Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 26

TSW2604/101/3/2024

Lekwalothuto 101/3/2024

Applied African Language Grammar for


Home Language – Intermediate Phase

TSW2604

Semesters 1 and 2

Lefapha la Dipuo tsa Aforika

Lekwalothuto le le tshotse tshedimosetso e e botlhokwa ka ga mmojule o.

BARCODE
DITENG
Tsebe

1 MATSENO .................................................................................................................................... 4
2 MAIKAELELO LE DIPOELOTHUTO............................................................................................ 5
2.1 Maikaelelo .................................................................................................................................... 5
2.2 Dipuelothuto.................................................................................................................................. 5
3 DIPHETOGO MO KHARIKHULAMONG ...................................................................................... 5
4 BATLHATLHELEDI LE DINTLHA TSA KGOLAGANO ............................................................... 5
4.1 Mo(Ba)tlhatlheledi ......................................................................................................................... 5
4.2 Lefapha......................................................................................................................................... 5
4.3 Yunibesithi .................................................................................................................................... 6
5 DIDIRISIWA.................................................................................................................................. 6
5.1 Dibuka tse di rebotsweng .............................................................................................................. 6
5.2 Dibuka tse di atlenegisitsweng ...................................................................................................... 6
5.3 Tse di beetsweng mo inthaneteng ............................................................................................. 6
6 DITIRELO TSA TSHEGETSO YA BAITHUTI ............................................................................... 7
6.1 Lenaneo la maitemogelo a ngwaga wa ntlha @Unisa ................................................................... 8
7 LENANEO LA GO ITHUTA .......................................................................................................... 9
8 TIRO YA DIATLA ....................................................................................................................... 10
9 ASESEMENTE ........................................................................................................................... 10
9.1 Dintlhatshekatsheko.................................................................................................................... 10
9.2 Lenaneo la ditiro ......................................................................................................................... 10
9.3 Assessment due dates PLEASE TRANSLATE ........................................................................... 10
9.4 Neelo ya diasaenemente ............................................................................................................ 11
9.4.1 Mefuta ya diasaenemente le ditlhaloso tsa tsona ........................................................................ 12
9.5 Diasesemente ............................................................................................................................. 12
9.6 Mokgwa o mongwe wa tlhatlhobo ............................................................................................... 24
9.7 Tlhatlhobo ................................................................................................................................... 24
9.7.1 Invigilation/proctoring .................................................................................................................. 24
10 GO SA IKANYEGE..................................................................................................................... 24
10.1 Bogodu jwa Bokwadi................................................................................................................... 24
10.2 Boferefere ................................................................................................................................... 24
10.3 Tshedimosetso mabapi le bogodu jwa dikwalo e ka tsewa mo kgokelong e e latelang: .............. 25
11 BAITHUTI BA BA TSHELANG KA BOGOLE ............................................................................ 25
12 DIPOTSO TSE DI ATISITSWENG GO BOTSWA....................................................................... 25

2
TSW2604/101/3/2024

13 METSWEDI E E DIRISITSWENG ............................................................................................... 25


14 BOKHUTLO ............................................................................................................................... 25
15 DIMAMETLELELO ..................................................................................................................... 26

3
1 MATSENO

Moithuti

Unisa ke setheo sa thuto e e kwa godimo ya sekgala. Kharikhulamo ya rona e neelana ka


disetifikeiti tse di farologaneng tse di akaretsang dipoloma le didikirii. Thuto ya sekgala ya
Unisa e ngoka baithuti ba le bantsi go ikwadisa le setheo se le go ba neela tshono ya go tsenela
dithuto tsa setheo se se kwa godimo. Thuto ya rona ya sekgala e netefatsa gore tsamaiso e
ya rona e rulagantse sentle go netefatsa tselelopele ya baithuti ba ba sa ithulaganyang go ba
dira ba ba ithulaganyeditseng dithuto gotlhelele.

Go ruta le go ithuta ka sekgala go akaretsa neelano ya dithuto ka mokgwa wa tlwaelo mmogo


le wa tiriso ya mafaratlhatlha a thekenoloji. Ke gore baithuti ba dithuto tse di kwa godimo ba ka
rutiwa ka mokgwe wa mafaratlhatlha o o sa dirising pampiri fa baithuti ba ba santseng ba le
kwa tlase ba ka rutiwa ka mokgwa wa mafaratlhatlha mmogo le mokgwa wa tiriso ya pampiri
mo go myUnisa. Ka dinako tse dingwe dithuto tsa baithuti b aba kwa tlase le tsona di dirwa ka
mokgwa wa mafaratlhatlha a thekenoloji.
Ntlha e nngwe gape ke gore tsamaiso ya rona e nyalelana le ditoro le maikaelelo a unibesithi.
Unisa e totile go direla botho le go bopa bokamoso ba setshaba mo kontinenteng ya Aforika
ka bophara. Dialogane tsa Unisa di na le bokgoni bo bo akaretsang tse di latelang
• baagi ba ba ikemetseng ka bobona, ba ba nang le maikarabelo e bile ba na le botho go
tataisa ditiro tse di farologaneng mabapi le tlhabolola bokamoso ba baagi mo gae le kwa
dinageng tse dingwe
• go tlhaloganya maemo a bona mo kontinenteng ya Aforika mmogo le mathata le bokgoni
tse di golagaeng le lefatshe ka bophara
• bokgoni ba go sekaseka le go ranola boleng le botlhokwa ba kitso le kokoanyo ya dintlha
tse di maleba go tswa mo metsweding e e farologaneng mme di tsamaya di fetogafetoga
le dinako go ya ka kitso e ntshwa
• mokgwa wa go tsenya tirisong ga baithuti kitso mabapi le maitsholo a a siameng mmogo
le bokgoni ba go itlhamela le go ranolola mathata a botshelo ka kakaretso
• go itemogela botlhokwa ba go ithuta le go gola ga ditlhokego tsa bokgoni go itshiamisetsa
bokamoso
Ka ga mojule o.
Mojule o o dirisa mafaratlhatlha a thekenoloji a a fitlhelwang mo inthaneteng le mo go myUnisa
go ikgolaganya le baithuti. Ikgolaganye le motlhatlheledi wa gago o be o lebele myUnisa go go
kgontsha go fitlhelela didiriswa tsa go ithuta. Tshedimosetso mabapi le didiriswa tse di maleba
di tla rebolwa go go thusa go golagana le motlthatlheledi wa gago mmogo le baithuti-ka-wena
e tla neelwa ka ditsela tse di farologaneng go go go tshegetsa mo dithutong tsa gago.

O rotloediwa go tsena mo mafaratlhatlheng a myUnisa kgafetsakgafetsa (bonnye gabedi mo


bekeng).

Re go eleletsa masego mo dithutong tsa gago!

