Letlapa Le Le Bolele 2

You might also like

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 11

LETLAPA LE LE BOLELE

1. Tlhalosa molaetsa wa motshameko o

kana
Tlhalosa thuto e mokwadi a e abelang le babadi
kana

Ke eng se o se ithutileng mo motshamekong o?

KARABO
Thuto e mokwadi a e abelanang le babadi ke gore; motho fa a dira ditiro tse di maswe o felela
a tsena mo mathateng. Thuto e e senolwa ke moanelwamogolo Modiri, ka ke ene a neng a
dira ditiro tse di maswe mme a felela a tsena mo mathateng.
Modiri o dira tiro e e maswe fa a tsietsa Khutsafalo ka Tlhoriso. O ne a ratana le Tlhoriso
ntswa a nyetse Khutsafalo. Go supa fa Modiri a ratana le Tlhoriso, mo motshamekong go na
le fa Modiri a neng a bonala a jetse Tlhoriso nala e bile ba buisana le ka go tlhala Khutsafalo.
Go ratana mo le Tlhoriso, ke tiro e e maswe bogolo jang re lebile gore Modiri ke monna yo o
nyetseng ka fa molaong; tsholofelo ke go mmona a lebagane le mosadi wa gagwe fela a se na
leoto la boraro.
Ga se yone fela tiro e e maswe ya ga Modiri. Re mmona a phuaganya mosadi (Khutsafalo) le
bana, le gone fa a ba phuaganya jalo a eta a ba sotla le ka mafoko. O sotla Khutsafalo a mo
iphetlhela fela e bile o bitsa bana ditladianya a bo a ikana gore ga a kitla a boela lelwapeng, o
tla tla fela e le setopo. Se ke tiro e e maswe ka jaana ke ene a neng a tlhokomela lelwapa
jaanong o ba tlogela mo legoalaleng le tshotlego e kgolo ka Khutsafalo a ne a sa bereke a itse
fa a na le monna yo o ba tlhokomelang.
Modiri o tswelela ka ditiro tsa gagwe tse di maswe fa a kopanela le Tlhoriso go leka go
bolaya Mofalotsi e leng ngwana wa gagwe le Khutsafalo. Tlhoriso o ne a tshoga gore fa
Mofalotsi a ka atlega mo botshelong o ka tla a thusa mmaagwe go mo sekisetsa go mo
thubela lelwapa. Ka jalo Tlhoriso o dumalana le Modiri gore ba bolae Mofalotsi. Ba kile ba
ya kwa ngakeng ya setso Gotlhometse gore e mmolaye ka ditlhare tsa setso; ba mo thapela
maepantlo go mo keteka, leano le lengwe e ne e le ka botlhole. Legale maano otlhe a ne a
retela. Go leka go bolaya ngwana e le wag ago ke tiro e e maswe. Motsadi o tshwanetse go
sireletsa ngwana wa gagwe mo babeng e seng gore e nne ene mmaba wa ngwana.
Tiro e nngwe ya ga Modiri ke go adima madi ka boferefere kwa tirong. Modiri o ne a ya go
adima madi gabedi kwa tirong boferefere; lantlha one a re bana ba gaeletswe kwa sekolong le
gore mosadi o a lwala. Se e le maaka ka a na a batla go ya go itumedisa Tlhoriso ka one madi
a. la bobedi o ne a adima madi gape ka boferefere a re bana ba bolawa ke tlala e le maaka
fela. Se ke tiro e e maswe ka o bua maaka e le mogolo e bile a batlela madi dilo tse di sa
tlhomamang e le monna wa lelwapa.
Modidri ga a emise ditiro tsa gagwe tse di maswe; o leka go senyetsa Mofalotsi e leng ngwna
wa gagwe botshelo ka go mo tshwarisa ka teemane. Modiri o ne a thapa bo Ngaka Marumo
gore ba tsenyetse Mofalotsi teemane mo dithotong nako ya fa a ya sekoleng kwa mafatsheng.
Maikaelelo e le gore Mofalotsi a tle a tshwarwe a ye kgolegelong lebaka le le telele. Tiro e e
maswe ka Modiri e le rraagwe Mofalotsi, o ne a tshwanetse go mo sireletsa le go mo eleletsa
Katlego e seng go mo tsenya mo mathateng.
Ditiro tse di maswe tse tsa ga Modiri di mo tsenya mo Mathateng.
Re bona Modiri a le mo mathateng ka fa a sena go fudugela kwa ga Tlhoriso re mmona a sa
tshele sentle. Ga a tshele sentle jaaka a ne a solofetse ka Tlhoriso o nna fela mo go ene ka
dipuo a mmatla madi kgapetsakgapetsa e bile a mo sotla ka mafoko a a botlha. O mmitsa
sekopa, maja-a-itshutlha, nkgate ke thaname. Se ke mathata ka gore o ne a tseetse gore o ya
go tshela sentle mo letlepung kante o a iphora.
Mathata a mangwe a Modiri a tsenang mo go one ke a go jelwa madi ke ngaka Gotlhometswe
a bo a sa diragatse kopo ya gagwe. Ngaka Gotlhometse o ne a re fa motho a le tlhogo e thata
jaaka Modiri bone ba ijela madi, ebile ga go kitla go direga sepe sa ditopo tsa ga Modiri, Se
ke mathata mo go Modiri ka a ne a itsholofeditse gore tse di bosula tse a di batlang ka
Mofalotsi di tla diragala, o latlhile madi mahala, madi a a neng a a bona ka tshokolo.
Mathata a ga Modiri a gana go fela , ke yoo re mmona a kojwa mo tirong a bo a gapelwa
dithoto ke batho ba tiro. Se se tla morago ga go palelwa ke go duela madi a a neng a adimile
kwa tirong. Jaanong Tlhoriso o mmona a sa tlhole a na le mosola a bo a mo koba mo ga
gagwe. Se ke mathata ka Modiri o tlhoka bonno ka a sale a ikobile kwa ga Khutsafalo.
Modiri o wela mo mathateng a mangwe fa janong bo Ngaka Marumo ba mo kenta ka
mokento o o tsentshang ka e rile a sena go kojwa mo tirong, o tlhoka madi a go ba duela. Bo
Marumo ba ne ba mo diretse tiro ya go tsenyetsa Mofalotsi teemane mme erile ba bona a sa
ba duele ba mo kenta ka mokento o o tsentshang. Se ke mathata mo go Modiri ka jaanong e
nna molwetse wa tlhaloganyo o ja ditlhare ka meno.
Mathata a mangwe a ga Modiri ke go tlhoka go amogelwa ke Khutsafalo le bana. Modiri o ne
a se na legae ka jalo a leka go boela kwa lelwapeng go ya go leka go ikopa maitshwarelo, ba
mo gana ka ba ne ba mo koba jaaka ntsa. Ba mo gakolola bosula jo a bo ba dirileng le ka fa a
neng a ipoka gore o tla boa e le setopo. Tota se ke mathata mo go Modiri ka ga a bereke,
Tlhoriso o mo kobile jaanong le Khutsafalo ke yoo o a mo koba. O sala a ema ema a le nosi a
sotlega a se na bonno.
Kwa bofelong re bona a tsena mo mathateng a matona fa a tshwarwa a bo a atlholelwa
botshelo jotlhe mo kgolegelong ka ntlha ya masula otlhe a a dirileng mo maitekong otlhe a go
senyetsa Mofalotsi botshelo. Ke mathata ka jaana go fedile ka ene; kgolegelo ya botshelo
jotlhe!
Dintlha tse tsotlhe di a supa/ rurifatsa gore fa motho a dira ditiro tse di maswe o felela a tsena
mo mathateng.
TLHALOSA MAIKUTLO A MOKWADI MABAPI LE BANNA BA BA
PHUAGANYANG MALWAPA A BONE

