Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 49

BGCSE Setswana Mothama 12

Botswana Open University

Setswana sa JC

Mothama 12: Tsa Ngwao 1


BGCSE Setswana Mothama 12

Tiriso ya Ditswantshonyana
Fa o ntse o tsweletse le dithuto tsa gago, o tla lemoga tiriso ya ditshwantshonyana tse di mo
molelwaneng wa buka ya gago. Ditswantshonyana tse, di dirisiwa jaaka matshwao a a
kayang polelo e e rileng, tiro eo tshwanetseng go e dira kana phetogo ya tiro e o ntseng o e
dira. Di dirisitswe go go thusa go ithuta botoka mo dithutong tsa gago.

Mofuta o o feletseng wa ditshwantshonyana tseo o supilwe fa tlase fa. Itlwaetse


ditshwantshonyana tse le ditlhaloso tsa tsone pele ga o simolola thuto ya gago.

Maikaelelo a Thuto Metlobo

Tlelosari Metlobo

Tiro ya gago Maikaelelo a buka

Nako Maduo

Teko i Tshedimoso

A re ikgakolole Metlobo e mengwe

Tshoboko
BGCSE Setswana Mothama 12

Malebo
Re leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go kwalweng ga mothama o, mme
segolobogolo ba ba latelang:

Reviewer
Kgakgamatso Mogamapane

Morulaganyi wa diteng
Matthews Tselaesele

Morulaganyi wa methama
Lesego Pelotona
Boingotlo A. Moses

Mokanoki
Lesego R.Pelotona

Morulaganyi wa Lefapha
Mmaserame H.David

Motlanyi
Mompoloki Oitsile

Ditshwantsho
Gaolatlhe Masire

© 2018 BOU. Paakanyo ya Ntlha


O ka kwalela kwa atereseng e:
The Vice Chancellor
BOU
Private Bag BO 187
Tel: 3646000
Fax: 3191089
Gaborone, Botswana
BGCSE Setswana Mothama 12

Diteng
Tshedimoso ya Mothama 12 i
Thuto 1 Botsetse 1
Thuto 2 Thupiso 11
Thuto 3 Nyalo 20
Thuto 4 Ditirelo tsa phitlho 30
Dikarabo tsa a re ikgakolole 39
Metlobo 41
BGCSE Setswana Mothama 12

Tshedimoso ya Mothama 12

Mothama o, o Ntsholetse eng?


Ke a go amogela moithuti mo dithutong tsa gago tsa Setswana sa JC mme thutokgolo mo
methameng e meraro e e tlhomaganang go simolola ka one o, ke Ngwao. Ke solofela fa e rile
pele ga o simolola mothama o, wa bo o kile wa tshela bofofu mo go Mothama 1 wa Thuta
Puo. Mme fa go sa nna jalo, a ke go lemotshe gore Setswana sa JC se makgamu mararo. Re
na le lekgamu la ntlha le eleng la Thuta puo (grammar). Lekgamu le la “Thutapuo” le
fitlhelwa mo Mothama 1 go ya go Mothama 6. Re bo re nna le methama ya tlhamo ya
bokwadi (literature), yone e le go tswa fa go Mothama 7 go ya kwa go Mothama 11.
Mothama 11 tota one ke wa tlhamo ya molomo, e bong mainane, diane le maele.

Lekgamu la boraro ke la dithuto Tsa ngwao. Yone methama ya teng o tla e lemoga ka go
kwalwa Tsa Ngwao 1, e bong Mothama 12, Tsa Ngwao 2 e le Mothama 13 le Tsa Ngwao
3, yone e le Mothama 14. Jalo he mothama o, ke wa ntlha wa lekgamu la dithuto tsa ngwao.
Mothama 12, e bong Tsa Ngwao 1, o go sedimosetsa ka botsetse, mosola wa jone, mefuta
ya jone le diphetogo tse di diragetseng mo botsetseng mo gompienong. E ntse e le mo
mothameng o, re tla go sedimosetsa ka thupiso. Gore thupiso ke eng, mefuta ya thupiso,
boleng le dipharologanyo tse di leng teng mo go yone. Re tla a lebelela le nyalo gore go tewa
eng gammmogo le bokao le boleng jwa yone. Thuto ya bofelo e itebagantse le ditirelo tsa
phitlho. Fela jalo mo go tsone re tla a bo re le bile boleng le bokao jwa phitlho.

Go le gantsi o tla a nna o kopiwa go botsolotsa kwa gae kana mo ditsaleng ka dintlha dingwe
tsa ngwao. Leka bojotlhe jwa gago gore o dire se o kopilweng go se dira gore o tle o nne le
kitso e e tletseng ka ngwao ya gago. Se se ka go thusa gore o kgone go tlhaloganya thuto
nngwe le nngwe mme e re morago o felela o ka fenya le tsone ditlhatlhobo le diteko tse o di
fiwang, le gone go tokafatsa botshelo jwa gago ka go itse ka ngwao ya gaeno.

Maikaelelo a Mothama o ke eng?

Kwa bokhutlong jwa go dira dithuto tse di mo Mothameng o, go solofelwa gore o bo o ka


kgona go:
• tlhaloganya bokao le boleng jwa botsetse
• tlhaloganya bokao le boleng jwa nyalo ka fa ngwaong
• tlhaloganya bokao le boleng jwa thupiso mo setsong
• tlhalosa bokao le boleng jwa ditirelo tsa phitlho le gore ka fa ngwaong mang o
dira eng.

i
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Dithuto tsa Mothama o, di rulagantswe jang?


Mothama o o kgaogantswe ka dithuto di le nne tsone di latelelana jaana:
Thuto 1 Botsetse
Thuto 2 Thupiso
Thuto 3 Nyalo
Thuto 4 Ditirelo tsa phitlho

Mothama o ke o dirisa jang?

Mothama o fela jaaka o kgaogantswe ka dithuto di le nne, di sale morago fela jalo ka go
latelelana ga tsone. Thuto nngwe le nngwe e kwaletswe maikaelelo a yone morago ga
tshedimoso go go fa motlhala wa se se solofetsweng mo go wena.

Le fa o sena dibuka dipe tse o ka di dirisang go tlaleletsa se o se rutwang mo Mothameng o,


Mothama o o re o kwadile ka tsela e e leng gore o go tsholetse tsotlhe tse o ka di
tlhokang, fale le fale fa re bonang o tlhokana le go ikoketsa kitso, re go kwaletse dibuka tse o
ka bonang kitso mo go tsone. Legale se ga se reye gore o patelesega go di reka.

Nna le lenaneo la tiro ya gago, le le tla a go thusang go itse gore o tlile go ithuta jang.
Lenaneo le, le tshwanetse go supa gore ka nako e e rileng, o batla go dira eng go fitlhela nako
mang mme morago ga sone o dire eng mme se latelelwe ke eng jalo jalo. Fa o kgonne go dira
lenaneo, se lebe Setswana fela, tsaya dithuto tsotlhe tsa JC go ya ka malatsi. O bo o e ipha
nako ya go itapolosa le go dira ditiro tse dingwe tsa lelwapa gore o tle o lapolose tlhaloganyo.
Dithuto tse o bonang di le boketenyana mo go wena o ka di okeletsa nako.

Mo go one Mothama o, go na le dipotso tse re fetang re ntse re di go botsa go bona gore a o a


tlhaloganya. Re na le mefuta e le meraro ya diikatiso tse re di dirisang go go tlhatlhoba, tsone
ke tse:

Tiro ya gago

E ke ithuthuntsho e o e neelwang go go thusa go tlhaloganya setlhogwana se go buiwang ka


sone. Morago ga yone o neetswe dikarabo go go tswa tema, mme go mosola gore o
ikakanyetse pele, o se kopise fela ka go tla a bo go itsietsa wena. Ithuthuntsho e, e tla
kgapetsakgapetsa le thuto e ntse e tsweletse.

ii
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

A re ikgakolole
E ke teko e e tlang morago ga thuto nngwe le nngwe. Maikaelelo a yone ke go go thusa go
ikgakolola se o se dirileng le go ikala gore a o tshwanelwa ke go tswelela kgotsa go tlhokega
gore o boelele thuto eo gape. Dikarabo tsa tiro e tsone di kwa bofelong jwa mothama o. Le
tsone fela jalo, o se ka wa di kopisa o dire tiro pele, o bo o itse go di lebelela.

Pampiri ya tiro
E ke tiro e e tlang o sena go fetsa dithuto tsotlhe tsa mothama. Ka jalo yone e soboka e bo e
akaretsa tsotlhe tse o di dirileng mo mothameng, go go kala ka fa o tlhalogantseng ka teng.
Dipotso di bapisitswe fela thata le ka fa go tlwaelesegileng go di botsa ka teng mo
ditlhatlhobong tsa makgaolakgang. Fa o fetsa tiro e o e romele kwa senthareng go tshwaiwa
kgotsa o e neele morutabana wa gago. Ke yone e tla a supetsang bagolo ba dithuto tse tsa
gago gore a o lekanye go ka kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang kgotsa jang. Jalo go
botlhokwa gore o e tlhwaafalele.

Ke ka Bona kae Thuso?

Fa e ka re o bala dibukana tse, golo gongwe wa bona o sa tlhaloganye sengwe o se ineele.


BOCODOL e na le mafelo a o ka kopang thuso kwa go one mme one ke a a latelang:

Go na le badiri ba ba hiretsweng go go fa thusa mo dithutong tsa gago. Bone o ka ba bona


kwa setadi-senthareng se se gaufi le wena. Fa se ise se nne teng fa o teng, kopa thuso mo
bathong ba bangwe, e ka tswa e le mogoloo, monnao, batsadi mo lwapeng, ba losika le
ditsala. Fa gotlhe go padile o ka leletsa ofisi-kgolo kwa Gaborone mme wa batla mogakolodi
wa dithuto tsa Setswana go go thusa.

Masego ke oa moithui, lekana le dithuto tsa mothama o!

iii
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Thuto 1
Botsetse

i Tshedimoso
Dumela gape moithuti. E ke thuto ya rona ya ntlha mo go tsa ngwao. O tla gakologelwa gore
ngwao kana ke sesupo sa se o leng sone, ka jalo go botlhokwa go itse ngwao ya gago gore o
tle o itlhaloganye botoka. Le fa re sa tsenelele thata kwa teng, mme fela mo re go okolang re
na le tsholofelo ya gore fa o ntse o gola le dithuto tsa gago o tla tlhaloganya dithuto tsa
ngwao botoka.

Mo thutong e ya ntlha ya ngwao, re tsile go ithuta mmogo ka botsetse. Pele ga re ka bo


tlhalosa, nte ke go lemotshe fa e le tshetla e motho wa mme a tshwanetseng go feta ka yone.
Motho fa a le mo botsetseng, o a tlhokomelwa a bo a rutwa ka seemo se a tseneng mo go
sone. Morago ga jone o tswa a tiile a na le kitso ya gore ngwana o tla jang e bile o
tlhokomelwa jang. Mme le wena le fa o ka tswa o ise o nne le ngwana, mosola wa thuto e ke
gone gore fa o e fetsa o bo itse gotlhe ka botsetse le ka mosola wa jone, ditsamaiso tsa jone
le diphetogo tse di diragetseng mo go jone.

