Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 7

TLOKWENG COLLEGE OF EDUCATION

DIPLOMA IN PRIMARY EDUCATION

LEINA: GORATA BAATHOLENG

SETLHOPHA: 20L

THUTO: SETSWANA

MOTLHATLHELEDI: MRS MOOKI

MORUTUNTSHI: MRS SELEKA

POTSO: ditumelo tsa setso di mosola fela thata. O itebagantse le nngwe


ya tsone, rurifatsa mogopolo o ka dintlha di le nne

LETSATSI LA GO TLISA: 14 PHALANE 2022

MONWANA: _____________
Botshelo jwa motho mongwe le mongwe bo ikaegile ka tumelo ya gagwe. Tumelo ya motho e
tswa mo ngwaong ya gagwe. Morulaganyi kgasa o tlhalosa ditumelo e re ke, “ ...seemo sa go
nna le tshepho mo sengweng gantsi sele mashetla go feta motho”tsb (133) ka jalo tumelo ke se
batho ba dumelang mo go sone mo matshelong a bone. Ditumelo di a farologana go ya ka
merafe, di akaretsa bongaka jwa setso, go rapelela pula, go phutha dibeela le tse dingwe. Mo
tirong e ya ithutuntsho ke tlaa bo ke itebagantse le bongaka jwa setso. Mogapi (1994) o tswelela
a tlhalosa a re , “Bongaka jwa setso go ka twe ke tiriso ya ditlhare /medi e le melemo go
lwantsha malwetsi mo mmeleng wa motho le go sireletsa bosula gongwe bo madi mabe mo
mothong le ditsa gagwe.” (tsb120 )Ka jalo bongaka jwa setso bo mosola fela thata ka jaana
bongaka bo ne bo alafa malwetse ka kakaretso, go thaya masaka, go thaya lenyalo, go alafa
dikgaba kana go kgwisa dikgaba .

Bogologolo pele ga dikokelo le dikokelwana di agiwa mo Botswana, Batswana ba ne ba ikaegile


thata mo tirisong ya melemo ya Setswana e e neng e dirwa ka ditlhare le medi ya tsone go ikalafa
malwetse ka go farologana. Bongaka jwa sets obo ne bo le mosola ka bo ne bo dirisiwa go alafa
malwetse a a farologaneng jaaka botsenwa, phogwana, ngope (madi a magolo), thobega jalo jalo.
Moncho le Nyatshane (1998) o tlhalosa ka gore ”bolwetse ke go sa itekanelang ga mmele ka
lebaka la botlhoko kgotsa setlhabi mo go one.” (Tsb 112) dingaka ka go farologana ga tsone di
ne di tshwanetse go alafa bolwetse bongwe le bongwe. Le mo katisong ya tsone dingaka di ne di
leka go bontshiwa melemo e e farologanyeng ya malwetse ka mefuta ya one. Ka go nna jalo go
ne go le sewelo go fitlhela ngwaka e tlhalefetse bolwetsi bo le bongwe fela. Ka jalo e ne re fa
motho a na le bolwetsi bongwe fela a bo a itse gore o ka ya fa ngakeng ya Setswana go ya go
tsaya kalafi mme ebile a fole.

Bongaka jwa setso bo na le mosola gape ka gore, bo dirisiwa go thaya masaka le dikgomo.
Bagolo ko merakeng le ko magaeng ba dirisa bongaka jwa setso go thaya masaka le dikgomo tsa
bone. Tsonope (1995) o tlhalosa go thaya masaka a re ke

tsela nngwe e e faphegileng e dingaka tsa setso di e dirising go sireletsa leruo la


batho go re le seka la utswiwa, kgotsa la tlhaselwa ke dibatana jaaka ditau le
diphiri ga mmogo le makanyane. Gape dikgomo di ne di thaiwa gore fa e ka
palama dikgomo tsa batho, di folotse. Mothao o motona o ne o le mo poong, ke ka
moo mong wa dikgomo a ne a ka ja modisa nko e sa butswa fa a ne a ka timetsa
po. Go ne go ka timela kgomo nngwe fela mme fa poo e gorogile gone go se
maswe maswe”(tsb 78)

Se se raya gore Batswana ba dirisa bongaka jwa setso, go sireletsa leruo la bone.
Batswana ka e le morafe o o tlotlilweng kana o o itsegeng thata ka temo thuo, bogolo
jang thuo ya dikgomo. Ka jalo ntshireletso ya tsone ka nako tsotlhe ke selo se se
botlhokwa thata mo go bone. E ne e re motho fa a batla go thaya lesaka la gagwe, o ne a
bitsa ngaka e ne a e itse ebile a e tshepha thata gore e tle e mo thaele lesaka. E ne e re fa
lesaka le thailwe, go be go dumelwa fa le sireletsegile thata ebile go sena bosula bope jo
bo ka diragalaleng leruo le le mo teng.

Go thaya lenyalo, e ne e le nngwe ya ditiro tsa dingaka gore fa mosimane le mosetsa ba


nyalana, go bidiwe ngaka e tle e ba baakanye e bo e ba tshwaraganye ka dipheko. Seo se
ne se direlwa go sireletsa bobedi mo direng tse di ka lekang go tsenya bosula fa gare ga
bone. ke sone go ne go le teng gore fa mongwe wa bobedi joo a ka dira phoso go nne le
bolwetsi jwa thotse. Bagwasi,(2002). O tlhalosa bolwetse jwa thotse a re ke “ ke
bolwetse jo bo tsenang mme kana rre yo mo lenyalong fa a tlhakanela dikobo le mme
kana rre o sele yo a seng mo lenyalong le ene” (tsb 55) se se raya gore far re kana mme
yo mo lenyalong le le thailweng ke ngaka ya Setswana a ka ya go tlhakanela dikobo ko
ntle ga lenyalo la gagwe o ne a tsenwa ke bolwetsi jwa thotse. Ka jalo gone go le
botlhokwa gore ngwaka ya setso e thaye lenyalo gore ba ba tshwaratshwarang ba swe
menwana. Gothaya lenyalo ke ngaka ya setso go ne go le botlhokwa gape ka gore gone
go rotloetsa popagano gare ga banyalani mme ebile go ne go thibela kamano ya malwetsi
a dikobo ka gore banyalani ba ne ban a le tlotlo ya motheo wa lenyalo la bone, e bile gape
ba tshaba ditlamorago tsa go sa sale meloa ya motheo morago.

Go bolotsa Bogwera le Bojale,bogologlo basetsanya le basimane ba ne ba isiwa


thupisong kwa bogwera le bojale. E ne e re fa bogwera le bojale ditswa ngaka e ne e nna
teng go alafa. Le gone kwa mathibelelong, dingaka di ne di nna teng. Tiro ya tsone e ne e
le go tlhokomela bothibelelo ga mmogo le baithuti. Go ne go remeletswe thata mo reng
tshireletsego le poloko ya batho ka dinako tsotlhe le mo ditirong ka bontsi e mo
dingakeng.
Kwa bokhutlong, go supagala gore tiro ya bongaka e botlhokwa mo matshelong a batho
bogolo thata Batswana. Go ya ka tumelo le ngwao ya Setswana, botshelo jwa moth obo
ne bo ikaegile ka bongaka jo. Kwa ntle ga jone motho o ne a utlwa a sa sireletsega ka
gope ka go nna jalo Motswana o ne a utlwa a sirelegile, a babalesegile kgatlhanong le
difatlhi le diphatsa botshelo.
METLOBO

Mogapi, K. (1994) Ngwao ya Setswana. Longman. Botswana

You might also like