Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 34

LITERATURE NOTES

TSHEKATSHEKO YA DIBUKA LE MABOKO

DINTLHA TSA TSHEKATSHEKO YA PADI


1.MOLAETSA: Ke thuto e mokwadi a e abelang le babadi

E arabiwa jaana ;

 Mo temaneng ya ntlha, moithuti a bolele gore molaetsa ke eng {a o ntshe sentle o le


matlhakore mabedi} a bo a bolela gore o senolwa ke mang, a supe gore jang.
 Lefoko la botlhokwa, le le supang gore o araba potso ya molaetsa le dirisiwe {technical term}
ka jalo simolola karabo ya gago jaana, Molaetsa ke….
 Ditemana tse di latelang, o atolosa molaetsa ka botlalo. O simolola ka letlhakore le le
supang se moanelwa a se dirileng go re a bo a senola molaetsa o o ntshitseng.
 A temana nngwe le nngwe e senole ;
1. lefoko la botlhokwa [le tswa mo molaetseng]
2. ntlha-se se dirilweng ke moanelwa
3. bosupi ka botlalo
4. jang

Fa o fetsa ka legato la ntlha la molaetsa, o tsena mo go le lengwe le le supang se se diragaletseng


moanelwa jaanong/maduo. Mo legatong le, o dira fela jaaka fa godimo

1. lefoko la botlhokwa
2. ntlha [se se diragaletseng moanelwa]
3. bosupi
4. jang

Ela tlhoko:
-Fa potso e re o amanye le botshelo kgotsa e re o supe gore molaetsa o o ka solegela bo
mang molemo dira jalo kwa temaneng ya bofelo o garela .
-Karabo ya gago ya molaetsa e agege jaana mo temaneng nngwe le nngwe.

KEY TERM + NTLHA + BOSUPI + JANG

2.PHETOGO YA BOTHO JWA MOANELWA; kwelotlase, itharabologelo le kgolo ya moanelwa

Phetogo ya moanelwa e ka senoga gabedi; pele ga itharabologelo e e leng kwelotlase le morago ga


itharabologelo yone e bidiwa kgolo

Fa moanelw a a itshwara ka tsela e e amogelesegang kwa tshimologong e bo e re go tsweletswe a bo


a sa itsee sentle, go a bo go na le phetogo ya botho e e bidiwang KWELOTLASE.

E ka re go ntse go tsweletse, a ipona diphoso a bo a ikotlhaela ditiro tse di maswe tse a di dirileng,
moo ke ITHARABOLOGELO

1
Morago ga go ikotlhaya, moanelwa o ka tsaya kgato a baakanya diphoso tsa gagwe, fa a ka dira jalo a
supa ka ditiro gore o fetogile, re a re o na le KGOLO

ELA TLHOKO

 Moanelwa fa a simolotse fela ka boitshwaro jo eseng jone, ga a na kwelotlase ka jalo ga gona


phetogo
 Moanelwa yo o itshwarang sentle go tswa tshimologong go ya bokhutlong le ene ga a na
phetogo
 Yo o siameng go tswa tsimologong go ya bokhutlong le ene ga a na phetogo
 Moanelwa o ka itharabologelwa a bo a sa fiwe sebaka sa go supa ka ditiro gore o fetogile, go
a bo go sena kgolo ka jalo ga gona phetogo

POTSO E ARABIWA JANG ?

 Mo temaneng ya ntlha o bolela gore a phetogo e teng kana ga eyo, ke gore a mokwadi o
kgonne go supa kwelotlase, Itharabologelo le kgolo
 Mo ditemaneng tse di latelang o bolela se moanelwa a se dirileng, boitshwaro jwa gagwe. Fa
e le wa ditiro tse dintle kwa tshimologong o simolola ka go bolela tsone morago o tsene mo
go tse di sa siamang.
 Boitshwaro jo, o bo supa ka go senola BOTHO

Temana nngwe le nngwe e supe ;

1.Botho

2.Tlhaloso ya botho joo

3.Bosupi

 Fa o feditse ka go supa boitshwaro jwa moanelwa, o bolela gore itharabologelo e


senoga fa kae. O bolela gore ke eng se moanelwa a se ikotlhaelang, phoso e a
lemogang a e dirile ke efe, a bo o ntsha bosupi jwa seo.
 Morago supa kgolo fa e le teng ka ;

1.Botho

2.Tlhaloso ya botho

3.Bosupi

ELA TLHOKO; Supa gore mokwadi ke ene a dirileng gore moanelwa wa gagwe a itshware ka
tsela e a itshwarang ka yone ka jalo o dirise lefoko mokwadi mo karabong ya gago e.g
(a)mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho mo go…

b) mokwadi o mo supa a le…

Fa kgolo e seyo bolela gore ke eng se se iditseng gore e nne teng

2
DIKAI TSA BOTHO

BOIKARABELO GO TLHOKA BOIKARABELO

1.Senatla 1.Setlhogo

2.Lorato 2.Pelotshetlha

3.Maitseo 3.Sematla

4.Kutlo 4.Lonyatso

5.Tlhaga 5.Tlhogoethata

6.Pelotelele 6.Boikgogomoso

7.Boitshoko 7.Matlhomatlho

8.Boikobo 8.Leferefere

9.Kutlwelobotlhoko

10.Boikanyego

3.SEABE SA BAANELWA MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO

Seabe ke sa botlhokwa se moanelwa a se dirileng mo palong/karolo e moanelwa a e tsereng


go thusa gore ditiragalo di tswelele ka fa di tsweletseng ka teng. Se senoga ka ditsela tse
pedi:

(i)Se se tlhamaletseng:ke fa moanelwa a tsaya karolo ka go itirela ka bo ene

(ii)Se se sa tlhamalalang: moanelwa a tsaya karolo a iphitlhile ka ba bangwe, o ka dira jalo ka


go ba roma, go ntsha kgakololo/tlhagiso /mogopolo mongwe mme ba bangwe ba o
diragatse.

POTSO YA SEABE E ARABIWA JANG?

A go nne le temana ya matseno e e supang gore o bua ka seabe sa ga mang

Ditemana tse di e latelang ke tsone tse di supang seabe. Temana nngwe le nngwe e supe
lefoko la botlhokwa le patilwe ke ditiragalo tse pedi tse di supang seabe (go diragetse ENG le
JANG) A ditiragalo tse di supelwe ka botlalo ka dikgang tse di tswang mo palong.

Mangwe a mafoko a botlhokwa ke a a latelang:

-o na le seabe…

-o rotloeditse…

-o dirile/bakile gore…

-ke ka ntlha ya gagwe…

-fa e ne e se ka ene…

3
-ke motswedi…

-morago ga…

A dirise ka go a kabakanya mo karabong ya gago

4.GO IPAYA MO SEEMONG SA MOANELWA

Potso e, e batla moithuti a kwala karabo ya gagwe jaaka ekete ke ene moanelwa yo go
tweng a ipee mo seemong sa gagwe. Se se raya go re o tshwanetse go sekaseka botshelo
jwa moanelwa yoo ka botlalo o itse tse a di dirileng le maduo a tsone.

Dirisa lefoko “ke” go supa fa o le ene moanelwa yoo

Bua se o se dirileng o se senola ka BOTHO

Ntshetsa botho joo bosupi

Supa maikutlo a gago

Bolela maitemogelo

Ntsha lefoko la kgakololo

Supa boikotlhao (fa e le moanelwa yo o sa dirang sentle) kgotsa kakgolo (fa e le yo o


itshwereng sentle)

O seka wa lebala seemo fa o araba (se laolwa ke potso gore gatwe o bue leng /o le fa kae/go
diragetse eng ka jalo o itebaganye le dintlha tse di felelang fela fa go sone o se ka wa se feta.

ARABA POTSO JAANA.

Mo temaneng ya ntlha a mafo a o a dirisang a supe gore a moanelwa yo o ipeileng mo


seemong sa gagwe o dirile ditiro tse dintle kana tse di maswe.

Go tswa foo dira tse di latelang:

-bolela se o se dirileng o se supa ka BOTHO

-tlhalosa botho joo

-bo tlatse ka bosupi

-bolela se se go diragaletseng (maduo)

ELA TLHOKO: seemo, maikutlo, maitemogelo, kgakololo (o se ka wa di lebala)

A botho bo tsamaelane le tlhaloso/tiragalo, o se ka wa re ke ne ke le matlhomatlho ka ke ne


ke batla go bolaya mosadi wame

5.MAIKUTLO A MOKWADI

Maikutlo a mokwadi a ka senoga gabedi

1.Maikutlo a kgalo –fa mokwadi a sa itumedisiwe ke boitshwaro jwa moanelwa

4
2.Maikutlo a thotloetso-fa a rata boitshwaro jwa moanelwa

DITSELANA TSE DI A SENOLANG

(a)Setlhogo sa palo

Se ka fa mmadi lesedi ka maikutlo, e ka nna sa tsiboso/tlhagiso/kgalemo mabapi le


boitshwaro bongwe kgotsa sa rotloetsa/kgothatsa. Se tshwanetse se tsamaelane le
ditiragalo tsa palo.

2.Teo leina/Leina la moanelwa

Mokwadi o ka neela moanelwa leina mme a felela a dira/diragalelwa ke se leina le se buang,


fa go ntse jalo le a bo le ile mareelelong kajalo le senola maikutlo. E ka nna leina la
phutso/tlaopo/tshotlho fa mokwadi a sa rate mme fa a rata o ka fa moanelwa leina la
kgalaletso/le le supang boitumelo

3.Botho jwa moanelwa

Fa mokwadi a sa rate boitshwaro bongwe o fa moanelwa botho jo bo sa amogelelsegeng /jo


bo reketlang/jo bo makgaphila/jo bo sa eletsegeng/jwa go tlhoka boikarabelo mme a bo rata
o mo fa jo bo amogelesegang/jo bo eletsegang/jo bo siameng/go nna boikarabelo.

