswa babadi ka:

Go tlhaloswa, motlotlo, dikakanyo le maikutlo, ditiro le diphetogo tsa maikutlo,


ditshwantsho tse di tlang mo dikakanyong le matshwao.

4.3.3.5 Tikologo ya tiragatso

Ke nako le lefelo tsa (di)tiragalo ya kgang. Le gale, mo kgang-khutsweng ga re solofele


mokwadi go tlhalosa ditiragalo tse di diragalang mo mafelong/ditikologong tse di
farologaneng ka gonne kgang-khutswe e khutshwane ebile go dumelwa gore e ka balwa
gangwe ya fetswa.

➨ Boela kwa ditsebeng tse di fetileng o bale ka ga tikologo ya tiragatso e e mo


pading.

4.3.3.6 Kakanyo/ntlha ya mokwadi

Ke ntlha eo e tlhotlheletsang kgang.

4.4 TLHAMO

Ke tlhamo ya dikwalo tse di khutshwane ka ga setlhogo se le sengwe, tseo ka gale di


bontshang/tlhagisang maikutlo kgotsa ntlha ya mokwadi.

4.4.1 Matseno

Tlhamo ke lokwalo loo gantsi lo kwadilweng go tswa mo kakanyong kgotsa mo maikutlong a


mokwadi. Bangwe ba tlhalosa tlhamo jaaka “tlhamo ya lokwalo lwa puo e e tlwaelegileng lwa
setlhogo se se lebaneng” kgotsa “puisanyo kgotsa lokwalo lo lo botlhokwa loo lo tlhalosang
sengwe ka matsetseleko, lo lo leele”. Abrams (1981:55) fa a tlhalosa tlhamo a re ke:

Tlhamo e khutshwane mo puong e e tlwaelegileng, e e tlhalosang sengwe, e tlhagisang


ntlha, kgotsa e re tlhotlheletsa go dumela kakanyo-thero ya serutwa kgotsa setlhogo sefe
kana sefe.

4.4.2 Mefuta ya ditlhamo

Re solofela gore mo dingwageng tse di fetileng tsa dithuto tsa gago o rutilwe ka mefuta ya
ditlhamo. Mefuta ya ditlhamo e a latela:

Tlhamo ya matseno, tlhamo ya go tlhotlheletsa mongwe go dumela sengwe, tlhamo ya botsalano,


tlhamo ya dingangisano, tlhamo ya kanegelo, tlhamo ya dipatlisiso, tlhamo ya go tlhalosa
batho kgotsa dilo, tlhamo ya mabaka le ditlamorago, tlhamo ya dipapiso/tshwantshanyo le
pharologanyo, tlhamo ya dithuto tsa kelotlhoko, tlhamo ya dikakanyo tse di boteng, j.j.

4.4.3 DIKAROLO TSA TLHAMO

4.4.3.1 Setlhogo

Setlhogo sa tlhamo ke seo mokwadi a batlang go bua ka sona le babadi/bareetsi ba


gagwe. Ditiragalo tsotlhe tse di mo tlhamong di ka ga sone.

4.4.3.2 Lebaka-legolo le le lengwe

Polelo ka ga lebaka-legolo kgotsa boikaelelo ke senotlolo sa go fitlhelela lokwalo lo lo


kopaneng lo lo atlegileng. Lebaka-legolo ke ntlha ya botlhokwa e e kaelang babadi gore ba
kgone go tlhaloganya bonolo se se kaiwang mo lokwalong lwa gago.

4.4.3.3 Popego ya tlhamo

(i) Matseno

Jaaka e kaya, karolo ya ntlha ya tlhamo eo babadi ba kopanang le yona pele, re na le


tsholofelo ya gore e tla ba ngokela gore ba tswelele ka go bala. Tiro ya matseno ke go
begela babadi ka ga dikakanyo tse di botlhokwa tse di tlhagiswang mo tlhamong. Ka fao, fa
e le matseno a a monate, a naya tshedimosetso e e theang tlhamo e e tlhokagalang gore
re kgone go tlhaloganya ntlha e go buiwang ka yona mo tlhamong. Ka boripana, matseno a
a monate a tlhoka dikarolo tse mmalwa:

• Polelo ya ntlha e e begang setlhogo sa tlhamo


• Tshedimosetso ya motheo wa kgang e e re isang kwa
kgangkgolong/molaetseng
• Ditsela/mekgwa tsa dikwalo go gogela mmadi
www.legacy.bluegrass.ketes.edu

(ii) Mmele

Ditemana tsa mmele di tlhalosa setlhogo sa tlhamo. Nngwe le nngwe ya maikaelelo magolo a a
tlhalositsweng ka kakaretso e ya go nna temana mo tlhamong. Fa tlhaloso ka kakaretso e na le
mabaka/maikaelelo magolo a mararo, tlhamo e ya go nna le ditemana tse tharo. Go botlhokwa-tota
go gakologelwa ka dinako tsotlhe gore temana nngwe le nngwe e tshwanetse ya nna le ntlha-kgolo
e lenngwe e e lokololwang, ebile e tshwanetse ya e senola ka kakanyo e lenngwe feela e e
tsepameng mo polelong. Ka jalo, palo ya ditemana tsa mmele e lekana le palo ya dipolelo tsa
ditlhogo. Temana nngwe le nngwe e tshwanetse ya golagana le e e latelang ka kgolagano ya
mabaka a a utlwagalang. Se se raya gore tlhamo e e bopilweng sentle e tshwanetse ya nna le
ditemana tse di latelanang tseo di tswelelang go ya ka mabaka a dintlha tse di latelanang tseo o
ikaeletseng go di rera. Go mo pepeneneng gore bothata ke go tshweetsa gore di tla latelana jang.
Ka semelo, tlhamo ke ngangisano, ka jalo o tshwanetse go e bopa go ya ka kakanyo ya gago.
Gakologelwa gore ditlhamo tse di gaisang ga di fe bopaki feela go utlwagatsa maikutlo a tsona,
mme di a bontsha gore goreng dikakanyo tse di ganetsang le tse di lwantshang di le phoso.
Itlhamele mmadi, o be o leke go laola kganetso ya gagwe kgatlhanong le kakanyo ya gago,
bontsha gore goreng a le phoso.
(iii) Bokhutlo

