Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 10

v Letlapa le le bolele

1. TATELANO/THULAGANYO YA DITIRAGALO

Latedisa ditiragalo tsa motshameko o o itebagantse le kgwetlho , kgotlhang , setlhoa,


mafologelo le phelelo

Ditiragalo tsa motshameko o di gwetlhilwe ke go ratana ga ga Modiri le Tlhoriso ntswa Modiri e


le rre yo o nyetseng.Ka ntlha ya se, kgotlhang ya motho le tikologo e a bakega e e amang Modiri
le tikologo ya gagwe ka jaana a ne a dira dilo tse tikologo e sa di amogeleng gape di dirile gore a
se ka a tshela sentle mo tikologong ya gagwe.

Kgotlhang e tswelela fa a kgobotletsa Khutsafalo ka mafoko, a mmona mosadi yo o tshotseng dibodu


tsa bana a re ke dirathana tse eseng ene a di tshotseng ntswa a ne a ba amogetse. Se ga se
amogelesege ka jaana Modiri e le monna wa ga Khutsafalo ka jalo a tshwanetse go mo tlotla.Modiri
gape o tswelela a dira se tikologo e sa se batleng fa a tsaya nako e ntsi kwa ga Tlhoriso a sena sepe
le lelwapa mo bana ba kgonang go nna malatsi go sena sepe se ba se jang ntswa rraabone a bereka
sa gagwe e le go tlhokomela Ditso ebong ngwana wa ga Tlhoriso. Tsholofelo ke gore Modiri a swele
dikano a bo a tlamele ba lelwapa la gagwe ka metlha.

Kgotlhang e boa e tswelela gape fa Modiri a phuaganya lelwapa la gagwe a bo a ya go nna kwa
ga Tlhoriso mosadi le bana ba sala ba sotlega ka ba ne ba tshela ka ene. Se se mmakela
kgotlhang le tikologo ka jaana e le rra-lelwapa a tlamega go fa ba lelwapa la gagwe lorato ka Commented [TM1]:
p;/dinako tsotlhe . Kwa ga Tlhoriso ga a tshele sentle , Tlhoriso o a mo tshwenya mo a tshelelang Commented [TM2R1]:
fela mo go mo itumediseng ka a nna a adima kgapetsakgapetsa kwa tirong ntswa a ne a
Commented [TM3R1]:
solofetse go tshela sentle.Se se supa fa a na le kgotlhang le tikologo ka jaana a sa tshele sentle
mo tikologong e a nnang mo go yone.

Modiri o boa a tswelela a dira se tikologo e sa se amogeleng fa a loga maano a a bosula a go


bolaya Mofalotsi e ntse e le ngwana wa gagwe.Se tikologo ga e se beye sebete ka jaana e ka bo e
le ene a sireletsang bana ba gagwe eseng go tshosetsa matshelo a bone.O tsweledisa kgotlhang
e fa a adima madi kwa tirong ka boferefere a a batlela go a dirisa mo go bolaeng Mofalotsi.Ka
ntlha ya se , tikologo ga e mo tshedise sentle ka a palelwa ke go duela sekoloto a bo a felela a
kojwa mo tirong le dithoto tsa gagwe di bo di gapiwa.

Tikologo e tswelela e mo gotlha fa jaanong Tlhoriso a mo koba mo lwapeng a bo jaanong a


tlhoka kwa a nnang teng mme se se botlhoko mo go ene.Tshotlego e boa e gola fa Ngaka
Marumo a mo kenta ka botlhole jo bo senyang tlhaloganyo. Mowa wa ga Modiri ga o phuthologe
fa a lemoga gore o alafilwe ke Mofalotsi, ene yo a neng a batla go mmolaya. Tiragalo e netefatsa
tota fa a ne a na le kgotlhang le tikologo ka jaana a ne a sa tshele sentle. Tikologo e tswelela e
otlhaya Modiri fa a ne a ya go ikopa maitshwarelo kwa go Khutsafalo a bo a feta a mo koba jaaka
ntsa.Go botlhoko mo go ene ka go sena kwa a le lebisang teng ka jaana tota Khutsafalo e ne e le
ene tsholofelo ya gagwe ya bofelo.

