Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 62

1

BGCSE
SETSWANA
2
3

Tsebe ya Diteng
PAPER 1 ................................................................................................................................................. 4
POLELO ............................................................................................................................................... 5
LEKWALO ............................................................................................................................................ 7
PEGO ................................................................................................................................................. 10
PUISO BATHO................................................................................................................................... 12
PAPER 2 ............................................................................................................................................... 14
MOKWALO O O LOLAMENG, MATSHWAO A MOKWALO LE DITLHAKAKGOLO ............................ 15
DIKAROLO TSA PUO ........................................................................................................................ 20
TIRI ................................................................................................................................................... 30
THULAGANYO ................................................................................................................................... 33
NTLHAKGOLO LE DINTLHANA ......................................................................................................... 36
DIANE, DITHAMALAKANE LE MAELE............................................................................................... 38
THANOLO LE TSHOBOKO ................................................................................................................ 41
PAPER 3 ............................................................................................................................................... 42
TSHEKATSHEKO YA DIKWALO ........................................................................................................ 43
PAKA LE LEFELO .............................................................................................................................. 48
MOLAETSA ........................................................................................................................................ 51
BAANELWA ........................................................................................................................................ 52
POKO ................................................................................................................................................ 54
DIKARABO TSA DIPOTSO ................................................................................................................ 57
4

PAPER 1

Pampiri ee kgaogantswe ka dikarolo dile PEDI. Pampiri e fiwa oura le metsotso ele lesome le
bone (1 hour 40 minutes).

1. KAROLO YA NTLHA
Polelo, o fiwa ditlhogo tsa dipolelo dile tlhano mme o tlhopha ele ngwe fela. Matshwao
a karolo e a masome a mararo (30 marks). O gakololwa go kwala karolo e mo
selekanyong sa oura ele ngwe (1 hour).

2. KAROLO YA BOBEDI
O kgona go fiwa lekwalo, pego, puiso batho kana puisanyo. Matshwao a karolo e a
masome a mabedi (20 marks). O gakololwa go kwala karolo e mo selekanyong sa
metsotso ele masome a mane (40 minutes).
5

POLELO

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Kwala polelo e e tsamaelanang le setlhogo se se filweng.
➢ Kwala polelo e e rulagantsweng sentle go ya ka setlhogo, matseno, mmele le
bokhutlo.

MEFUTA YA DIPOLELO
Polelo ya tlotlego
➢ Polelo e ke e mo go yone go bolelwang ka dilo tse di akanyediwang, ga go
tlhokafale gore e bo e le dilo tse di diragetseng kgotsa tse mokwadi a nang le
bosupi jwa tsone.
Dikai:
• Se nkganang se nthola morwalo.
• Ga a itsewe e se naga.
• Malatsi a boitapoloso.
• Lenyalo la ga malome.

Polelo ya mabaka a nnete


➢ Mo polelong e, mokwadi o kwala ka dikgang tsa nnete, tse di itsegeng.
➢ Polelo ya nnete e kgona go nna e e batlang motho a tlhalosa kgang nngwe ka
botlalo kgotsa e le ya ngangisano e e batlang motho a tsaya letlhakore a bo a
nonotsha mabaka a gagwe ka dintlha tse di tiileng.
Dikai:
• Bolwetse jwa segajaja bo tlhasetse mo Botswana.
• Tiriso ya maranyane e bakile bosula go na le bomolemo.
• Borukuthi bo ile magoletsa.
• Boitsholo jwa bana ba dikolo ga bo nametse.
• Se ke neng ke ka se dira fa ke ne ke le tautona wa lefatshe le.
6

GO KWALA POLELO
➢ Selo sa ntlha se moithuti a tshwanetseng go se dira pele a kwala polelo ke go lebelela
setlhogo a bo a baakanya dintlha tse di yang go dirisiwa go kwala polelo.
➢ Gore o se ka wa lebala dintlha tse dingwe, kwala sengwe le sengwe se se tlang mo
tlhaloganyong mabapi le setlhogo se se filweng, ntle le go leka go tlhomaganya
dintlha ka tsela e e rileng.
➢ Morago ga go kwala dintlha tsotlhe, di kgaoganye ka ditemana tsa matseno, mmele le
bokhutlo.
➢ Simolola go kwala polelo ka matseno mme matseno a gago a nne le kgogedi.
Sedimosa se polelo e yang go bua ka sone ka tsela e e ka rokotsang mmadi.
➢ Kwala mmele mme mo go one o tlhalose ka botlalo dintlha tsa gago go ya ka palo ya
ditemana e o tsereng tshwetso ya go e dirisa.
➢ Temana ya bokhutlo e soboka dintlha tse di mo mmeleng wa polelo e bo e konela
polelo.

Ela tlhoko:
➢ Tiriso ya manatetshapuo e botlhokwa fela thata mme ga go batle manatetshapuo a
nna mantsi thata ka a ka latlha bokao jwa polelo.
➢ Manatetshapuo a akaretsa diane, maele, dithamalakane le dikapuo.
➢ Polelo e tshwanetse go kwalwa go dirisiwa mokwalo o o lolameng le matshwao a
mokwalo fa go tshwanetseng.
➢ Ela tlhoko mafoko a a tshwanetseng go tshwaragana le a a tshwanetseng go
kgaoganngwa jaaka “seka” le “se ka”
7

LEKWALO

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Kwala lekwalo le le rulagantsweng sentle go ya ka lesupafelo, ditumediso,
tshimologo, mmele le bokhutlo.
➢ Kwala le go bolela pharologanyo fa gare ga lekwalo la botsalano le la semmuso.

LEKWALO LA BOTSALANO
➢ Le ke lekwalo le motho a le kwalelang mongwe wa ba masika le ditsala.
➢ Lekwalo le, le nna le lesupafelo la mokwadi, kgwedi, tumediso, mmele le bokhutlo.
Lesupafelo
➢ Lesupafelo mo lekwalong la botsalano e nna la mokwadi mme le salwa morago ke
kgwedi ka botlalo. Dilo tse di kwalwa kwa godimo mo pampiring mo letsogong la
moja.
➢ Sekai:
P O Box 157
Mandunyane

17 Moranang 2018
Ela tlhoko: O tlola tsela pele o kwala kgwedi.

Tumediso
➢ Morago ga go kwala kgwedi o tlola tsela o bo o kwala tumediso ka fa letsogong la
molema. Mo tumedisong, o kwala ka fa o tsalanang le motho yo o mo kwalelang ka
teng kgotsa o dirisa leina la motho wa teng go se na sefane.
➢ Fa e le motsadi kgotsa batsadi o ba kwala fela jalo, ga o tsenye maina a bone.
Mmele
➢ Mmele o kgaoganngwa ka ditemana. Temana ya ntlha ke ya madume le itekodiso
mme tse di latelang di tlhalosa dintlha ka botlalo. Temana ya bofelo mo mmeleng ke
yone e mo go yone mokwadi a romelang madume le melaetsa ya botlhokwa.

Bokhutlo
➢ Mo bokhutlong, o konela lekwalo ka go ipolela. O kwala leina fela go se na sefane
mme fa o akanya gore motho yo o mo kwalelang o ka tswa a sa go itse sentle o ka
kwala le sefane.
Sekai:
8

Ke le

Sesupo

Ela tlhoko: O tlola tsela fa gare ga “ke le” le leina la gago.

LEKWALO LA SEMMUSO
➢ Le ke lekwalo le le kwalwang mabapi le dikgang tsa tiro, sekolo kana go
ngongoregela sengwe kwa tirong, kwa madirelong kgotsa gope fela.
➢ Mo lekwalong le, ga go jewe dikgang. O kwala ka bokhutshwane o papamatsa se o se
batlang.
➢ Lekwalo le, le agiwa ka masupafelo a mabedi, tumediso, matseno, mmele le bokhutlo.

Lesupafelo la mokwadi
➢ Lesupafelo la ntlha ke la mokwadi. Fela jaaka mo lekwalong la botsalano, le kwalwa
kwa godimo mo letsogong la moja.

Kgwedi
➢ Morago ga lesupafelo la ntlha, o tlola tsela o bo o kwala kgwedi.

Lesupafelo la mokwalelwa
➢ Morago ga go kwala kgwedi, o tlola tsela o bo o kwala lesupafelo la mokwalelwa ka
fa letsogong la Molema..
➢ Mo lesupafelong la mokwalelwa, o simolola ka maemo a mokwalelwa. O dira se gore
fa motho wa go nna jalo a se mo tirong, yo o mo tshwareletseng a kgone go bala
lekwalo a bo a go thusa. Morago ga maemo, o kwala lesupafelo la mokwalelwa ka
botlalo.

Tumediso
➢ Morago ga lesupafelo la mokwalelwa, o tlola tsela o bo o kwala tumediso. Go
dirisiwa mafoko a “Rra/Mma” go supa tlotlo.

Matseno
9

➢ Morago ga tumediso, o tlola tsela o bo o simolola matseno. Matseno a simolola ka


tlhogo ya lekwalo. Tlhogo e ke yone e tlhalosang gore lekwalo le bua ka ga eng.
Morago ga tlhogo o tlola tsela o bo o tlhalosa gore kopo ya gago e itebagantse le eng.
Sekai sa tlhogo ya lekwalo:
KOPO YA TIRO YA GO TLHOKOMELA LERUO
➢ Fa o kopa tiro, o kwala mo matsenong gore o kopa tiro ya mofuta ofe, o e bone e
bapaditswe kae, leng.

Mmele
➢ Mo ditemaneng tsa mmele o atolosa kgang e o buileng ka yone mo temaneng ya
matseno.
➢ Fa e le gore o ne o kopa tiro, o a ipolela mabapi le dingwaga, bong, dithuto le kwa o
kileng wa bo o dira teng.
➢ Tlhalosa gore o motho yo ntseng jang mo tirong.
➢ Kwa bofelong jwa temana ya bofelo ya mmele, ntsha maina a batho ba ba ka go
supelang ka bontle jo o bo dirileng mo tirong le maitsholo a gago.Tsenya masupafelo
a bone le megala.
➢ Temana ya Bofelo pele ga bokhutlo e khutshwane, mo go yone o bua fela ditsholofelo
tsa gago.Fa go na le dipampitshana kgotsa mekwalo mengwe e o e romelang le
lekwalo,o umaka se gone fa.
Sekai:
Ke solofela fa kopo ya me e tla amogelesega.
Bokhutlo
➢ Mo bokhutlong o kwala leina le sefane.
Sekai:
Ka boikokobetso

Sesupo Molathiwa
10

PEGO

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Kwala pego ya sepodise le ya bobega dikgang.

PEGO YA SEPODISE
➢ Pego ya sepodise ke e mo go yone o neelang mapodise bosupi ka tiragalo nngwe e o e
boneng e diragala.
➢ Go botlhokwa thata gore o bo o bone tiragalo ya go nna jalo ka tlhamalalo, o
tlhomamisa se o se buang, o sa utlwa ka magatwe mme e bile o sa abelele.
➢ O tshwanetse go umaka gotlhe mo o go boneng, o sa tlogele sepe.
➢ Fa o simolola pego ya sepodise o kwala “Bosupi:” o bo o kwala maina a gago ka
botlalo.
➢ Morago ga se o kwala setlhogo sa pego. Mo setlhogong o kwala gore o bega ka ga
eng.
➢ Temana ya matseno ke yone e tla bong e latela mme mo go yone o ipolela ka botlalo.
O kwala leina le sefane, bong, dingwaga, lefelo le o nnang mo go lone le se o begang
ka sone.
➢ Fa o bolela lefelo le o nnang mo go lone, o tshwanetse go umaka sengwe se se
itsegeng se o bapileng le sone gore mapodise fa ba go tlhoka ba go bone motlhofo.
Sekai:
• Ke nna mo kgotleng ya Boseja mo Maun go lebagana le sekolo sa magare sa Tsodilo.
➢ Mo ditemaneng tsa mmele o bolela ka botlalo se o se boneng.
➢ Kwa temaneng ya bofelo kwala o re “Bosupi jwa me bo felela fa” o bo o baya
monwana mme morago o kwale kgwedi ka bokhutshwane.
Sekai:
• Bosupi jwa me bo felela fa. S@M.23/07/2018

PEGO YA BOBEGA DIKGANG


➢ Pego e ke e mo go yone o tlhalosang dikgang dingwe tse di amang setshaba ka
kakaretso.
➢ Fa o simolola go kwala pego e, o kwala setlhogo. Setlhogo se se tshwanetse go gapa
kgatlhego ya mmadi.
➢ Morago ga setlhogo, o a ipolela o bo o kwala motlha le lefelo la dikgang tse o yang go
kwala ka ga tsone.
Sekai:
MARAGANATENG A BANA BA MPA!
11

Pego ka: Sesupo Molathiwa


Gaborone
➢ Fa o setse o dirile jaana, o ka simolola dikgang o dirisa ditemana tsa matseno, mmele
le bokhutlo.
➢ Pego e ga e farologane thata le polelo.
➢ Ditemana tsa mmele, fela jaaka mo polelong, di atolosa dintlha fa ya bokhutlo e
garela sengwe le sengwe.
12

PUISO BATHO

➢ Puiso batho ke fa motho a buisa batho kgotsa phuthego mme bone ba reeditse
molaetsa o a tlang ka one.
➢ Puiso batho e kgaoganngwa ka setlhogo, madume, matseno, mmele le bokhutlo.

