Setswana Paper 2 & 3 FORM 5s

You might also like

Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 5

BALA PALO E O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG

O SOLOFELWA GO TSAYA OURA FELA MO KAROLONG E.


1. Ngwao ke selo se se botlhokwa mo setshabeng sengwe le sengwe. Morafe mongwe le
mongwe o tlotliwa ka ngwao ya one. Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe di se kae
mabapi le dingwao tse di patikang basadi ka tsela nngwe jaaka nyalo ya lefufa le
boswa.

2. Bogologolo nyalo ya lefufa e ne e atile thata. Banna ba gongwe ba ne ng ba sa nyala


lefufa ba se kae. Nyalo ya mofuta o e ne e eteediwa ke go bo borraetsho mogolo ba ba
sa inakanyang thata le nyalo ya sekeresetse, e yone e letlelelang monna go nyala
mosadi a le mongwe fela. Mo lebakeng leo, tiro e tona ya mosadi e ne e le go nna mo
lwapeng a tlhokometse tsa lelwapa. E ne e le sewelo gore o fitlhela mosadi a bereka,
kwa ntle ga go duba mmu, go loga ditlatlana le go bopa dinkgwana. Borremogolo e ne
e le bone ba neelang basadi ba bone madi go tsamaiso ditiro tsa lelwapa ka one. Ka
mafoko a mangwe, mosadi o ne a beile sengwe le sengwe mo monneng wa gagwe
mabapi le tsa matshelo.
3. Monna o ne a kgona go nyala lefufa mosadi a se ke a mmotslosa sepe ka gone e se re
gongwe a iphitlhela a ikgwisitse lerapo. Mosadi o ne a se na thata le fa e le tshwanelo
ya go botsolotsa monna wa gagwe ka sepe bogolo jang diruiwa le madi. Dipotso tseo
di ne di gopolwa di ka dira gore go nne ‘poo pedi mo sakeng’. Tota se se neng se
pateletsa banna go dira jaana e ne e se sepe fela fa e se bopelotshetlha jwa bone.
4. Mo malatsing a gompieno ga go na mosadi ope yo o tshwanetseng go dumela go
nyalwa lefufa ka jaana bontsi jwa basadi ke bone ba tshegeditseng malwapa, ba
bereka bosigo le motshegare. Ga go motlhofo gore o fitlhela mosadi a nna kwa gae a
beile fela mo monneng. Ke sone se go seng motlhofo gore mosadi ope a dumele gore
a kgaogane dithoto tsa gagwe le mosadi yo mongwe. Mo malatsing a gompieno,
basadi ba na le tshwanelo ya go botsolotsa le go batlisisa ka bokamoso le pabalelsego
ya dithoto tsa bone bogolo jang fa ba ne ba nyalane nyalo e e siameng ya go
tlhakanela dithoto. Ke tshwanelo ya mosadi go dira jalo ka jaana banna ba na le go
gasagasa, ba kgautlhanya dilwana ka go di abela ditsala tsa bone.
5. Fa e le gore go siame gore monna a nyale basadi, a mosadi le ene a nyalwe ke banna
ba babedi kana go feta foo, ka gore mosadi le ene ke motho fela jaaka monna.
Botlhoko jo monna a bo utlwang le ene o a bo utlwa. Tota maitlamo a diretswe basadi
ka go bonala e kete banna bone ba bua maitlamo a bone fela ka dipounama.
6. Ntlha e nngwe e e tobekanyang tlhogo ke ya boswa ka gore bangwe ba re monna a
tlhokafetse, dithoto tsa gagwe di kgaoganngwe bana ba gagwe. Le fa go ntse jalo, fa
mosadi a tlhokafetse mme monna wa gagwe a tshela dithoto ke tsa monna. Monna yo
fa a batla mosadi wa bobedi, ke gone a ka kgaoganyang bana ba gagwe boswa. Potso
ke gore ke eng bo sa kgaoganngwe fela a ise a nyale jaaka go dirwa ka mosadi.
7. Mo malatsing ano basadi ba bantsi ba dira go feta banna. Dithoto tsa lelwapa ka
bontsi go akaretsa leruo le masimo, di dirwa ke basadi ba kwa bofelong ba e leng
bone ba patikwang ke melao le tsamaiso ya ngwao ya Setswana e e neng e bona go
tshwanetse gore fa monna a tlhokafetse ngwana yo motona wa Mosimane a
tlhokomela dithoto tsa ga rraagwe.
8. Fa monna a ne a itsholetse ka tsela nngwe go ne go itsewe fela gore sehuralong sa
gagwe, dithoto tsa gagwe di tshwanetse go kgaoganngwa bana, a mmaabo o a rata
kana ga a rate. Mosadi wa modimo o tlaabo a simolotse go nnela mokopi ruri, a fiwa
ka letsogo ke bana ba gagwe dilo tse a di fufuletseng. Tota mosadi yo ka go sena se a
ka se itirang o tshwanelwa ke go ineela a jewa a ntse a tshela.
DIPOTSO
1. Tlhalosa mafoko kgotsa dielana tse di latlelang go ya ka fa di dirisitsweng ka teng mo
palong;
a. A ikgwisitse lerapo [temana 3] [2]
b. E e tobekanyang tlhogo [temana 6] [2]
c. A jewa a ntse a tshela [temana 8] [2]
d. ‘poo pedi sakeng’ [temana 3] [2]