Maikaelelo a Thuto e

Kwa bofelong jwa thuto e, o solofelwa go ka:


• tlhalosa bokao le boleng jwa botsetse go ya ka ngwao
• tlhalosa mosola wa botsetse
• bolela batsayakarolo ba botlhokwa mo peong ya botsetse
• tlhalosa ka botlalo diphetogo tse di amileng botsetse
• sekaseka ka fa diphetogo tse di amang matshelo a segompieno ka teng le mo go
laoleng go gola ga palo ya batho
• nankola dikgato le ditsamaiso tsa botsetse
• tlhalosa ka botlalo ka fa ditsamaiso tsa go baya botsetse di ka tsenyang batho mo
diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa HIV le AIDS ka teng
• kanoka ditsamaiso tsa setso tsa go baya botsetse mabapi le dintsho tsa bana le
botsogo jwa bomme
• sekaseka diane le maele a a amanang le tsamaiso ya botsetse

1
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Diteng
1.0 Tlhaloso ya botsetse 2
2.0 Mefuta ya botsetse le tsamaiso ya jone 2
3.0 Batsaya karolo le bodiphatsa jwa tsamaiso ya setso ya go baya botsetse 5
4.0 Diphetogo tse di amileng botsetse 6
5.0 Diane le maele a Botsetse 8
6.0 Mosola wa Botsetse 8
Tshoboko 9
A re ikgakolole 1 10

1.0 Tlhaloso ya botsetse


Moithuti o tlhaloganya eng ka botsetse? A ko o kwale fa tlase se o ka tswang o se itse ka
botsetse:
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
Gongwe o ka tswa o rile botsetse go tewa fa mme kgotsa lekgarebe le beilwe ka fa
motiketseng ka go bo a bona setswalo e le lwa ntlha kana a tshotse ngwana. Fela botsetse bo
mefuta mebedi, mefuta e ke:
• Botsetse jwa go rafola/ jo bo sweu
• Botsetse jwa go tshola ngwana

A re lebelele mefuta eo mme re leke go e tlhalosa:

2.0 Mefuta ya botsetse le tsamaiso ya jone


Re setse re supile fa go na le mefuta e le mebedi ya botsetse. Yone ke e e latelang:

2.1 Botsetse jwa go rafola/go ithalega


Botsetse jo ke jo e leng gore mo go jone mosetsana o a bo a beilwe fa go fitlhegileng ka gore
o a bo a bona setswalo e le lwantlha mo botshelong. Botsetse jo bo na le ka fa bo
tsamaisiwang ka teng go tswa mo merafeng e e farologanyeng ya Setswana. Re tla a lebelela
tsamaiso e ka kakaretso mme fa e farologana le segaeno o se ka wa gakgamala. Bolelela ba o
ithutang le bone gore go farologana fa kae e bile go tshwana fa kae.

Tsamaiso ya botsetse jwa go rafola

E ne e re fa mosetsana a lemoga gore o tsene mo setswalong a bo a itsese mmaagwe kana


mmangwanaagwe. Go tswa foo o ne a tswalelwa mo ntlong a bewa botsetse. Fa a ntse jaana

2
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

o ne a bidiwa motsetse kana mothei /ngwale. O ne a tshasiwa boloko mo ditokololong gore


madi a elele sentle mo ditshikeng. O ne a rutiwa go itshwara sentle segolo jang fa a le mo
setswalong ka a ne a itsisiwe gore se tla a nna se mo tlela kgwedi le kgwedi.

Fa o batla go itse go le gontsi ka botsetse jo, o ka ya kwa metlobong ya dibuka kana kwa
marekisestong a dibuka mme o batle dikwalo tse di buang ka botsetse. Dingwe tsa dibuka tse
di akaretsa:
• Ngwao ya Setswana ka Kgomotso Mogapi
• Segaetsho ka Moncho
• Ithute Setswana sa JC ka E. B Mokibelo

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e le mebedi go araba potso e e latelang:


Ka ntlha e le nngwe bolela maikaelelo a go baya botsetse jwa go rafola.
_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1


Karabo e motlhofo moithuti. Yo o rafolang o ne a beelwa gore a kgone go rutiwa gore
go rafola go raya eng le gore o tshwanetse go itlhokomela jang.

A re tswelele re bone gore dingwe tse motho a neng a di rutiwa ke dife. Motsetse wa go rafola
o ne a rutiwa tse di latelang:
• go itse gore seemo se tla nna se mo tlela kgwedi le kgwedi
• go itse fa jaanong e le mosadi bonyana bo fedile. Fa e le gore o ne a beeletswe a
sa le monnye ke yone nako e a bolelelwang ka yone e.
• go sa tlwaela go tshameka le basimane ka ba ka mo imisa

Motsetse o ne a fiwa dijo tsa gagwe a le nosi a sa tlhakanele le batho. O ne a idiwa go ja dijo
di tshwana le sebete go twe se ka dira gore a tswe madi a mantsi.

Morago ga sebaka se se rileng o ne a ntshiwa mo ntlong go sa le makuku. O ne a ya go tlhapa


kwa molapong mme a boe a lelekilwe ke kgaitsadie ka thupa. Mo e ne e le go mmontsha le
go mo ruta fa basimane ba le borai mo basetsaneng. E re ka mosimane a ne a tla bo a tshwere
thupa, mosetsana o ne a tshwanetse go sia thata. Fa a goroga kwa lwapeng o ne a amogelwa
ka meduduetso go bo go dirwa mokete a tswa mo botsetseng.

3
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

2.2 Botsetse jwa go tshola ngwana Potso ya ntlha e motho a ka e


ipotsang ke gore botsetse jo bo farologana jang le botsetse jwa go rafola? Moithuti a ko o fe
karabo fa tlase.
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Botsetse jwa go tshola ngwana ke jo mo go jone mme a bewang le lesea la gagwe fa go


tikeditsweng kana go fitlhegile ka sebaka se se rileng. Maikaelelo magolo e a bo e le go ba fa
tlhokomelo e e tseneletseng gore ba tswe ba itekanetse sentle. Go tswa fela gore morafe ke
ofe, mme bogologolo merafe ka bontsi e ne e baya motsetsi mo ntlong sebaka sa dikgwedi di
ka nna tharo go ya kwa go thataro.

Tsamaiso ya botsetse jwa go tshola ngwana


Botsetse jo bo ne bo simologa fela fa mme a itsholofetse. Mme yo o neng a mo sidila e ne e le
ene yo o mmayang botsetse. E ne e re fa mme a setse a le gaufi le go belega o ne a bewa mo
ntlong go fitlhelela a gololwa. Mme yo o mmeileng botsetse e ne e le ene yo o mmelegisang.
Ntlo e a leng mo go yone e ne e bewa mopakwana fa pele e le sesupo sa gore go na le
motsetse mo teng. Lesea le mmaalo ba ne ba tlamelwa ka go nosiwa melemo ya setso gore ba
se ka ba lwala. Motsetse o ne a ja dijo tsa gagwe a le nosi le dilwana a sa di tlhakanele le ope.
Mo go ne go direlwa go ba sireletsa mo malwetseng. Ngwana o ne a nna a sa tlholwe ke ope
le fa a le rraagwe tota go fitlhelela khujwana e wa. Makgarebe a a nang le mabele a ne a sa
letlelelwe go tsena mo botsetseng go dumelwa go re ba ka gata kana ba lwatsa ngwana.

Tiro ya gago 2

Tsaya metsotso e meraro go dira tiro e


1. Motsetse yo o rafolang o ne a bidiwa ______________________________
2. Mopakwana o ne o bewa fa kgorong ya motsetse ka gore______________
_______________________________________________________________
______________________________________________________________

3. Ke eng motsetse a ne a dirisa dilwana tsa gagwe a le nosi?_______________


_________________________________________________________________
_________________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 2


1. Mo merafeng e mengwe o ne a bidiwa ngwale mo go e mengwe gatwe ke
mothei
2. O ne o beelwa gore batho ba ba kwa ntle ba itse gore go botsetse ba seka ba
tsenatsena fela.
3. Go ne go dumelwa gore o ka jelwa ngwana a tloga a lwala.

4
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

3.0 Batsaya karolo le bodiphatsa jwa tsamaiso ya


setso ya go baya botsetse
Re setse re buile ka tsamaiso ya mefuta ya botsetse ka bobedi. Jaanong a re bone gore ba
tsaya karolo kana batsamaisi ba botsetse e ne e le bo mang.

3.1 Batsaya karolo mo tsamaisong ya botsetse


Botsetse bo ne bo sa itebaganya le motho a le mongwe, bangwe ba masika le bone ba ne ba
tsaya karolo. Ba e ne e ka nna basetsana mo lwapeng, mmaagwe motsetse, jalo jalo. Ke eletsa
gore mo go bone ba re setsetseng re ba umakile, re ba latedise go bona gore seabe sa mongwe
le mongwe wa bone e ne e le eng.

(a) Mosadimogolo
Gantsi botsetse jwa ntlha, mosadi o ne a bo beelwa kwa ga mmaagwe. Mmaagwe mosadi e
ne e ka nna ene a mmayang botsetse kana a batla nkukuagwe mosadi go mmaya botsetse. O
ne a baya botsetse a tlhokomela motsetse a bo a mo ruta boitshwaro le go tlhokomela losea.

(b) Matsalaagwe motsetse


O ne a mo tsisetsa dijo tsa botsetse. Dijo tse di ne di ka tsisiwa dibeke tse pedi mosetsana a
ntse a le motsetse. Di ne di tla di fiwa mmei wa botsetse ke ene matsalaagwe ka sebele. Ka
yone nako e o ne a ka bona ngwana.

(c) Rraagwe ngwana


O ne a ka lekola ngwana morago ga a se na go wa khujwana. Se se ne se direlwa gore a se
ka a lwatsa ngwana a ise a aloge (khujwana e ise e we). Tumelo e ne e le go re o ka tswa a le
dinao di molelo ka a amana le batho ba bangwe kwa ntle. Gape o ne a solofelwa go tlhabela
motsetse gore go nne le sešabo.

3.2 Ka fa ditsamaiso tsa go baya botsetse di ka tsenyang


batho mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke HIV le AIDS
Moithuti, fa o akanya o bona botsetse bo ka baya batho mo bodiphatseng tsa go ka tsenwa ke
mogare wa HIV le jang?
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Fa go se na kelotlhoko, peo ya botsetse e ka baya batho mo bodiphatseng jwa go ka tsenwa

5
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

ke mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS. Se se ka diragala fa e le gore:


• Motsetse o ka tswa a na le mogare, mme a o fetisetse mo leseeng ka nako ya fa a
imile/belega
• Yo o mmeileng botsetse o ka mo tlhapisa ka diatla a sa rwala sepe mo go tsone
mme a tsenwe ke mogare bogolo jang fa a tshwara madi a motsetse
• Rraagwe ngwana e ka re a sa ntse a letile mosadi a le motsetse sebaka se se telele
jalo, a nne matlhomatlho mme a tlele mme ka mogare, bogolo thata fa dikgwedi
di ka feta boraro.

3.3 Dintsho tsa bana le botsogo jwa bomme tebang le


ditsamaiso tsa botsetse
Re buile ka bodiphatsa jwa tsamaiso ya go baya botsetse go ya ka setso, a jaanong re bone
gore dintlha tse di le teng mo tsamaisong ya botsetse ke dife tse di ka amang botsogo jwa
mme. Moithuti, dintlha dingwe tsa tsone e ka nna tse di latelang:
• Fa mme a belegisediwa mo lwapeng, fa gongwe pelegi e ka nna le mathata,
gongwe lesea le sa nna sentle mme mmelegisi a retelelwe ke go belegisa.
Fa gongwe mo seemong se, lesea kana mmaalo o ka tlhokafala, kana fa gongwe
ba tsamaye boo-babedi.
• Melemo ya setso e motsetse a e nosiwang le lesea, e ka ba ba bifela mme ba
tlhokafala.
• Go ka diragala gore e re ka re ka nako ya pelegi mme a tshologe madi a mantsi
mme a felele a tlhokafetse. Ka e bile babelegisi ba pele ba ne ba dumela gore fa
motsetse a tswa madi thata o a bo a tlhatswega.
• Go ka diragala gore lesea le tle le na le bokoa jo bo batlang bongaka ka potlako
mme le se ke le bo bone ka jalo le tlhokafale.