4.Kobiso

Ke kganetso ya ditsholofelo/dikeletso/dikakanyo le megopolo kgotsa botshelo jwa


moanelwa ka kakaretso.Se moanelwa a se eletsang kgotsa a se solofela ka botshelo jwa
gagwe se fetoga go nna ka tsela e sele e a ne a sa e solofela.

Moanelwa o ka diragalelwa ke dilo tse di molemo ntswa botshelo jwa gagwe bo sa nna
sentle. Mokwadi o a bo a mmaya mo seemong seo ka lebaka a batla go supa gore o tseega
jang ka boitshwaro jwa moanelwa yoo.

Sekai

1.E re ka mokwadi a sa rate bana ba ba itaolang o ikgatlha ka Bontle a dira gore tsholofelo ya
gagwe ya go nyalwa ke Gauza e fetoge lefela ka Gauza a ne a mo koba a mmolella fa e ne a
na le mosadi le bana ebile ene Bontle e le ngwana a sa mo lekana a ne a intsha bodutu fela
mosadi a sa ntse a ile botsetsing.

2.Mokwadi o rotloetsa bana ba ba sa ineeleng fa ba sotlega ka go tsholetsa Tshetlha a dira


gore le mororo a tsena sekolo ka tshotlego e kgolo a dire bontle thata kwa sekolong e nne
ene a gaisang bana botlhe

5.Puo

Fa mokwadi a sa rate o dirisa puo e e sotlang/mafoko a a botlhoko go bua ka moanelwa


mme fa a rata ka fa a itshwarang ka teng o dirisa
puokgalaletso/kutlwelobotlhoko/thotloetso.Puo e ,e ka tla ka mokwadi kana ka baanelwa ba
bangwe

6.Maduo

5
Mokwadi fa a itumedisiwa ke boitshwaro bongwe, o neela moanelwa maduo a katlego a dira
gore babadi ba mo meletse mathe/ba mo tswele pelo mme fa a sa bo rate o mo fa maduo a
kotlhao e e botlhoko/o mo ralatsa seemo se se bokete go supa fa a kgalemela boitswharo jo
eseng jone joo.

POTSO E ARABIWA JAANA

Temana ya ntlha

-bolela maikutlo

-bolela gore a senolwa ke mang

-nankola ditselana tse di a senolang

Ditemana tse di latelang :

-atolosa maikutlo ka botlalo o tsaya ditselana tse o di boletseng kwa matsenong ka bongwe
ka bongwe.

-supa gore nngwe le nngwe ya ditselana tse e senotse maikutlo jang

-tselana nngwe le nngwe e tladiwe ka bosupi go tswa mo palong

-se lebale lefoko la botlhokwa mo temaneng nngwe le nngwe

-se lebale go supa gore mokwadi ke ene a supang maikutlo

DIKAI TSA MAFOKO A BOTLHOKWA

Fa mokwadi a sa rate boitshwaro bongwe: fa mokwadi a rata:

-ga a rate - o a rata

-ga a rotloetse -o rotloetsa

-ga a bee sebete -o itumelela

-ga a itumelele -o akgola

-o kgatlhanong -o a kgothatsa

-o a kgala

ELA TLHOKO:

-Tselana ya setlhogo: o a se bolela, fa mafoko a sone a tswa mo mafokong mangwe a a


itsegeng mme se sa felela o a se feleletsa,fa e le seane o digela ka go se tlhalosa morago o
se amanye le maikutlo/o supe gore se senola jang maikutlo.

-Mo tselaneng ya maduo, gongwe le gongwe fa o bolela ntlha ya maduo dirisa lefoko le le
supang one maduo ao.

6
Sekai

-1. o mo fa maduo a kotlhao e e botlhoko ya go senyegelwa ke sekolo ….o boa a mo otlhaya


ka go tlhokafalelwa ke tsala ya botlhokwa…

-2. o mo atlegisa ka go dira gore e nne ene moithuti yo o gaisitseng baithuti botlhe mo
sekolong….o boa a mo atlegisa ka go dira gore a fetse dithuto tsa gagwe tsa bongaka a bo a
nna ngaka e e ikematseng ka nosi…

**************DIgela ka go supa gore maduo ao a ama jang moanelwa yoo (ke


**********kotlhao/katlego jang/ke eng o re ke kotlhao /katlego****************

6.THULAGANYO YA DITIRAGALO GO ITEBAGANTSWE LE KGWETLHO, KGOTLHANG,


SETLHOA,MAFOLOGELO LE PHELELO

KGWETLHO

Ke tiragalo ya konokono e e bakileng tse dingwe,tiragalo e ke yone e bakang kgotlhang.

KGOTLHANG;E mefuta meraro

1.kgotlhang e e fa gare ga batho(motho le motho)

2.kgotlhang ya motho le dikakanyo

3.kgotlhang ya motho le tikologo;e ka senoga gabedi-moanelwa o ka dira ditiro tse di


maswe/tse di sa amogelesegeng mtikologong e a tshelelang mo go yone KGOTSA tikologo e
sa amogele moanelwa yoo mme ene a itsaya sentle mo go tweng motho o madimabe.

SETLHOA

Ke fa kgotlhang e felelang teng,dipotso tse mmadi a tlang a di ipotsa di arabesega

MAFOLOGELO

Ke ditiragalo tse di nnang teng morago ga setlhoa

PHELELO

Go tewa seemo sa ditiragalo kwa bokhutlong/go feletse jang.

POTSO E ARABIWA JANG?

Temana ya ntlha

a-bolela kgwetlho ya ditiragalo

-bolela mofuta wa kgotlhang e e senogang

-bolela gore kgotlhang e senolwa ke mang /bo mang

-supa gore o e senola jang

7
Ditemana tse dingwe:

-latedisa kgotlhang ka botlalo o supe se moanelwa a se dirileng go supa kgotlhang eo


-temana nngwe le nngwe e supe tse di latelang:

-Lefoko la botlhokwa

-ntlha (se moanelwa a se dirileng go senola kgotlhang)

-bosupi jwa se moanelwa a se dirileng

-ke eng o re ke kgotlhang/ke kgotlhang jang (o bolela gore tsholofelo mo tikologong e ne e le


eng maba pi lese moanelwa a se dirileng)

-supa fa kgotlhang e felelang teng ebong setlhoa, o bolele gore ke eng o re ke


setlhoa*******************

-supa mafologelo

-bolela phelelo ya ditiragalo

ELA TLHOKO :

-Fa palo e felela fa setlhoeng mme potso e go boditse ka mafologelo le phelelo akgela ka
tsone o bue gore ga diyo le gore ke eng fa di seyo.

-Se lebale gore go na le phelelo ya ditiragalo le phelelo ya kgotlhang, phelelo ya kgotlhang ke


setlhoa,phelelo ya ditiragalo ke seemo kwa bokhutlong/go feletse jang

-dirisa mafoko a botlhokwa(technical terms ) a potso ebong kgwetlho.kgotlhang,setlhoa


mafologelo le phelelo ka jalo potso fa e re se se bakileng ditiragalo o re kgwetlho,fa e re
marara a annileng teng o re kgotlhang,fa e re tharabololo ya marara o re setlhoa.

-fa o atolosa kgotlhang dirisa mafoko a botlhokwa e leng

-kgotlhang e tswelela…

-kgotlhang e a gola…

-kgotlhang e a gakala…

-kgotlhang e bifela pele…

-kgotlhang e tsaya phekelo e sele…

8
7. TSAMAELANO YA DITIRO TSA BAANELWA LE PAKA LE LEFELO

Go tsamaelana ke go nyalana ka jalo potso e e batla go re moithuti a supe gore a mokwadi o


supile tota fa baanelwa ba tshela le go akanya jaaka batho ba ba tsjelang mo go yone poaka
le lefelo tse di boletsweng.

Mefuta ya paka e meraro:

1.Paka ya segologolo

2.Paka ya diphetogo

3.Paka ya sesha

Mefuta ya lefelo e meraro:

1.Motse/Legae

2.Motse setoropo

3. Toropo

POTSO E ARBIWA JANG?

Mo temaneng ya ntlha:

-bolela a tsamaelano e teng

-bolela mofuta wa paka

-bolela mofuta wa lefelo

-bolela leina la lefelo

Ditemana tse dingwe:

-supa tsamaelano ka botlalo

-temana nngwe le nngwe e supe tse di latelang:

-lefoko la botlhokwa

-ntlha (se moanelwa a se dirileng go supa tsamaelano)

-bosupi

-mofuta wa paka kgotsa lefelo

-tshekatsheko

ELA TLHOKO:

-fa potso e batla tsamaelano fa gare ga paka fela se tsenye dintlha tse di amang lefelo

-potso e ka batla o bua ka baanelwa kgotsa moanelwa a le esi, dira se se tshwanetseng.

-go na le dintlha tse di ka supelang paka le lefelo ga mmogo le wena di kopanye jalo mme tse
di itebagantseng le paka e le nosi kgotsa lefelo le le nosi di farologanye le tsone

9
-SUPA TSAMAELANO KA DITIRO E SENG DIDIRISIWA

-SUPA TSAMAELANO, SE RURIFATSE PAKA

Dikai tsa mafoko a botlhokwa a tsamaelano

Fa tsamaelano e le teng: Fa tsamaelano e seyo:

-go a tsamaelana -ga go tsamaelane

-ga go gakgamatse -go a gakgamatsa

-ga go rone -go a rona

-ke tshwanelo -ga go a tshwanela

-ga go tlhabise ditlhong -go tlhabisa ditlhong

-ga go swabise -go a swabisa

8.TSALANO YA DITIRAGALO LE MADUO A TSONE

-Go tsalanya ditiragalo ke go supa gore tiragalo e nngwe e diragala ka lebaka la e nngwe.

