Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 12

 

BGCSE SETSWANA REVISION PAPERS


PAPER 1 A

  1  
 

KAROLO YA NTLHA

1. Tlhopha nngwe ya ditlhogo kana dikaedi tse di latelang o bo o kwala polelo ya


boleele jwa mafoko a ka nna 350 go ya go 500.

a) Maranyane a seša ke one a rotloeditseng botlhoka tsebe mo bananeng ba


Botswana. Dumela kana o ganetse.

b) E rile fa ke utlwa lentswe la gagwe, ka itse gore ga e ntsha e kgologolo.

c) Go dira ka manontlhotlho go ka godisa itsholelo ya lefatshe.

d) Ipelelo letsatsi la boipuso jwa lefatshe la me e ke e ratileng thata.

e) O se thsephe motho, o se tshephe tsala.

[30]
KAROLO YA BOBEDI

2. Bala kaedi e fa tlase mme morago o kwale pego ya sepodisi.

Tsaya gore o mongwe wa ba ba neng ba le mo marekisetsong a Boipuso


Hardware fa bo rre bangwe ba le bararo ba kgothosa marekisetso ao madi
mo maitseboeng pele go tswalwa. O mongwe wa basupi, ka jalo, kwala pego
e ka thusang mapodisi mo ditlhotlhomisong ka tiragalo e.

[20]

  2  
 

BGCSE SETSWANA REVISION PAPERS


PAPER 1B

  3  
 

KAROLO YA NTLHA

1. Tlhopha nngwe ya ditlhogo kana dikaedi tse di latelang o bo o kwala polelo ya


boleele jwa mafoko a ka nna 350 go ya go 500.

a) Mosepele o o monate o nkileng ka o tsamaya.

b) E rile go mmona a tsena ka kgoro, a thubega ka selelo sa masetlapelo.

c) Metshameko e botlhokwa thata mo kgodisong ya itsholelo ya lefatshe.


Dumela kana o ganetse.

d) Motho yo o ntirileng se ke leng sone.

e) Ke bone ka Bodika, ka dumela gore e le ruri botshelo leotwana la koloi bo a


dikologa.
[30]

KAROLO YA BOBEDI

2. Bala kaedi e fa tlase o bo o kwala pego ya bobega dikgang

O mmega dikgang wa pampiri ya Lesedi la Botswana. Begela babadi ka phitlho e o


ne o e tseneletse ya kgosi ya motse wa Mophane mo kgaolong ya bokone botlhaba.

[20]

  4  
 

BGCSE SETSWANA REVISION PAPERS


PAPER 1C

  5  
 

KAROLO YA NTLHA

1. Tlhopha nngwe ya ditlhogo kana dikaedi tse di latelang o bo o kwala polelo ya


boleele jwa mafoko a ka nna 350 go ya go 500.

a) Dijo tsa setso di tshwana fela le tsa sekgoa tse di jewang malatsi a. Dumela
kana o ganetse.

b) Mekgwa e bosula ya ditsala tsa me e e neng ya nkgaoganya le tsone.

c) Se nkganang se nthola morwalo.

d) Le gompieno jaana ga ke itse gore Nkamo ke ne ke mo jetse eng.

e) Fa ke ka bo ke le tona ya thuto.
[30]

KAROLO YA BOBEDI

2. Bala kaedi e e fa tlase o bo o kwala puisobatho.

Mookamedi wa lephata la temo–thuo mo Mogome, o tshwentswe ke go sa


tlhokomeleng masimo ga balemi fa ba sena go lema ka dithuso tsa puso.
Kwala puisobatho o bue le balemi ka seemo se. Phuthego e tsenwe ke
balemi, kgosi, dikgosana, molebeledi wa lefatshe le mokhanselara wa motse
wa Mogome. [20]