Moithuti, tsaya sebaka se mme o tswe ka ditsela tse dingwe tse o bonang di le diphatsa mo
ditsamaisong dingwe tsa peo ya botsetse kwa ntle ga tse re di buileng fa godimo.
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

4.0 Diphetogo tse di amileng botsetse


Botsetse jotlhe fela bo fetogile gompieno fa re lebile jwa go rafola le jone jwa go tshola
ngwana tota. Dingwe tsa diphetogo tse di diragetseng ke tse di latelang:
• Basetsana ba bangwe ba kgona go sa bolele batsadi fa ba simolola setswalo la ntlha
• Ba bangwe ba kgona go senya boimana
• Batho ba ba thapilweng ga ba sa tlhole ba ka kgona go nna mo botsetseng sebaka
se se telele ka jalo nako ya jone e fokotsegile
• Batho bangwe ba patelesega go ipaya botsetse ka batho ka bontsi ba a bereka, ga
go na yo o ka bayang botsetse

6
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

• Ga go sa tlhole kgonega gore ka dinako tsotlhe motsetse a nne le dijo tsa tsa
gagwe a le nosi ka ntlha ya ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa dijo.
O tshwanelwa ke go tlhakanela pitsa fela le ba lelwapa.
• Ba bangwe ba letlelela mongwe le mongwe go tsena mo ntlong ya botsetse.
Mo segompienong gantsi go agiwa ntlo e le nngwe ya dikamore tse dintsi go bo
go sa kgonege gore motsetse o ka nna le ntlo ya gagwe a le nosi .

Diphetogo tse di ama jang matshelo a segompieno le go gola ga palo ya batho

Diphetogo tse re sa tswang go di nankola, di amile matshelo a segompieno le go gola ga palo


ya batho jaana:
• Fa basetsana ba itoba fa ba tsena mo setswalong, ba kgona go tlhaela thuto ya
bodiphatsa jwa go tlhakanela dikobo mo go ka ba leretseng boimana, mme ba
felele ba imile ka bosenakitso, mo go bo go oketsa palo ya batho.
• Basetsana ba felela ba tsaya thuto mo balekaneng ba bone mme go dire gore
botsadi bo se ka jwa tsaya karolo mo go ba feng molao o o tlhamaletseng ka ga
tlhakanelo dikobo bangwe ba ima ka tshoganyetso ba bo ba senya boimana, Mo
go ka fokotsa dipalo.
• Go sa beeng botsetse sebaka se se telele go ka dira gore go tlhatlologanya tsholo
go nne bokete mme go bo go ka oketsa dipalo tsa batho.
• Mo go ka dira gore dipalo tsa batho di gole ka banana ba nna le bana fela kwa
ntle ga kitso ya botsadi.

Moithuti, ke dumela fa o tlhalogantse fa diphetogo tsa botsetse di na le seabe thata mo go


goleng ga palo ya batho le gone go wela tlase ga yone tota. Boammaaruri ke gore, batsadi ba
tlamega go tsaya karolo mo peong yotlhe ya botsetse, go fa thuto e e tlhomameng.

Tiro ya gago 3

Tsaya metsotso e le mene go araba dipotso tse di latelang:


_______________________________________________________________
1.Bolela phetogo e le nngwe e e amileng botsetse jwa go tshola ngwana.
_______________________________________________________________
2.Ka ntlha e le nngwe, tlhalosa ka fa ditsamaiso dingwe tsa botsetse di ka
bakang dintsho tsa bomme le masea a bone ka teng:

Dikarabo tsa Tiro ya gago 3


1.Nngwe ya tse: Go ipaya botsetse, go senya boimana, nako e khutshwane mo
botsetseng.
2.E ka nna: mathata a pelegi ya mo lapeng, melemo ya setso e bifela ngwana/
mmaagwe, fa lesea/mmaalo a sa bone thuso ya bongaka ka bonako

7
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

5.0 Diane le maele a botsetse


Botsetse bo tswa goo Lowe e le ngwao mme kana ngwao ya Motswana e ikaegile ka puo.
Puo re e nonotsha ka diane le maele, ke ka moo le botsetse jaaka letshego la ngwao go nang
le diane tse di amanang le jone. Dingwe tsa diane tse, ke tse di latelang:
• Mpuru o haretswe, motsetse o ja ka letsogo
• Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng
• Go bipa mpa ka mabele
• Go segela ngwana thari mpeng

Meila ya botsetse
Go ne go na le meila e e salwang morago ka nako ya peo ya botsetse. A ko o bue o le
mongwe o o itseng moithuti gammogo le ditlamorago tsa go sa e obamela.
__________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Meila mengwe ke e e latelang:

Motsetse ga a je ka letsogo – O ka ija kana a ja leswe.


Motsetse wa go rafola ga a nne ditilo tsa borre – o ka ba kgaetsa go ne go iletswa
gore o ka tsaya malwetse mo go tsone fa gongwe o ka di tshasa a sa bone ka gore
ga a ise a itse go itlhokomela
O dirisa dilwana tsa gagwe a le nosi – go ne go iletswa gore a se ka a tloga a tsaya
malwetse mo bathong ba bangwe.
Makgarebe ga a tsene mo ntlong ya motsetse – Ba ka okama kana ba lwatsa lesea.
Motsetse yo o rafolang ga a tlhape bosigo – O ka tla a nna a bona setswalo bosigo.

6.0 Mosola wa botsetse


Moithuti, a ko o bue ka mafoko a gago gore wena o tlhaloganya mosola wa botsetse e le eng:
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Ke dumela fa o buile gore botsetse bo mosola ka jaana fa re lebile peo ya jone, e fa mme
sebaka sa go ikhutsa, le gogodisa losea a sa pataganya le ditiro tse dingwe tsa lelwapa.

8
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Botsetse bo ne bo le le mosola segolo jang fa re leba mabaka a gore ke eng bo ne bo bewa.


Mangwe a mabaka a go baya botsetse ke a a latelang:
• go supa ngwao e bile bo e tsweledisa
• go sireletsa lesea le motsetse kgatlhanong le malwetse.
• go rotloetsa tlhokomelo mo motsetseng le mo loseeng.
• go thusa bomme go ikgapha mo boimaneng jo bo sa solofelwang
• gore mme kana mosetsana a anywe kitso mo dithutong tse a neng a di fiwa ke ba
ba neng ba mmeile botsetse.
• go fa motsetse sebaka sa go ikhutsa morago ga boimana le pelegi

Tshoboko
Re ithutile ka botsetse moithuti mme re tlhalositse gore ke fa mme kana mosetsana a beilwe
kwa bothokong ka go bo a bone setswalo lwa ntlha mo botshelong kana a tshotse ngwana.
• Go kailwe fa go na le mefuta ya botsetse e le mebedi; e leng botsetse jwa go
rafola le jwa go tshola ngwana.
• Go supilwe fa tota botsetse bo beelwa gore mme a bone tlhokomelo e e
tseneletseng ka gore o a bo a tlhoka tshireletso gore ene le losea ba se ka ba
tsenwa ke malwetse.
• Go boletswe fa mongwe wa mesola wa go baya botsetse e le go fa mme sebaka
sa go itapolosa.
• Nngwe ya dintlha tse re di amilweng ke diphetogo tse di diragetseng le gore di
amile botsetse jang. Go supilwe go re gompieno basetsana ba kgona go ipaya
botsetse.
• Re feleleditse ka go tlhagisa ka fa botsetse bo ka anamisang mogare wa HIV ka
teng. Se se re thusa gore fa re beile botsetse re itlhokomele, gonne go na le
kgonagalo ya gore re tsenwe ke mogare fa re sa itlhokomele, jaaka go itsiwe
mogare o tlhakaladitse mme ka dinako tsotlhe re tshwanetse go ela tlhoko gore
ga re o anamise.

9
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

A re ikgakolole 1
Matshwao [20]

Araba dipotso tse di fa tlase tsotlhe:


1. Botsetse go tewa: __________________________________________________________

___________________________________________________________________________
[2]
2. Fa mosetsana a bona setswalo lwa ntlha o bidiwa:______________________________
[2]
3. Bolela mefuta e mebedi ya botsetse:
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________
[4]
4. Ka ntlha e le nngwe tlhalosa gore ditsamaiso dingwe tsa go baya botsetse di ne di na
le seabe jang mo go anamiseng mogare wa HIV le AIDS:
__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________
[4]
5. Kwala diane tse pedi tse di amanang le botsetse:
__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________
[4]
6. Bolela batsayakarolo ba le babedi mo peong ya botsetse:
__________________________________________________________________________
7. Bolela thuto nngwe e mme yo o tshotseng ngwana a neng a e fiwa:
___________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________
[2]
Itshwaele-Itse gore fa o fetile 50% o lekile. Mme o rotloediwa go fetisa foo.

10
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Thuto 2
Thupiso

i Tshedimoso
Re ntse re a tswelela ka dithuto tsa ngwao motho wetsho, mme pele re tsena thutong ya
gompieno, a re ikgakolole go se kae ka thuto e re sa tswang mo go yone. Mo thutong e e
fetileng re ne re ithuta ka botsetse. Re supile fa botsetse bo le mefuta mebedi; e le botsetse
jwa go rafola le botsetse jwa go tshola ngwana. Mefuta e ka bobedi re e tlhalositse mme ra
supa fa mo go yone yotlhe, motsetse a bewa mo motiketseng ka sebakanyana gore a alafiwe
a bo a fiwe tlhokomelo le melao e e rileng. Re boletse fa batsaya karolo go le gantsi mo go
beyeng matsetse a ka bobedi e le bomme ba bagolwane mme go na le mengwe meila jaaka ya
go sa letle batho bangwe, segolo jang ba borre le makgarejwana go tsena ka fa motsetseng. Se
ke tumelo ya setso go leka go dibela motsetse le lesea la gagwe.

Jaanong mo thutong ya gompieno re tla bua ka thupiso. Thupiso ke sekolo sa maloba kana sa
setso se se neng se ruta banna/makawana le makgarejwana ka mengwe melao ya go nna
bagolo ba motia. Thupiso e ne e le botlhokwa ka e ne e le yone motswedi wa thuto ya
Batswana, e ne e ruta ka lolwapa, tlhokomelo ya lone le go lo aga. E dira go re morafe o nne
le banna le basadi ba ba nonofetseng go ka lebagana le dikgwetlho tsa botshelo kwa ntle ga
poifo. Tota e ne e le yone pilara ya go bopa setšhaba.

Maikaelelo a Thuto e

Morago ga go ithutuntsha, go solofelwa gore o bo o ka kgona go:


• tlhalosa gore thupiso ke eng
• tlhalosa tsamaiso ya bogwera le bojale
• tlhalosa diphetogo tse di amileng thupiso
• tlhalosa ka fa ditsamaiso dingwe tsa go rupa di ka tsenyang barupisi le barupisiwa
mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke HIV le AIDS.
• bolela diane le maele a a amanang le thupiso

Diteng
1.0 Thupiso le mosola wa yone 12
2.0 Tsamaiso ya bogwera le bojale 13
3.0 Diphetogo tsa thupiso 16
4.0 Kamano ya barupisi, barupisiwa le mogare wa HIV le AIDS 16
5.0 Diane le maele a a amanang le thupiso 17
Tshoboko 18
A re ikgakolole 2 19

11
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

1.0 Thupiso ke Eng?


Moithuti, ke tsaya gore ga se la ntlha o utlwa gotwe go na le go rupa. A mme gone o itse gore
go rupa ke eng? Thupiso go tewa sekole sa bogologolo sa Setswana se se neng se iwa ke
makgarebe le makolwane go ya go rutwa ngwao. E ne e re fa bana ba setse ba godile mo go
lekanetseng e bile ba nonofile go ka tsaya maikarabelo a botshelo jwa Setswana ka kakaretso,
ba bo ba neelwa thuto e e ba lebaganyeng ya ngwao ya Setswana. Thuto e, e ne e le ya go
rupa. Ba ne ba rutwa jaana ba kgaogantswe ka ditlhopha tse di farologanyeng gore ba kgone
go rutwa sentle. Go ne go nna le setlhopha sa basimane le sa basetsana. Ba ne ba rupa ba
farologantswe ka mafelo a borupelo. Thupiso ya basimane e bidiwa bogwera, fa ya basetsana
e le bojale.

Leina thupiso le tswa mo leineng /thupa/ ka gore thupa e ne e dirisiwa thata gone kwa go
rupeng go tsenya bana mo tseleng. Ka jalo thupiso ke sekolo se kwa go sone ngwana a neng a
tsenngwa mo tseleng, a rutwa tsela e e siameng ya botshelo, botho le ngwao ya segagabo.

