Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 7

Study & Master

Support Pack | Grade 12


CAPS
Karolo 1
Setswana
Puo ya Gae
Karolwana e ya tshegetso Kharikhulamong ya CAPS Setswana
Mophato wa 12 e neelana ka ditirwana tekelelo tse di boleng.
Ditirwana tsotlhe di na le dikarabo. Barutwana ba ka
mekamekana le tsona ka bobona kwa gae kgotsa tsa tlhama
motheo wa go ikgopotsa kwa phaposing kgotsa thuto ka
mafaratlhatlha. O na le tetla go gatisa kgotsa go fotokhopa
karolwana ena kgotsa go e phasalatsa ka mafaratlhatlha a
emeile kgotsa WhatsApp.
Cambridge University Press ke mophasalatsi yo o ipelang
wa Aforika Borwa mme re neelana ka korolwana ena re arabela
tlhoko ya go tshegetsa barutabana le barutwana mo nakong
ya fa dikolo di tswetswe le karolwana e e setseng ya ngwaga
wa sekolo wa 2020.
Go bona tshedimosetso go feta ka dikwalwa tsa Study & Master
CAPS- tse di dumeletsweng le didiriswa tse di boleng, etela
www.cambridge.org

We are all in this together!


www.cambridge.org
Karolo 1 1

Dikao tsa dipotso tsa ditlhatlhobo


Go buisa le go lebelela
Tekatlhaloganyo le tiriso ya puo (Maduo: 40)

Potso 1 a)

1. Neela setlhogo sa setshwantsho se se fa godimo.


2. Moanelwa yo o rapameng fa fatshe o bontsha maikutlo afe?
3. Baanelwa ba ba neetsweng fa, ba emetse ditlhopha dife?
4. Setshwantsho se, se bua eng ka tiragatso ya ditlhopha tse pedi tse di emetsweng ka nako eo fela.
2 Karolo 1

Potso 1 b)

Mofuta wa lona ke a o itse. Motho wa


Ma O lady, di ntsha eng ka teng fa o mmona a kobakoba jaana o a
daar? bo a lebeletse se a ka se utswang.

Ao Magriza, o ska stresa too O seke wa ba wa lora! Ke tla go gataka


much. Ke ipatlela fela ya go gore mmaago a gakologelwe gore o go
reka borotho. latlhetse kwa kae.

O ntebelele sentle selo ke wena se lelerang


Eintlik e re ke vaye. O tla ntirisa le mebila. Fa o itebeletse o ka nna ngwanake
diphoso. Mme o bone, nka tswe wena o le leswe jaana? Tsamaya tlhogomoimele
ke le ngwana wa gago. ke wena!

Dipotso
Potso A
1. Moanelwa wa mosimane mo khathunung e, go bonala a nna kwa kae? Tshegetsa karabo ya
gago ka lebaka. (2)
2. Kwala mafoko a ka Setswana se se tlhapileng. “Ao Magriza, o ska stresa too much”(2)
3. Rejisetara e e dirisiwang ke moanelwa yo wa mosimane e senola eng ka ga semelo sa gagwe? (2)
4. Mafoko a a mo letlhomesong la 4, a senola eng ka ga maikutlo a moanelwa wa mosadi? (2)
5. Sekaseka ntlha ya maitsholo a baanelwa ba babedi ba, o bo o neye maele a a ka latelwang go
siamisa maitsholo a, fa a sa nna sentle. (2)
6. Naya mabaka a le mabedi fela a a bontshang fa moanelwa wa mosadi a gobelela. (2)
7. Neela lefoko le lengwe fela go sobokanya semelo sa mosimane. (2)
Karolo 1 3