-Go tsalanngwa fela ditiragalo tsa botlhokwa eseng sengwe le sengwe mo palong

-A ditiragalo tseo di ntshediwe bosupi

-Go dirisiwa mafoko kgotsa dielana tsa tomagano tse di supang tsalano go lomaganya
ditiragalo tse di tsalanang tseo

Dikai tsa mafoko/dielana tsa tomagano

-morago ga …

-ka ntlha ya …

Go rotloeditse…

-go gwetlhile…

-go bakile…

-go dirile gore…

-go tsetse…

THE END…

10
TSHEKATSHEKO YA MABOKO

POKO
Ke tselana e mmoki a ntshang maikutlo ka yone. O a bo a lemogile sengwe se se siameng kgotsa se
se sa siamang mme a eletsa go se kgaogana le babadi/bareetsi.Baboki ban a le boitsanape jo bo
feteletseng jwa puo,ba tlhopha mafoko gore b fe leboko bokao jo bo tshwanetseng,ba dira jaana ka
tiriso ya dikapuo.

PUO YA POKO

Puo ya poko ke e e loileng e bile e bile e kwenne. E thata ka jaana bokao jwa mafoko mangwe le
dielana dingwe jwa malatsi otlhe bo a bo itlokomolositswe mme mafoko ao le dielana tseo di fiwe
bokao jo bosha. Mabaka a go dirisa puo e e bofitlha mo pokong a ka nna mabedi kana mararo.

(a)Puo e e bofitlha e ngoka moreetsi go bula ditsebe go utlwa se se buiwang. Puo e e aga tswine le
molodi o o monate mo lebokong mme seo se ngoke moreetsi go kgatlhegela go reetsa.

(b)Puo e e fa moreetsi sebaka sa go batlisa bokao jwa se go buiwang ka sone. Mmoki o a bo a bua
sengwe mme a sa papamala,ka jalo puo e e bofitlha e fa moreetsi sebaka sa go akanya,e mo sidila
boboko.

(c)Puo e e bofitlha gape gape e thusa go tlhatswa le go papamatsa bokao. Mmoki o a bo a bua ka
segwe mme a dirisa dipapisi gore bareetsi ba kgone go aga setshwantsho mo ditlhaloganyong tsa
bone mme bokao bo tlhofofale bo papamale.

Puo e e bofitlha e tlisa tiriso ya dikapuo. Dikapuo ke tiriso ya puo ya malatsi otlhe mme fela bokao
jwa malatsi othe bo tlhokomologiwe, puo eo e fiwa bokao jo bosha. Dikapuo di a bo di dirisediwa
one mabaka a a fa godimo. Dingwe tsa dikai tsa dikapuo ke tse di latelang.

1.TSHWANTSHISO

Ke sekapuo se mo go sone selo se bidiwnga ka se sengwe. Sebokiwa se bidiwa ka sengwe ka gore


sebokiwa le selo se se bidiwang ka sone di na le matshwao a a tshwanang.Tshwantshiso e
dirisediwa go gatelela bokao le go bo papamatsa.

Sekai mo lebokong la Bodutu

‘Budutu tau bo mojo a setlhogo

Manokonoko a jone a botlhoko

Ke sefofu le go bona ga bo bone

Ga bo je bo tlhaola bomatlhogojane`

ELA TLHOKO

11
Fa moithuti a tlhalosa leboko go botlhokwa gore a bolele gore tshwantshiso e e dirisitsweng ke efe
mo lebokong (a nopole mafoko a a reng ke tshwantshiso),a tlhalose tshwantshiso ya teng a bo a
bolele gore e diriseditswe eng/e kaya eng.

2.TSHWANTSHANYO

Sekapuo se ke se e leng gore mo go mo go sone sebokiwa se fiwa matshwao a sengwe ka go se


tshwantshanya le sone go dirisiwa lekopanyi la tshwantsho.Mangwe a makopanyi a tshwantsho ke
a ;jaaka,e kete,o kare le “se”.Fela jaaka fa godimo moithuti o tshwanetse go bolela tshwantshanyo/a
e nopole mo lebokong,a e tlhalosa a bo a tlhalosa gore e diriseditswe eng.

Sekai mo lebokong la Motshabi

‘O tshela ka botlhoko jaaka mokgalo

O tshela a phuthilwe jaaka kobo

O paratlela jaaka mokatiswane

Pelo e sekeleditswe ke bogalaka

3.MOTHOFATSO

Mo sekapuong se,sebokiwa se e seng motho se fiwa matshwao a setho kana selo se se sa tsheleng se
bewa mo maemong a botshedi.Fa go biuwa ka sebokiwa,e kete go a bo go tewa motho.Sekapuo se
se atisa go dirisiwa mo mabokong a diphologolo kana dilo tse di sa tsheleng mme di fiwe ditiro le
mekgwa ya setho kana di fiwe ditiro le maemo a ditshidi.Tlhaloganyo,ditiro,mekgwa ke tsa setho e
bile le magokedi a puo ke a setho.Selo se sengwe gape ke gore sebokiwa se ka mothofadiwa ka go
kwala leina la sone ka tlhaka-kgolo kwa tshimologong.Mothofatso e dirisediwa go gatelela le go
papamatsa bokao jwa se go buiwang ka sone,gape e dira gore babadi kana bareetsi ba dumele se se
buiwang ke gore e tlisa tumelesego

ELA TLHOKO

Dikapuo tse di fa godimo d dirisiwa ka mokgwa o o tshwanang ke gore di diridiwa go gatelela bokao
le go bo tlhatswa gore bo papamale. Le fa gontse jalo, go na le dikapuo tse di dirisiwang go kgabisa
leboko.Ee!di papamatsa bokao mme fela tiro kgolo ya tsone ke go kgabisa. Dingwe tsa tsone ke tse
di latelang.

4.TEPATEPANO

Tepatepano ke sekapuo se mo go sone lefoko/seka-seele kana megopolo e e tshwanang e


tlhatlologana mo meleng e e latelanang mme e lebagane.Se se ka diragala kwa tshimologong ya
mela kana kwa bokhutlong jwa yone.Tepatepano e gatelela bokao kana se tota go buiwang ka ga
sone mme gape e kgabisa leboko gore le nne le tswina ya kgogedi.Selo se sengwe ke gore
tepatepano e thusa go tlisa kelelo mo lebokong le go lomaganya bokao jwa leboko.

Sekai:

Mo lebokong la tshwanologo

Sa lekgorokgororo Setswana se ile

12
Sa mmakgomasaboloko ruri se ile

Tepatepano e e tlolanang

Ke fa lefoko/mafoko a a kwa tshimologong ya mola a tshwana /tsamaelana le a a kwa bofelong jwa


mola o o latelang,a a kwa bofelong jwa mola wa ntlha a tsamaelana le a a kwa tshimologong ya mola
o o latelang.

Sekai:

Mosimane o nang le kgomo monna

Monna o se nang le kgomo mosimane

5.KGOKAGANO

Ke fa lefoko/mafoko kama mogopolo o o feleletsang mola o simolola mola o o latelang.

Sekai:

Nkadime pitse ke taboge

Ke taboge ke dumedise mhikwana

6.POELETSO MODUMO/LEFOKO

Ke sekapuo se go boeletswang modumo o le mongwe fela/lefoko go gatelela bokao,se se tlisa lonko


lo lo monate mo lebokong ka go aga molotsananyana wa tswine.Modumo/lefoko le a bo le
boelediwa mo moleng o le mongwe,e le poeletso ya tumammogo(le fa tota ditumanosi di tle di
boelediwe ga go a tlwaelesega).

Sekai: 1. Digagabi tsa metsi dikepe le diketswana`

Sekai: 2. Se ileng se a bo se ile lesilo ke moselatedi

7. PHEFOFATSO

Ke sekapuo se mo go sone mmoki a nolofatsang mafoko a a ka tlhabang maikutlo a moreetsi kgotsa


a mmadi go itsa go tsosa dikgotlhang.Mmoki o tsaya mafoko a a botlha mme a a nolofatse,a dire

gore le fa a tsena ka ditsebe tsa moreetsi e bo e se mo a ka mo mo gogomosang maikutlo.

Sekai mo lebokong la :Ditaola

Fatsheng bogobe o ne a tlile go bo tlogela

ELA TLHOKO

Mmoki ga a re o ne a tlile ‘go swa` ka jaana mafoko ao a ka utlusa moreetsi kana mmadi botlhoko.

13
8.PHETELETSO

Ke sekapuo se mo go sone sebokiwa se godisiwang go feta selekanyo,se godisiwa thata gore bokao
bo papamale.Ka Setswana re ka re ke go tlopela bokao go ‘Okediwa marago ke maje`.

Sekai mo lebokong la ‘Motlhokagae`

Ka bagaetsho ba ne ba ntsenya tlhalefo

a mpopela kgomo ya mmopa ya lela

Namane ya yone ka ba ka e kotela

DINTLHA TSA TSHEKATSHEKO YA LEBOKO

1.Maikutlo a mmoki

2.Molaetsa wa leboko

3.Tlhaloso ya leboko

Maikutlo a mmoki

Maikutlo ke ka fa motho a tseegang ka teng kana ka fa a amegang ka teng tebang le se go buiwang


ka sone.Maikutlo a mmoki ke ka fa a tseegang ka teng ka se a se bokang.E re le ntswa go le thata go
senola maikutlo a mmoki yo o kwalang poko ya gagwe,se se leng teng fela ke gore maikutlo a mmoki
a mefuta mebedi.Ke maikutlo a boitumelo le a kut lobotlhoko.Leboko le le supang boitumelo gantsi
le a galaletsa mme le le supang kutlobotlhoko le kgala ditiro kgotsa mekgwa ya sebokiwa.