Basimane le basetsana ba ba sa rupang ba ne ba sa letlelelwe go tsaya dikgang le ba ba


tswang go rupa. Go ne go dumelwa gore ba ba tswang go rupa nako e ntsi ba a bo ba tsere
dikgang ka go rupa, ka jalo yo o sa tsweng go rupa ga a tshwanela go utlwa dikgang tsa gore
go dirwang ka thupiso ka e tshwanetse go nna sephiri kana maoma. Se, se bo se raya gore
bana ba ba golang ba sa ya go rupa ba felela ba se na kitso e e tshwanetseng ya ngwao ya
segabone, ka jalo ba bo ba tlhaela sengwe se setona mo kgolong ya bone, e bile ba nyadiwa
ke ba ba rupileng le morafe ka kakaretso.

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e.


Fa o bona moithuti, ke eng go ne go le botlhokwa gore bana ba ye go rupisiwa?

Dikarabo tsa Tiro ya gago 1


Bontlha bongwe jwa se o se arabileng se tla senoga mo dikarabong tse. Sekole se,
se ne se le mosola ka gore:
• se ne se e fa banana boikarabelo
• se ne se tiisa ditlhaloganyo tsa banana gore ba tie ba kgone go
emelana le diemo tsa botshelo ka kakaretso.Thupa e e neng e dirisiwa
phetelela e e ne e ba ruta go itshoka ka gore bontsi jwa nako ba ne
ba betswa ba sa senya sepe. Akanya moithuti gotwe ba ne ba rutwa
molao fa ba fetsa ba a kgwathisiwa gore o tsene mo go bone.
• se ne se tsweledisa ngwao.
• se ne se thusa banana ka kitso ya ditsela tsa itshetso
• se ne se e fa barupisiwa seriti sa gore ba itse gore jaanong ke bagolo.

12
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

• Bogwera bo ne bo tsisa botsalano jwa semophato magareng ga


batho ba ba rupang mmogo ka gore ba ne ba felela ba itse gore batho
ba mophato wa bone ke bomang le ditiro tsa morafe di ne di dirwa ka
mephato.
• Ba ne ba rutwa segolobogolo go itshokela botlhoko. Akaya moithuti
gore ba ne ba kgaolwa letlalo la bonna go sa bolawa bogatsu ka sepe.
Go tsweng foo dintho tsa teng ba ne ba ikoka ba sa nwe dipilisi dipe
tse di okobatsang botlhoko.

2.0 Tsamaiso ya bogwera le bojale


2.1 Bogwera
Moithuti, pele ga re ka tswelela, a ko o bolele ka seele se le sengwe gore o itse eng ka tsamai-
so ya bogwera:
________________________________________________________________

________________________________________________________________
Bogwera
Ke sekole sa go rupa se se neng se iwa ke basimane ba dingwaga tse di fa gare ga
lesome le botlhano le masome a mabedi go ya go rutiwa botshelo.

Tiro ya gago 2

Tsaya metsotso e meraro go araba dipotso tse:


1. Bogwera go tewa eng?
2. Bogwera bo ne bo iwa ke bo mang?

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 2


1. Bogwera go tewa thuto e basimane ba neng ba e fiwa mo ngwaong ya Setswana
go ba baakanyetsa botshelo jwa segolo.
2. Bogwera bo ne bo iwa ke basimane.
Bogwera bo ne bo iwa ke basimane go tswa mo dikgotleng tse di farologaneng. Bo ne bo
iwa mariga mme bo aloge mariga a se na go fela. Pele ga basimane ba bolola go ya bogwera
ba ne ba phuthaganela kwa kgotleng go ya go laiwa. Borre ba lekgotla le kgosi ba ne ba a fa
basimane molao wa bogwera, ba bolelelwa go re ga bo motlhofo mme ba tshwanetse go ya
go itshokela phenyo. Morago ga go laiwa ba ne ba kgwathisiwa ka thupa ya moretlwa ba bo
ba bolodiwa. Mo nakong e ba ne ba bidiwa magwane. Bogwera bo ne bo iwa kwa nageng
kgakalanyana le motse. Koo basimane ba ne ba feta ba nna go ya ka dikgotlana tsa bone. Go
tswa foo ba ne ba ikagela metlaagana e ba nnang mo go yone.

13
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Morago ga go goroga jaanong go ne go tla nako ya go rupa tota. Rre wa ngaka yo o neng a
bidiwa rathipana o ne a ba kgaola letlalo le le fa tshimologong ya bonna. O ne a dirisa thipa
e e bogale. Go tswa foo o ne a ba tshasa molemo o o neng o bidiwa gotwe tshitlho. Go tswa
foo, ba ne ba nna ba ikoka go fitlhelela ba fola. Le fa go ntse jalo, ba ne ba dira ditiro tsa
bogwera go twe ba se ka ba korobela ba itse fa seo e tla bo e le go supa matepe. Fa ba le kwa
bogwera jaanong ba ne ba bidiwa magwera. Ba ne ba tlhola ba dira ditiro di tshwana le go ya
go ga metsi, go rwalela, go tsoma le tse dingwe. Ba ga bone le bone ba ne ba ba ema nokeng
ka go ba tlisetsa dijo. Dijo tse di ne di tsewa kgakajana le sekole ke badisa ba magwera ba ba
neng ba bidiwa makgajane/bokgaje. Go ne go na le ba ba neng ba ba ruta mme bone ba ne
ba bidiwa balobe. Ba ne ba rutiwa tse di latelang:
• go itse fa jaanong e le banna bongwana bo fedile
• gore fa ba nyala ba nyale basadi ba ba rupileng
• gore ba age fela mo dikgotleng tsa borraabone
• gore ba tlamele ba malwapa a bone
• go sa itsalanya le ba ba sa rupang
• ditiro tsa diatla jaaka go betla, go lema lego aga le tse dingwe.

Magwera a ne a itlosa bodutu ka go ithuta maboko, go tlhaba mainane le dithamalakane. Fa


gongwe ba ne ba dira motshameko wa go betsana ka dithupa/ sefetlho. Fa malatsi a ntse a
atumela gore ba fetse, ba ne ba tshasiwa letsoku go re ba nne borethe. Morago ga dilo tse,
bogwera bo ne aloga. Magwera a ne a gorogela kwa kgotleng ba laiwa lwa bofelo.Letsatsi le
le latelang ba ne ba fiwa leina la mophato ba bo ba boela gae.

Tiro ya gago 3

Dira tiro e mo metsotsong e e lesome


1. Tlhalosa mafoko a:
(a) Magwane
_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

(b) balobe
_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

14
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

(c) makgajane
______________________________________________________________

_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3


A re tshwantshanye dikarabo moithuti, o tshwanetse wa bo o arabile jaana:
(a) Basimane ba ba iseng ba aloge kwa bogwera
(b) Batlhokomedi ba bogwera ba ba bonang gore a bokgajane ba dira tiro sentle.
Ke gore re ka re ke bagokgo ba bogwera
(c) Batho ba ba rutang basimane ba bogwera

Jaanong a re lebelele thupiso ya basetsana. Re ele tlhoko ka fa thupiso e e farologanang ka


teng le ya makawana.

2.2 Bojale
Bojale go tewa eng moithuti? A ko o tlhalose ka mafoko a a gago.
__________________________________________________________________________

__________________________________________________________________________
Bojale go tewa sekole se se neng se iwa ke basetsana go ya go rutiwa ngwao.

Tsamaiso ya bojale
Bojale le jone jaaka bogwera bo ne bo iwa ka paka ya mariga. Jone bo ne bo direlwa mo
motseng. Go ne go tlhophiwa lelwapa le le rileng mo motseng e bo e nna lone le go
tshwarelwang bojale kwa go lone. Basetsana ba bojale ba ne ba itsesiwe gore ba ya go
rutuntshiwa go nna basaditia. Kwa bojale basetsana ba ne ba disiwa ke basadi ba baneng ba
bidiwa borradikgaratlhana ba bo ba fiwa dithuto ke ba ba neng ba bidiwa masoko. Majale
a ne a rutiwa tse dilatelang:
• go aga malwapa a a tiileng
• go ikobela lego tlhokomela banna ba bone
• go ruta bana ba bone maitseo
• go nna teng le go tsenya letsogo mo ditirong tsa motse
• Go dira ditiro tsa diatla jaaka go bopa, go loga, go roka le tse dingwe
Basetsana le bone jaaka magwera ba ne ba tsenngwa thupa morago ga dithuto dingwe le
dingwe. Le bone ba ne ba rupisiwa ka go segiwa mo kutung ya serope. Morago ga nako e e
rileng, tota morago ga mariga basetsana ba ne ba ipaakanyetsa go boela gae. Ba ne ba tlola
letsoku go re ba rethefale. Go tswa foo ba ne ba boela gae, ba gorogela kwa kgotleng ba fiwa
leina la mophato, ba laiwa ba bo ba boela gae.

15
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Tiro ya gago 4

Dira tiro e mo metsotsong e mebedi


Fa tlhaloso ya mafoko a a latelang:
1. Borradikgaratlhana
2. Masoko
3. Bojale bo ne bo iwa ka paka efe?

____________________________________________________________

4. Moithuti, go na le diphetogo dingwe tse di amileng thupiso. Bolela nngwe


ya diphetogo tseo moithuti.

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 4

1. Ke bomme ba ba disang bojale fa go ilwe go rupa gore batho ba se ka ba


atamela kwa lefelong la thupiso.
2. Masoko ke basadi ba ba rutang basetsana kwa bojale
3. Bo ne bo iwa ka paka ya mariga
4. Go kgaolwaletlao la bonna kwa dikokelong,go tsenwa dikiole tsa thuto ya
segompieno.

3.0 Diphetogo tsa thupiso


Thupiso e amilwe ke diphetogo tse di latelang:
• Batho ba lebela thupiso kwa tlase
• Bana ba tsena sekole ga go sa tlhole go kgonega gore ba ka tlogela sekole
dikgwedi ba ya go rupa.
• Ditsela tsa itshetso tse dineng di rutwa jaaka go betla, go tsoma, go suga matlalo,
ga di sa tlhole e le tsone tsa mmangmang, ka jalo thuto ya teng ga e mosola jaaka
pele.
• Sekole sa gompieno se tseetse thupiso maemo mo go baakanyetseng bana
botshelo jwa ka moso.
• Batho bangwe ba tsaya fa thupiso e sa tlotle batho ka go ba sega dikarolo dingwe
tsa mmele le go ba betsa ka jalo ga ba e kgatlhegele
• Batho ba kgona go ya go rupa ba godile
• bangwe ba bona go le botoka go kgaola matlalo a bonna kwa dikokelong

4.0 Kamano ya barupisi, barupisiwa le HIV le AIDS


Go ka diragala gore fa go se na kelotlhoko e e tseneletseng mogare wa HIV le AIDS o aname
fa gare ga batsayakarolo kwa thupisong.

16
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

O akanya gore ke eng se se ka anamisang mogare mo batsayakarolong?


__________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Dingwe tse di ka dirang gore mogare o aname ke tse di latelang:


• Fa ngaka e e rupisang magwera e ba sega ka thipa e le nngwe
• Barupisiwa ba ka tshasana melemo mo dinthong mme ba tsenyane mogare.
• Barupisi ka sebele e ka re ba sega barupisiwa ba bo ba sa itshireletsa ka diatlana,
mme ba ba ba rupisang ba na le one.

Moithuti, tseo ke ditsela dingwe tse di ka dirang gore mogare wa HIV o aname fa gare ga
batho ka nako ya thupiso. Kana kgang ke gore, bogologolo mogare o o ne o seyo, ke sone se
batho ba neng ba ka tshwara madi a ba bangwe fela go se na molato. Malatsi a ga e sa tlhole
e le a maloba, segajaja se gaketse. Ke sone se mo bogompienong thupiso e direlwang kwa
dikokelong. Le fa basimane ba nna kwa sekgweng, mme go segwa gone go dirwa ke dingaka.
Go setse go bonetse mo dipatlisisong tsa ba bongaka gore fa go dirwa jaana, kanamo ya
mogare e a fokotsega.

