Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 13

TSHEKATSHEKO YA MOTSHAMEKO WA MOTSWASELE

1. TLHALOSA SEABE SA GA MOTSWASELE MO TSWELEDISONG YA


DITIRAGALO TSA MOTSHAMEKO WA MOTSWASELE II

Motswasele o na le seabe se segolo mo tsweledisong ya ditiragalo.

O na le seabe mo go tsheleleng mo letshogong ga morafe wa Bakwena ka ntlha ya go ba busa ka


kgokgontsho. O ne a ba bolaya le go ba gapela dithoto tsa bone. O ne a roma mogakolodi wa gagwe
e bong Diratsagae go ya go bolaya bana boo Ramodi ntswa ba se na molato mme a feta a ba
tshubela matlo, a ba gapela dikgomo a bo a ba koba mo motseng. O ne gape a roma Diratsagae go
bolaya Maleke ka ntsa e khunou mme Diratsagae a diragatsa thomo.O ne gape a roma barongwa go
gapela mogatse Moilwe dikgomo mme a laola gore fa a gana ka tsone a bolawe mme barongwa ba
diragatsa thomo. Ka ntlha ya dtiiragalo tse morafe wa Bakwena o ne wa tshelela mo letshogong.

E ntse e le fa go gatang Motswasele teng o na le seabe se segolo mo dintshong tse di nnileng teng
mo morafeng wa Bakwena. O ne a roma barongwa go gapela mogatse Moilwe dikgomo a bo a laola
gore fa a gana a bolawe mme barongwa ba felela ba mmolaile ka a ne a gana ka dikgomo mme
morago ba gapa dikgomo.O ne a roma Diratsagae go ya go bolaya Maleke ka ntsa e khunou, o ne a
bitsa ngaka ya setso go tla go rarabolola mathata a motse mme ngaka ya laola gore Maleke a bolawe
ka ntsa e khunou mme Diratsagae a diragatsa thomo.

O na le seabe mo go tlhanogelweng ke barongwa ka ba ne ba lemogile gore o ba dirisa ditiro tse di


sa siamang.Morongwa wa ntlha go mo tlhanogela ke yo o neng a romilwe go ya go gapela
mogatseMoilwe dikgomo mme a seka a diragatsa thomo.Barongwa ba bangwe go mo tlhanogela ke
ba ba neng ba romilwe go ya go bolaya Moruakgomo mme ba seka ba mmolaya,ba ne ba mmolelela
maikaelelo a ga Motswasele. O ne gape a tlhanogelwa ke morongwa wa gagwe yo motona e bong
Molotlhanyi ka nako e a neng a mo tlhoka bobi,Molotlhanyi o ne a tshabela mophato ka a ne a
beilwe moeteledipele wa mophato mme a tshabela kwa lekgamung la ga Moruakgomo a fitlha a
ntsha sephiri sa gore kgosi e ya go tlhasela jan e bile leng.

O na le seabe mo go kgwathisiweng ga ga Moruakgomo. Motswasele o ne a bitsa phuthego ka


bonokwane a re ba lekgamu la ga Moruakgomo ba tle go bua dingongora tsa bone mme ene a le mo
maikaelelong a go ba kgwatlhisa. Moruakgomo o ne a felela a kgwatlhile fa Sejo ene a ne a falola.

Motswasele o na le seabe mo ntweng e e nnileng teng ka gore e rile ba lekgamu la ga Moruakgomo


ba romile Segokotlo go kopa Kagiso, ba re go se lowe go buisanwe a se ka a batla go reetsa. Lekgamu
la ga Moruakgomo le ne la bolotsa ntwa go lwantsha Motswasele le puso ya gagwe ya
bokgokgontshi.

Go fenngwa ga mephato ya ga Motswasele mo ntweng go mo maruding a gagwe ka gore o ne a


dirisa batho ba ba senang kitso ya ntwa e bong Diratsagae le Leapeetswe go nna baeteledipele ba
mephato ya ntwa. Mephato ya ga Morukgomo e ne ya fenya ya ga Motswasele motlhofo ka e bile
Molotlhanyi ene a ne a tshabetse mophato wa gagwe.

Page 1
O na seabe mo losong la gagwe ka ntlha ya botlhogoethata jwa gagwe ka gore ke ene a ganneng go
kopiwa Kagiso ka jalo ga felela go iwa ntweng kwa a lebaganeng le Moruakgomo yo a mmoaileng ka
lerumo sephologolo kwa ntweng.