Setlhogo
➢ Setlhogo se tswa mo potsong ya puiso batho.
➢ Setlhogo fa se kwadilwe sentle se tshwanetse go araba potso ya mang, bomang, eng,
leng, kae?
Sekai:
Moruti wa kereke ya Faith Mission, Rre Moalosi, o buisa banana ka botlhokwa jwa go tsena
kereke. Phuthego e e tshwaretswe mo ntlo lohalahala ya Maun ka Labobedi, Tlhakole a tlhola
gararo monongwaga,ka nako ya bobedi mo tshokologong.
Mang: Rre Moalosi
Bomang: Banana
Eng: Botlhokwa jwa go tsena kereke
Leng: Labobedi 3 Tlhakole 2018, 1400hrs
Kae: Ntlolohalahala ya Maun

Madume
➢ O dumedisa batsenelela phuthego go ya ka maemo a bone o simolola ka yo motona o
bo o fetsa ka yo monnye. Motsamaisa tiro o tla pele ga mongwe le mongwe nako
tsotlhe.

Matseno
➢ Matseno a tshwanetse go nna le kgogedi, agape maikutlo a bareetsi.
Sekai:
Bagaetsho ke kopa gore le reetse kgang e ke tlileng go bua le lona ka yone sentle ka gore e
botlhokwa fela thata mo matshelong a rona rotlhe. Ke tswelela ka go re ba le leng fano le
lesego thata go tla go itheeletsa molaetsa o ka gonne tsebe go reeletswa e gole, e e gaufi e a
itheeletsa.

Mmele
13

➢ Dintlha tsa mmele di tshwanetse go rulaganngwa sentle. O tshwanetse go supa fa o


tlhaloganya se o buang ka sone.
➢ Go botlhokwa go amana le bareetsi ka go nna o ntse o supa gore e le ruri o bua le
bone ga se gore o tsositse modulo fela. O ka nna o ntse o re:
• Bagaetsho
• Bongwanake
• Bakaulengwe
• Bagolo ba me
Bokhutlo
➢ Bokhutlo bo tshwanetse go aga kgang ya sennelaruri mo bareetsing. Moreetsi o
tshwanetse go ikutlwa a tlamega go tsaya kgato nngwe mabapi le se go builweng ka
sone.
14

PAPER 2

Pampiri ee kgaogantswe ka dikarolo dile THARO. Pampiri e fiwa oura le metsotso ele
masome a matlhano (1 hour 50 minutes).

1. KAROLO YA NTLHA
O fiwa palo (comprehension) mme morago o butswe dipotso ka dikarolo tsa puo go
tswa mo palong eo. Matshwao a karolo e a masome a mararo (30 marks). O gakololwa
go kwala karolo e mo selekanyong sa oura ele ngwe (1 hour).

2. KAROLO YA BOBEDI
O fiwa padi e khutshwane mme morago o botswe dipotso tsa dikarolo tsa puo abo gotwe
o soboke padi ya teng. Matshwao a karolo e a masome a mabedi (20 marks). O
gakololwa go kwala karolo e mo selekanyong sa metsotso ele masome a mararo (30
minutes).

3. KAROLO YA BORARO
O fiwa temana ee kwadilweng ka sekgowa mme o e ranolele kwa Setswaneng.
Matshwao a karolo e a lesome (10 marks). O gakololwa go kwala karolo e mo
selekanyong sa metsotso ele masome a mabedi (20 minutes).
15

MOKWALO O O LOLAMENG, MATSHWAO A MOKWALO LE DITLHAKAKGOLO

Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore abo a kgona go;

➢ Farologanya mafoko a mokwalo o o lolameng le o o sa lolamang.


➢ Bitsa matshwao a mokwalo ka maina.
➢ Bolela tiriso ya matshwao a mokwalo ka go farologana.
➢ Dirisa ditlhakakgolo ka fa go tshwanetseng.

MATSHWAO A MOKWALO
Ka fa letshwao le kwalwang ka teng Leina la letshwao
. Khutlo
; Phegelo
, Phegelwana
? Letshwao la potso
! Letshwao la kgakgamalo
: Khutlo-khutlo
- Letshwaraganyi
… Marotlhodi
() Masakana
' Letshwao la khutshwafatso
.’. Go raya gore
/ Kana,kgotsa

TIRISO YA MATSHWAO A MOKWALO


1. Khutlo [.]
➢ E dirisiwa kwa bofelong jwa seele

Sekai;
• Ba tla a tsamaya sentle.
➢ e kgaoganya ditlhakakgolo tse di emetseng maina a batho

Sekai; S.M Kagiso


➢ Mo dieleng tsa temana, seele se se tlang morago ga letshwao le,se simolola ka
tlhakakgolo.

2. Phegelwana [,]
➢ E dirisiwa go kgaoganya seele se se leele.

Sekai:
Modumo o, o ne o le mogolo fela thata, o kibakanya ditsebe.
➢ E dirisiwa go balolola dilo.
16

Sekai:
• O reketse ngwana diaparo, dijo, dibuka le paka ya sekolo.
➢ E dirisiwa morago ga kinolo.

Sekai:
• ’’Kare ga ke mo rate’’, ga bua Modiri.

3. Letshwao la kgakgamalo/tsiboso [!]

➢ Le dirisiwa morago ga leetsisi.

Dikai:
• O dule a tenegile mme ga utlwala lebati le re thuu!
• Noga e ne ya sala e rile sethee! [tebego]
• Mosimane ke fa a re tike! Fa a re bona. [tiragalo]

➢ Le ka dirisiwa go tsibosa

Dikai:
• Heela!
• Bona koo!

Ela thoko! Leshwao le le salwa morago ke tlhakakgolo jaaka khutlo.

4. Matshwao a kinolo[ditsejwana] [“ ”]

➢ A dirisiwa go tsenya mafoko a mmui fela jaaka a a buile kgotsa a mokwadi fela jaaka
a a kwadile, fa mafoko a a dirisiwa ke motho yo o eseng mong wa one.

Sekai:
• ‘’Go siame bongwanaka,’’ga bua mosadimogolo Mma Boago.
➢ A ka dirisiwa go supa setlhogo sa sengwe fa se kwadilwe fa gare ga temana,

Sekai:
• Buka ya ‘’Se Monate Se Ingwaelwa’’ e ratiwa bobe ke baithuti.
17

5. Letshwao la potso (?)

➢ Le dirisiwa fa go botswa potso

Sekai:
• O tsamaya le mang?
➢ Lefoko le le salang morago letshwao le, le simolola ka tlhakakgolo.

6. Letshwao la khutlo-khutlo (:)

➢ Le dirisiwa pele go balolwa dilo.

Sekai:
• Dilo tse ba buileng ka tsone: borukhuthi, dikgwetho tse di potlana le botsogo.

7. Letshwaraganyi/letshwaogoka (-)

➢ Le dirisiwa go tshwaraganya lefoko le le ka sekeng le kwalwe e le mafoko a mabedi a


a kgaoganeng mme gape le ka se kwalwe e le lefoko le le lengwe le le kopaneng.
Dikarolo tse pedi tsa lefoko di tsenwa gare ke letswao le.

Sekai:
• Mmina-mutlweng

8. Letshwao la marothodi […]

➢ Le supa gore mafoko a mangwe a tlogetswe mo seeleng.

Sekai:

‘’O bone o seka wa thula le…’’Thu!” Ga utlwala modumo o o seng kana ka sepe,
Kabo a sena go thula lebati la koloi.
➢ Letshwao le ga le dirisiwe kwa bofelong jwa seele fela. Le dirisiwa fela fa go
tlogetsweng mafoko teng.

9. Letshwao la khutsafatso [‘]

➢ Le dirisiwa go supa fa go tlogetswe tlhogo ya leina.

Sekai:
• Ba ne ba goroga ka’tsatsi la mokete.
18

10. Masakana ( )

➢ Mafoko a a tsenngwang mo teng ga masakana a dirisiwa go sedimosa mafoko kgotsa


lefoko le le tlang pele ga one a a tsentsweng mo masakaneng.

Sekai:
• Ba sesole sa Botswana (BDF)

11. Letshwao la Phegelo (;)

➢ Fa gare ga diele di le pedi, motho o kgona go dirisa letshwao la phegelo go na le


khutlo, bogolo jang fa seele sa bobedi se tlhatswa kgotsa se tlatsa sa ntlha.

Sekai:
• Ke tiro e a eletsang go e dira fa a fetsa sekolo; se a eletsang go nna sone mo
botshelong.

12. Letshwao la ka jalo (. ‘ .)

➢ Le dirisiwa mo mokwalong o o khutshwafaditsweng go emela mafoko a gore ka jalo

Sekai:
• O sale a ile.’. Batsadi ba gagwe ba mo tlhoafaletse.

13. Letshwao la kgotsa (/)

➢ Le bidiwa kana mme gape le bidiwa kgotsa


➢ Le dirisiwa go supa dilo di le pedi kgotsa go feta tse motho a ka tlhopang mo go
tsone.

Sekai;
• Kwala/bolela maungo a Setswana a o a itseng.
19

ITHUTUNTSHO

Tlhopha diele tse mo go tsone matshwao a mokwalo a dirisitsweng sentle.


1.
A. Serwalo, morwadia Kgotla, o ne a nyetswe kae?
B. Serwalo morwadia Kgotla, o ne a nyetswe kae?
C. Serwalo, morwadia kgotla, o ne a nyetswe kae?
D. Serwalo morwadia kgotla o ne a nyetswe, kae?

2.
A. Morutabana o ne a re, “Didimalang!’’
B. Morutabana o ne a re, “Didimalang.’’
C. Morutabana o ne a re, “Didimalang’’.
D. Morutabana o ne a re, Didimalang!

3.
A. “Monna, kgaola setlhare seo! dikala.” Ga laela monnamogolo.
B. “Monna, kgaola setlhare seo dikala,” ga laela monnamogolo.
C. “Monna! kgaola setlhare seo dikala, ga laela monnamogolo”.
D. Monna, kgaola setlhare seo dikala.” Ga laela monnamogolo.”
4.
A. boorra-Tau ba obamela modimo.
B. Boorra-Tau ba obamela Modimo.
C. Boorra-tau ba obamela modimo.
D. Boorra-Tau ba obamela modimo.
20

DIKAROLO TSA PUO

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Tlhalosa dikarolo tsa puo tse di latelang: leina, leemedi, lediri, tlhaodi, matlhalosi,
makopanyi, maetsisi le malatlhelwa go ya ka tiriso.
➢ Ntsha dikarolo tsa puo ka go farologana mo palong.
➢ Lokolola seele go ya ka dikarolo tsa puo.

LEINA
➢ Ke lefoko le le dirisiwang go bitsa sengwe se go buiwang ka ga sone.
➢ Leina le kgona go dirisiwa ele sediri kana sedirwa.
➢ Maina-tota a simololwa ka ditlhakagolo.

ITHUTUNTSHO
Lebelela temana e e latelang mme o kgwarele maina mo go yone.
Katlego ke ngwana wa ga rre Kago le mme Dineo. Mosetsana yo, o ratiwa ke batsadi ba
gagwe fela thata.

