Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 10

SEABE SA BAANELWA

Mo motshamekong wa Letlapa le le Bolele, Motshameki mogolo Modiri o na le seabe se sentsi mo


ditiragalong. Bontsi jwa ditiragalo bo ama ene. Modiri o ne a nyetse Khutsafalo ebile a nale bana le ene.
Lelwapa la gagwe le ene le beile fela mo go ene ka e le ene yo o neng a bereka a le esi. Mme o
tlhakatlhakanya botshelo jwa gagwe le ba lelwapa ka go ratana le Tlhoriso a bo a phuaganya Khutsafalo
le bana. Ene Modiri ka e le ene rotloetsang ditiragalo, ga a siamelwe ke sepe mo botshelong.

Kwa tshimologong, Modiri o nnile le seabe mo tshotlegong ya ba lelwapa la gagwe. Ke ene a ba


bileditseng tshotlego e, ka go ba phuaganya a sia le Tlhoriso ntswa ba beile fela mo go ene ka a ne a
bereka a le esi. Ba sala ba sotlega fela thata ka ntlha ya gagwe. Ga a tseye maikarabelo a go tlhokomela
lelwapa jaaka e le tshwanelo ya gagwe e le ralelwapa.

Modiri o buile gape a nna le seabe mo kgobalong ya ga Mofalotsi. Ke ka ntlha ya gagwe go bo Mofalotsi
a ne a ketekiwa ke maepantlo a bo a ya go robadiwa kwa kokelong ka dikgobalo tse di masisi. Ke ene a
neng a thapile maepantlo a gore ba bolae Mofalotsi ka a ne a re o batla go mo senyetsa botshelo gore a
seka a atlega ka o ka tsoga a thusa mmaagwe go ba sekisa le go tokafatsa itsholelo la lelwapa la bone.
Bathapiwa bao ba ne ba palelwa ke go mmolaya ba mo keteka fela. Botlhoko jo Mofalotsi a bo raletseng
jo ke ka lebaka la ga Modiri. O tsweletse gape Modiri a nna le seabe mo losong lwa mosadi wa ga
Mofalotsi, Lesego. O bakile loso lo ka a ne a thapile Ngaka Marumo gore a ye go tsenyetsa Mofalotsi
botlhole mo dijong ka nako ya lenyalo la gagwe le Lesego. Dijo tseo di ne tsa jewa ke Lesego mme a
tlhokafala. Loso lo lo nnile teng ka lebaka la ga Modiri ka e le ene a neng a ntshitse mogopolo wa gore
motho a ye go tsenyediwa botlhole.

O tsweletse gape a nna le seabe mo go gapelweng dithoto a bo a kobiwa mo tirong ga gagwe. Ke ene a
neng a ipiletsa se ka go adima madi a mantsintsi kwa tirong ka boferefere a bo a palelwa ke go a busa.
Ba tiro ya gagwe ba mo otlhaela se ka go gapela dithoto ba bo ba mo koba mo tirong. Ke ene a
ipileditseng seemo se ka go tlhoka go ikakanyetsa gore a mme o tla a kgona go a busa, o adima fela go
sena se a se ikantseng.

Modiri o nnile le seabe mo go tsenweng ga gagwe. Ke ene a ipileditseng botsenwa ka go direla


BoNgaka Marumo boferefere. O ne a ba thapile gore ba tsenyetse Mofalotsi teemane mo dithotong tsa
gagwe gore a tshwarwe a seka a ya sekolong kwa moseja. Mme o nyelela ka madi a bone a sa ba duele.
Ba mo tsoma fela ba bo bo ba mo otlhaela boferefere jo ka go kenta ka molemo o o tsentshang. O tswa
setsenwa se se ruthang batho le makotswana ka mabole. O ipileditse seemo ka go ithaya a re o botlhale
a tsietsa batho ba bangwe.

O nnile le seabe mo go atlholelweng botshelo jotlhe jwa gagwe kwa kgolegelong. O ipileditse seemo
se ka go dira melato e e farologanyeng a batla go senyetsa Mofalotsi botshelo a sena molato ope le ene.
Melato ya gagwe yotlhe e tswa go senolwa ke BoSelepe le Semato ba ba neng ba sekisediwa go bolaya
Ngaka Marumo mme ba senola fa ene Modiri a nale seabe mo ditiragalong tseo ka a ne a siile ka madi a
sa ba duela. Modiri o ne a sekisediwa se mme atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong. O ne a ithaya
are o batlela bangwe mathata kante ke ene a a ipakelang.
Kwa bofelong Modiri o nnile le seabe mo katlegong ya ba lelwapa lwa ga Khutsafalo boglo jang
Mofalotsi. O ba bileditse katlego e ka go ba phuaganya ba sala ba sotlega. Tshotlego eo e ne ya ba dira
gore ba ikemele ka dinao ba tokafatse matshelo a bone. Moreetsi o ne a fetsa sekolo a bereka a bo a
nyalwa, fa Mofalotsi ene a ne a ya mafatsheng go ithutela bongaka jwa malwetsi a tlhaloganyo a bo a tla
go ipuela kokelo ya gagwe a bo a thapa Moreetsi le Khutsafalo. Ba tshela sentle. Modiri o ba tsiseditse
katlego ka a ne a ithaya a re o a ba sotla kante o ba bula ditlhaloganyo gore ba ikemele ka dinao.

MAIKUTLO A MOKWADI

Maikutlo a mokwadi ke afe mabapi le banna ba ba phuaganyang malwapa a bone?