Kgotlhang e felela fa Modiri a atlholelwa kgolegelo botshelo jotlhe.Gone fa ke setlhoa ka jaaana


Modiri a bone maduo a ditiro tsa gagwe tse di bosula. Mafologelo ka na mokgokolosa wa
ditiragalo ke fa ba lelwapa la ga Khutsafalo ba tshela ka boitumelo ka ba atlegile.Phelelo ke fa
Tlhoriso a le mo mathateng a sekisiwa ke Khutsafalo ka a mo thubetse lelwapa.
2. PAKA LE LEFELO

Supa gore a ditiro,dikakanyo le bokokitshwaro jwa batshameki di tsamaelana le paka le


lefelo la ditiragalo

Ditiro, dikakanyo le boitshwaro jwa batshameki di nyalana le paka le lefelo la


ditiragalo.Ditiragalo di diragalela mo pakeng ya sesa mo Motseng o o tlhabologileng wa
Palapye le toropo ya Gaborone.

Ka e le paka ya sesa e mo go yone batho ba kgonang go thapelwa ditiro tsa borukutlhi le


gone e le jwa maemo a a kwa godimo,ga go gakgamatse go bona Ngaka Marumo a kenta
Modiri ka botlhole jo bo fapaanyang tlhaloganyo.

Gore Modiri a bo a phuagantse khutsafalo le bana a ya go nna le Tlhoriso ke tiragalo e e leng


gore e rotloediwa ke paka ya sesa ka mo matshelong a sesa ba sa sisimoge go latlha
malwapa ka ntlha ya go ratana ka fa thoko.Se sengwe gape ke go batla madi mo go Modiri
ga ga Tlhoriso. Tlhoriso o nna fela a batla gore Modiri a mo fe madi kgapetsakgapetsa.
Tiragalo e ga e rone paka e a tshelelang mo go yone ka tota botshelo jwa segompieno bo
ikaegile ka tiriso ya madi.

Ngaka Marumo le ene o thapiwa go dira tse di bosula a solofeditswe dituelo jaaka fa a
dumela go bolaya Mofalotsi.Gore a bo a dira jaana ga go makatse ka a tshelela mo pakeng e
go ikaegilweng ka madi.Khutsafalo o rotloetsa Mofalotsi go dira ka natla mo dithutong tsa
gagwe , se ga se makatse ka jaana a rotloediwa ke paka ya sesa e a tshelelang mo go yone e
e leng gore mo go yone thuto e tsewa e le konokono mo botshelong.

Tsamaelano e teng mo mefuteng ya mafelo a ditiragalo.Ka mo ditiropong borukutlhi e le jo


bo kwa godimo, ga go gakgamatse go bo Mofalotsi a ketekilwe ke dilalome kwa
Gaborone.Palapye ke motse o o tlhabologileng ka jalo go a tsamaelana go bona borukutlhi jo
bo kwa godimo jaaka go tsenyediwa botlhole mo dijong.Lesego o tlhokafala ka lebaka la
botlhole jo go neng gotwe bo tsenyeditswe Mofalotsi.

Modiri o ya go kopa thuso kwa ngakeng ya setso ebong Gotlhometse gore a bolaye
Mofalotsi.Se ga se gakgamatse se nyalana le mofuta wa lefelo o se diragalelang mo go one
ka jaana kwa magaeng tumelo mo bongakeng jwa setso e kwa godimo. Gore Khutsafalo a bo
a ya go ikuela kwa kgosing gore Tlhoriso o mo thubetse lelwapa go tsamaelana le lefelo le a
tshelelang mo go lone ka jaana kwa magaeng dikgosi di na le dithata tsa go rarabolola
dikgotlhang mo merafeng ya tsone.
3. MOLAETSA
Molaetsa wa “Letlapa le le bolele “ ke gore madua a boleo ke loso.Se se raya gore go dira
ditiro tse di bosula go tsenya mo mathateng.Molaetsa o o senolwa ke Modiri ka a dira tse di
maswe a bo a felela a tsene mo mathateng.