LEEMEDI
➢ Le dirisiwa go emela leina la se go buiwang ka sone.
➢ Le kgona go dirisiwa le le nosi kgotsa le leina le le le emelang.
➢ Fa le dirisiwa le leina, le gatelela bokao jwa puo.
➢ Maemedi a akaretsa: ene, one, bone, tsone, jone, lone, yone.
Dikai:
Go emela leina: Jone rra, bo a mo palela.
Go gatelela bokao: Borotho jone rra, bo a mo palela.

ITHUTUNTSHO
Ntsha maemedi mo dieleng tse di latelang o bo o a bapisa le maina a a emetsweng ke
maemedi ao.
a) Ke bone e tlhagisitse mogatla mo go one mosima o.
Leemedi:....................
Leina:...................

b) A o raya ene tota Katlego?


21

Leemedi:....................
Leina:....................

c) Ka re o thubile sone seolo se.


Leemedi:....................
Leina:....................

d) Gatwe ba tsere yone katse e ntsho.


Leemedi:...................
Leina:....................

ITHUTUNTSHO (2)
Kwala maemedi a maina a letelang:
A. Leiso-....................
B. Madi-....................
C. Katse-....................
D. Nkgonne-....................
E. Sekolo-....................
F. Bolao-....................

LEDIRI
➢ Ke karolo ya puo e e supang tiro mo seeleng.
➢ Bontsi jwa madiri a felela ka /a/
Dikai:
• Apaya
• Tshameka
• Bua
• Tsaya
• Akanya
22

DITLHAODI

➢ Ke Karolo ya puo e e tlhaolang selo mo go tse dingwe.


➢ Go na le mefuta e le metlhano ya ditlhaodi:
• Letlhaodi
• Leamanyi
• Lerui
• Lebadi
• Lesoboki

LETLHAODI
➢ Ke karolo ya puo e e tlhaolang dilo mo go tse dingwe ka mmala, popego kana palo.
➢ Letlhaodi le bopiwa ka legokedi la letlhaodi le thito ya letlhaodi.
Dikai:
a. O apere mosese o montsho.
Letlhaodi: O montsho
Mofuta: La mmala
Legokedi: O- Thito:-montsho

b. Ke bone dinonyane tse pedi.


Letlhaodi: Tse pedi
Mofuta: La palo
Legokedi: Tse- Thito: -pedi

c. Monna yo mokhutshwane ke yole.


Letlhaodi: Yo mokhutshwane
Mofuta: La popego
Legokedi: Yo- Thito: -mokhutshwane

ITHUTUNTSHO
Kgwarela matlhaodi mo dieleng tse di latelang mme morago o bolele gore ke a mofuta mang
o bo o fa le popo ya one, (legokedi la letlhaodi le thito ya letlhaodi).
a) Buka e tonatona ele ke ya eng?
……………………………..............................................................................................
b) O ntlele kopi e tshweu fa o tswa koo.
…………………………..................................................................................................
c) Mmila o o mosesane jang!
…………………………................................................................................................
23

d) Tiro re e weditse morago ga dikgwedi tse nne.


………………………….................................................................................................
e) Mosese o mohibidu ke one o montle.
…………………………..................................................................................................
f) Ke bone basimane ba bararo ba tswa ba sia.
…………………………..................................................................................................

LESOBOKI
➢ Ke tlhaodi e e tlhaolang ka go soboka.
➢ Dithito tsa lesoboki ke “-tlhe” le “-si”
Dikai:
• Botlhe
• Losi
• Esi
• Gotlhe
• Otlhe
• Josi

➢ Lesoboki le bopiwa ka legokedi la lesoboki le thito ya lesoboki.


Dikai:
A. Mabotlele otlhe a thubegile.
Lesoboki: Otlhe
Legokedi: -O Thito: -tlhe

B. Podi e e rata go tsamaya e le yosi.


Lesoboki: Yosi
Legokedi: Yo- Thito: -si

C. Ke tla lo araba lotlhe.


Lesoboki: Lotlhe
Legokedi: Lo- Thito: -tlhe

ITHUTUNTSHO
Dirisa masoboki a a latelang mo dieleng.
A. Gotlhe
B. Josi
C. Esi
24

D. Nosi
E. Bosi

LEBADI
➢ Ke tlhaodi e e bopiwang ka legokedi la lebadi le thito ya lebadi.
Dikai:
• Mongwe
• Dife
• Epe
• Sele
• Mong
• Mangwe
• Ba sele

Tiriso
a) Ngwana wa ga go ke mong?
Lebadi: Mong
Legokedi: Mo- Thito: -ng

b) Go tshameka ditlhopha dife?


Lebadi: Dife
Legokedi: Di- Thito: -fe

c) Ga go epe e e bonalang.
Lebadi: Epe
Legokedi: E- Thito: -pe

ITHUTUNTSHO
Bala temana e e latelang mme o nopole dikai tsa tlhaodi ya lebadi mo go yone.
Mosadi mongwe o ne a le fa a go batla. Ke yo kileng a tla le maloko mangwe a kereke ya
lona mme gompieno o ne a na le ba sele fela. Ba ne ba lebega jaaka borre mme ba apere jaaka
bomme, ke sa kgone go lemoga gore ke bo mang. Ga ba sia molaetsa ope fela ka jalo ga ke
itse gore ba ne ba le fa ka mabaka afe.
25

LEAMANYI
➢ Ke tlhaodi e e tlhaolang ka go amanya dilo le tse dingwe.
➢ Leamanyi le bopiwa ka legokedi la leamanyi le thito ya leamanyi.
Dikai:
• E e kana
• E e makoro
• Yo o lelang
• E e pelotshetlha

LERUI
➢ Lerui ke tlhaodi e mefuta e mebedi. Go na le lerui-tota le lerui-letlhalosi.
➢ Lerui tota le na le serui le seruiwa.
Dikai:
• Malata a kgosi a siile. (Kgosi ke serui, malata ke seruiwa)
• Sekausu sa ngwana se latlhegile. (Ngwana ke serui, sekausu ke seruiwa)

➢ Lerui-letlhalosi le ka bopiwa ka go khutshwafatsa maina a ba losika kgotsa go dirisa


Rra le Mma.
Dikai:
• Kgaitsadi (kgaitsadiake)
• Mme (Mme)
• Rradipotsane (Rre wa dipotsane)

Ela tlhoko: Dithito tsa lerui-tota di akaretsa maemedi, maina le ditlhaodi tse dingwe.

ITHUTUNTSHO
Lebelela diele tse di latelang mme morago o tlhophe lerui mo seeleng o bo o bolela gore thito
ya teng ke karolo efe ya puo.
a) Tiro ya yo o bogoma e gana go fela.
b) Bana ba bone ba nonne.
c) Ke tsere mogala wa yo montle.
d) Maduo a botlhe ke a.
e) O tshwere ya mongwe.
26

LEKOPANYI
➢ Ke karolo ya puo e e kopanyang mafoko, diele kgotsa megopolo ka maikaelelo a go
khutshwafatsa gore di kgone go tlhaloganyesega motlhofo.
Dikai:
• Boo, e seng, le mororo, mme, jaaka, ntswa, le gale, le, jalo, ka gore, fa, gongwe, le fa,
gone, le gone, kante, kana, kgotsa, ntekwane, kooteng, ka jalo.

ITHUTUNTSHO
Dirisa makopanyi a o a filweng e le dikai go kopanya diele tse di latelang:
Sekai: Ba a ja. Ga ba none
Ba a ja mme ga ba none.
a) Ke batla madi. Ga ke batle dijo.
• .......................................................................................................................
b) Katlego o filwe diaparo. Koi o filwe diaparo.
• ........................................................................................................................
c) Bana ba gagwe ba gola sentle. Bana ba gagwe ba a tlhokomelwa.
• .............................................................,..........................................................
d) O ne a re o ya go lwela morafe wa gagwe. Ke jaaka a etse ruri.
• ........................................................................................................................
e) Ba ile ba mo neela dijo tsa bone. O ba timile dijo tsa gagwe.
• ..........................................................................................................................

Maemo a lekopanyi mo seeleng


➢ Lekopanyi ga le dirisiwe fa gare ga seele fela. Le kgona go dirisiwa kwa
tshimologong le kwa bofelong jwa seele.
Dikai:
E bile
• E bile ga ke go tshabe!
• O tlhapile e bile o tloga a emelela.
• O a mo itse e bile?
27

Kante
• Kante re emelela leng?
• O tla ipolaisa go ema kante ene o tsamaile.
• Go buiwa le mang kante?

Jaanong
• Jaanong le omanela eng?
• O feditse dithuto jaanong o batla tiro.
• Ke a go tlhaloganya jaanong.

Ela tlhoko: Fa lekopanyi le dirisiwa kwa tshimologong kgotsa kwa bofelong jwa seele, le
gatelela bokao. Le fa le ka ntshiwa, bokao ga bo latlhege. Fa le dirisiwa fa gare le dira yone
tiro e tona ya lekopanyi ya go kopanya megopolo.

ITHUTUNTSHO
Dirisa makopanyi a a latelang kwa tshimologong, fa gare le kwa bofelong jwa diele.
a) Kooteng
• ..............................................................................................
• ..............................................................................................
• ..............................................................................................
b) Kana
• .,.............................................................................................
• ...............................................................................................
• ...............................................................................................
c) Mme
• ...............................................................................................
• ................................................................................................
• ................................................................................................

LETLHALOSI
➢ Ke karolo ya puo e e tlhalosang tiri. Go ka tlhalosiwa lefelo, nako kgotsa mokgwa wa
sengwe ka jalo mefuta ya letlhalosi e meraro.
Dikai:
• Ba rata go tshameka mo mosong. (Nako)
• O arabile ka bodipa. (Mokgwa)
28

• Ba tabogela kwa mabaleng. (Lefelo)

ITHUTUNTSHO
Kgwarela matlhalosi mme o bolele gore ke a mofuta ofe.
a) Kago o tla pele ga babereki botlhe ba moepo letsatsi le letsatsi.
b) Neo o bua ka bonako.
c) Ba apeela fa morago ga ntlo.

LELATLHELWA/LETSIBOSI
➢ Malatlhelwa a latlhelwa mo puong go supa maikutlo a mmui.
➢ A kgona go supa kgakgamalo, letshogo kgotsa boitumelo le tse dingwe.
➢ Go dirisiwa letshwao la tsiboso/!/
Dikai:
• Ijoo! -Kutlobotlhoko
• Monna! -Go tsibosa
• Owai! – Lenyatso
• Hee! – Kgakgamalo
• Noga! – Sereto
• Ao! – Go tlhoka tlhomamiso
• Bii! – Kutlobotlhoko

MAETSISI
➢ A etsa tiragalo, modumo, mmala, tebego, seemo le monko wa sengwe.
➢ Go kgona go dirisiwa lefoko le le lengwe kgotsa go feta bongwe.
➢ Leetsisi le salwa morago ke letshwao la kgakgamalo.
Dikai:
• Thi!
• Palakata!
• Tshoo!
• Tike!
• Golo!
• Ruthu!
• Lai!
• Kgaa!
• Phuu!
• Phamo!
• Rele!
• Phatsi!
29

• Nwee!

➢ Mefuta ya maetsisi e mene. Go na le a a etsang modumo, a a etsang tebego, tiragalo


ga mmogo le monko.
Modumo: Thu! Ruthu!
Tebego: Setlhe! Phatsi!
Tiragalo: Nwe! Tike!
Monko: Phuu! Kgaa!

ITHUTUNTSHO
Tsenya maetsisi a a tshwanetseng mo dieleng tse di latelang:
(Tududu! Sweu! Tshoo! Setlhe! Goso! Nwe! Tike! Phuu!)
a) Melomo e rile................ke tlala.
b) Maru a ne a thibile go rile...................
c) O ne a kgopiwa a bo a re .................... fa fatshe.
d) Pelo ya gagwe e rile....................
e) Kubu e ne ya re .................... mo metsing
f) Go ne ga sala go rile.................... fa morutabana a tsena.
g) Ntlo ya lona e nkga e re ..................
h) E rile a lapa ke go taboga a bo a re .................... Ka setlhare, ba se ka ba tlhola ba
mmona.
30

TIRI

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go;
➢ Tlhalosa gore tiri ke eng.
➢ Farologanya sediri le sedirwa.
➢ Lokolola seele go ya ka tiri, sediri, sedirwa, le dikarolo tsa puo.