  6  
 

Kaedi ya go Tshwaya

Pampiri ya Ntlha

Tlhatlhobo 1

KAROLO YA NTLHA

a) Maranyane a seša ke one a rotloetsang botlhoka-tsebe mo bananeng ba


Botswana. Dumela kana o ganetse. Gakologelwa gore fa di tloga fela bolela
letlhakore le o le tsayang. O re “ke dumalana le setlhogo se se reng…. Kana
ke ganetsana le setlhogo….
Ø Yo o dumelang
• Ba bona ba bo ba kopisa dilo tse di duleng mo tseleng. –
borukutlhi.
• Ba amogana dilo tse di sa siamang/ tse di fatlhang. jaaka
tlhakanelo dikobo.
• A mangwe a ba fa sebaka sa go sa buisana le go sa buisa
bagolo sentle, le go ba tlhapatsa.
• A ba fa sebaka sa go sa rekegela maikutlo le go tsuolola
ditshwanelo tsa ba bangwe, jaaka go bega dilo tse di sa
tlhomamisiwang le dintsho kgatlhanong le ditsamaiso tsa
Setswana.
Ø Yo o ganetsang
• A ka thusa mo dithutong tsa bana ba dikolo – go batlisisa
• A ka fa baithuti sebaka sa go thusana- go na le mananeo le
ditlhopha (groups) tse di farologaneng ba ka di dirisang.
• A ka fa baithuti sebaka sa go betla botsipa jwa bone (creativity).
• A ka tlhamela banana ditiro.
b) E rile ke utlwa lentswe la gagwe fa ntle, ka itse gore ga e ntsha e
kgologolo.
Ø Moithuti o solofelwa go tlotla ka tiragalo e e ka dirang gore motho fa a
iketlile mo lwapeng e re a utlwa lentswe la mongwe a bo a tlelwa ke
letshogo ka mabaka a a tshwanang le a:
• One o mo dirile eng?
• Gongwe ga a a buisa mogolo mongwe kana morutabana sentle.
• O mo latela kwa lwapeng go na le batsadi
• O mo utlwa a bua le batsadi
• O tlelwa ke letshogo

  7  
 

c) Go dira ka manontlhotlho go ka godisa itsholelo ya lefatshe.


Ø Moithuti o solofelwa gogo tlhalosa botlhokwa jwa go dira ka natal mo
kgodisong ya itsholelo ya lefatshe. Dintlha tsa botlhokwa di ka
akaretsa:
• Go tlisa ditirelo tse di ka tokafatsang matshelo a batho ka nako.
• Go tokafatsa maduo mo go ka hehosang go isa ditirelo kwa
bathing.
• Go ka dira gore batho ba bone dithuso (services) ka nako.
• Ditlamelo di ka nna mo maemong a mantle go ntsha tse di
tlhokafalang.
d) Ipelelo letsatsi la boipuso jwa lefatshe la me e ke e ratileng.
Ø Moithuti o solofelwa go go tla ka letsatsi la boipuso a bo a tlhalosa
gore;
• E ne e le jwa ngwaga mang?
• One a bo ketekela kae?
• Bone bo farologana jang le jwa dingwaga tse dingwe?
• A nankole ditiragalo tse di mo kgatlhileng tsa letsatsi leo.
e) O se tshephe motho, o se tshephe tsala.
Ø Go solofelwa gore moithuti atlotle ka tiragalo e e diragetseng fagare
gagwe le tsala ya gagwe e a neng ae tshephile thata e e dirileng gore
ba kgaogane. Dikaedi e ka nna;
• Tsala ya gagwe ene e le mang?
• Ba ne ba kopane jang/ ba kopantswe ke eng?
• Ditiragalo tse di neng di tiisa botsala jwa bone
• Go ne ga senyega fa kae?
• Ba feletse jang?

KAROLO YA BOBEDI
Bala kaedi e e fa tlase morago o kwale pego ya sepodisi.

Tsaya gore o mogwe wa batho ba ba neng ba le mo lebentleleng la Boipuso


Hardware fa bo rre bangwe ba le kgothosa madi mo maitseboeng pele go
tswalwa. O tlhophilwe go nna mongwe wa basupi. Kwala pego e e ka thusang
mapodisi mo ditlhotlhomisong mabapi le tiragalo e.

