Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 2

Labotlhano 23 Moranang 2021

Molaetsa wa leboko “Ntwa ya 1939-45”


a) Fa molaetsa wa lboko la “Ntwa ya 1939-35” [15]
Mmoki wa leboko le, o ne a katswa a kwadile leboko le go rut aka fa kgotlhang e
le selo se se maswe, se se sa siamanng. Re bona ae ka fa a kwadileng, “Go kile ga
tsoga teruuruu maloba, leruuruu le marumo le dikanono,” O tlhalosa ka fa go ne
go tlhakatlhakane , go le masisi fa a boeledisa lefoko, “leruuruu” mo go raying
tlhakantshuke fela e e masisi. Kgotlhang ya teng e ne e le masetla Mmoki o supa
gore ga a rate ntwa ka fa e tlhalositsweng e le selo se se maswe ka batho ba ne ba
sule ka dipalo tse dintsi.
Mmoki o tlhalosa gape ka fa ntwa e e ne ya kgaogana mafatshe ka bontsi. O
kwadile a re, “Majeremane ba rutla kwa dankeke…a thuba matlo a mantsi le
dikereke,” O sup aka fa ntwa e ne ya senyeletsa batho gape majeremane e le
bone b aba senyang. O supa gore ka ntwa e, majeremane e ne e le bone ba ba
simolotseng ntwa gape ba le bogale ga ba phatlhoganya matlo le dikereke. Mmoki
o re bolela ka fa mo ntweng e e bogale, gantsi go na le motho yo o setlhogo o
senyeletsang ba bangwe.
Mmoki o supa gore batho ba ne ba ipaakanyete sengwe pele ga o a go se dira. Re
bona se mo, “Ditlhobolo ra di rwala mo magetleng, le bo-‘Quick march’ r aba gata
re sa ba itse, ‘Present arms’, tlhobolo ra e baa mo diphatleng. ‘Attention, ram o
ema sekgomo a letsetse” Mmoki o tlhalosa ka fa masole a ne a ipaakanyetsa ntwa
pele ga ba go lwa. Masole a reetsa se se buiwang gape ba itse gore go tshwanetse
go dirwa eng. Mmoki o re ruta gore mo botshelon re tshanetse go reetsa melao
gore re kgone go tshela monate.
b) Tlhalosa maikutlo a mmoki wa leboko le ka botlalo [15]
Mo lebokong le la “Ntwa ya 1939-45”, mmoki o supa kutlobotlhoko ka gore o
tlhalosa ka fa ntwa ekile ya senyetsa batho gape ya kgaoganya mafatshe. Mmoki o
kwadile a re, “Kwa Fora, Mafora ba relela ba wa, a pagololang digodim di fofa,”
Mmoki o raya gore mafora ba ne ba tlhokafala ka dipalo tse dintsi gape go ne go
lwa le ka difofane tota. Mmoki o utlwisitse botlhoko ke gore batho ka bontsi ba ne
ba swa le b aba neng ba se montweng ka gore fela ntwa e ne ya diragala fa go
bone.
Mmoki o utlwisitse botlhoko gape ke tshenyo le kgatlampolo ya batho mo
ntweng. Go kwadile gotwe, “Le Mapolore ba ba meletsa metse, le kwa Austria le
gore ba phura batho, majeremane ba rutla kwa Dankeke” O tlhalosa ka fa batho
ba ne bas a tshele sentle k aba ne ba sotliwa ka dikai tsa go metsa, go phura le go
rutla. O supa ka fa ntwa e ne e le masisi kgotsa e le masetla.

You might also like