Tiri
➢ Tiri ke karolo ya puo e e fang bokao jwa tiro mo seeleng. E mefuta e mebedi. Go nale
tiri e e nang le lediri le e e senang lediri.
➢ Tiri e e nang le lediri e bopiwa ka legokedi la lediri le lediri.
➢ Lediri le ka supa gore tiro e dirwa ke mongwe kana sengwe, le gore tiro e dirwa mo
mongweng kana mo sengweng mo seeleng.
➢ Se se dirang tiro ke sediri mme se go dirwang tiro mo go sone ke sedirwa.

Sekai:
• Monna/o rema/ setlhare
a. Monna - Sediri
b. O rema- Tiri
c. Setlhare- Sedirwa

• Rre yo/ o re rutile /dilo di le mmalwa.


a. Rre yo- Sediri
b. Dilo dile mmalwa- Sedirwa
c. O re rutile- Tiri

➢ Tiri e mefuta e mebedi. E kgona go nna le lediri mme e kgona go tlhoka lediri.
➢ E e nang le lediri e bopiwa ka legokedi la sediri le lediri

Sekai;
-
Bana ba ja mmidi.
-
Sediri- Bana
-
Legokedi- Ba
-
Lediri- Ja
➢ Tiri e e senang lediri e mefuta e meraro ke tiri e supang:
a. Maemo
b. Tlhaloso
c. Thuanyo –Bommogo
-Tlwaelo
31

1. MAEMO
• Lebone ke mothuti.
• Kabo ke moloi.

2. Tlhaloso
• Morutabana wa rona o bogale.
• Ngwana yo o senatla.

3. Thuanyo
➢ E kaya bommogo le tlwaelo.

a. Bommogo
• Morutabana o na le baithuti.
• Mpho o na le Malebogo.
b. Tlwaelo
• Baithuti ba na le go iphetlha.

ITHUTUNTSHO
Lebelela seele se se latelang, morago o arabe dipotso.
Modisa yo o bodipa o golafaditse phoko ya ga malome ka thobane.
1. Sedirwa ke
a. Phoko
b. Modisa
c. Malome
d. Thobane

2. Tiri ke
a. Yo o bodipa
b. Ka thobane
c. Ya ga malome
d. O golafafaditse

Monna yo moleele o disitse dikgomo tsa Kgosi kwa masimong a Tobane.


1. Sediri ke:
a. Dikgomo tsa kgosi
b. Monna yo moleele
c. Monna
d. Kgosi
32

4. Karolo e e reng “tsa kgosi” e dirisitswe e le eng?


a. Sediri
b. Tlhaodi
c. Tlhalosi
d. Sedirwa.
33

THULAGANYO

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Rulaganya megopolo le ditemana sentle gore go senoge molaetsa o o
utlwalang.
➢ Tlhalosa mefuta ya diele e e dirisiwang go bopa temana ee leng seele sa
tlhogo, diele tsa tsweletso le seele sa konelo.
➢ Tlhalosa gore diele tsa tsweletso di tsweledisa megopolo ka mekgwa e ntseng
jang.
Thulaganyo
➢ Thulaganyo e itebagantse le go aga molaetsa o o utlwalang ka megopolo e e
naalanang.
➢ Megopolo e tshwanetse go rulaganngwa sentle gore molaetsa o senoge.
Lebelela ditemana tse di latelang:
a) Kgangkgolo ya letsatsi e ne e le phepafatso ya tikologo. Metse le metsana e e gaufi e ne e
ikgogetse kwa kgotleng. Go ne go se na ope yo o batlang go utlwa ka yo mongwe. Kgosi a
rotloetsa thata mowa wa boithaopo le tirisano-mmogo. Ba dumalana go ya go ipopa
ditlhophana ba phepafatsa ka go gaisana.

b) Metse le metsana e e gaufi e ne e ikgogetse kwa kgotleng. Go ne go se na ope yo o batlang


go utlwa ka yo mongwe. Kgangkgolo ya letsatsi e ne e le phepafatso ya tikologo. Kgosi a
rotloetsa thata mowa wa boitlhaopo le tirisano-mmogo. Ba dumalana go ya go ipopa
ditlhophana ba phepafatsa ka go gaisana.

Ela tlhoko: Temana (b) e tlhaloganyesega sentle ka gore dintlha tsa yone di tlhomagane
sentle ga di a tlhakatlhakana.

➢ Gore temana e rulaganngwe sentle e tshwanetse go nna le mefuta e e latelang ya diele:


a) Seele sa tlhogo
b) Diele tsa tsweletso
c) Seele sa bokhutlo/konelo

Seele sa tlhogo
➢ Ke seele se se tshwereng molaetsa wa konokono wa temana yotlhe.
➢ Seele se gantsi se tla kwa tshimologong ya temana mme se kgona go sa nne sone sa
ntlha mo temaneng ka jalo fa o se batla, o se batle o lebile bokao.
34

Lebelela temana e e latelang:


Ga re sa tlhola re tshelela mo letlepung jaaka pele. Bolwetse jwa AIDS bo re apesitse kobo ka
letshoba. Bana ka bontsi ba setse e le masiela mme e bile le tlhaelo ya badiri kwa madirelong
e ile magoletsa. Puso ya Botswana e thusaba ba amilweng ke bolwetse jo ka go ba fa
melemo e e bo ritibatsang. Kalafi ya bolwetse jo ga e ise e bonale ka jalo thuso e e leng teng
ke yone ya melemo e e ritibatsang fela.

➢ Seele sa tlhogo mo temaneng e ke: “Bolwetse jwa AIDS bo re apesitse kobo ka


letshoba,”
➢ Seele sa tlhogo ga se sone sa ntlha mo temaneng e.
➢ Seele sa tlhogo se tsewa jaaka se ntse, ga se fetolwe gope.

Diele tsa tsweletso


➢ Ke diele tse di atlolosang mogopolo wa seele sa tlhogo, di tlaleletsa ka go ntsha
mabaka, go tlhalosetsa kwa pele kgotsa go fa dikai.
➢ Diele tse le tsone di nopolwa fela jaaka di ntse, ga di fetolwe gope.
Ela tlhoko: Mo temaneng diele tsa tsweletso ke tse di latelang:
a. Bana ka bontsi ba setse e le masiela mme e bile le tlhaelo ya badiri kwa madirelong e
ile magoletsa.
b. Puso ya Botswana e thusa ba ba amilweng ke bolwetse jo ka go ba fa melemo e e bo
ritibatsang.

Seele sa konelo
➢ Seele sa konelo ke se se wetsang mogopolo wa temana.
➢ Gantsi mmui kgotsa mokwadi o konela ka go ntsha maikutlo a gagwe mabapi le
kgang e e mo temaneng.
Ela tlhoko: Mo temaneng seele sa konelo ke: “Kalafi ya bolwetse jo ga e ise e bonale, ka jalo
thuso e e leng teng ke yone ya melemo e e bo ritibatsang fela.

ITHUTUNTSHO
Bala temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
(i)Dipatlisiso tse di dirilweng ke baitseanape ba botsogo jwa leruo di supa fa nama ya tonki e
na le boleng jo bo kwa godimo.(ii) Nama ya tonki e siametse botsogo jwa batho.(iii) Go
supagala fa e na le dikotla di tshwana le Vitamin D le Zinc.(iv)Gape go tlhalosiwa fa e jega e
bo e silega motlhofo ka e se na mafura a mantsi.(v)Ba tlhalosa fa bohibidu jwa nama e bo
siametse bomme ba ba itsholofetseng le bao ba ba tlhokang madi mo mebeleng ya bone.(vi)
Go bolelwa fa nama ya tonki e ne ya tuma thata kwa mafatsheng a Yuropa morago ga go
tlhagoga ga malwetse a dikgomo.
35

1. Seele sa tlhogo ke sefe?


• ..........................................................................................................................................
2. Ntsha diele tsa tsweletso o bo o bolela gore a di tsweledisa ka go fa dikai, tlhaloso, mabaka
kgotsa go ntsha maikutlo.
• ..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
3. Bolela gore seele sa konelo ke sefe?
• ..........................................................................................................................................
36

NTLHAKGOLO LE DINTLHANA

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Ntsha ntlhakgolo ya temana.
➢ Nankola dintlhana mo temaneng.
➢ Farologanya dintlha tsa nnete le tsa kabelelo.

NTLHAKGOLO
➢ Ke ntlha ya konokono mo palong.
➢ E rwele bokao jotlhe jwa se se kwadilweng kgotsa se go buiwang ka sone.
Sekai:
Lebelela temana e e latelang:
Mapodise a Tshesebe a tshegeditse monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo go
ba thusa ka ditlhotlhomiso mabapi le go fitlhelwa ka madi a maitirelo. Mookamela mapodise
a Tshesebe, Rre Ditshweu, o tlhalositse fa monna yo a tshwerwe kwa molelwaneng wa
Ramokgwebana. A re rre yo o tlhalositse fa a neetswe madi ao ke modiri wa bese nngwe ya
Zimbabwe. Rre Ditshweu a re go belaesega fa mangwe a madi a a setse a le mo tirisong. O
boletse fa e se lantlha ba kopana le dikgang tsa madi a maitirelo mo bekeng yone e fela.
Setshaba se kopiwa go ela tlhoko madi a P100 thata. Ditlhotlhomiso di santse di tsweletse.

Ela tlhoko: Ntlhakgolo ya temana e ke gore madi a maitirelo a mo tirisong.

ITHUTUNTSHO
Bala temana e e latelang mme morago o arabe dipotso.
E re ka dipula di sa tswa go na, Batswana ka bontsi ba lemile. Fela se go lebega se gatisitse
barui kgoteletsa ka ba sa bone boroko. Mathata ke badisa ba gotweng ba itlhotlhorile tiro ya
bone ya go disa. Malatsi a, ga go thona go fitlhela leruo, bogolo jang dikgomo, di gobea mo
ditseleng le mo ditoropong. Beng ba masimo ba lela selelo se se setseng se utlwala mo
diphuthegong tsa dikgotla. Ba kopile ba bogosi go kgalemela barui le go ba kgotlhatsa go
tlhokomela leruo la bone. Barui bone ba setse ba emaema fela ba re ga ba itse gore gare go
tsene eng, se se dubileng badisa ditlhogo.

1. Bolela ntlhakgolo ya temana e.


• ..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
37

2. Inola seele sa kabelelo le sa nnete mo temaneng.


• ..........................................................................................................................................
..........................................................................................................................................
• ..........................................................................................................................................
.........................................................................................................................................
3. Nopola dintlhana di le tharo.
• ..........................................................................................................................................
• ..........................................................................................................................................
• ..........................................................................................................................................

MAIKAELELO A MOKWADI
➢ Fa mokwadi a kwala palo kana motho a buisa batho, o a bo a na le maikaelelo
mangwe a a batlang go a fitlhelela.
➢ Maikaelelo e ka nna a go:
• Akgola
• Tlhagisa
• Rotloetsa
• Tlhalosa
• Kgala
➢ Tiriso ya mafoko ke yone e re lemotshang maikaelelo a mokwadi.
Ela tlhoko: Mo temaneng ya leruo le le sa tlhokomelweng, maikaelelo a mokwadi ke go
tlhalosa ka a tlhalosa seemo sa temo-thuo mo pakeng e ya temo.
38

DIANE, DITHAMALAKANE LE MAELE

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Lemoga boleng jwa diane, dithamalakane le maele mo matshelong a batho.
➢ Lemoga pharologanyo fa gare ga diane, dithamalakane le maele.
➢ Fa tlhaloso ya diane, dithamalakane le maele.

DIANE
➢ Puo ya diane e bofitlha ka e dirisa mafoko a a bapisang.
➢ Diane di ka kgaoganngwa ka ditlhopha go lebilwe gore di tsaya karolo efe mo
matshelong a batho.

