Download as docx, pdf, or txt
Download as docx, pdf, or txt
You are on page 1of 13

SETSWANA 11/1

Pampiri ya ntlha 2024

Matshwao: 40 Nako: Oura le sephatlo

DITAELO

1 . Arabela dipotso tsotlhe mo pampiring ya dikarabo e o e filweng.

2 Fa go twe o simolole, o dire ka botswerere jo o bo kgonang. Se senye nako e ntsi mo


potsong e e go thatafalelang; e fete o arabe e nngwe mme e re kwa morago o bo o boela
kwa go yone.

3 O SE KA wa kwalela mo pampiring ya dipotso.

4 Tlhopha karabo ya potso nngwe le nngwe mo go tse nne tse di filweng o bo o taka
kgolokwe ya yone mo pampiring e e arabelang. Tlhomamisa gore o taka dikgolokwe jaana:

5 Phimola gotlhelele dikarabo tse o eletsang go di fetola.


O SE KA wa kwala kana wa dira mekgwaritso epe mo pampiring ya
dikarabo. Fa o ka taka dikgolokwe di feta bongwe mo karabong e le
nngwe, go tlaa tshwaiwa e le phoso. Kgolokwe e o e takang mo
pampiring ya dikarabo e bo e le ya potso e o e dirang ka nako eo.
O SE KA wa taka dikgolokwe jaana:
Fa o ka dira jalo, o tlaa fosa
dikarabo.
Bala polelo e e latelang morago o arabe dipotso I go ema ka 20.

1 MO malobeng, bongaka jwa setso fela jaaka ditiro tse dingwe mo botshelong
bo ne bo ithutelwa. Go ne go diragala gore fa motho a tlaa nna ngaka, a bo a
reboletswe ke motsadi wa gagwe yo o ka tswang e ne e le ngaka. Ngaka fa e
tsofala e ne e bitsa mongwe wa bana ba gagwe yo a mo ratelang tiro eo a mo
kope go e tsaya. Ngwana o ne a ka dumela gongwe a gana fa a sa rate tiro eo.
Fa ngwana a dumetse o ne a simolola go rutwa. O ne a ka rutwa ke ene
motsadi wa gagwe kgotsa a batlelwe ngaka e sele go mo ruta.

2 Go ne go na le gore ngaka e ka ithuta melemo kana ditlhare tsa kalafi mme a sa dirise
ditaola. Tumelo ke gore melemo e tshwanetse ya ilelwa. E ne e re fa go thugwa
ditlhare di bo di sa tshwanela go thelegelwa ke meriti ya batho. Di ne di thugwa di ba
di bewa fa go sireletsegileng. Bongaka bo ne bo na le mosola wa go sireletsa le go
babalela matshelo. Se se supilwe ke ditiro tsa ga mme Susan King, mooki wa letso la
se-Dutch go tswa Cape Town, yo e rileng go gorogeng ga gagwe mo Botswana a dira
pharologanyo e ntsi mo botsogong jwa batho ba le bantsi ka kalafi ya gagwe. Susan o
ne a dirisa bongaka jwa segabone le jwa seša.

3 Mooki Susan o gorogetse kwa ga-Ngwaketse mo Kanye fa a tswa Cape Town a


tla le monna wa gagwe, David King. Ga ba a diega mo Kanye morago ga gore
ene le monna wa gagwe ba tlhoke go utlwana le bogogi jwa motse mme ba
fudugela kwa Mochudi go thibelela mo kgotleng ya Mabodisa ka 1918. Mme
King o ntse le seabe se segolo mo botsogong jwa Bakgatla. O fitlhetse bongaka
jwa sekgoa bo sa ntse bo ise bo aname thata le lefatshe la Kgatleng, mme a
simolola tiro ya gagwe ya booki a alafela mo Iwapeng Iwa gagwe.

4 Kalafi ya ga mooki Susan e ne e le pharologano mo go tse di neng di tlwaelesegile ka


e bile a ne a alafa a sa eteletsa tuelo kwa pele. Ka e ne e le mo-Dutch, o ne gape a na
le boitseanape jwa kalafi ya melemo ya segaabo e e itsegeng ka leina la "Lennon
Dutch Medicines". Melemo eo e maina a a farologanyeng go ya ka tiriso ya yone, ka
e alafa malwetse a a farologanyeng. E akaretsa Jamaica, Groen Amara, Rooilaventan,
Bostol le e mengwe ya lesika leo. Metswako e e fitlhelwang mo melemong e, ke e e
tlhotlhilweng mo ditlhatshaneng tsa setso tse di itsegeng ka leina la "Herbs and
Spices". Mme Susan o ne a na le boitseanape jwa gagwe a le nosi jwa go tlhakanya
melemo e e farologanyeng go dira motswako o le mongwe. Motswako o ne o laolwa
ke gore o tshwere bolwetse jwa mofuta mang. Melemo e ne e tshelwa mo
mabotlolong a matona a selekanyo sa lithara mme molwetse a laelwe go feta a a
nwa ka kopi go fitlhela a ikutlwa botoka. Se se ne se direlwa gore ka balwetse ba
bangwe ba ne ba tswa kgakala, ba se ka ba boa-boa gantsi.