Mokwadi ga a rate banna ba ba phuaganyang malwapa a bone jaaka Modiri mo motshamekong wa


LETLAPA LE LE BOLELE. Modiri o ne a nyetse Khutsafalo, a tlhokomela lelwapa ka e le ene fela yo o neng
a bereka. Mo tsamaong ya nako o ratana le Tlhoriso a bo a phuaganya lelwapa le sala le sotlega a ya go
nna le Tlhoriso. Mokwadi ga a rate banna ba ba dirang jaana. O dirisitse Setlhogo sa buka, Botho jwa
baanelwa, Puo ya tshotlo, Kobiso le Dikotlhao go senola maikutlo a gagwe.

Mokwadi o dirisitse setlhogo sa buka go supa fa a sa rate Modiri ka a phuagantse lelwapa. Setlhogo sa
buka fa se feletse ke ‘’BOTSHELO KE LETLAPA LE LE BOLELE BO A RELEDISA” Se raya gore fa o sa tshele
botshelo ka kelotlhoko, o dira ditiro tse di maswe, o tla a tsena mo mathateng. Ka setlhogo se mokwadi
o a re tlhagisa gore re ikele tlhoko re seka ra tshwana le Modiri yo o neng a se kelotlhoko mme o feletse
a le mo mathateng. O ne a phuaganya Khutsafalo ka bana a sia le Tlhoriso mme kwa bofelong o felela a
tsenye mo mathateng a bo a atlholelwa kgolegelo botshelo jotlhe.

O buile gape a supa fa a sa rate Modiri ka go mo senola a nale botho jo bo maswe. O senotse a le
setlhogo. O setlhogo ka a phuaganya lelwapa ebile Khutsafalo a le mo mmeleng mme e le ene fela a ba
tlamelang. O supa bosetlhogo gape fa a leka maano a mantsi go batla go bolaya Mofalotsi ntswa a se na
molato ope le ene. O mo supile gape a le leferefere. O bo dira ka go adima madi kwa tirong a re mosadi
o a lwala le bana ba bolawa ke tlala mme a ya go a neela Tlhoriso. O supilwe gape a sena ponelopele a le
sematla. O dira ditiro tse di maswe tsa go batla go bolaya Mofalotsi, a phuaganya lelwapa, o itsenya mo
dikolotong a sa lebelele ditlamorago tsa dikgato tse tsa gagwe. Botho jo bo maswe jo bo supa fela gore
mokwadi ga a mo rate gotlhelele. Le rona babadi re felela re sa mo rate ka go se na ope yo o ka ratang
motho wa botho jo bo maswe.

Mokwadi o supile fa a sa rate Modiri ka go dirisa puo ya tshotlo. O dirisitse batshameki ba bangwe go
buisa Modiri ka puo e e bogale e e supang fa ba mo kgala ba sa rate ditiro tsa gagwe. Khutsafalo are
Modiri ke selo fela se se itaolelwang ke bojalwa. Are ke khibeng-ga-ke-tswe yo o itumelelang go nna
phoko ya basadi botlhe mo lefatshe. Moreetsi are ga ba ka ke ba tlhola ba garumetswe ke tau e e
mariri. Mofalotsi a re Modiri o ipontsha e le sekopa, banna botlhe ba ba goletseng kwa molomong
jaaka ene ke dibodu fela tsa go ka balelwa le badimo. Tlhoriso o raya Modiri a re o leferefere jaaka
phokoje. Puo e ga e supe lorato le tlotlo gotlhelele. E supa gore mokwadi ga a rate Modiri, o a mo kgala.
Kobiso ke nngwe ya ditsela tse mokwadi a di dirisitseng go supa fa a sa rate Modiri. E o supile ka
botshelo jwa ga Modiri. Modiri fa a se na go ratana le Tlhoriso o kgobotletsa Khutsafalo ka dipuo a mo
raya a re ga a kake a kopa thuso epe mogo ene. Are Khutsafalo ke ene a tla a tlholang a tla go kopa
thuso kwa go ene a phophotha diatla a tlangwa ke tshotlego. O boikgogomoso a re ene ga a kake a kopa
thuso epe mo go Khutsafalo ebile ga a kitla a tsena mo lelwapeng le gape a re o tla a tsena e le setopo.
K wa bofelong o diragalelwa ke kganetso ya se a ne a se ikaeletse kwa tshimologong. Kobiso e bonagala
fa e nna ene a sotlegang kwa bofelong, a senyegetswe ke tiro, a sena bonno ka Tlhoriso a mo kobile. Ke
ene yo o felelang a tlangwa ke tshotlego go ya go ikopa maitshwarelo kwa ga Khutsafalo mme ga ba mo
amogele. Botshelo jwa gagwe bo senola kobiso gape ka gore e rile a huduga kwa ga Khutsafalo o ne a
itumetse a le mo loratong lo losa a ithaya a re o ya go tshela sentle kwa ga Tlhoriso go nale kwa ga
Khutsafalo. Ga go a ka ga nna jaaka a ne a akantse. Tlhoriso o feta a sa mo tshedise sentle a nna fela a
mo omanya ebile a batla dithuso tse dintsi mo go ene. Seo se feletse se dira gore a itsenye mo
mathateng a leka go mo kgotsofatsa. Go supa gore o ne sa tshele sentle re bona a nna a buwa ka pelo a
re o dule mo pitsaneng a wela mo isong, a re Tlhoriso o bosula ebile o seganka ga a tshabe go loma
monna ka meno. Ga a tshele ka kagiso gotlhelele go nale fa a ne a le kwa ga Khutsafalo. Mokwadi o ne a
mo fa kobiso e go supa fa a sa mo rate ka a phuagantse lelwapa.

