2023 Setswana

You might also like

Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 2

zzTHANOLO

Go ranola ke go fetolela puo kwa go e nngwe.

Fa ke ranola ke dira tse di latelang,

(a) Ke bala temana e ke e ranolang gore ke e tlhaloganye

(b) Pele ke ranola ke netefatsa gore ke tlhaloganya bokao jwa seele go itsa go ranola lefoko ka
lefoko ka bokao bo ka senyega gotlhelele
Sekai;
Fa o ka ranola ‘’I will teach him a lesson’’ o re,’’Ke tla mo ruta thuto,’’ga go na bokao mme fa
o re ‘’Ke tlile go mo kabolola ditshoka,’’go na le bokao.

(c) Ke ranola seele ka seele

(d) Fa ke ranola ke ela tlhoko ngwao ka re itse Setswana ele puo e e dirisang phefofatso thata
Sekai;

Fa ke kwala leina la motho ke a le rwesa ka Mme/Rre ka dinako tsotlhe.

Go nale mafoko a Sekgoa a e reng ke a ranola ke bo ke itse gore ga ke a bue fela jaaka a
buiwa kwa Sekgoeng.
Sekai;
(i) They had sex;ke tshwanetse go ranola ke re,ba ne ba tlhakanela dikobo e seng ba ne
ba robalana.
(ii) ‘’Mom you are lying’’ ke ka ranola ke re,‘’Mme ga o bue boammaaruri,’’ e seng mme
o a yaka.’’
(e) Ke itse gore maina tota ga a ranolwe,
Sekai; John,Donald
Le fa go ntse jalo go na le mainatota a Sekgoa a a nang le ka fa a ka bitsang ka teng ka
Setswana.
Sekai; - Johannesburg-Gauteng
- Egypt-Egepeto
- Capetown-Kapa
- Jesus-Jeso
- South Africa-Afrika Borwa
- Victoria Falls
- Queen Elizabeth
(f) Ke dirisa matshwao a mokwalo jaaka a dirisitswe mo temaneng e ke e ranolang,
(g) Ke dirisa paka(tense) e e dirisitsweng mo temaneng e ke e ranolang
(h) Diane ga di ranolwe,ke kwala seane sa Setswana se bokao jwa sone bo tshwanang le jwa
Sekgoa.
Sekai;
The earliest bird catches the fattest worm-nonyane ya motsoga pele e ja seboko se senonneng.
Ranolela palo e e latelang kwa Setswaneng.

The Assistant Minister of Education and Skills Development Mr Keletso Rakhudu has decried drug
abuse in most schools across the country .Addressing a kgotla meeting in Tsholofelo South in
Broadhurst yesterday,Rakhudu said drug abuse by school going children has become the second
largest problem in the country after HIV/AIDS.He said students at community junior secondary
schools and tertiary are involved in drug abuse, adding that at some point, his ministry nearly took a
decision to use sniffer dogs in schools to search for drugs in student bags but such a decision was
suspended.

However,Rakhudu said government would reconsider such a decision because of the increasing
numbers of students involved, adding that a large percentage of these youngsters have experienced
the use of drugs. The Assistant Minister said the problem was exacerbated by some irresponsible
parents who sell drugs to the students and appealed to every parent to play his/her parental role in
moulding these children.

You might also like