5 Mme King e ne e le matwetwe wa malwetse ka go farologana. A alafa malwetse a


bana jaaka diso mo mmeleng, khujwana, thibamo, tlhogwana le a mangwe. Gatwe e
ne e re fa a ikadimile losea Iwa gago, e re go foleng ga lone, 10 sale 10 ntse
sephonkga se se elediwang ke mongwe le mongwe. O ne gape a sidila bagolo, a
belegisa bomme e bile a kgona le go ba itsese nako e ba tlaa gololesegang ka yone
mme go diragale jalo. Go tlhalosiwa fa melemo ya ga mme Susan e ne e itse go alafa
thata ka bontsi jwa balwetse ba ba neng ba diragatsa ditaelo ba ne ba fola jaaka
bogobe.

6 Tlhatlhobo ya balwetse e ne e dirwa ka tshitswana e kgolokwe, e tlhongwa mo


mmeleng wa molwetse mme e tsamaisiwe jalo le mmele Otlhe. Go ne go na le ka fa
e mo kaelang ka teng gore bolwetse bo fa kae le gore ke jwa mofuta mang. Fa mme
Susan a ne a ka fitlhela bolwetse jo bo tlhokang boitseanape jwa bongaka jwa seša, o
ne a sa diege ka molwetse, o ne ka bofefo a mo romela kwa sepatela. O ne a se
segagapa e bile a sa paralatse menwana mo dituelong.

7 Mooki yo wa senatla o sa le a iketse badimong dingwaga tse di masome a


matlhano tse di fetileng mme a tsamaya a itiretse leina le le ntle mo go ba ba
nnileng lesego la go akola kalafi ya gagwe. Fa a tlhokafala ka 1966, kalafi ya
gagwe e ne ya sala e tsweledisiwa ke bana ba bana. Ke boammaaruri gore
bongaka jwa setso bo sa le bo tlholegile go tswa goo-Lowe go sireletsa
matshelo.

Motswedi: Kutlwano Motsheganong 2016, Kgatiso 54. [E fetotswe fale le fale.]

1. Ke eng se se neng se tlhalosa fa motho a ne a ka nna ngaka mo malobeng?

A Go ratwa ke motsadi
B Go rata go nna ngaka
C Go abelwa ke motsadi
D Go itse maina a melemo

2. Kgangkgolo ya temana 2 ke efe?

A Melemo ya setso e na le meila e e sireletsang.


B Bongaka jwa seša bo bereka bo thusana le jwa setso.
C Dingaka tsa setso di ne di kgona go palelwa ke bolwetse.
3
D Bongaka jwa setso bo tsenya matshelo a batho mo diphatseng.

3. Ke eng se se dirileng gore mme Susan a ye go nna kwa Mochudi?

A Bakgatla ba ne ba Iwala thata.


B Bakgatla ba ne ba mo laleditse.
C Mme Susan o ne a ya go nna le monna wa gagwe kwa Mochudi.
D Mme Susan le monna wa gagwe ba ne ba tlhobogane le ba ga-Ngwaketse.
4. Mme Susan o ne a itsege thata kae?

A Kanye
B Mochudi
C Cape Town
D Lefatshe lotlhe

5. Ke eng se mmadi a ka se itumelelang ka kalafi ya ga mme Susan?

A Tshitswana ya tlhatlhobo e kaetsa mooki bolwetse.


B Melemo ya "Lennon" e alafa malwetse otlhe.
C Selekanyo sa metswako se a fetisiwa. D Tuelo ya kalafi e kwa godimo.

6. Motswako wa molwetse o ne o dirwa go lebilwe gore

A bolwetse ke jwa mofuta mang.


B a o mogolo kgotsa ngwana.
C o tswa bokgakala jo bo kae. D o tlhoka mabotlolo a le kae.

7. Lefoko se mo temana 4 le dirisitswe go raya eng?

A Go tshela molemo mo lithareng


B Go nwa melemo ka kopi
C Go tlhakanya melemo
D Go tlhotlha ditlhare

8. Ke eng se o se ithutileng morago ga go bala polelo e?

A Bongaka bo ka humisa motho.


B Bongaka jwa setso bo a tsalelwa.
C Bongaka bo dira gore motho a itsege.
D Bongaka jwa setso bo gaisa jwa seša.