Page 2
2. A MOKWADI O KGONNE GO SUPA PHETOGO YA BOTHO JWA GA MOTSWASELE II?

Mokwadi ga a supa phetogo ya botho jwa ga Motswasele. Mokwadi o senola Motswasele a


se na kwelotlase le fa e le kgolo mme le fa go ntse jalo o supile a na le itharabologelo.

Kwa tshimologolong ya motshameko mokwadi o supile kgosi Motswasele a se na kgolo e


bile a sena kwelotlase ka a simolotse ka go mo supa ka botho jo bo sa amogelesegang a bo
a fetsa ka jone go se na phetogo epe.

O mo kaile a le tlhogoethata. Sejo o ne a leka go gakolola Motswasele a mo lemotsha fa


bogosi e se go bolaya le go jela batho ditsabone ba sa mo naya mme ene a se ka a batla go
tsaya seo tsia a ikanya dikgakololo tsa bagakolodi ba gagwe e bong Molotlhanyi, Diratsagae
le Leapeetswe tsa go rukutlha morafe. O supile botlhogoethata gape fa ba lekgamu la ga
Moruakgomo ba romile Segokotlo go ya go kopa kagiso, go re go se lowe go buisanngwe
mme a gana go reetsa.Seo se supa gore o setatalala.

Motswasele o ne a supiwa ke mokwadi ka botho jo sa amogeleseng jwa go nna lenyatso mo


bagolong, ka a ne a sa buise Sejo sentle a mmolelela fa a mo tena gape a ka se ka a mo ruta
bogosi e le kgosi fa Sejo a leka go mo gakolola gore a buse morafe sentle ntswa Sejo a le
motona.

Mokwadi o ne a tswelela ka go supa Motswasele ka botho jo bo makgaphila jwa go nna


setlhogo ka a ne a laela barongwa ba gagwe go ya go gapela mogatse Moilwe dikgomo mme
a laola gore fa a gana ka tsone a bolawe mme ba ne ba mmolaya ka a ne a gana ka dikgomo
ba bo ba gapa dikgomo. O mo supile a le pelompe gape ka a ne a roma Diratsagae gore a ye
go bolaya bana boo -Ramodi ka ba ne ba le kgatlhanong le puso ya gagwe mme Diratsagae a
feta a ba rutha ka dithobane,a ba tshubela matlo,a bo a ba gapela dikgomo le go ba leleka
mo motseng.

Mokwadi o tswelela ka go senola kgosi Motswasele II ka botho jo bo sa amogeleseng jwa go


nna leferefere ka a ne a biditse phuthego kwa kgotleng ka maikaelelo a gore Moruakgomo
le lekoko la gagwe ba tle go ntsha dingongorego tsa bone ene a itse fa a batla go ba
kgwathisa mme Morukgomo a felela a kgwathisitswe Sejo ene a sia.

Kwa bofelong mokwadi o tsenya Motswasele mo seemong sa pitlagano se a iphitlhelang a le


fa gare ga ntwa ntswa a sena ope yo ka mo sireletsang. Sone seemo se, se dira gore a
ikotlhaye ka a lemoga gore ga a a busa morafe wa gagwe sentle, a bua gore bogosi o bo
ikgantshitse a bo o gopola mafoko a ga Sejo a mo raya a re bogosi ga se go bolaya batho le
go tsaya ditsabone ba sa go di naya. Ka jalo gone fa Motswasele o nna le itharabologelo.

Page 3
Le fa go ntse jalo mokwadi ga a supa kgolo ka a ne a tlhokafala morago ga go tlhajwa ka
lerumo ke Moruakgomo, a bo a a swa ka jalo ga go a nna le sebaka sa go fetola botho.O
supilwe ka botho jo bo makgaphila go tswa kwa tshimologong go fitlhelela kwa bofelong.Ka
jalo mokwadi ga a a kgona go supa phetogo ya botho.

Page 4
3. MaikutLo a mokwadi

Mokwadi o kgala dikgosi tse di busang ka kgokgontsho.O supile se ka go dirisa kgosi Motswasele.O
dirisitse tse di latelang go supa maikutlo ya gagwe; Botho jo a bo fileng Motswasele, teo ya leina la
motshameki, mafoko a a tswang mo batshameking ba bangwe, kobiso ya ditiragalo le kotlhao e a e
fang Motswasele.