Mokwadi o dirisitse kotlhao go supa fa a sa rate boitshwaro jwa ga Modiri jwa go phuaganya lelwapa. O
mo raladitse mathata a mantsi a mo otlhaela ditiro tsa gagwe tse di maswe. O senyegetswe ke tiro a bo
a gapelwa dithoto ka a sa duela madi a a neng a a adima kwa go ba tiro. O boa gape a nna le mathata fa
Tlhoriso a mo keteka a bo a mo koba mo ga gagwe. Ke motlhokagae jaanong. O buile gape a mo otlhaya
ka go dira gore BoNgaka Marumo ba mo kente ka molemo o o tsentshang e le go mo otlhaela go ba
direla boferefere a nyelela ka madi a bone. Kwa bofelong mokwadi o mo itaya ka e e botlhoko go di
gaisa tsotlhe thupa, fa dira gore Modiri a sekisediwe melato ya gagwe yotlhe a bo a atlholelwe botshelo
jotlhe mo kgolegelong.

PHETOGO YA BOTHO

A MOKWADI O KGONNE GO FETOLA BOTHO JWA GA MODIRI?

Mokwadi ga a kgona go fetola botho jwa ga Modiri. O mo senotse e le motshameki wa botho jo bo


maswe go simolola kwa tshimologong go ya bokhutlong. Ka jalo ga ana kwelotlase le kgolo ka a ise a
ake a fetoge. Kwa bofelong mokwadi o ne a mo fa itharabologelo mme a kgaosetsa botshelo jwa gagwe
ka go mo isa kgolegelong botshelo jwa gagwe jotlhe.

Mokwadi ga a kgona o fetola botho jwa ga Modiri ka a mo supile a le matlhomatlho.O matlhomatlho ka


a ratana le Tlhoriso ntswa a nyetse Khutsafalo. Tiro e ya bomatlhomatlho e maswe bogolo jang fa e
dirwa ke ralelwapa yo go solofelwang a ka bo a nale boikarabelo jwa go tlotla lelwapa la gagwe. O
supilwe gape a sena ponelopele. O dumalana le Tlhoriso go bolaya Mofalotsi a sena molato. O boa gape
a itsenya mo dikolotong go thapa batho go bolaya ngwana a bo a felela a tsenye mo mathateng, a
senyegetswe ke tiro. BoNgaka Marumo ba a mo tsentsha a bo kwa bofelong a atlholelwa botshelo jotlhe
kwa kgolegelong. Mathata a a bakilwe ke go tlhoka ponelopele ga gagwe, o tsaya dikgato fela a sa
eletlhoko ditlamorago tsa tsone.

Mokwadi o tswelela a palelwa ke go fetola botho jwa ga Modiri ka a mo senotse a le leferefere. O dira
boferefere fa a adima madi kwa tirong a sa bue nnete a re mosadi o a lwala ebile bana ba bolawa ke
tlala. O ne a ya go a neela Tlhoriso go mo kgotsafatsa. O bowa gape a dira boferefere fa nyelela ka madi
a BoNgaka Marumo a sa ba duela.Go direla batho ba bangwe boferefere ga go a siama gotlhelele ka ga o
diragatse ditumalano. O supilwe gape a sena boammaaruri. Ga bue boammaaruri fa a tsena kwa go
Tlhoriso are Khutsafalo o ne a mo tlhapatsa fa pele ga bana ebile a re o mo tlogetse gore a sale a ikaga.
O boa gape a sa bue boammaaruri kwa go Gotlhometse are o rutile Mofalotsi jaanong o mo tlhokela
botho.

Modiri o senotswe gape a le setlhogo. O supa bosetlhogo jo fa a phuaganya Khutsafalo le bana ntswa ba
beile mo go ene ka a ne a bereka a le esi. Ebile gape o phuaganya Khutsi a le mo seemong se se botlhoko
sa boimana se a ka bong a mo thusa ka ditlamelo. Se a se dirang se tota a sotla batho ba ba senang
dithata dipe ke bosetlhogo ke tiro e e sa siamang gotlhelele. O supa bosetlhogo gape fa a batla go
senyetsa Mofalotsi botshelo. O ne a thapa batho ba ba farologanyeng go mmolaya. Labofelo ke fa a
thapa BoNgaka Marumo go mo tsenyetsa teemane mo kgetsing gore a tshwarwe a seka a ya sekolong
kwa moseja. O pelompegela ngwana fela yo a sa mo direlang sepe se se maswe. Ga a dire sentle. O
bowa gape a kaiwa a le lefufa. O fufegela Mofalotsi go bo a atlega mo dithutong tsa gagwe, are o tla a
fetsa sekolo a bo a thusa mmaagwe go tshela sentle le go ba sekisetsa go bo ba mo thubetse lelwapa.
Lefufa le ke lone le le dirang gore a thape batho go mmolaya, e re a palelwa a bo a thapa BoNgaka
Marumo go o tsenyetsa teemane mo dithotong gore a tshwarwe a seka a ya sekolong kwa moseja.
Leano le le a folotsa. O feletse fela a tsenye mo mathateng a mantsi ka ntlha ya botho jo bo maswe jo
jwa gagwe.