KANA

MAIKUTLO A MOKWADI KE AFE KA MODIRI


KARABO
Mokwadi ga a rate/ o kgathanong/ ga a beye sebete banna ba ba phuaganyang malwapa a
bone; o dirisitse motshameki mogolo Modiri go emela banna ba mofuta o.
Kana
Mokwadi ga a rate/o kgathanong/ga a beye sebete Modiri. Ga a mo ratele go phuaganya
lelwapa/go tlhoka boikarabelo ka go phuaganya lelwapa.
Mokwadi o dirisitse ditsela tse di farologaneng go senola maikuto a gagwe.
Tsela ya ntlha ke ya tshenolo ya botho. O file Modiri botho jo bo makagaphila go supa fa a
le kgathanong le ene. O senotse Modiri a le sematla. Bomatla jwa ga Modiri re bo bona fa a
palelwa ke go itseela ditshwetso o letlelela Tlhoriso go mo gogagoga ka tsebe. Tlhoriso fa a
re o batla madi o a taboga o adima, a sa sekaseke maduo a go adima madi a mantsi jaana
kgapetsakgapetsa. Tlhoriso fa a re ba bolaye Mofalotsi o a dumalana a sa sekaseke
ditlamorago tsa go dira jalo. O mo senotse gape a le leferefere. o leferefere ka jaana o ne a
adima madi ka maaka kwa tirong a re mosadi ga a tsoga, bana ba bolawa ke tlala ene a itse
gore o adimela Tlhoriso madi. Botho jo bongwe jo bo makgaphila jwa ga Modiri ke jwa go
nna setlhogo. Modiri o setlhogo ka o dira batho dilo tse di maswe a sa akanye gore ba tseega
jang. O phuaganya Khutsafalo le bana, a ba tlogela mo tshotlegong mme a itse sentle gore ba
lebile ene go ba tlamela. O dira maano otlhe jaaka go thapa ngaka ya setso Gotlhometswe le
maepantlo go leka go bolaya Mofalotsi a se na le fa e le molato ope o a o dirileng.
Mokwadi o dirisitse le setlhogo sa motshameko go supa fa a kgala banna ba ba phuaganyang
malwapa a bone. Ke setlhogo se se kgalemang/se se tlhagisang/tsibosang. Setlhogo sa re
letlapa le le bolele, se tswa mo puong ya Setswana e e reng; botshelo ke letlapa le le bolele bo
a reledisa. Ke gore motho o tshwanetse go tshela ka kelelelo e se re kgotsa a tsoga a tsene mo
mathateng. Re bona Modiri ene a sa bo tshele ka kelelelo mme o feletse a le mo mathateng.
Go tlhoka kelello ga ga Modiri re go bona fa a letlelela nyatsi go mo goga ka tsebe, e mo
rotloetsa go phuaganya lelwapa, nyatsi eo gape e mo tsenya mo dikolotong; e boa gape e mo
rotloetsa go bolaya ngwana wa gagwe e bong Mofalotsi. Modiri ga a iphe nako go sekaseka
dilo tse o di dira fela a sa elelele gore ditlamorago di tla tla di ntse jang. Ke yoo re mmona a
felela mo kgolegelong ka ntlha ya go tlhoka kelelelo.
Tsela e nngwe e e supang fa mokwadi a kgala Modiri ke ya kobiso. Mokwadi o dirisa kobiso
go ikgatlha ka Modiri. Dilo tse modiri a di dirang a akanaya gore ke gone jaaka a kgonne
botshelo ke tsone di mo tsenyang mo mathateng. Lantlha Modiri o fiduga kwa ga Khutsafalo
ka mabela ebile a bua gore ga a na go tlhola a le gata teng a re o ka mpa a boa a le setopo. O
akanya gore kwa a yang teng kwa ga Tlhoriso o ya go ja monate. Ijoo! Re mmona a tshelela
mo dikgobong kwa ga Tlhoriso, go se na le fa e le monate ope. Tlhoriso o mmuisa mafoko a
