Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 3

Motswasele11 ;L.

D Raditladi
Sekaseka ditiragalo tsa motshameko o o itebagantse le kgwetlho, kgotlhang, setlhoa, mafologelo
le phelelo
Kgotsa
Sekaseka ditiragalo tsa motshameko o, o itebagantse le se se gwetlhileng ditiragalo, marara a a
nnileng teng, tharabololo ya marara le phelelo ya ditiragalo.

Kgwetlho ya Motshameko o ke go reetsa dikgakololo tse di bosula/ maswe tsa bagakolodi e bong Molotlhanyi,
Leapeetswe le Diratsagae ga ga Kgosi Motswasele. Tiragalo e e baka kgotlhang fa gare ga motho le tikologo, e
leng ya ga Motswasele le tikologo ya gagwe.
Kgotlhang e tswelela fa re bona Motswasele a tseela Bakwena dikgomo le basadi a re o a ba nyala mme yo o
mo tenang o a mmusa kgotsa a mo tlhala a re ke seaka e bile ke moloi. Tsholofelo ke gore Motswasele a
sireletse morafe wa gagwe e seng go ba thukutha.
Kgotlhang e tswelela fa Kgosi a roma malope a gagwe e leng Molotlhanyi, Diratasgae le Leapeetswe go ya
bolaya bana ba ga Ramodi. Ba ne ba feta ba ba leketa ka dithobane, ba ba tshubela matlo, ba ba gapela
dikgomo ba bo ba ba koba mo motseng wa Mokwena. Re solofela gore kgosi e nne ene a sireletsang morafe e
seng go ba tlhokofatsa.
Kgotlhang e tswelela fa kgosi a ntsha taolo ya gore barongwa ba ye go gapa dikgomo tsa ga Mogatsa Moilwe
mme fa a gana ka tsone ba mmolae. Barongwa ba feta ba diragatsa thomo eo ya go mmolaya ka jaana a ne a
gana ka dikgomo ba bo ba di gapa. Tsholofelo ke gore kgosi e nne ene a sireletsang batho ba a ba eteletseng
pele segolo jang mmaMoilwe e le lesika la gagwe.
Kgotlhang e gakala fa kgosi a laela barongwa go ya go bolaya Moruakgomo yo e leng ngwana wa ga
rangwaneagwe ka jaana a ne a re o ganana le puso ya gagwe e bile a la pelontle thata mo morafeng mme
barongwa ba ne ba seka ba mmolaya mme ba mmolela fa kgosi a rile ba mmolaye . Re solofela gore kgosi a
buse a thusiwa ke monnawe e leng Moruakgomo e seng go mo lobela dintsi.
Kgotlhang e bifela pele fa kgosi a bitsa phuthego e mo go yone a laelang malope a gagwe e leng Molotlhanyi,
Leapeetswe le Diratsagae gore ba buise Sejo le Moruakgomo jaaka ba batla mme fa ba ikarabela ba bo ba ba
kgwathisa. Ka boammaaruri ba bo ba ipoletsa gore ke eng a tsewa ka tsogo la molema mme kgosi a bo a laela
gore ba kgwathisiwe. Sejo o ne a iphalotsa ka go sia fa Moruakgomo ene a kgathisiwa. Re solofela gore kgosi a
buse ka Sejo le Moruakgomo e seng go ba tlontlolola fa pele ga bo-e-se-mang.
Kgotlhang e kukela fa kgosi Motswasele fa kgosi a laela Diratsagae go ya go bitsa ngaka ya gagwe gore a mo
thusego bolaya baba ba gagwe mme fa ngaka e bua le bola(laola) jwa supa fa Maleke e le ene mmaba yo
mogolo wa ga kgosi mme laela gore ngaka a mmolaye. Ngaka e ne ya roma Diratsagae ka ntša ya gagwe e
khunou e e dirilweng ka mere ya Setswana gore a ye ka yone kwa ntlong ya ga Maleke mme e tlaa mmolaya.
Go ne g anna fela jalo, ntša ya bolaya Maleke. Tsholofelo ke gore kgosi a tlotle a bo a sireletse botshelo jwa ga
rangwaneagwe le gone go busa ka thuso ya gagwe.
Kgotlhang e gotela fa kgosi Motswasele a gana go nna le kagiso e e neng e kopiwa ke lekgamu la ga
Moruakgomo fa ba ne ba romile Segokotlo. O ne a tlhalosa fa ba tlaa kopana kwa ntweng. Tsholofelo keg re
kgosi a reetse ba a ba eteletseng pele fa ba na le dingongorego e seng go ba akgela diatla.
Setlhoa se senoga fa kgosi Motswasele a tlhabiwa ka lerumo ke Moruakgomokwa ntweng a bo a tlhokafala.
Mafologelo ga a yo.