Ke karolo ya bofelo ya tlhamo. Ke karolo e e gorosang ntlha-kgolo ya tlhamo. Ke karolo e e


tshwanetseng ya nna e ntse e gopolwa ke babadi. Ke fao o garelang tsotlhe tse o di buileng mo
tlhamong, o fa karabo ya potso le lebaka. Gantsi ga go na karabo e e bonolo (ke ka fao o kwalang
tlhamo, eseng karabo ya dimaraka tse pedi mo tekong), ka jalo o tshwanetse wa bua/kwala gore
tharano ya ntlha-kgolo e fa kae. O ka ikutlwa ekare o ntse o ipoeletsa, jaaka mmele wa tlhamo o
setse o tlhalositse ntlha-kgolo ya gago, feela mmadi o tla itumelela kgarelo/kakaretso e e monate.

4.4.3.4 Kgangkgolo/Molaetsa

Kgangkgolo ke molaetsa kgotsa dintlha ka bophara tseo tlhamo e leng ka ga tsona. Tlhamo e a
reng ka ga botho, ka botshelo, ka kakaretso? Molaetsa o gola ka morero (seo batho ba se dirang
mo kgang-khutsweng), moanegwa (mang o dira eng, le gore ke motho wa mofuta mang), le
motlotlo (seo batho ba buisanyang ka ga sona). Molaetsa o ka godiswa gape ka maikutlo
(mowa/maikutlo a a tlholwang ke tikologo gareng ga batho le tikologo ka bo yone), le ditshwantsho
tse di tlang mo dikakanyong tsa rona fa re bala ka ga sengwe (matshwao).

4.4.3.5 Puo le Setaele

Gore “setaele se se gaisang” se bopilwe ka eng ke nngwe ya dilo tse di thata go bua puo pha,
ebile ka gongwe ke seelo se se letlelelang dikakanyo tse di farologneng.

Tse di latelang ke dikgakololo di se kae tse o tshwanetseng go di akanya:

• Bua puo pha!

Gakologelwa gore tlhamo o e kwalela mongwe yo o nang le kitso ka kakaretso mabapi le


setlhogo ka kakaretso, etswa e se setswerere kgotsa komang ka nna wa setlhogo seo.
Gape, o seka wa tlogela mmadi go tshweetsa ditshweetso tsa gago: di bue puo pha,
mmadi a tlhaloganye.

• Dirisa matshwao

Dira gore tlhamo ya gago e balege bonolo ka go bua puo pha (lefoko leo gape!) ka popego
ya tlhamo ya gago, e.g. “mo karolong e e latelang re ya go...”, 'Jaaka re setse re tshwaetse
ebile re file bopaki...'

• Ila dipolelo tse dileele

Tlhokomela dipopego tsa dipolelo tse di marara/raraneng: di ka tswa di le monate go


lokololwa, feela go thata go di bala. Dirisa dipolelo tse dikhutshwane: fa o na le polelo e e
boleele jo bo fetang mela e le meraro kgotsa e mene, e tla go tlhoka go kgaoganngwa go
ya ka dipopego tse di bonolo.

• Ila ditemana tse dileele

Leka go ila go kwala ditemana tse di fetang boleele jwa mela e le 10 kgotsa 15. Mekwalo e
meleele e fedisa mmadi pelo. Ke nnete, ka dinako dingwe dintlha di tsaya lebala le legolo,
feela fa o ka iphitlhela o kwala temana e e leele o ipotse gore: a ke kgaoganye ntlha e go
ya ka dintlhana? O tla golaganya dintlhana ka dipolelo tsa makopanyi kwa tshimologong
le/kgotsa kwa bokhutlong jwa nngwe le nngwe ya ditemananyana.
• O seka wa ithaya wa re mmadi o a itse gore o kaya eng

Fa o akanyetsa mmadi, o seka wa akanyetsa motshwai, ka gore o tla feteletsa kitso ya


gagwe! Akanya ka ga moithuti mongwe mo mophatong wa gago. Se se tla go thusa go
itlhalosa ka tsela e e utlwagalang le go thusa ka matshwao.

• Mopeleto

Mopeleto o o sa tlhapang, o na le lebaka kgotsa nyaa, o supa botlhaswa le botshwakga.


Tsaya nako o bale tlhamo ya gago ka kelotlhoko o tlhole diphoso webmaster@ling.ed.ac.uk

4.5 MABOKO

4.5.1 MATSENO

Maboko ke setlhopha se sengwe sa dikwalo tsa segompieno. Karolo e e ya go go begela ka ga


maboko jaaka setlhopha sa dipopego le dimelo tse di rileng. Karolo e e ya go tswelapele e rera
dikarolo tse di farologaneng tsa maboko le gore di naya jang mokwalo bokao kgotsa boleng jwa
poko. Se, se tla go thusa go tlhaloganya gore goreng go na le mefuta ya ditlhopha tse di
farologaneng tse di welang ka fa tlase ga botswerere jwa dikwalo tsa segompieno.