botlha kgapetsa kgapetsa a mmitsa sekopa, a mmatla madi ka pata le jase. Fa a se na go itewa
ke lefatshe ke yoo o boela kwa ga Khutsafalo a re o ikopa maitshwarelo. Ke dobiso dilo tse.
Kobiso gape re e bona fa a ne a ikgatlha are ga go na thuso epe e boMofalotsi ba ka mo e
tswang. Kae! Re bona M ofalotsi e le ene a mo alafang botseno nako ya fa a kentilwe ke
boMrumo ka mokento o o tsentshang. Modiri gape are ga a kake a tlhokomelelela banna ba
banagwe bana nako ya fa a ikoba kwa ga Khutsafalo mme jaanong ke yoo re mmona a ile go
tlhokomela Ditso yo e seng ngwana wa gagwe. Kobiso gape e bonala fa tsela e a lekang go
isa Mofalotsi kgolegelong e isa ene, kgang ya teemane.
Puo ka batshameki ba bangwe ke tsela e nngwe e mokwadi a e diriditseng go supa maikutlo
a gagwe. Batsameki ba bangwe ba dirisa mafoko a tshotlo, a kgalo fa ba bua ka Modiri.
Tlhoriso a re ke monna wa sekopa; nkgate ke thaname, maja a itshutlha. Moreetsi ene a re
Modiri o itirile tau e e mariri mo go bone. Khutsafalo o ne are Modiri ke khibeng ga ketswe,
a re ke selo fela se se itaolelwang ke legoana. o koba Modiri mako ya fa a tlile go ikopa
maitshwarelo a re ‘o ntshosetsa bana, leferefere ke wena! Marumo ene are, modiri ke ntsa
fela ya go tlhagela dijarata e bata marapo’ nako ya fa a paletswe ke go ba duelela tiro ya
teemane. O tswelela a re ke gopane fela wa moikapari yo o tlhokang le ntsa selo sa go ruiwa
fela.
Tsela ya bofelo ke ya maduo. Mokwadi o file Modiri maduo a kotlhao, maduo a a botlhoko
go supa fa tota a le kgathanong le Modiri. Mokwadi o dira gore Gotlhometswe a tseele
Modiri madi fela a sseka a diragatsa thomo ya gagwe ya go bolaya Mofalotsi modiri o
atlholwa gape ka go senyegelwa ke tiro le go gapelwa dithoto ka a ne a paletswe ke go duela
madi a a neng a adimile kwa tirong. Kotlhao e nngwe key a go senyegelwa ke tlhaloganyo. O
ne a thapile bo Ngaka Marumo gore ba tsenyetse Mofalotsi teemane mo dithotong tsa gagwe
kwa morago a palelwa ke go ba duela mme ba ipusulosetsa ka go mo kenta ka molemo o o
tsentshang. Kotlhao ya bofelo ke go atlholelwa botshelo jotlhe mo mo kgolegelong. Kotlhao
e mokwadi o mmetsa ka yone ka ntlha ya maiteko otlhe a a dirileng a go leka go bolaya le
go senyetsa Mofalotsi botshelo. Modiri o ne a dirile maano a le mantsi a go Leka go bolaa
mofalotsi. Go Thapa ngaka Gotlhometswe, go thapa maepantlo go keteka Mofalotsi, go thapa
NgakaMarumo go mo tsenyetsa botlhole mo dijong ka nako ya lenyalo. Le gone go leka go
tshwarisa Mofalotsi ka teemane kwa maemelong a difofane. Diphiri tse tsotlhe di dule fa bo
Selepe le Semato (babereki ba ga ngaka Marumo) ba sena go tshwarwa morago ga loso lwa
ga Marumo. Ke gone fa a tla atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolelgelong.
RULAGANYA DITIRAGALO TSA MOTSHAMEKO O ITEBAGANTSE LE:
KGWETLHO, KGOTLHANG, SETLHOA, MAFOLOGELO LE PHELELO
KANA
RULAGANYA DITIRAGALO O ITEBAGANTSE LE SE SE GWETLHILENG
MARARA A NNILENG TENG, MARARA, THARABOLOLO YA MARARA,
MAFOLOGELO LE PHELELO