4
TSW2604/101/3/2024

2 MAIKAELELO LE DIPOELOTHUTO
2.1 Maikaelelo

Baithuti ba ba feditseng serutwa se ka katlego ba tla kgona go nna le kitso ya: kamano e e leng
teng ka dikamano tse di leng teng mo dipuong tsa Maaforika, fonetiki e e leng thuto ya
medumopuo, fonoloji e e leng thuto ya diphetogomodumo, mofoloji e e leng thuto ya popo ya
mafoko, popapolelo - go bopa polelo; le thutabokao -bokao jo bo tlhagelelang mo lefokong.

2.2 Dipuelothuto

Mo serutweng se, o tla tshwanelwa ke go itse dipoelo tse mmalwa:


• Go tlhaloganya kamano ya dipuo tsa Maaforika;
• Go tlhaloganya botlhokwa ba go ithuta fonetiki le fonoloji;
• Go tlhaloganya gore mafoko a bopiwa jang;
• Go tlhaloganya popego ya polelo;
• Go tlhaloganya bokao jo bo tliswang ke lefoko;

3 DIPHETOGO MO KHARIKHULAMONG

Unisa e tsentse tirisong diphetogo go ikaegilwe ka metheo e le metlhano le ditsela di le robedi.


Go tsibogela diphetogong tse, kharikhulamo e ntšhwa e tsentswe mo lenaaneng la tsa thuto.
Diphetogo mo kharikhulamong di akaretsa metheo e e latelang: matlole a a lebaneng baithuti,
ntšhwafatso ya ditsela tsa thuto le mekgwa ya tshekatsheko, matlole a go ruta le go ithuta,
thibololo ya kitso le filosofi ya Aforika. Metheo le melawana e, e tlaa kopanngwa mmogo le
lenaneo la tsamaiso ya dirutwa. O tlaa itemogela diphetogo mo tsamaisong ya ditogamaano tsa
thuto e e tsentsweng tirisong mo Unisa mmogo le phetogo ya diteng tsa mmojule wa gago. Re
go rotloetsa gore o amogele diphetogo tse mo dithutong tsa gago le Unisa ka tsela e di senolwang
ke letlhomeso la diphetogo ka teng.

4 BATLHATLHELEDI LE DINTLHA TSA KGOLAGANO


4.1 Mo(Ba)tlhatlheledi

Motlhatlheledi wa serutwa se ke Mme P. Ditsele


Lefapha: Dipuo tsa Aforika
Mogala: 012 429 8248
Emeile: ditsep@unisa.ac.za

4.2 Lefapha

O ka ikgolaganya le Lefapha la Dipuo tsa Aforika ka tsela e:


Nomoro ya mogala: 012 429 6080
Emeile: lekwams@unisa.ac.za

5
4.3 Yunibesithi

Go ikgolaganya le Yunibesithi, latela ditaelo tse di mo bukaneng Study @ Unisa. Gakologelwa


go tshola nomoro ya moithuti ya gago ka metlha fa o ikgolaganya le Yunibesithi.

Diaterese tsa go ikgolaganya le mafapha mangwe a tsamaiso a tlhagelela mo webosaeteng ya


Unisa:http://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Contact-us/Student-enquiries.

Tsweetswee tsenya nomoro ya boithuti mo dikgolaganong tsotlhe.

5 DIDIRISIWA
5.1 Dibuka tse di rebotsweng

Ga gona dibuka tse di rebotsweng mot hutong e.

5.2 Dibuka tse di atlenegisitsweng

Snyman, J. W. and Mothoagae, M. K. 2000. Segarona sa Borutabana: Thutapuo.


Mahlabe, L. le Moikanyane, N. 2012. Nkgo ya Puo ya Setswana.
Rapoo, E. E., Letsholo, K. M., and Bogosi, I. 2013. Re a Ipela, buka ya morutwana.
Snyman, J. W. le Sebate, P. M. 1990. Segarona sa Borutabana: Fonetiki le Diphetogomodumo.
Dibuka tse di atlanegisitsweng di ka kopiwa mo inthaneteng, ka tiriso ya lenaane la laeborari.
Setshedi, J. E. 1999. Ithuteng Setswana: Ditlhopha tsa 8, 9, le 10 le tsa borutabana.
Setshedi, J. E., le Malope, R. M. 1988. Thutamedumopuo ya Setswana.
Dibuka tse di atlenegisitsweng di ka kopiwa maranyaneng, ka ga lenaane la dibuka la laeborari.

5.3 Tse di beetsweng mo inthaneteng

Ga gona dibuka tse di beetsweng thoko mo inthaneteng:


Tse di beetsweng thoko mo inthaneteng di ka tsewa mo lenaaneng la laeborari.
Tshedimosetso go feta fa e ka bonwa go to:-http://oasis.unisa.ac.za/search/r

5.4 Ditirelo le didiriswa tsa laeborari

Laeborari ya Unisa e neelana ka mefutafuta ya ditirelo le didiriswa tsa tshedimosetso. Laeborari


e dirile dikaelo tse mmalwa tsa laeborari: http://libguides.unisa.ac.za

Dikaelo tse di atlenegitsweng:


• Go bona dintlha tsa tshedimosetso e khutshwane ka ga laeborari, tsena mo go
https://www.unisa.ac.za/library/libatglance
• Go bona dintlha tsa tshedimosetso e tletseng ka ga laeborari, tsena mo go -
http://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library

6
TSW2604/101/3/2024

• Dipotso tse di bodiwang ka metlha etela


https://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library/Frequently-Asked-Questions
• Go bona tshegetso le ditirelo tsa ditlhotlhomiso(s.k. ditirelo tse di neelwang ke badiri ba
laeborari le kopo ya didiriswa tsa dikwalwa), etela go
http://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library/Library-services/Research-support
• Bakeng sa dithupelelo tsa laeborari go baithuti ba bosenaditikirii, etela go
https://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library/Library-services/Training
• Ditirelo tsa kadimo
https://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library/Library-services/Lending-services
• Ditirelo tsa tshedimosetso ya dithuto tsa banaditikirii postgraduate):
• https://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library/Services-for-Postgraduates
• Ditirelo tsa baithuti ba ba tshelang ka bogole
https://www.unisa.ac.za/sites/corporate/default/Library/Services-for-students-with-special-
needs
• Tshegetso ka ga Thekenoloji ya Laeborari -https://libguides.unisa.ac.za/techsupport
• Go batla le go dirisa didiriswa tsa laeborari -http://libguides.unisa.ac.za/Research_skills
• Polokelotshedimosetso ya laeborari – https://libguides.unisa.ac.za/az.php

Dintlha tsa botlhokwa tsa kgolagano:


• Mathata a go fitlhelela ditirelo tsa laeborari ya setegenikite: Lib-help@unisa.ac.za
• Dipotso tse di bodiwang ka metlha mabapi le laeborari: Library-enquiries@unisa.ac.za
• Dipotso tse di bodiwang mabapi le dikwatlhao le dituelo tsa laeborari:
Library-fines@unisa.ac.za
• Interlibrary loan service for postgraduate students: libr-ill@unisa.ac.za
• Tirelo ya go batlisisa ga dikwalwa: Lib-search@unisa.ac.za
• Mesele ya dikgang tsa setšhaba: Facebook: UnisaLibrary and Twitter: @UnisaLibrary

