Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 7

SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS/

NATIONAL SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS

SETSWANA PUO YA GAE (HL)

PAMPIRI YA NTLHA (P1)

2021

KAEDI YA GO TSHWAYA

MADUO: 70

Kaedi e ya go tshwaya e na le ditsebe di le 7.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2021
SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya

KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO

Mokgwa wa go tshwaya Tekatlhaloganyo

 Motlhatlhojwa a se sokelwe dirope fa dikarabo di na le mopeleto o o fosagetseng


le diphoso tsa puo ntle le fa diphoso tseo di fetola bokao gonne go tobilwe go
tlhaloganya. (Diphoso di nne di supiwe.)
 Fa motlhatlhojwa a dirisa mafoko a puo esele, ikgatholose mafoko ao, mme fa
karabo e santse e tlhaloganyega, o se ka wa mo jela maduo. Fela, lefoko le le
tswang mo puong esele le a amogelesega fa le dirisitswe mo setlhangweng e bile
le tlhokega mo karabong.
 Mo dipotsong tse di bulegileng, dikarabo tsa EE/NNYAYA kgotsa KE A DUMELA/
GA KE DUMELANE di se abelwe maduo. Lebaka/Tshegetso ke yona e e
tshwanetseng go tsewa tsia.
 NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO e se abelwe leduo lepe.
Lebaka/Tshegetso ke yona e e tshwanetseng go tsewa tsia.
 Fa go tlhokega karabo ya lefoko le le lengwe, mme motlhatlhojwa a neetse polelo
yotlhe, mo tshwae ka nepagalo fa e le gore lefoko le le nepagetseng le
thaletswe/le ntshofaditswe.
 Fa go tlhokiwa dintlha di le pedi/tharo, mme go tlhagisitswe tse dintsi, go
tshwaiwe fela tse pedi/tharo tsa ntlha.
 Amogela dipharologano tsa diteme.
 Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela
tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e
kwadilweng ka botlalo.

POTSO 1

1.1 1.1.1 A/Dirukhutlhi. (1)

1.1.2 Razor (1)

1.1.3 Mekgwa ya bona e e bosula.


Botlhogoethata jwa bona.
Go sa falole bonolo. (3)

1.1.4 Se segolwane. (1)

1.1.5 Tlhwatlhwagodimo (1)

1.1.6 E kaya gore ba ne ba se na boikhutso le kagiso . (2)

1.1.7 Dikolo. (1)

1.1.8 Ba ne ba sa batle go itsiwe/ba lemogiwe gore ke bomang. (2)

1.1.9 Ba reka dijanaga tsa mabaibai/majabajaba. (2)

1.1.10 Go tshwarwa/go thunngwa/go ipiletsa bokoa jwa mmele. (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2021
SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya

1.1.11 Go tewa gore letsatsi le bonokwane jwa bona bo ileng bokhutlong le


tlile ba sa solofela/Ba ne ba tshwarwa ba sa nagana. (2)

1.1.12 Ba ka bo ba isitswe kwa dikolong tsa matsogo.


(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)

1.1.13 Ke ntlha. Ba ne ba sa bone phoso mo dilong tse ba neng ba di


dira/ba ne ba le swele ba se na kutlwelobotlhoko/ba ne ba sa tshabe
go tsosa lerole kwa dikamogelong tsa batsofe. (2)

1.1.14 Ke ne ke tlaa ba bega kwa mapodiseng/ke ne ke tlaa itidimalela


jaaka ba bangwe ka ba sa tshwarwe.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)

1.2 1.2.1 Bobedi ba tsona di bua ka borukhutlhi/di na le dikoloi tsa


majabajaba/dithunya/mapodisi/dirukhutlhi tsa tsona ka bobedi di
mašetla.
(E le NNGWE fela) (2)

1.2.2 Mo go SETLHANGWA A go a thuntshanwa fa mo go


SETLHANGWA B dinokwane le mapodisi ba tshwere dithunya, mme
ga go na thuntshano./
Mo go SETLHANGWA A dirukhutlhi e sa le basimane fa mo go
SETLHANGWA B e le bagolo. (2)

1.2.3 Ee, ga ba boife sepe gonne ba beile dithunya fela mo pontsheng/ba


ithulaganyetsa fela mo patlelong/ga ba bontshe sepe le fa mapodisi
a tla.
Nnyaya, fa ba ne ba boifa sengwe ba ka bo ba se na dithunya tse
dintsintsi jaana.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2)

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2021
SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya

KAROLO YA B: TSHOBOKANYO

Mokgwa wa go tshwaya Tshobokanyo:

Tshobokanyo e tshwanetse go tshwaiwa ka mokgwa o o latelang:

 Kabo ya maduo
o Maduo a le 7 a dintlha di le 7
o Maduo a le 3 a puo
o Palogotlhe: 10

 Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko a gagwe:


o Leduo le le 1 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 1–3
o Maduo a le 2 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 4–5
o Maduo a le 3 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 6–7

 Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a nopotse:


o Leduo le le 1 = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 1–5.
o Lefela (0) = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 6–7.

ELA TLHOKO:

 Palo ya mafoko
o Batshwai ba tshwanetse go netefatsa palo ya mafoko a a dirisitsweng.
o A motlhatlhojwa a se jelwe maduo fa a sa tlhagisa palo e e solofetsweng kgotsa
fa palo ya mafoko a a dirisitsweng e fosagetse. Fa a fetile palo ya mafoko a a
lekanyeditsweng, bala go fitlha ka polelo ya bofelo e e tlang morago ga
tekanyetso, mme o ikgatholose karolo e e setseng ya tshobokanyo.
o Ditshobokanyo tse dikhutshwane, mme di na le dintlhakgolo tsotlhe tse di
tlhokegang di se ke tsa sokelwa dirope.