Tse di layang
➢ Tse ke tse gantsi batsadi ba di dirisang fa ba gakolola bana ba bone.
Dikai:
• Ngwana yo o tlhogo tona o sira rraagwe-Ngwana yo o senang maitseo o senya
motsadi wa gagwe leina.
• Ngwana yo setsenwa go rogwa mmaagwe-Fa ngwana a se na maitseo, batho ba
tlhapatsa motsadi wa gagwe ba re ga mo ruta sentle.
• Ntsanyana ya maitaya sebatana e bonwa mabotobotong-Motho o bonwa a santse a
le mmotlana gore a o tlang nna senatla fa a gola.
• Mmamotse o bonwa mantlwaneng-Mosetsana o bonwa a santse a le mmotlana a
tshameka mantlwane gore a mme o tla a nna mosadi wa senatla.
• Mosadi galase o a thubega-Motsadi ga a tshwanela go betswa ka a sa nonofa sentle
jaaka monna.
• Mosadi tshwene o jewa mabogo -Mosadi o nyalelwa bonatla mo tirong, eseng
bontle.
• Monna molamu wa mogwana, ga a betlwe, o kgomothwa fela-Monna ga go ke
gotwe o maswe le fa a se montle.
• Monna thekeletsa theko ya marumo, e ya re a re thee! A bo a ile, o mo
kunkuretse-Monna fa o mo kgothakgotha, o tla a felela a go tlogela.
Tse di rutang
➢ Tse ke tse di rutang ka botshelo ka kakaretso.
Dikai:
• Ga go na kgomo ya boroko-Motho ga a ka ke a huma fa a sa dire ka natla.
• Mpa ga e tsholwe ke lesilo-Fa motho a batla go tswelela mo botshelong, o
tshwanetse go dira ka natla.
39

• Bodidi bo jesa tlhako le manyenyana-Bohumanegi bo a sotla.


• Bana ba tshipa tshwaraganang, fa le kgaogana le baswi ba mogotlha-Bana ba
motho kgotsa masika ba tshwanetse go tshwaragana go fenya mathata a bone.
• Kgosi thothobolo e olela matlakala otlhe-Kgosi e tshwanetse go reetsa dikgang tsa
mongwe le mongwe fela, le fa tse dingwe di sa utlwale.
• Kgosi letlharapa o palangwa ke dinonyane tsotlhe-Moeteledipele o tshwanetse go
tsaya batho botlhe ka tekatekano.

DITHAMALAKANE
➢ Dithamalakane gantsi di dirisiwa e le motshameko go itlosa bodutu.
➢ Motho o kaya\tshwantsha sengwe mme ba bangwe ba tshwanetse go fa karabo ya se a
se kayang.
Dikai:
• Ka anega bosane ya re ke tsoga ka fitlhela bo seyo- Dinaledi (bosigo fa go robalwa
di a bo di le mo loaping mme phakela fa go tsogiwa di a bo di seyo)
• Ka mo gata a nkomanya-Matlhare a a omileng (fa o a gata, a dira modumo.
Modumo o ke gone go omana ga teng.)
• Monna wa phakela a le fa, ditedu ke nama, molomo ke lerapo-Mokoko

MAELE
➢ Maele ke dielana tsa bokao jo bo fitlhegileng tse gantsi di simololang ka /Go-/ mme
go bo go latela lediri.
➢ Ga se gore maele otlhe a simolola ka /Go-/
Dikai tsa maele
• Go sega tsebe-Go tlhabisa ditlhong
• Go ntshana se inong-Go utlwana thata
• Go ya badimong-Go tlhokafala\go swa
• Go lobela dintsi-Go bolaya

ITHUTUNTSHO
Sekaseka diele tse di latelang o bo o araba dipotso 1-3
1. Sa re nyedi sa re tike!
2. Go ja nakaladi ya kobolela
3. Ka apaya ka e e kana, ka khurumela ka e e kana
4. Montsamaisa bosigo ke mo leboga bo sele
5. Go tlholwa ga monna ga se go lema dinaka
6. Mmutla wa gae ga o na lobelo
7. Go tlhaba kgobe ka mmutlwa
40

8. Ka mmotsa dikgang ke didimetse


9. Go apeela thukhwi le mala
10. Sa mosima se bonwa ke yo o thata
1) Ke diele tsa dipalo dife tse eleng dithamalakane?
a. 4 6 9
b. 3 7 8
c. 2 5 7
d. 1 3 8
2) Ke diele tsa dipalo dife tse e leng diane?
a. 4 6 8
b. 4 5 10
c. 2 5 9
d. 1 3 6
3) Ke diele tsa dipalo dife tse e leng maele?
a. 2 6 7
b. 3 4 5
c. 27 9
d. 5 7 10
Lebelela tse di latelang mme morago o bolela gore a ke thamalakane, leele kana seane.
1. Go goga motho ka loleme e se kgaga
2. Mamina e a re go fela a ye nkong e le nngwe.
3. Motlhodi wa motho o gaisa wa ting.
4. Bonnoi ba ba matheka masesane
5. Go gola go tlhogola, go bona dibe ga go fele.
6. Go robatsa mmutla
7. Kgaka ya seema ka nkoto serope ke ntsetsenene.
8. Go phunyetsa phudungwane dintsi.
9. Ka di tshela makgabaneng tsa boa di mphulere.
10. Motho o tshwarwa ka loleme, kgomo e tshwarwa ka dinaka.
11. Go ela mongwe ka dinakana bodibeng.
12. Se se mo mothong kwa pele, mo kokong se kwa morago.
13. Monwana o le mongwe ga o rune nta
14. Go isa phuduhudu bosarwa.
15. Maitseo namane ya moroba.
16. Tshephe di tswa go nwa, melomo e tla e ntse mesetlha.
17. Go utlwa ka tsa ga morakile.
18. O se bone tholwana borethe, teng ga yone go a baba.
Moithuti, morago ga ithutuntsho e, batla ditlhaloso tsa dielana tse tsotlhe go oketsa Kitso ya
gago ya puo ya Setswana.
41

THANOLO LE TSHOBOKO

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Ranolela mokwalo o a o filweng ka sekgoa kwa setswaneng.
➢ Senola bokao jwa palo jaaka bo ntse fa e ranolwa.
➢ Soboka palo e a e filweng ka go nopola dintlha tsa botlhokwa.

THANOLO
➢ Go ranola go tewa go tsaya se se kwadilweng ka puo nngwe o bo o se kwala ka puo e
sele.
DINTLHA TSA BOTLHOKWA
➢ Mo thanolong, o tshwanetse go ela tlhoko gore ga o latlhe bokao jwa se se
kwadilweng. O dira se ka go ranola seele ka kakaretso, eseng lefoko ka lefoko.
➢ Fa o ranolela kwa setswaneng, ela tlhoko ditsamaiso tsa segarona. Ga re kwala leina
la mogolo ka leina le sefane go se na mme kgotsa rre. Balela temana kwa pele go
lemoga bong jwa motho yo o tlhagelelang mo pading gore o kgone go dirisa mme
kgotsa rre.
➢ Maina a batho ga a ranolwe.

TSHOBOKO
➢ Fa o soboka, o bala padi e o e filweng mme morago o bo o e kwala sesa o dirisa
dintlha tsa botlhokwa fela, e bo e nna khutshwane.
➢ O neelwa palo ya mafoko a o tshwanetseng go a dirisa. Ela tlhoko palo eo.
➢ Fa go nankolwang dikai teng, ga go tlhokafale gore le wena o di kwale fa o soboka.
Tshoboko e nna temana e le nngwe fela, ga go tlolwe ditselana
42

PAPER 3

Pampiri ee kgaogantswe ka dikarolo dile THARO. Pampiri e fiwa oura le metsotso ele
masome a matlhano (1 hour 50 minutes).

14. KAROLO YA NTLHA


O fiwa dipotso gotswa mo metshamekong kana dipadi tse o di badileng. Matshwao a
karolo e a masome a mabedi le botlhano (25 marks). O gakololwa go kwala karolo e
mo selekanyong sa oura ele ngwe (1 hour)???.

15. KAROLO YA BOBEDI


O fiwa padi mme morago o botswe dipotso tsa dikarolo tsa puo abo gotwe o soboke
padi ya teng. Matshwao a karolo e a masome a mabedi (25 marks). O gakololwa go
kwala karolo e mo selekanyong sa metsotso ele masome a mararo (30 minutes).

16. KAROLO YA BORARO


O fiwa temana ee kwadilweng ka sekgowa mme oe ranolele kwa Setswaneng.
Matshwao a karolo e a lesome (10 marks). O gakololwa go kwala karolo e mo
selekanyong sa metsotso ele masome a mabedi (20 minutes).
43

TSHEKATSHEKO YA DIKWALO

DITIRAGALO (Thulaganyo, tsalano le kgotlhang)

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Nopola ditiragalo tsa botlhokwa mo pading.
➢ Latedisa gore ditiragalo di tlhomagana jang.
➢ Supa gore ditiragalo di tsalana jang.
➢ Tlhalosa gore kgotlhang ke eng.
➢ Farologanya mefuta e meraro ya kgotlhang.
➢ Senola mofuta wa kgotlhang e e tlhagelelang mo pading a bo a e latedisa gore e
bakilwe ke eng, e tswelela jang le gore e felela jang.
➢ Tlhalosa gore setlhoa ke eng.
➢ Latedisa ditiragalo tse di gogelang kwa setlhoeng le tse di re folosang kwa setlhoeng.
THULAGANYO YA DITIRAGALO
➢ O le moithuti, o tshwanetse go lemoga ka fa ditiragalo tsa botlhokwa di
rulaganang ka teng.
➢ Ditiragalo mo pading di kgona go tlhomaganngwa ka fa di diragetseng ka teng
kgotsa mokwadi a di tlhakatlhakanya mme fa go ntse jalo, moithuti o tshwanelwa
ke go di sekaseka a bo a di rulaganya sentle.
➢ Mo thulaganyong, go tsewa dintlha tsa botlhokwa fela tse di rotloetsang
tswelelopele ya ditiragalo tsa padi.
Sekai:
Bala polelo e e latelang mme morago o rulaganye ditiragalo tsa botlhokwa.
Mosadimogolo mma-Reakae o ne a segofadiwa ka bana ba le babedi e bong Reakae le
Matlhogonolo. Mosimane Reakae o ne a sia kgatsadie ka dingwaga tse tlhano. Rrabone o ne a
lwala ka lobaka mme a ikela badimong fa mma-Reakae a santse a itsholofetse. Se se ne sa
tsenya ketsaetsego e kgolo mo go ene. Ga o je nkabo! E rile a tsena mo ntlong a atlarela
mosetsana, a mmitsa Matlhogonolo.
Matlhogonolo ya bo e le mosetsana yo montle ka dipopego: a batlile go tlhatloga monyo go se
kae, matlho a ntse maroto o ka re a morubisi, mmala one o ntse sebilwana; a le seporogonyane,
sephonono se dikoti marameng sa go ka tsewa ke ngwana wa kgosi. E le ruri o ne a
betlegile.Magatwe a re fa o ne o ka rakana le ene, o ne o tshwanelwa ke go gadima gabedi,
gararo. Ijaa bontle bo ka re dirisa diphoso! Fa e le batho senna bone, ga twe ba ne ba mo leba
go fitlhelela a tikela. E re fa motho a ntsha tlhogo, a lebale le kwa a neng a ya gone.
Mma-Reakae o ne a se ke a nna matlho a boroko go nyadisa ngwana wa gagwe. Bodisase ba
molepolole ba o fitlhelang ba setsesetse bana ba batho morago, ba itaya se fololetse. Bangwe
ba re koo inaakanya le bo-re-a-itse, owaii! Ba tswa ka nyobana e sa fotlhwa. Kana o ne a
tlhomile lekawana lele matlho. Ke raya lele la go tla le boledisitse matlhogonolo fa a tswa
44

nokeng ko masimo. Ka nako eo mosadimogolo a bo a ne a ile kgonnye, mme a rwalela fa thoko