Bala lokwalo lo lo latelang:

Heavenly pebbles Edmund Tembe

Behold the moon in the sky


Rolling and gliding on the fluffy wool
Rolling like the waves in the sea.

Behold the moon in the sky


Cutting and dissipating the wool
Illuming the fire of Zokhele, self ignition

There the moon is out


The stars twinkly like far away little fires
The heavenly glory is fulfilled

Now the moon comes closer


There it goes past the village of Masabasaba
It is a messenger, on a very long journey

There you see it giving light


Very lovely in its majesty
In that regal nocturnal ambience.

Earth you are such a failure


You can never explain what the eye sees,
This glitter and glitz in the heavens.
(Zodwa Motsa ed.)
4.5.2 Ke eng se se nayang maboko boleng le bokao jwa poko?

Ke solofela fa Io itumeletse go bala lokwalo lo lo fa godimo fa. Go a utlwagala gore lo re anegela


kgang e e rileng jaaka lokwalo longwe le longwe. Mme feela, lokwalo lo go na le fao lo
farologanang teng le dikwalo tse o di ithutileng kwa tshimologong ya yuniti e. Lo, lo bidiwa leboko
ebile lo na le dipopego tse di mo pepeneneng tseo dingwe tsa tsona o kgonang go di bona ka go le
lebelela feela. Re le babadi, re na le mefuta ya dikwalo eo re e ratang. Babadi bangwe ba rata go
tseelwa kgotsa go tlotlelwa kgang. Ba bangwe ba rata go anegelwa kgang ka mokgwa wa leboko
jaaka lokwalo lo lo fa godimo fa. Ka mantswe a mangwe, go na le mekgwa e e farologaneng ya go
anegela mmadi ka kgang e lenngwe. Re kgona go bona gore lokwalo lo lo ka ga setlhogo se se
rileng. Setlhogo sa leboko, go ya ka Boynton (1973:8) ke seo leboko le leng ka ga sone. Fa o fetsa
go bala leboko lotlhe ke gone o ka itemogelang kgangkgolo kgotsa molaetsa wa lone, ebong
diteng tsa leboko ka kakaretso.

Mo dikwalong tse di anegelang dikgang, jaaka o bone kwa karolong e nngwe ya yuniti e, kgang e
anegwa go sa diriswe mekgwa ya digalo le mokwadi ga a tlhoke go itshwenya ka go rulaganya
mafoko ka mokgwa o o rileng. Maboko one a farologane ka gore a tlhamilwe ka tsela kgotsa puo e
e e kgethegileng. Le fa a dirisa puo kgotsa mafoko a a tshwanang le a a diriswang mo dikwalong
tse di tlwaelegileng, mafoko a mofuta o wa dikwalo a rulaganngwa ka tsela e e farologaneng le ya
dikwalo tse eseng maboko. Katlego mo go kwaleng leboko e tliswa ke tiriso ya didiriswa tsa
bokgabo tse di farologaneng. Tiriso ya tshwantshiso, modumo le poapoeletso ya mafoko ke tsone
di gakologelwang fa, mme fa o di dirisa fela-fela ga di fetolele puisanyo kgotsa dikwalo go nna
maboko. Sekai, ditshwantshiso le dipoapoeletso di a filhelwa mo metlotlong le mo dikwalong tsa
puo ya ka metlha le mo mofuteng mongwe le mongwe wa dikwalo tsa botswerere.

Pharologanyo ya ntlha e e mo pepeneneng, le go mmadi yo o sa tlhaloganyeng puo e e


dirisitsweng, ke gore maboko a na le popego e e kgethegileng. Leboko le dirilwe ka mela e e ka se
tseweng jaaka dipolelo ka gonne mela e mengwe ga se dipolelo tse di feletseng. Mola mongwe le
mongwe ga o fitlhe kwa bofelelong jwa tsebe ya buka. Mela e rulagantswe go ya ka ditlhopha tse
di bidiwang ditema-poko. Mela e e rulagantswe ka mokgwa o o gogelang matlho a mmadi.
Thulaganyo ya mafoko le yona e na le mosola ka gonne go diriswa mafoko, medumo le
morethetho tseo di amang molaetsa o o begwang ka leboko.

Go botlhokwa go ela tlhoko gore go tloga le go tloga maAfrika a sale ntse a tlhama le go boka
maboko. O ke mofuta oo re o bitsang maboko a setso. Mofuta o o tlhalositswe kwa kgaolong e
nngwe. Ka lebaka la semelo sa one, maboko ke setlhopha sa dikwalo seo ka gale se tsosang
khuduego mo maibing.
4.5.3 Maboko le popego ya one

Fa re bua ka popego re bua ka sebopego sa ka fa ntle, re bua ka mokgwa oo go diriswang puo ka


one, tsela eo go tlhagiswang dikakanyo kgotsa thulaganyo ya mafoko le medumo ka tsela e e
atlegileng mo go fetiseng molaetsa. Dikarolo tse di welang ka fa tlase ga maboko ke, gareng ga
tse dingwe, setlhogo, mola, tema-poko, mokgwa wa morethetho le thulaganyo ya medumo, dinoko,
dithwe dingwe tsa mafoko le mafoko a a supang go tshwana le/kgotsa kgolagano. Fa o lebelela
lokwalo lwa bo 2 dikarolo tse di bonagala sentle ebile di ka bonwa le ke motho yo o sa
tlhaloganyeng loleme lo lo dirisitsweng.