6 DITIRELO TSA TSHEGETSO YA BAITHUTI

Bukana ya Study @ Unisa e teng mo go myUnisa: www.unisa.ac.za/brochures/studies. Bukana


e, e na le dikaelo tsotlhe le tshedimosetso yotlhe e o e tlhokang gore o atlege mo thutong e e
kgakala kgotsa ya inthanete (distance learning) le, thatathata, kwa Unisa. Fa o tlhoka thuso
mabapi le mekgwa ya go kgona go fitlhelela ditirelo tsa myModules, o amogelesegile go
ikgolaganya le ba diritelo tsa myModules mo dintlheng tse di latelang:
Fa o batla thuso mabapi le Mymodules o ka dirisa mekgwa e e latelang ya kgolagano
• Mogala o o sa duelelweng: 0800 00 ( Tlhopha 07 fa o batla myModules).
• E-mail: mymodule22@unisa.ac.za or myUnisaHelp@unisa.ac.za
O ka fitlhelela le go lebelela dividio tse dikhutshwane ka ga ditlhogo tse di tshwanang le gore o
ka lebelela jang khalendara/alemanaka ya gago, mekgwa ya go fitlhelela dintlha ka ga mojulu,
mekgwa ya go lebelela dikitsiso ka ga mojulu, mekgwa ya go neelana ka diasaenemente le
ditlhatlhobo le go tsaya karolo mo ditirong tsa foramo ka tiriso ya kgokedi e e latelang:
https://dtls-qa.unisa.ac.za/course/view.php?id=32130

7
Baithuti ba Unisa ba ba ikwadisitseng ba amogela akhaonto ya mahala ya e-meile ya myLife.
Tshedimosetso ya botlhokwa, dikitsiso le dintlha tsa botlhokwa di romela mo akhaontong e
fela. Ka tsweetswee ela tlhoko gore go ka tsaya diura di le 24 gore akhaonto ya gago e
tsenngwe tirisong morago ga gore tsenye kopo. Ka tsweetswee netefatsa gore o dira se fela
fa morago ga gore o ikwadise kwa Unisa ka go dirisa kgokedi e: myLifeHelp@unisa.ac.za

Akhaonto ya gago ya myLife ke yona fela e-meile e amogelwang ke Unisa ya semmuso


bakeng sa go ikgolaganya le yunibesithi, mme ke yona fela e e tlaa nnang mo direkotong tsa
Unisa. E tlaa dula e le maikarabelo a gago jaaka moithuti go dirisa le go sireletsa akhaonto ya
gago ya e-meile.

6.1 Lenaneo la maitemogelo a ngwaga wa ntlha @Unisa

Baithuti ba le mmalwa, go tloga kwa thutong ya dikolo potlana go ya go tse dikgolwane ke


kgwetlho. Se ke boammaruri go baithuti ba ngwaga wa ntlha le fa Unisa. Unisa ke yunivesithi ya
ba lekgakala e e rutang le go ikgolaganyang le baithuti ka mokgwa wa seileketeroniki. Unisa e
itlhaola mo diyunivesithing tse di ikgolaganyang le baithuti ka namane. Ke yunivesithi e e
namileng jaaka thotse e le mananeo otlhe a teng a diragatswang le go neelwa ka mokgwa wa
maranyane a inthanete. Ke ka ntlha ya lebaka le re boneng go le botlhokwa go neela baithuti ba
ngwaga wa ntlha thekgo e e tletseng go nolofatsa loeto lwa bona la go ithuta mo Unisa ntle le
matsapa a kalo le dikgoreletsi di le mmalwa. Tebang le ntlha e, re na le lenaneo la thekgo ya
baithuti ba e leng gona ba tsenang mo yunivesithing ya Unisa. Lenaneo le re le bitsa re re ke
lenaneo la maitemogelo a ngwaga wa ntlha mo Unisa ‘Unisa’s First-Year Experience (FYE)
Programme’. Lenaneo le la FYE le rulaganyeditswe go go neela ka tshedimosetso. Tse di latelang
ke tse ga jaana lenaneo le le neelanang ka tsona:

FYE Website Email Support


www.unisa.ac.za/FYE fye@unisa.ac.za

FYE1500
Post
Registration myUnisa; Study
Orientation Skills; Academic &
Referrals to
Digital Literacies;
other support etc
services i.e.
Counselling;
Reading & Writing
workshops

8
TSW2604/101/3/2024

Go netefatsa fa o sa latlhegelwe ke kgolagano e e botlhokwa go tswa go SRU lebelela


lebokoso la myLife kgafetsakgafetsa.

7 LENANEO LA GO ITHUTA

Go ithuta serutwa se se kopantsweng go kaya eng?


Go ithuta serutwa se se kopantsweng go farologana gotlhelele le go ithuta dingwe tsa dirutwa tsa
gago kwa Unisa.
• Ditlamelwana tsotlhe tsa thuto le ditirwana tsotlhe tse di ka ga dirutwa tse di
kopantsweng tsa mo inthaneteng di diretswe go tsamaisiwa ka inthanete mo go
myUnisa. Le fa dirutwa tse di kopantsweng di akaretsa ditlamelwana tse di
gatisitsweng, serutwa sona se diretswe go tsamaisiwa ka inthanete.
• Tlhaeletsano yotlhe magareng ga gago le Yunibesithi e diragala ka inthanete.
Batlhatlheledi ba tlaa buisana le wena ka emeile le sms, gape le ka go dirisa Dikitsiso,
Diforamo tsa ditherisano le didiriswa tsa Dipotso le Dikarabo. Gape o ka dirisa
ditsela tsotlhe tse go botsa dipotso le go ikgolaganya le Batlhatlheledi ba gago.
Didiriswa tsa myUnisa
Go botlhokwa gore o tsene mo go myUnisa ka metlha. Re atlanegisa gore o leke go tsena le fa e
ka nna gangwe mo bekeng go dira tse di latelang:
• Go tlhola dikitsiso tse dintšhwa. Gape o ka golaganya akhaonto ya gago ya emeile
ya myLife le mogala wa letheka gore o kgone go amogela diemeile tsa dikitsiso mo
mogaleng wa gago wa letheka.
Go dira ditirwana tsa Diforamo tsa ditherisano. Fa o dira ditirwana tsa thutiso nngwe le nngwe,
re batla gore o abelane dikarabo tsa gago le baithuti ba bangwe ba ba mo setlhopheng sa gago.
• O ka buisa ditaelo wa be wa rulaganya dikarabo tsa gago o sa tsena mo inthaneteng,
mme fela o tla tlhoka go tsena mo inthaneteng go romela melaetsa ya gago.
Re tlamela gape ka Social Cafe eo mo go yona o kgonang go dira botsalano kgotsa kagisano le
baithuti ba bangwe ba serutwa se.
• Go dira ditirwana tse dingwe tsa inthanete. Mo ditirwaneng tse dingwe tsa dithutiso
o ka tlhoka gore o romele sengwe mo go Blog tool, o dire potso ya iteko kgotsa o dire
tlhatlhobo ya kakaretso ka fa tlase ga sediriswa sa tiro-boitlhatlhobi (Self-
Assessment). O seka wa tlola ditirwana tse ka gonne di tla go go thusa gore o kgone
go fetsa ditirogae le ditirwana tsa serutwa se.
• Nngwe ya didiriswadikgolo, eo re e dirisang ke Lessons tool. O tlaa tlamelwa ka
diteng le ditlhatlhobo tsa serutwa sa gago mo sedirisweng se. Ka dinako tse dingwe o
tla laelwa gore o tsenele ditherisano le baithuti ba bangwe ba setlhopha sa gago gore
le feleletse ditirwana le ditlhatlhobo pele o ka tswelela ka serutwa.
Re solofela gore fa re go neela ditsela tse dintsi tsa go ithuta serutwa se le go dira ditirwana
tsotlhe tse, o tla atlega mo serutweng se se kopantsweng se. Gore o ungwelwe go le gontsi mo
serutweng se se kopantsweng se, o TSHWANETSE o tsene mo inthaneteng ka metlha go dira
ditirwana le ditirogae ka nako.