Phelelo ke fa kgosi Motswasele a bolawa ke Moruakgomo ka lerumo kwa ntweng.
PHETOGO YA BOTHO
A mokwadi o kgonne go supa phetogo ya botho jwa ga Motswasele?
Mokwadi ga a kgona go supa phetogo ya botho jwa ga Motswasele. O mo senotse a na le botho jo bo sa
eletsegeng go tswa kwa tshimologong ya motshameko go ya kwa bokhutlong. O mo sup ile a sena kwelotlase
le kgolo mme le fa go ntse jalo o mo supile a na le itharabologelo.
Mokwadi o supile Motswasele a sena kwelotlase ka re kopana le ene a na le botho jo makgaphila. O
pelotshetlha ka o ne a tsaya dikgomo tsa bana ba ga Ramodi morago ga gore a rome batlhanka ba gagwe e
leng, Molotlhanyi,Diratsagae le Leapeetswe gore ba ye go ba bolaya ka ba le kgatlhanong le puso ya gagwe.
Batlhanka ba ne ba ba betsa, ba ba tshubela matlo, go ba gapela dikgomo le go ba koba mo Mokwena.
Mokwadi o mo kaya a dira bopelotshetlha jaaka a ne roma barongwa ba gagwe gore ba ye go gapa dikgomo
tsa ga Mogatsa Moilwe mme fa a gana ka tsone ba bo ba mmolaya. Ka nnete ba dira jalo, ba bolaya
mmaMoilwe mme ba bo ba tsaya dikgomo se e le sesupo sa gore Motswasele ga a na kwelotlase.
Mokwadi o senola Motswasele a sa fetole botho jwa gagwe jaaka fa a ne a mo supa a le setlhogo jaaka re bone
a roma barongwa ba gagwe go ya go gapa dikgomo tsa ga mmaMoilwe mme fa a gana ka tsone ba bo ba
mmolaya. O tswelela a mo supa ka botho jo bo sa fetogang ka re bona a tswelela ka bopelompe fa a leka go
bolaya monnawe e leng Moruakgomo ka go roma barongwa ba gagwe ba ba felelang ba sa diragatsa thomo eo
ka ba bona a tlile go fetsa masika. Mokwadi o mo senola a dira bosetlhogo ka go bolaya Maleke yo e leng
rangwaneagwe ka a re o kgatlhanong le puso ya gagwe, o dira se ka go roma Diratsagae ka ntša e khunou e e
dirilweng ka mere ya setso ke ngaka ya ga kgosi Motswasele. Tse a di dirang tse di supa fa a se na kwelotlase.
Mokwadi o tswelela a supa kgosi Motswasele a sa fetole botho jwa gagwe ka a mo senotse a le peloemaswe
ka go kgwathisa Moruakgomo nako ya fa a biditse phuthego e mo go yone a neng a laela malope a gagwe e
bong Molotlhanyi,Diratsagae le Leapeetswe go buisa Moruakgomo le Sejo jaaka ba rata mme fa ba ikarabela
ba bo ba ba kgwathisa. Sejo ene o ne a sia fa Moruakgomo a ne a kgwathisiwa.
Mokwadi o senotse Motswasele a sa fetola botho jwa gagwe ka re bona a mo kaile a le tlhogoethata. O
senotse Motswasele a sa reetse Sejo fa a mo raya a re a itse fa bogosi e se go bolaya nako e a neng a re ban
aba ga Ramodi ba bolawe. Mokwadi o tswelela a mo supa a le tlhogoethata ka a ne a gana go reetsa Segokotlo
fa a romilwe ke lekgamu se ke se la ga Moruakgomo gore go nne le kagisano. O ne a bolela gore ba tlaa kopana
kwa tlhabanong mo go supa fa a sena kwelotlase.
Mokwadi o tswelela a senola Motswasele a sa fetole botho jwa gagwe ka mo supile a le sematla. Ka go tlhoma
malope a gagwe e bong Leapeetswe, Molotlhanyi le Diratsagae go nna ditlhogo tsa mephato ntswa ba sena
kitso epe ka ntwa. O busa ka dikgakololo tsa bone batlhanka mme a na le kitso e e tletseng ya gore ga a dire se
se maleba, se se netefatsa fa tota a sena kwelotlase.
Mokwadi o mo supa a na le itharabologelo nako ya fa a tlhajwa ka lerumo ke Moruakgomo kwa ntweng a bo a
gakologelwa mfoko a ga Sejo a Monametsi a bo a tlhokafala.
Mokwadi ga a kgona go supa kgolo ka jaana e e kgaupeditse.
SEABE
Supa seabe sa ga Motswasele mo tsweledisong ya ditiragalo kgotsa
Bolela ka fa Motswasele a rotloeditseng ditiragalo tsa motshameko o ka teng