5.0 Diane le maele a a amanang le thupiso


Go na le maele le diane tse di amanngwang le thupiso. Dikapuo tse di ka tswa di amana
le thuto ya thupiso ka go bo di tlhametswe mo go yone kana di sedimosa sengwe ka yone
morago ga e se na go diragadiwa.

Moithuti, tswa ka seane se le sengwe se o akanyang fa se amana le thupiso:


___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Ee! Ke dumela o ka tswa o rile” Bogwera go rupa jwa thupa”


Fa o arabile jalo, o tshwere.

Jaanong a re tswelele re sekaseke diane le maele ao. Mangwe a one ke a a latelang:

• Bogwera bo senang kgajane bo wela ka lemena - go ne go tlhalosiwa bomosola


jwa boeteledipele kwa bogwera gore fa go se na yo o eteletseng pele, thupiso ga e
tsamae sentle.
• Senamphatshwana sa morwadiakgosi se bonwa mogang bojale bo aloga- go
ne go supiwa gore mosadi tota ke yo o rupileng. Tota ke ene yo o neng a le mo
seemong sa go ka nyalwa ka a tiisitswe ke thupiso.
• Lefoko la kgosi le agelwa mosako - seane se se ne se dirisiwa thata kwa
thupisong, go rotloediwa barupisiwa go itse fa ba tshwanetse go tlotla dikgosi tsa
bone.

17
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

• Bogwera go rupa jwa thupa- e ne e le kgothatso mo go bone gore le fa e setse e


le batsadi ba tsenye molao mo baneng ba bone ka thupa, ka go ba itaya.
• Go aloga le mephato yotlhe- ke fa motho a sa ikitse gore a o motona a dira dilo
tse di dirwang ke batho ba bannye

Tiro ya gago 5

Bolela diane tse dingwe tse pedi tse di ka dirisiwang mo thupisong:


_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 5

1. Molao go tsena wa thupa


2. Molemo go tsena wa logare. Seane se se raya gore selo se motho a se
ithutileng ka bothata a itewa ga a se lebale. Se se ne se dirwa thata kwa go
rupeng.

Tshoboko
Moithuti, re ka soboka thuto ya rona jaana:
• Se lebale gore thupiso ke sekole sa basimane le basetsana se ba neng ba se ya go
ya go rutwa melao ya Setswana, maikaelelo e le go ba tiisa.
• Thupiso e ne e iwa ke batho ba dingwaga tse di fa gare ga lesome le borataro le
masome a mabedi.
• Thupiso ya basadi e ne e bidiwa bojale fa ya banna e ne e bidiwa bogwera.
• Kwa thupisong, barupisiwa ba ne ba fiwa dithuto tse di tseneletseng jaaka, go
godisa bana, go tsoma, go tlhokomela malwapa le tse dingwe.
• Thupiso e na le diane dingwe tse di amanang le yone jaaka se se reng: Bogwera
go rupa jwa thupa.
• Tsela ya go rupisa e ne e na le ka fa e ka bayang batho mo diphatseng tsa go ka
tsenwa ke mogare wa HIV. Jaaka fa rathipana a ne a sega basimane a sa rwala
diatlana, gongwe a na le mogare, o ka mo ama, kana ene a o anamisa.
• Re supile fa thupiso e fetogile gompieno, go sega letlalo la bonna go direlwa kwa
dikokelong.
• Re lemogile gore thupiso e ne e le mosola gore e ne e dira gore batho fa ba tswa
koo ba kgone go tsaya boikarabelo ka ba a bo ba rutilwe e bile ba tiile e sa tlhole
e le bana.

18
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

A re ikgakolole 2 Matshwao [20]

A re arabe dipotso tse go ithutuntsha moithuti:


1. Ka ntlha e le nngwe tlhalosa mosola wa thupiso:
______________________________________________________________________
[2]
2. Bolela tiro ya ba ba latelang kwa thupisong:
(a) Masoko :__________________________________________________________
[2]
(b) Makgajane:
______________________________________________________________________
[2]
______________________________________________________________________
[2]
(c) Borradikgaratlhana
______________________________________________________________________
[2]
3. Fa magwera a se na go segiwa a ne a tshasiwa_________________________________
[2]
4. Kwala diphetogo di le tharo tse di amileng thupiso o bo o supe gore a o bona di siame
kana di sa siama:
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________
[6]
5. Fa diane tse pedi tse di amanang le thupiso:
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

[4]
Itse gore fa o fetile 50% o lekile. Mme o rotloediwa go fetisa foo.

19
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Thuto 3
Lenyalo

i Tshedimoso
Moithuti, re sa tswa go bua ka thupiso mo thutong e e fetileng. Ke eletsa o ka gakologelwa fa
re buile gore thupiso le lenyalo di a amana ka jaana fa motho a rupile mo Setswaneng go ne
go dumelwa fa jaanong a godile mme e bile a le mo seemong sa go ka nyala kana a nyalwa.
Jaanong re a tswelela ka thuto ya nyalo. Jaanong mo thutong e , re tlile go tlhaloganya se tota
nyalo e leng sone re lebeletse thata tsamaiso ya yone. Fa re buisana ka lenyalo re tla a bo re
itebagantse le kgang ya gore tota lenyalo ke eng le gore le supa eng. Merafe e farologana ka
fa e tsamaisang nyalo ka teng mme re tsile go lebelela ka fa mengwe ya yone e tsamaisang
ka teng. Go na le diphetogo tse dintsi tse di diragetseng mo nyalong mme re tsile go lebelela
gore diphetogo tse, di amile nyalo jang.

Maikaelelo a Thuto e
A re lebelele maikaelelo a thuto e:
Kwa bofelong jwa thuto e, o solofelwa go bo o ka kgona go:
• tlhalosa lenyalo le bokao jwa lone.
• nankola tsamaiso ya lenyalo go ya ka dingwao tse di farologaneng.
• supa kamano ya lenyalo le thuo ya dikgomo.
• sekaseka diane tse di amanang le lenyalo.
• tlhalosa boikarabelo jo bosa jo bo lebaneng ba losika ka go farologana.
• tlhalosa ka fa nyalo e fetogileng ka teng o bo o sekaseka gore diphetogo tse di
amile basa jang.
• Tlhalosa mananeo a a teng a a ka dirisiwang go fa basha bogakolodi.

Diteng
1.0 Lenyalo le bokao jwa lone. 21
2.0 Tsamaiso ya lenyalo go ya ka dingwao dingwe. 22
3.0 Kamano ya nyalo le thuo ya dikgomo 24
4.0 Diane tse di amanang le nyalo. 24
5.0 Maikarabelo a ba losika mo banyalaning. 25
6.0 Diphetogo tsa nyalo le ka fa di amileng baša ka teng. 26
7.0 Mananeo a a ka dirisiwang go fa baša bogakolodi. 27
Tshoboko 28
A re ikgakolole 3 28

20
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

A jaanong re tsene mo thutong ya rona.

1.0 Lenyalo le bokao jwa lone


Moithuti, go ya ka wena tota lenyalo go tewa eng e bile le supa eng? Akanya ka se moithuti.
___________________________________________________________________________

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e le masome a mabedi go dira tiro e.


Moithuti, a ko o nne le baithuti ka wena fa fatshe le bolele bokao jo bongwe jo
bo ka ntshiwang ke nyalo.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1


• Lenyalo le ka kaya tswelediso ya losika. Se moithuti se raya gore fa
batho ba nyalana, go solofelwa gore ba oketse lesika ka go nna le
bana.
• Le kopanya masika.
Moithuti a ko o bolele gore tota wena o akanya le ka kopanya masika jang:
___________________________________________________________________

___________________________________________________________________
O ka tswa o rile le tshwaraganya masika oora monna le oora mosadi go simolola go
nna lesika le le lengwe.
Fa o kwadile jalo, o tshwere.

Lenyalo Le bopa botho jwa motho: Lenyalo le dira gore motho a fetole botho, a
ikgakologelwe gore jaanong o tshwanetse go supa boitshwaro jo bontle le jo bo eletsegang.
Lebelela bokao jo bongwe gape moithuti. Ke jone jo bo ka go arabelang dipotso tse di fa
godimo.

21
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Lenyalo le kaya kgodiso ya bana

Gantsi bana ba ba pataganelwang ke batsadi ba babedi ba ba ruta molao, ba gola motlhofo.


Lenyalo le na le gore le dire batsadi go tsaya boikarabelo jwa go godisa bana ba bone ka go
ba ruta boitshwaro jo bo amogelesegang.

2.0 Tsamaiso ya nyalo go ya ka dingwao tse dingwe.


Moithuti, a ko o kopane le baithuti ka wena le buisanye ka fa dingwao dingwe di tsamaisang
nyalo ka teng.

Fa o ka akanya sentle o ka lemoga gore e le ruri dingwao tsa merafe ka go farologana di


tsamaisa lenyalo ka ditsela tse di farologaneng. Dingwe tsa ditsamaiso tseo ke tse di latelang:

2.1 Peelelo/peo lotlhokwa


Peeletso kana go tlhoma lotlhokwa ke fa lekolwane le ikaya ka gontsha sengwe gore le batla
go nyala kgarebe. Dingwao dingwe di supa fa se e le tsela ya monna ya go itshupa ka go
direla lekgarebe sengwe kgotsa a itsise batsadi fa a eletsa go nyala ngwana wa bone. Merafe
mengwe e ka ne e sale e mo tlhophile a sale lesea fa mo go e mengwe lekau le ka mo tlhopha
a setse a lekane go ka nyalwa. Peeletso mo malatsing a o ka re e a nyelela.

2.2 Patlo
Merafe ya Botswana ka bontsi e dira patlo. Patlo ke fa boora-mosimane ba isa mafoko kwa
boora-mosetsana go kopa sego sa metsi kana mosadi. Mo merafeng ka bontsi kgato ya ntlha
mo lenyalong ke yone Patlo. Fa batsadi ba mosimane ba se na go tsisa mafoko mme botlhe ba
dumalana ke lenyalo, go dumalanwa ka letsatsi la patlo. Mo patlong go na le tse
boora-mosimane ba solofelwang go di dira jaaka go rekela mosetsana le mmaagwe diaparo,
go ntsha kgomo kana podi ya patlo le tse dingwe. Mo kgannyeng ya gore go ntshiwa eng mo
patlong, go na dipharologanyo tse dintsi go ya ka merafe. Mo merafeng e mengwe go ntshiwa
bogadi gone ka lone letsatsi la patlo. E ntse e le gone fa, go na le merafe e e leng gore yone
ga go ntshiwe sepe.

Moithuti buisanya le baithuti ka wena gore mo morafeng wa lona a go na le patlo. Fa e le


teng, e dirwa jang?
Go a itumedisa go utlwa ka gore morafe wa lona o tsamaisa jang patlo.

2.3 Bogadi
Bogadi go tewa seelo kgotsa selekanyo sa dikgomo tse di fiwang boora mosadi ke boora
monna go ba lebogela fa ba ba abetse ngwana wa bone. Motho wetsho! gore dikgomo di nna
kae ka palo le gone go farologana ka merafe. Palo ya tsone e simologa mo go tse pedi go ya
kwa go borobabobedi. A re tsee dikai ka merafe mengwe. Re itse gore gantsi kwa
GammaNgwato fa ba nyalana ga ba ntshe bogadi mme fa ba nyalelwa ke ba morafe o sele
bo a ntshiwa. Kwa Kgatleng le gone bogadi bo ntshetswa kgomo tse nne go ya kwa go tse

22
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

thataro mme fa ba nyalelwa ke motho wa morafe o sele ba kgona go di oketsa go ya kwa go


borobabobedi. Mo mafelong a mangwe jaaka kwa GaNgwaketse, kwa Mokwena, le bo
Borolong go ntshiwa kgomo di robabobedi. Le fa gontse jalo go itsiwe gore mo morafeng wa
gore go ntshiwa dikgomo tse kana, malapa le one a kgona go tswa ka palo e ba e batlang. Ke
sone se o kgonang go utlwa golo gongwe gotwe go tulwe boora-monna ba ntshe bogadi jwa
dikgomo di le lesome kana go feta.