9
8 TIRO YA DIATLA

Ga gona tiro ya diatla mo serutweng se

9 ASESEMENTE
9.1 Dintlhatshekatsheko

Go sekaseka le go tlhaloganya:
• Botlhokwa jwa go ithuta kamano ya dipuo tsa Bantsho tse e leng tsa semmuso.
• Botlhokwa jwa go ithuta bolengtumo (fonetiki) le thutamedumopuo (fonoloji).
• Popego ya mafoko (mofoloji/popofoko).
• Mefuta ya dipolelo le popego ya tsona.
• Pharologanyo ya bokao jwa mafoko go ya ka mo a thaetsweng gona.

9.2 Lenaneo la ditiro

• Go falola serutwa se, o tshwanetse go romela diasaenemente di le pedi le potefolio.


• Tshedimosetso yotlhe ya gore o romela diasaenemente tsa gago leng le gore kae e tlaa
tlisiwa mo pontsheng ka maranyane a myModules mo mmojuleng o.
• Matlha a neelo ya diasaenemente, gammogo le makwalothuto a diasaenemente a fitlhelwa
mo maranyaneng a myModules mo mmojuleng o.
• Go dumelelwa go kwala tlhatlhobo (potefolio), o tshwanetse go romela diasaenemente di le
pedi.
• Mo diasaenementeng tsa gago o tshwanetse go fitlhelela maduo a ngwaga, a kana ka
diperesente di le masomeamane (40%) gore o dumelelwe go kwala tlhatlhobo.
• Ka jalo seelo sa mmojule o ke diperesente di le masomeamane (40%)
• Tlhatlhobo e tlile go nna Potefoliyo (asaenemente ya boraro).
• Tlhatlhobo e tlile go balelwa mo diperesenteng di le masomeamarataro (60%)go tlhakanya
maduo a bofelo a mmojule.

9.3 Matlha a tswalelo a diasesemente

• Mo lokwalothutong le, ga go a tlhagisiwa matlha a go neela diasaenemente.


• Matlha a tlaa itsisewe mo maranyaneng a tsebe ya myUnisa mo mmojuleng o. Re solofela
fa o tlaa amogela matlha fa o ikwadisa.
• Go efoga dithapolo (disadvantages), o tshwanetse go simolola go tsenya tlhogo mo
diasaenementeng tsa gago fa o sena go ikwadisetsa mmojule o.
• Tsena mo tsebeng ya myUnisa ka fa tlase ga mmojule o go fitlhelela tshedimosetso mabapi
le matlha a neelo ya diasaenemente.

10
TSW2604/101/3/2024

9.4 Neelo ya diasaenemente

• Unisa, jaaka setheo sa Thuto ya sekgala, e mo tseleng ya go nna setheo se se feletseng sa


Thuto ka mafaratlhatlha a thekenoloji. Ke ka foo o tla lemogang gore didirisiwa tsa gago tsa
go ithuta, diasesemente le dikgolagano tsotlhe le motlhatlheledi wa gago le baithuti ka wena
di tla dirafala mo mafaratlhatlheng. Re dirisa myUnisa jaaka khempase ya rona mo
mafaratlhatlheng.
• Khempase ya MyUnisa e tlaa neela baithuti tetla ya go fitlhelela myModules mo go tla
fitlhelwang didiriswa tsa go ithuta mmogo le moo diasenemente di tla kwalwang. E ke yona
tsela ya mafaratlhatlha ya go laola, go boloka le go romela didiriswa go baithuti le go rotletsa
tsegetso ya bona.
• Polatefomo ya MyUnisa e ka fitlhelwa mo go https://my.unisa.ac.za. Tobetsa konopo ya
myModules 2024 go fitlhelela tshedimosetso mabapi le dimojule tse o di ikwasdiseditseng.
• Yunibesithi e itlama go golagana le wena kgafetsakgafetsa mabapi le tiriso ya myModules.
Netefatsa gore o dirisa tsela e ka tlhomamo
• Fa o tsena mo saeteng ya myModules ya dimmojulo tse o ikwadiseditseng tsona, o tlaa
bona molaetsa wa kamogelo o o manegilweng ke motlhatlheledi wa gago. Ka fa tlase ga
molaetsa o o, o tlaa bona legoro la diasaenemente tse o tshwanetseng go di dira.
Diasaenemente dingwe ke tsa dipotso-tlhopho, tse dingwe ke tsa diteko, tse dingwe ke tsa
diasaenemente tse di kwalwang fa tse dingwe e le tsa foramo ya dipuisano tsa setlhopha .
diasesemente tsotlhe tse di leng teng mo legorong la di asesemente di tshwanetse go diriwa
go ya jaaka di tlhagelela mo polatefomong ya dimmojulo tsa gago.
• Go dira diasesemente tsa teko (quiz), ka kopo tsena mo maranyeng a moodle/myUnisa mo
tsebeng ya myModules mo o tlhokang go dira diasesemente tsa gago. Tobetsa legoror le le
nepagetseng la diasesemente (Asesemente 1 le asesemente 2 jalo le jalo). Go tlaa nna le
letlha le e leng gore asesemente di bulelwa ka lona gore o di kwale, fa diasesemente di
bula, fitlhelela asesemente ya teko (quiz) mo maranyeng a moodle/myUnisa mme o e fetes
ka nako e o e neetsweng. Dipotso tsa asesemente ya teko (quiz) ga di tlhagelele mo
lekwalothutisng ka jalo o tshwanetse go tsena mo maranyeng go di kwala le go di fetsa mo
di tlhamilweng teng.
• Baithuti ga ba rotloediwe go dirisa diselefounu go kwala teko/khwisi e. ka kopo dirisa
khomputara, thebolete kana lepothopo fa o kwala teko. Ke ka ntlha ya gore baithuti fa ba
dirisa diselefounu go kwala teko mo mafaratlhatlheng a inthanete ba itemogela
diketsaetsego ka ntlha ya bonnye jwa sekerini mme seo se ba dia go fetsa diteko. Gape
diselefounu di bonako go latlha nneteweke ya inthamete go na le didiriswa tse dingwe. Fa
go kgonega fapoga go dirisa selefounu go kwala teko.
• Tsweetswee sekegela tsebe matlha a go neela ditiro tse di kwadilweng kana tse di
tlantsweng. Pele o neela tiro, netefatsa gore o phetagaditse ditaelo tsotlhe tsa
motlhatlheledi. Go neela tiro, lekola myModules mme o tobetse lebokoso la tiro e e
neelwang. Seo se tlaa go kgontsha go neela tiro ya gago mo saeteng ya myModues ya
dimmojulo tseo di ikwadiseditseng. Pele o neela tiro, netefatsa gore ke e e maleba.
Gakologelwa gore ga go maduo a a newang tiro e e seng maleba.