Modiri ga a dire sentle fa a tsietsa mosadi wa gagwe ebong Khutsafalo ka go ratana le


Tlhoriso. Se ga se a siama ka a nyetse ka jalo a tshwanetse go tlotla le go rata mosadi wa
gagwe.O tswelela ka go dira bosula fa a phuaganya lelwapa la gagwe a ntse a itse fa le tshela
ka ene.Ga a dire sentle fa a dira jaana ka e le maikarabelo a gagwe go tlamela ba lelwapa la
gagwe ka dinako tsotlhe.

Modiri o tswelela ka go dira ditiro tse di makgaphila fa a dumalana le Tlhoriso go bolaya


Mofalotsi ka a re o tsoga a fa mmaagwe maele a go mo sekisa.Ba loga maano a a
farologaneng jaaka go moela kwa ngakeng ya setso ebong Gotlhometse go mmolaya. Se se
fapogile ka jaana a tshwanetse go netefatsa tshireletsego ya lelwapa lwa gagwe ka dinako
tsotlhe. O ntse o tswelela ka go dira bosula fa a adima madi kwa tirong ka boferefere mo go
mo tsenyang mo dikolotong ka a batla go tshedisa Tlhoriso sentle. Se ke tiro e e bosula ka
boferefere e le selo se se sa siamang.

Ditlamorago tsa masula otlhe a neng Modiri a dira e nna tse di botlhoko ka a felela a tsena
mo mathateng. O tsena mo mathateng ka a palelwa ke go duela dikoloto tse a di dirileng ka
di ne di le dintsi. Se ke mathata mo go ene ka se feleletsa se mo senyetsa tiro ka a ne a
kobiwa. Go kobiwa mo ga gawe mo tirong le gone e nna mathata mo go ene ka jaanong a
tlile go tlhoka madi a go kgotsofatsa Tlhoriso.Tlhoriso le ene o mo okeletsa mathata ka go
mo koba mo lwapeng la gagwe ka a dirile gore a gapelwe dithoto. Se e nna mathata mo go
Modiri ka a sena bonno ka le kwa ga Khutsafalo a ikobile.

Mathata a ga Modiri a ntse a golela pele fa Ngaka Marumo a mo kenta ka botlhole jo bo


tsentshang a bo aja ditlhare ka meno.Se ke mathata ka gore jaanong ke setseno ga a kake a
itirela sepe. Modiri o ntse o tsena mo dipharagobeng tsa go tlhajwa ke ditlhong fa a lemoga
gore o alafilwe ke Mofalotsi yo a neng a rile o a mmolaya . Se ke mathata mo go ene ka se sa
mo tshedise sentle , se mo ja mo moweng. Khutsafalo le ene o mo okeletsa mathata ka go
mo koba jaaka ntsa ka a rile o ya go ikopa maitshwarelo. Se se mo ketefaletsa botshelo ka go
sena kwa a ka le lebisang teng;Khutsafalo e ne e le tsholofelo ya gagwe ya bofelo.

Jaaka ekete ga go a lekana , Modiri o boa a tsena fa gare ga naka tsa nare fa jaanong masula
a gagwe otlhe a tswela kwa ntle a go batla go bolaya Mofalotsi. O atlholelwa kgolegelo ya
botshelo jotlhe. O mo mathateng ka jaanong botshelo jwa gagwe bo eme , o ya go simolola
jo bosa jo bo tla mo isang lebitleng.

Tse tsotlhe di netefatsa fa ditiro tse di maswe di tsenya mo mathateng.