Potso 2
Popegopuo le melawana ya tiriso
1. Ke modiriso ofe o o tlhagisitsweng mo polelong e? Mosidi o a tle a rage kgwele a dinao. (2)
2. Leina “serua” le ka dirisiwa ka bokaojo bo farologaneng. Tshegetsa ntlha e ka sekao. (2)
3. Dirisa lefoko “hibidu” go bopa letlhaodi o bo o bue gore ke letlhaodi la mofuta ofe. (2)
4. Maitlhomo a go dirisa letlhaodi ke afe? (1)
5. Dirisa lefoko “batla” mo polelong jaaka:
a) Lediriletlhaedi (1)
b) Lediri. (1)
6. A lediriletlhaedi le ka dirisiwa kwa ntle ga lediri? Tshegetsa karabo ya gago ka lebaka. (2)
7. Kwala nyenyefatso ya mafoko a a latelang o bo o tlhagise phetogomodumoe e tlhagelelang
mo go ona:
a) molomo (2)
b) serope (2)
8. Lokolola polelonolo e e latelang: Mosimane yo mokima o raga kgwele e kgolokwe.  (4)
9. Sekaseka dipolelwana tse di latelang mme morago o kwale lefoko le le lengwe boemong jwa
mafoko a a thaletsweng:
a) Batshameki ba rata go ja mabele a a apeilweng a sa setliwa. (1)
b) Badisa ba buile kgomo go ntsha namane e e swetseng mo mpeng ya yona. (1)
10. A go siame gore barutwana ba ithute diane?  (1)
Kwala ditlhaloso tsa diane tse di latelang o bo o neye mosola wa seane sengwe le sengwe mo
botshelong jwa motho.
a) Bana ba tadi ba itsane ka mereto. (2)
b) Lefoko la kgosi le a gelwa mosako. (2)
Palogotlhe ya maduo: 40
4 Karolo 1

Tshobokanyo Maduo: 10
Buisa temana e e latelang, morago o sobokanye ka mafoko a gago o sa fetole bokao. Netefatsa gore
o akareditse dintlha kgolo le molaetsa wa temana. Temana e e sobokantsweng e nne le mafoko a le
80–90.

BADITŠHABA BA MATŠHAENA BA
BELESETSWA KWA LUKA
Ke dingwaga tse di fetang
lekgolo morafe wa Sefokeng
o na le lefatshe le e leng la
ona, e bile ke lobakanyana
go simolotswe ditlhabololo
tse di ba ungwelang, mme go
na le bothata jwa gore baagi
bangwe ba rekisa lefatshe kwa
ntle ga tetla e bile go se ka
fa molaong. Kgato e, e ne ya
tlhotlheletsa Balekgotla go
tsaya dikgato kgatlhanong le
baagi ba ba tlolang molao wa
lefatshe. Go ne ga tlhomiwa
Lekgotla le le tla samaganang
le tlhokomelo ya lefatshe la
Sefokeng mme go begiwe
Puiso ya temana e e latelang di fiseleditswe go aga lefelo la ditlolomolao tsa tikologo,
e tla go kgontsha go latela borekisetso. lefatshe la temo, la kgwebo le
ditaelo tse di neetsweng. la bonno.
Rre Seabela o ne a kaya fa
Baditšhaba ba ba neng ba Kgosi a ne a batla lekwalo la Seabela a re tsotlhe tse,
ipuletse dikgwebopotlana mo di ne tsa dira gore go tsewe
kgotlatshekelo go letla tshutiso
motsaneng wa ba ga Mogono dikgato tse di masisi tse di
le go thubiwa ga ditanka
kwa Luka ba ne ba belesediwa tserweng go netefatsa gore
mo motseng go ya ka lekwalo tse. Fa taelo e diragatswa
dikgatlhegelo tsa botho, pholo
la kgotlatshekelo ya botsamaisi ka 19 Tlhakole 2008, go ne
le ngwaoboswa ya Bafokeng e
jwa Royal Bafokeng. Go ya ka ga fitlhelwa metlholo mo a tshegediwa. Baagi ba kopiwa
rre Bruno Seabela, molekgotla ditankeng tse. Go bonala gore go se tlhole ba ikamanya le
wa Royal Bafokeng, baditšhaba nako yotlhe e, baditšhaba ba, go rekisa kgotsa go thapisetsa
ba, ba ne ba dirisa le go nna ba ne ba robala mo ditankeng batho lefatshe go se ka fa
kwa lefelong le le neng le
tse tsa bona, go apeelwa teng molaong. Baagi ba ba tlolang
beetswe kwa thoko gore go
agiwe matlo a go nniwang koo, e bile go tlhapelwa gona molao o, ba tla di gama ba sa
mo go ona, e seng lefelo la go ka foo. Se, se kgatlhanong di tlhapela.
tsweletsa kgwebo. Ba ne ba le melawana ya tsa pholo le Segoagoe sa Bafokeng:
tlhomile ditanka tse dikgolo, tshireletsego mo Afrikaborwa. 16 Mopitlwe 2008
Memorantamo 5