Ka mokwadi a supa fa a kgala dikgosi tsa go tshwana le Motswasele ka tshenolo ya botho. O senotse
Motsawsele ka botho jo bo sa amogelesegeng. O supa Motswasele e le kgosi e e tlhogoethata ka a
ne a gana go reetsa dikgakololo tse di molemo tsa ga Sejo fa a mo gakolola go re a itse fa bogosi e se
go bolaya le go tseela batho ditsabone . O mo file botho jwa bosetlhogo ka a ne a tshedisetsa
morafe wa gagwe mo letshogong; o gapa dikgomo tsa Bakwena jaaka a gapile tsa ga mogatse
Moilwe.Mokwadi o dira gore Motswasele a tlhoke tebelopele ka o ikanya go bolaya masika a gagwe
jaaka a ne a roma barongwa go bolaya mogatse Moilwe a bo a roma Diratsagae ka ntša e khunou go
bolaya Maleke a sa elelele gore nako nngwe o tla ba tlhoka. Botho jo bo reketlang jo mokwadi a bo
fileng Motswasele bo supa gore o mo kgwela mathe,o a mo kgala, ga a mmeye sebete.

Godimo ga moo mokwadi o supile Maikutlo a gagwe ka teo ya leina.Leina le mokwadi a le mo fileng,
la “Motswasele” ke ina lebe seromo. Leina le ke sesupo sa gore o busa jaaka motho a tswa go sele a
sa itse tsamaiso ya puso ya Setswana. Puso ya gagwe o ka re ya motho a sa tsholwa e le kgosi ka o ne
a tshedisetsa morafe wa Bakwena mo letshogong a ba kgokgontsha ka a ne a ba gapela dikgomo a
bo a ba tseela basadi ka dikgoka. Se ke sesupo sa gore mokwadi ga a rate dikgosi tse di busang ka
kgokgontsho ke sone se a fileng Motswasele leina la tshotlo.

E re ka mokwadi a le kgatlhanong le se se dirwang ke Motswasele, puo e a e dirisitseng go tswa mo


batshameking ba bangwe ke ya tshotlo go supa fa tota a kgala Motswasele. Se se supiwa ke Sebolai a
re,” Motswasele ke sematla sa nnete”. Moruakgomo le ene o bua gore Bakwena ba re, Motswasele
ga se kgosi ke modipa” .Sejo le ene o raya Motswasele a re, “ bona fa bogosi e se go bolaya batho”.
Mogatse Moilwe le ene a re, “ke kgosi e e sefatlha thata”. Mafoko a mokwadi o a dirisitse go supa
tota gore o kgala Motswasele ka a sa buse Bakwena sentle.

Go supa fa tota mokwadi a sa bee sebete dikgosi tsa sebopego sa ga Motswasele o diritse kobiso ya
ditiragalo. O dira gore Motswasele a buse morafe wa gagwe ka kgokgontsho a sa batle go reetsa
dikgakololo, ka go dira jaana a ipolelela fa a aga morafe wa gagwe mme tota e le gone jaaka a o
phatlalatsa ka o feletse o ipopa makgamu kgatlhanong le ene.O felela ene Motswasele a bolawa ke
Moruakgomo.Mokwadi o dirisitse kobiso e go supa tota gore ga a beye sebete dikgosi tse di busang
ka kgokgontsho. Kobiso e ke tlaopo mo moanelweng yo ka jaana mokwadi a ikgatlha ka ene.

Kotlhao e mokwadi a e fang Motswasele e supa fa a le kgatlhanong le dikgosi tsa go tshwana le


Motswasele. Mokwadi o otlhaela Motswasele masula otlhe a a a dirileng ka morafe wa gagwe o ne
wa kgaogana o ipopa makgamu go mo ntsha mo setilong sa bogosi. Mokwadi o otlhaya Motswasele
ka go dira gore Motswasele a tlhanogelwe ke barongwa ba gagwe ba bo ba tlogela Moruakgomo, yo
go neng go dule taolo ya gore ba mmolae, a tshela. O boa a dira gore Molotlhanyi le ene a mo
tlhanogele ka nako e e thata e a neng a mo tlhoka ka yone ya ntwa. O mo itaya ka thupa e e
botlhoko fa mephato ya gagwe e fenngwa. Kotlhao e kgolo e mokwadi a e fileng Motswasele ke fa a

Page 5
bolawa ke Moruakgomo yo o ntseng a sa itumelele puso ya gagwe e senola go papametse gore
mokwadi ga a rate puso ya bokgokgontshi. E ke yone kotlhao ya konokono. Mokwadi o fa kgosi
kotlhao e go papamatsa gore ga a tsamaisane le dikgosi tsa mothale o.