11
9.4.1 Mefuta ya diasaenemente le ditlhaloso tsa tsona

Diasaenemente tsotlhe di senotswe jaaka tse e leng tsa boitlhophelo kgotsa tse di patelesegang
go dirwa
• Diasaenemente tsa boitlhophelo
- fa di sa romelwa moithuti ga a kitla a bona maduo.
- Mo go tse di rometsweng, tse di gaisang ke tsone tse di tla tswewang.
o Diasaenemente tse di patelesegang go dirwa
▪ Mo mofuteng o wa diasaenemente, moithuti ga a bone maduo fa a sa di romela
o Diasaenemente tse di kgapeletsegang go dirwa
▪ Fa di sa romelwa, maduo a moithuti ga a tlhagelele mo rekotong ya seakatemi.
• Diasaenemente tse di sa tlhokagaleng go diriwa –jaaka moithuti o rotloediwa go
dira asaenemente e ya boitlhopelo gore e ungwele go ithuta ga gago.

❖ Asaenemente tse di patelediwang


a) E tlaleletsa go maduo a ngwago
b) Fa moithuti a retelelwa ke go neela asaenemente ya pateletsego, ga gona maduo a a
tla abelwang moithuti mme maduo a ngwaga a badiwa ka tshwanelo. Moithuti o tla
latlhegelwa ke maduo a asaenemente fa maduo a bofelo a tlhakangwa.

9.5 Diasesemente

Jaaka go kailwe mo go 9.2, o tshwanetse go romela diasaenemente di le pedi le potefolio mo


mmojuleng o. Tse di latelang ke dikarolwana tsa ditiro tsa semmuso tse moithuti a tshwanetseng
go di kwala jaaka ditlhagelela fa tlase: [Baithuti: ka tsweetswee fa e le gore ga o fitlhele
diasaenemente mo lekwalothutong la gago (TL101) re itsise: Ga gona diasaenemente tse di
mametleletsweng molekwalothutong le. Diasaenemente le matlha a neelo di tlaa itsisiwe.
Tshedimosetso ka ga mojulu o, o tlaa e fitlhela kwa myModules. Re solofela gore matlha a neelo
o tlaa amogela fa o ikwadisa.]

12
TSW2604/101/3/2024

9.5.1 Asaenemente 01
Semesetara 1

Ditaelo:
• Buisa dipotso tsotlhe gabedi pele o ka araba;
• Kwala ka mokwalo o phepa, o o bonagalang;
• Nomora dipotso jaaka di kwadilwe;
• Araba dipotso tsotlhe.

Potso 1: Kamano ya dipuo tsa maAforika

1.1 Dirisa ditsela di le nne (4) tsa ga Guthrie tse ka tsona puo e ka tsewang jaaka Puo ya
Bantsho mme o bontshe ka tiriso ya dikao tse di maleba gore ka nnete Setswana ke Puo ya
Bantsho. (10)
1.2 A o bona puo ya Setswana e wela mo setlhopheng sa puo sa MaAforika go ya ka melawana
ya motheo e? Tlhalosa se ka botlalo. (5)
1.3 Goreng puo ya Afrikaans e sa wele mo setlhopheng sa dipuo tsa MaAforika? (5)
1.4 Neela dintlha di le tharo tse o gopolang gore di kgoreleditse Basweu ka kakaretso go itse
Dipuo tsa Bantsho le/kgotsa tse di tlhodileng gore Bantsho ba itse Sekgowa kgotsa
Seaforikanse. (5)
/25/

Potso 2: Fonetiki le Fonoloji

2.1 Ga twe fonetiki ke thuto ya medumopuo, neela medumopuo eo, o be e tlhalose mme o
sedifatse ka dikao. (6)
2.2 Tlhaola ditumanosi mo lefokong le le latelang, morago o tlhalose maemo a dipounama le a
loleme a tsona:
rȇma (4)
2.2 Tlhalosa pharologano e e leng teng magareng ga magalapa a a thata le magalapa a a
boleta? (4)
2.3 Neela mafelo a le mane a phetogomodumo ya kemofatso e diragalang mo go ona. Simolola
pele ka go tlhalosa gore phetogomodumo ya kemofatso ke eng. (11)
[25]
Palogotlhe: [50 X 2 = 100]

13
Asaenemente ya bobedi

Ditaelo: Buisa dipotso tsotlhe gabedi pele o ka araba

Kwala ka mokwalo o phepa, o o bonagalang


Nomora dipotso jaaka di kwadilwe
Araba dipotso tsotlhe.

Potso 1: Popegopuo

Buisa temana e e latelang, morago o arabe dipotso tse di fa tlase:


1.1 Tlhalosa mareo a a latelang morago o a supe mo lefokong le le fa tlase:
Mogolegwana
a) Tlhogo ya leina (1)
b) Modi (2)
c) Kutu (2)
d) Mogatlana wa lediri (2)
e) Mogatlana (1)
(8)
1.2 Mainatswako ke maina a a bopilweng ka go kopanya dikarolo dingwe tsa puo. Tlhalosa
gore maina a a latelang a bopilwe jang:
1.2.1 monnapula (2)
1.2.2 monnamogolo (2)
1.2.3 thabatshwane (2)
1.2.4 motswalapele (2)
1.2.5 mositatlou (2)
1.3 Setlhopha sa maina sa bolesometlhano (15) se kaya fa e le sa madiri a a tsayang tlhogo ya
go. Netefatsa se ka go neela dikao tse nne tsa setlhopha se. (4)
1.4 Tlhalosa pharologano e e leng teng magareng ga letlhaodi le letlhalosi, o bo o sedifatse ka
dikao (8)
[30]

Potso 2: Popapolelo

2.1 Ke eng pharologano magareng ga letshwao la khutlo (.) le letshwao la temoso (…), a dirise
mo dipolelong go bontsha fa a sa tshwane. (4)
2.2 Aroganya kgotsa lokolo polelo e e latelang go ya ka dipopi tsa yona:
Mohumagadi o apeela mogodu ka pele mo mosong ka ura ya bongwe (6)
2.3 Kwala medumopuo e e ntshofaditsweng ka mokwalo wa sefonetiki:
2.3.1 Loso, o setlhogo jang o tsaya ngwana le mogolo. (2)
2.3.2 Bana ba gagwe ba ne ba itumetse thata fa ba ja dimonamone (2)

14
TSW2604/101/3/2024

2.3.3 Ke tla go bona ka moso fa letsatsi le tlhabile sentle (2)


2.3.4 O se bone nong go rakalala godimo go ya fatshe ke ga yona. (2)
2.3.5 Nonyana e fofela setšhaba. (2)
[20]
Palogotlhle: [50X2=100]

15
Potefolio

Ditaelo:
• Buisa dipotso tsotlhe gabedi pele o ka araba;
• Kwala ka mokwalo o phepa, o o bonagalang;
• Nomora dipotso jaaka di kwadilwe;
• Araba dipotso tsotlhe.
Ela tlhoko gore fa o sa latele ditaelo tse o tlaa latlhegelwa ke maduo.