☞☞Tirwana 1

(a) Boela kwa lebokong le le kwa godimo o leke go supa dingwe tsa didiriswa tse
tsa maboko tseo o naganang gore di dira leboko go nna le le
gaisang/monate.

(b) A o nagana gore lokwalo lo lo tla ama mmadi botoka go gaisa fa lo ka be lo


ne lo kwadilwe jaaka lokwalo lwa puo e e tlwaelegileng? Tshegetsa tlhaloso
ya gago..

4.5.4 Didiriswa tsa modumo

Go na le medumo e o ka kgonang go e utlwa ka tsebe fa leboko le balwa. Ka dinako tse dintsi


mmoki o dirisa medumo e e rileng go lemosa, utlwagatsa kgotsa go gatelela se se buiwang mo
moleng kgotsa mo lebokong lotlhe.

Didiriswa tsa medumo di akaretsa, gareng ga tse dingwe, poeletsomedumo eo e leng poeletso ya
medumo e e tshwanang mme e se ditumanosi. Poeletso-tumanosi ke bokgoni jwa go dirisa
poeletso ya ditumanosi. Sediriswa se sengwe gape sa modumo se se gaisang ka tsela e e
makatsang ke leetsi, seo mo go sona mmoki a dirisang medumo e e tshwanang le bokao jo bo
rwelweng ke mafoko ao. Se gantsi se thusa ka go tlhola morethetho wa leboko. Ntlha nngwe ya
botlhokwa ke morumo o o tlholwang ke tiriso ya mafoko a a dumang ka go tshwana.

4.5.5 Mefuta ya maboko

Maboko a ka farologana go ya ka diteng kgotsa ka kgangkgolo e e mo lebokong. Mo ditiragalong


tse dingwe maboko a farologana go ya ka popego le tiro ya one. Ke ka fao re feleletsang re na le
mefuta e e mmalwa e e akaretsang eo re yang go e tlhalosa ka boripana fa tlase fa.
(a) The Lyric (Pina ya lorato)
O ke mofuta oo mmoki a o dirisang go itlhalosa dikakanyo le maikutlo. Ke mofuta o o
tlwaelegileng thata mo malemeng a rona a seAfrika. O ka fitlhela leboko la popego e e
farologaneng le dira jalo i.e. le tlhagisa maikutlo a mmoki.

(b) The Epic (Poko-gale/ Thetogale)


Mofuta o o ka ga ditiragalo tsa bogologolo ka gonne o re anegela tiragalo e e botlhokwa. O
itsege ka boleele jwa one. Sekai se se siameng ke thetogale ka ga Mazisi Kunene Emperor
Shaka The Great. Mofuta o o akaretsa ditiragalo tsa kgale tse di botlhokwa le mathata ao
morafe o neng o lebane le one kgotsa a seganka.

(c) The Ballad (Pina e e re anegelang kgang)


Mofuta o gantsi o re anegela kgang e e botlhoko kgotsa tiragalo e e botlhoko. O ka re
anegela ka ga tiragalo e e kotsi kgotsa e e itumedisang ka mokgwa wa kgang.

(d) The Elegy (Selelo)


Selelo ke leboko lwa loso. Leboko la mofuta o le lelela loso lwa motho yo o botlhokwa.
Motho yoo e ka tswa e le tsala, modirikamongwe kgotsa losika lwa mongwe. Mo lebokong
le mmoki o tlhalosa selelo sa batho ba ba neng ba phedisana le moswi. Ke mofuta wa
leboko leo gantsi le tlhangwang le bo le bokwa kwa phitlhong.

(e) The Ode (Pina ya thoriso/kgalalelo)


Le ke leboko le le rorisang mongwe ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dintle. Mongwe a ka
tlhalosa mofuta o wa leboko jaaka tsela ya go galaletsa motho fa a dirile dilo tse
kgatlhisang.

(f) The Sonnet (Pinanyana/ Sonete)


O ke mofuta o o theilweng ka popego ya one. Pinanyana e na le tematheto/temapoko ya
mela e le 14. Popego ya maboko a gantsi e retela baboki ba maleme a seAfrika. Gantsi
baboki ba rona ba kgotsofatsa feela ditlhokego tsa tematheto e lenngwe le mela e le 14 mo
disoneteng tsa bona.

☞☞Tirwana 2

Leka go kwala dikarabo tsa dipotso tse di latelang:

(a) Naya leina la leboko le le filweng kwa tshimologong ya thero e. Tlhalosa ka


botlalo.
(b) Tlhalosa gore maboko a farologana jang le dikwalo tsa puo e e tlwaelegileng.
4.5.6 Puo ya poko

(a) Kakanyo-tshwantsho/Popego ya ditshwantsho mo kakanyong ya mmadi

Go botlhokwa go tlhaloganya gore kakanyo-tshwantsho ke eng. Ditswerere di le dintsi di lekile go


tlhalosa kakanyo-tshwantsho go ya ka dintlha tse di farologaneng. Kakanyo-tshwantsho e na le
mafoko ao re a dirisang ka metlha. Ke bokgoni jwa go bopa ditshwantsho mo kakanyong ya
mmadi. Maboko jaaka setlhopha sa dikwalo tse di kgotlhaganeng a tlhamilwe ka katlego ka tiriso
ya ditshwantsho mo dikakanyong. Kakanyo-tshwantsho e dirwa ka tiriso ya dikarolo tsa puo di
tshwana le tshwantshiso, tshwantshanyo, mothofatso, kaediso, le tse dingwe. Dingwe tsa tsone di
tla tlhaloswa ka boripana fa tlase fa.