Mokwadi o tswelela a sa kgone go mo fetola botho ka a mo supile a le sematla. Modiri ke sematla tota
ka a sa kgone go ikakanyetsa a itseela ditshwetso tse di siameng. O supa bomatla jo fela fa a phuaganya
lelwapa a sia le motho yo o sa mo itseng go nale go kabo a nna le mosadi le bana ba ba neng ba ka tsoga
ba mmoloka kamoso. O sematla ka a itetlelela go reetsa le go diragatsa dikgakololo tse di bosula tsa ga
Tlhoriso. O ne a mo rotloetsa gore ba bolae Mofalotsi mme Modiri o dira bomatla a dumalana le ene a
sa lebelele ditlamorago tsa kgato eo. O dira bomatla ka gore e re maano a go bolaya ngwana a folotsa a
bo a sa itlhoboge, o tswelela fela a itsenya mo dikolotong. O feletse a tsena mo mathatenga a
ipileditseng ka go dira ditiro tse di maswe ebile a itetlelela go gogiwa ka tsebe ke Tlhoriso.

Kwa bofelong mokwadi o mo fa itharabologelo mme a seka a mo fa kgolo. Modiri o itharabologelwa


morago ga go alafiwa ke Mofalotsi kwa kokelong. O tlhabiwa ke ditlhong go bo a ba phuagantse ba se na
molato le ene. O ipona phoso a re o ne a raetswe ke lorato lo losa lwa ga Tlhoriso mme are o tlhabiwa ke
ditlhong ka a lemoga gore o ne a sa dire sentle. O ya go ikopa maitshwarelo kwa go Khutsafalo le bana
mme ga ba mo amogele. Mokwadi ga a ka mo fa kgolo ka a ne a atlholelwa botshelo jotlhe kwa
kgologelong.
GO IPAYA MO SEEMONG

Nna Modiri ke mo mathateng a a tsitsibanyang mmele. Ke tshwere phage ka mangana. Mme fela go
buwa nnete ke nna ke ipileditseng bothata jo ka botho jo bo maswe jwame. Ke moipolai yo o sa
lelelweng tota. Gompieno jaana ke atlholetswe botshelo jotlhe mo kgolegelong. Ke ne ke le
matlhomatlho, ke ratana le Tlhoriso ntswa ke nyetse Khutsafalo. Ke ne ke itirile seganka mo go ba
lelwapa lame, ke sa rekegele maikutlo a bone. Ke ne ka tlhantshiwa ke lerato le lesa la ga Tlhoriso, ka
phuaganya lelwapa le ke ntseng e le nna fela ke le tlamelang. Lorato loo lwa nthiba matlho ka di dira
tsotlhe tse di bosula ke re ke kgotsofatsa moratiwa wame kante ke ikepela lebitla. Ke lemogile gore
bomatlhomatlho ga bo a siama ka bo ka tlhakatlhakanyetsa motho botshelo jaaka nna. Ke ikotlhaela tiro
e e maswe e gotlhelele, ga ke a direla lelwapa lame sentle.

Ke ne ke le setlhogo ke utlusa ba lelwapa lame botlhoko mme ba se na molato ope le nna. Ke supile
bosetlhogo jo ka go phuaganya Khutsafalo ka bana ba ne ba ikantse nna fela. Se se botlhoko le go fetisa
Khutsafalo a le moimana a ntlhoka thata. Ke supile bosetlhogo jo gape fa ke leka bojotlhe go bolaya
Mofalotsi ke batla go kgoreletsa katlego ya gagwe. Gompieno jaana ke fano ka lebaka la jone bosetlhogo
jo jwame jo. Ke ne ke leka ka bojotlhe ke itsenya mo dikolotong ke batla go bolaya ngwana fela yo o
senang molato. Ke lemogile gore bosetlhogo ga bo a siama tota. Ga o a tshwanela go utlusa batho
botlhoko jo bo kanakana. Ke ikotlhaya tota. Gompieno jaana ke ntse mosima wa phika ka marago, ke
feletswe ke botshelo ke ya kgolegelong.

Boferefere ga bo a siama gotlhelele mo botshelong. Fa o bo direla motho yo mongwe o a bo o itshela


magala tlhogong. Se ke se bonye ka nna. Ke ne ke le leferefere, ke adima madi ka boferefere kwa tirong
ke aketsa bathapi bame gore bongwanake ba bolawa ke tlala ebile mosadi o a lwala gore ba nkadime
madi. Ke ne ka bowa gape ka tsweledisa boferefere jwame ke thapa boNgaka Marumo gore ba bolae
Mofalotsi ke bo ke nyelela ka madia bone ke sa duela.Boferefere jo jwame bo mpileditse mathata a a
seng kana ka sepe. Ke kobilwe mo tirong ka ke paletswe ke go duela madi a bone,BoNgaka Marumo le
bone ba a ntsentsha ka ke sa ba duela. Ga o le motho ga o a tshwanela go direla batho boferefere ka o
ipiletsa mathata. Ke fano ke ya kgolegelong ka ntlha ya botho jo bo maswe jo.

Nna Modiri ke ne ke tletse boikgantsho, ke ipona e le nna fela, ke garaswanya Khutsafalo le bana ke ba
tlogela ntswa ba inkantse. Ke ipolelela gore ga ke kake ka kopa thuso epe mo go ene. Nnete e e sa
jelweng pheko ke gore o mpotse tsa kwa ke tswang teng, kwa ke go yang ga ke di itse.Gompieno jaana
ke nna ke kopang thuso mo go bone. Ga ke bereke ebile ga ke na bonno. Ke humanegile tota ebile
mabela ale ame a fedile. Ke ya go disa poo botshelo jwame jotlhe. Botho jo bo maswe jo ke lemogile fa
bo sa busetse sepe fa e se one mathata a gompieno jaana ke thumang mo go one.