Potso1: Kamano ya dipuo tsa maAforika

1.1 Dirisa ditsela di le nne (4) tsa ga Guthrie tse ka tsona puo e ka tsewang jaaka Puo ya
Bantsho mme o bontshe ka tiriso ya dikao tse di maleba gore ka nnete Setswana ke Puo ya
Bantsho. (10)
1.2 Neela le go tlhalosa dikgwetlho tsa go ithuta puo ya selegae go motho o e seng mmui wa
yona. (10)
1.3 Tlhalosa tiori ya Carl Meinhof (1857-1944) ka ga tlholego kgotsa tshimologo ya dipuo tsa
Maaforika ka tenmana e le nngwe fela. (5)
[25]

Potso 2: Fonetiki le Fonoloji

2.1 Neela tlhaloso e e feleletseng ya sefonetiki ya ditumanosi tsa Setswana tse di latelang. O
ele tlhoko maemo a loleme le dipounama fa di dumisiwa:
2.1.1 [e] (2)
2.1.2 [ε] (2)
2.1.3 [ͻ] (2)
2.1.4 [o] (2)
2.1.5 [u] (2)
2.2 Neela le go tlhalosa dirwepuo di le tlhano mme o be o neela sekao sa modumo o le mongwe
o o bopiwang kgotsa o o dumisiwang ke serwe se sengwe le se sengwe se o se kaileng.
(10)
2.3 Kwala polelo e e latelang ka mokwalo wa sefonetiki. Gopola gore mokwalo wa sefonetiki o
tsenngwa mo masakaneng, o tlaa latlhegelwa ke maduo fa o sa latele melao ya yona:
Jaanong re bone dinonyane tsotlhe. (5)
[25]

Potso 3: Popegopuo

3.1 Tlhalosa mareo a a latelang morago o a supe mo lefokong le le fa tlase:


Barekisi
a) Tlhogo ya leina
b) Modi

16
TSW2604/101/3/2024

c) Lekatolosi
d) Mogatlana (8)
3.2 Kwala nyenyefatso ya maina a a latelang ka go dirisa setlhongwa –ana, morago o bontshe
modumo o o fetogileng le gore o nna eng:
Sekao: Selepe – Seletswana p>tsw
a) Kgomo (2)
b) Phefo (2)
c) Matlhale (2)
d) Setlhopha (2)
e) Ntlo (2)
3.3 Ga twe masupi ke mafoko a a supang maemo kgotsa sekgala sa sengwe kgotsa bokgakala
jwa sengwe. Netefatsa se ka go kwala dipolelo tse di latelang mo maemomg a boraro a
bosupi:
a) Monna o ja bogobe ba mabele fela. (1)
b) Dirisa selepe go di rema. (1)
c) Ntlo e e rekile ke basweu ba go tswa England. (1)
d) Dipodi di rata go ja mabele a mmemogolo. (1)
e) Go ja go maswe. (1)
3.2 Tlhaola madirimatswa mo dipolelong tse di latelang, morago o tlhalose mofuta wa ona le
ponagalo ya ona:
a) Legodu le ne la robakaka lebati maabane bosigo. (2)
b) Baithuti ba ne ba tlolatlola mo mebileng mabane. (2)
3.3 Setlhopha sa maina sa bolesometlhano (15) se kaya fa e le sa madiri a a tsayang tlhogo ya
go. Netefatsa se ka go neela dikao tse tharo tsa setlhopha se. (3)
[30]

Potso 4: Popapolelo

4.1 Mosola wa thuanyi ke eng mo polelong? Kwala dipolelo tse pedi e nngwe o supe
thuanyisediri mme e nngwe o supe thuanyisedirwa. (4)
4.2 Lokolola polelo e e latelang go ya ka dipopi tsa yona:
Batsomi ba bararo ba tlhaba dikgomo tse pedi mo mosong. (4)
[8]

Potso 5: Thutabokao

5.1 Bakwadi ka go farologana ba tlhalositse lereo la lelatodi, go ya ka wena o bona lelatodi e le


eng? (2)
Neela malatodi a mafoko a a thaletsweng mo dipolelong tse di latelang:
5.1.1 Mosetsana o a lela. (2)
5.1.2 Lekau le botswa. (2)
5.1.3 Mogoloe wa rona wa montsho o bonolo. (2)

17
5.1.4 Tsheko o tsena ka go kgopisa batho. (2)
5.1.5 Mojaki o jela mo leseding. (2)
[12]
Palogotlhe: [100]

BOKHUTLO BA DITIRO TSA SEMESETARA 1

18
TSW2604/101/3/2024

9.5.2 Asaenemente ya ntlha


Semesetara 2

Ditaelo:
• Buisa dipotso tsotlhe gabedi pele o ka araba;
• Kwala ka mokwalo o phepa, oo bonagalang;
• Nomora dipotso jaaka di kwadilwe;
• Araba dipotso tsotlhe.

Potso 1: Kamano ya dipuo tsa maAforika

1.1 Lereo le dipuo tsa maAforika le raya goreng? (5)


1.2 Neela melawana ya motheo e puo e tshwanetseng go dumelana le yona go nna karolo ya
setlhopha sa puo. (4)
1.3 A o bona puo ya Setswana e wela mo setlhopheng sa puo sa maAforika go ya ka melawana
ya motheo e? Tlhalosa se ka botlalo. (10)
1.4 Ka boripana tlhalosa puo e e buiwang ke motho a le mongwe (idolect) (1)
1.5 Neela ditlhopha tsa kgaolo ya S go ya ka Guthrie. (5)
[25]

Potso 2

2.1 Tlhaola ditumanosi mo lefokong le le fa tlase morago o tlhalose maemo a loleme le a


dipounama a ditumanosi tseo:
‘Modieputswa’ (10)
2.2 Kwala polelo e e latelang ka mokwalo wa sefonetiki. Gopola gore mokwalo wa sefonetiki o
tsengwa ka fa masakaneng, o tla latlhegelwa ke maduo fa o sa latele melao ya yona:
Setšhaba se jele kgogo yotlhe. (5)
2.3 Buisa dipolelo tse di latelang, mme o tlhaole dikao tsa tengwafatso mo go tsona o bo o
tlhalose gore o bona ka eng gore ke dikao tsa tengwafatso:
2.3.1 Ga se gantsi senokwane se engwa nokeng. (2)
2.3.2 Gompieno go tsogile ledingwana. (2)
2.3.3 Go sengwa lesilo go boatla. (2)
2.3.4 Mowa o o maswe o hengwa ke rona. (2)
2.3.5 Ba dirile modungwana ka fa phaposing. (2)
[25]
Palogotlhe: [50 X 2 = 100]

19
Asaenemente ya bobedi

Ditaelo: Buisa dipotso tsotlhe gabedi pele o ka araba


Kwala ka mokwalo o phepa, o o bonagalang
Nomora dipotso jaaka di kwadilwe

Araba dipotso tsotlhe.