ga tsela e e yang kwa letamong. Ya re go lemoga bobedi bo, a itiketsa ka motlhakola o oneng
le sesuthu foo. A tsaya ka tlhamalalo tiragalo e. Bobedi bo tla bo gata bo gatoga. Wa mosimane
a tshodisitse Matlhogonolo emere ka matsogo, mosimane o ne a ipala mabala a kgaka mme
fela mosetsana a itira yo o sa tlhaloganyeng kgang ya re ba lebile fa makgabaganyong a ditsela,
wa rrenyana a baya emere fa fatshe mme ba lebagana mo matlhong. Mosimane a bona go
phatshima ga matlho a mosetsana, a itse a sa bolelelwa gore ga a mafosi, ba kgaogana ka
boitumelo jo bogolo, ija, pelotshweu boela mannong!
Morago ga dikgwedi tse thataro, Matlhogonolo o ne a lebega a koafala mme mmele o
buduloga jaaka leoto la koloi le tladiwa mowa. Gore mosadimogolo a tlhanyege, ke fa a
phakela a gasa matlhatsa. A tsena mo phaposing ya gagwe ya borobalo, a mo tsepa ka dipotso.
Matlhogonolo o ne a sa ka a dia nako ka go tikatika.A mmolelela fa dikgwedi di le
nne.MmaReakae a bitsa kgaitsadie le mogatse go latedisa motlhala wa mosimane.Ba tswa go
wela kwa ga Masilwana gone mo Molepolole,lelwapa e le la goora-Lukase.Nnyaa tlhe, ba
tswa go wela kwa amogelwa,le go atlega ba atlega!Phetolo ya nna re a nyala.Matlhogonolo le
Tsotlhe ba tsena mo nyalong e e boitshepo, ba segofadiwa ka ngwana wa mosimane ba
mmitsa Kago. Kago o ne a gola sentle.A Kwenne jaaka legolegwa le tlapetswe ke masufu.
Bomasenyeletsa ka o ba itse ba bo ba thunya dipelo, di le botlhoko. Ba ila go bona Kagiso e e
neng e rena mo lelapeng la ga Tsotlhe. Fa a latolwa, kefa Kago a digela ngwaga wa bobedi.
Mahutsana! Matlhotlhapelo! Ga go na ope yo o itseng se se mo jeleng. O ole fela, ga nna hee
hee! GO rileng? Go rileng? Ga tlhokafala yo itseng. Matlhogonolo a simolola go tshabelelwa
ke mopalo, a otlhega a bo a sala a phaphaletse. Ka go lemoga selo se, mosadimogolo Mma-
Reakae a mo gomotsa ka gore o sa le mmotlana a seka a ithoboga, o ka nyalwa gape. Sebe sa
phiri ya nna gore o ne a sa lebale monna wa gagwe. Loso lwa gagwe lone lo mo phatlotse pelo
e le ruri. Fa a gopola ka fa ba neng ba tshela ka boitumelo ka teng, fa a leba morwawe, dikeledi
di tshologe a sa di gwetlha. Kago a gola a sa itse setshwano sa ga rraagwe.
Morago ga dingwaga, Matlhogonolo a iponela segataborokgwana kwa ga ngwaketse mo
kgotleng ya Dinaledi. A mo tshodisa bana ba bangwe ba babedi ba ba basetsana e bong Kefilwe
le Boipelo. Ba ne ba siana ka ngwaga. Se se utlwisang bothoko, segataborokgwana yo o ne a
nna a beleditse Kago ruri. A o ne mmeletsa gone gore ga se ngwana wa gagwe? Matlhogonolo
o nea kile a re o golega pelo, kae, a tshwanelwa ke go tshwara thipa ka fa bogaleng. “Mo
itshwarele tlhe rraabo!” A bo a kgotlile motshitshi, a rata go bolawa ke motho. A mo
tlhakatlhakanya le ngwana.
Fa a sena go dira jaana, a wela tsela mosimane wa mongwaketse. Matlhogonolo a bona gore fa
ga se bonno ke boetelo, goora motho go thebe phatshwa. A phutaphuta mesobana ya gagwe a
leba gae. Mma-Reakae a mmona a sa le kgakajana, a tla a eteleditse masea pele. A bona ka go
setlhafala ga bone gore ga e ntsha e kgologolo. A itoma sankatlhe gore ga go monna ope yo o
tlaa tlholang a bona morwadie gope.
Ela tlhoko:
• Mo pading, mokwadi o umaka kgang ya lenyalo la ga Matlhogonolo pele ga boimana
jwa gagwe mme go nnile le boimana pele ga lenyalo. Fa go ntse jaana, moithuti o
tshwanetse go latedisa ditiragalo ka kelotlhoko go tila tlhakatlhakano e.
A re rulaganye ditiragalo tsa polelo e.
45

• Rraagwe Reakae o lwala ka lobaka a bo a tlhokafala Mma-Reakae a santse a


itsholofetse.
• Mma-Reakae o belega ngwana wa mosetsana yo o montle fela thata a bo a
mmitsa Matlhogonolo.
• Matlhogonolo o iponela lekawana fa a ile nokeng mme mmaagwe o lebelela
tiragalo e mo sephiring, a rata se a se bonang.
• Matlhogonolo o imisiwa ke lekawana la gagwe, Tsotlhe mme fa mmaagwe a
utlwa dikgang tse a tsaya kgaitsadie le mogatse ba latela motlhala wa
mosimane mme ba fitlha ba amogelwa sentle.
• Tsotlhe le Matlhogonolo ba a nyalana ba bo ba tshola ngwana wa mosimane
ba mmitsa Kago.
• Tsotlhe o tlhokafala fa Kago a digela ngwaga wa bobedi mme se sa bopamisa
Matlhogonolo fela thata ka o ne a palelwa ke go lebala monna wa gagwe.
• Morago ga dingwaga, Matlhogonolo o iponela segataborokgwana sa kwa ga
Ngwaketse ba bo ba tshola basetsana ba babedi, Kefilwe le Boipelo.
• Monna wa ga Matlhogonolo o kgokgontsha Kago mme ya re nako nngwe fa
Matlhogonolo a leka go kgalema le ene a ketekiwa a tlhakatlhakanngwa le
ngwana mme morago ga se, a phutlha mesobana ya gagwe a leba gae.
• Matlhogonolo o goroga kwa ga mmaagwe ka bana, a pakogile mme fa
mmaagwe a bona se, a ikana go sa tlhole a letelela monna ope go tsaya
morwadie.

TSALANO YA DITIRAGALO
➢ E itebagantse le ka fa ditiragalo tsa motshameko di gwetlhanang ka teng.
➢ Go lebelelwa gore tiragalo efe e bakile gore efe e nne teng.Se se diriwa ka
mafoko a tomagano go lomaganya dintlha tsa botlhokwa tse di senotsweng mo
thulaganyong ya ditiragalo.
Dikai:
• Ka ntlha ya...
• Go ile ga tshwanela go...
• Se sa dira gore...
• Ka go bo...
Thulaganyo ya ditiragalo tsa polelo ya ga Matlhogonolo
Rraagwe Reakae o ne a tlhokafala mmaagwe Reakae a santse a itsholofetse ka jalo Mma-
Reakae morago ga go tshola mosetsana Matlhogonolo, a tshwanelwa ke go godisa bana ba
babedi a le esi.Mma-Reakae o ne a tshotse ngwana wa mosetsana yo montle fela thata mme
bontle jo jwa dira gore fa a ile nokeng a kgatlhegelwe ke lekawana mme ba simolola go
ratana.Go ratana mo go ne ga dira gore Matlhogonolo a felele a imile mme boimana jo jwa dira
gore Tsotlhe a nyale Matlhogonolo morago ga go amogela mafoko a morwalo.Ka ba nyalane,
Matlhogonolo le Tsotlhe ba nna le ngwana wa mosimane ba bo ba mmitsa Kago.Go boitumelo
mo lelwapeng lwa ga Tsotlhe mme se se dira gore batho ba fufegele lelwapa le ka jalo nako
nngwe Tsotlhe a bo a tlhokafala mme loso lwa gagwe ya bo e le la masaitsiweng.Loso lwa ga
46

Tsotlhe lo ne lwa bopamisa Matlhogonolo thata ka pelo ya gagwe e ne e le botlhoko mo a


palelwang ke go ipatela monna yo mongwe.Ka ntlha ya go tlhola a gopotse monna wa gagwe
fela, o ile a bona monna o sele morago ga dingwaga mme ka ba nna mmogo ba belega bana ba
basetsana ba babedi.Monna wa ga Matlhogonolo o tshwenya Kago mme se sa dira gore
mmaagwe a kgaleme.Go kgalema mo ga tena monna fela thata mme a betsa gotlhe le
mosadi.Seemo se se ne sa dira gore Matlhogonolo a boele kwa ga mmaagwe ka bana.O tsene
kwa ga mmaagwe a sotlegile mme se sa dira gore mmaagwe a ikane go sa tlhole a letlelela ope
go tsaya morwadiagwe.

KGOTLHANG
➢ Ke go tlhoka-kutlwisisanyo e e tlhagelelang mo pading.
➢ Moithuti o tshwanetse go lemoga se se bakileng kgotlhang, gore e tswelela
jang le gore e felela jang.
➢ Fa kgotlhang e felelang teng, go senoga setlhoa.
➢ Setlhoa ke fa marara a rarabologang teng. Ke gone fa dipotso tse mmadi a
tlang a di ipotsa di arabesegang teng.
➢ Kgotlhang e mefuta e meraro.

a) Kgotlhang fa gare ga batho (ya motho le motho)


➢ E ke kgotlhang e nnang teng fa batho ba sa dumalane ka megopolo. E ka
lemotshega fa baanelwa:
• Ba lwa
• Ba omana
• Ba ilana

b) Kgotlhang ya motho le dikakanyo tsa gagwe


➢ E nna teng fa motho a tlelwa ke megopolo e e farologaneng mme a sa itse gore
a diragatse ofe mogopolo.
Sekai:
Moipolai ga a bolo go nna ka fa tlase ga setlhare a ipotsa gore a tsamae le mmaagwe
kwa morakeng mo malatsing a boitapoloso kana a nne fela mo gae le rraagwe.
• Mo sekaing se se fa godimo, kgotlhang e fa gare ga kakanyo ya go ya
morakeng le ya go sala mo gae.

c) Kgotlhang ya motho le tikologo


➢ E ke yone e e bonalang gantsi mo dipalong le mo metshamekong.
➢ E nna teng fa motho a na le megopolo, mekgwa le boitshwaro jo bo sa
amogelesegeng mo tikologong e a leng mo go yone.Tikologo go buiwa ka
batho ba o tshelang le bone.
Sekai:
47

• Fa motho a tsamaya a tsietsa batho mo motseng, a ba utswela, o a bo a


gotlhagotlhana le tikologo.
Ela tlhoko!
➢ Fa go arabiwa potso ya kgotlhang, go simololwa ka go tlhalosa mofuta wa
kgotlhang e e senogang mo palong.
➢ Mafoko a a dirisiwang mo karabong ya potso ya kgotlhang a akaretsa:
• Marara a raraanela pele fa...
• Kgotlhang e tswelela fa...
• tswelela a gotlhana le tikologo fa...
• Kgotlhang e, e iponatsa fa...
➢ Fa kgotlhang e felelang teng, go senoga setlhoa
➢ Morago ga setlhoa go tsena phelelo ya ditiragalo.

SETLHOA
➢ Setlhoa ke fa marara a padi a rarabologang teng.
➢ Sengwe le sengwe se se ntseng se fitlhegile se tswela mo pontsheng fa
setlhoeng.
➢ Dipotso tsotlhe tse mmadi a tlang a di ipotsa di arabiwa gone fa.
➢ Potso ya setlhoa e batla moithuti a latedisa ditiragalo tse di gogelang kwa
setlhoeng, go senola setlhoa le go latedisa ditiragalo tse di tlang morago ga
setlhoa.
➢ Morago ga setlhoa go kgona go nna le mogokolosa. Mogokolosa ke ditiragalo
tse di diragalang morago ga setlhoa. Di isa padi kwa bokhutlong di bo di wetsa
maikutlo a mmadi.
➢ Phelelo ya padi e kgona go tla ka bonako morago ga setlhoa mme mogokolosa
o tlhokege. Fa go ntse jalo, moithuti o tshwanetse go bolela gore mogokolosa
ga o yo.
Sekai:
Setlhoa sa motshameko wa Motswasele II se senoga fa Kgosi Motswasele a bolawa
ke Moruakgomo mo ntweng Ditiragalo tse di re isang kwa setlhoeng di akaretsa go
kgokgontsha morafe, go gapela batho dikgomo le basadi ga mmogo le ditiro tse
dingwe tse di maswe tsa ga kgosi Motswasele.
Moithuti, fa o araba potso e o tshwanetse go senola ditiragalo tse ka botlalo o bo o
inola fa o gakologelwang teng.
Morago ga loso lwa ga Motswasele, motshameko o a fela, ga go na mogokolosa ka
jalo moithuti o tshwanetse go umaka se.
48

PAKA LE LEFELO

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Bolela paka le lefelo la ditiragalo tsa padi.
➢ Tlhalosa mefuta e meraro ya dipaka.
➢ Tlhalosa gore a botho jwa baanelwa bo tsamaelana le paka le lefelo le ba leng
mo go lone.
PAKA LE LEFELO
➢ Ditiragalo tsa Padi di diragalela mo nakong e e rileng le mo lefelong lengwe.
➢ Paka le lefelo di a amana di bo di amana le baanelwa.
Mefuta ya dipaka
➢ Paka ya segologolo
➢ Paka ya diphetogo
➢ Paka ya sesa

PAKA YA SEGOLOGOLO
➢ Ke ya metlha ya maloba, go se na dilo tsa seeng, go tshelwa ka temo le leruo.
➢ Metse ke ya selegae, e busiwa ke dikgosi mme di tlotliwa fela thata.
➢ Dijo go jewa tsa setso.
➢ Go tsomiwa diphologolo.
➢ Go ikaegilwe ka bongaka jwa setso.
➢ Didirisiwa ke tsa setso jaaka dilei le digai.