4. SEABE

Modiri o na le seabe se segolo mo tsweledisong ya ditiragalo tsa motshameko wa “Letalapa le le


bolele.” O na le seabe mo ditiragalong di tshwana le tshotlego ya ba lelwapa la gagwe, go tsena mo
mathateng ga ga Ditso, go senyegelwa ke tiro ga gagwe, loso lwa ga Ngaka Marumo,go tsena
botshelo jotlhe mo kgolelgelong gagwe le katlego ya ga Mofalotsi.

Ke fa go gatileng ene Modiri teng gore ba lelwapa la gagwe ba felele ba sotlega.Modiri o rotloeditse
se ka go ratana le Tlhoriso a bo a felela a phuaganya lelwapa la ga Khutsafalo a ya go nna le Tlhoriso
ntswa ba lelwapa la gagwe ba beile tsotlhe mo go ene ka ke ene a neng a dira fela mo lwapeng mme
ba sala mo tshotlegong. Go tsena mo mathateng ga ga Ditso re go batla mo tlhogong ya ga Modiri.O
rotloeditse tiragalo e ka go dumalana le Tlhoriso gore ba senyetse Mofalotsi sekole ka go mo
tsenyetsa teeemane mo dithotong e e feletseng e tsena mo go tsa ga Ditso ka phoso mme a felela a
tshwarwa.

Modiri o na le seabe mo go senyegelweng ke tiro ga gagwe. O rotloeditse se ka go adima madi a


mantsi kwa tirong ka leina la bana ga Khutsafalo a a dirisa mo ditirong tsa gagwe tsa borukutlhi ga
mmogo le go kgotsofatsa Tlhoriso mo a feletseng a palelwa ke go a duela a bo afelela a kojwa mo
tirong. Ke ka ntlha ya gagwe ene Modiri go bo a feletse a ja ditlhare ka meno. O rotloeditse tiragalo e
ka go tlhoka go duela Ngaka Marumo le lekoko la gagwe morago ga go ba thapa mo ditirong tsa
gagwe tsa borukutlhi mo ba feletseng ba ituela ka go mo kenta ka botlhole jo bo tsentshang.

Gape loso lwa ga Marumo re le baya mo magetleng a gagwe ene Modiri. Modiri o rotloeditse se ka
go thapa Ngaka Marumo,Semato le Selepe go mo direla ditiro tsa borukutlhi e leng go leka go bolaya
Mofalotsi le go leka go mo senyeletsa go ya sekolong kwa moseja a ba tshepisa dituelo tse di
kgotsofatsang.Kwa bofelong a se ka a kgona go ba duela mme Semato le Selepe ba felela ba bolaya
Marumo ka ba ne ba belaela gore Modiri o mo duetse jaanong o gana ka madi.

Ke fa go gatileng Modiri teng go bo a feletse a disa poo botshelo jwa gagwe jotlhe. Modiri o
rotloeditse tiragalo e ka go thapa Ngaka marumo go mo direla ditiro tsa borukutlhi a ba solofetsa
dituelo mme a felela a sa ba duela ka a ne a sa tlhole a bereka;se sa tsala tlhakatlhakano e isitseng
kwa losong lwa ga Marumo ka jalo masula a otlhe a ga Modiri a upuloga mme a tshwarwa go disa
poo botshelo jwa gagwe jotlhe.

Modiri o nnile le seabe mo katlegong ya ga Mofalotsi.O rotloeditse tiragalo e ka go phuaganya


Khutsafalo ka bana a sia le Tlhoriso ba bo ba sala ba sotlega mme tshotlego e ya tiisa Mofalotsi moko
mo dithutong tsa gagwe ka maikaelelo a go namola mmaagwe mo lehumeng mme a felela a atlegile
e le ngaka ya balwala-tlhaloganyo.

