Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 6

DITLHANGWAPONO– PAPATSO

PAPATSO
DINTLHA TSA BOTLHOKWA

 Ditshwantsho, dipapatso le dikhathunu ke dipotso tse di bodiwang mo


pampiring ya 1 (P1)
 Barutwana ba ka dira go tlala seatla mo dipotsong tse mme ba feleletsa ba
ungwile maduo a a nametshang.
 Dipotso tsa tsona di batla gore barutwana ba lemosiwe gore di akaretsa
dintlha tse di latelang:
 Tshekatsheko e e tseneletseng ya setshwantsho, papatso le khathunu.
 Go araba dipotso tse di senolang maikutlo a a ka ga setshwantsho, papatso
kgotsa khathunu (kutlobotlhoko, boitumelo, lenyatso, lorato, kakabalo jj)
 Go araba dipotso tsa diakeronimi le dikhutshwafatso segolobogolo mo
potsong ya khathunu le papatso.
 Go araba dipotso tse di batlang gore fa e ne e le wena o ne o ka dirang mo
maemong mangwe a a rileng…?
 Go araba dipotso tse di batlang molaetsa segolobogolo mo potsong ya
khathunu le ya papatso.
 Mo potsong ya setshwantsho ka dinako tsotlhe ba bodiwa gore setshwantsho
se tshwana kgotsa se farologana ka eng le temana ya 1.1
o Dipotso tsa maemo a loago di bodiwa thata mo setshwantshong.
o Barutwana ba tlhalosediwe gore setshwantsho se na le morero o le
mongwe le potso ya tekatlhaloganyo.
 Khathunu le Papatso le tsona di bodiwa go lebeletswe morero o o jaaka
metshameko, dipolotiki, Thuto jj)
 Go dipotso tse di bodiwang barutwana mme ba neelwa dikarabo di le nne go
tlhopha e le nngwe mo go tsona. Ka jalo, ba buise potso ka tsenelelo pele ba
ka tlhopha karabo.
 Dipotso ke tsa ditogamaano tsa papatso le dikhathunu, tse dingwe ke tse di
akaretsang temogo e e tseneletseng ya tiriso ya puo (sekao: Puo e e
senolang le go tsosa maikutlo a a rileng) Mo go tsona barutwana ba
rotloediwe go tshegetsa dikarabo ka mabaka. Potso e totobatse gore
barutwana ba neele mabaka.
 Go ka bodiwa gore go tobilwe baamogedi bafe kgotsa papatso e
kwaletswe bomang? (Se, ke setlhopha sa batho se papatso e tshwanetseng
go se fitlhelela)

Maano/ditogamaano tse babapatsi ba di dirisang go ngoka badirisi (tse ga se tsona


fela)

Go botlhokwa gore mmapatsi a ngoke bareki/ badirisi. Mmapatsi a ka dirisa maano a a


latelang:

 Puo e e nang le tshedimosetso


E sedimosetsa moreki/modirisi ka kungo/tirelo.

 Babapatsi ba bong jo bo rileng ba ba nang le ditebego tse di kgatlhisang


 Go dirisa babapatsi ba ba kgatlhisang e bile ba le seemo se sentle go
bapatsa kuno ya gago.
 Bapatsi ba dirisa dilwana tsa mabono go ngoka keletso ya bareki. sk Go tswa
mo mefuteng e e farologaneng ya dimonamone, re na le sengwe le sengwe
se o se tlhokang go dira gore letsatsi la gago la baratani e nne le le
kgethegileng.
 Tiriso ya batho ba ba itsegeng
Go dirisa motho yo o itsegeng go rekisa kungo.

 Motho yo o nyebang go bontsha gore o itumeletse kungo e.


 Poeletso ya leina la kungo.
 Puo e e tsosang maikutlo a a rileng
E tsosa maikutlo a a rileng mo moreking. E a tlhotlheletsa. Babapatsi ba dirisa ntlha le
kakanyo, puo ya matlhajana le ya kgobelelo.

 Puo ya kgobelelo
Kgobelelo e kaya go tlhagisa letlhakore le le lengwe la ntlha/kakanyo, se se na le
tshusumetso go babuisi ka go tlhagisa letlhakore le le lengwe la ngangisano.

o Sekao: “ga e phepha,go fitlhela o e tlhatswa ka sesepa sa Omo”


 Tlhaloso e e tlhaloganyesegang e bile e totobetse
Go na le ditsholofetso tse di totobetseng ka ga boleng, go dira le go tshepagala ga
kuno eo.

Sk: “e dira mo metsotsong e le metlhano fela”.