KARABO:
Tiragalo e e diragetseng kwa tshimologong (kgwetlho) ke go ratana le Tlhoriso ga ga Modiri.
Modiri o ne a ratana le tlhoriso le ntswa a nyetse Khutsafalo. Tiragalo e key one e e tsetseng
kgotlhang ya motho le tikologo. E fa gare ga ga Modiri le tikologo ya gagwe. Modiri o feletse
a sa utlwane le batho ba a tshelang le bone ka ntlha ya tiragalo yone e.
Modiri o gotlhana le tikologo e a tshelelang mo go yone ka gore ditiro tsa gagwe ga di
amogelesege, bogolo jang e le monna yo o nyetseng ka fa molaong.
Re bona Modiri a dira tiro e e sa amogelesegeng fa a phuaganya mosadi lebana..modiri o ne a
phuaganya ba lelwapa la gagwe a ba tlogela mo tshotlegong a fudugela kwa ga Tlhoriso.
Tiragalo e ga e amogelesege ka modiri o nyetse Khutsafalo ka fa molaong jaanong o
itlhokomolosa maikarabelo a gagwe a motho e le tlhogo ya lelwapa. Tiragalo e e supa
kgotlhang fa gare ga ga Modiri letikologo ya gagwe.
Kgotlhang e tswelela fa Modiri a adima kwa tirong ka maaka a re o duelela bana sekolo le
gore Khutsafalo ga a tsoga. E ke tiro e e sa amogeleseng bogolo jang motho e le rra lelwapa;
boemong jwa go tlamela bana le mosadi ene o petemeletsa/ itsenya mo dikolotong go
itumedisa nyatsi.
Modiri o tswelella a gotlhana le tikologo fa a dumalana le Tlhoriso go bolaya Mofalotsi.
Tlhoriso o ne a na le letshogo la gore Mofalotsi fa a fetsa sekolo o tla thusa mmaagwe go mo
sekisa jaanong a raela Modiri go mmolaya. Re bona Modiri a ya kwa ngakeng ya setso e
bong Gotlhometswe a mo kopa go mo thusa go bola Mofalotsi. Ke tiragalo e e sa
amogelesegeng mo tikologong, e tlhabisa ditlhong. Monna fela a bolaa ngwana wa gagwe.
Tshwanelo ke go bona M odiri e le rrabana a sireletsa ban aba gagwe mo babeng, e seng go
ba pataganela le baba ba bone. Kgotlhang e e senoga gaoe fa re bona ngaka Gotlhometswe a
sa diragatse kopo ya ga Modiri; o ja madi a bo a sa bolae Mofalotsi ka a ne a lemogile fa
Modiri a iphetlhela Mofalotsi. O bolela gore bongaka ga bo dirisane le maaka. Tiragalo e e
supa tota fa tikologo e le kgathanong le Modiri.
Kgotlhang ya ga Modiri le tikologo e golela pele fa Modiri a dumalana le Tlhoriso go Thapa
maepantlo go bolaya Mofalotsi e bile ke ene a ntshang madi a a duelang dilalome tse.
Boemong jwa go sireletsa ngwana ke ene a mo rerang le mamba wa gagwe Tlhoriso.
Maepantlo a ne a keteka Mofalotsi mme a se ka a swa. Ke tiro e e sa amogelesegeng mo
tikologong ya rrangwana yo o dumalanang le babolai go bolaya ngwana wa gagwe.
Modiri tswelela a gotlhana le tikologo fa leano la maepanto le folotsa ga a ineele, o inaakanya
le boNgaka Marumo ba batla go feleletsa Mofalotsi kwa kokelong. Ka ntlha ya gore go
tlhokana le madi, o felela a boela kwa mogolwaneng kwa tirong a bua maaka a re o adima
madi ka gore bana ba bolawa ke tlala, ene a itse gore o ya go a dirisa go bolaya/ duela babolai
ba ga Mofalotsi. Ke tiro e e sa amogelesegeng mo monneng wa lelwapa, yo o ikanneng fa a
