Setswana HL P1 May-June 2018 Memo

You might also like

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 7

SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS

SETSWANA PUO YA GAE (HL)

PAMPIRI YA NTLHA (P1)

2018

MEMORANTAMO

MADUO: 70

Memorantamo o, o na le ditsebe di le 7.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/2018
SCE – Memorantamo

KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO

Mokgwa wa go tshwaya Tekatlhaloganyo


• Motlhatlhojwa a se sokelwe dirope fa dikarabo di na le mopeleto o o fosagetseng
le diphoso tsa puo ntle le fa diphoso tseo di fetola bokao gonne go tobilwe go
tlhaloganya. (Diphoso di nne di supiwe.)
• Fa motlhatlhojwa a dirisa mafoko a puo e sele, ikgatholose mafoko ao, mme fa
karabo e santse e tlhaloganyega, o se ka wa mo jela maduo. Fela, lefoko le le
tswang mo puong e sele le a amogelesega fa le dirisitswe mo setlhangweng e
bile le tlhokega mo karabong.
• Mo dipotsong tse di bulegileng, dikarabo tsa EE/NNYAYA kgotsa KE A DUMELA/
GA KE DUMELANE di se abelwe maduo. Lebaka/Tshegetso ke yona e e
tshwanetseng go tsewa tsia.
• NNETE/FOSAGETSE kgotsa NTLHA/KAKANYO e se abelwe leduo lepe.
Lebaka/Tshegetso ke yona e e tshwanetseng go tsewa tsia.
• Fa go tlhokega karabo ya lefoko le le lengwe, mme motlhatlhojwa a neetse polelo
yotlhe, mo tshwae ka nepagalo fa e le gore lefoko le le nepagetseng le thaletswe/
le ntshofaditswe.
• Fa go tlhokiwa dintlha di le pedi/tharo, mme go tlhagisitswe tse dintsi, go
tshwaiwe fela tse pedi/tharo tsa ntlha.
• Amogela dipharologano tsa diteme.
• Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela
tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e
kwadilweng ka botlalo.

POTSO 1
1.1 1.1.1 B/mosadi tshwene o jewa mabogo. (1)
1.1.2 Nako ya go tlhokafala e atametse. (2)
1.1.3 O ne a utlwisiwa botlhoko ke gore Dikeledi o tlaa latlhegelwa ke
isago e e phatsimang. (2)
1.1.4 Go nna morutabana. (1)
1.1.5 Gabedi. (1)
O tlogetse sekolo se segolwane le sa bagolo. (2)
1.1.6 Nnyaya. E ne e le seithati sa mosadi a utlwisiwa botlhoko ke go
palelwa ke go iphepafaletsa.
Ee. O ne a rutile Dikeledi go dira tiro ya mo gae a na le
maikarabelo.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)
1.1.7 Go tlhatswa sejana se a jelang mo go sona. (1)
Go phepafatsa phaposi ya gagwe. (1)
1.1.8 Go siamisetsa bomonnawe go ya sekolong.
Go direla mmaagwe motogo.
Go phepafatsa phaposi ya gagwe.
(Di le PEDI fela.) (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 3 DBE/2018
SCE – Memorantamo

1.1.9 Ke ntlha. O ne a oka mmaagwe./O ne a tlhokomela bomonnawe. (2)

1.1.10 Mmaagwe o ne a ka isiwa bookelong/kwa mafelong a a thusang


balwetse./O ne a ka batlelwa mongwe wa losika kgotsa baithaopi
go tla go mo thusa.
(Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko.) (2)

1.1.11 Moruti Tau (1)

1.1.12 Tsa booki (2)

1.1.13 Ke ne ke tlaa ba gakolola gore ba ithute maikarabelo./Ke ne ke tlaa


ba ikgatholosa fela.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)

1.2 1.2.1 Mo go SETLHANGWA A, Dikeledi o oka mmaagwe√ fa mo go


SETLHANGWA B baoki ba oka molwetse. √
Mo go SETLHANGWA A, go okelwa kwa gae√ fa mo go
SETLHANGWA B go okelwa kwa bookelong. √ (4)

1.2.2 O tshwanetse go nna pelotelele/pelotlhomogi.


(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/2018
SCE – Memorantamo

KAROLO YA B: TSHOBOKANYO

Mokgwa wa go tshwaya Tshobokanyo:

Go tshwaiwa ga tshobokanyo go ikaegile ka tsenyeletso ya sediriswa se se


amogelesegang.

Tshobokanyo e tshwanetse go tshwaiwa ka mokgwa o o latelang:

• Kabo ya maduo
o Maduo a le 7 a dintlha di le 7
o Maduo a le 3 a puo
o Palogotlhe: 10

• Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko a gagwe:


o Leduo le le 1 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 1–3
o Maduo a le 2 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 4–5
o Maduo a le 3 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 6–7

• Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a nopotse:


o Leduo le le 1 = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 1–5.
o Lefela (0) = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 6–7.