(b) Tshwantshanyo

Fa o batla go bala le go tlhaloganya leboko o tlhoka go itse gore tshwantshanyo ke eng.


Tshwantshanyo ke bokgoni jwa go tshwantshanya selo sengwe le se sengwe o dirisa sekalefoko
se tshwana le ‘tshwana le’ kgotsa ‘jaaka’. Tshwantshanyo e tshwantshanya dilo tse pedi ka go re
selo sengwe se tshwana le se sengwe kgotsa se jaaka se sengwe. Re na le setlhopha sa
dikamafoko tse tseo di diriswang go bopa kakanyo ya tshwantshanyo magareng ga dilo tse pedi.
Sekai:

Menzi o tsamaya jaaka tonki e e lwalang.

(c) Tshwantshiso

Tshwantshiso ke karolo ya puo eo mo go yona go tshwantshiswang dilo tse pedi. E tshwantshanya


dilo tse pedi ka go supa selo se le sengwe e bo e se bitsa ka leina la selo se sengwe sele. Bokgoni
jo bo bopa ditshwantsho mo dikakanyong tseo di thusang mmoki go tlhagisa seo a ikaeletseng go
se lemosa. Go sa tshwane le mo tshwantshanyong, mo tshwantshisong ga go na dikamafoko tse
di diriswang. Selo se tlhaloswa ka go dirisa selo se sengwe seo se ka tlisang tshwantshanyo e e
ikaeletsweng. Sekai:

Lungelo ke tau.

(d) Mothofatso

Mothofatso o gaufi thata le tshwantshiso ka gonne dilo tse pedi di dirwa selo se le sengwe. Jaaka
leina le bua mo Mothofatsong, selo kgotsa kakanyo se fiwa dimelo tsa botho/batho. Se se ka
fitlhelelwa ka go dira selo gore se nne le semelo sa botho kgotsa ka go dira selo gore se dire dilo
tse di dirwang feela ke batho. Sekai:

Malomo a nthutile lorato.


(e) Kaediso
Kaediso ke karolo ya puo eo mo go yona selo sengwe se emelang selo se sengwe. E tshwanetse
e nne selo seo se itsiweng/itsegeng, gore fa o bona selo se o setse o itse gore ke letshwao la selo
se sengwe sele kgotsa kakanyo e nngwe ele. Go setse go amogetswe kgotsa go tlwaelegile gore
sefapano ke letshwao la kgotsa se emetse BoKriste. Lona letshwao leo le diriswa go
emela/tshwaya bookelo. Mo setsong sa rona sa seAfrika emajobo (diaparo tsa banna tseo di
dirilweng ka letlalo la phologolo e kgolo) ke letshwao la bonna. Go na le mebala e e tshwayang dilo
le/kgotsa dikakanyo tse di rileng. Sekai, rosa e khibidu e golaganngwa le lorato, mmala o montsho
o golaganngwa le loso. Diphologolo di tshwana le tau di tsewa jaaka letshwao la maatla.

(f) Pheteletso
Pheteletso ke karolo ya puo e e feteletsang. E diriswa mo puong kgotsa mo dikwalong go re ama.
Mo pheteletsong boammaaruri bo a feteletswa gore mmadi/moreetsi a lemoswe botlhokwa jwa
jone mo dikwalong. Sekai:

Sediba sa dikeledi se ne se elela mo sefatlhegong sa gagwe.

(g) Apostrophe (Lenalana)


Mo karolong e ya puo go buiwa ka ga sengwe ekare ke motho. Sekai:
Thuto o lesedi

Go na le ditsela dingwe di le dintsi tsa go dira gore sengwe kgotsa kakanyo di bonwe jaaka
dilo tse di botlhokwa gore di tle di lemogwe. Bontsi jwa tse bo tla tlhaloswa ka botlalo mo
dikgatong tse di latelang tsa dithuto tsa gago.

☞☞TIRWANA 3

Leka go kwala dikarabo tsa dipotso tse di laelang:

Kwala dikarabo tsa gago mabapi le dipotso tse, ka go dirisa dikai tsa gago.

(c) Kakanyo-tshwantsho ke eng? Tlhalosa ka botlalo.


(d) Ke eng pharologanyo magareng ga tshwantshiso le tshwantshanyo?
(e) Ka tlhaloganyo ya gago, goreng o nagana gore kakanyo-tshwantsho e botlhokwa
mo go kwalng leboko?
4.6 TIRAGATSO

Bala motlotlo o o latelang:

A peal of girlish laughter from the kitchen

Jim. I’m not right sure I know what you’re talking about. What kind of glass is it?

LAURA. Little articles of it, they’re ornaments mostly! Most of them are little animals made out of
glass, the tiniest little animals in the world. Mother calls them a glass menagerie! Here’s an
example of one, if you’d like to see it! This one is the oldest. It’s nearly thirteen. (He stretches out
his hand.) (Music: “THE GLASS MENAGERIE.”) Oh, be careful –if you breathe, it breaks!