Lebelela setshwantsho se se fa tlase o bo o araba dipotso tse di se latelang

Setshwantsho sa banna ba thiba dikgomo tsa bogadi di le nne.

2.4 Mokete le go isa mosadi/ngwetsi


Moithuti, a o kile wa tsenelela mokete wa lenyalo? Ke kopa gore o bue ka se o neng wa bona
se diragala mo moketeng oo.
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Ke dumela fa o buile ka dilo di tshwana le go bina,megolokwane, go laya banyalani


kana tsamaiso ya go gorosa ngwetsi.

A re ithute mmogo jaanong ka seo.

Mo merafeng ka bontsi mosadi o ne a isiwa morago ga letsatsi la mokete wa lenyalo. O ne a


rwalelwa dithoto ke bomme ba ba nyetsweng, ba eteletswe pele ke mmamalome. Go le gantsi
mmamosetsana o ne a sa tsamae le bone. O ne a ka tla morago ga malatsi go ya go bona fa
ngwana a gorogetseng teng. Ba ne ba feta ba amogelwa ka meduduetso e megolo ke bomme
ba ba nyetsweng. Go le boitumelo tota, mme go a bo go dirilwe moketenyana wa boitumelo
mme le gale o o seng kana ka wa lenyalo.

23
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

3.0 Kamano ya nyalo le thuo ya dikgomo


Mo Setswaneng, dikgomo le nyalo di amana fela thata. Tota re ka re fa di seyo, lenyalo le
latlhegelwa ke boleng, e nna moka le seyong. Fa o se na dikgomo, go thata gore o ka nyala.
Go le gantsi dikgomo le nyalo di amana ka tsela e e latelang:
• di ntshiwa e le seelo sa bogadi mo go boorra-mosetsana.
• di tlhabiwa mo nyalong go jewa nama.
• di ka fiwa bannyalani e le dimpho tsa go itshimololela motse wa bone.
• fa gongwe go ka ntshiwa kgomo ya tlhagela e e ntshediwang booramosetsana go
bo mosetsana a digilwe lebele pele ga nyalo.
• mo merafeng e mengwe boora mosetsana ba ka fa boora mosimane kgomo go ya
go eja. E bidiwa perepetsha bangwe ba re ke serufo.

Kamano e ya dikgomo le lenyalo e re supetsa fa Batswana ba tsaya lenyalo e le selo sa


botlhokwa e bile le tlotlega thata, ke sone se go dirisiwang dikgomo ka gore Motswana o
tseela kgomo kwa godimo. Kana moithuti le tsone dirwe tsa kgomo ya lenyalo go na le kafa
di abiwang ka teng malome, rakgadi, mmamosetsana ba na le dirwe tse di ba lebaneng mo go
yone kgomo e.

4.0 Diane tse di amanang le nyalo


Gantsi mo nyalong go a tle go dirisiwe diane dingwe go laya, go kgothatsa le go gakolola
banyalani. Selo se, se a bo se direlwa go ba tiisa gore ba tle ba age lelwapa la popota. Dingwe
tsa diane tsa teng ke tse di latelang:
• Mogwe lekaba ga a tsofale- fa go a bo go gakololwa ene rre yo o nyalang gore a
itse fa a tshwanetse gore a tle go tlhokomela bagwagadiagwe ka go sa lapa pelo.
• Mosaditshwene o jewa mabogo- monyadiwa o ne a gakololwa go itse fa mosadi
a bonwa ka ditiro tsa gagwe e seng ka bontle fela.
• Mosadi galase, o a thubega - monna o ne a rotloediwa go tla go tlhokomela
mosadi wa gagwe ka lorato go na le go mo keteka.
• Monna selepe, o rema ka batho botlhe- go ne go itsisiwe monna gore a itse fa a
tshwanetse go thusa le mo ditirong tsa kgotla ya bone e seng kwa ga gagwe fela.
• Korwe ke je, ke bapalela tsetse - monna o ne a rotloediwa go tsisa dijo mo
lelwapeng go thibela tlala.
• Mmamotse o bonwa mantlwaneng- motho fa a tla nna mosadi tota wa go ka aga
motse o rotloediwa gore a itshupe a sa le monnye.

24
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Tiro ya gago 2

Dira tiro e mo metsotsong e mene


(a) Thuo ya dikgomo e amana jang le nyalo?
_____________________________________________________________
_____________________________________________________________.
(b) Kwala seane se le sengwe se se amanang le nyalo.
_____________________________________________________________
_____________________________________________________________.
(c) Bolela gore seane seo se ne se dirisediwa go reng.
_____________________________________________________________
___________________________________________________________
Dikarabo tsa Tiro ya gago 2

Moithuti ke dumela fa o arabile sentle. O ka tswa o supile fa dikgomo di amana le


thuo ya dikgomo ka di ntshiwa e le seelo sa bogadi. Mo dianeng o ka tswa o file
seane se se reng: mogwe lekaba ga a tsofale. Tota fa o arabile jalo o tshwere. Se
lebale go itlhola bokgoni ka go tshwantshanya dikarabo tsa gago le se se mo
dintlheng.

5.0 Maikarabelo a ba losika mo banyalaning


Go botlhokwa thata mo Setswaneng gore e re morago ga lenyalo, botsadi jo e leng losika
lwa banyalani bo tseye boikarabelo jwa go godisa bana ba bone mo nyalong. Botlhokwa jwa
kgang e ke go ema bone banyalani nokeng gore ba se ka ba tsaya go re ba latlheletswe. Se, se
ne se dirwa jaana:

5.1 Malome
• O ne a etelela pele lenyalo la setlogolo
• O ne a amogela bogadi
• O ne a laya setlogolo
• O ne a ntsha kgomo e e tlhabiwang mo moketeng wa lenyalo
• Mo merafeng e mengwe fa setlogolo se nyala malome o tlamega go ntsha kgomo
go tlatsa dikgomo tsa bogadi, e bidiwa kgomo ya ketapele.
• O ne gape a tlamega go rekela setlogolo sa mosetsana diaparo tse a di aparang ka
letsatsi la lenyalo ene a ba a tla a fiwa dikgomo mo go tsa bogadi

25
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

5.2 Mmamalome
• O ne a etelela pele merero ya patlo
• O ne a laya setlogolo
• O ne a apesa setlogolo
• Ke ene a amogelang dilwana tsa monyadi fa di tsisitswe ke boora mosimane

Gantsi bogadi bo dirwa mokete go itumelela lenyalo le go fa setshaba nako ya gore ba bone
banyalani. Go tswa foo merafe mengwe e tlhopha batho bangwe ba ba tlotlegang mo losikeng
go isa mosadi. Mo merafeng ka bontsi botshosoerweleng mo tirong ya lenyalo ke ba ba
latelang:

5.3 Rangwane
Rangwane – o ka thusa malome go tsamaisa lenyalo kana a etelela pele fa malome a seyo.
O bua dikeletso tsa ga ramosetsana yo go le gantsi a sa solofelweng go fetodisana thata le
bagwe fa go sa ntse go rerwa lenyalo.

5.4 Rakgadi
Mo merafeng e mengwe rakgadi fela jaaka malome o na le se a se dirang mo go nyadiseng
ngwana wa ga kgaitsadie.
• O thusa mmamalome go apesa monyadiwa
• Mo merafeng e mengwe, le ene fela jaaka malome, o rekela mosetsana mosese o
a o aparang ka letsatsi la lenyalo
• Rakgadi- le e ne o thusa go laya monyadiwa

5.5 Mmangwane
Le ene o ka laya mosetsana kana a tsaya karolo mo go apeseng. Mme gantsi mmangwane o
laya ngwana wa mosetsana kwa bothokong, a mo tlhalosetsa dilo tse di ka se keng di buiwe
fa gare ga batho. Dilo tse di neng di buiwa ka puo e e bofitlha, fa go laiwa ke ene a di
ranolang.

6.0 Diphetogo tsa nyalo le ka fa di amileng baša ka


teng
Moithuti, a ko bolele go re fa o lebile, nyalo gompieno e fetogile jang:
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

26
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Nyalo e fetogile gompieno, ga e sa tlhole e tshwana le pele. Diphetogo tse di amile baša ba ba
tsenang mo nyalong gompieno. Diphetogo tse ke tse di latelang:
• Go na le boikgethelo jwa banyadisi e ka nna kwa ga molaodi kana kwa kerekeng
ka jalo seabe sa batsadi mo go nyadiseng banana se fokotsegile.
• Ka jalo le fa ba sa utlwane ba kgona go tlhoka moletlanyi ka ba ise ba tsenye
bagolo kwa tshimologong.
• Ka jaanong banana ba itlhophela balekane ba kgona gore ba iphitlhele ba
tlhophile motho yo o senang botho lenyalo le be le fela ka bonako.
• Go kgonega gore go ntshiwe bogadi jwa madi e seng dikgomo jaaka pele.
• Bangwe ba kgona go nyala ba sa ntsha bogadi. Go nyala ba sa ntsha
bogadi go ka lere go inyatsa mo monneng mme go mo ame ka tsela
nngwe, fa gongwe mosadi o ka mo kgoba ka gone go re ga a ntsha sepe
mo go ene.
• Baša ba kgona go inyadisa kwa ntle ga kitso ya botsadi.

7.0 Mananeo a a ka dirisiwang go fa baša


bogakolodi
Mo Botswana go na le mananeo mangwe a a ka dirisiwang go fa baša bogakolodi. Maikaelelo
ke gore, ba se ka ba tsena mo nyalong ba sa itse se ba se dirang.

Mananeo mangwe a a ka dirisiwang go fa baša bogakolodi a akaretsa a a latelang:


• Mekgatlho ya baša (youth clubs)- e fa banana bogakolodi ka go sa nna
matlho-matlho, go nna boikanyego mo botsalanong le mo nyalong. Mekgatlho e,
e dira metshameko e e rutang.
• Lekgotlana la baša (Botswana National Youth Council- BNYC)- Le fa banana
bogakolodi ka go ikgapha mo dipolaanong tsa baratani gammogo le go
itshireletsa mo malwetseng a tlhakanelo dikobo.
• Dikole tsa thupiso- Di ruta boitshwaro le boikarabelo mo go ageng lelwapa le le
tiileng.
• Makgotla a banyalani- A gakolola banyalani go dirisanya sentle ka tlotlano le go
tshephana.Lengwe la one ke la Botswana Family Welfare Association. (BOFWA)
• Dikereke tse dingwe le tsone di fa banyalani dikgakolo pele ga ba tsena mo
lenyalong

Moithuti, makalana a botlhokwa fela thata mo go feng bogakolodi. Mangwe a one a a tle a
nne le dithuto seka-dipuisano tse mo go tsone ba a bong ba ruta basa ka tsamaiso ya botsalano
fa gare ga bone go fitlhelela ba tsena mo nyalong. Bangwe ba ba setseng ba tsene mo
lenyalong mme ba na le mathata le bone ba ka thusiwa go leka go ba agisanya.

Moithuti, batlisisa kwa motlobong wa dibuka ka dipharologanyo tsa tsamaiso ya lenyalo go


ya ka merafe e e farologaneng mo Botswana. Tla o bontshe morutuntshi tiro ya gago.

27
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Tshoboko
Moithuti a ko re soboke thuto ya rona ka bokhutshwane. O ele tlhoko ka jaana se, se tla go
thusa go tlhaloganya le go gakologelwa se o ntseng o tla o se ithuta. Re ithutile go re:
• Lenyalo ke fa monna le mosadi ba tshwaraganngwa ka molao ba bo ba aga
mmogo
• Nyalo e farologana go ya ka merafe mo Botswana. Sekai: merafe mengwe jaaka
Bakgatla e ntsha bogadi fa wa Bangwato o ne o sa bo ntshe.
• Nyalo e mosola ka jaana e fa ba ba tseneng mo go yone seriti.
• Ka ntlha ya gore ditlhalo di atile go botlhokwa gore basha ba fiwe dithuto ka ga
lenyalo pele ga ba tsena mogo lone, mananeo mangwe a teng a a ka fang basa
bogakolodi mabapi le nyalo. Sekai ke la Botswana National Youth council
• Lenyalo le amilwe ke diphetogo dingwe tse di tshwanang jaaka ba bangwe ba
kgona go amogela bogadi jwa madi e seng jwa dikgomo.