Page 6
4. Paka le lefelo

Ditiro tsa batshameki di tsamaelana le paka le lefelo. Paka ke ya segologolo fa lefelo e le legae la
Setswana motse mogolo wa Bakwena.

Go supa fa tota mo motshamekong o, paka e le ya segologolo, bogosi bo ne bo tsalelwa ka e ne e re


kgosi e tlhokafala ngwana wa gagwe wa ntlha wa mosimane e nne ene kgosi go sa kgathalesege
gore o na le bokgoni kgotsa nnyaa. Ka jalo go maleba go bona kgosi Motswasele a tsaya bogosi mo
go hulareng ga ga rraagwe e bong Legwale ka e ne e le ngwana wa ntlha wa mosimane. Tiragalo e e
tsamaelana le paka ka gore bogosi bo ne bo amoganwa ka losika.

Mo pakeng ya segologolo lefelo e le legae la Setswana go dumelwa gore lefoko la kgosi le agelwa
mosako, ke gore taolo ya kgosi e a obamelwa e siame kgotsa e sa siama. Se ga se gakgamatse go
bona morafe wa ga Motswasele o le boikokobetso mo go ene. Go netefatsa se, re bona barongwa ba
diragatsa ditaelo tsa gagwe tsa go rukutlha morafe jaaka a ne a ba roma go ya go gapa dikgomo tsa
ga mogatsa Moilwe ba bo ba laelwa gore fa a gana ka tsone ba mmolae mme ba diragatsa jalo.
Diratsagae, Molotlhanyi le Leapeetswe ba diragatsa taelo ya gagwe ya gore ba ye go bolaya bana ba
ga Ramodi. Tiragalo e e tsamaelana le paka le lefelo le tiragalo e e diragalelang mo go yone ka mo
pakeng ya segologolo kgosi e ne e tlotlwa, e reediwa.

Mo pakeng ya segologolo lefelo e le legae la Setswana dilo di ne di lepiwa ka ditiragalo tse di rileng
mme di tsewe jaaka botlhodi. Jalo he ga go thona go bona batshameki ba lepa dilo dingwe ka
ditiragalo tse di rileng jaaka botlhodi jaaka fa Senese a ne a re o letse a utlwa lerubisi le lela le
arabana le le le kodu kimana, dinku di lelela dikonyana le go tsebeetsega ga ditlhare a bo a re e ka
tswa e le tiragalo nngwe ya botlhodi mme ba felela ba utlwa fa bana ba ga Ramodi ba letse ba
teketilwe.Tiragalo e, e tsamaelana le paka ya segologolo e bile gape e nyalana le fa e diragalelang
teng ka gore mo motseng wa Setswana o o sa tlhabologang batho ba lepa ditiragalo tsa mofuta o.

E ntse e le paka ya segologolo le mo motseng wa Setswana go ne go dumelwa fa ngaka ya setso e


kgona go rarabolola mathata mo motseng. Go maleba go bona Motswasele a ne a dumela e bile a
ikanya ngaka ya motse go rarabolola mathata ka go bolaya Maleke ka ntša e khunou ya ga
Diratsagae. Ka go rialo tiragalo e e tsamaelana le paka e ya segologolo le lefelo le e leng legae la
Setswana ka go ne go dumela fa dingaka di na le bokgoni jwa go ka rarabolola mathata.

Mo pakeng ya segologolo le mo legaeng la Setswana kgomo e tseelwa kwa godimo, ke yone


mmangmang ka jalo ga go thona go bona mogatse Moilwe a ikemisetsa gore o ka swela fa gare ga
dikgomo tsa gagwe go na le gore di gapiwe. Motswasele le ene ka fa letlhakoreng le lengwe o
semeletse o gapela morafe wa gagwe dikgomo ka kgokgontsho ka khumo e supiwa ka kgomo. Se se
tsamaelana le paka le lefelo le ditiragalo di diragalelang mo go lone ka tota kgomo e ne e le
konokono ka e ne e e fa seriti.

Gape mo pakeng ya segologolo e ne e re morafe na le dikgogakgogano, o dirise ntwa, ya mephato e


bile go lwelwa kwa ntle ga motse, go rarabolola kgogakgogano eo. Ga go rone go bona morafe o
ipopa mephato ya ntwa go ya go ntsha Motswasele mo pusong ya gagwe ya kgokgontsho le patiko.

Tse tsotlhe di supa fa e le ruri ditiro tsa batshameki , di tsamaelana le paka le lefelo.

Page 7
5. IPEE MO SEEMONG SA GA MOTSWASELE II A LE MO MATHATENG A SETSE A LEMOGA
GORE O FENNGWA KE LEKGAMU LA GA MORUAKGOMO.