Memorantamo
Go buisa le go lebelela
Tekatlhaloganyo le tiriso ya puo
Potso 1 a)
1. Kgaisano ya kgwele ya dinao
2. Ga a rate se se mo diragalelang/O bontsha letshogo kgotsa tšhakgalo.
3. Kaizer Chiefs le Orlando Pirates.
4. Go bonala fa Orlando Pirates e tshotse taolo ya motshameko.

Potso 1 b)
1. Go bonala fa moanelwa wa mosimane a nna kwa mebileng. O bopame ka ntlha ya phepelotlase.
2. Nnyaya tlhe nkoko, o seke wa tshwenyega thata. (Amogela karabo nngwe le nngwe eo e
tsamaelanang le karabo e.)
3. Mosimane yo ke motho yo o siameng, le fa Setswana sa gagwe se se phepa;
O maitseo, ga a arabisane le mogolo;
O pelotelele le fa moanelwa wa mosadi a sa mo tseye sentle.
4. O mafega. Ga a na botho le lerato.
5. Mosimane o tshwanetse go tlogela botshelo jwa mebila. Mosadi o tshwanetse go ithuta go reetsa le
go bontsha botsadi le kutlwelobotlhoko, bogolo jang mo baneng.

Potso 2
Popegopuo le melawana ya tiriso
1. Modirisotlwaelo
2. a) Mosetsana yo o boatla, ga a tsholola serua mo mosong ka jalo ntlo yotlhe e nkga
motlhapologo.
b) Dikgogo tsa etsho di thuthusitse mae a mantsi, go serua se le sengwe fela.
3. Seaparo se sehibidu se ngokela magadima fa pula e na.
4. Ke go tlhaola leina mo polelong.
5. a) Rapula o batla go tsenela setlhopha sa kgwele ya dinao fela ga a itse ditsamaiso sentle.
b) Rakgadi o batla pitsa ya gagwe.
6. Ee, le ka ema le le nosi go tlisa bokao jo bo feletseng. Fa le dirisiwa le lediri le tlhalosa lediri.
7. Molomo – Molongwana. m > ngw
Serope – Serotswana. p > tsw
8. Polelonolo
Mosimane – sediri
Yo mokima – letlhaodi la popego
O raga – letiro
Kgwele – sedirwa
E kgolokwe – letlhaodi la popego
9. a) Mosutlhwane
b) Mohungwana
6 Memorantamo

10. Ee
Bana ba tadi ba itsane ka mereto – Bana ba rutiwa gore fa ba dira selo se se maswe batho ba
lebelela kwa ba tswang gone.
Lefoko la kgosi le agelwa mosako – Seane se, se ruta bana botlhokwa ba go latela molao kgotsa go
o tlotla.

Tshobokanyo
1. Baditšhaba ba ne ba aga le go ipulela dikgwebo kwa Luka.
2. Ba ne ba reka mafatshe go tswa mo baaging e se ka fa molaong.
3. Ba ne ba tlhoma ditanka mme ba direla tsotlhe mo go tsona.
4. Ba ne ba belesediwa ka lekwalo la kgotlatshekelo ka ntlha ya boatla le go aga mo lefelong le sa
beelwa tsamaiso ya kgwebo.
5. Dikgato tse, di tshotswe go sireletsa ngwaoboswa le pholo.
6. Baagi ba kgalemelelwa go rekisa lefatshe le go le thapisa e se ka fa molaong.

You might also like