E re ka mmoki wa sesha a boka ka tiriso ya mokwalo, o kwalele babadi leboko mme morago babadi
ba le bale ba sa mo lebelela go re o gatelela jang ka fa a tseegang ka teng,ga go na jaaka baithuti ba
ka ntsha maikutlo a mmoki ka tebego ya gagwe.Se baithuti ba ka se dirisang go batlisa mekgwa le
ditsela tse mmoki a tlhagisang maikutlo gagwe ka teng ke;

i)Go reetsa tiriso ya puo/mafoko a a faphegileng mo lebokong.

ii)Go elelelwa se mooki a se buang ka sebokiwa ke gore bomolemo/mosola le tlhoka tshiamo ya


sebokiwa.

iii)setlhogo sa leboko ka dinako tse dingwe se tle se tlhagise maikutlo a mmoki

iv)Diane le maele

MAIKUTLO A BOITUMELO

*A senolwa ke tiriso ya puo e e galaletsang,e reta,e tlotlomatsa go supa fa tota mmoki a boka selo
se a se ratang e bile a se itumeletse.Se a bo se mo kgatlha ,se dira gore a je monate mme a dirise puo
e e monate e tletse boitumelo go supa fa a bua ka selo se se mo jesang monate.

*Botlhokwa le mosola tsa sebokiwa di ka senola boitumelo jo mmoki a bokang a le mo go jone.Fa


mmoki a bua ka botlhokwa le gore sebokiwa se mosola thata a supa fa se mo itumedise ka gore o a
bo a supa bomolemo jwa sone fela le tshiamo.

14
*Ka dinako dingwe setlhogo sa leboko se ka senola maikutlo a boitumelo a mmoki a bokang a le mo
go one. Setlhogo se ka supa kgalaletso, lorato,bontle le tshiamo ka sebokiwa a le mo seemong sa
boitumelo.

MAIKUTLO A KUTLOBOTLHOKO

*A senolwa ke puo e e tletseng bohutsang,e le ya kgalo,tshakgalo kana kgalemo.E ya bo e le puo e e


supang fa mmoki a sa jesiwa monate ke se a bokang ka sone.A sa se rate e bile a utlwala a le
kgatlhanong le sone.Puo ya mmoki e a kgala e bo e kgobe.Puo e e dirisiwang e ka nna e e
tlhamaletseng kana tsone dikapuo.

*Fa go tla botlhokwa le mosola wa sebokiwa mmoki o ka di tlhobosa. Mmoki o ka supa fa sebokiwa
se se na mosola e bile se se botlhokwa.O ka supa fa se se molemo mo bathong kana mo botshelong
jwa ditshedi.Mokgwa o wa go tlhobosa ka go latofatsa bomolemo jwa sebokiwa o supa ditiro tse di
maswe kana tse di botlhoko tsa sebokiwa,go re sebokiwa ga se dire sentle e le go kgala.

*Setlhogo sa leboko le sone se ka senola maikutlo a mmoki. Fa setlhogo se supa fa mmoki a ya go


bua ka selo se se botlhoko,se sa itumediseng kana se se sa siamelang botshelo go supa fa tota a
supa maikutlo a kutlobotlhoko.Maboko a a setlhogo se supang maikutlo a kutlobotlhoko ke a a
tshwanang le a

Maikuelo a Dimumu

Selelo sa tonki,

Maitoko a ntsa jalo jalo.

ELA TLHOKO

Leboko le ka tlhakanya maikutlo a boitumelo le a kutlhobotlhoko

MOLAETSA WA LEBOKO

Molaetsa ke thuto e motho a e tsayang mo lebokong-leboko le ruta eng ka setho.E re le ntswa go ka


nna le matlhasedi mangwe a a ka kaetsang moithuti molaetsa wa leboko se se botlhokwa ke go tsaya
molaetsa wa leboko morago ga go le bala lotlhe e bile a ntsha thuto e e akaretsang leboko
lotlhe.Moithuti o ka batla dintlha tse di tlhagisiwang ke leboko mme a di soboka a ntsha thuto ka
tsone.

ELA TLHOKO

Mo lebokong molaetsa o tshwanetse go akaretsa dintlha tsotlhe tsa leboko,ga go reye gore temana
nngwe le nngwe e na le molaetsa wa yone.Selo se sengwe gape ke gore molaetsa o direlwa batho ka
jalo thuto ya leboko e tshwanetse go itebaganya le setho ka kakaretso e sa itebaganyae le sengwe
selo se se rileng.Fa leboko le bua ka phologolo,kana semela,kana sengwefela se e seng motho thuto
ya lone e direlwa batho ke sone se go botlhokwa go re thuto e itebaganye le motho mme e bile e
akaretsa setho.Tlhaloso ya molaetsa kea yone e ka tlang ya tlatsa molaaetsa ka go tlhalosa go re
sebokiwa se senola molaetsa jang,

Se lebale go dirisa lefoko la botlhokwa la molaetsa mo temaneng nngwe le nngwe

15
GO TLHALOSA LEBOKO

Go tlhalosa leboko ke go bolela se tota leboko le se buang ka tiriso ya puo e e motlhofo. E re ka


leboko le tlhagisa maikutlo ka tiriso ya puo e e faphegileng,e nonne e bile e le bofitlha,ke sone se fa
tota le tlhalosiwa go tshwanelang gore le tlhofofadiwe ka puo e e tlhamaletseng go tlhalosiwa ka
puo e e sa fitlheng bokao.

Fa leboko le tlhalosiwa, go botlhokwa go re motlhalosi /moithuti a elelele go re leboko le bua ka ga


eng le re se rileng .Moithuti o tshwanetse go ela tlhoko dintlha tsedi tshotlhwangng mo lebokong
mme a supe fa e le tsone dikgang tsa leboko ka tiriso ya puo e e motlhofo.

ELA TLHOKO

Go tlhalosa leboko ga s ego le kwalolola ka mafoko a gago kana go bolela se mola mongwe le
mongwe wa leboko o se buang.S ese botlhokwa ke gore moithuti a batlisise se se buiwang mo
ditemaneng mme meono e e tsamaelanang a e bopaganye a e tlhalose golo go le gongwe.Fa a
tlhalosa temana nngwe le nngwe mo bojosing jwa yone, go ka tlisetsa tlhaloso ya gagwe dipoeletso
tsa meono.Selo se sengwe gape ke gore go tlhalosa o eleletse dintlha tsa ditemana go thusa go itsa
go kwalolola leboko le go tsutlaganya megopolo.

Selo se sengwe se se botlhokwa ke gore moithuti a supe fa tota a tlhalosa leboko kana se mmoki a se
buang.Fa o tlhalosa bolela go re se o se kwalang ke dikgang tsa leboko kana tsa mmoki ka go bolela
go re ‘mmoki a re …, mmoki o bolela fa … ,o supa gor… e, o re lemotsh…a `

Go tlhalosa leboko go akaretsa go tsibogela tiriso ya dikapuo go re ke dikapuo dife,fa kae le gore di
diriseditswe eng.Tlhaloso ya dikapuo ga e ikemele e le yosi,e lomganngwa le tlhaloso ya leboko ka le
tsone e le puo ya leboko.

Go tsibogela dikapuo mo tlhalosong ya leboko ke selo se se botlhokwa thata ka e le tsone di


nonotshang,di thatafatsa e bile di kgabisa puo ya poko.Dikapuo ke tsone di dirang go re puo ya poko
e nne bifitlha

Dingwe tsa dipotso tsa poko tse di ka botswang ka leboko le le filweng ke tse di latelang;

1.Tlhalosa leboko le,o nonotshe karabo ka dikinolo le dikapuo.

2.Bolela se o se ithutileng mo lebokong le.

3.Tlhalosa maikutlo a mmoki a bokang a le mo go one.

4.Bolela molaetsa wa leboko o bo o tlhalose gore mmoki o o ntsha a le mo maikutlong a a ntseng


jang.

Lemoga gore potso nngwe le nngwe e na le ka fa e arabiwang ka teng mme go dirisiwa dintlha tsa
leboko.Moithuti o tshwanetse go araba potso nngwe le nngwe ka dintlhana tsa yone le ka tselana
ya one e e e farologanyang le dipotso tse dingwe mme fela go dirisiwa dintlha tsa leboko.

THE END…

16
TSHEKATSHEKO YA DIBUKA
LETLAPA LE LE BOLELE:M.P.BANABOTLHE

1.MOLAETSA

-Ditiro tse di maswe di tsenya mo mathateng

-O senolwa ke Modiri

-Jang-ka go dira ditiro tse di maswe a bo a felela a le mo mathateng

DITIRO TSE DI MASWE;

-O a ratana ntswa e le rre wa lelwapa (o ratana le Tlhoriso ntswa nyetse Khutsafalo)

*Ke tiro e e maswe ka gore o tshwanetse go tlotla lenyalo.

-Ga a tlotle mosadi wa gagwe le bana (a sa mmuise sentle fa pele ga bana, a re a Khutsafalo o ruile
bo nakedi mo lwapeng, a re bana ke dibodu, metlapa, ditladianya

*Tsholofelo ke gore a tlotle lelwapa e bile a rute bana boitshwaro jo bo siameng.

-O phuaganya lelwapa (o fudugela kwa ga Tlhoriso a bo a mo tlhokomela le ngwana wa gagwe Ditso


a sa tlhokomele Kutsafalo le bana ba gagwe )

*Ke tiro e e maswe ka jaana tsholofelo ke gore Modiri jaaka e le rre wa lelwapa a diragatse maikano
a lenyalo a go tlamela mosadi le bana.

-O dumalana le Tlhoriso go bolaya Mofalotsi (o dumela go mo ela kwa ga ngaka ya setso


Gotlhometse, ba mo thapela dirukutlhi go mmolaya, ba thapa bo ngaka Marumo go mmolaya ka
botlhole, ka lesego maano otlhe a retela)

*Re solofela gore a sireletse ngwana wa gagwe

-O adima madi ka boferefere kwa komponeng e a dirang kwa go yone (a re bana ga ba na dijo,
mosadi ga a tsoga ntswa a tseela madi go kgotsofatsa Tlhoriso

*Modiri o tshwanetse ikanyega mo tirisong ya madi a a dirisetsa se a se a adimetseng

-O dumalana le Tlhoriso go folodisa katlego ya ga Mofalotsi ka go mo tsenya ka kgolegelo (o thapa


bo ngaka Marumo go mo tsenyetsa teemane mo bekeng mme ga se ka ga kgonega ya felela mo
bekeng ya ga Ditso ngwana wa ga tlhoriso)

*O tshwanetse go itumelela Katlego ya ngwana wa gagwe.