Ke le Motswasele II kgosi ya Bakwena, ke ikotlhaela ditiro tsa me tse di maswe tse ke di dirileng. Ruri
ke ikotlhaela botlhogoethata jwa me ke ikgatholosa dikgakololo tsa ga rangwane Sejo fa a leka go
ntshupegetsa tsela e e siameng ya go busa mme ka tseisa mafoko a gagwe phefo ke bona a bua
ditsiabadimo mme ka ikanya tsa bagakolodi ba me tsa go rukutlha morafe. Gompieno jaana morafe
wa me o phatlaletse e le ka ntlha ya bokgokgontshi jwa me.

Ke ne ke eteleditse bosetlhogo kwa pele fa ke laola gore bagakolodi ba me e bong Molotlhanyi,


Diratsagae le Leapeetswe gore ba e go bolaya bana boo-Ramodi ba ba neng ba se na molato ope o
ba o ntiretseng e le go ba pelompegela fela mme ga bo a mpusetsa sepe fa e se matlhotlhapelo fela.

Dilo ke di itirile ka bopelotshetlha jwa me ke ikgagapelela dilo tsa morafe wame ke lebile go ja ke le
nosi ka ke ne ka roma barongwa ba me go ya go gapela mogatsa Moilwe dikgomo ke bo ke ba laela
gore fa a gana ka tsone ba mmolae mme ba feletsa ba mmolaile ba bo ba mo gapela dikgomo. Go
dira jaana ke ne ke sa lemoge fa ke ikepela lemena ke ithaya ke re ke aga morafe wa me kante ke
jaaka ke o phatlalatsa. Go bolelelwa ruri fa go twe phomphokwe yo o maithukutho mabe o iphatlha
ka lefuka e le la gagwe ka gompieno jaana ke mo mathateng morafe wa me o mphuraletse.

E le ruri bogagapa ga bo na maduo ape a mantle ka ke ne ka iphetlhela Moruakgomo le Sejo ka ba


tlhoka ka dipuo mme seo e le seipato fela sa go batla go ba kgwathisa ka ke ne ke rerile le bagakolodi
ba me go ba feretlha gore ke felele ke ba kgwathisa, jaanong ke fa lebitla le atlhame ke go tlhoka
kelelelo ga me, ditlhale di mpheletse morutsheng, mophato ya me e lebanwe ke go fenngwa ke ya
ga Moruakgomo. Ke apeetse lophegong ka boitshwaro jo jwa me jwa bogagapa.

Se se botlhoko ke gore e rile fa re le kwa letsholong mme Segokotlo a kopa Kagiso ka itira
sengangatlela ka gana nnang ya banyana, ba lekoko la me le bone ba otlelela mafoko a me ka go
ipoka segolo bogolo Molotlhanyi le Diratsagae mme mo bogompienong ke mo sebakatsatsing e bile
Molotlhanyi o ntlhanogetse o thusa Moruakgomo go fetsa puso ya me ya bokgokgontshi. Ruri ke a
ikotlhaa. Ke gone ke boneng gore go tlhoka tebelopele ga go busetse, maikotlhao ke ngwana wa
morago.

Ke ithadile ka thipa mpeng, e rile fela ke utlwa go twe Maleke o ngongoregela ka fa ke busang ka
teng, se se neng se le pelong ya me e ne e le boganka fela, ka bitsa ngaka go nthusa go mmolaya
mme a rebola Diratsagae go ya go mmolaya ka ntša e khonou go se tsapa le mphisang pelo. Ruri ke
ene moipolai yo o sa lelelweng ka tota Maleke e ne e le ene motho yo o maleba go ka mpha
dikgakololo tse di lebaneng go busa ka thokgamo. A bomatla ruri!

Mo go tse tsotlhe tse ke di dirileng ke itemogetse gore maduo a boleo ke loso. Ke ne ke dira ditiro
tse di bosula tse ke se na tebelopele ya gore di tla ntlisetsa ditlamorago tse di bosula. Gompieno
jaana ke mo mathateng mephato ya me e lebanwe ke go fenngwa ke ya ga Moruakgomo.Le nna tota
Moruakgomo o tlile go mphenya mme gone dilo ke di itirile ka botatalala jwame.Ke a itemogela
jaaonong gore ditiro tse di maswe di tsenya mong wa tsone mo mathateng.