nyala gore o tla sireletsa mosadi le bana. Tikologo le yone e supa fa e sa rate ditiro tsa ga
Modiri ka ke foo maano otlhe a go leka go bolaya Mofalotsi a folotsa. Leano le lengwe ke la
go leka go bolaya Mofalotsi ka botlhole ka nako ya lenyalo la gagwe mme ga pala ka dijo tse
di nang le botlhole di ne tsa jewa ke Lesego mogatse Mofalotsi, dintlha tse di supa go gotlha-
gotlhana le tikologo ga ga Modiri.
Modiri o gotlhana le tikologo gape ga a leka go senyetsa Mofalotsi bokamoso ka go mo
tsenyetsa teemane mo dithontong gore a tshwarwe a ye kgolegelong. O ne a thapile boNgaka
Marumo go diragatsa leano le. Ke tiro e e maswe e e sa solofelwang mo go rrangwana.
Rrangwana o tshwanetse go eleletsa ngwana katlego e seng go mo senyetsa botshelo.
Tikologo e kgathanong le tiro e ka leano le le a folotsa mme barongwa (Selope le Semato) ba
tsenya teemane mo dithotong tsa ga Ditso (ngwana wa ga Tlhoriso) go bo go tlhatlhelwa
ene.jaanong re bona tikologo e tsogologela Modiri e mo otlhaela masula a a dirileng.
Tlhoriso o lemoga fa Modiri a paletswe ke go duela madi a a adimileng kwa tirong, o a kojwa
mo tirong e bile ba tiro ba ituela ka dithoto tsa gagwe tse a neng a di rekela kwa ga Tlhoriso.
Go nna maswe Tlhoriso a bo a felela a mo kobile. Dintlha tse di supa gore tikologo ga e rate
ditiro tsa ga Modiri.
Ga go felele fa ka kgotlhang, tikologo e otlhaa Modiri gape fa boNgaka Marumo, Selepe, le
Semato bam o kenta ka mokento o o tsentshang.ba mo kenta jaana ka a paletswe ke go ba
duela. O ne a ja ditlhare ka meno. Tiragalo e e supa kgotlhang fa gare ga ga Modiri le
tikologo.
Tikologo e tswelela ka go gptlhagotlhana le Modiri morago ga go alafiwa botsenwa ke
ngwana wa gagwe Mofalotsi. O nna le ditlhong ka a bona ngwana yo a mo sokodisitseng
jaana e le ene a mo alafileng. Ke kotlhao ya tikologo. Re mmona gape a ema ema ga a na
legae/bonno o leka go ya kwa ga Khutsafalo; tikologo ga e mo amogele ka Khutsafalo le ban
aba a mo koba, ka dule mo lwapengka maikgantsho. Khutsafalo o a mo koba a re o tla mo
tshosetsa bana. Jaanong potso e ree ipotsang re le babadi ke gore o tla felela kae, re arabega
fa fa kgotlhang e felelang teng. E felela fa a tshwarwa a bo a atlholelwa botshelo jotlhe
mokgolegelong. O tshwarwa jaana morago ga gore boSemato le Selepe ba sena go bolaya
Mrumo ka phoso b abo ba tshwarwa. Ke gone fa ba tla ntsha boammaaruri jotlhe le kamano
ya bone le Modiri. Gone fa kgotlhang e felelang teng ke gone ga setlhoeng. Fa Modiri a
atlholelwa botshelo jotlhe mokgolegelong.
Ditiragalo tsa mafologelo ke fa re bona Khutsafalo le ban aba tshela sentle ka Boitumelo ka
mokgokgontshi wa bone a tshwerwe. Mofalotsi o atlegile ke ngaka ya balwetsi ba
tlhaloganyo.
Phelelo ya ditiragalo ke fa Khutsafalo a sekisetsa Tlhoriso go mo thubela lelwapa, a bo a
atlholwa dikgomodi fera bobedi kgotsa kolegelo ya ngwaga tse pedi.
Ke gone ka fa ditiragalo tsa motshameko di rulaganang ka teng.
MAIKUTLO A MOKWADI KE AFE KA TLHORISO.