MATHATA;

-O senyegelwa ke tiro ka a paletswe ke go duela sekoloto sa madi a a a adimileng kwa tirong(o


tlotlela Tlhoriso gore morogo o tshologile)

*Ke mathata ka jaana o tsile go tlhoka se a itshetsang ka sone.

-O gapelwa dilwana tse a di rekileng ka madi a sekoloto (mogapi yo o neng a dira le Modiri fa a tsena
kwa ga Tlhoriso a mmolelela fa bat sile go gapa dilwana tse Modiri a di rekileng ka madi a bone)

17
*O tlhobogiwa ke Tlhoriso

-Tlhoriso o koba Modiri (a re o mo fetotse gopane wa moikapari)

*O a go sotlega ka ga a na kwa a yang go nna teng

-Bo ngaka Marumo ba mo kenta ka molemo wa botseno

*Ke mathata ka go lwala tlhaloganyo ke bolwetsi jo bo sotlang bo dirisa motho dilo a sa ipone

-Khutsafalo o gana go mo itshwarela fa a ile go kopa maitshawarelo a tswa kwa kokelong

*O sotlegela pele ka a sena kwa a nnang teng

-O atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong

*Ga a na kgololesego ya go itirela sepe

2.SEABE SA BATSHAMEKI MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO

1.Modiri

-O na le seabe mo tshotlegong ya ga Khutsafalo le bana ba gagwe ka go ba phuaganya ntswa e le ene


a berekang ba ikantse ene.

-O dirile gore Tlhoriso a gapelwe dilwana ka go sa duele madi a a adimileng kwa komponeng e a
direlang teng.

-O na le seabe mo losong la ga Lesego ka go batla go bolaya Mofalotsi.

-O ipaketse botseno ka go sa duela bo ngaka Marumo.

-Ke motswedi wa tshotlego ya gagwe a tlhoka kwa a nnang teng ka go fuduga mo lwapeng a bo a
ikgatlha a re o tla a boa e le setopo

-O rotloeditse Katlego ya ga Mofalotsi ka go sa mo tlhokomela.

2.Tlhoriso

-O baketse Khutsafalo tshotlego ka go mo tseela monna.

-O na le seabe mo go tshwarweng ga ga Ditso ka go senyetsa Mofalotsi bokamoso.

-O rotloeditse Katlego ya ga Mofalotsi ka go tlogedisa Modiri lelwapa.

-O ipaketse go gapelwa dilwana ka go batla madi mo go Modiri bosigo le motshegare.

-O ipileditse go atlholwa dikgomo tse di ferang bobedi/kgolegelo ya dingwaga tse pedi ka go tseela
Khutsafalo monna .

3.Mofalotsi

-O ntshitse lelwapa la ga bone mo tshotlegong ka go dira ka natla kwa sekolong.

-O ipaketse Katlego ka go tlhoafalela dithuto a sa ineele mo tshotlegong ya lelwapa la ga bone.

-O tliseditse Modiri pholo ka go sa ipusulosetsa.

18
4.Khutsafalo

-O dirile gore Mofalotsi a atlege ka go mo rotloetsa fa thuto e le yone e ka mo ntshang mo


tshotlegong.

-O intshitse mo tshotlegong ka go dumalana le kgakololo ya tsala ya gagwe Kgololo.

-O rotloeditse go sotlegela pele ga ga Modiri ka go gana go mo itshwarela.

3.A MOKWADI O KGONNE GO SUPA PHETOGO YA BOTHO JWA GA MODIRI?

-Mokwadi ga kgone go supa phetogo ya botho jwa ga Modiri; ga a supa kwelotlase le kgolo mme o
supile itharabologelo.

-O supile Modiri go tswa tshimologong a sena boikarabelo le fa go ntse jalo a mo fa sebaka sa go


lemoga a bo a ikotlhaela phoso e a e di dirileng.Kwa bokhutlong,mokwadi ga mo fa sebaka sa go
supa ka ditiro fa a fetogile.

BOTHO:

O mosupa a le leferefere

-O adima madi kwa tirong ya gagwe ka leina la bana le mosadi, a re bana ba bolaiwa ke tlala mosadi
ga a tsoga.

-Matlhomatlho-o nyetse Khutsafalo mme o ratana le Tlhoriso.

-O setlhogo-dumalana le Tlhoriso go ipolaela ngwana (Mofalotsi)

-Ga a na tebelopele-o tlhoka go lemoga gore o itlhatlaganyetsa dikoloto go ka mo senyetsa tiro

-O sematla-o tswa mo lwapeng a re o imelwa ke go tlhokomelela banna ba bangwe bana a bua ka


Mofalotsi le Moreetsi mme a bo a ya go tlhokomela ngwana wa ga Tlhoriso e bong Ditso.

-Ga a na tlotlo-ga a buise Khutsafalo sentle fa pele ga bana

4.IPEE MO SEEEMONG SA GA MODIRI KA NAKO YA FA A ATLHOLELWA KGOLEGELO MME O BUE SE


A NE A KA SE BUA

Nna Modiri, ke ikotlhaela masula otlhe a ke a dirileng. Ke lemoga fa ke ikgoetse dira mme ebile ke
ikotlhaela seo.Go botlhoko mo go nna ka ke lebanwe ke kgolegelo ka ntlha ya ditiro tsame tse di
duleng mo tseleng.

BOTHO:

-Ke ne ke le setlhogo (ke batla go ipolaela ngwana)

-Ke nnile sematla (ke itetlelela go gogwa ka tsebe ke Tlhoriso a ntirisa dilo tse di maswe)

-Ke le leferefere (ke adima mad kwa tirong ka leina la mosadi le bana)

-Ke le matlhomatlho (ke ratana le Tlhoriso ntswa ke nyetse Khutsafalo)

-Ke le boikgogomoso

-Ke se na tebelopele

-Ke tlhokile botho/maitseo

19
MADUO:

-Ke senyegetswe ke tiro ka ke paletswe ke go busa madi a ke ne ke a adimile

-Ke gapetswe dilwana, ke paletswe ke go duela sekoloto sa kwa tirong jaanong ba ituela ka tsone

-Tlhoriso o nkobile mo ga gagwe a re ke dirile gore a gapelwe dilwana, ke mo fetotse gopane wa


moikapari

-Khutsafalo o ganne go intshwarela a nkamogela ka k emo sotlile ka bana ke mo phuagantsebile ke


ikgatlha ke re ke tla a tla mo lwapeng fela ke le setopo

-Ke a sotlega ga ke na kwa ke nnang teng

-Ke lebile kgolegelo ka matlho, ke atlholetswe botshelo jotlhe mo kgolegelong

Se lebale mafoko a a supang maitemogelo:

- Ke moipoolai yo o sa leleleng
- Ke itlhabile ka thipoa mpeng
- Ke ipaketse mathata
e.t.c

5.MAIKUTLO A MOKWADI KA BORRE BA BA PHUAGANYANG MALWAPA

Mokwadi o kgala borre ba ba phuaganyang malwapa, o dirisitse Modiri e le sekai sa borre ba.
Ditselana tse di dirisitsweng go senola maikutlo a ke setlhogo sa motshameko.Botho jwa
moanelwa,puo,kobiso le maduo.

1.Setlhogo sa motshameko

- se se reng Letlapa le le bolele,fa se feletse ke botshelo ke letlapa le le bolele bo a reledisa.go tewa


gore motho fa a sena kelelelo mo botshelong o felela a tsene mo mathateng.

-ke setlhogo sa tsibogo ,ka sone mokwadi o tlhagisa babadi go ikela tlhoko gore ba se ka ba etsa
Modiri ba tlhoka kelelelo mo botshelong ka ba ka felela ba na le mathata.

- o tlhokilel kelelelo jang:-

*o phuaganya mosadi (Khutsafalo)le bana a ya go nna le nyatsi ebong Tlhoriso a bo a ikgatlha a re ga


a kitla a tsena ka kgoro ya lelwapa la ga Khutsafalo o tla a tla fela e le setopo

*o dumalana le Tlhoriso go ipolalea ngwana-Mofalotsi

e.t.c

-botshelo bo mo reledisa jang:

*Tlhoriso o mo koba mo ga gagwe, a bo a sotlega a sena kwa a nnang teng mme a boela kwa go
Khutsafalo a re o ya go ikopa maitshwarelo mme Khutsafalo a mog ana.

*o a tlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong ka molato wa go batla go senyetsa Mofalotsi


bokamoso le go amega mo losong lwa ga ngaka Marumo

20
2.Botho jwa moanelwa

-jo bo sa amogelesegeng/jo bo makgaphila/jo bo maswe/jo bo reketlang:

*o matlhomatlho

*o sematla

*o leferefere

*o setlhogo

*o lonyatso

*ga a na tebelopele

3.Puo

-ya tshotlo ,e tlaka batshameki ba bangwe:

*Khutsafalo a re ke phoko ya basadi botlhe, ke khibeng ga ke tswe. O mo sotla tota ka mafoko a ,a a


supa fa Modiri a rata basadi ke sone se a tswelelang a re o bomelwa fela mo momenong wa …?

*Moreetsi a o mo sotla a re ke tau e e mariri a supa fa a nna ka go ba garumela ebile ba mo tshaba.