KHUTSAFALO: >>Katlego ya gagwe

>>Katlego ya ga Mofalotsi

>>Go tsena mo mathateng ga ga Tlhoriso

MOFALOTSI: >>Boikotlhao jwa ga Modiri

>>Katlego ya gagwe

TLHORISO: >>Tshotlego ya ba lelwapa la ga Khutsafalo


>>Go tshwarwa ga ga Ditso

>>Go tsena mo mathateng gagwe

>>Katlego ya ga Mofalotsi

>>Go tsena mo dikolotong ga ga Modiri

>>Go gapiwa ga dithoto tsa gagwe

>>Go senyegelwa ke tiro ga ga Modiri


5. TSALANO YA DITIRAGALO
Go ratana ga ga Modiri le Tlhoriso go dira gore a phuaganye lelwapa a ya go nna le Tlhoriso
a bona fa e le mosadi a le botoka mo go Khutsafalo.

Go phuaganya lelwapa ga ga Modiri go baka tshotlego mo lwapeng la ga Khutsafalo ka ba ne


ba tshela ka Modiri.Tshotlego e, e gwetlha gore Mofalotsi a tlhoafalele dithuto ka maikaelelo
a go batla go ntsha mmaagwe mo lehumeng. O diragatsa dikgakololo tsa ga mmaagwe tsa
gore thuto ke botshelo. Ka ntlha ya tlhoafalo e, Tlhoriso o nna le letshogo la gore Mofalotsi
fa a ka fatlhoga o ka tsoga a thusa Khutsafalo go mo sekisetsa go mo thubela lelwapa.

Letshogo la ga Tlhoriso le tsala gore ene le Modiri ba loge maano go bolaya Mofalotsi.Ba
thapa batho, ba dira dikoloto go diragatsa maikaelelo a bone mme maano a bone otlhe a se
ka a tlega.

Maano a go leka go bolaya Mofalotsi a tsalela Modiri dikoloto tse a palelwang ke go di duela
ka a ne a nnetse go tsaya madi fela kwa tirong ya bone a sa tle a duela.Go palelwa ke go
duela dikoloto mo ga ga Modiri ga baka gore a kobiwe mo tirong e bile a palelwe ke go
duela Ngaka Marumo yo a neng a mo dirisa mo ditirong tsa gagwe tsa borukutlhi.Go tlhoka
go duela Marumo mo go ne ga dira gore go nne le tlhakatlhakano e e neng ya baka loso lwa
ga Ngaka Marumo ka jaana Sematdo le Selepe ba ne ba akanya gore Modiri o duetse
Marumo jaanong Marumo o gana ka madi.

Loso lwa ga Ngaka Marumo le gwetlha gore masula otlhe a ga Modiri a upologe. Go senoga
mo ga ditiro tsa borukutlhi tsa ga Modiri go baka gore a atlholelwe botshelo jotlhe mo
kgolegelong.
6. MAIKUTLO A MOKWADI

Sekaseka maikutlo a mokwadi ka borre ba ba phuaganyang malwapa

Mokwadi ga a rate borre ba ba phuaganyang malwapa a bone ka jalo o a ba kgala. O dirisitse


Modiri e le sekai go senola maikutlo a gagwe.O tlhagisitse maikutlo a ka ditsela tse di
latelang:setlhogo sa motshameko, tshenolo ya botho, mafoko a batshameki ba bangwe ,
kobiso le phelelo.

Mokwadi o dirisitse setlhogo sa motshameko go senola fa a sa rate borre ba ba


phuaganyang malwapa a bone. Setlhogo se sa ‘Letlapa le le bolelele fa o sa le gate sentle le a
reledisa,’se raya gore mo botshelong fa o se kelotlhoko o ka felela o le mo mathateng wa ba
wa nna boikobo.Mokwadi o ikgatlha ka Modiri gore a bone koo jaaka a ikgatlha a tsaya gore
o mo mokaraganeng wa botshelo fa a sotla Khutsafalo nako nngwe ditiro tsa gagwe di tla
mmoela mme e tla a re fa a le mo botlhokong e nne gone a nolofalang, a ikotlhae fa a setse a
le mo mathateng, a tlhoka thuso ya ba a neng a ba ikgantshetsa. Modiri o feletse a le mo
mathateng go sena kwa a nnang teng a bo a nolofala a bona go tshwanela go ya go ikopa
maitshwarelo kwa go Khutsafalo.