Ø Moithuti o tshwanetse go tlhalosa tse di latelang:


• O kwala maina, dingwaga le lefelo le a nnang kwa go lone.
• Letsatsi
• Nako
• Lefelo la tiragalo
• Palo ya dirukutlhi
• Tsela e ba neng ba thukutha kay one

  8  
 

• Ba ne ba dirisa eng? ba utsule eng?

TLHATLHOBO YA BOBEDI

Karolo ya Ntlha

a) E rile a mmona a tsena ka kgoro, a lela selelo sa masetlapelo


Ø Moithuti o solofelwa go tlotla ka tiragalo e e ka dirang gore e re motho
a bona yo mongwe a bo lela selelo se se utlwisang botlhoko. Polelo e e
ka supa gore;
• Batho ba ba amana jang?
• Go diragetseng fagare ga bone mo nakong e fetileng go fitlha
letsatsi le? – a ditiragalo di latelane ebile di lomagane.
• A selelo se ke sa boitumelo kana sa kutlobotlhoko?
b) Metshameko e botlhokwa fela thata mo kgodisong ya bana. Dumela kana o
ganetse.
Yo o dumelang
• E ka sidila baithuti ditlhaloganyo gore ba kgone go akanya
sentle.
• E ba kgapha mo ditirong tse di sa siamang/ tsa botlhokatsebe.
• E ka ba sidila mebele gore ba tshele ba itekanetse/ go hema
malwetse.
• E a ba kopanya, go aga botsalano.
• E ka ba tshedisa mo isagong – go nna batshameki ba ba
duelwang.
Yo o ganetsang
• E ka ba kgoreletsa go ithuta, fa ba sa e dirise sentle.
• Bangwe ba ka faposa ba bangwe mo tseleng fa ba kopana le
go tsalana ko metshamekong.
• E ka ba bakela dikgobalo e bo e ba busetsa morago mo
dithutong tsa bone mo mabakeng mangwe.
• Go ka nna le go tshelana malwetse fa ba amogana didirisiwa
le go kgomana go sena kelelelo.
c) Loeto le le monate le nkileng ka le tsaya.
Moithuti o ka tlotla ka loeto lengwe le a le ratileng thata mme a supa tse di
latelang;
• Loeto e ne e le la eng?
• Loeto leo le ntse leng?
• O ne a ile kae, le bo mang?

  9  
 

• O ne a tsamaya ka eng?
• Dilo kana ditiragalo tse di neng di natetsha loeto leo.
d) Kwala polelo e e felelang jaana, “…ke bone ka Bodika, ka dumela tota gore e
le ruri botshelo leotwana la koloi bo a dikologa.”
Go solofelwa gore mothuti a tlhaloganye puo e, a bo a tlhaloganya
botshelo jwa motho yo a yang go bua ka ene sentle.go kgona go tlhalosa;
• Gore Bodika ke mang?
• O ne a tshela jang?
• A bo a bua ka ditiragalo tse di netefatsang seane se: go
solofelwa go bona a ne a tshela botshelo bongwe, mme jwa
fetoga golo gongwe.
e) Mosola wa thuto.
Moithuti o solofelwa go tlhalosa ka fa thuto e leng botlhokwa ka teng mo
matshelong a batho.
• E ke fetola/ tokafatsa botshelo jwa motho – go bereka.
• E ka tlhabolola kitso ya motho – o ka akanya botoka.
• E fa motho botsipa jwa go diragatsa dilo botoka (creativity)
• E gamola le go godisa tlhalonyo ya motho (maturity).
• E ka godisa bokgoni jwa motho.

Karolo Ya Bobedi

Bala kaedi e e fa tlase morago o kwale pego ya bobega dikgang.