Re weditse ka thuto ya rona ya lenyalo. O tshwanetse go gakologelwa go re lenyalo ke


tshwaragano ya rre le mme ka fa molaong. Sengwe sa tse re di supileng ke kamano ya
dikgomo le bogadi. Fela jaaka dikgomo e le tsone mmammang mo botshelong jwa
Motswana, le mo lenyalong di a dirisiwa ka e le tsone seelo sa bogadi. Batsadi ba
botlhokwa mo banyalaning ka ba ka ba fa bogakolodi go aga lelwapa la motia. Malome ke
ene tshosoerweleng mo tsamaisong ya nyalo. Lenyalo le amilwe ke diphetogo tse dintsi tse di
amileng basha jaaka go inyadisa le go palelwa ke go aga malwapa sentle.

A re ikgakolole 3
Matswao [15]
1. Lenyalo go tewa eng? ____________________________________________________
________________________________________________________________________
[2]
2. Bogadi gantsi e nna jwa:
_____________________________________________________________________
[1]
3. Bolela palo e gantsi e fiwang e le dikgomo tsa bogadi:
_____________________________________________________________________
[1]
4. Kwala diphetogo di le nne tse di amileng nyalo:
__________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
[4]

28
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

5. Bolela seabe sa ga malome mo lenyalong:


__________________________________________________________________________
[2]
6. Kwala seane sengwe se se amanang le nyalo:
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
[2]
7. Bolela mananeo a le mararo a a ka fang basha bogakolodi mabapi le tsa lenyalo:
__________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
[3]
Itshwaele
Fa o tshwere 60% go ya kwa godimo o ka fetela kwa thutong e e latelang.

29
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Thuto 4
Ditirelo tsa Phitlho

i Tshedimoso
Re sa tswa go ithuta ka lenyalo mo thutong e e fetileng. Ke tsaya gore o ithutile go le gontsi
segolo jang ka mosola le tsamaiso ya lone ka kakaretso. Jaanong re tsena mo thutong e nngwe
ya ngwao e bong ditirelo tsa phitlho.

Motho wetsho! Jaaka o itse loso re lo aparetse le kobo. Ke masaitseweng a a senang


botshabelo. Batswana ba tsamaisa diphitlho ka go farologana, go tswa fela go re ke morafe
ofe. A re tle re ithute mmogo ka ditirelo tsa phitlho.

Maikaelelo a Thuto e

Kwa bofelong jwa thuto e go solofelwa gore o bo o ka kgona go:


• tlhalosa gore phitlho ke eng.
• tlhalosa ka fa tsamaiso ya phitlho e kopanyang masika ka teng.
• tlhalosa seabe le maikarabelo a batho ba losika mo phitlhong.
• tlhalosa ka fa ditsamaiso dingwe tsa phitlho di ka nnang le seabe ka teng mo go
anameng ga mogare wa HIV le AIDS.
• nankola ditsamaiso dingwe tsa phitlho tsa setso le tsa metsenelela.
• tlhalosa ka fa ditsamaiso dingwe tsa phitlho tsa setso di kgethololang basadi ka
teng
• tlhalosa ka fa ditsamaiso tsa phitlho di farologanang ka teng mo merafeng ya
Botswana.

Diteng
1.0 Phitlho ke eng? 31
2.0 Tsamaiso ya phitlho ya seša le ya setso 31
3.0 Ditsamaiso tsa phitlho le kanamo ya HIV le AIDS 35
4.0 Ka fa ditsamaiso dingwe tsa setso tsa phitlho di kgethololang basadi ka teng 35
5.0 Pharologano ya ditsamaiso tsa phitlho mo merafeng ya Botswana 36
Tshoboko 37
A re ikgakolole 4 37

30
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Jaanong a re simolole thuto ya rona.

1.0 Phitlho ke eng?


Moithuti, ka mofoko a gago tlhalosa go re mo Setswaneng phitlho go tewa eng.
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

A o rile ke thulaganyo ya go robatsa kana go fitlhwa setopo sa yo o re tlogetseng? O kgonne.


Ke batla gore o ele tlhoko mafoko a ke a dirisang moithuti ka gore, loso ke selo se se
botlhoko mme gantsi re dirisa mafoko a a faphegileng go leka go timola botlhoko jwa lone.
Fa re ka dirisa mafoko mangwe le mangwe fela, re kgona go utlwisa ba ba tlhokafaletsweng
botlhoko. Ee, a re boele kwa tlhalosong ya phitlho.

Phitlho ke tiragalo kgotsa tirelo e mo go yone go a bong go fitlhwa motho yo o re tlogetseng/


yo o tlhokafetseng. Ka letsatsi le motho a tlhokafetseng ka lone, morafe o a itsisiwe, mme ba
losika ba simolole go rerisana ka tsa phitlho. Fa merero yotlhe e fedile le tsotlhe le
dipaakanyo tsotlhe di dirilwe, mmele wa moswi o epelwa lebitla o bo o robatswa mo go lone.
Selo se ke sone phitlho.

2.0 Tsamaiso ya diphitlho tsa seša le tsa setso


Moithuti ke solofela o kile wa tsenelela tirelo ya phitlho wa bona se se diragalang teng. Re
tsile go bua ka tsamaiso ya phitlho ya setso le ya sesa. O se ka wa tshwenyega fa se se
buiwang fa se farologana le ka fa o itseng ka teng mo morafeng wa ga eno. O ka tlaleletsa
kitso e o nang le yone ka se o tla se balang mo mothameng o.

2.1 Tsamaiso ya Tirelo ya phitlho ya setso


Mo ngwaong ya Setswana, go na le ka fa phitlho e neng e tsamaisiwa ka teng. A re bone gore
go ne go dirwa jang. Fa o le monana o tla itemogela gore a se se buiwang fa, ke ka fa o itseng
go fitlhwa ka teng kana nnyaa.

a) Pego ya loso
E ne e re fa motho a tlhokafala, malomaagwe a bo a itsise batho ba losika le morafe ka seru se
se oleng. Mangwe a mafelo a moswi a begiwang kwa go one ke kwa kgosing le kwa
gagabomogolo (kwa mmaagwe a tlholegang teng). Fa moswi e le mme yo o nyetsweng, go
ntshiwa motho go ya go bega kwa gagabo kana kwa bogwagwadi. Fa go sena go begwa, ba
losika ba ba gaufi ba phuthagana gone foo go tla go lekola ba lelapa le go ba thusa go
amogela se se diragetseng.

31
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

b) Paakanyetso phitlho
Morago ga go itsisiwe ka loso, go dirwa dipaakanyetso tsa phitlho. Ba losika ba a kopana
go buisana gore phitlho e ya go nna leng e bile e tla tsamaisiwa jang. Mo setsong moswi fa
a tlhokafala go le gompieno, o ne a ladiwa letsatsi le le lengwe fela. Go ne go nna tebelelo.
Tebelelo e ne e se jaaka o e itse gompieno moithuti. Moswi o ne a rapamisiwa mo ntlong. Ba
losika ba bo ba lala le ene ba mo lebeletse ka kelotlhoko go bona gore a tota ga gona sekai
sepesepe fela sa botshelo kgotsa go itshikinya gope fela mo a ka go dirang. Tebelelo e ne e
direlwa gore ba se ka ba iphitlhela ba fitlhile motho a tshela. Fa ba kgotsofetse gore ba mo
lebeletse, ke gone moswi a ka bewang mo motlhabeng o o metsi letsatsi lele lengwe gore a se
ka a senyega.

Mo mosong wa letsatsi la phitlho setopo se ne se ya go fitlhwa. Malome ke ene a thayang


lebitla la setlogolo le bo le epiwa ke banna ba ba bidiwang diphiri. Ba mophato wa moswi
ba ne ba tsamaya ba mo rwele ka mapako go ya mabitleng. Teng koo o ne a feta a fitlhwa
go bo go boelwa lwapeng. Go tswa foo batho ba ne ba fiwa dijo. Dijo tse di ne di bidiwa
maswe. Leina le le ne le tswa mo go reng dijo tsa loso di ne di sa lokiwe letswai, di jewa
di le bosula. Lebaka la go bo di ne di nna bosula ke go re go ne go dumelwa gore go mo
botlhokong e seng mo monateng. Morago ga go ja, go ne go phatlalalwa fa bangwe ba ne ba
sala ba tlhatswa dipitsa le diaparo tsa moswi. Ke gone mo nakong e rakgadi a neng a dira tiro
ya gagwe ya go beola baswelwa a bo a ba gatisa moswang kgotsa a ba phurisa magala. Go ne
go dirwa jaana go ntsha baswelwa sefifi. Mo merafeng e mengwe bana ba moswelwa ba ne ba
jesiwa bogobe jwa mosoko bo tlhakantswe le segwere se se bidiwang segwetshana, gape ba
ne ba apesiwa dibaga tse dintshonyana tse go tweng ke bolokwana. Fa mo go e mengwe ba
ne ba ngathisiwa setlhatshana sa mosiama/mosimama ba se tshotlha ba bo ba a kgwa mathe
a teng. Go ne go dumelwa gore mosiama o ya go ba siamisa dipelo tse di botlhoko tse tsa
bone se fokotsa kutlobotlhoko. Mo merafeng e mengwe morago ga malatsi go ne go tlhabiwa
kgomo ya tatodi kana mogoga e bo e jewa ke masika le ditsala.

c) Diphetogo tsa tsamaiso ya loso


Phitlho ga e sa tlhole e tsamaisiwa jaaka pele. Go nnile le diphetogo tse dintsi tse ke
solofelang le wena o di etse tlhoko. Mo malatsing ano go dirwa dingwe tsa tse di latelang:
• Go bewa ga moswi kwa setsidifatsing
• Go latolwa ka seromamowa
• Moswi o bewa sebaka se se telele a ise a fitlhwe
• Lenaneo la phitlho le nna le telele, go simolola fela ka pono ya moswi a bonwa
sefatlhego
• Go le gantsi tirelo e tsamaisiwa ke kereke go opelwa difela, go a rerwa
• Go nna le dibui tse dintsi le ditsala tota di bua ka botshelo jwa moswi
• Go jewa dijo tse di monate, di lokilwe.

2.2 Ka fa Phitlho e Kopanyang Masika ka Teng


Fa go nna le loso, batho ba losika ba a kopana go tla go dira tse ba tshwanetseng go di dira.
Dingwe tsa ditiro tse e ka nna go tla go gomotsa, go thusana go apaya, go tlhatswa dilwana
tsa moswi jalojalo.

32
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

2.3 Seabe sa Masika mo Phitlhong


Fa go le phitlho ba losika ba na le seabe mo tsamaisong ya lone. Lebelela fa tlase seabe sa
bangwe ba bone:

Malome Rakgadi Mmamalome


O latola moswi O beola baswelwa O laola go tlhatswiwa
O itsise batho ka loso lwa setlogolo. (o a ba roudisa) ga diaparo tsa moswi
O ka ba itsise le ka fa thulaganyao ya
phitlho e meng ka teng.

Go baakanya moswi go re a se ka a senyega


pele ga phitlho
O ne a mmaakanya ka go mo tshasa letswai
le go mmaya mo motlhabeng o o metsi.
O laola kgaoganyo ya dilwana tsa moswi
Ke ene yo o bayang letsatsi la go di aba.

O ntsha kgomo e e tlhabiwang mo losong


e e leng gore gape letlalo la yone , ke lone
le le neng le phutha moswi fa a fitlhwa
bogologolo.