• Motshameko wa Motswasele II o o kwadilweng ke L.D Raditladi o mo pakeng


ya segologolo. A re o lebelele:
Motswasele e ne e le kgosi ya motse mogolo wa Bakwena mme a busa morafe wa
gagwe ka kgokgontsho.O ne a ba gapela leruo ba se na molato mme yo emang
kgatlhanong le ene a bolawa jaaka mogatse Moilwe a ne a bolawa ke barongwa ba
romilwe gore ba tle go mo gapela dikgomo mme fa a di thiba ba mmolae.Bangwe o ne
a ba tshubela matlo.Motswasele o ne a boa gape a roma Diratsagae go bolaya Maleke,
mongwe wa bagolwane ba bogosi ka ntsa e khunou morago ga go reetsa dikgakololo
tsa boMolotlhanyi le Diratsagae ba malope le ngaka ya setso e ba neng ba dirisana le
yone.O ne a tseela batho basadi a re o a ba nyala mme morago a ba kobe a re ke baloi.
Motswasele o ne a boa gape a leka go bolaya Moruakgomo ka a ne a fufegela botlhale
jwa gagwe le gore batho ba na le tshepo e ntsi mo go ene. Ka ntlha ya puso ya ga
Motswasele e sokameng, morafe o ne wa kgaogana ka bogare go na le ba ga kgosi le
ba ga Moruakgomo mme ga iwa ntweng. Ka nako eo, barongwa ba ga Kgosi ba ne ba
mo tlhanogetse ba lapisitswe ke go tlhola ba romiwa go bolaya batho. Batho ba a neng
a ba ikantse go etelela mephato ya gagwe le bone ba ne ba mo tlhanogetse. Molotlhanyi
49

o ne a tshabetse mophato fa Diratsagae ene a ne a bua gore ga a batle go swela mo


ntweng ya ga Motswasele.Motswasele o ne a felela a fenngwa ke Moruakgomo fa a
mmolaya mo ntweng.

Ela tlhoko:
• Motshameko wa Motswasele II o mo pakeng ya segologolo ka gore mo go one
bogosi bo ne bo tlotliwa, go ne go ikaegilwe ka thuo mme ebile bongaka jwa
setso bo ne bo atile thata.

PAKA YA DIPHETOGO
➢ Mo go yone go supiwa botshelo le mekgwa ya dingwao di sele di tsenelela mo
ngwaong ya setso.
➢ Lebelela polelwana e e latelang:
Mma-Neo o ne a thanya a fitlhela mooki a eme fa tlhogong ya bolao jwa gagwe. Mooki o ne a
mmolelela fa bolwetse jwa gagwe bo bakilwe ke go akanya thata mme a batla go itse gore
bothata ke eng. Mma-Neo o ne a bolelela mooki gore ngwana wa gagwe, Neo, yo a mo
tsentseng sekolo ka bothata o ne a simolola go belwa ke bokgarebe jwa sesa morago ga go fetsa
sekolo mme ya re fa rraagwe a leka go kgalema, a ikisa lejwa. Neo o tsamaile jaana rraagwe a
le kwa morakeng mme fa Mma-Neo a santse a letile monna wa gagwe ka dikgang tse ga tsena
borre bangwe ba bolela fa monna wa gagwe a thubetse ngwana wa bone lelwapa.
Ela tlhoko:
➢ Polelwana e, e mo pakeng ya diphetogo. Go na le dintlha tsa paka ya segologolo ga
mmogo le ya sesa jaaka:
• Tiriso ya bongaka jwa segompieno.
• Go isa bana kwa dikolong tsa segompieno.
• Tiriso ya meraka, e e tumileng thata mo matshelong a segologolo.
• Go rerisana le bagolo ka dikgang tsa lelwapa la banyalani, selo se se neng se
tlwaelesegile thata bogologolo.
PAKA YA SESA
➢ Ditiragalo tsa paka e gantsi di diragalela mo ditoropong kgotsa mo metseng-setoropo
kwa go tletseng dilo tsa seeng.
➢ Mo pakeng e, ditumelo, boitshwaro, le didirisiwa ke tsa seeng.
➢ Padi ya Segaigai, e e kwadilweng ke P.Q Marumoagae e mo Pakeng ya sesa. A re e
lebelele:

Toro, monna wa mohumi o ne a ratana le Dimpho mme a mo tsietsa ka mogolowe, Baratang.


Baratang o ne a nyetswe mme a gabile koloi ya ga Toro e manobonobo le madi a a neng a a
fiwa ke Toro a monna wa gagwe a neng a sa kgone go mo a neela. Monna wa ga Baratang o
ne a leka go kgalemela mosadi wa gagwe mme a gana go mo reetsa. Toro o ne a tshela
makgarejwana a bolwetse jwa AIDS mme a bo a imisa Dimpho. Toro o ne a phuaganya
50

Dimpho ka mpa mme morago Dimpho a tlhokafalelwa ke losea, le ene a bo a tlhokafala.


Baratang le Toro le bone ba ne ba bolawa ke bolwetse jo mme Tshepo, monna wa ga Baratang
a sala a tshela ka jone.

Ela tlhoko:
➢ Padi e e mo pakeng ya sesa mme se se lemotshega ka dintlha di tshwana le:
• Go tlhakatlhakanya bakapelo.
• Tiriso ya dikoloi tsa segompieno.
• Malwetse a segompieno (AIDS)

KAMANO YA PAKA LE LEFELO LA DITIRAGALO LE BOITSHWARO JWA


BAANELWA
➢ Potso ya kamano ya paka le lefelo la ditiragalo le boitshwaro jwa baanelwa e batla
moithuti a lebelela gore a ditiro tse baanelwa ba di dirang di dumalana le paka le
lefelo le ba leng mo go lone.
➢ Pele o simolola go supa kamano e, o tlhalosa gore paka ke efe le gore lefelo ke lefe.
➢ A re lebelele motshameko wa Motswasele II...

Potso: A botho jwa batshameki ba motshameko wa Motswasele II di tsamaelana le paka le


lefelo le ba leng mo go lone?
Paka ke ya segologolo fa lefelo e le motsemogolo wa Bakwena.
Ee, botho jwa batshameki bo tsamaelana le paka le lefelo.
Morago ga se, o ka ntsha mabaka a tshwana le:
• Ga go thona go bo Motswasele ele Kgosi mme ebile a reediwa go sa kgatlhelesege
gore o bua a bo a diragatsa dilo tse di maswe jang. Morafe o mo tlotla fela ka se ke sone
se se neng se tlwaelesegile mo metlheng ya segologolo, bogolo jang mo magaeng jaaka
ditiragalo tse di diragalela mo legaeng.
• Mo motshamekong re bona batshameki ba rata dikgomo tsa bone fela thata go feta tse
tsotlhe. Kgosi o ne a gapa dikgomo tsa batho ka dikgoka go oketsa tsa gagwe mme
mogatse Moilwe ene o ne a swela dikgomo a re o ka se lebelele barongwa ba kgosi ba
di tsaya. Go maleba gore go bo go ntse jalo fa re lebile paka ya segologolo le lefelo la
selegae le ba leng mo go lone.
Moithuti, tswelela o ntshe mabaka a mangwe.
Ela tlhoko: Dintlhakgolo tsa karabo ya potso e di akaretsa:
• Ga go thona gore...
• Ga go makatse go bo...
• Go matshwanedi gore...
• Go maleba...
51

MOLAETSA

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:

➢ Tlhalosa gore molaetsa ke eng.


➢ Senola molaetsa wa padi kana motshameko.
➢ Amanya molaetsa wa padi le botshelo ka kakaretso.
➢ Molaetsa ke se mokwadi a se abelanang le babadi kgotsa se mmadi a se ithutang mo
pading.
➢ Molaetsa o senolwa ke moanelwa-mogolo.
Potso ya molaetsa e arabiwa jaana:
1. O senola molaetsa wa gago. O ka o senola ka seane. Fa o dirile jalo, o fa tlhaloso ya
seane o bo o bua gore se itebagantse le mang yo o dirileng eng.
2. Tlhalosa ka gore botlalo molaetsa wa gago o dirisa mafoko a botlhokwa a potso.
Mafoko a, a kgona go tswa mo seaneng sa molaetsa le mo tlhalosong ya sone.
Sekai:
• Fa molaetsa e le “Botlhale bo ja mong,” o ka tlhalosa o re se se raya gore fa
motho a direla ba bangwe boferefere, a ba tsietsa, o felela a le mo mathateng.
Mafoko a botlhokwa a tla bo a akaretsa:
-O tswelela a tsaya gore o dira botlhale fa a...
-Boferefere jwa gagwe o bo tsweledisa fa a...
-Re bona a jewa ke botlhale jwa gagwe fa...
-...se se supa fa e le ruri a feletse a le mo mathateng.

3. Amanya molaetsa le botshelo. Mo kamanyong ga o umake ditiragalo tse di


diragetseng mo pading.
Sekai:
• Fa molaetsa o re “Botlhale bo ja mong,” o bua ka ngwana yo tsietsang mo
ditlhatlhobong, ga o a tshwanela go bua ka go tsietsa mo ditlhatlhobong fa o
amanya le botshelo. O ka bua ka sengwe se sele jaaka bogodu.
Sekai:
-Le mo botshelong go a diragala gore motho a dire boferefere a tsaya gore o
botlhale mme a bo a felela a le mo mathateng jaaka manweenwee a a tsietsang
batho a ba gapela madi mme ba bo ba tshwarwa ke mapodise ba ya kgolegelong.
52

BAANELWA

Maikaelelo:
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Lemoga gore baanelwa ke bomang mo pading.
➢ Fa pharologanyo fa gare ga moanelwa mogolo, baanelwa ba botlhokwa le baanelwa
ba babotlana.
➢ Senola moanelwa-mogolo ka mabaka.
➢ Bolela moanelwa yo a mo ratang a bo a ntsha mabaka.
Baanelwa
➢ Baanelwa ke batho ba mokwadi a ba itlhametseng go diragatsa ditiragalo mo
motshamekong.
➢ Baanelwa ba mefuta.

MOANELWA-MOGOLO
➢ Ke yo ditiragalo tsotlhe di amanang le ene. E ka nna ene a dirang, a diragalelwang ke
sengwe kana a direlwa sengwe. Mokwadi o senola molaetsa o a batlang go o abelana
le rona ka moanelwa-mogolo.
➢ Fa o tlhalosa gore moanelwa-mogolo ke mang, o ka dirisa dintlha tse di latelang:
• Leina la gagwe le dirisitswe e le setlhogo sa padi\motshameko.
• Ditiragalo tsa botlhokwa di diragalela ene
• Ke ene a re senolelang setlhoa sa padi.
• Molaetsa wa padi o senolwa ke ene.
• Kgotlhang ya konokono e amana le ene.