O mmega dikgang wa pampiri ya Lesedi La Botswana. Begela babadi ka phitlho e o
neng o e tseneletse ya kgosi ya motse wa Mophane mo kgaolong ya bokone
Bophirima.
Moithuti o tshwanetse go ama dintlha tse di latelang;
• Letsatsi la phitlho.
• Motse/ lefelo
• Nako
• Maina a kgosi
• Mafoko a dibui le ditiragalo tse di ka kgatlhang leitlho.
• Batsenelela phitlho.

  10  
 

TLHATLHBO YA BORARO

Karolo Ya Ntlha

a) Segajaja sa corona se apesitse lefatshe kobo ka letshoba.


Moithuti o tshwanetse go tlhalosa gore;
• Bolwetse jo.
• Bo anama jang?
• Bo ama lefatshe jang mo bo ka tshosang batho – itsholelo,
ditiro, thuto le botshelo jwa setho jwa letsatsi le letsatsi.
• Bo ka thibelwa jang?

b) Le gompieno jaana ga ke itse Nkamo ke ne ke mo jetse eng.
Moithuti o solofelwa go tlhama tiragalo e e supang kgotlhakgotlhano kana
tlhokakutlwisisano e e nyalang le seemo se. tlhamo e ka supa gore;
• Bobedi jo bo ne bo tshela jang? Kw atshimologong go fitlha fa.
• O lemogile jang gore dilo di fetogile?
• O ne a tsaya kgato efe go tsibogela seemo se?
• Ba feleletse jang?

c) Letlhoko la ditiro le tsentse Batswana tsebetsebe.
Moithuti o tshwanetse go bo a tlhaloganya kgang ya letlhko la ditro, a bo a
ka kgona go tlhalosa seemo se ka botlalo a bo a supa gore;
• Le ama batho ka go farologana jang? Banana, bagolo, bo mme
le bo rre.
• Le bakiwa ke eng?
• Ditlamorago kana maduo a letlhoko la ditiro.
• Le ka tsibogelwa jang?
d) Mekgwa e bosula ya ditsala tsame e e neng ya nkgaoganya le tsone.
Tlhalosa gore;
• Lekopane jang, le kopantswe ke eng?
• Bua ka ditiro tsa bone tse di bosula.
• O ne wa di tsibogela jang?
• Le ne la felela jang?
• Maikututlo a gago ka kakaretso tebang le ditiro tseo.

  11  
 

e) Batswana ba tshwanetse go tswelela ba tshegetsa mekgwa ya bone ya


botshelo ya maloba. Dumela kana o ganetse.
Yo o dumelang
• E rotloetsa kgodiso e e lolameng ya bana.
• E tlisa tshwaragano le tirisanommogo.
• E rotloetsa botsogo jo bo siameng le boitekanelo.
• E tlotlomatsa segaabo motho.
Yo o ganetsang
• E ka baya botsogo jwa batho mo diphatseng.
• Dingwe ditumelo tsa setso jaaka boloi di ka kgaoganya tsa bo
tsa lotlhanya batho

Karolo Ya Bobedi

Bala kaedi e e latelang o bo o kwala puisobatho.

O le mookamedi wa lephata la temo – thuo mo motseng wa Mogome, o tshwentswe


ke balemi b aba sa tlhokomeleng masimo a bone morago ga go lema ba thusiwa ke
puso. Kwala puisobatho o bua le balemi ka seemo se. phuthego e tsenwe ke balemi,
kgosi, dikgosana, molebeledi wa lefatshe le mokhanselara wa motse.
Moithuti o tshwanetse go ama tse di lateng:
• Tlhogo
• Ditumediso: Kgosi, Dikgosana, Mokhanselara, Molebeledi wa
lefatshe, le Balemi.
• Mmele: a nankole dintlha tse di netefatsang kana di supa
matshwenyego . e.g. batho ba a lema b abo ba fuduga ko
masimo go ya ditoropong. Ba bereka bo namola leuba ba sa
tlhagole. Dinonyane le dibatana di a senya.
• Bokhutlo: o ka digela ka go dira gore batsenelela phuthego ba
bona fa bothata bo le teng tota ka go gatelela dintlha tse di mo
tshwentseng.

  12  

You might also like