Potso 1: Mofoloji
Buisa temana e e latelang, morago o arabe dipotso tse di fa tlase ga yona:

Ka letsatsi le lengwe, fa a dutse le batsadi ba gagwe a re, “Rra le mma, ke kopa gore lo mphe
tetlelelo ya go kolobediwa mo kerekeng. Ke bona botshelo jwa kereke e le botshelo jo bo monate,
jo bo kgatlhisang. Fa motho a kolobeditswe e bile a tsena kereke o na le tsholofelo e e tletseng
ya gonna mojaboswa wa botshelo jo bo sa khutleng. Morena Jesu o solofetsa bakeresete botlhe
botshelo jo bontle jwa legodimo. O bolela gore loso ga se bokhutlo jwa botshelo. Legodimo ke
legae la bakeresete botlhe ba ba dumelang mo go ene. Motlhang Mokeresete a swang o tla
apesiwa diaparo tse ditshweu tse di galalelang jaaka gauta, mme o tla rweswa tlhoro e e benyang
jaaka gauta go supa fa e le mofenyi. Morena Jesu o bolelela bakeresete gore ke ene tsela,
boammaaruri le botshelo. Mo ntlong ya ga rraagwe manno a mantsi. Jaanong le nna ke eletsa
go tsena mo ntlong ego ke apere bosweu morago ga loso lwa me. Batsadi ba me, ke lo kopa gore
lo ntetlelele go ya go kopa kolobetso kwa baruting”.

Dipotso:

1.1 Temana e e fa godimo e bua ka ga eng? (5)


1.2 A go botlhokwa go kopa tetlelelo go tswa kwa batsading gore o kolobediwe? Tlhalosa (3)
1.3 Neela temana e setlhogo morago o neele le lebaka gore goreng o se neile setlhogo seo.
(3)
1.4 Dirisa madiri a a latelang mo dipolelong tsa gago:
a) apesiwa (1)
b) rwesa (1)
c) apara (1)
d) mphe (1)
e) swa (1)
1.5 Ntsha marui a le matlhano go tswa mo temaneng. (5)
1.6 Tlhaola letlhophi mo temaneng morago o le dirise mo polelong ya gago. (2)
1.7 Tlhaola leemedi mo temaneng e e fa godimo morago o le dirise mo polelong ya gago. (2)
[25]

20
TSW2604/101/3/2024

Potso 2: Thutabokao

2.1 Mafoko a a latelang a kaya dilo tse pedi tse di farologaneng. Dirisa mafoko a a latelang mo
dipolelong tse pedi go supa bokao jo bo farologaneng:
2.2.1 Fitlha (2)
2.2.2 Tlhola (2)
2.2.3 Nama (2)
2.2.4 Tshela (2)
2.2.5 Tlala (2)
[10]

Potso 3: Popapolelo

3.1 Polelo ke eng? (2)


3.2 Fetolela dipolelo tse di latelang go nna tsa tirwa:
3.1.1 Kgomo e ja bojang. (2)
3.1.2 Batsomi ba gama dipodi mo sekgweng. (2)
3.1.3 Baagi ba rema setlhare sa mmutlwa mo ntlong. (2)
3.3 Go tswa mo polelong e e neetsweng fa tlase supa dipopego tse di latelang:
Basimane ba a di ba rekela bana dimonamona tsatsi lengwe le lengwe.
3.3.1 Sediri sa polelo. (1)
3.3.2 Sedirwa sa polelo. (1)
3.3.3 Lediri. (1)
3.3.4 Thuanyisediri. (2)
3.3.5 Thuanyisedirwa. (2)
[15]
Palogotlhe: [50X2 = 100]

21
Potefolio

Ditaelo:
• Buisa dipotso tsotlhe gabedi pele o ka araba;
• Kwala ka mokwalo o phepa, o o bonagalang;
• Nomora dipotso jaaka di kwadilwe;
• Araba dipotso tsotlhe.
Ela tlhoko gore fa o sa latele ditaelo tse o tlaa latlhegelwa ke maduo.

Potso 1: Kamano ya dipuo tsa maAforika

1.1 Goreng puo ya Afrikaans e sa wele mo setlhopheng sa dipuo tsa maAforika? (5)
1.2 Tlhalosa dikgwetlho tse motho a di fitlhelang fa a ithuta dipuo tsa maAforika. (10)
1.3 Goreng go le botlhokwa go tlhaloganya popego ya puo? (10)
[25]

Potso 2: Fonetiki le Fonoloji

Buisa polelo e e fa tlase morago o arabe dipotso tse di latelang: Mohumanegi yole o fitlhetse tiro
gompieno kwa lebenkeleng la Kgajayang.

2.1 Thuto ya medumopuo ya Setswana e supa fa medumopuo e arogantswe ka mefuta e


mebedi. Neela mefuta ya medumopuo. (2)
2.2 Kwala lefoko le le tshatsitsweng ka bosetlha ka mokwalo wa sefonetiki. (4)
2.3 Mo lefokong le le kwadilweng ka bontsho jo bo tseneletseng, tlhaola ditumammogo morago
o bo o neela lefelo la tumiso la tsona. (4)
2.4 Tlhaola mafoko a mo go ona go nang le phetogomodumo, o bo o supe medumo e e
fetogileng:
a) Ngwana wa Mosidi o bonwe, fela o ne a segilwe lelengwana. (2)
b) Ba mo lomile tsejwana ya ka fa molemeng e bile e dutla madi. (2)
c) O ne a itoma molomo fa a ngata nama. (2)
d) Rre ke mmetli wa ditafola. (2)
e) Mosidi o dutse ka fa tlase ga setlhatshana se se senang moriti. (2)
2.5 Ga twe phetogomodumo ya momagano ya ditumanosi e diragala fa go bopiwa letlhalosi la
felo ka go dirisa mogatlana –ing mo maineng. Dirisa molao wa fonoloji go siamisa mafoko
a a latelang go nna le bokao:
a) Thaba + ing = (1)
b) Noka + ing = (1)
c) Lapa + ing = (1)
d) Sekgwa + ing = (1)
e) Mokotla + ing = (1)
[25]

