Setswana FAL P1 May-June 2018 Memo

You might also like

Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 6

SENIOR CERTIFICATE EXAMINATIONS

SETSWANA PUOTLALELETSO YA NTLHA (FAL)

PAMPIRI YA NTLHA (P1)

2018

MEMORANTAMO

MADUO: 80

Memorantamo o, o na le ditsebe di le 6.

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 2 DBE/2018
SCE – Memorantamo

KAROLO YA A: TEKATLHALOGANYO

POTSO 1

Go Tshwaya Tekatlhaloganyo

• Ka ntlha ya gore tsepamo e fa go tlhaloganyeng, mopeleto o o fosagetseng le


diphoso tsa puo fa dikarabong tse dileele, batlhatlhojwa ba se ke ba
otlhaiwa/tseelwa maduo.

• Fa dipotsong tse di se nang dikarabo tse di tsepameng, go se nne le maduo


a a abelwang EE/NNYAYA kgotsa DUMELA/GANELA. Lebaka/Tshegetso/
Tlhotlheletso ke sona se se tshwanetseng go elwa tlhoko.

• Go se nne le maduo a a abelwang NNETE/FOSAGETSE kgotsa


NTLHA/KAKANYO. Lebaka/Tshegetso/Tlhotlheletso ke sona se se tshwanetseng
go elwa tlhoko.

• Fa e le karabo ya lefoko le le lengwe e e tlhokagalang, mme motlhatlhojwa a bo a


naya mola otlhe, tshwaya gore o nepile fa fela lefoko le le nepagetseng le
thaletswe/bontshitswe.

• Fa dintlha tse pedi/tharo di tlhokagala, mme tse di mmalwa di neetswe, tshwaya


fela di le pedi/tharo tsa ntlha.

• Fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko go tswa mo puong esele ntle le e a


tlhatlhojwang ka yona, ikgatholose mafoko ao, mme fa karabo e sa ntse e na le
bokao, o se ke wa mo otlhaya. Mme fela fa e le gore go dirisitswe puo esele mo
setlhangweng, mme e tlhokagala mo karabong, seo se tla amogelwa.

• Amogela ditengwana tse di farologaneng.

• Mo dipotsong tse go nang le tlhopho ya karabo e e maleba, amogela dikarabo


TSOOPEDI, tlhaka e e tsamaelang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA
karabo e e kwadilweng ka botlalo.

1.1 1.1.1 C/tharo (1)

1.1.2 Bolotloa le diatleletiki


(E le nngwe fela.) (1)

1.1.3 Gore mosetsanyana yo o nna malatsi a le mantsi a se na se se


yang maleng/jewang. (2)

1.1.4 Nnyaya, Sinenhlanhla o godisitswe ke rre Joel Monageng ka


maikarabelo. (2)

1.1.5 O ne a ineela mo metshamekong. (2)

1.1.6 Go nna moatlelete yo o kwa setlhoeng. (2)

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 3 DBE/2018
SCE – Memorantamo

1.1.7 Diatleletiki, o ne a feleletsa a fitlhile kwa akateming. (2)

1.1.8 O ne a se na tse e leng tsa gagwe. (2)

1.1.9 Madi a ga Mercury a kotlo. (1)

1.1.10 O ne a sa duela madi a sekolo. (2)

1.1.11 O ne a latlhegelwa ke tiro/O ne a sa dire. (2)

1.1.12 Molatelo Malehopo. (1)

1.1.13 Ee, gonne o ne a feleletsa a isitswe kwa Akateming ya


metshameko kwa Johannesburg. (2)

1.1.14 Ee, o ne a nna setshameki sa ngwaga mo Aforikaborwa. (2)

1.2 1.2.1 Ke fofa jaaka serurubele. (1)


ke loma jaaka notshe. (1)

1.2.2 Di bontsha fa Muhammad Ali/ramabole 1 e ne e le mogaka. (2)

1.2.3 Ditlelafo di bontsha fa mong wa tsona a digetse


tiro/tlhokafetse/sule.
(E le nngwe fela.) (2)

PALOGOTLHE YA KAROLO YA A: 30

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 4 DBE/2018
SCE – Memorantamo

