POKO

You might also like

Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 8

POKO

Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,


Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi,
A bo phimola a bo tlhapela bodibeng,
Go tswa maswe, jone bo salele nameng.

Ke ledimo le jang batho le matlhape,


Moselesele o sadisang le makape,
Go sale bolota, go sale botlhoko,
Go sale sebodu se tlhokang dipheko.

Bosiela ke pula ya kgogolamoko,


Ke mosetlho o o sa rwalelweng le ditlhako;
Bo go kolobetsa bo sa go rapele,
Bo go tlhabe dinao, ditlhako o di rwele.

Bosiela ruri ke leselamotlhaka


Le utswang dikoko, masogo le dikgaka;
Bo tsena fela le fa ntlo e ageletswe,
Bo bo bo senye lokgapho lwa ntlo e feetswe.

Bosiela ruri bo ka bo bo itlhotlhorwa,


Nkoo ke bo tshwara ke bo gasetsa borwa,
Ke bo latlha jaaka mokgatlha wa kobo
Go garolakwa ke ditau tsa lengobo.

1|Page
Fa bo ka bo bo se ngwana wa lobopo,
Nkabo ke bo tseisa tsela fela e e kgopo,
Ka thiTpa ke bo sega mmele makgasa
Ke baa ke re, Bosiela, tsamaya, o a ntshosa!

1. TLHALOSO YA LEBOKO

Puo ya leboko e fitlhegile, ga se ya malatsi otlhe ka jalo wena fa o tlhalosa leboko o tlhoka go
dirisa puo e e tlhamaletseng mme o sa senye se mmoki a se buang, o sa se oketse ka kitso ya
gago.

Matseno

 Bolela gore go bokiwa eng


 Ntsha kgangkgolo ya leboko

Sekai

Mmoki o boka bosiela. A re bo sethogo.

Mmele

 Ntsha dintlhakgolo tsa leboko o dirisa mafoko a gago


 Tlhalosa dintlha tse di tsamaelanang mo temaneng e le nngwe
 Itlatse ka dikinolo le dikapuo tse di lebaneng
 Ntsha bokao jwa kinolo e o e dirisitseng

Structure

Tlhaloso ya temana ka mafoko a gago

Kinolo

Bokao jwa kinolo

2|Page
Sekai

Mmoki a re bosiela fa bo tsene mo mothong ga bo tswe. A re le fa motho a leka bojotlhe jwa


gagwe, a tlhapa ka maikaelelo a go bo ntsha mo go ene ga go kgonege. Go netefatsa se mmoki o
dirisitse sekapuo sa tshwantshanyo a tshantshanya bosiela le lobadi fa a re, “Bosiela ga bo
phimoge sekalobadi,” O dirisitse sekapuo se go gatelela fa bosiela e le selo sa sennela ruri, bo sa
sutlhege fela jaaka lobadi.

2. MOLAETSA WA LEBOKO

Go tewa se motho a se ithutileng mo lebokong leo.

Matseno

 Bolela molaetsa wa leboko

Sekai

Molaetsa wa leboko la bosiela ke gore bosiela bo setlhogo.

Mmele

 Ntsha dintlhakgolo tsa leboko o dirisa mafoko a gago


 Tlhalosa dintlha tse di tsamaelanang mo temaneng e le nngwe
 Simolola temana nngwe le nngwe ka mafoko a potso a molaetsa
 Itlatse ka dikinolo le dikapuo tse di lebaneng
 Ntsha bokao jwa kinolo e o e dirisitseng

Structure

Tlhaloso ya temana ka mafoko a gago

Kinolo

Bokao jwa kinolo

3|Page
Sekai

Mmoki o supa fa bosiela bo le setlhogo fa a re bosiela fa bo tsene mo mothong ga bo tswe. A re


le fa motho a leka bojotlhe jwa gagwe, a tlhapa ka maikaelelo a go bo ntsha mo go ene ga go
kgonege. Go netefatsa se mmoki o dirisitse sekapuo sa tshwantshanyo a tshantshanya bosiela le
lobadi fa a re, “Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,” O dirisitse sekapuo se go gatelela fa bosiela
e le selo sa sennela ruri, bo sa sutlhege fela jaaka lobadi.