POTSO 2

Dinopolo Mafoko a a tshikintsweng


1 'Fa o reka sejanaga kwa fantising, netefatsa 1 Netefatsa gore setheo sa fantisi
gore setheo seo se kwadisitswe le molao wa se mo molaong.
tshireletso ya bareki.'
2 'Mofantisi o tshwanetse go neela batho nako go 2 O tshwanetse go newa tšhono
lekola sejanaga pele fantisi e simolola mme ga ya go sekaseka sejanaga ntle le
a tshwanela go bua bobe ka, kgotsa go tlhagisa ditshwaelo tsa morekisi.
maemo a sejanaga.'
3 'Ela tlhoko gore dijanaga di rekisiwa ka maemo 3 Sejanaga se ka se lekelediwe
ao di leng mo go ona. Se se kaya gore o ka se pele ka gore se rekwa jaaka se
ka wa se kgweetsa pele o se reka.' ntse.
4 'Ka letsatsi la fantisi, o tshwanetse go duela 4 O solofetswe go duela pele o
madi a peeletso mme o bone nomoro ya go ikwadisetsa go reka.
ikwadisetsa theko.'
5 'O tlhoka lokwaloitshupo, setlankana sa go 5 Ditlankana tsa gago tsa
kgweetsa le lokwalo la ditirelo tsa masepala.' botlhokwa di a tlhokega.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2021
SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya

6 'Difantisi dingwe di nna teng beke nngwe le 6 Difantisi dingwe di dira


nngwe.' kgapetsakgapetsa.
7 'Nna o tlhokometse gore dinomoro tsa enjene di 7 Netefatsa gore tshedimosetso e
nyalelana le tse di mo ditlankaneng tsa e mo sejanageng e tshwana le e
sejanaga.' e mo dipampiring tsa sona.

Netefatsa gore setheo sa fantisi se mo molaong.√ O tshwanetse go newa tšhono ya go


sekaseka sejanaga ntle le ditshwaelo tsa morekisi.√ Sejanaga se ka se lekelediwe pele
ka gore se rekwa jaaka se ntse.√ O solofetswe go duela pele o ikwadisetsa go reka.√
Ditlankana tsa gago tsa botlhokwa di a tlhokega.√ Difantisi dingwe di dira
kgapetsakgapetsa.√ Netefatsa gore tshedimosetso e e mo sejanageng e tshwana le e
e mo dipampiring tsa sona.√
Palo ya mafoko 73 [10]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2021
SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya

KAROLO YA C: TIRISO YA PUO

Mokgwa wa go tshwaya KAROLO YA C


 Mopeleto:
o Karabo ya lefoko le le lengwe e abelwe leduo le fa mopeleto o fosagetse ntle
fela le fa phoso e fetola bokao jwa lefoko.
o Fa dikarabo e le dipolelo tse di tletseng, mopeleto o o fosagetseng o sokelwe
dirope fa phoso e le mo ponagalong ya puo e e tlhatlhobiwang.
o Fa go tlhatlhobiwa dikhutshwafatso, karabo e tshwanetse go nna le matshwao
a puiso a a nepagetseng.
 Dipopego tsa polelo di tshwanetse go latela melawana ya dipopego tsa puo ka
nepagalo e be e tlhagisiwe ka dipolelo tse di tletseng/go latela taelo.
 Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela
tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e
kwadilweng ka botlalo.

POTSO 3

3.1 A/Tshireletsego mo ditseleng. (1)

3.2 Bakgweetsi gonne go tlhagisitswe mokgweetsi le dikoloi. (2)

3.3 Go tsibosa bakgweetsi/bafeti ka tsela. (2)

3.4 Setheo/Lefapha le le ikarabelang ka phasalatso e/ka ipabalelo tseleng. (1)

3.5 Ke santse ke le monnye. (2)

3.6 Ga ke monana. (1)

3.7 Tsaya. (1)


[10]

POTSO 4

4.1 B/Thuto. (1)

4.2 Barutwana ba bonala ba tlhomile megopolo kwa patikwalelong, ba akanya ka


se ba batlang go ithutela sona/ba akanya karabo. (2)

4.3 29% (1)

4.4 Leemedi/Leemeditho. (1)

4.5 Go ka thapiwa. (1)

4.6 A go itshepa ka gore o tsholeleditse letsogo kwa godimo thata e bile go


bontsha a setse a bua. (2)

4.7 Nnyaya, gonne ga a bue gore o batla go ithutela eng. (2)


[10]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2021
SC/NSC – Kaedi Ya Go Tshwaya

POTSO 5

5.1 Leru la boela la nkapesa. (1)

5.2 Lesupi. (1)

5.3 Tlhalosi ya sediriso (1)

5.4 Bona. (1)

5.5 Nkemetse. (1)

Ke fitlhetse mme a nkemetse kwa ntle ga sekolo fa ke tswa.


(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (1)

5.6 Ra se wele mo tseleng. (1)

5.7 Moritshana. (1)


Moritshana wa ga Sebueng o boleta.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (1)

5.8 Letlhophileakaretsi. (1)


[10]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30
PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70

Kwalololo e ileditswe

You might also like