ELA TLHOKO:

• Palo ya mafoko
o Batshwai ba tshwanetse go netefatsa palo ya mafoko a a dirisitsweng.
o A motlhatlhojwa a se jelwe maduo fa a sa tlhagisa palo e e solofetsweng kgotsa
fa palo ya mafoko a a dirisitsweng e fosagetse. Fa a fetile palo ya mafoko a a
lekanyeditsweng, bala go fitlha ka polelo ya bofelo e e tlang morago ga
tekanyetso, mme o ikgatholose karolo e e setseng ya tshobokanyo.
o Ditshobokanyo tse dikhutshwane, mme di na le dintlhakgolo tsotlhe tse di
tlhokegang di se ka tsa sokelwa dirope.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 5 DBE/2018
SCE – Memorantamo

POTSO 2

Dinopolo Mafoko a a tshikintsweng


1 'Tsela nngwe ya tharabololo ya kutlobotlhoko 1 Dumelana le maikutlo mme o
ke go inyalanya le maikutlo a a farologaneng amogele tatlhegelo.
a tatlhegelo o bo o amogela tatlhegelo'.
2 'Motho a ka rarabolola kutlobotlhoko ka go 2 Buisana le mongwe yo o mo
bua ka ga tatlhegelo ya gagwe le mongwe yo ikanyang ka ga seemo sa gago.
a mo tshepang'.
3 'Go tsholola dikeledi go ka neelana ka 3 Go lela go golola kutlobotlhoko
khunulogo mo kutlobotlhokong'.
4 'Go maikutlo a a farologaneng a mangwe a a 4 Amogela maikutlo a a
tshepisa fa a mangwe a kgoba marapo, o solofetsang mmogo le a a
tshwanetse go amogela maikutlo ao otlhe nyemisang mooko.
gore o gololosege'.
5 'Tsela ya kutlobotlhoko ke ya botlhe, buisana 5 Bua le ba ba fetileng mo
le ba ba setseng e le moenyana o pele mo maemong ao.
tseleng e'.
6 'Maikutlo mo seemong a dubakane ka jalo 6 Itetle go nna le metsotso ya
motho o tshwanetse go letlelela gore a nne le boitumelo le go tshega.
dinako tsa boitumelo le setshego'.
7 'Ka dinako dingwe batho ba o tshelang le 7 Tsenela meletlo ya ditsala o
bona ba na le tse di ba itumedisang, tsenela itumelele matsalo a gago.
nako ya go itumela le ditsala, o keteke malatsi
a gago a botsalo le a boikhutso'.

Dumelana le maikutlo mme o amogele tatlhegelo.√ Buisana le mongwe yo o mo


ikanyang ka ga seemo sa gago.√ Go lela go golola kutlobotlhoko.√ Amogela maikutlo a
a solofetsang mmogo le a a nyemisang mooko.√ Bua le ba ba fetileng mo maemong
ao.√ Itetle go nna le metsotso ya boitumelo le go tshega.√ Tsenela meletlo ya ditsala o
itumelele matsalo a gago√.
[Palo ya mafoko = 62]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/2018
SCE – Memorantamo

KAROLO YA C: TIRISO YA PUO

Mokgwa wa go tshwaya Karolo C

• Mopeleto:
o Karabo ya lefoko le le lengwe e abelwe leduo le fa mopeleto o fosagetse ntle
fela le fa phoso e fetola bokao jwa lefoko.
o Fa dikarabo e le dipolelo tse di tletseng, mopeleto o o fosagetseng o sokelwe
dirope fa phoso e le mo ponagalong ya puo e e tlhatlhobiwang.
o Fa go tlhatlhobiwa dikhutshwafatso, karabo e tshwanetse go nna le matshwao
a puiso a a nepagetseng.
• Dipopego tsa polelo di tshwanetse go latela melawana ya dipopego tsa puo ka
nepagalo e be e tlhagisiwe ka dipolelo tse di tletseng/go latela taelo.
• Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela
tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e
kwadilweng ka botlalo.

POTSO 3

3.1 C/Nike (1)

3.2 Kgololosego ya dinao tsa gago/go taboga go go gololesegileng (1)

3.3 Di a temeka/Di bofefo (1)

3.4 Tlhotlhwa
Aterese
Dinomoro tsa mogala
Dinako tsa mabentlele (Di le THARO fela.) (3)

3.5 Modirisogo (1)

3.6 Kgatelelo (1)

3.7 Ee. Ga di a tlhaolelwa bong kgotsa batho bangwe ba ba rileng.


Nnyaya. Ga se batho botlhe ba ba tabogang kgotsa ba kgona go dirisa
ditlhako tsa mofuta o.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)
[10]

POTSO 4

4.1 A/Kgwele ya dinao (1)

4.2 Tšhakgalo/Kgalefo. Ba rototse matlho e bile ba bonala ba goa.


(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)

4.3 Ba mo kolopa ka dilo/Ba a mo lelekisa (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 7 DBE/2018
SCE – Memorantamo

4.4 Go tlhagelela ngwana, bagolo ba ba mo magareng le monnamogolo (3)

4.5 Ke ne ke tlaa itlhoboga ke ema fela/ke ne ke tlaa tsholetsa matsogo go


ineela/ke ne ke tlaa ba neela kgwele e e fa pele ga me.
(Dikarabo tse di nepagetseng tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko.) (2)
[10]

POTSO 5

5.1 Fa o sena go ja legapu, go sala kgari ya lona. (1)

5.2 Le ka tlhobolwa la ntshiwa moroko mme la apewa setampo sa letšhotlho. (1)

5.3 Sedirwa (1)

5.4 Podi le yona e batla go gaiwa. (1)

5.5 Gwetla (1)

5.6 Rre o tsamaile le mme go ya mabentleleng. (2)

5.7 Thata/ ka iketlo (1)

5.8 Letlhaodi (1)

5.9 Thui (1)


[10]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 30
PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 70

Kwalololo e ileditswe

You might also like