2. a. Go ya ka mokwadi yo, a ngwao ke selo se se siameng? [1]


b. Tlhalosa gore ke eng o rialo. [2]

3. Inola sediri, tiri, tlhaodi, le leemedi mo seeleng se se latlelang;


Borremogolo e ne e le bone ba neelang basadi ba bone madi go tsamaiso ditiro
tsa lelwapa. [4]

4. a. Mokwadi wa palo e o kwadilwe a sekametse mo letlakoreng lefe? [1]


b. Tlhalosa gore ke eng o rialo. [2]

5. Inola seele sa tlhogo mo temaneng ya ntlha. [1]


6. Inola mafoko/dielana tsa tomagano a le mabedi go tswa mo temaneng ya borataro.
[2]
7. Mo temaneng ya boferabobedi tlhalosa ka fa mokwadi a dirisitseng puo ka teng go
dira gore babedi ba dumalane nae. [2]
8. Basadi ba ba ka balang palo e ba ka tsaya kgato efe? [2]
[25]

KAROLO YA BOBEDI; LEBOKO


BOJALWA
Nna ke tshetlhana seokamakau
Montsha kgang serepisaditlhaa
Le sone sa swaile sephiri ke ka se thenya
Mafatlha a lotletswe ke ka a bula a bulega
Ya me tsala e nna leme lo metsi e a tepologa
Tsa gagwe ditlhaa ga di kitlane di a leketla

Ga ke ke ke nna tsala le mosadi


Mosese o intlwaetsa ke a sele mathata
Ke ka o foka wa ba wa tlala dilabe
Ya sala e le lepeka o sena tebego
Le ene morati a o tlodisa thaka tlhobogong
O mmifele se ka mogadikane a ribola

Nna ke tau e e seke e phura e sadisa


Itsholelo ke ka e tsholola ke e tlhapakanya
Botshelo ke bo tlhotlha bo sala bo momonegile
Seramatla se silofala se itshema mogaka
Tlhong e tikelwa ntswa go sa ikgabetswe
Mathata e le marara maoto a sebokolodi

Ruri nna keledi tsa motlhotlho go tewa mathata


Lomao lo lo ntlhapedi mothubamatshelo
Motsibosi, motlhabisi, molwatsi, modiitsi le mmolai
Mosinyi yo o pelo e thata mamba wa bofelo
Mamba wa sika loo-motho motsietsi
Tsala ya go tswalelwa ntle dipuleng.

Source: Maswi thobeng-T.P.A Dire


Dipotso
1. Tlhalosa ka botlalo se mmoki a buang ka sone. Dirisa dikinolo le dikapuo tse di
lebaneg go nonotsha Karabo ya gago
KGOTSA
2. Supa ka fa mmoki a dirisitseng puo ka teng go senola maikutloa gagwe.
[15]
BALA POLELO E LATELANG O BO O ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG.
1. Mo tshokologong ya lone letsatsi le, Bogale o ne a ja dijo tsa motshegare kwa
Mafenyatlala jaaka gale. Diyalepelo mo dijaneng tsa galase, di ne di kgabisistswe
ka dithunya le pampiri e e bosetlha jwa motlhaba wa noka, e kwadilwe “Diotla
Mmele.”

2. Bogale o ne a bapile le Letsoku. Boobedi jo bo ne bo sa buisane. Letsoku a


tsentse tlhogo, thipa le foroko a di beets fa thoko. Moeka a robekelela sengwe le
sengwe mo ganong. Fa Bogale a re matlho ntloga, a fitlhela maloba e le maabane
ka dithunya tsa mokgabisa tse di neng di le mo sejaneng sa ga Letsoku.

3. “Ao rraetsho! Ga go jewe dithunya, ke mokgabisa fela. Ga o bone gore nna ke a di


tlogela?” A bua a supa sa gagwe. Letsoku ka a ne a setse a feditse tsa gagwe, a
tsaya dijo tsa ga Bogale a kgokgothela mo mogopong wa gagwe, a nyenya mo
meno a a tletseng bontsho jwa motsoko a neng a tswa otlhe. Pelo ya kgama
Bogale, a botologa jaaka poo ya leaforekannere e dipa ka bojelo jwa letswai.

