Download as pdf or txt
Download as pdf or txt
You are on page 1of 104

JC: Setswana Mothama 3

Botswana Open University

Setswana sa JC

Mothama 3

Thutapuo

Bokao/Tiriso ya Dikarolo tsa puo

©2018 BOU
JC: Setswana Mothama 3

Malebo
Re leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go kwalweng ga mothama o,
bogolo jang ba ba latelang:

Mokwadi
Pilaemang Moje

Morulaganyi wa diteng:
Sennana Ntesang

Barulaganyi
Matthews Tselaesele le Lilian Oats

Mosekaseki
Lorato Kokorwe

Molomaganyi wa Methama (PDC)

Boingotlo Moses

Morulaganyi wa Lekalana
Mmaserame H. David

Motlanyi
Mompoloki Oitsile

Ditshwantsho
Lopang Jibajiba

Mekgabisa
Gaolatlhe Masire

© 2018 BOU. (Paakanyo ya Ntlha)

O ka kwalela kwa atereseng e:
The Vice Chancellor
BOU
Private Bag BO 187
Tel: 3646000
Fax: 3191089
Gaborone, Botswana.

©2018 BOU
JC: Setswana Mothama 3

Tiriso ya Ditshwantshonyana

Fa o ntse o tsweletse le dithuto tsa gago,. o tla a lemoga tiriso ya ditshwantshonyana tse di mo
molelwanaeng wa buka ya gago.Di dirisiwa jaaka matshwao a akayang polelo e e rileng, tiro
e o tshwanetseng go e dira,kana phetogo ya tiro e o ntseng o e dira. Di dirisitswe go go thusa
go ithuta botoka.Mefutae e feletseng ya ditshwantshonyana tseo e supilwe fa tlase fa.Itlwaetse
ditshwantshonyana tsele ditlhaloso tsa tsone pele ga oka simolola thuto ya gago.

Maikaelelo a Thuto Metlobo

Tlelosari Metlobo

Tiro ya gago Maikaelelo a buka

Nako
Maduo

Teko
Tshedimoso

A re Ikgakolole Metlobo e mengwe

Tshoboko

©2018 BOU
JC: Setswana Mothama 3

Diteng
Tshedimoso ya Mothama 3 i
Thuto 1 Tlhaloso ya dikarolo tsa puo 1
Thuto 2 Tiriso ya dikarolo tsa puo 29
Thuto 3 Bokao jwa dikarolo tsa puo 48
Thuto 4 Tlhamo o dirisa dikarolo tsa puo 64
Thuto 5 Ngotlo ya maina, ditlhaodi le matlhalosi 76

Dikarabo tsa A re Ikgakolole 90

Metlobo
94

©2018 BOU
JC: Setswana Mothama 3

Tshedimoso Ya Mothama 3 – Tiriso ya

dikarolo tsa puo

i Tshedimoso
Dumela moithuti! Ke ntse ke a go amogela mo mothameng wa boraro wa dithuto tsa
Thutapuo ya Setswana. Ke solofela fa o ntse o tsweletse sentle le dithuto tse dingwe tsa
methama e fetileng, ebong Mothama 1 le 2. Re setse re fetile ka methama ya Thutapuo e le
mebedi e ke nang le tsholofelo ya gore o e tlhalogantse ka botlalo e bile o dirile sentle mo
ditekong tsa yone. A re sedimose go se kaenyana fela ka methama eo. Mothama wa ntlha
o ne o go ruta ka boitseanape jwa go bala o batla kitso tsa go tshwana motlobo wa dibuka,
intekese, tlolosari, go sala ditaelo morago, go dirisa ditaekeramo le ditheibole jalo jalo. O
tsweletse jalo o ithuta ka puo mo go lomaganyeng mokwalo wa gago, o o rulaganya sentle
gore o balege.
Mothama wa bobadi one o ithutile ka go kwala mo go tsweletseng o itebagantse le go kwala
pego le puisano, le gone tota go tsaya dintlha.
Mothama o wa boraro le one o ne o ntse o ithuta ka go kwala mme fa jaanong re tla a bo re
remeletse mo dikarolong tsa puo. Dikarolo tse tsa puo di akaretsa leemedi, leina, ditlhaodi,
lekopanyi, lediri le ngotlo. Ke na le tsholofelo ya gore o tla ithuta go le gontsi mo
mothameng o, bogolo jang botsipa jwa tiriso ya dikarolo tsa puo, re lebeletse bokao jwa tsone
mo mokwalong. Mo thutong ya dikarolo tsa puo, re tlaa go tlhalosetsa karolo ya puo nngwe
le nngwe re bo re go fa dikai mme le wena o tla o o fa dikai tsa gago.
Ke na le tsholofelo ya gore dithuto tse di mo mothameng o ga di na di go fa ape mathata.
Mme fa o na le mathata jaaka fa e le tlwaelo bona morutabana wa gago kwa lo kopanelang
teng mme o tla a go thusa, kana o kope thuso kwa go rona kwa ofisi kgolo, nomore ke yone
ya gale ya 3646100.