Ke ne ke rakaletse godimo jaanong monate o fedile ka botlhoko. Ke ikotlhaela bosula jotlhe jo ke bo


dirileng. Gompieno jaana ke roba maduo a a botlhoko. Ke ya go nna botshelo jotlhe mo kgolegelong ke
sena kgololesego. Maduo a boleo ke loso e le ruri.
TSALANO YA DITIRAGALO

Go ratana ga ga Modiri le Tlhoriso ntswa a nyetse Khutsafalo go baka gore a phuaganye lelwapa. Modiri
o tlhantshiwa ke lorato lo losa mo ebile a phuaganya lelwapa a ya go nna lre Tlhoriso. Go phuaganya
lelwapa ga ga Modiri go tsala gore Khutsafalo a sale a sotlega thata ka bana ka gore go ne go se na ope
yo o berekang mo go bone. Modiri e ne e le ene fela yo a ba tlhokomelang. Tshotlego e e baka gore
Mofalotsi a tlhwaafalele dithuto tsa gagwe thata gore a tle a kgone go bereka a bo a ntsha ba lelwapa
mo lehumeng.

Go dira ka natla mo dithutong tsa gagwe go dira gore a fenye ka maduo a mantle. Go fenya dithuto ga
gagwe go tsala gore Tlhoriso a mo fufegele mme a rotloetse Modiri gore ba mmolaye. Ba batla go
mmolaya ka ba ne ba sa batle a atlega, ba re o tla a tsoga a ntsha ba lelwapa mo lehumeng a bo a thusa
mmaagwe go ba sekisetsa go mo thubela lelwapa.

Maano a go batla go bolaya Mofalotsi ga ga Modiri le Tlhoriso go tsala gore a adime madi a mantsintsi
kwa tirong go thapa batho ba ba farologanyeng go mmolya mme a a folotsa. O thapa
Gotlhometse,ngaka ya setso, o boa gape a thapa dirukutlhi tsa ga Tlhoriso go bolaya Mofalotsi mme
maano a otlhe a folotsa. Go palelwa ke go mmolaya go dira gore Modiri a ikokeletse dikoloto ka go
adima madi kwa tirong go ya go reka teemane le gore a thape BoNgaka Marumo go tsenyetsa Mofalotsi
mo dithotong gore a tshwarwe a seka a ya sekolong kwa moseja mme a palelwa ke go a duela. Go
palelwa ke go duela madi a kompone go baka gore a gapelwe dithoto a bo a kobiwa mo tirong.

Go kobiwa mo tirong go tsala gore a tlhoke madi a go duela BoNgaka Marumo a bo a nyelele a ba
iphitlhele. Go nyelela ka madi a bone go baka gore ba kgopisege thata ba bo ba mo otlhaya ka go mo
kenta ka molemo o o tsentshang a bo a tswa setseno. Go tsentsha Modiri go dira gore BoSelepe le
Semato ba batle dituelo tse di okeditsweng mo go Ngaka Marumo yo o ganang kopo ya bone. Go gana
go ba bolaya go baka gore ba sakgale thata babo ba mo thuntsha ka tlhobolo ba bo ba fisa setopo sa
gagwe ba bo ba siya.

Go bolaya Ngaka Marumo go tsala gore Selepe le Semato ba tshwarwe ba tlhotlhomisiwe ba bo ba


atlholelwe loso. Go tlhotlhomisiwa ga bone go dira gore ba ntshe diphiri tsa ga Modiri tsa gore o ne a
ba thapile go senyetsa Mofalotsi botshelo. Go ntshiwa ga diphiri tsa ga Modiri go baka gore a tshwarwe
a sekisiwe a bo a atlholelwe botshelo jotlhe mo kgolegelong.

PAKA LE LEFELO

TSAMAELANO FA GARE GA DITIRO TSA BATSHAMEKI LE PAKA LE LEFELO LE BA BEILWENG MO GO


LONE

Batshameki ba Letlapa le le bolele ba tshela mo pakeng ya sesa mo motseng o o tlhabologang wa


Palapye. Ditiro tsa bone di tsamaelana le paka le lefelo le ba beilweng mo go lone. Se se raya gore se ba
se dirang ke se se tlwaelesegileng go dirwa mo pakeng le mo lefelong leo.
Boitshwaro jwa batshameki ba paka e ke jo bo sa siamang. Batho ba latlhegetswe ke setho, ba dira se
ba se ratang go sa kgathalesege gore a se siame kana jang. Boitshwaro jwa ga Modiri jwa go phuaganya
lelwapa a siya le lorato lo losa lwa ga Tlhoriso, ke jo bo diragalang mo pakeng e ya sesa.Go tlwaelesegile
fela gore mo pakeng e batho (banyalani) ba kgona go tlolaganya malwapa ba tlhantshiwa ke lorato lo
losa. Batho ba paka e fela jaaka Modiri ga ba na kutlwelobotlhoko. Motho o kgona go tlhala mosadi
kana monna a mo tlogela le bana ba sala ba sotlega ene a a ja mokaragana wa botshelo. Ga go thona go
bona Modiri a sotlaka Khutsafalo a mo phuaganya le bana ba sala ba sotlega ene a ijesa monate le
Tlhoriso. Go tlhoka kutlwelobotlhoko le tirisanommogo gape mo go Tlhoriso yo a leng pelo tshetlha. Ke
gone ka moo a ratanang le Modiri kabomo a bo a mo rotloetsa go tlhala Khutsafalo.O itebile a le esi e
bile ga a na sepe le botlhoko jo Khutsafalo a bo utlwang ka ntlha ya gagwe. Boitshwaro jo jwa go
itshelela ke jone jo re bo bonang mo pakeng ya sesa.