JIM. I’d better not take it. I’m pretty clumsy with things.

LAURA. Go on. I trust you with him! (Places it in his palm.) There now you’re holding him gently!
Hold him over the light, he loves the light! You see how the light shines through him?

JIM. It sure does shine!

LAURA. I shouldn’t be partial, but he is my favorite one.

JIM. What kind of a thing is this one supposed to be?

LAURA. Haven’t you noticed the single horn on his forehead?

JIM. A Unicorn, huh?

LAURA. Mmm-hmmm!

JIM. Unicorns, aren’t they extinct in the modern world?

LAURA. I know!

JIM. Poor little fellow, he must feel sort of lonesome.

LAURA. (Smiling).Well, if he does he doesn’t complain about it. He stays on a shelf with some
horses that don’t have horns and all of them seem to get along nicely together.

JIM. How do you know?

4.6.1 Matseno

Tiragatso ke setlhopha sa mofuta wa dikwalo seo se kwaletsweng go diragatswa. Tsela ya go


tlhagisa dikakanyo eo tiragatso e diragatswang ka yone mo matlhong a babogedi/bareetsi, e re
naya setlhopha sa mefuta e e farologaneng ya tiragatso. Go tswa mo mokgweng o o rileng wa
tiragatso re na le ditiragatso tsa thelebishene, ditiragatso tsa seyalemoya, ditiragatso le difilimi tsa
mo logatong. Mofuta wa tiragatso o tshweetsa ditaelo tsa tiragatso. Ditaelo tsa tiragatso ke
dikapolelo le dipolelo tse di kwadilweng magareng ga mela ya tiragatso. Di naya modiragatsi
tshedimosetso ya gore a dire eng le gore a se dire jang. Motlotlo le tiro/tiragalo ke tsone di
godisang molaetsa kgotsa kgangkgolo ya tiragatso yotlhe.
Go mosola ebile go botlhokwa tota gore re ithute ka ga mefuta e e farologaneng ya tiragatso fa re
ntse re utlwelela le go bogela ditiragatso makgetlho a le mantsi.

(a) Tiragatso ya mo logatong


Tiragatso ya logato ke mofuta o o direlwang babogedi ka go diragatsa mo logatong. Fa tiragatso e
ntse e diragatswa mo logatong ditaelo tsa tiragatso di tshwanetse tsa diriswa mo logatong feela.
Mo tiragatsong ya mo logatong go ka se kgonagale go bona dijanaga di beisana mabelo, dikgwa
tse di tukang. Ka mantswe a mangwe fa o bogela tiragatso go botlhokwa go itse gore a e diretswe
logato kgotsa mokgwa mongwe wa tiragatso.

(b) Tiragatso kgotsa Filimi ya thelebishene

Tiragatso e e diretsweng thelebishene e a fetoga-fetoga go ya ka ditiragalo, ka tsela e e leng gore


setlhopha sa ditiragalo tsa mofuta o o rileng ka bophara se ka bontshwa le go tlhaloswa mo
tiragatsong kgotsa mo filiming ya thelebishene. Dikgwa tse di tukang, dijanaga tse di beisanang di
kgona go bontshwa ntle le mathata ape. Sentle-ntle, tiragatso ya thelebishene e ka nna le tikologo
ya tiragatso lefatshe lotlhe, mme feela se ga se kgonagale ka tiragatso ya mo logatong.

(c) Tiragatso ya seyalemoya

Tiragatso ya seyalemoya le yona ga e na tshono le bokgoni jo bo kana ka joo ka gonne e laolwa


ke modumo. Fa molaodi wa logato a na le bokgoni jwa go akanya le go tlhama dikakanyo ka tsela
e e kgotsofatsang, a ka kgobokanya medumo go e tshameka mo ditikologong tsa tiragatso tse di
farologaneng ebile e ya go utlwagala mo moweng ka mokgwa o o tla tlhotlheletsang moreetsi go
dumela. Kana mo tiragatsong e, tsotlhe di senolwa ka puo ya molomo. Tsebe ke yone serwadi se
se botlhokwa sa molaetsa. Mo mofuteng o wa tiragatso melolwane ke ditiragalo tsele tseo di sa
kgonweng go diragatswa kgotsa go bonwa.

Bothata jo bongwe ke gore tiragatso e kwaletswe go diragatswa mo logatong, mokwadi wa


ditiragatso o tlhoka go laola boleele jwa tiragatso ka go dirisa nako. Tiragatso ga e a tshwanela go
feta melolwane ya nako e e rileng go sa nneng jalo babogedi/bareetsi ba tla latlhegelwa ke
kgatlhego ya go e bogela.

(d) Tiragatso ya tiragalo e lenngwe

Ke tiragatso e e nang le tiragalo e lenngwe le ditema tse mmalwa. Mofuta o wa tiragatso o


tshwana le kgang-khutswe ka mekgwa/ditselanyana tse dingwe. E diragatsa tiragalo e lenngwe ya
botshelo jwa moanegwa ebile e na le palo e e lekantsweng ya baanegwa ba batlaleletsi.

Mokgwa o mongwe wa go farologanya mefuta ya ditiragatso ke ka go lebelela kgangkgolo ya


tiragatso.
Dingwe tsa dintlha tsa tiro e ya dikwalo ga di farologane le tseo di tlhalositsweng kwa karolong ya
dipadi. Dintlha di tshwana le puo le setaele, morero, baanegwa, le tikologo ya tiragatso di tshwana
le tseo di rerilweng ka padi mo karolong e e fetileng. Mo therong e go botlhokwa go leba dingwe
tsa dikarolo tseo di lebaneng tiragatso. Tsona di akaretsa, gareng ga tsotlhe, morero; motlotlo;
ditaelo tsa tiragatso, kgotlhang, kobiso ya tiragatso le seo se tla re makatsang re sa se solofela.

