Mma Mooki

You might also like

Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 5

TLOKWENG COLLEGE OF EDUCATION

DIPLOMA IN PRIMARY EDUCATION


LEPHATA LA DITHUTO TSA SETSWANA

MAINA: LAONE THUTO

SEFANE: DIAU

SETLHOPHA: 20L

THUTO: NGWAO

MOTLHATLHELEDI: M. MOOKI

MORUTUNTSHI: C. K. SELEKA

SETLHOGO: DITUMELO TSA SETSO DI MOSOLA FELA THATA. O


ITEBAGANTSE LE NNGWE YA TSONE, RURIFATSA MOGOPOLO O KA
DINTLHA DI LE NNE (4).
LETSATSI LA GO TLISA: 14 PHALANE 2022

MONWANA: ___________
Tumelo ke se batho ba dumelang mo go sone mo matshelong a bone gore seo ke sone se ka
laolang matshelo a bone. Moncho le Nyatshane (1998) ba tlhalosa gore “tumelo ke tlhaloganyo e
e nnang mo mothong ya gore tiragalo kgotsa kanamo ya yone le tsa botshelo go ntse jaaka a
gopotse gongwe a bona”. (tsb.20). Britannica dictionary yone e tlhalosa fa tumelo e le
“something that a person accepts as true or right: a strongly held opinion about something”. Se se
raya gore tumelo ke se motho a dumelang kgotsa a dumelang gore se nnete kgotsa se siame.
Ditumelo tse ke tsone batho ba ikaegileng mo go tsone gore matshelo a tsamae sentle. Mo
Botswana, ditumelo di farologane mme nngwe ya ditumelo tsa mo Botswana ke bongaka jwa
setso. Moncho (1997) o tlhalosa gore “bongaka jwa Setswana go ka twe ke tiriso ya
ditlhare/medi (melemo) go lwantsha bolwetse mo mmeleng wa motho le go sireletsa bosula
gongwe bomadimabe mo mothong le di-tsa-gagwe… Bongaka ke go babalela matshelo a batho”
(tsb. 118). Se se raya gore bongaka jwa setso ke fa ngaka alafa batho ka melemo kgotsa ditlhare
go babalelamatshelo a bone. Bongaka jwa setso bo botlhokwa fela thata mo matshelong a batho
ka gore bo a alafa, bo bitsa pula, dingaka di a thaa, e bile di a tlhoma le go apesa Kgosi.

Bongaka jwa setso bo itsege thata ka go alafa malwetse a a farologaneng. Fa godimo ga moo,
botlhokwa jwa se ke gore dingaka tsa setso di kgona go alafa malwetse a dingaka tsa sekgowa di
sa kgoneng go a alafa jaaka botsenwa le phogwana. Moncho (1997) o gatelela se ka gore
“dingaka, ka go farologana ga tsone di ne di tshwanetse go alafa bolwetse bongwe le bongwe. Le
mo katisong ya tsone; dingaka di ne di leka go bontshiwa melemo e e farologanyeng ya
malwetse ka mefuta ya one.” (tsb.123). se se raya gore ngaka nngwe le nngwe fela e tshwanetse
go itse go alafa bolwetse bongwe le bongwe, e bile go sewelo go bona kgaka e tlhalefetse go
alafa bolwetse bo le bongwe. Ka jalo dingaka tsa setso di botlhokwa ka gore di alafa malwetse
gore botsogo jwa Batswana e nne bo bo itumedisang.

Bongaka jwa setso gape bo botlhokwa fela thata ka gore bo thusa go bitsa pula. Moncho (1997) o
tlhalosa gore,

go ne go na le dingaka tse di itseng go tswakanya


ditlhare/melemo go bitsa pula gore e ne. ngaka ya
go nna jalo e ne e bidiwa ‘moroka wa pula’. Mo
metseng ya Setswana Kgosi e ne e itse dikgaka tse
di tlhalefetseng go dira pula. (tsb.121).
Se se supa bomosola jwaq dingaka tsa setso ka gore pula e botlhokwa fela thata mo matshelong a
rona ka gore e re noseletsa dijalo, e re noseletsa leruo e bile e apesa lefatshe ka botala gore
diruiwa di kgone go fula, e bile re kgona kgona go a gelela metsi a pula gore re e new ka a
monate.