Maikaelelo a Thuto
Maikaelelo a Mothama o ke gore e re o o fetsa o bo o ka kgona go:
• tlhaloganya dikarolo tsa puo le tiriso ya tsone ka go:
• di tlhalosa
• tlhalosa sediri le sedirwa
• go di inola go tswa mo palong
• tlhalosa ka fa di dirisitsweng ka teng
• sekaseka tiriso ya tsone go tswa mo palong
• tlhama diele le dipalo o dirisa dikarolo tsa puo
• lokolola seele go ya ka dirkarolo tsa puo
• bopa ngotlo ya maina, ditlhaodi le matlhalosi

©2018 BOU
I
JC: Setswana Mothama 3

Mekgwa ya go ithuta
Mo dithutong tsa rona tsa tlhaeletsano o ka dirisa ditsela tse di latelang go ithuta:
• Seromamowa go reetsa thulaganyo ya Distance Education ka e ka go fa dingwe tsa
dithuto tse ka botlalo
• O ka kopana le batlhatlheledi bagago kwa setadi senthareng go kopa thuso fa o sa
kgoneng go tlhaloganya teng
• Dirisa mogala fa o kgona go kopa thuso kwa bagolwaneng bagago kwa diofising tsa bone
• O ka kopana le bagolwane ba etetse lefelo le o leng kwa go lone
• O ka botsisa baithuti ka wena, barutabana mo dikolong, ditsala kana masika
• Mo godimo ga tsotlhe dibuka tse o ithutang ka tsone ke tsone mmamang.

Dithuto tsa mothama o di rulagantswe jang?

Mothama o, o na le dithuto di le tlhano mme di kgaogantswe jaana:
Thuto 1 Tlhaloso ya dikarolo tsa puo
Thuto 2 Tiriso ya dikarolo tsa puo
Thuto 3 Tlhamo o dirisa dikarolo tsa puo
Thuto 4 Go kwala lekwalo la botsalano
Thuto 5 Ngotlo, Maina le Ditlhaodi

Thuto nngwe le nngwe e na le tshedimoso ya yone e e go supegetsang gore thuto eo e go

tsholetse eng gammogo le maikaelelo a yone. Maikaelelo fa, ke se o solofelwang go bo o se
anyile fa thuto eo e ya bokhutlong.

Mothama o ke o dirisa jang?

Mothama o fela jaaka o kgaogantswe ka dithuto di le tlhano jaana di sale morago fela jalo
ka go latelelana ga tsone. Thuto nngwe le nngwe e kwaletswe maikaelelo a yone morago ga
tshedimoso go go fa motlhala wa se se solofetsweng mo go wena.