4.Kobiso

-ditsholofelo tsa ga Modiri di fetoga lefela/ga di nne ka fa a ne a eleditse ka teng:

*mokwadi o ikgatlha ka ene a dira gore a fuduge kwa ga Khutsafalo ka makgakga a re ga a na go


tlhola a tsena teng, o tla a tla fela e le setopo mme botshelo jwa mo fetola motlhanka wa mafoko a
gagwe ka a ne a a boelea teng a re o ya go ikopa maitshwarelo , a sotlegile a sena kwa a nnang teng
morago ga go alafiwa botseno ke Mofalotsi

*o ne a itsholofeditse go tshela sentle kwa ga Tlhoriso mme mokwadi a mo ketefaletsa botshelo a


dira gore Tlhoriso a mmatle madi bosigo le motshegare a bo a bua fa a ne a itheile a re o tshaba
bokete kante o ya kwa go jo bo gaisang ke sone se a reng “e rile ke tswa mo pitseng e e belang ka
wela mo isong”

*o bua fa a se na go tlhoka thuso epe mo go Khutsafalo le bana mme o felela a alafiwa ke Mofalotsi
ka nako ya fa a tsenwan ebile o bitsa Mofalotsi ngaka e e tlotlegang

5. Maduo

-a a botlhoko a kotlhao:

*o senyegelwa ke tiro

*o gapelwa dithoto

*Tlhoriso o mo koba mo lwapeng

*Khutsafalo o gana go mo itshwarela

*bo ngaka Marumo bam o dira setseno

* o atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong

21
6 THULAGANYO YA DITIRAGALO GO ITEBAGANTSWE LE SE SE DI

TSHEKATSHEKO YA MOLTSWASELE II: L. D RADITLADI

1.MOLAETSA

22
Molaetsa wa motshameko wa Motswasele II ke gore ditiro tse di maswe di tsenya mio mathateng.O
senolwa ke kgosi Motswasele ka ke ene ne a dira ditiro tse di sa siamang mme a felela a le mo
mathateng a a seng kana ka sepe.

DITIRO TSE DI MASWE ;

1.O reetsa dikgakololo tse di sa siamang tsa bagakolodi ba gagwe (Molotlanyi, Diratsagae le
Leapeetswe, Molotlhanyi a re a buse ka ntswe la tladi a tshabege mme ka nnete Motswasele a busa
ka kgokgontsho.Ka nnete o siya le dikgakololo tse ka o felela a laola gore bana ba ga Ramodi ba
bolawe ba sena ope molato.

*ke tiro e e maswe ka gore jaaka Kgosi o tshwanetse go bo a le mo maemong a go lemoga


bomolelmo le bosula ka jalo a dire se se siameng eseng go rotloediwa go dira bosula ke batho ba a
ba eteletseng pele.

2.O laola dipolao tsa morafe (polao ya ga mogatsa-Moilwe a bolaelwa dikgomo tsa gagwe, polao ya
ga Maleke gatwe o tshwara diphuthego tsa masigo o batla go thankgola puso ya ga Motswasele, go
laola polao ya ga Moruakgomo le fa e sa kgonagala ka barongwa ba ne ba mmolelela gore ga twe
ba mmolae mme bone ba sa ikaelela go dira jalo-o bolaelwa botlhale le tshiamo mo bathong.

*ke ene a tshwanetseng go sireletsa morafe wa gagwe

3.Ga a reetse dikgakololo tse di molemo (Sejo a re go busa ga se go bolaya fa go na le bothata mo


Motseng bo rarabololwe ka puisano-“itebe diatla…”o fetola Sejo a re o a mo tena ebile ga a kake a
mo ruta go busa.

*Bo Sejo ke sika lwa bogosi, ba ka se mo lese a wela ka lemena ka jalo o tshwanetse go ba ikanya

4.O tseela morafe ditsabone (o romile barongwa go gapela mogatse Moilwe dikgomo fa a gana ka
tsone a bolawe mme ba dira jaaka go laotswe, ba bolaela mogatsa Moilwe fa kgorong ya lesaka la
dikgomo tsa gagwe dikgomo tsa tlola setopo sa gagwe foo,barongwa ba gapa dikgomo.)

*ke ene a tshwanetseng go rotloeta morafe go itirela

5. Ga a tlotle bagolo (O buisa Sejo jaaka a batla a re a tswe fa go ene o a mo tena ebile ga a ka ke a
mo ruta go busa)

*O tshwanetse go tlotla Sejo ka e le mogolo ebile e le wa losika lwa bogosi

6. O gana go agisana le marafe (lekoko la ga Moruakgomo le romile Segokotlo go re go bewe


marumo fatshe, a pala a reSegokotlo a buse phetolo ya go re ba tla kopana kwa tlhabanong)

*Jaaka moeteledipele o tshwanetse go bontsha morafe o a o eteletseng pele gore ntwa kgolo ke ya
molomo.

MATHATA ;

23
1.Morafe o a mo tlhoboga (ba bona fa e se moeteledipele wa nnete ka jalo morafe o kgaogana
makgamu, la gagwe Motswasele le la ga Moruakgomo la ba lwela kgololesego)

*Ke mathata ka gore ga a sa tlhole a na le sereti jaaka kgosi

2. Barongwa ba a mo tlhanogela (ba lemoga fa ba dirisiwa ditiro tse di maswe tsa go bolaya batho,
wa ntlha tlhanoga fa gotwe ba ye go gapela mogatse Moilwe dikgomo ba mmolae fa a gana ka
tsone)

*O tlile go tlhoka ba a ba romang ditiro tsa barongwa

3. Molotlhanyi o a mo itlhotlhora (ka nako ya ntwa a bo a tshabela kwa lekgamung la ga


Moruakgomo a feta a ba bolelela ka fa Motswasele a ipaakanyeditseng ntwa ka teng, ba bangwe ba
tlhanoga fa gotwe ba ye go bolaya Moruakgomo, ba tlhagisa Moruakgomo ka seo mme ba mo itsese
fa ba sena maikaelelo a go mmolaya )

*Ga ana yo o tlileng go mo ema nokeng

4. Go nna le ntwa mo Motseng, mephato ya gagwe e e fenngwa(Diratsagae o bolawa ke Segokotlo


mme mophato wa gagwe wa siya,Modise o bolelela Motswasele gore mophato wa baba ga o bolae o
a fofora,

*Ga a sireletsega

5. O bolawa kwa ntweng (ke Moruakgomo)

*O latlhegetswe ke botshelo jo bo tlang gangwefela

2.THULAGANYO YA DITIRAGALO GO ITEBAGANTSWE LE KGWETLHO,


KGOTLHANG,SETLHOA ,MAFOLOGELO LE PHELELO

KGWETLHO: Go reetsa d ikgakololo tse di sa siamang tsa bagakolodi ba gagwe ga ga Motswasele

KGOTLHANG: Ke ya motho le tikologo, e e senolwang ke Kgosi Motswasele ka go dira ditiro tse di sa


amogelesegeng mo tikologong.

DINTLHA:

1. O laola dipolao tsa morafe (Maleke, Moruakgomo le mogatsa Moilwe)

*Tsholofelo ke gore a sireletse morafe wa gagwe.

2.O gana dikgakololo tse di siameng (tsa ga Sejo)

*Tsholofelo ke gore a sekegele morafe tsebe ka go sa dira jalo go ka mmakela mathata.

3. Ga a tlotle bagolo. (o buisa Sejo jaaka a batla,a re o a mo tena)

*O tshwanetse go nna sekai sa morafe gore maitseo ke namane ya moroba.

4. O tseela morafe ditsabone ( o laotse gore mogatsa Moilwe a gapelwe dikgomo)

*O tshwanetse go rotloetsa morafe go itirela.

5.O gana go agisana le morafe( lekoko la ga Moruakgomo le romile Segokoltlo gore go bewe
marumo fatshe , a gana a re bat la kopana kwa tlhabanong)

24
*O tshwanetse go ruta morafe gore ntwa kgolo ke ya molomo.

SETLHOA

Kgotlhang e felela fa losong lwa ga Motswasele a bolawa ke Moruakgomo kwa ntweng ka segai, go
ne fa ke sone setlhoa sa motshameko.

MAFOLOGELO

Mokwadi ga a supa mafologelo, ga go na ditiragalo dipe morago ga loso lwa g Kgosi


Motswasele.Motshameko o feletse fa setlhoeng fa Motswasele a tlhokafala.

PHELELO

Motshameko o feletse fa setlhoeng fa Motswasele a tlhokafala mme tsholofelo ke gore ka


mokgokgontshi a dule mo gare ga morafe wa Bakwena ba tla sala ba tshela ka kagiso.

3. A MOKWADI O KGONNE GO SUPA PHETOGO YA BOTHO MO GO MOTSWASELE

Mokwadi ga a kgona go supa phetogo ya botho mo go Motswasele ka a mo supile kwa tshimologong


a dira ditiro tse di maswe ka jalo ga a na kwelotlase. Le fa go ntse jalo o kgonne go supa
itharabologelo ka o mo file sebaka` sa go itemoga a bo a ikotlhaela phoso e a e dirileng mme ga
a kgona go supa kgolo ka a sa mo fa sebaka sa go supa ka ditiro gore o fetogile.

BOTHO:

1.O setlhogo (dipolao tsa morafe-loso lwa ga Maleke, mogatsa Moilwe a bolaelwa dikgomo tsa
gagwe)

2.O tlhogoethata (o gana dikgakololo tsa ga Sejo tsa gore a buse morafe sentle fa go na le mathata a
rarabololwe ka puisano)

3.O sematla (o raelwa ke bagakolodi (Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe), ba re a buse ka


kgokgontsho morafe o mo tshabe ka nnete a laola gore bana ba ga Ramodi ba bolawe)

4.O boikgogomoso /ga a na tebelopele (o gana go agisana le morafefa go romilwe Segokotlo gore a
ye go kopa kagisano)

5.O pelo tshetlha (o tseela morafe ditsabone-dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe)

6.O lonyatso (ga a tlotle bagolo-o buisa Sejo jaaka a batla a re o a mo tena ga a ka ke a mor uta
bogosi)

ITHARABOLOGELO

Mokwadi o mo supa a itharabologelwa fa go le ntwa, a tlhabiwa ka lerumo ke Moruakgomo a bo a


lemoga gore o paletswe ke boeteledipele, a ikotlhaela go gana go reetsa kgakololo ya ga Sejo fa a mo
tlhagisa gore a buse morafe sentle, ke sone se a felelang a re “Ke baa ke gakologelwa mafoko a ga
Sejo a Monametsi”

KGOLO

25
Mokwadi ga a kgona go supa kgolo ka a sa fa Motswasele sebaka sa go itshupa ka ditiro gore o
fetogile ka a ne a tlhokafala kwa ntweng a bolawa ke Moruakgomo ka segai.