O tswelela a supa bosetlhogo jwa bosiela fa a re bosiela ga bo tlhaole……

3. Maikutlo a mmoki

Ke seemo se mmoki a bokang a le mo go sone. E ka nna maikutlo a KUTLOBOTLHOKO


kgotsa a BOITUMELO.

Ditsela tse di supang maikutlo a mmoki

 Dikapuo

O ka dirisa dikapuo ka tsela e e supang boitumelo kgotsa kutlobotlhoko. Sekai,fa a itumetse o ka


tshwantshisa sebokiwa le dilo tsa mekgwa e e siameng mme fa a utlwile botlhoko o ka
tshantshisa sebokiwa le dilo tsa mekgwa e e sa siamang.

 Mekgabisa ya leboko

Mekgabisa e akaretsa tepatepano, kgokagano, poeletso modumo le poeletso mafoko. Mmoki o ka


di dirisa ka tsela e e galaletsang go senola boitumelo kgotsa a di dirisa ka tsela e e kgalang go
senola kutlobotlhoko ya gagwe.

 Dipotso tse di sa tlhokeng dikarabo

O ka botsa dipotso tse di nyenyafatsa kgotsa di kgala sebokiwa fa a utlwile botlhoko kgotsa a
botsa tse di galaletsang, di rorisa sebokiwa fa a itumetse.

 Puo

O ka dirisa puo ya tshotlo, e e bogale kgotsa ya kgalaletso go senola maikutlo a gagwe.

 Ditiro tsa sebokiwa

O ka supa sebokiwa ka ditiro tse di siameng fa a itumetse kgotsa a se sup aka ditiro tse di sa
siamang fa a utlwile botlhoko.

 Diane le maele

4|Page
O ka dirisa diane le maele go tlhagisa kgotsa go rotloetsa.

 Setlhogo

Se senola maikutlo fela fa se na le bokao jo bo rileng.

Matseno

 Bolela maikutlo a mmoki


 Supa gore o itumeletse eng KGOTSA o utlwisitswe botlhoko ke eng.

Mmele

 Ntsha ditsela tsotlhe tse mmoki a di dirisitseng go senola maikutlo a gagwe


 Tlhalosa tsela nngwe le nngwe mo temaneng ya yone
 Supa gore tsela e supa maikutlo jang ka go e amanya le dintlhakgolo tsa leboko o dirisa
mafoko a gago
 Itlatse ka dikinolo le dikapuo tse di lebaneng
 Ntsha bokao jwa kinolo e o e dirisitseng

Structure

Tlhaloso ya temana ka mafoko a gago

Kinolo

Bokao jwa kinolo

Sekai

Mmoki o dirisitse dikapuo go supa fa a sa rate bosiela. O dirisitse sekapuo sa tshwantshayo fa a


re, “Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,” go supa gore bosiela fa bo tsene mo mothong ga bo
tswe. A re le fa motho a leka bojotlhe jwa gagwe, a tlhapa ka maikaelelo a go bo ntsha mo go
ene ga go kgonege. O dirisitse sekapuo se go gatelela fa a sa rate mokgwa wa bosiela wa go
nnela ruri mo mothong, bo sa sutlhege fela jaaka lobadi.

5|Page
O tswelela a senola maikutlo a gagwe ka go dirisa mokgabisa wa leboko wa poeletso mafoko fa
a re -------

DIKAPUO LE MEKGABISA YA POKO

1. MOTHOFATSO (PERSONIFICATION)

Ke fa selo se e seng motho se bewa mo maemong a setho, se akanya, se bua, se na le dikarolo tsa
setho kgotsa se dira ditiro tsa setho.