4. Monna yo o tsayang megopo a tla go alolola mabati a bojelo, go baakanyetsa ba


ba tlang. Ya re a bona Bogale a botologetse Letsoku a re, “Motho yo ga a itse
tsamaiso ya go jela mo tafoleng, ke gone a tlang mo Molepolole. O tlhokomela
tshingwana ya merogo ya gar re Kemokwena.

5. “O rialo! Ka na ke bona a a ja sengwe le sengwe mo mogopong. O tlwaetse go ja


dirowa le metang ya tsone. Fa ke mo kaela gore go jewa jang, ke supa mogopo
wa me, a bo a gogorupela dijo tsa me mo go wa gagwe. Selo se se meno a
rusitseng se!” Motho wa Modimo gongwe ene o ne a gopola gore o ne o raya gore
a gore,” ga fetola rre wa megopo.

6. Letsoku e rile a bona gore Bogale o sentse sefatlhego le gore fa a ka bua o tla
ithagisa kgori, a tomoga a ya go tswa ka mojako o motona. E rile moeka a sa
sakgetse jalo, fa a re matlho leba, a re kgatlha thu! Le Sefifi. Fa e se mokgwa ke
molao, moeka a mo itaya ka tladimothwana. “Ke wena Sefi?” “Ke nna aunuti
Bogale.”

7. “Moratiwa Sefi, ke batla gore ka Matlhatso wa ntlha wa Motsheganong re ye


khasinong kwa Gaborone. Re tla duela ntlwana ya borobalo. Ke tla baya mosadi
bobi matlhong ke re ke tla bo ke ile go direla kwa Serowe.”
8. “Rati, ke tla bo e bile ke se mo tirong Matlhatso ao. Jaaka ke sets eke go boleletse
gore ke tsenwa ke e e phatsimang mafelo a Moranang, ke tla bo ke le mo
malatsing a boitapoloso.”

9. Lebogo la moeka le ne le sa tlogele letheka la kgarebe, “Wena ruri rati, nna le


wena re tla kgaoganngwa ke go tsenwa ke mmu ka ditsebe. Le fa ke nyetse kana
wena o nyetswe, ga re kitla re kgaogana,” moeka a bua a swapola masome a
mabedi a dipula mo kgetseng go a neela kgarebe.

10. Khasino ya Gaborone e ne e le mmitsa. Le gale, diyamaleng di ne di sa fiwe ntsa e


feta le mororo di ne di jana boa. Motho o ne a tshwanelwa ke go lekola itsholelo
ya sekgwama pele.

11. Bosigo jwa Matlhatso jo ba neng ba bo dumalane jwa goroga. Otele ya Gaborone
Sun e rile thi! Baletsaditinkane le meropa ba ne ba supa bothakga mo ntlo-
lehalahaleng ya otele. Ba ba neng ba sa battle go ja motwane, ba ne ba
gololesegile go isa marapo go beng kwa matlwaneng a borobalo kana ba boela
malwapeng.

12. E ne ya re bosigogare, mosetsana mongwe ka borokgwe jo bo mo gagamaditseng,


a itatlhela mo diropeng tsa monna mongwe wa mosweu yo o neng a le mo
mmudubudung o mme a nnetse kwa thokonyana. Moragonyana bobedi jo jwa leba
kwa mojakong dinao di gogwa jaaka tsa babina mmino wa mokgarametso. Monna
wa lekgoa a bula lebati. Mongwe yo o neng a lebega a goroga, a ema fa pele ga
bone kgoto e ka nna nngwe go tswa fa ba neng ba le teng. O ne a lebega a
sulafetse mo molomo o neng o roroma. Dilo tsa khasino!

13. Ya re go bona lekau le, mosetsana a re, “Intshwarele aubuti Bogale, ke ne ke go


tlhobogile, ke bone nako e feta o sa bonale. Go riana ke kopile rre yo,” a bua a
supa lekgoa, “gore a nkise gae.”

14. “We have reached an agreement therefore give me a chance!” Monna wa mosweu
a bua a goga kgarebe.

15. “Sefifi, ke fleets mo lokwalong lwa bosupa mme fela sejatlhapi ke a se utlwa.
Basetsana! Ke ne ke ithaya ke re wena o pharologano.”

DIPOTSO
1 Soboka palo e o sa tswang go e bala ka mafoko a sa feteng lekgolo le masome a
matlhano/150. [10]

50 marks

You might also like