Professional Documents
Culture Documents
seff321_pcnov2018
seff321_pcnov2018
Internal/Interne
Moderator(s): IB Lesabe-PC
External Moderator(s)/
Eksterne Moderator(s):
Potso 1
1.2 Tlhalosa pharologano fa gare ga popego le tiriso tsa polelwana le polelo. (4)
1.4 Ngwana o rutega le go ithuta Puo ka ditsela tse di farologaneng. Sedifatsa ntlha e ka go supa ka go taka
setshwantsho se se supang kgolagano ya dintlha tse di bopang puo. (8)
1.6 Mafoko a na le boleng jo bo kayang bokao jwa ona. Umaka boleng jwa bokao jwa mafoko a a latelang
ka dintlha di le pedi mo go e nngwe le e nngwe.
1.6.1 motsetse
1.6.2 leradu
1.6.3 setlhare (6÷2=3)
[25]
Potso 2
2.1 Setswana jaaka dipuo tse dingwe, se dirisa mafoko a a lomaganyang moelelo wa dipolelwana le
dipolelo mo dikwalong go tlhagisa tshedimosetso kgotsa molaetsa o o rileng. Nopola mafoko a mofuta o
2.2 Morongwe le mosadimogolo MmaMualebe ba ngangisana ka ga eng kwa tshimologong ya ditiragalo tsa
(5)
[25]
Potso 3
3.1 Go na le mefuta e mentsintsi ya ditogamaano tsa go ruta puisotlhaloganyo tse morutabana wa Kgato ya
Motheo a ka di dirisang. Tlhalosa di le tlhano tse o di itlhophelang mme o tlhalosa le gore di tlaa di
tsamaisa jang ka nako ya thuto. (5x3=15)
3.2 Tlhalosa ka botswapelo gore o tlaa tsamaisa jang thuto ya go ruta bokgoni jwa go reetsa le go bua ka
tiriso ya naane e o tlaa e itlhophelang. (10)
[25]
Potso 4
4.1 Ka dintlha di le pedi, farologanya fa gare ga dikwalo tsa tshedimosetso le tsa boitlhamedi. (2)
4.2 Ka dintlha di le pedi, tlhalosa diponagalo tsa dikwalo tsa bana. (2)
4.3 O tshwanetse go tlhatlhoba puiso mo Mophatong wa bobedi. Tlhama rubiriki e o tlaa e dirisang go
tshwaya tiro e. Rubiriki ya gago e tlhatlhobe ditlha di le tlhano. (5)
4.4 Tlhalosa mekgwa e mebedi ya tlhatlhobo e e sa tlhomamang e o tlaa e dirisang go tlhatlhoba puiso ya
Mophato wa boraro (4x4=16)
[25]