Sekai go tswa mo lebokong la loso;

O tsaya o sa bonale tselakgopo


Ngwaga o ke wena mmusi wa lebopo

2. TSHWANTSHANYO (SIMILE)
Ke fa go tshwantshanngwa selo le se sengwe go lebilwe popego, mokgwa le mmala mme go
dirisiwa makopanyi a matshwantshi; jaaka, e kete, o kare le mabopi /se/ le /seka/.
Dikai
O tsamaya sesole
Bosiela ga bo phimoge sekalobadi
Ke tsamaile nosi jaaka lenong marung

3. TSHWANTSHISO (METAPHOR)
Ke fa go tshwantshiswa selo le se sengwe go lebilwe popego, mokgwa le mmala mme go sa
dirisiwe makopanyi a matshwantshi.
Dikai
Bosiela ke ledimo le jang batho le matlhape
Ke pula ya kgogolamoko

4. PHETELETSO (HYPERBOLE)
Ke fa go fetelediwa boammaaruri jwa se go buiwang ka sone maikaelelo e le go gatelela bokao
jwa se go buiwang ka sone.

6|Page
Dikai
Bosiela bo go tlhaba dinao, ditlhako o di rwele
Bo bo bo senye lokgapho lwa ntlo e feetswe

5. PHEFOFATSO (EUPHEMISM)
Ke mokgwa wa go nolofatsa puo gore e seka ya tlhaba maiṧkutlo a moreetsi/ mmadi. Go dirisiwa
mafoko ka thekegelo ya maikutlo a babadi/bareetsi.
Dikai
Rraagwe o itumetse e seng o tagilwe
Dineo o itsholofetse e seng o ithwele

6. KOBISO (IRONY)
Ke fa motho a bua se se kgatlhanong le se tota a se rayang.
Sekai
A bo gompieno o tlile ka nako. (A tlile thari)
7. a)TEPATEPANO E E TLHAMALETSENG
Ke mafoko a a mo meleng e e latelanang a tshwana ka go kwalwa kgotsa ka bokao gape a le mo
mafelong a a tshwanang mo meleng eo.
Dikai
O tsaya o sa bonale tselakgopo
O tsaya o sa ultwale monyeletsabatho

b)TEPATEPANO E E TLOLANANG
Mo meleng e e latelanang mmoki o dirisa lefoko/mafoko go simolola mola, a bo a boa a dirisa
lefoko/mafoko ao go feletsa mola o o latelang. Lefoko/mafoko a a feletsang mola wa ntlha a
simolola mola o o latelang.
Dikai
Monna o o senang kgomo mosimane
Mosimane o nang le kgomo monna

7|Page
Tṧhaba di mhitlhetse fela mo maropeng
Mo maropeng a ga rraagwe ba mhitlhetse

8. KGOKAGANO
Lefoko/mafoko a a feleletsang mola, a simolola mola o o latelang. E ka nna mogopolo o o
feleletsang mola o bo o simolola mola o o latelang.
Dikai
Lefufa ke motswedi wa dintwa
Dintwa tse di sa aparelweng sethatho

Kgosi e e kgesang mosadi ya kgobotletswa


Ya kgobotletswa ya rutwa fa botswakgosi e le mosadi

9. POELETSO- MAFOKO
Ke fa mmoki a boeletsa lefoko/mafoko mangwe mo moleng o le mongwe, mo meleng e e
tlhomaganeng kgotsa mo temaneng go gatelela bokao.
Dikai
Selelo sa Batswana segolo selelo
Motho ke go rileng, motho o ntshaletseng morago

10. POELETSO- MODUMO


Mmoki o boeletsa modumo mongwe mo moleng o le mongwe kgotsa go feta go gatelela bokao.
Sekai
Loso lo rena lo buse lo rene serena

8|Page

You might also like