BAANELWA BA BOTLHOKWA
➢ Ke ba seabe sa bone se leng setona mo ditiragalong tsa padi. Ba amana thata le
moanelwa-mogolo. Ba thusa go re lemotsha botho le boitshwaro jwa moanelwa-
mogolo.
BAANELWA BA BA BOTLANA
➢ Ke ba ba rotloetsang ditiragalo tsa padi mme ba sa laole gore di tseye phekelo efe.
Ela tlhoko!
Mo bukeng ya Motswasele II, Kgosi Motswasele ke ene moanelwa-mogolo mme baanelwa
ba botlhokwa ba akaretsa Moruakgomo, Maleke, Diratsagae, Leapeetswe le Molotlhanyi.
Baanelwa ba babotlana ke mogatse Moilwe, bana ba ga Ramodi le ba bangwe.
53

MOANELWA YO O MO RATANG
➢ Potso ya moanelwa yo o mo ratang e batla o simolola ka go bolela leina la moanelwa
yo o mo ratang mme morago o bo o tlhalosa gore ke eng o rata ene.
➢ Mo tlhalosong, o dirisa botho jwa moanelwa. Botho joo wa bo nankola o bo o tlhalosa
gore bo itshupile leng mme o bo o supa gore ke jone bo dirang gore o rate moanelwa
yoo.
Sekai:
• Moanelwa yo ke mo ratang ke Neo.
Ke rata Neo ka gore o boikobo. Boikobo jwa ga Neo bo itshupile fa a tlotla
mmangwaneagwe, a obamela melao ya gagwe, a mo apeela le ntswa a ne a mo
kgokgontsha a sa mo rekele le paka ya sekolo.
Neo gape o botlhale. Neo o ne a gaisa bana botlhe mo mophatong wa gagwe. O ne a
tsenelela dikgaisano tsa go kwala dipolelo mme a di fenya gape a itse go boka.
Botlhale jwa ga Neo le bagolo mo motseng ba ne ba itse ka ga jone ba nna ba mo
galaletsa.
54

POKO

Maikaelelo
Morago ga thuto e, moithuti o tshwanetse gore a bo a kgona go:
➢ Tlhalosa gore poko ke eng.
➢ Senola molaetsa mo lebokong.
➢ Tlhalosa ka mafoko a gago se mmoki a se buang mo lebokong.
➢ Tlhalosa maikutlo a mmoki a bokang a le mo go one.
➢ Nopola dikapuo mo lebokong o bo o tlhalosa bokao jwa tsone.

POKO KE ENG?
➢ Poko ke tiriso ya puo e e faphegileng go galaletsa, go reta, go kgala
kana go tlotlomatsa.

TLHALOSO YA LEBOKO

➢ Mo tlhalosong ya leboko, moithuti o tshwanetse go lebelela leboko a


bo a tlhalosa ka mafoko a gagwe gore mmoki areng.
➢ Fa go na le dikapuo o a di inola o bo o tlhalosa bokao jwa tsone.
A re lebelele ditemana tse pedi tsa leboko la “Bosiela” go tswa mo bukeng ya ga L.D
Raditladi ya “Sefalana sa Menate”

BOSIELA
Bosiela ga bo phimoge sekalobadi,
Ga bo na motho a bo tlhapa ka mosidi,
A bo phimola a bo tlhapela bodibeng,
Go tswa maswe, jone bo salele nameng.

Ke ledimo le jang batho le matlhape,


Moselesele o sadisang le makape,
Go sale bolota go sale botlhoko,
Go sale sebodu se se tlhokang dipheko.
55

➢ Fa o tlhalosa leboko le, o lebelela leboko fela lotlhe ga mmogo le setlhogo o bo o


kgona go lemoga gore leboko le bua ka ga eng.
➢ Morago ga moo, o tsaya ditemana ka bongwe ka bongwe o tlhalosa gore mo go tsone
mmoki areng. O dira se gore o se ka wa lebala sepe.

Potso: Tlhalosa leboko la bosiela.

Mmoki o bua ka bosiela. Bosiela ke seemo sa go tlhokafalelwa ke batsadi. Mmoki a re bosiela


ke seemo sa sennelaruri, ga go na ka fa motho a ka ikgaoganyang le jone ka teng fa bo mo
ngaparetse. A re le fa motho a ka tlhapa jang, go ka tswa maswe mme jone bo sale.

Mmoki o tswelela a dirisa sekapuo sa tshwantshiso fa a re bosiela ke ledimo le jang batho le


matlhape, a raya fela gore bosiela bo tlhasela fela bo se na kutlwelobotlhoko. A re fa bosiela
bo tlhasetseng teng, go sala matlhotlhapelo fela.

MOLAETSA WA LEBOKO
➢ Mmoki fa a kwala leboko, go a bo go na le molaetsa mongwe o a batlang go o abelana
le bareetsi kgotsa babadi ba leboko.
➢ Molaetsa o, o tsewa mo tirisong ya mafoko.
➢ A re lebelele molaetsa wa leboko la bosiela:
Molaetsa wa leboko le ke gore bosiela ke seemo se se maswe fela thata. Molaetsa o o senoga
fa mmoki a bolela gore bosiela ke seemo sa sennelaruri se motho a ka sekeng a se tshabele
gope fa se mo wetse. O tswelela a supa bomaswe jwa seemo se fa a re le fa motho a ka tlhapa
jang, bo ka se kgaogane le ene.

Fa a ntse a tswelela, mmoki o dirisa sekapuo sa tshwantshiso go senola molaetsa o fa a re


bosiela ke ledimo le jang batho le matlhape. O bua se a lebile gore bosiela bo tlhasela fela bo
sa rekegele sepe jaaka ledimo le ka dira. O supa fa tota bosiela e le seemo se se maswe fa a re
fa bosiela bo tsenang teng go sala matlhotlhapelo fela.

MAIKUTLO A MMOKI
➢ Fa mmoki a boka kgotsa a kwala leboko, mafoko a gagwe a re lemotsha maikutlo a a
leng mo go one.
➢ Maikutlo a kgona go nna a boitumelo, kutlobotlhoko kgotsa kgalefo.
➢ A re lebelele maikutlo a mmoki wa leboko la bosiela:
56

Maikutlo a mmoki ke a kutlobotlhoko. Mmoki o utlwisiwa botlhoko ke ka fa bosiela bo


amang batho ka teng. Mmoki o supa kutlobotlhoko e ,fa a bolela gore bosiela ke seemo sa
sennelaruri se motho a ka sekeng a ikgaoganye le sone ka gope mme e bile le fa motho a ka
tlhapa jang go ka tswa maswe fela jone bo sale.

Kutlobotlhoko ya mmoki e tswelela e senoga mo tirisong ya gagwe ya sekapuo sa


tshwantshiso fa a re:
“Ke ledimo le jang batho le matlhape,”
Se se raya gore bosiela bo tlhasela fela bo se na kutlwelobotlhoko , selo se se ka dirwang ke
ledimo. Mmoki gape o utlwisiwa botlhoko ke gore fa bosiela bo tsenang teng go sala go le
matlhotlhapelo fela.

Ela tlhoko:
➢ Dikarabo tsa tlhaloso, molaetsa le Maikutlo di a tsamaelana mme di farologana ka
tiriso ya dintlhakgolo tsa tsone.
➢ O kgona go inola mo lebokong mme fa o dira jalo, o dirisa matshwao a mokwalo a a
tshwanetseng.
➢ Gongwe le gongwe fa o bonang dikapuo teng o tshwanetse go supa gore o di etse
tlhoko o bo o tlhalosa bokao jwa tsone mo lebokong.
57

DIKARABO TSA DIPOTSO

MATSHWAO A MOKWALO
1) A
2) A
3) B
4) B

MOKWALO O O LOLAMENG
1) B
2) A
3) D
4) B
5) D
6) C
7) D

PUO KA SEMORAFE
a) Hutshe-thoro-kuane
b) Setilo-sepora
c) Makgomane-maraka
d) Lengangale-Mpale
e) Leeba-lephoi
f) Kgamelo-emere
g) Logala-nthiane
h) Marole-dinamane
i) Molora-sesepa

DIKAROLO TSA PUO

LEINA
• Katlego
• Ngwana
• Kago
• Dineo
• Mosetsana
• Batsadi
58

LEEMEDI
a) Leemedi: One
Leina: Mosima

b) Leemedi: Ene
Leina: Katlego

c) Leemedi: Sone
Leina: Seolo

d) Leemedi: Yone
Leina: Katse

Leemedi (2)
a. Lone
b. One
c. Yone
d. Ene
e. Sone
f. Jone

LETLHAODI
a)E tonatona- Popego
Legokedi: E- Thito: -tonatona

b)E tshweu- Mmala


Legokedi: E- Thito: -tshweu

c)O mosesane- Popego


Legokedi: O- Thito: -mosesane

d)Tse nne- Palo


Legokedi: Tse- Thito: -nne

e)O mohibidu
Legokedi: O- Thito: -mohibidu
59

f)Ba bararo
Legokedi: Ba- Thito: -bararo

LESOBOKI
a)O se ka wa tsaya gotlhe.
b)O tle ka jone bo le Josi.
c)Ngwana ga a tlogelwe a le esi mo koloing.
d)Ke tsa gagwe a le nosi.
e)O bo tseye bo le bosi.

LEBADI
• Mongwe
• Mangwe
• Sele
• Bang
• Afe

LERUI
a)Ya yo o bogoma
Thito: Yo o bogoma
Karolo: Leamanyi

b)Ba bone
Thito: Bone
Karolo: Leemedi

c)Wa yo montle
Thito: Yo montle
Karolo: Letlhaodi

d)A botlhe
60

Thito: Botlhe
Karolo: Lesoboki

e)Ya mongwe
Thito: Mongwe
Karolo: Lebadi

LEKOPANYI
a)Ke batla madi e seng dijo.
b)Katlego le Koi ba filwe diaparo.
c)Bana ba gagwe ba gola sentle ka gore ba a tlhokomelwa.
d)O ne a re o ya go lwela morafe wa gagwe kante ke jaaka a etse ruri.
e)Ba ile ba mo neela dijo tsa bone le ntswa a ba timile tsa gagwe.

Lekopanyi(2)
a)Kooteng
• Kooteng ba go tlwaela thata.
• Ga ba bonale, kooteng ba diilwe ke dikgang.
• Ba santse ba batlana le ene kooteng.

b)Kana
• Kana ke ka tsamaya le ene?
• Re bue le ene kana re mo tlogele?
• Ke bua le wena kana.

c)Mme
• Mme ga o mo itshwarele?
• Ke batla go bua mme ke a tshaba.
• O tla bo o boa leng mme?

LETLHALOSI
a)Letsatsi le letsatsi- Nako
61

b)Ka bonako- Mokgwa


c)Fa morago ga ntlo- Lefelo

MAETSISI
A. Setlhe!
B. Tshoo!
C. Goso!
D. Sweu!
E. Nwe!
F. Tududu!
G. Phuu!
H. Tike!

MADUMELAGONGWE
Tsala (go tshola, mmata/molekane)
Tlhagisa (tsibosa, todisa molelwane)
Molemo (Tshiamo, o o fodisang)
Thata (maatla, go feta selekanyo)

MAKWALELAGONGWE
a) Tshela (Go nna le botshelo, go tsholola sengwe se se metsi)
b) Bone (Leemedi, palo)
c) Mme (Motsadi, lekopanyi)
d) Ntlha (kgang, pele ga tse dingwe)
e) Kae (Go botsa lefelo, go botsa palo)
f) Tshega (Seaparo, fa o kgatlhegile)
g) Beke (Ya dilwana, malatsi a supa)
h) Nama (Tlhapolola maoto, e e jewang)
i) Mogoma (Motho yo go buiwang ka ga ene, wa ko tshimong)
j) Tlhaga (Senatla, tlola molelwane)

MAGANETSI
a) Apara-Apola
b) Robala-Tsoga
c) Bokhutlo-Tshimologo
d) Potso-Karabo
e) Motlhofo-Thata
f) Tshwana-Farologana
62

g) Monna-Mosadi
h) Ngwana-Mogolo
i) Bomatla-Botlhale
j) Boleele-Bokhutshwane
NGOTLO
• Podi-Potsane
• Pampiri-Pampitshana
• Koloi-Kolotsana
• Mogatla-Mogatlana
• Ngwana-Ngwananyana
Ngotlo (2)
• Lorato
• Nnananyana wa me batho!
• Kutlwelobotlhoko
• O kae mosadimogolonyana wa modimo yole?
• Lenyatso
• Legotswana lone le?

DIANE, DITHAMALAKANE LE MAELE


1) D
2) B
3) C
Diane, dithamalakane le maele (2)
1. Leele
2. Seane
3. Seane
4. Tlhamalakane
5. Seane
6. Leele
7. Tlhamalakane
8. Leele
9. Tlhamalakane
10. Seane
11. Leele
12. Tlhamalakane
13. Seane
14. Leele
15. Seane
16. Tlhamalakane
17. Leele
18. Seane

You might also like