 Letshogo: ke tsela nngwe e e dirisiwang ke barradipolotiki ya go boifisa


kgotsa go se rate kakanyo nngwe. Borradipolotiki le makoko a a ngokang
tshegetso a sepolotiki, ba ngoka go tlhophiwa ka tsela ya go tsenya letshogo
la maemo a go sa iketlang.Barekisi ba dirisa tsela ya go nyenyefatsa dikuno
tsa barekisi ba bangwe ka go tsenya letshogo mo bareking.’’KUNO YA RONA
E BOLOKESEGILE LE GO TLHATLHOBIWA KE BORRASAENSE GO
PHALA TSE DINGWE’’.

 Temoso ka ga kungo e e rileng


Ka dinako dingwe maikaelelo a papatso ga se go rekisa kungo ka tlhamalalo, mme ke go
lemosa badirisi ba ba maleba ka ditirelo/kungo e e rileng.

 Poeletso ya leina la kungo.


TSHEKATSHEKO YA KHATHUNU
DIKGAKOLOLO GO MORUTWANA MABAPI LE PAMPIRI YA BOBEDI
Tlhokomela: Ditirwana tsotlhe mmogo le dintlhathuto tse di diretswe go go
thusa go boeletsa le go itlhatlhoba fa o tlhaloganya, mmogo le go
ipaakanyetsa ditlhatlhobo tsa monongwaga.
Fa o ithuta khathunu/dikhomiki, o tshwanetse go tlhokomela dintlha tse di
latelang:

 Maitshetlego:
Tiragalo e diragalela kae gona leng?

Baanelwa:

Baanelwa ba khathunu ba ka tshwantshiwa sentle kgotsa dipopego tsa bona di a


fetelediwa (caricatures)/kgotsa ba sekamela mo letlhakoreng le le lengwe. Mo
dikhathunung dingwe, diphologolo ke baanelwa, mme di na le bokgoni jwa go bua.

Tshobotsi e e feteleditsweng e e dirisiwang go tlhaola baanelwa. Mo dikhathunung


tsa dipolitiki, diponagalo tse di jaaka ditaele tsa meriri, dinko, diledu kgotsa ponagalo
nngwe le nngwe ya moanelwa e ka a itseweng ka yona e a fetelediwa. Go mosola
gore o kgone go farologanya baanelwa ba khathunu.
Dikakanyo /ditshwantsho tse di sekamelang mo letlhakoreng le lengwe ka mongwe
kgotsa ka sengwe. Go le gantsi dikakanyo tse ga di na bonnete. Mo dikhathunung,
seno se lemogiwa mo dintlheng tsa bong, bosetšhaba kgotsa mo ditirong.

Puo ya sefatlhego:
Fa mo khathunung o laetswe go neela bosupi jwa maikutlo, karabo ya gago e se nne
puo ya sefatlhego fela, mme o tlhalose gore puo eo e tlhagisa maikutlo afe. Sekao.
Boitumelo, kutlobotlhoko, tšhakagalo/tenego.

 Puo ya mmele:
Puo ya mmele mo dikhathunung, e dirisa matshwao go bontsha mefuta e e
farologaneng ya puo ya matsogo le maikutlo e e tlhagelelang mo maemong a a
farologaneng.

 Mela/methalo ya metsamao:
Matshwao kgotsa mela/methalo e dirisiwa go bontsha motsamao/maikutlo.

Motsamao o bontshiwa ka molatsepamo, molatshekaganyo

Tiragalo e e bonako e bontshiwa ka mela e e tswang mo papetlaneng/foreimeng.

 Bogolo jwa mokwalotlanyo/fonto le matshwaopuiso:


Mekwalotlanyo e fetolwa go supa kgatelelo. Mafoko a a botlhokwa a kwalwa ka
bontsho jo bo tseneletseng. Fa moanelwa a omana, mafoko a tshwanetse go
kwalwa a ntshofaditswe e bile go dirirsitswe matshwao a tsiboso (!!).

TLHOKOMELA! Ke mo dikhathunung fela mo go letleletsweng go dirisa


matshwaopuiso a mantsi go bontsha maikutlo. .

 Dikhathunu di na le dipapetlana/diforeime: O tshwanetse go tlhokomela gore


o araba potso go tswa mo papetlaneng/foreiming e o boditsweng potso go
tswa mo go yona.
 Puo:
Puo ya khathunu e ka nna e e tlhomameng kgotsa e e sa tlhomamang.
 Dipudula
Dipudula tsa puo di dirisiwa go supa mafoko a a buelwang kwa
godimo.

Dipudula tsa go nagana di dirisiwa go supa mafoko a a sa


buelweng kwa godimo (a a naganiwang).

Go omanya kgotsa tsibogelo ya maikutlo go ka bontshiwa ka


dipudula tsa puo tsa losi lo lo makekete.

Pudula ya moralokwaba, fa go na le baanelwa ba le babedi kgotsa go feta, e


bidiwa pudula ya go seba, mme fa moanelwa a le mongwe e bontsha
tebiso/tsepamiso ya mogopolo

Medumo e e kwa godimo le yona e tsenngwa mo ‘dipuduleng’.

You might also like