KAROLO YA B: TSHOBOKANYO
POTSO 2
Tshobokanyo ya mafoko a le 60–70. Fa motlhatlhojwa a kwadile mafoko a a fetang 70,
motshwai a tshwae mafoko a le 75 fela.
• Kabo ya maduo:
o 7 = Diteng (1 leduo = 1 ntlha)
o 3 = Puo
o Palogotlhe: 10
• Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a dirisitse mafoko a gagwe:
o 1 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 1–3
o 2 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 4–5
o 3 = Fa motlhatlhojwa a nepile dintlha di le 6–7
• Kabo ya maduo a puo fa motlhatlhojwa a nopotse:
o 1 = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 1–5.
o 0 = Fa motlhatlhojwa a nopotse dintlha di le 6–7.
ELA TLHOKO:
• Kagego:
Le fa tshobokanyo e sa tlhagisiwe ka kagego e e nepagetseng, e tshwanetswe go
tshwaiwa.
• Palo ya mafoko:
o Batshwai ba tshwanetse go netefatsa palo ya mafoko a a dirisitsweng.
o A motlhatlhojwa a se ke a jelwa maduo fa a sa tlhagisa/kwala palo ya mafoko a a
a dirisitseng kgotsa a kwadile palo e e fosagetseng.
o Fa palo ya mafoko e fetile e e tshwanetseng, bala a le matlhano fela mo godimo
ga palo e e kopilweng, mme o ikgatholose a a setseng.
Mafoko a a nopotsweng Mafoko a a tshitshinngwang
1. 'Se rwale ditlhako tsa polasetiki ka gonne Efoga ditlhako tsa polasetiki tse di
di thibela go phuthologa le go hema ga pitlaganyang le go hupetsa maoto.
maoto'.
2. 'Netefatsa gore o reka ditlhako tse di Reka ditlhako tse di dirang gore
tsholang menwana e phuthologile'. menwana e dule e repile.
3. 'Ela tlhoko gore boalo jwa ditlhako bo Botlase bo nne boleta.
boreledi ka fa gare'.
4. 'Fa o reka ditlhako a e nne tse di Batla ditlhako tsa bogolo jo bo
sireletsang maoto e bile di go lekana lekanang dinao go femela maoto.
sentle'.
5. 'Ela tlhoko gore ga o reke ditlhako tse di Se reke ditlhako tse di tshesane e bile
motsu kwa pele le tse di emeletseng kwa di le motwenene gonne di tshuba
godimo thata ka gonne di baya menwana menwana.
mo kgatelelong'.
6. 'Nako e e maleba go reka ditlhako tse di Reka ditlhako motshegare go bona tse
go lekanang sentle, ke motshegare di go lekanang sentle.
maoto a tletse'.
7. 'Fa o dira mo mafelong a a kotsi jaaka Badiri ba meepo ba reke ditlhako tsa
meepo, o tshwanetse go tlhopha ditlhako tshireletso.
tse di thata tse di tla go sireletsang mo
dikgobalong'.
PALOGOTLHE YA KAROLO YA B: 10
Kwalololo e ileditswe Phetla
Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 5 DBE/2018
SCE – Memorantamo

KAROLO YA C: TIRISO YA PUO

ELA TLHOKO:

• Karabo ya lefoko le le lengwe e abelwe leduo le fa mopeleto o fosagetse ntle fela


le fa phoso e fetola bokao jwa lefoko.
• Fa dikarabo e le dipolelo tse di tletseng, mopeleto o o fosagetseng o sokelwe
dirope fa phoso e le mo ponagalong ya puo e e tlhatlhobiwang.
• Dipopego tsa polelo di tshwanetse go latela melawana ya dipopego tsa puo ka
nepagalo e be e tlhagisiwe ka dipolelo tse di tletseng/go latela taelo.

POTSO 3

3.1 D/go ngoka (1)

3.2 Go tsibosa bakgweetsi ka kotsi e e tlholwang ke go kgweetsa ka lebelo. (2)

3.3 Ee, ka gonne leoto le lengwe mo setshwantshong ke la maitirelo. (2)

3.4 Rremogolo o iteile motho. (2)

3.5 Jaaka thui. (1)

3.6 O ne a ba bolelela gore ba se kgweetse ka lebelo. (2)


[10]

POTSO 4

4.1 D/akanya (1)

4.2 Bosole, re lemoga ka moaparo wa gagwe. (2)

4.3 O bontsha lenyatso/go se tlotle bagolo. (2)

4.4 Matlho a a rotogileng le molomo/seatla. (2)

4.5 Lediriletlhaedi. (1)

4.6 Mosimane yo mokhutshwane/monnye ga a itshola sentle.


(Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2)
[10]

Kwalololo e ileditswe Phetla


Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P1 6 DBE/2018
SCE – Memorantamo

POTSO 5

5.1 5.1.1 D/Lediri + Leina (1)

5.1.2 Simolola (1)

5.1.3 Rre o ne a ntsenya matlho fa pele ga ditsala tsa me. (2)

5.1.4 Ba mpaya fa fatshe ka legofi mme ra tswa go ya go besa nama


kwa ntle. (2)

5.1.5 Lelatlhelwa (1)

5.1.6 Go diriwa jalo fa re le fa go ntseng jaana ngwana. (2)

5.1.7 Lekgarebe (1)

5.1.8 Ngwana yo o sa leleng o swela tharing/Ngwana yo o tlhogokgolo o


sira rraagwe/Ngwana yo o sa utlwing molao wa batsadi o tla utlwa
wa manong/Ngwana sejo o a tlhakanelwa.
(Dikarabo tsa batlhatlhojwa di elwe tlhoko) (2)
5.1.9 Lesupi la maemo a ntlha.
(1)

5.1.10 Magofi (1)

5.2 5.2.1 Tsona di fula bojang. (2)

5.2.2 Batshwariwa/Batshwarwa. (1)

5.2.3 Ba ka se tlhagelele kwa kgotlatshekelong ya Gauteng. (2)

5.2.4 Golegiwa/Golegwa. (1)


[20]

PALOGOTLHE YA KAROLO YA C: 40
PALOGOTLHE YA TLHATLHOBO: 80

Kwalololo e ileditswe

You might also like