4.IPEE MO SEEMONG SA GA MOTSWA SELE KA NAKO YA NTWA MME O BUE SE A NE A KA SE BUA

Ke le Motswasele, ke moipolai yo o sa lelelweng, ke itsentse mo mathateng ka ditiro tsame tse di sa


siamang. Gompieno jaana ke mo kutlobotlhokong e e seng kana ka sepe ka ke lebanwe ke loso mo
ntweng e e bakilweng ke nna.

BOTHO:

-Ke nnile setlhogo, ke bolaile Maleke a sena malato ope.

-ke ne ke le tlhogoethata, ke ganne go reetsa Sejo a nkgakolola go busa morafe sentle.

-ke nnile sematla, ka raelwa ke bagakolodi bame, Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe ba


nthotloetsa go kgokgontsha morafe.

-ke ne ke le boikgogomoso, ke gana peo marumo fatshe, ke re go iwe ntweng.

-ke ne ke le pelotshetlha, ka roma barongwa bame go gapa dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe.

-ke ne ke le lonyatso, ke buisa Sejo ka fa ke ratang ka teng, ke re o a ntena ntswa e le mogolo.

MADUO:

-ke tlhobogilwe ke morafe

-barongwa ba mphuagantse

-Molotlhanyi o ntlhanogetse

-ntwa e bolotse, mephato yame e a fenngwa

-ke lebanwe ke loso

Mafoko a a supang maitemogolo:

*ke moipolai yo o sa lelelweng

*ke ikotlhaela…

*Ke lemoga fa ke ipolaile ka go…

*ke ipaketse mathata…

*ke itlhabile ka thipa mpeng

*ke fa ga re ga naka tsa na re e.t.c

Kwa bokhutlong ke gakolola baeteledipele gore itseng fa go busa e se go kgokgontsha batho, nnang
le boikarabelo lo buse morafe sentle. Bogosi ga se go gataka batho ka dinao ka jalo dikologang
bodiba jo bo jeleng wa ga eno,se weleng ka lemena le ke wetseng ka lone.

26
5.SEABE SA BATSHAMEKI MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO

1. MOTSWASELE

Motswasele jaaka motshameki mogolo wa motshameko wa Motswasele II, o nnile le sabe se segolo
thata mo tsweledisong ya ditiragalo,o kgaogantse morafe,o bakile loso lwa ga mogatse Moilwe,o
itlhobogisitse barongwa,o bakile loso lwa ga Maleke,o dirile gore bana ba ga Ramodi ba kobiwe mo
Motseng,o ipaketse loso

DINTLHA;

O DIRILE ENG JANG BOSUPI


-O kgaogantse morafe Ka puso ya gagwe e e sa Motswasele o ne a sa buse
lolamang sentle, a kgokgontsha morafe
ka go ba tseela loruo le go
bolaya jaaka a laotse gore
mogatsa Moilwe a gapelwe
dikgomo a,a laola le polao ya
ga Maleke. Morafe wa lemoga
fa e se moeteledipele yo o
lolameng wa kgaogana
gabedi ,lekoko la ga kgosi le
lekoko la ba lwela kgololesego
la ga Moruakgomo.
-O bakile loso lwaga Mogatsa- Ka go batla dikgomo tsa gagwe O ne a roma barongwa gore ba
Moilwe ye go gapa dikgomo tsa ga
mogatsa -Moilwe fa a gana ka
tsone ba mmolae, ba rongwa
ba diragatsa thomo e,ya re
mogatsa moilwe a re o thibela
dikgomo tsa gagwe ba
mmolaela mo kgorong ya
lesaka setopo sa gagwe sa
tlolakwa ke dikgomo foo.
- rttttttttt O dirile gore -ka go tlhoka boikarabelo Kgosi Motswasele o ne a sa
barongwa ba mo tlhoboge buse sentle a dirisa barongwa
ditiro tsa bo setlhogo jaaka go
ba roma go gapela morafe
ditsabone le go
bolaya,barongwa ba ne ba
lemoga fa ba dirisiwa bo baba
mme ba simolola go tlhoboga
Kgosi. Morongwa wa ntlha a
mo phuaganya ga gotwe ba ye
go bolaya mogatsa Moilwe fa
ba bangwe ba mo tlhanogela
fa a rile ba ye go boalaya
Moruakgomo, ba ganana le
thomo eo b abo ba tlhagisa

27
Moruakgomo ka bosula joo.
-Ke motswedi wa loso lwa ga Ka go reetsa maaka a ga Molotlhanyi o ne a akela
Maleke Molotlhanyi Maleke kwa kgosing a re o
tshwara diphuthego tsa
masigo tsa go batla go ntsha
Motswasele mo pusong, se se
ne sa gakatsa Kgosi mo a ne a
laola gore go bidiwe ngaka e
tle go laola mme ya dira gore
Maleke a bolawe ka ntsa e
khunou ya ga Diratsagae.Bo
Moruakgomo le Segokotlo ba
ne ba fitlhela tlhogo ya gawe e
kgaotswe ke ntsa ba tsaya
setopo go ya go se bontsha
mephato ya ga Maleke go mo
itlhobogela.
-O dirile gore ba na ba ga Ka go batla go ba bolaya Morago ga gore Molotlhanyi a
Ramodi ba kobiwe mo akele bana ba ga Ramodi a re
Motseng ba nyatsa Kgosi a bo a mo
rotloetsa go busa ka
kgokgontsha, ka nnete
Motswasele o ne a roma
bagakolodi go ya go bolaya
bana re ba ga Ramodi,ka
lesego ba se ka ba ba bolaya .
Ba ne b aba keteka, ba ba
tshubela matlo ba bo ba ba
koba mo Motseng.
-O ipaketse loso Ka go gana go agisana le Lekoko la ga Moruakgomo la
morafe ba lwela kgololesego le ne la
dumalana go roma Segokotlo
kwa go Motswasele go ya go
kopa peo marumo fatshe mme
Kgosi a gana a re bat la kopana
kwa ntweng. Ga iwa ntweng
kwa a neng a rakana le
Moruakgomo mme a mo
tlhaba ka segai a tlhokafalela
gone foo.

SEABE SA GA MOLOTLHANYI

28
-O tlhobogisitse Motswasele morafe ka go mo rotloetsa go sa busa sentle (a re Kgosi e busa ka ntswe
la tladi e tshabege)

-O na le seabe mo losong lwa ga Maleke ka go mo akela kwa kgosing (a re Maleke o tshwara


diphuthego tsa masigo o batla go thankgola Motswasele)

-O dirile gore bana ba ga Ramodi ba kobiwe mo Motseng ka go ba akela kwa kgosing (a re ba


nyatsa ;Kgosi, ba re ga a buse sentle)

-O na le seabe mo phenyong ya lekoko la ga Moruakgomo ka go phuaganya Motswasele a bo a


tshabela kwa go Moruakgomo. (o tlhanogela Motswasele ka nako ya ntwa a setse a filwe mophato
go o etelelapele mme a feta a bolelela lekoko la ga Moruakgomo ka fa Kgosi a ipaakanyediseng ka
teng ntwa/ka fa a abileng letsholo ka teng.

SEABE SA GA MORUAKGOMO

-O bakile loso lwa ga Motswasele ka go mo tlhaba ka segai kwa ntweng (go lwelwa kgololesego,
Motswasele o rakana le Moruakgomo, ba a lwa mme Moruakgomo a mo tlhaba ka segai a wa a
tlhokafala.)

-O lereditse bakwena kgololosego ka go bolotsa ntwa ya go lwela kgololesego (mo rafe wa bakwena
o ne a lapisitswe ke puso ya kgokgontsho mme Maleke a kopa Moruakgomo go mo thusa mo go
lweleng kgololesego. Morago ga loso lwa ga Maleke, Moruakgomo a diragatsa kopo eo mme ntwa ya
bolola, mephato ya ga Motswasele ya fenngwa le ene ka sebele Motswasele a bolawa ka jalomre
solofela fa Bkawena ba btla sala ba tshela ka kagiso le kgololesego ka mokgokgontshi a tlositswe.

-O dirile go re mephato ya gagwe e fenye ntwa ka botlhale jwa gagwe(

6. MAIKUTLO A MOKWADI KE AFE KA DIKGOSI TSE DI BUSANG KA KGOKGONTSHO?

Maikutlo a mokwadi ka dikgosi tse di busang ka kgokgontsho ke a kgalo. O dirisitse Kgosi


Motswasele e le sekai sa dikgosi tseo. Mokwadi o senotse maikutlo a ka teo-leina, puo, kobiso,
botho le maduo.

*TEO LEINA: E re ka mokwadi a le kgatlhanong le bogosi jo bo kgokgontshang o file motshameki


leina a re Motswasele le e leng leina le le maswe la tshotlo ebile le ile mareelelong ka Kgosi
Motswasele a busa fela jaaka motho a itswela go sele a sa amane gope le morafe wa
Bakwena.Jaaka ekete Moruakgomo ga se monnawe o mo romelela barongwa gore ba mmolae le
ntswa ba ne ba se ka ba dira jalo, ba tlhagisitse Moruakgomo ka seo. O romelela bana ba ga
Ramodi bagakolodi, (bo Molotlhanyi, Diratsagae le Leapeetswe) go ba bolaya ntswa e le losika lwa
gagwe. Bagakolodi ba ne ba se ka ba diragatsa thomo eo mme ba ba keteka fela ba ba tshubela
matlo le go ba koba mo Motseng.