9. MO temana 5, mafoko a a reng, 10 ntse sephonkga a raya eng?

A Boitseanape
B Kalafi ya motia
C Phodiso ya ngwana
D Tlhokomelesego ya ngwana
10. Mme Susan o ka tlhalosiwa jaaka motho yo o ntseng jang?

A Yo o neng a alafa kwa ntle ga tuelo.


B Yo o neng a dumela tuelo nngwe le nngwe.
C Yo o neng a batla go duelwa morago ga kalafi. D Yo o neng a dumela mo go fodiseng
malwetsi.

11. Maikaelelo a mokwadi wa polelo e ke eng?

A Go tlhagisa batho ka bongaka


B Go ruta batho ka kalafi ya setso
C Go akgola baoki le dingaka ka tiro ya bone
D Go tlhalosa bomosola jwa bongaka jwa setso

12. Ke eng se mokwadi a buang ka sone mo temana 5?


A Tshidilo ya bagolo
B Pelegiso ya bomme
C Tiragatso ya ditaelo tsa bongaka
D Kitso ya malwetse a a farologaneng

13. Ke eng se se farologanyang booki jwa ga mme Susan le jwa segompieno?

A Bo ne bo dirisa metswako ya seDutch


B Bo ne bo direlwa mo Iwapeng Iwa gagwe
C Bo ne bo ikaegile ka tumelo ya Batswana
D Bo ne bo kopanya kalafi ya seša le ya setso
5
14. Ke ka go re eng mme Susan a tle a romele balwetse kwa kokelong
A Mme Susan o ne a tlhaela kitso ka malwetse a mangwe.
B Mme Susan o ne a sa batle go ikgagapelela balwetse.
C O ne a se na melemo ya malwetse a a farologaneng. D O ne a se na kitso ya bongaka jwa seša.

15. Ke tshwetso efe mmadi a ka e tsayang morago ga go bala polelo e?

A Bongaka jwa seša ga bo ilelwe.


B Bongaka jwa setso bo gaisa jwa seša.
C Bongaka jwa setso ke mpho ya badimo.
D Bongaka jwa seša bo dirisa melomo ya setso.
16. Go ya ka polelo e, go ne ga diragala eng ka bongaka jwa ga mme Susan fa
a se na go tlhokafala?

A Bo ne jwa tsewa ke bana ba bana ba gagwe


B Bo ne jwa neelwa puso go bo tsweledisa
C Bo ne jwa abelwa monna wa gagwe
D Bo ne jwa tlhofofala thata

Tlhalosa dielana tse di latelang go ya ka fa di dirisitsweng ka teng mo


polelong.

17. e le matwetwe

A e le mogaka
B e le seganka
C e le morutegi
D e le maitseanape

18. ba fola jaaka bogobe

A ba folela ruri
B ba nna metsi
C ba nna tsididi
D ba fola ka bonya

19. a sa paralatse menwana


A a sa batle balwetsi ba boa ga ntsi
B a kgotlhaganya menwana
C a dumedisa ka lebogo D a sa batle tuelo e ntsi

20. a tsamaya a itiretse leina le le ntle


A a tlhokafala a itsege thata ka lorato lwa gagwe
B a tlhokafala a tlwaetswe ke batho ba bantsi
C a tlhokafala a ratega thata mo motseng
D a tlhokafala a ikagetse kokelo

7
Go araba dipotso 21 le 22, tlhopha seele se mo go sone lekopanyi le
dirisitsweng sentle mo dipotsong.

21. A Re tlaa ja le fa re ya go diega.


B Maoto ame a botlhoko e bile ke a tsamaya.
C Ke rile ba tlhatlhele dipodi le gale ga ba na tsone.
D Moithuti o kwala teko le mororo o e baakanyeditse.
22. A Dikgomo tsa ga Rapula di a bopama motlhamonqwe tlhaga e tletse mo
masimong.
B Dikgomo tsa ga Rapula di a bopama aitsane tlhaga e tletse mo masimong.
C Dikgomo tsa ga Rapula di a bopama kante tlhaga e tletse mo masimong.
D Dikgomo tsa ga Rapula di a bopama etswa tlhaga e tletse mo masimong.

Bolela gore diele tse di latelang di mo dipakeng dife.

23. Rankokonyane o kentile dipodi tsa gagwe.

A Pheti
B E e tlang
C Ya jaanong
D E e fetileng

24. Rakgadi o santse a tlhatswa.


A Ya jaanong
B E e fetileng
C E e fetileng pheti
D E e tlang tsweletso
Tlhopha seele se se kwadilweng ka mokwalo o o amogelesegang go araba
dipotso 25 le 26.

25. A Ga ba tsamaya, ba taa e pega. B Ha ba tsamaya, ba taa e pega.


C Fa ba tsamaya, ba tlaa e pega.
D Ge ba tsamaya, ba tloo e pega.

A Magosana a kopilwe go tla ko phuthegong ka lotatana.