Mo pakeng ya sesa bakapelo ba a ipatlelana, pelo e ja serati. Mongwe le mongwe o nale tshwanelo ya
go ipatlela mokapelo yo a mmatlang go sa kgathalesege gore batsadi bone ba reng. Ga go thona go
bona batho ba motshameko o ba sala tsamaiso e morago.Modiri ke ene a neng a ipatlela Khutsafalo a bo
a mo nyala a bo a bowa gape a ratana le Tlhoriso. Ga go na gope fa re bonang batsadi ba nna le taolo
teng. Mofalotsi le ene o ne a ipatletse Lesego a bo a mo nyala. Se baanelwa ba se dirang se ga se
gakgamatse. Ke se se diragalang mo pakeng e ya sesa.

Mo pakeng e ya sesa botshelo bo ikaegile thata ka madi. Gore motho a tshele sentle ke gore a bo a nale
madi ka ke one a a dirisiwang go reka sengwe le sengwe.Baanelwa ba paka e ba dirisa ditsela tse di
farologanyeng go bona madi gore ba itshetse. Ga go gakgamatse go bona Mofalotsi a tlhwaafaletse
thuto ka a le mo pakeng ya sesa.O batla go rutega gore a bone tiro a tle a bone madi a go itshetsa.
Batshameki ba bangwe ba dira borukutlhi kana boferefere gore ba kgone go bona madi a go itshetsa.
Ga go thona go bona Modiri a adima madi ka boferefere kwa tirong a re bana ba bolawa ke tlala. O batla
madi go ya go thapa BoNgaka Marumo go senyetsa batho botshelo.BoNgaka Marumo ba dira ditiro tsa
borukutlhi ka ba batla madi a go itshetsa.

Lefelo le batshameki ba nnang mo go lone le tsamaelana le ditiro tsa bone.Bontsi jwa ditiragalo bo
diragala kwa Palapye, motse o o tlhabologang. Batho ba lefelo le ba santse fale le fale ba na le mowa
wa tirisanommogo. Motho o kgona go gakolola yo mongwe ka ditsetlana tsa botshelo. Ga go
gakgamatse go bona Kgololo a gomotsa a bo a gakolola Khutsafalo go rekisa dinamone gore a kgone go
tlamela bana a bo a mo thusa ka go mo rekela dikgetse tse pedi tsa dinamune. Tsamaiso ya puso le yone
e tsamaelana le lefelo. Batshameki ba ba kwa legaeng kana motse o o tlhabologang gantsi ba isa
dingongorego tsa bone kwa go kgosi. Ga go thona go bona Khutsafalo a ya go ikuela kwa kgosing go bo
Tlhoriso o mo thubetse lelwapa. Kgosi o sekisa Tlhoriso a bo a mo atlhola dikgomo tse di ferang bobedi
kana dingwaga tse pedi mo kgolegelong. Kgosi ke ene a nang le dithata tse di rileng mo motseng.
THULAGANYO YA DITIRAGALO

O ITEBAGANTSE KGWETLHO, KGOTLHANG, SETLHOA, MAFOLOGELO LE PHELELO RULAGANYA


DITIRAGALO TSA MOTSHAMEKO O.

Kgwetlho ya ditiragalo tsa motshameko wa Letlapa le le bolele ke go ratana ga ga Modiri le Tlhoriso


ntswa a nyetse Khutsafalo. Potsokgolo e ke gore Modiri o ya go felela kae ka boitshwaro jo?

Modiri o ne a nyetse Khutsafalo ka bana ba babedi ebong Mofalotsi le Moreetsi a solofeditse gore o tla a
ba tlamela nako tsotlhe. Mo tsamaong ya nako o ratana le Tlhoriso a bo a phuaganya lelwapa. Modiri ka
ntlha ya boitshwaro jo bo maswe jo, o nna le kgotlhang le tikologo ya gagwe. O nna le kgotlhang ka
gore o dira se se sa amogelesegeng mo tikologong ya gagwe. Ke rre wa lelwapa yo go solofelwang gore a
tlotle lelwapa a tsee boikarabelo jwa go le tlhokomela le go le sireletsa. Mme ene ke yo ga a dire se se
solofelwang mo go ene. O nna fela a omana mo lwapeng a re go leswe e bile gape a re ga a batle
Mofalotsi le Moreetsi ka e se bana ba gagwe. Go bonagala kgotlhang ka gore tikoloo ga e amogele
tshwetso e ya ga Modiri. Bana ba supa fa ba le kgatlhanong le dipuo tse a dib a rayang ke sone se
Moreetsi a reng gab a kake ba kgona go tlhola ba garumetswe ke tau e e mariri. Are fa e le gore Modiri
ba mo kolota sengwe a se bue ba mo duele. Mofalotsi le ene o supa a le kgatlhanong le ene ka gore a re
Modiri o ipontsha e le sekopa ka gore fela fa mmaagwe a itsholofetse Modiri o a itlhantsha. Dikgang tse
di supa fa Modiri a nale kgotlhang le tikologo ya gagwe, o dira se se sa solofelwang mo go ene.