Ga o tlhokane thatathata le buka epe e o ka dirisang go go thusa kwa ntleng le fa o batla go

oketsa bokgoni jwa gago. Mothama o re o kwadile ka tsela e e leng gore o
go tsholetse tsotlhe tse o ka di tlhokang. Mme legale fa o bona o tlhokana le go balela kwa
pele re na le dibuka tse di tlhophetsweng mophato wa gago wa JC tsa dithuto tsa Thutapuo.
Dibuka tse o ka di ithekela wa ikoketsa ka tsone. Tsone ke: Lobebe lwa Setswana 1 le 2,
ka Longman Botswana, kana Maokaneng 1 – 3 ka Collegium publishers, Leisong 1 – 3,
Heinemmann Publishers, Marang 1, 2 le 3 ka Macmillan Publishers, gammogo le Thari 1, 2 3
ka ba Pentagon Publishers.

Buka ya Ithute Setswana sa JC Kgatiso ya Boraro, (Third edition) ka ba Pentagon Publishers,

le yone e mosola fela thata ka e go fa bokgoni jwa go kwala mo go tseneletseng. Dibuka tse

©2018 BOU
II
JC: Setswana Mothama 3

di teng mo marekisetseong moithuti kana o ka bona ba ba mo lefelong la gago e le badiri

ba BOU go go thusa go bona dibuka tse. Dibuka tse moithuti, ga o patikesege go di reka tse
tsotlhe, o ka reka setlhopa se le sengwefela, ka e bile di tura thata.

Mekgwa ya Ikatiso
Mo go one mothama o, go na le dipotso tse re fetang re ntse re di go botsa go bona gore a o a
tlhaloganya. Re na le mefuta e le meraro ya diikatiso tse re di dirisang go go tlhatlhoba, tsone
ke tse:

Tiro Ya Gago
E ke ithuthuntsho e o e neelwang go go thusa go tlhaloganya setlhogwana se go buiwang ka
sone. Morago ga yone o neetswe dikarabo go go tswa tema mme go mosola gore o
ikakanyetse pele, o se kopise fela ka go tla a bo go itsietsa wena. Ithuthuntsho e e tla
kgapetsakgapetsa le thuto e ntse e tsweletse.

A re ikgakolole
E, ke teko e e tlang morago ga thuto nngwe le nngwe. Maikaelelo a yone ke go go thusa go
ikgakolola se o se dirileng le go ikala gore a o tshwanelwa ke go tswelela kgotsa go tlhokega
gore o boelele thuto eo gape. Dikarabo tsa tiro e tsone di kwa bofelong jwa mothama o. Le
tsone fela jalo, o se ka wa di kopisa o dire tiro pele, o bo o itse go di lebelela.

Pampiri ya tiro
E ke tiro e e tlang o sena go fetsa dithuto tsotlhe tsa mothama. Ka jalo yone e soboka e bo e
akaretsa tsotlhe tse o di dirileng mo mothameng, go go kala ka fa o tlhalogantseng ka teng.
Dipotso di bapisitswe fela thata le ka fa go tlwaelesegileng go botswa ka teng mo
ditlhatlhobong tsa makgaolakgannyeng. Fa o fetsa tiro e o e romele kwa senthareng go
tshwaiwa kgotsa o e neele morutabana wa gago. Ke yone e tlaa supetsang bagolwane ba
dithuto tsa gago gore a o lekanye go ka kwala ditlhatlhobo tsa makgaolakgang kgotsa jang.
Jalo go botlhokwa gore o e tlhwaafalele.

Ditlhatlhobo tsa Makgaolakgang

Fa jaanong o feditse dithuto tsa gago, o ka letlelelwa go kwala ditlhatlhobo tsa
makgaolakgang, go lebeletswe ka fa o ntseng o tla o dira ka teng mo ditekong tsa pampiri ya
tiro. Ditlhatlhobo tsa makgaolakgang di na le dipampiri di le tharo. Pampiri ya ntlha ke e o
tlhopang karabo e e siameng mo go tse e seng tsone, ya “multiple choice”. Ya bobedi yone
ke e e tumileng thata ka go bala dipalo kgotsa ditemana o bo o araba dipotso.Dipotso tse e
ka nna tsa padi kana tsa thuta puo. Pampiri ya boraro ke ya polelo le lokwalo. Kitso ya ka fa
dipotso di ka bodiwang ka teng o tla o e anya fa o ntse o tsweleletse le go dira diikatiso tsa
dipampiri tsa tiro go ya ka methama e e farologanyeng le mo ditekong tsa magare gangwaga
pele ga o kwala tsa makgaolakgang.