Tsela e nngwe e mokwadi a e dirisitseng go supa kgalo ya gagwe mo go borre ba ba


phuaganyang malwapa a bone ke Tshenolo ya botho. Mokwadi o senotse Modiri ka botho jo
bo sa amogelesegeng. O mo senola e le rre yo o senang tlotlo mo mosading wa gagwe. O
motlhokela botho fa a mmona mosadi yoo tshotseng dibudu tsa dirathana a di tladitse ka
lelwapa e bile a mmitsa sefefe sa mosadi se se batlelwang ka fa tlase ga banna.

Mokwadi o tswelela a mo supa ka botho jo bo sa siamang go netefatsa fa a sa mmeye


sebete.O mo senola e le sematla sa monna ka a phuaganya mosadi a imile a bo a nnela go
tshamekisa madi, a dira dikoloto ka maaka, bana ba a neng a ikemiseditse go ba tlhokomela
ba wela mo isong. O tshabetse bana ba mosadi yo a mo nyetseng a bo a ya go tlhokomela
Ditso e ntswa le ene e se ngwana wa gagwe totatota.

O tswelela a senolwa ka botho jo bo sa eletsegeng , a le setlhogo a batla go bolaya Mofalotsi


le ntswa a sa mo dira sepe se se molato. Mokwadi o tswelela a mo tlhagisa e le monna yo o
senang tebelopele ka a adima madi kwa tirong a ikimetsa dikoloto mme a sa reye gore o
ikantse sepe jaaka a felela a kobiwa mo tirong ka a palelwa ke go di duela. O supiwa gape e
le leferefere kwa tirong a re bana ba ga Khutsafalo ba wela mo isong ntswa a adimela go
kgotsofatsa Tlhoriso.

Mokwadi o boile a dirisa mafoko a batshameki ba bangwe go senola maikutlo a gagwe a go


kgala borre ba ba phuaganyang malwapa a bone jaaka Modiri. Ke mafoko a a supang gore
batshameki ba bangwe ba kgatlhanong le Modiri ba a mo kgala. Tlhoriso a re ke monna wa
seso yo o itlogeletseng mosadi a itirile moretlwa wat tsela. Khutsafalo ene a re Modiri o a
lebala , modirwa ga a lebale, o intshitse noga o a itlobola , ke lempu le le sa fetogeng ,
khibenggaketswe yo o itumelelang go nna phoko ya basadi. Mofalotsi ene a re o
pelotshetlha jaaka lefatshe . Moreetsi ene o mmitsa tau e e mariri e e tla ba ketefaletsang
botshelo ka o fitlhela e ba garumela.
Mokwadi o tswelela a supa fa a sabeye sebete mokgwa wa borre ba ba phuaganyang
malwapa a bone ka go dirisa kobiso . Go bo mokwadi a dirisitse kobiso, o sotla Modiri ka o
ikgatlha fa a tswa kwa ga Khutsafalo a ikgantshetsa Khutsafalo a mmolelela fa a tlaa boela
mo lwapeng fela e le setopo. O tswa mo lwapeng a re o tshaba bana ba ga Khutsafalo a ya go
otla ngwana wa Tlhoriso. Mokwadi o mo sotla ka go dira gore bana ba a neng a ba sotla e
nne bone ba ba mo thusang jaaka Mofalotsi a mo alafa fa a tsenwa. Morago ga gore
botshelo bo mo sotle, o gopola Khutsafalo a bo a boela kwa go ene a ya go ikopa
maitshwarelo.