*Mokwadi o dirisitse PUO ya tshotlo e tla ka batshameki ba bangwe go supa fa a sa rate dikgosi tse
di busang ka kgokgontsho. O dira gore Moruakgomo a sotle Motswasele a re ke moitimokanyi a
raya gore ke motho fela yo o sa itlhaloganyeng,o boa gape amo sotla a re ke setshosi a raya gore
o tshosa ka meroro,o a tshabega mme a sena mosola.Sebolaile ene o a mo sotla ka mafoko a re ke
sematla se se raya gore ke Kgosi fela e e senang tlhaloganyo ka a bolaya batho ba ba botlhokwa mo
bokamosong jwa gagwe.Mogatsa Moilwe a re ke Kgosi e e sefatlha, se se raya gore ga a sisimoge
sepe ke jaaka a sa tshabe go roma barongwa go gapela mogatsa Moilwe dikgomo ntswa a na le tsa
gagwe.

*KOBISO; se Motswasele a ne a se solofetse se fetogile kganetso

29
-O bolaya ba ga gabo a ipolelela gore o sireletsa bogosi mme a felela a le mo mathateng ka ntlha ya
se (morafe o a mo tlhoboga, ntwa e a bolola)

-O ne a itsholofeditse gore batlhanka batla mo tlamela/sireletsa ka nako ya ntwa segolo jang


Molotlhanyi mme ga se ka ga nna jalo ka Molotlhanyi a ne a mo phuaganya fa ntwa e bolola a siela
kwa go Moruakgomo.

*BOTHO (JO BO SA AMOGELESEGENG/JO BO MASWE/JO BO MAKGAPHILA/JO BO REKETLANG.)

-Setlhogo

-Lonyatso

-Pelotshetlha

-Boikgogomoso

-Tlhogoethata

*Motswasele o feletse a bolailwe ke Moruakgomo kwa ntweng ka ntlha ya botho jo bo makgaphila


jwa gagwe.

MADUO ( A KOTLAHO)

-O mo otlhaya ka go tlhobogiwa ke morafe

-O otlhaiwa gape ka go tlhanogelwa ke barongwa

-O boa a mo otlhaya ka go tlhanogelwa ke mogakolodi wa gagwe e bong Molotlhanyi

-Go nna le ntwa, mephato ya gagwe e fenngwa

-Kotlhao e tona ebile e le ya bofelo ke ya loso,a bolawa ke Moruakgomo kwa ntweng

7.TSAMAELANO YA DITIRO TSA BATSHAMEKI BA MOTSWASELE LE PAKA LE LEFELO LA DITIRAGALO

Ditiro tsa batshameki di tsamaelana le paka le lefelo tse ba beilweng mo go tsone. Paka ke ya
segologolo fa lefelo e le motse e bong kwa Mokwena.

DINTLHA:

1.Bogosi bo a tsalelwa ( Moruakgomo o dumela fa bogosi bo lebane Motswasele ka jalo a sa


tshwanela go bo mo amoga.

Go a tshwanela go bona Moruakgomo a sa dumalane le Molotlhanyi fa a mo rotloetsa go lwela


bogosi a folose Motswasele mo setilong ka a dumela gore bogosi joo bo lebane Motswasele
ngwana wa ga Legwale yo o tlhokofatseng e ne ele Kgosi ebile e le rraagwemogolo Moruakgomo.O
dira jaana ka a rotloeiwa ke paka e a mo go yone ya segologolo e go dumelwang fa bogosi bo
tsalelwa.

2. Tiriso ya bongaka jwa setso-polao ya ga Malake

Mo pakeng ya segologolo, go dumelwa thata mo bongakeng jwa setso ka jalo ga go rone go bona
Kgosi Motswasele a laola gore maleke a bolawe ka tiriso ya bongaka jwa Setswana

3. Loruo lo fa seriti-Motswasele o eletsa dikgomo tsa ga mogatse-Moilwe

30
4.Dikgotlhang tsa bogosi di rarabololwa ka dintwa tse di eteletsweng pele ke mephato

5. Kgosi e na le dithata tse di feteletseng, lentswe la Kgosi le agelwa mosako (le a reediwa le bo le
diragadiwa)

6.Ditumelo tsa Setswana jaaka botlhodi (Senese o supa gore fa lerubisi le lala le lela bosigo jotlhe ke
sesupo sa gore go tla nna le kutlobotlhoko mo Motseng )

8.TSALANO YA DITIRAGALO LE MADUO A TSONE

-Maaka a ga Molotlhanyi

-Go laola polao ya bana ba ga Ramodi ga ga Motswasele mme ba falola

-Motswasele o gakala le go feta, o laola gore mogatsa-Moilwe a gapelwe dikgomo fa a gana ka tsone
a a bolawe (o feletse a bolaetswe fa kgorong ya lesaka la dikgomo, setopo sa gagwe sa tlolwa ke
dikgomo foo.)

-Maleke o kopana le Moruakgomo go buisana gore ba ka intsha jang mo kgokgontshong e (o kopa


Moruakgomo go etelela mephato pele mo kgannyeng e )

-Molotlhanyi o akela Maleke kwa go Motswasele

Phuthego ya kgotla, maikaelelo ke go ba kgwathisa (Moruakgomo le Sejo)

-Moruakgomo o dumalana le Maleke

-Mo letlhakoreng le lengwe lekoko la ga Motswasele le rera polao ya ga Maleke ( o bolawa ka tiriso
ya ngaka-ntsa ya ga Diratsagae)

-Kgakalo ya ga Moruakgomo (kopo ya kgololesego, peo marumo fatshe, Motswasele o a gana a re ba


tla kopana kwa ntweng)

-Moruakgomo o baakanya mephato, ntwa e a bolola

-Loso lwa ga Motsawasele

Sekai:

Molotlhanyi o bolelela Kgosi motswasele gore ban aba ga Ramodi ba a mo nyatsa ebile bare ga
abuse sentle.Maaka a ga Molotlhanyi a dira gore Kgosi Motswasele a laole polao ya bana ba ga
Ramodi ka jalo Motswasele a tenega a bo a roma bagakolodi ba gagwe bo Molotlhanyi, Diratsagae
le Leapeetswe go ya go bolaya bana ba ga Ramodi ka lesego ba falola ka ba ne ba ketekwa fela, ba
tshubelwa matlo ba bo ba kobiwa mo Motseng.

Ka ntlha ya go falola mo ga bana ba ga Ramodi, Motswasele shakgala le go feta a bo a laola go re


mogatsa Moilwe a bolawe. O ne a roma barongwa ba gagwe go ya go gapa dikgomo tsa ga mogatsa
Moilwe a bo a laela gore fa a gana ka tsone ba mmolae,ka nnete barongwa ba latela dikgomo
mogatsa Moiwe a leka go gana ka tsone/go di thibela ba mmolaela ka kgorong ya lesaka dikgomo tsa
tlolaka setopo sa gagwe foo.

31
MARKING CRITERIA

Knowledge and understanding of the text

Seletcion

Analysis

Structure

Evidence

Techninal terms.

PHUDUHUDU GA E TLHATLHELWE: O RAMATLAPENG

32
1.MOLAETSA

-Ditiro tse di maswe di tsenya mo mathateng.

-O senolwa ke moanelwamogolo Bontle ka a ne a dira ditiro tse di maswe tse di sa amogelesegeng


mme a felela a le mo mathateng.

DITIRO TSE DI MASWE

-O tlhokela bagolo maitseo (Mathubadihala, MmaBantenne)

-O a ratana ntswa e le ngwana (o ratana le Gauza le lekonteraka)

-O a itaola (o tsamaya masigo, o nwa bojalwa)

-O ithekisa mmele

-O tlogela sekolo

-O rera le mmaagwe go bolaya Mathubadihala

MATHATHA

-O otlhaiwa ke mogokgo

-O wa seriti

-O betswa ke Gauza le mosadi wa gagwe, Gauza o mo koba mo lwapeng la gagwe

-O tlhokafalelwa ke mmaagwe

-O tlhoka kwa a nnang teng

-O tlhokafalelwa ke tsala (Lebogang)

-O tshela ka mogare

2]THULAGANYO YA DITIRAGALO GO ITEBAGANTSWE LE SE SE DI GWETLHILENG, KGOTLHANG,


SETLHOA, MAFOLOGELO LE PHELELO

KGWETLHO

Go sa godisiwa sentle ga ga Bontle ke mmaagwe

KGOTLHANG

Ke ya motho le tikologo,e senolwa ke moanelwamogolo Bontle ka go dira ditiro tse di sa


amogelesegang.

DINTLHA

-O tlhokela bagolo botho

-O a ratana ntswa e le ngwana

-O a itaola

-O rera le mmaagwe go bolaya Mathubadihala

33
-O tlogela sekolo

-O ithekisa mmele

SETLHOA:O tshwarawa ka mogare wa HIV

MAFOLOGELO:O amogela seemo

-O tsena kereke a bo a tlhophiwa go nna mokwaledi

-O nyalwa ke moruti

PHELELO

-O tshela sentle le lelwapa la gagwe

3]SEABE SA BAANELWA MO TSWELEDISONG YA DITIRAGALO

BONTLE

-O ipaketse go betswa ke Alicia

-O itshenyeditse bokamoso

-O ipolaetse mmaagwe

-O ipaketse mogare wa HIV

-O itlhobogisitse baithuti ka ene

-O rotloeditse tlhoka kutlwano ya ga mmaagwe le Mathubadihala

MMADIEMERE(mmaagwe Bontle)

-O itlhobogisitse Mathubadihala

-O tlhakatlhakantse botshelo jwa ga Bontle

-O bakile tlhoka kutlwisisano mo lwapeng

-O ipaketse loso

34

You might also like