Bongaka jwa Setswana bona le mosola gape ka gore bo a sireletsa. Dingaka tsa setso di itsege
thata ka go thaa. Go thaya ke tsela nngwe ya go sireletsa kgotsa go thatafatsa sengwe gore se
seka sa tlelwa ke bosula bope. Dingaka tsa setso di thaya dilo tse dintsi ka go farologana, e ka
nna lelwapa, ntlo, leruo, masimo jalo jalo. Moncho (1997) o dumalana le se ka gore

Masaka a dikgomo a ne a thaiwa. Le tsone diruiwa


di ne di thaiwa gore di seka tsa tshabelelwa ke
bosula jaaka bolwetse gongwe sefifi sa motho a
swetswe.gape di ne di thaiwa jalo go dibelwa mo
dijing (dibatana le magodu) kgotsa le go timela.
(tsb.122).

Se se ne se diriwa gore leruo le le ate ka tshwanelo. Sepe fela se se neng se thaiwa, se a


sireletsega. Go thaya go thusa ka go sireletsa motho le di-tsa-gagwe. Mogapi (1985) o gatelela se
ka gore “ka go nna jalo, Motswana o ne a utlwa a sireletsegile, a babalesegile kgatlhanong le
difatlhi le diphatsa tsa botshelo.” (tsb.121).

Bomosola jo bongwa jwa bongaka jwa setso ke go tlhoma le go apesa Kgosi. Kgosi ke
moeteledipele wa motse le kgotla yo o tlotliwang ke batho ba a ba busang. Moncho (1997) o
tlhalosa gore

“e ne e re fa Kgosi e bewa mo bogosing, dingaka di


nne teng go mo thatafatsa. Gape go ne go na le
dingaka tse di tlhophilweng ka go tshepiwa le ka
kitso go nna tsa Kgosi. Kgosi e ne e sa bilediwe
ngaka nngwe le nngwe fela.” (tsb.122).

Se se raya gore go na le dingaka tse di tshepiwang go ka thatafatsa Kgosi, eseng ngaka nngwe le
nngwe. Go ne go diriwa jaana e le tsela ya go sireletsa moeteledi pele wa motse gore a kgone go
etelela pele batho sentle a sena makoa ape e bile a dire tiro sentle. Moncho (1997) o bowa a
oketsa ka gore “le yone kgotla ya kgosi ya motse e ne e thaiwa. Tsotlhe e le go sireletsa
moeteledipele wa morafe.” (tsb.122). fa moeteledipele a sireletsegile e bile a itekanetse, le puso
ya gagwe e tla nna e e itekanetseng mo morafeng.

Kwa bokhutlong, tumelo ya Batswana e ikaegile ka tumelo ya bongaka jwa setso ka bo thusa ka
dilo di le dintsi fela thata mo matshelong a bone e bile bo le botlhokwa fela thata. Bongaka bo
botlhokwa ka bo alafa malwetse ka go farologana, bo thusa go bitsa pula, bo thusa ka go thaya,
le go tlhoma le go apesa Kgosi. Tumelo ya bongaka jwa setso e thusa go tsamaisa matshelo a
Batswana sentle le gore ba tshele ba gololesegile.
METLOBO

Mogapi K. (1985). Ngwao ya Setswana. Gaborone: Botswana. L. Z. Sikwane Publishers.

Moncho N. K. (1997). Segaetsho. Mekgwa le Tsamaiso. Gaborone: Botswana. Longman


Botswana.

Moncho N. K., Nyatshane G. K. (1998). Segaetsho 2. Mekgwa le Tsamaiso. Gaborone:


Botswana. Longman Botswana.

https://www.britannica.com/dictionary/belief

You might also like