Tiragatso e farologane le mefuta e mengwe ya dikwalo ka gonne ga e na dikgaolo mme e na le


ditiragalo le ditema. Tiragalo nngwe le nngwe e na le ditema tse di farologaneng tse di nang le tiro
e e botlhokwa ya go tlhokomela taolo le tharabololo ya metsamao go tloga mo temeng e nngwe go
ya go e nngwe. Ditema gantsi di laolwa kgotsa di tshweetswa ka lefelo leo ditiragalo di diragalang
mo go lone. Tema e a fetoga fa lefelo/tikologo ya tiragatso e fetoga. Tema nngwe le nngwe e
tshwanetse ya simologa ka ditaelo tsa tiragatso tse di tlhaloganngwang bonolo, tse di tlhalosang
tikologo ya tiragatso le go lemosa babogedi/bareetsi ka ga ponagalo ya baanegwa.

4.6.2 Morero

Jaaka go builwe fa godimo fa tiragatso e na le, gareng ga dilo tse dingwe, morero oo e leng
thulaganyo ya ditiragalo ka mokgwa o o montle o o thusang kgangkgolo go gola. Dikgato tse di
mosola tsa morero di na le matseno, tlhatlhogo, setlhoa le tharabololo/tharabologo. Mokwadi wa
tiragatso o solofetswe go bontsha tshimologo ya kgotlhang, go gola ga yone le tharabololo ya yone
kwa bofelong.

(a) Matseno

Matseno a tshwanetse go nna tiragalo ya ntlha. Bothata jo bogolo le baanegwa di begwa mo


ditemeng tsa tiragalo ya ntlha. E ke karolo ya tiragatso e e re nayang tshedimosetso yotlhe e e
tlhokagalang mabapi le tiragatso e e tlang go diragatswa. Tshedimosetso e e ka akaretsa
tshedimosetso ya motheo wa tiragatso le lebaka le le tlhodileng kgotlhang.

(b) Tlhatlhogo
Tlhatlhogo ke kgato eo mo go yona kgotlhang e tsoswang e bo e tsenelela fa tiragatso e ntse e
tswelapele. Ditiragalo tsa kgato e ya morero di tshwanetse tsa thusa go godisa kgangkgolo ya
tiragatso.

(c) Setlhoa

Karolo e ya morero ke setlhoa sa kgotlhang. Mo setlhoeng tharano ya ditiragalo e tshwanetse ya


bo e rarane go lekane gore kgotlhang e ka fitlhelela setlhoa sa yone. Go botlhokwa-tlhokwa ebile
go tshwanetse gore mokwadi wa tiragatso a tlhophe ditiragalo le ditirwana tse di tla thatafatsang
kgotlhang le go feta, go fitlhelela o mongwe wa baanegwa/badiragatsi ba ba gogagoganang a
amogela gore o fentswe kgotsa o tlositswe gotlhelele mo tiragatsong e ka nna ka go tshaba kgotsa
ka loso. Se se botlhokwa ke gore go bontshwa bokhutlo jwa kgotlhang.
(d) Tharabololo

Se se akaretswang mo kgatong e ke go rarabolola. Go na le gore tiragatso e tlogelwe kwa


setlhoeng go botoka go e konosetsa ka mokgwa o o botlhale o o tshwanetseng, o o nayang
tshedimosetso ya gore kgotlhang e rarabologile jang. Mme feela, seo ga se reye gore mokwadi wa
tiragatso o tshwanetse a re fe dintlha tsotlhe ka ga bokhutlo. Mokwadi yo o botlhale o tla kgona go
tlogela babogedi mo tikadikong, gore ba kgone go itlaletsa ka dikakanyo tsa bona mabapi le
bokhutlo.

4.6.3 Kgotlhang

Morero o solofetswe go nna le ditiragalo le ditiro tse di mo kgogakgoganong e e sa feleng. Sentle-


ntle tiragatso e teng ka lebaka la kgotlhang. Ka jalo, se se dira gore kgotlhang e nne pelo ya
tiragatso. Kgotlhang e tla ka mekgwa e e farologaneng. E ka nna magareng ga batho ba babedi. E
ka nna magareng ga motho le maatla a mangwe. Ka dinako dingwe e magareng ga modiragatsi le
tikologo ya gagwe. Gape go na le kgotlhang e e tswang ka mo mafatlheng a mongwe. Se se
botlhokwa ke gore kgotlhang ga e a tshwanela go nna mo seemong se le sengwe, mme e
tshwanetse ya tlhatlhoga kgotsa ya nna marara le go feta. Seo se tliswa ke mokwadi wa tiragatso
yo o itseng go tshwarelela kgotlhang a bo a e dire gore e rarane go fitlha kwa setlhoeng.

4.6.4 Baanegwa/Badiragatsi

Tiro ya badiragatsi ke go rwala tiragatso go tloga kwa tshimologong go fitlha kwa bokhutlong.
Esale tiragatso e diretswe go diragatswa, le badiragatsi ke batho ba ba filweng tiro ya go diragatsa
ditiragalo tse di farologaneng tse di sa tsamaisaneng. Motlotlo le ditaelo tsa tiragatso di mosola mo
go godiseng modiragatsi.