22
TSW2604/101/3/2024

Potso 3: Mofoloji

3.1 Thutobokao ke eng? (2)


3.2 Neela ditsela tsa go lokolola bokao. (3)
3.3 Neela popego ya mafoko a a latelang o dirisa lebokoso le le fa tlase:

Lefoko Tlhogo Modi Kutu Mogatlana


Morena
Roka
Bakwadi

(10)
3.4 Pharologano ke eng magareng ga leetsi le lelatlhelwa? Sedifatsa ka dikao. (4)
3.5 Bolela gore dipolelo tse di latelang di wela mo mofuteng ofe wa matlhaodi.
3.5.1 Mosese o montsho o rekilwe. (1)
3.5.2 Go setse magapu a mabedi kwa mmarakeng. (1)
3.5.3 Morekisi yo mokima o kobilwe mo sekong. (1)
3.6 Fetolela dipolelo tse di latelang mo maemomg a bobedi a bosupi.
3.6.1 Seletswana se se remile ngwana yo. (2)
3.6.2 Legodu lele le tshabile ka mpopi wa mosetsana yole. (2)
3.7 Neela matlhophi a le mane mo temaneng a o a itseng mo Setswaneng. (4)
[30]

Potso 4: Popapolelo

4.1 Lekala le la popapolelo le go rutile mefuta ya dipolelo. Kwala temana ya mela e le lesome
ka ga mefuta ya dipolelo le dipopego tsa tsona. Simolola ka go tlhalosa gore polelo ke eng.
[10]

Potso 5: Thutobokao

5.1 Ga twe thutobokao ke eng? (2)


5.2 Tlhalosa mefuta ya dikamano tsa bokao ba lefoko e le nne, o bo o neele le sekao go
tshegetsa tlhaloso ya gago. (8)
[10]
Palogotlhe: [100]

23
9.6 Mokgwa o mongwe wa tlhatlhobo

Mo kaeding e e tlhaoletsweng serutwa se, o tlaa fitlhela ditirwana mo yunitithutong e nngwe le e


nngwe. Ditirwana tse di go thusa gore o kgone go tlhatlhoba kitso ya gago tebang le diteng tsa
kaedi.

9.7 Tlhatlhobo

Mmojulo o, ga o na tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga fela o tlaa dirisa potefolio go tlhatlhoba.
Potefolio e, e tla dira 60% mo maduong a gago a bofelo jwa ngwaga. O tlaa fitlhela ditaelo le
ditlhokego tsa tlhatlhobo e ya potefolio mo go MyUnisa mo lekwalothutong leno.

Ela tlhoko: Ka ntlha ya fa potefolio e tsewa jaaka tlhatlhobo, ga otle go amogela lekwalothuto la
ditshiamiso jaaka go dirwa mo diasaenementeng tsa gago.

9.7.1 Invigilation/proctoring

Se ga se maleba mo mmojuleng o.

10 GO SA IKANYEGE
10.1 Bogodu jwa Bokwadi

Bogodu jwa bokwadi ke tiriso e e seng ka fa molaong ya go utswa mafoko, dikakanyo le megopolo
ya ba bangwe mme o e tlhagise jaaka e kete mafoko kana dikakanyo tseo di tswang mo go wena
ka tlhamalalo. Ke mokgwa wa bogodu o o bontshang go sa ikanyege mo ditirong tsa akatemi,
jaaka tse di latelang:
• Go tsaya tshedimosetso le go e kgomaretsa jaaka e ntse ntle le go neela motswedi wa
dikwalo tse di dirisitsweng.
• Go sa tlhagise kgotsa go tlhagisa motswedi o o fosagetseng.
• Go kwalolola kwa ntle ga go netefatsa motswedi o o maleba wa tshedimosetso.

10.2 Boferefere

Boferefere bo akaretsa tse di latelang:


• Go dira ditiro boemong jwa moithuti yo mongwe, go kopolola tiro ya moithuti yo
mongwe kgotsa go letla moithuti yo mongwe a kopisa mo go wena ka nako ya
tlhatlhobo.
• Tiriso ya mafaratlhatlha a tlhaeletsanolo (sk. WhatsApp, Telegram) kgotsa didiriswa
tse dingwe go phasalatsa tshedimosetso ya tlhatlhobo.
• Go romela tiro e e sa bulegeng kgotsa e e seng maleba.
• Go reka dikarabo tse di feletseng mo “barutintshing” kgotsa mo metlhoding ya
inthanete (tumalano ya boferefere).

24
TSW2604/101/3/2024

10.3 Tshedimosetso mabapi le bogodu jwa dikwalo e ka tsewa mo kgokelong e e latelang:


https://www.unisa.ac.za/sites/myunisa/default/Study-@-Unisa/Student-values-and-rules

11 BAITHUTI BA BA TSHELANG KA BOGOLE

Ba tshegetso ya baithuti ba ba nang le bogole (ARCWiD) ba neelana ka tšhono ya gore badiri


ikgolaganye le baithuti ba ba ntšhwa le ba pele ba ba tshelang ka bogole.

Fa o le moithuti o o nang le bogole e bile o rata go ka newa tshegetsotlaleletso kgotsa nako e e


tletseng mo ditirong tsa gago, o ka ikgolaganya le motlhatlheledi wa gago Mme Pemla Ditsele mo
go ditsep@unisa.ac.za gore o bone thuso.

12 DIPOTSO TSE DI ATISITSWENG GO BOTSWA

i. A re itse go kwala diasaenemente tsoo pedi tsa semesetara ya ntlha mme re kwale
potefoliyo ya semesetara ya bobedi
Karabo: Fa moithuti o ikwadiseditse semesetara ya ntlha o tshwanelwa ke go kwala
diasanemente le potefoliyo ya ntlha go iponela maduo e seng jalo tiro ya gago e tla kaiwa e e sa
nepagalang.

ii. Go na le tlhatlhobo e nngwe e re solofetsweng go e kwala mo mmojuleng o.


Karabo: Tekanyetso ya tlhatlhobo ya mmojule o e ka mokgwa wa potefoliyo. Ke ka foo go leng
botlhokwa thata go tsaa tsia dintlha tse moithuti o tla di neelang go iponela maduo a a
feletseng
Fa o batla go itse go feta fa, o ka lebelela bukanakaelo ya mystudies@Unisa e e bontshang tsamaiso
le dikaelo go tloga kwa tshimologong go ya kwa bokhutlong

13 METSWEDI E E DIRISITSWENG

Motswedimogolo wa serutwa se ke kaedi ya TSW2604, o tlaa e fitlhela mo go myUnisa ka fa tlase


ga Official Study Material

14 BOKHUTLO

O se ka wa tshaba go ikgolaganya le rona ka emeile fa o itemogela mathata mabapi le diteng tsa


lekwalo le la thuto kgotsa mabapi le ntlha nngwe le nngwe ya thuto mo serutweng se. Re le
lakaletsa loeto le le kgatlhisang le le kgotsofatsang ka ditlamelwana tsa thuto e e bile re tshepa
le tlaa fetsa serutwa se ka katlego.

Nna le leeto le le monate!

25
15 DIMAMETLELELO

Ga gona dimametlelelo tse di kgomareditsweng mo lekwalothutong le.

©
Unisa 2024

26

You might also like