©2018 BOU
III
JC: Setswana Mothama 3

Ke ka Bona Kae Thuso?

Fa e ka re o bala dibukana tse, golo gongwe wa bona o sa tlhaloganye sengwe, wa bona o
palelwa ke go tshwara maduo a a botoka, se ineele. Nyaa! Kopa thuso mo go bangwe.

Go na le badiri ba ba emetseng batho ba ba tshwanang le wena jaana go go fa thusa mo

dithutong tsa gago. Bone o ka ba bona kwa study senthareng se se gaufi le wena. Fa se ise
se nne teng fa o teng, kopa thuso mo bathong ba bangwe, e ka tswa e le mogoloo, monnao,
batsadi mo lwapeng, ba losika le ditsala.O ka re bona kwa diofising-dikgolo, segolo jang
fa o le mo Gaborone mme o batle Molomaganyi wa Dithuto tsa Setswana o tla a go thusa.
Nomore ke ya gale e ke go e fileng fa re simolola.

Masego ke oa moithui, a re lekane le dithuto tsa mothama o!

©2018 BOU
IV
JC: Setswana Mothama 3

Thuto 1
Tlhaloso ya Dikarolo tsa Puo

i Tshedimoso
Re a go amogela moithuti mo thutong ya ntlha ya Mothama wa Boraro. Mo go one, re tla
bo itebagantse thata le tlhaloso ya dikarolo tsa puo go ya ka tiriso ya tsone. Dikarolo tsa puo
tse re tlang bong re itebagantse le tsone ke tse di latelang: Leina, leemedi, ditlhaodi, maetsisi,
matlhalosile makopanyi.

Moithuti, dikarolo tsa puo di botlhokwa ka jaana ke tsone di agang puo. Re dirisa puo go
buisana le ba re tshelang le bone. Maikutlo a rona re a tlhagisa ka puo e e agiwang ke
dikarolo tsa puo.
Mo thutong e re ya go tlhalosa dikarolo tsa puo mme e re go di tlholoseng ga rona jalo, re
sekere felele foo, re ithute le gone go di lemoga fa di dirisitswe mo puong ga mmogo le gone
go di supa fa di dirisitsweng teng mo palong.

Jaanong moithuti a re lebelele maikaelelo a thuto e.

Maikaelelo a Thuto
Kwa bofelong jwa thuto e, o solofelwa gore o bo o ka kgona go:
• tlhalosa dikarolo tsa puo tse di latelang go ya ka tiriso: leina, leemedi, lediri,
ditlhaodi, lelatlhelwa, leetsisi, lekopanyi le letlhalosi
• nopola dikarolo tse di farologaneng tsa puo go tswa mo dipalong

Diteng
1.0 Tlhaloso ya dikarolo tsa puo 1
2.0 Supa le go nopola dikarolo tsa puo mo palong 19
Tshoboko 25
A re ikgakolole 1 26

1.0 Tlhaloso ya dikarolo tsa puo

Re tlaa simolola ka go lebelela gore dikarolo tsa puo ke eng. Pele ga re dira jalo bala temana e
e fa tlase mme morago o arabe dipotso tsa Tiro ya Gago 1.

©2018 BOU
1
JC: Setswana Mothama 3

Bala temana e e latelang go go thusa go tlhalosa dikarolo tsa puo. Bala jalo mo
metsotsong e le lesome:
Tiragalo e ke e boneng maloba kwa moletlong mongwe gone mo Mabolwe ruri e ne ya
nkgakgamatsa.Mosetsanyana ke yole ke ka se mo lebale yo ke sa itseng gore o suthugile fa
kae. O ne a apere mosese o mosweu o galalela ke a go bolelela. A feta a iphara fa gare ga
bagolo. Batho ba a ja kgakge ka jaana fa a neng a ntse teng go ne go se na molekane wa
gagwe. Ke ne ke eta ke mo tadinya kgapetsakgapetsa mme mmamogoma ene a itshetse
moriti o tsitsididi. Ga tla nako ya gore dijo di segofadiwe mme ra bogela.