Mo tiragatsong go na le badiragatsi-bagolo ebong: modiragatsi-mogolo, lenaba le modiragatsi wa


boraro yo o tlholang mathata a modiragatsi-mogolo. Ba ke badiragatsi bao e leng gore fa ba ka
lofa tiragatso e ka se dirwe. Ba dira jaaka dipilara tsa kgotlhang fa ba diragatsa go ya ka ditaelo tsa
tiragatso.

4.6.5 Motlotlo

Jaaka go builwe fa godimo babogedi kgotsa babadi ba fitlhelela se se diragalang ka motlotlo. Go


gola ga tiro, tikologo ya tiragatso le tshedimosetso yotlhe e e amang le tiragatso di senolwa ka
motlotlo. Re ka konosetsa ka gore mosola wa motlotlo ke go godisa tiro mo tiragatsong. Mme
feela, go kotsi go dirisa motlotlo nako e e leele, ka gonne o tla nyemisa babogedi mooko wa ba
fedisa pelo. Motlotlo o tshwanetse wa nna mokhutshwane ebile o itumedise, gore babogedi ba nne
ba kgomaretse mo logatong, thelebisheneng kgotsa mo seyalemoyeng.
☞☞TIRWANA 4

Leka go kwala dikarabo tsa dipotso tse di latelang:

(f) Goreng tiragatso e gapeletsa tiriso ya motlotlo? Dirisa tiragatso e e


phatlhaladitsweng mo lolemeng lwa gago go paka karabo/kakanyo ya gago.
(g) Pharologanyo ke eng magareng ga tiragatso ya seyalemoya le tiragatso ya
logato?
(h) Ke eng mosola kgotsa tiro ya kgotlhang mo tiragatsong? Dirisa tiragatso e e
phatlhaladitsweng ka loleme lwa gago go paka kakanyo ya gago.

4.7 Bokhutlo

Ka boripana, thero e e fa godimo e atlegile ka go bega mefuta e e farologaneng ya dikwalo tsa puo
e e tlwaelegileng. O filwe le dikakanyo ka ga dikarolo tsa dikanegelo tsa dikwalo tsa puo e e
tlwaelegileng. Maboko jaaka setlhopha sa mofuta wa dikwalo a romela molaetsa ka tiriso ya
mafoko a a rulagantsweng bontle. Mefuta e e farologaneng ya maboko e re thusa go tlhaloganya
dimelo le dipopego tseo di nayang leboko boleng jwa go wela mo mofuteng o o rileng. Bokgoni jwa
go dirisa didiriswa tse di farologaneng tsa maboko bo thusa mmoki go lemosa le go gatelela seo
se leng botlhokwa mo molaetseng wa gagwe. Popego ya ditshwantsho mo dikakanyong e thusa
mmoki go bontsha molaetsa wa gagwe ka mokgwa wa ditshwantsho tsa dikakanyo. Thulaganyo ya
mafoko le medumo mo popegong di re lemosa le go re atameletsa molaetsa le maikutlo a teng.

Karolo e e buang ka ga tiragatso e go begetse ka ga setlhopha se sa mofuta wa dikwalo. E lebile


mefuta e e farologaneng ya tiragatso ga mmogo le ditlhaloso tsa yone tse di khutshwane. Karolo e
e tsweletse go go tlhalosetsa ka boripana seo se tlhaloganngwang ka dikarolo tsa tiragatso.

Maikaelelo a se e ne e le go go begela ka ga mefuta e ya dikwalo jaaka di ya go rerwa ka botlalo


kwa dikgatong tse di kwa godimo. Ditlhopha tse di farologaneng tsa mefuta ya dikwalo tsa
segompieno tsotlhe di a itumedisa, di ntsha bodutu ebile di ruta babadi ba tsone.

LENANEO LA DITSHUPO

Abrams, M.H. 1981. A glossary of literary terms. New York: Holt, Rinehart and Winston.

Cohen, B.B. 1973. Writing about literature. Glenview, Illinois:Scott, Foresman&Co.

Hess. K.M.1978. Appreciating Literature. New York: McGraw-Hill Inc.


Lever, 1961. The Novel and the reader. London Mehuen.

Mafela,M.J. 1966. The elements of fiction in the novels of T.N. Maumela. Pretoria: Kagiso
Publishers.

Mayheact, R. 1965. Understanding Literature. London: Cambridge University Press.

Maxwell-Mahon. 1984. Van Scaick guide to creative writing. Pretoria: J.L. van Schaick.

Motsa Z. 2006. Echoes of the Decades. Pretoria: Afritude (pty) Ltd.

Perrine, L. 1959. Story and Sructure. New York:Harcourt Brace Jovanovich, Inc.

Scott, V. and Modden, D. 1968. Studies in the short story. New York: Holt, Rinehardt and
Winston.

Schole, R. et al 1978. Elements of Literature. Oxford University Press.

Shreiber, S.M. 1969. An Introduction to Literary Criticism. Oxford: Pergamon Press.

Van Rooyen, C,S. 1980. Zulu 1 Guide 3. University of South Africa. Pretoria.

WEBSITES

www.academic.brooklyn.cuny.edu/english/melani/csi6/novel

www.britannica.com

www.buzzle.com

www.ehow.co/how

www.findingfatherhood.com

www.legacy.bluegrass.ketes.edu

webmaster@ling.ed.ac.uk

You might also like