Mokwadi ga a rate/ o kgatlhanong / ga a beye sebete basadi ba ba thubelang bomme ba


bangwe malwapa. O dirisitse Tlhoriso go emela basadi ba mofuta o.

KANA

Mokwadi ga a rate/ o kgatlhanong/ ga a beye sebete Tlhoriso. Ga a mo ratele go thubela


Khutsafalo lelwapa.
Mokwadi o dirisitse ditsela tse di latelang go senola maikutlo a gagwe.
Tsela ya ntlha ke ya TSHENOLO YA BOTHO. O file Tlhoriso botho jo bo makgaphila go
supa fa a le kgatlhanong le ene. O senotse Tlhoriso a le lefufa jaaka a ne a fufegela
tswelelopele ya ga Mofalotsi e re fela a utlwa gotwe Mofalotsi o pasitse a bo a re nako e
Mofalotsi a digelang dithuto o a go thusa Khutsafalo go mo sekisa jaanong Modiri o
tshwanetse go kgoreletsa go rutega ga ga Mofalotsi. Mokwadi o mo senotse gape a le
setlhogo. O setlhogo ka jaana o ne a tseela Khutsafalo monna, Modiri, fa a tswa foo o batla
go mmolaela ngwana jaaka a ne a rera le Modiri gore ba bolaye Mofalotsi a bo a ya go thapa
maepantlo mme ba keteka Mofalotsi gore a bo a robadiwe. Bosetlhogo jwa gagwe bo supega
gape fa a raya Modiri a re fa polao e pala bogolo ba mo tsenye mo ntlong e e lefifi. Mokwadi
o mo senola a le lenyatso/makgakga. O lenyatso jaaka e ne e re a bua le Modiri a bo a mo
sotla a re ke monna wa sekopa. Le nako ya tsheko ya gawe le Khutsafalo o ne a araba Kgosi
Lesogodi jaaka a batla, a re ene ga ana molato ope ka Modiri, ke ene a mo latetseng a bo a tla
go mo godisetsa bana ka a ne a eletsa go dira jalo. Mokwadi o mo senotse a le pelotshetla. O
pelotshetla ka jaana Modiri o mo direla sengwe le sengwe mme ga a kgotsofale, o batletse
madi ruri mo go Modiri.
Mokwadi o dirisitse gape TEO YA LEINA go senola maikutlo. O file motshameki leina le le
kgalang\sotlang, Tlhoriso ke leina le le rayang go tlhorontsha maikutlo a batho, go tshwenya.
Fela jaaka leina la gagwe, Tlhoriso o tlhorisa Khutsafalo ka go mo thubela lelwapa le go batla
go bolaa ngwana wa gagwe, Mofalotsi, jaaka a ne a mo thapela maepantlo. O tlhorisa le
Modiri ka a batletse madi ruri. Leina le la Tlhoriso le ile mareelelong.
Mokwadi o dirisitse gape tsela ya PUO KA BATSHAMEKI BA BANGWE go senola
maikutlo a gagwe. Batshameki ba bangwe ba dirisa mafoko a tshotlo, a go kgala fa ba bua ka
Tlhoriso. Moreetsi a re Tlhoriso ke mosadi yo o pelotshetla fela jaaka leina la gagwe, ke eng
ba tshwanetse go apaya ka lenao rraabone a tshedisa batho.Modiri ene fa a bua ka Tlhoriso a
re e rile a tlhatloga mo pitseng e e belang a wela mo isong, a re o wetse mo atleng tsa nko di a
boga. O boa a re Tlhoriso o pelotshetlha, o belaela eng ka madi otlhe o a fa ene. Kgosi
Lesogodi ene kwa tshekong ya ga Tlhoriso le Khutsafalo o ne a raya Tlhoriso a re a itse
mabela le boikgantsho ga di na go mo isa gope.
Mokwadi o boa a dirisa SETLHOGO SA MOTSHAMEKO go supa fa a kgala. Ke setlhogo
se se kgalemang/ se se tsibosang. Setlhogo sa re Letlapa le le bolele, se tswa mo puong ya
Setswana e e reng; Botshelo ke letlapa le le bolele bo a reledisa. Se raya gore motho o
tshwanetse go tshela ka kelelelo e se re kgotsa a tsoga a tsene mo mathateng. Tlhoriso o ne a
sa tshele ka kelelelo mme a felela a tsene mo mathateng. Go tlhoka kelelelo ga ga Tlhoriso re
go bona fa a ineelela go ratana le Modiri a ntse a itse gore ke mogatsa motho, Khutsafalo. O
rotloetsa Modiri gore ba kgoreletse katlego ya ga Mofalotsi ka go leka go mmolaya le gone
go mo tsenya ka toronko. Tlhoriso ga a iphe nako ya go sekaseka dilo tse, ga a lebe
ditlamorago tsa tsone. O felela ngwana wa gagwe a tsena ka kgolegelo a sena molato ka
teemane e ne ya tsenyetswa ene ke bo Semato,Tlhoriso o boa a lebanwa ke tsheko ya go
thubela Khutsafalo lelwapa a bo a atlholwa dikgomo tse di ferang bobedi kgotsa kgolegelo ya
dingwaga tse pedi, e le ka ntlha ya go tlhoka kelelelo.
Mokwadi go supa fa a kgala o dirisitse gape tsela ya KOBISO. Mokwadi o dirisa kobiso go
ikgatlha ka Tlhoriso. Dilo tseTlhoriso a di dirang a akanya gore ke gone jaaka a kgonne
botshelo ke tsone tse di mo tsenyang mo mathateng.Tlhoriso o rera le Modiri gore ba
kgoreletse Mofalotsi, ngwana wa ga Khutsafalo, go atlega mo botshelong mme re bona go
kgoreletsega ngwana wa gagwe ene Tlhoriso, Ditso, jaaka bo Selepe ba ne ba mo tsenyetsa
teemane ka phoso mme a tshwarwa a ya kgolegelong, ga lela ene Tlhoriso go na le
Khutsafalo. Monna ene yo a ntseng a mo ikgagapaletse a akanya gore o kgonne botshelo, o
fentse, e nna ene a mo tsenyang mo mathateng jaaka a feletse a gapelwa dithoto ka ntlha ya
ga Modiri.
Mokwadi o dirisa tsela ya MADUO go supa fa a kgala. Mokwadi o fa Tlhoriso maduo a
kotlhao, maduo a a botlhoko. Mokwadi o dira gore ngwana wa gagwe, Ditso, a tsene
kgolegelo a sena molato e bile e le fa go gatang ene le Modiri ka batho ba ba neng ba ba
thapile ebong Ngaka Marumo le lekoko la gagwe bo Semato le Selepe ba ne ba tsenya
teemane mo dithotong tsa ga Ditso ka phoso. O mo otlhaa gape fa a dira gore Khutsafalo a
mo sekisetse go mo thubela lelwapa a bo a atholwa dikgomo di ferabobedi kgotsa kgolegelo
ya ngwaga tse pedi.