O tswelela a nna le kgotlhang le tikologo fa a dumalana le Tlhoriso gore ba kgoreletse katlego ya ga


Mofalotsi, ba dumalana go mmolaya. Se a batlang go se dira se se kgatlhanong le tikologo. Go solofelwa
gore e le rre wa lelwapa a sireletse lelwapa la gagwe mme ene ke yo o batla go bolaya ngwana yo o neng
a ka tsoga a mo tshedisa mo botshelong. Kgotlhang e e supagala gape fa gare gaga Modiri le
Gotlhometse. O pateletsa Gotlhometse gore a bolae Mofalotsi ntswa ditaola tsa gagwe di ganana le
maaka a gagwe ene Modiri. Gotlhometse o itseela madi mo go ene a bo a sa dire sepe.

Modiri o adima madi a mantsintsi kwa komponing e a direlang mo go yone ka maikaelelo a go thapa
batho go bolaya Mofalotsi kana go mo senyetsa botshelo. Mme kwa bofelong o palelwa ke go a duela.
Se a se dirileng se ga se amogelesege mo tikologong. Ba kompone ba nna le kgotlhang le ene ba bo ba
mo koba mo tirong. Ke kgotlhang ka gore go supa gore tikologo ga e amogele se Modiri a se dirileng. Ga
a diragatse ditsholofetso tse a neng a di solofeditse ba komponi.

Mathata otlhe a a mo diragalelang ke kgotlhang ka gore go supa gore o ne a dira sengwe se tikologo e sa
se amogeleng. O nna le kgotlhang le tikologo ya gagwe fa BoNgaka Marumo ba mo tsentsha ka go mo
kenta ka molemo o o tsentshang. Tikologo e mo otlhaela go bo a ne a thapa Ngaka Marumo go
tsenyetsa Mofalotsi teemane mo dithotong mme a nyelela ka madi a bone a sa ba duela. Ke kgotlhang
ka gore o ne a sa diragetse ditumalano. Tikologo e solofela gore motho a obamele ditumalano mme fa
sa dire jalo e nna kgatlhanong le ene.

Kgotlhang e ya ga Modiri le tikologo e felela fa setlhoeng fa Modiri a sekisediwa melato ya gagwe yotlhe
a bo a atlholelwa botshelo jotlhe mo kgolegelong.
Mafologelo ke fa Tlhoriso a sekisediwa go thubela Khutsafalo lelwapa a bo a atlholelwa kgolegelo ya
dingwaga tse pedi kana dikgomo di le boferabobedi. Ditso ene o gololwa mo kgolegelong a bo puso e
mo duelela malatsi otlhe a a nnileng mo kgolegelong.

Phelelo ke fa ba lelwapa la ga Khutsafalo ba tshela ka kagiso ba atlegile. Mofalotsi ke ngaka ya malwetsi


a tlhaloganyo e bile o filwe boroko mo kokelong ya puso go direla teng a santse a ikagela ya gagwe. O
thapile Moreetsi go nna motlhatlhobi wa dibuka fa mmaagwe ene e nna mophepafatsi le moamogela
baeng. Ba tshela ka boitumelo.

MAIKUTLO A MOKWADI MABAPI LE BASADI BA BA THUBANG MALWAPA A BATHO

Mokwadi ga a rate basadi ba ba thubang malwapa a batho ba bangwe. O supile se ka Tlhoriso yo o neng
a thubela Khutsafalo lelwapa ka go ratana le Modiri ntswa a itse fa a nyetse Khutsafalo. Mokwadi o
dirisitse ditsela tse di farologanyeng jaaka botho jwa moanelwa, teo ya leina, kobiso, puo ya tshotlo,
setlhogo sa buka le maduo e leng kotlhao.

Mokwadi ga a rate Tlhoriso ka a thubela Khutsafalo lelwapa. O supile fa a sa mo rate ka go mo senola a


nale botho jo bo maswe. O mo supile a le setlhogo. O setlhogo ka go rotloetsa Modiri gore ba bolae
Mofalotsi ka a re fa a ka atlega o ka tsoga a thusa Khutsafalo go mo sekisetsa go mo thubela lelwapa.
Janong o batla go mmolaya. O boa gape a supiwa a le lefufa. O fufegela Mofalotsi go bo a atlega mo
dithutong tsa gagwe ka jalo o rotloetsa Modiri gore ba mmolae ka a re o tla a tsoga a atlegile a bo a
tshedisa ba lelwapa la ga Khutsafalo sentle. O buile gape a supiwa a le pelotshetlha, ga a kgotsofalele
dithuso tse Modiri a di mo neelang. O nna fela a omanya Modiri a batla madi mo go ene.

Mokwadi o dirisitse teo ya leina go supa fa a sa rate moanelwa Tlhoriso. Omo file leina le le maswe la
motho yo ditiro di maswe mme le felela le ile mareelelong. Tlhoriso ke leina kana lefoko le le rayang
motho yo o bosula yo o tlhorontshang kana yo o bogisang/ sotlang batho ba bangwe. Leina le le
tsamaelana le ditiro tse a neng a di dira mo bathong ba bangwe. O ne a tlhorontsha Modiri, a mmogisa.
A nna fela a mo kgobotletsa ka dipuo tse di botlhoko, a batla gore a mo neele madi, seo se ne se dira
gore Modiri a tshelele mo bohutsaneng mo a neng a tshela ka go ikotlhaela go ratana le ene. O boa gape
a tlhorontsha Khutsafalo ka go mo thubela lelwapa a bo a ba bogisa ka go batla go bolaya Mofalotsi, ka o
ne a ketekiwa ke magodu. O bakile tshotlego ya lelwapa la ga Khutsafalo ka go ba tseela motlhokomedi
wa bone ebong Modiri ba bo ba sala ba sotlega. Mokwadi o mo neile leina le ka a sa rate basadi ba ba
thubang malwapa a batho jaaka ene jaana, go supa fa ba tlhorontsha batho ka go ba utlusa botlhoko.