Tsela e nngwe e mokwadi a e dirisitseng go supa fa a le sebete se molangwana ka mokgwa


wa borre ba go tshwana le Modiri ke phelelo ya botshelo jwa gagwe ya kotlhao. Mokwadi o
ne a mo lebaganya le dikgwetlho fa a dira gore a tlhoke seriti morago ga a sena go
phuaganya Khutsafalo a nna kwa ga Tlhoriso. Kwa ga Tlhoriso o a sokola , Tlhoriso o a mo
tlhorisa jaaka a sa nne tlhogo ya lelwapa , o laolwa ke Tlhoriso sa gagwe e le go tshelela go
itumedisa Tlhoriso ene a sa ikakanyetse. Mokwadi o boa a mmetsa ka thupa e e botlhoko le
go feta fa a dira gore a atlholelwe kgolegelo botshelo jotlhe morago ga go leka go bolaya
Mofalotsi.

Tse tsotlhe di rurifatsa maikutlo a mokwadi a go sa beye sebete borre ba ba phuaganyang


malwapa a bone.

7. PHETOGO YA BOTHO
Mokwadi ga a supa phetogo ya botho jwa ga Modiri ka jaana a mo supile ka botho jo bo sa
eletsegeng go tswa kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong. Ga a supa kwelotlase le fa e le
kgolo mme o supile itharabologelo mo go Modiri.

Kwa tshimologong mokwadi o senotse Modiri ka botho jo bo sa siamang ka jalo ga ana


kwelotlase e e leng go tswa mo bothong jo bo siameng go ya kwa go jo bo eletsegeng. O mo
kaile a sena tlotlo. Se o se rurifaditse ka go tlhokela Khutsafalo botho a mo tlhapaola fa pele ga
bana a mmona sefefe, a re ke mosadi yo o batlelwang ka fa tlase ga banna. Mokwadi gape o ne
a tswelela ka go kaya Modiri ka botho jo bo sa siamang ,e le rre yo o setlhogo. O kaile bopelo e
maswe fa a phuaganya Khutsafalo ka bana, ba sala ba tshelela mo tshotlegong ka jaana lelwapa
lotlhe le ne le beile mo go ene ka e ne e le ene a dirang gape a tlogela Khutsafalo a itsholofetse.
Bosetlhogo jwa ga Modiri gape mokwadi o bo senotse fa Modiri a dumalana le Tlhoriso gore a
ipolaele ngwana ebong Mofalotsi fela ka gore ba na le letshogo la gore fa a gola o ka tla a thusa
Khutsafalo go ba sekisa.

Mokwadi o tswelela a senola Modiri ka botho jwa gagwe jo bo makgaphila fa a mo kaya a sena
boikarabelo.O tlhokile boikarabelo ka go tlhoka go fa bana le mosadi tlhokomelo e le rre wa
lelwapa.Gape mokwadi o mo senotse e le rre yoo matlhomatlho. Se se senogile fa Modiri a
ratana le Tlhoriso ntse a na le mosadi a nyetse.

Botho jwa ga Modiri jo bo sa eletsegeng mokwadi o bo senotse fa a mo supa e le leferefere.


Boferefere jo bo itshupile fa Modiri a adima madi kwa tirong ka leina la bana ba ga Khutsafalo
ntswa a adimela go kgotsofatsa Tlhoriso le go a dirisa mo ditirong tsa borukutlhi. Mokwadi o
tswelela a supa Modiri ka botho jo bo sa siamang ka a mo kaya a le seso. Bomatla jwa ga
Modiri mokwadi o bo senotse fa Modiri a itlogelela mosadi a ya go nna le Tlhoriso yo a neng a
sa mo tlotle gotlhelele e bile a sa mo tseye jaaka tlhogo ya lelwapa.

Gape Modiri mokwadi o mo senotse ka botho jwa gagwe jo bo sa siamang fa a mo tlhokisa


ponelopele.Modiri o kailwe a sena ponelopele fa a adima madi a mantsi kwa tirong a ikimetsa
dikoloto a sa lebelela ditlamorago tsa se gore o ka felela a le mo mathateng.