Page 8
6. TSALANO YA DITIRAGALO

Ditiragalo di gwetlhilwe ke go tsaya dikgakololo tse di sa siamang ga ga Motswasele go


tswa mo bagakoloding ba gagwe e bong Molotlhanyi ,Leapeetswe le Diratsagae mme o ne a
ikgatholosa dikgalolo tse di molemo tsa bagakolodi ba nnete e bong Moruakgomo,Sejo,
Senese le Segokotlo mme a reetsa tsa bagakolodi ba gagwe tse di neng di kgaoganya
morafe.

Go reetsa dikgakololo tse di sa siamang ga ga Motswasele go baka tšhakgalo ya ga


Motswasele, a šakgalela ba ntlo ya bogosi mo e reng le Sejo a re bogosi ga se bolaya batho
le go ba tseela ditsabone ba sa go neela a bo a sa reetse.

Go šakgalela ba ntlo ya bogosi ga ga Motswasele go gwetlha gore a ntshe taelo ya gore bana
boo Ramodi ba bolawe ba se na molato mme a roma Diratsagae go ya go ba bolaya mme a
feta a ba leketa, a ba tshubela matlo a bo a ba leleka mo motseng. O boa gape a roma
barongwa ba gagwe go ya go gapela mogatsa Moilwe dikgomo mme a laola gore fa a gana
ka tsone a bolawe mme barongwa ba felela ba mmolaile ka a ne a gana ka dikgomo
tsagagwe.

Go ntsha taelo ya gore bana Boo Ramodi ba bolawe le go gapela mogatse Moilwe go baka
gore morafe o ngongorege segolo jang ba ntlo ya bogosi ebong Maleke,Moruakgomo le
Sejo.Ba ntlo ya bogosi ba ne ba ngongorega ka Motswasele a ne a busa ka kgokgontsho.

Go ngongorega ga ba bogosi ka Motswasele go baka gore morafe o kgaogane ka bogare ba


lekgamu la ga Motswasele le la ga Moruakgomo le le neng le lwela kgololesego ya morafe
wa Bakwena.Go kgaogana ka bogare ga morafe go tsala gore Maleke a kope Moruakgomo
go etelela pele mophato go golola morafe mme Motswasele a felela a utlwalela ka lekgamu
la bo Moruakgomo. Go kopa Moruakgomo gore a etelele mophato go gwetlha gore
Motswasele a bitse phuthego ka maitlhomo a go tla go reetsa dingongorego tsa bo
Moruakgomo mme a feta a kgwathisa Moruakgomo fa Sejo ene a ne a sia. Go kgwathisiwa
ga ga Moruakgomo go dira gore Moruakgomo a dumele go etelela mephato pele jaaka
Maleke a kopile ka go kgwathisiwa go mo utlwisitse botlhoko thata.

Go dumela go etelela mophato pele ga ga Moruakgomo go dira gore Motswasele a laole


gore Maleke a bolawe mme a bolawa ke Diratsagae ka ntša ya gagwe e khunou jaaka ngaka
e ne laotse. Polao e ya ga Maleke e tsala gore mephato e ye ntweng ba lekgamu la
Moruakgomo ba ne ba leka go kopa kagiso mo go Motswasele mme a ganana le kopo eo.
Ntwa e ya mephato e baka gore Motswasele a felele a kopana le Moruakgomo kwa ntweng
yo o neng a felela a mmolaile sephologolo.

Page 9
7.RULAGANYA DITIRAGALO TSA MOTSHAMEKO O ITEBAGANTSE LE KGWETLHO,
KGOTLHANG, SETLHOA, MAFOLOGELO LE PHELELO.

Ditiragalo tsa motshameko wa Motshameko wa MotswaseleII di gwetlhilwe ke go tsaya dikgakololo


tse di sokameng ga ga Motswasele mo bagakoloding ba gagwe Molotlhanyi, Leapeetswe le
Diratsagae. Tiragalo e ke kgwetlho ka e baka kgotlhang ya motho le tikologo. Motswasele le
tikologo.

Motswasele o gotlhana le tikologo ya gagwe fa a roma Diratsagae, Molotlhanyi le Leapetswe go ya


go bolaya bana boora Ramodi. Se ga se amogelesege mo tikologong ka gore Motswasele o sikana le
bana boora Ramodi ka jalo o ka bo a ba sireletsa jaanong ke ene a ba ganyaolang. Se ke kgotlhang ka
jaana bana ba ga Ramodi ba felela ba alotswe mo motseng wa bone ka ntlha ya gagwe.