Tsela e nngwe e a e dirisitseng go supa fa a sa rate basadi ba ba thubang malwapa a batho jaaka Tlhoriso
ke kobiso. Tlhoriso o ne a thubela Khutsafalo lelwapa a se na sepe gore o ba utlusa botlhoko mo lapeng.
A ipona a le esi ebile a sa batle go bona lelwapa la ga Khutsafalo le tshela sentle. O rotloetsa Modiri gore
ba bolae Mofalotsi go kgoreletsa katlego le boitumelo jwa lelwapa la ga Khutsafalo. O ne a ipatla a le esi
fela a solofela gore o ya go tshela sentle ka Modiri a tla a bo a mo direla tsotlhe tse a di tlhokang. O ne
gape a solofela gore ngwana wa gagwe Ditso o tla a ya sekolong a rutega a bo a bereka a mo
tlhokomela. Ka mokwadi a sa rate boitshwaro jwa gagwe jwa go thubela Khutsafalo lelwapa o dira gore
maikaelelo a gagwe a folotse e nne kobiso ya se a neng a se ikaeletse. Kobiso eo e bonagala kwa
bofelong fa a tsena mo mathateng go nale go tshela sentle mo a neng a go ikaeletse. Modiri yo o neng a
mo ikantse o kobiwa mo tirong ba bo ba gapelwa dilwana. Ditso le ene ditoro tsa go ya sekolo di a
phirima fa a tshwarwa ka teemane a bo a isiwa kgolegelong. Tlhoriso o mo bohutsaneng ka a se na one
madi a go golola ngwana wa gagwe. O felela a tsena mo go a magolo mathata fa a sekisediwa go thuba
lelwapa la ga Khutsafalo a bo a atlholelwa dingwaga tse pedi mo kgolegelong kana go duela dikgomo tse
di ferang bobedi. Botlhoko jo a neng a bo eleletsa ba bangwe bo diragaletse ene.

Puo e a e dirisitseng le yone e supa fa a sa rate basadi ba ba thubang malwapa a batho jaaka Tlhoriso. O
dirisitse batshameki ba bangwe go buisa Tlhoriso ka mafoko a a supang go kgala, a tshotlo a a senolang
fa ba sa rate ditiro tse di bosula tse a di dirang. Khutsafalo o dirisa mafoko a a bosula fa a bua ka ga
Tlhoriso fa ba le kwa kgotleng. Are ,‘ O sebete thata mosadi yo. O bosula! Tota ke dirukutlhi dilo tse.”
Modiri ene a re``Ke wetse mo diatleng tsa nko di aboga, mosadi yo o senang tlhong go tsola monna
ditswalo`` O buile gape are, ``Mosadi! Ga ke batle go go bona fa tlase game. Ke feroga sepe fa ke go
bona.`` Puo e ga e supe lorato kana boitumelo gotlhelele. Ke mafoko a a botlhoko a a supang fa
baanelwa ba ba ne ba sa rate Tlhoriso gotlhelele.

Mokwadi o dirisitse setlhogo sa buka go supa fa a sa rate basadi ba ba thubang malwapa a ba bangwe
jaaka Tlhoriso. Setlhogo se fa se feletse sare ``botshelo ke letlapa le le bolele bo a reledisa`, bo batla go
tshelwa ka kelotlhoko. Mokwadi o dirisitse setlhogo se go tlhagisa batho gore fa ba sa nne kelotlhoko ba
dira ditiro tse di maswe ba tla a felela ba tsenye mo mathateng. Tlhoriso o ne a dira ditiro tse di maswe
a thubela Khutsafalo lelwapa a bo a rotoetsa Modiri gore ba bolae Mofalotsi. O ne a dira jaana a sa ele
tlhoko gore ditiro tsa gagwe di tla a mo tsenya mo mathateng. O felela a tsenye mo mathateng a mantsi.
Modiri yo a neng a mo ikantse o senyegelwa ke tiro a bo a gapelwa dilwana. O felela a sekisediwa go
thubela Khutsafalo lelwapa a bo a atlholelwa dingwaga tse pedi mo kgolegelong kana go duela dikgomo
tse ferang bobedi tse le tsone a se nang tsone. Mathata a a mo diragaletseng a supa fela gore o ne a se
keletlhoko mo botshelong a dira ditiro fela a sa lebelele ditlamorago tsa tsone.

Maduo a e leng kotlhao mo go Tlhoriso a supa fa mokwadi a sa rate basadi ba ba thubang malwapa a
batho ba bangwe jaaka Tlhoriso. O mo tsentse mo mathateng e le kotlhao ya ditiro tse di maswe. O mo
otlhaela go thubela batho lelwapa. O tsena mo mathateng fela fa Modiri yo o neng a mo ikantse go mo
direla sengwe le sengwe a kobiwa mo tirong ba bo ba gapelwa dilwana. Go raya gore o ya go tlhoka yo a
mo thusang botshelo. Ngwana wa gagwe le ene o tsena mo kgolegelong mme ene Tlhoriso a sena
dithata tsa go mo golola. Le ene o tsena mo go a magolo mathata fa a sekisediwa go thubela Khutsafalo
lelwapa a bo a atlholelwa dingwaga tse pedi mo kgolegelong kana dikgomo tse di ferang bobedi.
Mathata a a supa fa mokwadi a sa rate se Tlhoriso a se dirang ke sone se a mo otlhayang.

You might also like