TLHALOSA KA BOTLALO SEABE SA GA MODIRI MO


TSWELEDISONG YA DITIRAGALO TSA MOTSHAMEKO WA
LETLAPA LE LE BOLELE

Modiri o rotloeditse tshotlego ya ga Khutsafalo le bana ba gagwe. O rotloeditse se ka


jaana o ne aphuaganya mosadi wa gagwe e bong Khutsafalo le bana a bo a ya go nna le
mokapelo wa gagwe e bong Tlhoriso a ikgathatholosa go tlhokomela Khutsafalo le bana ba
gagwe ,mme se se ne sa baka tshotlego mo lelwapeng la ga Khutsafalo ka lebaka la gore ba
ne ba tshela ka Modiri ka ke ene yo a neng a bereka \a dirang.Go ne go na le tshotlego ka
Khutsafalo o ne a lelela mo go ene Modiri a mmolela fa bana ba digela letsatsi la bone ba
ntse ba lala ka tlala. Khutsafalo gape o ne a tle a lelele mo go Kgololo e leng tsala ya gagwe
ka tshokolo e ba a e sokolang, mme re bona Kgololo e bile aithaopa go rekela Khutsafalo
dinamune gore a simolole go rekisa go fokotsa tshotlego e.Ka jalo tshotlego ya ga Khutsafalo
re e pega mo magetleng a ga Modiri.
O rotloeditse gore Mofalotsi a gobadiwe mo go botlhoko.Se se tla ka ntlha ya gore ene le
Tlhoriso ba ne ba thapa maepantlo gore ba bolae Mofalotsi. Ba thapa maepantlo a jaana ka
ngaka ya setso (Gotlhometswe )e ne e paletswe ke go diragatsa kopo ya bone ya go lobela
Mofalotsi dintsi ka ditlhare tsa setso.Maepantlo a ne a mo keteka fela thata a bo a mo gobatsa
fela mo go botlhoko jaaka a ne a felela a robadiwa kwa Marina ka dikgobalo tse di masisi. Ka
jalo go gobadiwa ga ga Mofalotsi ke fa go gatang Modiri teng.
Leso la ga Lesego re le baya mo magetleng a ga Modiri. Se se tla jaana ka gore Modiri o
ne a roma ngaka Marumo go tsenya botlhole mo dijong tsa ga Mofalotsi ka nako ya lenyalo
ka maikaelelo a go mmolaya mme ka go tlhoka lesego dijo tse di ne tsa jewa ke Lesego o e
leng mosadi wa ga Mofalotsi a bo a felela a tlhokafala. Mofalotsi o ne a jesa Lesego dijo pele
ene a le mo go tlakiseng mosadi kante ga a itse di na le botlhole mme Lesego a kubugelwa ke
bolwetse ya re ba tsena kwa kokelong a neela mowa. Ke sone se re reng Modiri o na le seabe
mo losong la ga Lesego.
Modiri o na le seabe mo go tshwarweng ga ga Ditso.O ne a thapile ngaka Marumo gore a
tsenyetse Mofalotsi teemane mo dithotong tsa gagwe fa a ne a tshwanetse go ya sekolong
kwa moseja a ya go ithutela bongaka maikaelelo e le gore Mofalotsi a tle a tshwarwe a
latlhelwe mo kgolegelong. Ka phosego basimane ba ga Marumo; Semato le Selepe; ba ne ba
tsenya teemane mo dithotong tsa ga Ditso yo o neng a ya sekolong kwa moseja ka nako eo le
ene, mme Ditso o ne a tshwarwa a bo a tsenngwa mo kgolegelong ka teemane e fithetswe mo
dithotong tsa gagwe.Ka jalo Modiri o na le seabe mo go tshwarweng ga ga Ditso.
Modiri o ipaketse go lwala tlhaloganyo.O ipaketse se ka jaana o ne a palelwa ke go duela
ngaka Marumo tiro e a mo e thapetseng ya go tsenyetsa Mofalotsi teemane mo dithotong ka
nako e a neng a ya sekolong kwa moseja .Ka jalo ngaka Marumo a felela a ituela ka go mo
kenta ka molemo o o lwatsang tlhaloganyo mme Modiri a felela a le molwetse wa
tlhaloganyo. Re utlwa mo motshamekong gotwe o ne a eta a kapa dintsi, a topela batho mo
kokelong mabole, a bopa, e bile baoki ba setse ba mmogeletse mo bolaong; se se supa
tlhaloganyo e e tsenwang. Ka jalo ra re ke ene a bakileng go lwala tlhaloganyo ga gagwe.
Modiri o rotloeditse gore dithoto tsa ga Tlhoriso di gapiwe.O bakile se ka jaana a ne a nna
a adima madi kgapetsa kgapetsa kwa tirong mo a feletseng a nna le sekoloto se se kwa
godimo fela thata a bo a palelwa ke go se duela.O kobilwe mo tirong, jaanong ga a na tsela e
nngwe ya go duela sekoloto se, ba tiro ba tsaya tshwetso ya go gapa dithoto tse a di rekileng
ka one madi a a ntseng a a adima. Mogapi le badiri ka ene ba bangwe ba goroga kwa ga
Tlhoriso mme ba gapa dithoto tse Modiri a supileng fa e le ene a di rekileng. Se ke sesupo sa
gore go gapiwa ga dithoto tsa ga Tlhoriso go bakilwe ke Modiri.
Modiri gape o ipaketse go tshwarwa le go atlholelwa kgolegelo ya botshelo jotlhe.O
ipaketse se ka bosula jotlhe jo a bo dirileng mo maitekong otlhe a go senyetsa Mofalotsi
botshelo. Modiri o ne a lekile go le makgetho a le mmalwa go bolaya Mofalotsi; o kile a mo
ela kwa ngakeng ya setso ebong Gotlhometswe, a leka ka maepantlo, botlhole. Ya re go
mmolaya go pala a leka go mo tshwarisa ka teemane. Nako e yotlhe a dirisana le Ngaka
Marumo.Diphiri tse tsotlhe di tswa morago ga polao ya ga Ngaka Marumo ka bo Selepe. Ba
bosekise ba lemoga seabe sa gagwe mme a tshwarwa lekgotla la mo atlholela botshelo jotlhe
mo kgolegelong.Dintlha tse tsotlhe di re bontsha gore kgolegelo e ke ene a e ipaketseng.
Go seka le go atlholwa ga ga Tlhoriso le gone re go batlela mo tlhogong ya ga Modiri.
Mo motshamekong re bona Khutsafalo a isitse Tlhoriso kwa lekgotleng la Setswana a ile go
ikuela kgatlhanong le ene a re o mo thubetse lelwapa. Kgosi Lesogodi o sekisa Tlhoriso a bo
a mmona molato, morago o mo atlholela dingwaga di le pedi mo kgolegelong kgotsa
dikgomo di fera bobedi. Tiragalo e e rotloeditswe ke Modiri ka ke ene a emeletseng a ya go
kopa marato mo go Tlhoriso; a ntse a itse fa e le rre wa lelwapa yo o nyetseng ka fa molaong,
e bile a na le kitso e e tletseng ya gore se ga se letlelesege ka fa molaong.Ba ratana jalo mo
Modiri a feletseng a phuaganyaa Khutsafalo mo tshotlegong; kwa morago Khutsafalo a isa
kgang kwa lekgotleng.Go papametse gore tiragalo e e bakilwe ke Modiri.
Dintlha tse tsotlhe di supa tota fa Modiri a na le seabe se segolo mo tsweledisong ya dtiragalo
tsa Letlapa le le bolele.

TLHALOSA SEABE SA GA TLHORISO MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO/


TLHALOSA KA FA TLHORISO A ROTLOEDITSENG/GWETLHILENG
DITIRAGALO TSA MOTSHAMEKO KA TENG

Tlhoriso o rotloeditse tshotlego ya ga Khutsafalo le bana ba gagwe ka a ne a ratana le