Fa motshameko o ntse o tsweletse mokwadi o dira gore Modiri a itharabologelwe. Modiri o ne


a ipona diphoso morago ga go lemoga fa a alafilwe ke Mofalotsi;a tlhabiwa ke ditlhong tsa gore
o thusitswe ke ene yo a neng a re o a mmolaya,a sena bonno a bo a ya go ikopa maitshwarelo
kwa go Khutsafalo mme a se ka a atlega. Modiri ga a na kgolo. Mokwadi ga a mo fa sebaka sa
go ipaakanya diphoso ka jaana a ne a mo tsenya ka ntlo e e lefifi botshelo jwa gagwe jotlhe.

8. GO IPAA MO SEEMONG SA MOANELWA /MOTSHAMEKI


Ipe emo seemong sa ga Modiri mme o bue se a neng a ka se bua le Khutsafalo ka nako ya fa a
atlholelwa kgolegelo

Ke le Modiri ruri pelo yame e rotha kgodu e khibidu. Ke utlwile botlhoko fela thata mogatsaka ka
gone jaana ke atlholetswe kgolegelo ya botshelo jotlhe. Tota Khutsi ga ke supe ope ka monwana ka
tsotlhe ke di itirile, ke ene moipolai yo o sa lelelweng. Tse ke di ipileditse ka ntlha ya botho jwame jo
bo sa siamang, mo go setseng mo go nna ke boikotlhao fela.

Tota mmaabo ke ikapeetse bodila ka ntlha ya botho jwame jo bo makgaphila. Ke ne ke le seso ke


itetlelela go raelwa ke lorato lo losa mogatsaka ke taboga fa morago ga ga Tlhoriso. Gompieno jaana
okae? Ruri nna Modiri ke saletswe ke boikotlhao fela. Ke ne ke le setlhogo tota fa ke ne ke go
phuaganya ka bana e bile o itsholofetse ke ya go tlhokomela ngwana wa ga Tlhoriso e bong
Ditso.Gape bopelo e maswe jo ke bo supile fa ke ne ke dumalana le Tlhoriso gore re go bolaele
ngwana motho wame.

Ruri mmaabo ga go akiwe gotwe monna o bolawa ke se a se jeleng, tse tsotlhe di ntiragalela ka ntlha
ya go tlhoka ponelopele game. Ke tlhokile go lebela dilo kwa pele fa ke ne ke nnetse go adima madi a
mantsi kwa tirong ke ikimetsa sekoloto ke le fela mo go batleng go kgotsofatsa Tlhoriso le gone go
batla go kgoreletsa mmoloki wame ebong Mofalotsi mo dithutong tsa gagwe. E le ruri motho wame
ke ikotlhaela tsotlhe tse. Khutsi, ke ne ke taboga le naga e yotlhe ke le fa morago ga ga Tlhoriso ke
batla ditsela tsa go batla go bolaya ngwana wa rona.

Khutsi ruri ke ne ke le monna wa leferefere ke adima madi kwa tirong ka leina la gago le bana ke a
batlela go thapa batho go ipolaela ngwana. Tota ga ke a tshwanela go utlwelwa botlhoko le ope ka
jaana kgolegelo e e ntebaganeng e ke maduo a ditiro tsame tsa matlhabisa ditlhong.

Kwa bokhutlong ke ka lo raya fela borre ke re lo itse gore moapaya bodila o a bo a bo


ikapeela,tsayang sekai ka nna, o nkisitse kae mokaragana wa botshelo? Itseng gore mosadi o a
tlotlwa , bana ba fiwa tlhokomelo le lorato ka e le bone baboloki ba rona ba kamoso. Se se
ntshaletseng fela ke boikotlhao jo bo senang go nkisa gope. Ke re wena Khutsi le bongwanake ruri
tlhe intshwareleng ke lo foseditse.

You might also like