B Magosana a kopilwe go tla ko phuthegong ka letlatlana.
C Magosana a kopilwe go tla kwa phuthegong ka letatana

8
D Magosana a kopilwe go tla kwa phuthegong ka lotlatlana.

Tlhopha seele se mo go sone go dirisitsweng matshwao a mokwalo sentle go


araba dipotso 27 le 28.

27. A Mothusa Kgosi a bega, "Kgosi kgolo o ile go re tseela Mohumagadi.

B "Mothusa Kgosi a bega, Kgosi kgolo o ile go re tseela Mohumagadl.


C Mothusa Kgosi a bega Kgosi kgolo, "o ile go re tseela Mohumagadl."
D Mothusa Kgosi, a bega, "Kgosi kgolo, o ile go re tseela Mohumagadi.'
28. A Setoki wee! "Ngwana o robetse mo alele," ga bua Khumo. B "Setoki wee, ngwana
o robetse mo alele,” ga bua Khumo.
C "Setoki wee! Ngwana o robetse mo alele,” ga bua Khumo. D "Setoki wee
ngwana o robetse mo alele,” ga bua Khumo.

29. Ke seele sefe se letlhalosi le sa dirisiwang sentle mo go sone?

A Phefo e le latlhetse kgakala.


B Dikgomo di robetse fa nokeng.
C Malome o eteletse dikgomo pele.
D Ke feditse go ja İalo re ka tsamaya.

Tlhopha dikarolo tsa seele tse di filweng go araba dipotso 30 le 31.

Bana ba sekole ba mele ditlhako tse dintsho kwa nokeng.

30. Letlhalosi

A Ba mele
B Ba sekole
C Tse dintsho
D Kwa nokeng

31. Sedirwa

A Nokeng B
Ditlhako
C Sekole
D Bana
9
Sekaseka dipolelwana tse di latelang o bo o araba dipotso 32 go ema ka 34.

(i) Moseka phofu ya gaabo ga tshabe go swa lentswe.


(ii) Ga e ne e a komakoma.
(iii) Mamphorwana maatlhamela babolai.
(iv) Sa re nyedi! Sa re tseke!
(v) Pelo go tswa tsa baji.
(vi) Go le botsa phokoje.
(vii) Se le bonnye bo kana, metsi se a tsaya kae?
(viii) Tilodi tsa sekgwa se.
(ix) Phokoje wa kwa morago, dintğa di a bo di mmone. (x) Go ja moko ka lephe.

10
32. Diane ke tsa dipalo dife?
iii ix
iii iv
C iii iv
D viii ix x
33. Maele ke a dipalo dife?

ii vi
B iii ix
vi x
vii34. Dithabalakane ke tsa dipalo dife? x

A iv vii viii
iii viii
C iii iv vii
D vii viii ix
35. Tiro ya meila mo botshelong jwa Motswana ke go

A ruta bana go ikanya Modimo.


B sireletsa bana mo diphatseng.
C tlosa bana bodutu mo motseng. D ruta bana ngwao ya segabone.

36. Ke moila Ofe o o sireletsang loruo mo go e e latelang?

A Motho ga a tshwanela go latswa thipa e e segileng nama.


B Motho o tshwanetse go itshasa mosidi fa a jela mo pitsaneng.
C Moswelwa ga a tshwanela go ralala naga a sa alafiwa ka fa tshwanelong.
D Mosadi fa a swetswe ke monna o apeelwa nama ke motho yo o swetsweng
jaaka ene.
37. Batswana ba ne ba dumela mo badimong go nne ba ne ba dumela gore

A badimo ba tlisa dijo mo lefatsheng.


B badimo ba laola metsamao ya batho.
C badimo ba thusa Batswana fa ba le mo mathateng.
D badimo ba na le kamano le batho ba ba sa ntseng ba tshela.

9
38. Ke eng se e seng lebaka la go nyala basadi ba ba fetang bongwe mo
Setswaneng?

A Sesupo sa gore monna ke mohumi yo mogolo


B Go sa tsholeng bana ga mosadi yo o nyetsweng pele
C Go nna le thulaganyo e e lolameng ya go godisa bana
D Fa mosadi a santse a anyisa, monna a kgone go ratana le basadi ba
bangwe

39. Ke ntlha efe mo go tse di latelang, e e sa supeng mosola wa ditumediso?

A Go roma bana le fa e se ba gago


B Go lekolana mabapi le mathata a botshelo
C Go rotloetsa le go ruta bana botho le maitseo
D Go kaya tshwaragano le popagano ya ba masika

40. Go sikana go ka kaiwa jang mo Batswaneng?

A Go nyala moswelwa wa ga mogoloo


B Go tsholelana dijo mo medirong
C Go tlhabela Badimo dihutshane
D Go nyeletsa boloi mo losikeng
10

You might also like