Kgotlhang e tswelela fa a boa gape a roma barongwa go gapela mogatsa Moilwe dikgomo a ba a
laola gore fa a gana ka tsone a bolawe a se na ope molato mme ga diragala fela jalo a gapelwa
dikgomo a bo a bolawa.Motswasele jaaka kgosi morafe o ka bo o tshabela kwa go ene go batla
tshireletsego jaanong ene ka o gotlhana le tikologo jwa gagwe bogosi ga bo a nna jalo. Go supa fa
tikologo e sa amogele se morongwa wa gagwe yo motona,wa ntlha o a mo tlhanogela.

O tswelela gape a gotlhana le tikologo fa a roma barongwa go bolaya Moruakgomo. Se ga se


amogelesege mo tikologong ka gore jaaka kgosi o ka bo a sireletsa morafe wa gagwe bogolo jang ba
losika la gagwe. Go supa fa tikologo e le kgatlhanong le se barongwa ba ne ba se ka ba diragatsa
thomo e ya kgosi mme ba tlogela Moruakgomo a tshela, e le go supa fa ba sa dumalane le ene, ba bo
ba mo tlhanogela ba ya kwa lekgamung la ga Moruakgomo.

O boa a gotlhana le tikologo fa a dirisa bagakolodi ba gagwe e bong Molotlhanyi le Diratsagae go


belompegela Moruakgomo le Sejo,a bo a laela gore ba kgwathisiwe. Se ga se a supe kutlwisisano ka
gore Motswasele o ka bo a latedisa boammaaruri a bo a batla tharabololo ya mathata. Tikologo ga e
amogele seo ka Moruakgomo a ne a šakgala le go feta a bo a itlama go etelela pele mephato ya ga
Maleke ya ntwa.

Kgotlhang e kukela fa a bitsa ngaka go mo thusa go bolaya Maleke mme ngaka ya roma Diratsagae
go bolaya Maleke ka ntša e khunou. Se ke kgotlhang ka gore Motswasele o ka bo a dibela batho ba go
tshwana le Maleke ba ba neng ba ka mo thusa go busa ka thokgamo ka e le motho yo mogolwane,
mme ke bone ba a ba bolayang ntswa tota fa a ne a utlwisisana nabo, e ka bo e le bone bathusi ba
gagwe.

Kgotlhang e bonala fa mephato ya ga Moruakgomo e bolotsa ntwa go lwa le ya ga Motswasele.


Godimo ga moo Molotlhanyi, ene tshosoerweleng mo pusong ya ga Motswasele, o mo phuaganya ka
nako e e thata ya ntwa a bo bo dira gore mephato ya ga Motswasele e fenngwe bonolo ka a upolotse
sephiri sa lenaneo la ntwa la ga Motswasele.

Kgotlhang e felela/ marara a felela fa Motswasele a bolawa ke Moruakgomo kwa ntweng.Se ke


sone setlhoa ka gore moanelwa yo o ntseng a gotlhana le tikologo o a swa ka jalo ga go sa tlhola go
na le kgotlhang e a ka nnang le tikologo ya gagwe.

Page 10
Motshameko o ga o na ditiragalo tsa mafologelo ka gore ditiragalo di felela gone fa setlhoeng fa
losong la ga Motswasele.

Setlhoa se senoga gone fa losong lwa ga Motswasele.

Morago ga loso lwa gagwe ga go na tiragalo epe e e diragalang ka jalo ga go na


mokgokolosa/mafologelo.

Phelelo ya ditiragalo e senoga gone fa losong lwa ga Motswasele.

Page 11
8.KE ENG SE O SE AMULENG MORAGO GA GO BALA MOTSHAMEKO WA MOTSWASELE.

Mo motshamekong o, ke ithutile gore ditiro tse di maswe di tsenya mo mathateng. Molaetsa o, o senolwa ke kgosi
Motswasele.

Motswasele o dira ditiro tse di maswe fa a ikgatholosa dikgakololo tsa ga rangwanaagwe Sejo fa a mo kaela gore a itse fa
bogosi e se go bolaya le go jela batho ba sa go naya mme a ikanya tsa bagakolodi ba gagwe Leapeetswe, Molotlhanyi le
Diratsagae tsa go rukutlha morafe wa gagwe. Se ke tiro e e maswe ka Motswasele a ka bo a tsaya dikgakololo tse di
siameng segolobogolo go tswa mo go ba ntlo ya bogosi e bile ba le bagolwane mo go ene mme ene ga a dire jalo o ikanya
tse di seng molemo tsa bagakolodi ba gagwe.