monna wa gagwe ebong Modiri. Tlhoriso o tseela Khutsafalo monna, a bo a dira gore
Modiri a mo direle le ngwana wa gagwe Ditso go se na tsapa le mo fisang pelo. Dithata tsa ga
Modiri di felela mo go ene ka Modiri o adima madi kwa tirong go mo itumedisa mme a
ikgatholositse lelapa la gagwe. Tshotlego e e senoga fa Khutsafalo a ikuela mo go Modiri
gore bana ba letse le tlala. Mofalotsi le ene o supa tshotlego e ba leng mo go yone ka go supa
fa ba nnetse go tlhoka mme Ditso ene a nna a nale madi kwa sekolong ebile a kgobokanelwa
ka a nale madi. Tshotlego e e senoga gape fa Khutsafalo a supa fa a feletswe ke maano a go
jesa bana mme o dumalana le tsala ya gagwe e bong Kgololo gore o tla mo fa dikgetsana di le
pedi go di rekisa kwa bokopanong jwa ditsela mo Palapye. Ka jalo Khutsafalo o sala mo
tshotlegong le banaba gagwe ka ntlha ya ga Tlhoriso.
Tlhoriso o rotloeditse gape gore Mofalotsi a gobadiwe mo go botlhoko a bo a felela a
robaditswe kwa kokelong ka ke ene a neng a tla ka leano la gore Mofalotsi a thapelwe
basimanyana ba thaka tsa gagwe go mo keteka.Ene le Modiri ba ne ba dumalana gore
Mofalotsi a bolawe mme Tlhoriso a supa fa a itse basimanyana bangwe kwa ba ba ka dirang
tiro eo motlhofo e bile go se na mokgwasa ka jalo ba thapa basimane go keteka Mofalotsi. Go
bo Mofalotsi a ile a gobala mo go botlhoko gore a robadiwe ke ka ntlha ya ga Tlhoriso.
Tlhoriso o boa gape a nna le seabe mo lesong la ga Lesego ebong mosadi wa ga
Mofalotsi ka a ne adumalana le Modiri go thapa boNgaka Marumo go bolaya Mofalotsi ka
go mo tsenyetsa botlhole mo dijong. Ka nako ya lenyalo la ga Mofalotsi, ka bomadimabe dijo
tse di neng di na le molemo di ne tsa jewa ke Lesego mme a felela a tlhokafetse. Ka jalo go
bo Lesego a feletse a tlhokafetse ke kantlha ya ga Tlhoriso.
Tlhoriso gape o nale seabe mo go tshwarweng ga ga Ditso e bong ngwana wa gagwe ka a
ne adumalana le Modiri go kgoreletsa katlego ya ga Mofalotsi ka go mo tsenyetsa teemane
mo dithotong. Morago ga tumalano e, Ngaka Marumo o ne a roma Semato le Selepe go
tsenya teemane mo dithotong tsa ga Mofalotsi kwa maemelong a difofane fa a ya sekoleng
kwa moseja mme ka go tlhoka lesego, teemane ya felela e tsentswe mo dithotong tsa ga Ditso
yo le ene a neng a ya moseja. Ditso o ne a tshwarwa ka jalo go bo a tsentswe mo kgolegelong
ke ka ntlha ya ga mmaagwe e bong Tlhoriso.
Tlhoriso o baketse Modiri botsenwa ka jaana o ne a batla gore Mofalotsi a bolawe mme
Modiri athapa boNgaka Marumo go tsenyetsa Mofalotsi teemane mo dithotong. Modiri o ne a
solofetsa boNgaka Marumo madi, a a kana ka dikete tse di masome a matlhano tsa dipula, e
le tuelo a bua fa madi e se bothata mo go ene mme a palelwa ke go ba duela.Morago ga go
lemoga fa Modiri e le motho fela yo o sa ineyeng sepe, ba ne ba mo kenta ka mokento o
tsentshang e le go mmakisa. Ka jalo go bo Modiri a feletse a ja ditlhare ka meno go
tlhotlheleditswe ke Tlhoriso.
Tlhoriso o bakile gore Modiri a felele a kobiwa kwa tirong ka a ne a nna a batletse madi
ruri mo goModiri. Modiri ka a ne a batla go mo kgotsofatsa,ba dumalana go bolaya Mofalotsi
mme Modiri o ipoeletsa go adima madi kwa komponeng ya magala kwa a neng a direla teng.
Madi a a adimilweng ke Modiri ke one a a dirisiwang mo maitekong a go bolaya Mofalotsi le
go mo tlhokomela le ngwana wa gagwe Ditso.Kwa bofelong o palelwa ke go duela a bo a
kobiwa kwa tirong. Ka jalo go bo Modiri a kobilwe kwa tirong ke ka ntlha ya ga Tlhoriso.
Tlhoriso gape o rotloeditse katlego ya ga Mofalotsi ka a ne a ikgagapeletse Modiri e bong
rraagwe Mofalotsi. Mofalotsi o ithuta ka natla, a tshegetsa dikgakololo tsa ga mmaagwe e
bong Khutsafalo go dira ka botswerere kwa sekoleng go tswa mo tshotlegong e e bakilweng
ke boseyong jwa ga Modiri mo matshelong a bone. O ikitaya ka thupana,a ithuta ka natla go
tlisa pharologanyo mo botshelong jwa gagwe go fitlhelela a e nna ngaka ya balwala
tlhaloganyo. Ka jalo go bo Mofalotsi a atlegile mo botshelong ke ka ntlha ya ga Tlhoriso.
Tlhoriso o baketse Modiri tshotlego ka a ne a mo koba mo lwapeng la gagwe. Morago ga
go re Modiri a kobiwe kwa tirong, dilwana tsa Tlhoriso di ne tsa gapiwa mme a koba Modiri
mo lwapeng ka a ne a sa tlhole a na le mosola mo go ene. Modiri o sala a se na kwa a nnang
teng ka jaana mokwadi o supa gore boSemato bam o tsere mo mafelong a bojalwa kwa go
bolelwang a ne a nna fela teng. Tshotlego ya gagwe e lemotshega gape fa a se na tiro ka jalo
seemo se sa tshotlego o se tliseditswe ke Tlhoriso.
Tlhoriso o ipaketse go sekisiwa ke Khutsafalo le go atlholwa ke Kgosi ka a ne a
ikgagapeletse monna wa gagwe ebong Modiri. Tlhoriso o nna le Modiri a mo tlogedisa
mosadi wa gagwe le bana go sena tsapa le mo fisang pelo. O tswelela ka go dirisa dithata tsa
ga Modiri mo lapeng la ga gwe, a mo tlhokomela le ngwana wa gagwe Ditso mme mosadi wa
ga Modiri a sotlega le bana ka ba ne ba ikaegile ka Modiri. Morago ga go isiwa ke Khutsafalo
kwa kgotleng, Tlhoriso o ipuela jaaka a rata a re ene ga a bitsa Modiri,ke ene a itlisitseng kwa
go ene. Le Kgosi Lesogodi a bua,ga a na boikobo mme a bolelelwa gore boikgantsho le
mabela ga di na go mmusetsa sepe fa e se katlholo ya dikgomo tse ferabobedi kgotsa
kgolegelo ya dingwaga tse pedi fa dikgomo di pala. Ka jalo go sekisiwa le go atlholwa
dikgomo tse ferabobedi ke ene a go ipaketseng.

You might also like