Tiro ya gago 1
Tsaya metsotso e meraro go dira tiro e:
1 Dijo tsa loso di ne di bidiwa______________________________________
2. Tshosoerweleng mo phitlhong e ne e le_____________________________
3. Bolela seabe sa ga mmamalome mo phitlhong
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1


1. Maswe
2. Malome
3. Go laola go tlhatswiwa ga dilwana tsa moswi.

33
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

A ko re buisane. Bolela gore tsamaiso ya phitlho e fetogile jang mo bogompienong:


___________________________________________________________________

___________________________________________________________________
O ka tswa o rile e fetogile ka go re gompieno moswi o fitlhwa ka lekesi. O tshwere fa
o rile jalo.

Mo malatsing a gompieno, ka fa phitlho e tsamaisiwang ka teng go fetogile ga go tshwane le


bogologolo. Pele go ne go tsamaisiwa phitlho jaana:
• moswi o ne a fitlhwa ka letlalo
• o ne a bewa mo motlhabeng o o metsi gore a se ka a senyega
• o ne a ya mabitleng a kukilwe ka mapako
• dijo tsa loso di ne di sa lokiwe letswai
• bana ba ne ba sa tsenelele phitlho

Mo diphitlhong tsa segompieno moswi o:


• fitlhwa ka lekesi
• bewa kwa setsifatsing go re a se ka a senyega
• tsewa ka koloi go ya mabitleng
• dijo tsa loso di lokiwa letswai
• baswelwa ba bangwe ga ba roule
• phitlho e tsamaisiwa ke moruti e seng malome
• bana ba tsenelela phitlho

Tiro ya gago 2

Dira tiro e mo metsotsong e mebedi:

Fa diphetogo di le pedi tsa tsamaiso ya phitlho bogologolo le di le pedi tsa


segompieno

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 2


1. Go jewa dijo tse di monate
2.Moswi o bewa nako e telele a ise a bolokwe

34
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

3.0 Ditsamaiso tsa phitlho le kanamo ya HIV le AIDS


Go ka diragala go re ka fa phitlho e tsamaisiwang ka teng go dire gore mogare wa HIV le
AIDS o aname. Fa o bona ke dife tsa tse di o di itseng di dirwa tse di ka oketsang kanamo ya
mogare?

Tiro ya gago 3

Tsaya metsotso e le mebedi go araba potso e:

Ka mafoko a gago, tlhalosa gore, mogare wa HIV le AIDS o ka anama jang fa


gare ga ba ba beolwang.
_______________________________________________________________

_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3


Karabo ya gago e ka tswa e le go re motho yo o beolang o ka sega yo mongwe ka
legare a bo a beola yo mongwe gongwe a na le ntho ka jalo mogare o ba ame.

Jaanong a re lebelele dintlha tse dingwe mabapi le kgang e .


• Fa go tlhapisiwa setopo motho wa teng a se na lebaka a tlhokafetse, fa e le gore o
na le mogare mme ba ba mo tlhapisang ba sa rwala diatlana, o ka fetela mo go
bone.
• Motho yo o beolang fa a sa rwala diatlana o ka fetisetsa mogare mo go ba a ba
beolang fa a na le one.
• Dilwana tsa moswi fa di na le matute a mmele wa gagwe mme a ne a tshela le
mogare, ba ba di tlhatswang ba ka tsenwa ke mogare fa ba sa dirise diatlana.

4.0 Ka fa ditsamaiso dingwe tsa setso di


kgethololang basadi kateng
Go na le gore tsone ditsamaiso dingwe tsa phitlho di kgetholole basadi, lefa gongwe mai-
kaelelo a tsone e ne e se go ba baya ka fa mosing. A re di lebelele fa moithuti:
• Mo merafeng e mengwe fa go duwa phitlhong go supiwa bana ba moswi. Fa go
dirwa jaana go supiwa ba banna fela lefa go na le ba basetsana bone e bile ga ba
bidiwe ga ba supiwe.
• Fa go kgaoganngwa boswa, bana ba basimane ba fiwa dikgomo tse dintsi go na le
ba basetsana. Basimane ba fiwa dithoto tsa boleng jaaka didiba, masimo le
meraka, fa ba basetsana ba fiwa dilo tse di seng boleng jaaka dipoto le
dinkgwana. E bile go kgonega gore ngwana yo motona a neelwe taolo ya loruo
go bo go twe o tla tlhokomela mmaagwe le bomonnawe le bokgaitsadie, akanya
moithuti o tlhokomelwa jang ke ngwana o le mogolo? Mmaagwe o nna foo

35
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

jaanong sa gagwe e le go kopa mo go ene ngwana yo. Fa e le ngwana yo o


megagaru, go nna le bothata.
• Melao ya boswagadi e gagametse thata ka fa go bomme go na le borre.
• Basadi ke bone ba aparang bontsho fela borre ga ba apare diaparo tse di ntsho fa e
le sengwe rre o ka rwala hutshe mme ga go patelesege.

5.0 Pharologano ya ditsamaiso tsa phitlho mo


merafeng
Mo ditsamaisong tsa phitlho tsa merafe ya Batswana,bontsi jwa tsone di a tshwana. Merafe
yotlhe ya Batswana ba fitlha setopo fela ka fa tlase ga mmu. Jaanong pharologano e nna gore
go fitlhelwa kae. Mme go na le dipharologano fale le fale. Se se dirwang ke morafe o
mongwe kwa go o mongwe ga se dirwe. Gongwe le wena o itse ditsamaiso tsa morafe wa
lona tse di farologaneng le tsa morafe e mengwe. O ele tlhoko moithuti gore lefa di
farologana jaana, ga se gore dipe di botoka mo go dipe o amogele dipharologano tseo e le
dipharologano fela. A re lebelele dingwe tsa tsone fa tlase fa:
• Go na le merafe e e sa ntseng e fitlha baswi mo malwapeng, fa e mengwe e fitlha
kwa mabitleng.
• Mo merafeng e mengwe go tlamega gore mo godimo ga dijo, go apewe
bojalwa jwa Setswana e mengwe ga bo nne teng e bile ga bo letlelelwe.
• Mo merafeng e mengwe fa go fitlhilwe go a bo go feditswe, mme e mengwe go a
bo go sa ntse go tla nna le ditsamaiso tse dingwe tsa mogoga le tatolo kana go isa
setilo.

Tiro ya gago 4

Buisana le ba o ithutang le bone ba go tlhalosetse ditsamaiso phitlho tsa


morafe wa bone le wena o ba bolele ka tsa gaeno tse o di itseng lo di
tshwantshanye. O di kwale mo moalong tsa ga eno ka fa molemeng,tsa ba
bangwe ka fa mojeng.

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 4


Buisanang le setlhopha se o ithutang le sone ka dikarabo tsa lona go amogana
dingwao tse di farologanyeng.

36
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Tshoboko
Moithuti, re ka soboka thuto ya rona jaana:
• Tirelo ya phitlho ke ka fa phitlho e tsamaisiwang ka teng go fitlha moswi.
• Motho yo o tlhokafetseng o bidiwa serepa, setoto kana setopo.
• Dijo tsa loso di bidiwa maswe.
• Batho ba losika ba kopana mo phithong go tla go gomotsana, go rulaganyetsa
letsatsi la phitlho, go thusanya go phutha dijo tsa loso le go di apaya .
• Malome ke ene yo o di gogang kwa pele mo tirelong ya phitlho.
• Ditirelo tsa phitlho di fetogile gompieno. Moswi o ne a fitlhwa ka letlalo la
kgomo e ntsho bogologolo, mme gompieno o fitlhwa ka lekese.
• Ditsamaiso dingwe tsa ditirelo tsa phitlho di ka dira gore mogare wa HIV le
bolwetse jwa AIDS di aname mo bathong fa di sa elwe tlhoko. Sekai e ka nna go
dirisa legare le le lengwe go beola baswelwa.

A re ikgakolole 4
Mtashwao [17]
1. Phitlho ke eng? _________________________________________________________
[2]
2. Dijo tsa loso di bidiwa____________________________________________________
[1]
3. Ke eng baswi ba ne ba beolwa
___________________________________________________________________________
[2]
4. Tlhalosa ka ntlha e le nngwe e e supang go re moswi o nea babalelwa go re a se ka a
bola
___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________
[2]
5. Tshosoerweleng mo tirelong ya phitlho e ne e le mang?__________________________
[1]

6. Seabe sa ga mmamalome mo losong e ne e ne e le eng?_________________________

___________________________________________________________________________
[2]

37
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

7. Kwala diphetogo di le pedi tse di amileng ditirelo tsa phitlho

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________
[4]
8. Bolela ditsela di le tharo tse ditsamaiso dingwe tsa phitlho di ka dirang gore mogare
wa HIV le AIDS o aname ________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________
[3]

Itshwaele- fa o tshwere 65% o dirile bontle, fa o le kwa tlase o ithutuntshe gape.

38
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Dikarabo tsa a re Ikgakolole

A re ikgakolole 1
Matshwao [20]
1. Botsetse ke fa mme kgotsa lekgarebe ba beilwe fa go tikeditsweng ka go bo a bona
setswalo lantlha kana a tshotse ngwana. [2 ]
2. Mothei [2 ]
3. Go rafola
Go tshola ngwana [2 ]

4. Fa mmelegisi a belegisa o ka tshelwa ke madi mme a amiwe ke mogare wa HIV le
AIDS. [4]
5.
• Mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng.
• Mpuru o haretswe motsetse o ja ka letsogo. [4]

6.
• Mosadimogolo
• Matsalaagwe motsetse. [4]

7. Go tlhokomela ngwana mo malwetseng. [2]

A re ikgakolole 2
Matshwao [20]
1. Thupiso e ne e e fa barupisiwa seriti [2]
2. (a) Masoko- ba ne ba ruta majale [2]
(b) Makgajane - Ba ne ba ruta magwera [2]
(c) Borradikgaratlhana- Ba ne ba disa majale [2]
3. Tshitlho [2]
4. Batho ba nyatsa thupiso
• Thupiso e dirwa kwa kokelong ga e dirwe ke rathipana jaaka pele
• Batho ba kgona go ya thupisong ba godile.
• Sekolo ga sa segompieno ga se kaye fa se agaga boitshwaro [6]
5. Bogwera bo se nang kgajane bo wela ka mosima
Bogwera go rupa jwa thupa [4]

39
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

A re ikgakolole 3
Matshwao [15]
1. Tshwaragano ya monna le mosadi go aga lelwapa ka fa molaong. [2]
2. Dikgomo [1]
3. Di fera bobedi [1]
4. Gompieno basha ba kgona go inyadisa go se na batsadi
• Batho ga ba ntshe bogadi
• Dingwetse ga di utlwanele bo matsale
• Fa gongwe go ntshiwa bogadi jwa madi [4]
5. Malome o amogela bogadi [2]
6. Monna selepe o rema ka batho botlhe [2]
7.
• Lekgotla la banana (BNYC)
• Mekgatlho ya banana
• Makgotlana a malwapa (BOFWA) [3]

A re ikgakolole 4
Matshwao [17]
1. Phitlho ke fa go fitlhiwa kgotsa go katelwa yo o re tlogetseng mo mmung. [2]
2. Maswe. [1]
3. Go ba ntsha sefifi . [1]
4. O ne a bewa mo motlhabeng o o metsi pele ga phitlho. [2]
5. Malome. [1]
6. Go bona fa dilwana tsa moswi di tlhatswiwa. [2]
7.
• Moswi o fitlhwa ka lekesi
• bewa kwa mmošareng [4]
8.
• Go beola baswelwa ka legare le le lengwe
• Go nna botlhaswa ga ba ba mo phitlhong ba tlhakanela dikobo ntle le itshireletso
• Go sega baswelwa ka legare le le lengwe ba alafiwa ke ngaka ya setso [3]

40
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

Metlobo

Mogapi Kgomotso,(1980); Sefalana sa ditso tsa Setswana. Gaborone; Longman Botswana


Mogapi Kgomotso, (1998): Ngwao ya Setswana. Gaborone; Longman Botswana
Moncho N.K le Nyatshane G.K (1997): Segaetsho 2. Gaborone; Longman Botswana
Schapera. I, (1994): A handbook of Tswana Laws & Customs. Hamburg Lit

41
© 2018 BOU
BGCSE Setswana Mothama 12

42
© 2018 BOU

You might also like