O tswelela ka ditiro tsa gagwe tse di maswe fa re bona a roma bagakolodi ba gagwe Diratsagae go ya go bolaya bana boora-
Ramodi ntswa ba se na molato mme ba feta ba ba teketa, ba ba gapela dikgomo ba bo ba ba tshubela matlo mme ba se na
bosula jo ba bo mo diretseng. Se se dirwang ke Motswasele ke tiro e e maswe ka gore ke ene a ka bong a sireletsa morafe
mme ga a dire jalo o a o bolaya.

Motswasele o ne a tswelela a dira ditiro tse di maswe fa a sa eletse go bona morafe wa gagwe o itsholetse ka a ne a ba
gapela leruo jaaka a ne a roma barongwa go ya go gapa dikgomo tsa ga mogatsa Moilwe a bo a laola gore ba mmolae fa a
gana ka tsone mme ka nnete barongwa ba felela ba di gapile e bile ba mmolaile ntswa a se na molato. Se ke tiro e e maswe
ka Motswasele jaaka kgosi morafe o tshwanetse go ikuela kwa go ene go batla thuso bogolo jang mo dithotong tsa bone
mme ke ene a o rukutlhang.

O tswelela a dira ditiro tse di maswe fa a roma barongwa go ya go bolaya Moruakgomo yo le ene a neng a se na molato
mme ba mo tlogela a tshela.Se ke tiro e e maswe ka gore Motswasele o tshwanetse go sireletsa morafe wa gagwe go na le
go o nyeletsa.

Motswasele o tswelela ka ditiro tsa gagwe tse di maswe tsa go bolaya morafe fa a roma Diratsagae go ya go bolaya
Maleke ka ntša ya gagwe e khunou mme ntša eo ya mo kgaola tlhogo le ene go se bosula bope jo a bo diretseng
Motswasele. Se ke tiro e e maswe ka gore Motswasele jaaka kgosi o ka bo a tlamela morafe wa gagwe a o sireletsa e seng
go o bolaya.

O tswelela gape a dira tiro e e maswe fa a bitsa phuthego ka bonokwane a re Moruakgomo le ba lekgamu la gagwe ba tle
go ntsha dingongora tsa bone mme maikaelelo a gagwe e le go ba itaya ka Moruakgomo a ne a felela a kgwathisitswe mme
ba ne ba se na molato ope o ba o dirileng. Se ke tiro e e maswe ka gore se se ka bong se diragala Motswasele o ka bo a
reetsa dingongora tsa morafe le one morafe o batla tshireletsego mo ene.

Motswasele o tsena mo mathateng fa barongwa ba gagwe ba mo tlhanogela, go supa fa ba tlhwaafetse ba tlogela


Moruakgomo yo go neng go dule taelo ya gore ba mmolae.Seo ke mathata ka gore go bokete mo go ene go tsamaisa
bogosi jwa gagwe ntle le barongwa gape go raya gore baba ba gagwe ba a oketsega ka barongwa ba ba felela mo
lekgamung la boMoruakgomo

O tswelela a tsena mo mathateng fa Molotlhanyi le ene a ne a mo phuaganya ka nako e e thata e a neng a mo tlhoka ka
yone ya ntwa ntswa a ne a dirilwe tlhogo ya mophato. Se le sone ke mathata ka gore ene Molotlhanyi yo, o ntsha diphiri
tsa gagwe mo go rayang gore go koafatsa ka fa a abileng ntwa ya gagwe ka teng.

O ntse o tswelela a tsena mo mathateng fa ba lekgamu la ga Moruakgomo ba ipopa mephato ya ntwa go mo lwantsha
ba mo ntsha mo bogosing. Sone se ke mathata ka gore bogosi jwa gagwe jaanong ga bo a sireletsega ka ntlha ya lekgamu
le.

O tswelela a tsena mo mathateng fa mephato ya gagwe e fenngwa.Mophato wa ga Leapeetswe o fenngwa ke wa ga


Senese fa wa ga Diratsagae one o fenngwa ke wa ga Segokotlo. Seo se raya gore o mo mathateng ka gore batho ba ba mo
solofeditseng go mo tlhabanela ga ba sa tlhola ba le teng go ka mo sireletsa.

Kwa bofelong Motswasele o tsena mo mathateng fa a bolawa ke Moruakgomo ka lerumo teng kwa tlhabanong .Go
bolawa mo, ke mathata ka gore bogosi jwa gagwe bo a fela e ise e nne nako ntswa a ne a sa ntse a na le keletso ya go bo
tsweledisa.

Page 12
Page 13

You might also like