Motswasele o na le seabe mo go kobiweng mo Mokwena/go faladiweng ga bana ba ga Ramodi. O ne a roma


malope a gagwe e bong Molotlhanyi Diratsagae le Leapeetswe go ya go bolaya bana ba ga Ramodi mme bone
ba feta ba ba betsa, ba ba tshubela matlo, ba ba gapela le dikgomo le go ba koba mo Mokwena.
Kgosi Motswasele o bakile loso lwa ga Mogatsa Moilwe ka jaana a ne a roma barongwa ba gagwe gore ba ye
go gapa dikgomo tsa ga Mogatsa Moilwe mme a ba laela gore fa a gana ka tsone ba bo ba mmolaya. Barongwa
ba ne ba mmolaya ba bo ba gapa dikgomo ka a ne a gana ka tsone.
Re supa Motswasele la monwana mo go kgwathisiweng ga ga Moruakgomo ka gore ke ene yo o neng a bitsa
phuthego ya kgotla e mo go yone a neng a laela batlhanka ba gagwe e bong Molotlhanyi, Diratsagae le
Leapeetswe gore ba buise Moruakgomo le Sejo ka fa ba batlang ka teng mme fa ba ikarabela b abo b aba
kgwathisa. Go ne ga nna fela jalo ya re Sejo le Morukgomo ba ikarabela kgosi a bo a laola gore ba kgwathe,
Moruakgomo o ne a kgwatha fa Sejo ene a ne a sia.
Motswasele o na le seabe mo losong lwa ga Maleke. Kgosi Motswasele o ne a roma Diratsagae go ya go bitsa
ngaka ya gagwe ya setso go tla go mo thusa go bolaya baba ba gagwe. Fa ngaka e laola ya supa fa Maleke e le
ene mamba yo mogolo wa ga kgosi mme a laola ngaka gore a mmolaye. Ngaka o ne a dira ntša ya ga
Diratsagae e khunou ka mere ya Setswana mme a laela gore a ya go bolaya Maleke, o ne a dira jalo mme a
fitlha a mo lomisa ntša eo a bo a tlhokafala.
O ipaketse loso la gagwe ka ntlha ya gore fa lekgamu la ga Moruakgomo le le romile Segokotlo kwa go ene
gore go nne le kagisano o ne a bolela fa sena kgatlhego ya go agisana a mmolea gore ba tlaa kopana kwa
tlhabanong. Lekgamu la ga Moruakgomo le ne le ne la bolotsa ntwa e mo go yone a neng a tlhabiwa ka lerumo
ke Moruakgomo a bo a tlhokafala.
Dintlha
 Go kobiwa ga bana ba ga Ramodi mo Mokwena/ go faladiwa
 Loso lwa ga Mogatsa Moilwe
 Go kgwathisiwa ga ga Moruakgomo
 Loso lwa ga Maleke
 Loso la gagwe(Motswasele)

You might also like