Fa moruti a ntse a tsweletse le go segofatsa tiro, mogala wa gagwe wa tserema. Batho

ba bula matlho go bona gore ke mang yo o letlelelang mogala go tserema jalo ka nako ya
thero. A o ntsha mosetsanyana wa rona a o arabela kwa godimo mo moruti le ene a neng a
tshwanelwa ke go emisa thero. Borre bangwe ba mo gogela kwa ntle. O ne a leka go dipa
mme mongwe wa bone borre bao a mmotsa gore tota o a bo a leka gofe. Mosetsanyana wa
rona a bolelela borre bao gore ba mo tlogele ka jaana ba ne ba mo nkgela ka leswe. Nxe! wa
gagwe o ne o mo utlwa o le golo go se fa.

Mongwe wa borre bao go a lebega o ne a tlolwa ke pelo. O ne a mo re gwa! ka legofi ga

ba ga sala go rile gatse! mo tanteng. A leka go ipusolosetsa mosetsanyana wa sehakgale. A
bo a kopane le lekolwane la mosimane, la mo sokeletsa lebogonyana le le neng go twe le a
tsholediwa go ipusolosetsa a ba a gwetla jaaka ngwana yo monnye. Ba mo kgokgoetsa jalo
ba mo ntsha ka kgorwana. Moletlo o o neng o le gaufi le go sulafala wa tswelela. Moruti le
ene fa a ya go kopiwa go tswelela le thero ya gagwe, thamaga ya ba ya rata go mo gaka ka
letsatsi leo ntateng ya go gakgamadiwa ke maitseo a a makgasa a mosetsanyana yole. Potso e
ne ya nna gore tota e a bo e le ngwana wa ga mang. Moletlo wa fela jalo kgang e le ene fela.
Ijo! ruri batho ba bangwe ga ba tshabe matlho a batho.

Tiro ya gago 1
Dirisa metsotso e metlhano go araba potso e:
Moithuti nopola mafoko mo go a a ntshofaditsweng a a tsamaelanang le
ditlhaloso tse mo moalong o o latelang:
Ditlhaloso Dikai
1. Mafoko a a bitsang sengwe Thamaga le moruti
2. A a emelang maina
3. A a tlhalosang sengwe
4. A a tsibosang
5. A a etsang sengwe
6. A a tlhaolang sengwe
7. A a kopanyang
8. A a kayang fa tiro e dirwa

©2018 BOU
2
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1

1. A a bitsang sengwe - Mosetsanyana,thamaga le moruti
2. A a emelang maina - ene le bone
3. A a tlhalosang - maloba le gaufi
4. A a tsibosang - ijo! le nxe!
5. A a etsang sengwe - gwa! Le gatse!
6. A a tlhaolang - o mosweu le yo monnye
7. A a kopanyang - jaaka le le
8. A kayang fa tiro e dirwa - tserema le kgokgoetsa

Moithuti tsone dikai tsa mafoko kana dielana tse o sa tswang go di nopola mo temaneng tse,
di bidiwa dikarolo tsa puo.

Jaanong moithuti re tla tsena mo go tlhaloseng tsone dikarolo tse tsa puo ka boferabobedi jwa
tsone ka bongwe ka bongwe.

1.1 Leina
Lebelela ditshwantsho tse di latelang mme o arabe dipotso tse di filweng:

Ditshwantsho tsa ntlha

©2018 BOU
3
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 2

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e

Bolela gore dilo tse di mo ditshwantshong tse di fa godimo di bidiwa eng
1. ___________________________________________________________
___________________________________________________________
2. ___________________________________________________________
___________________________________________________________
3. ___________________________________________________________
___________________________________________________________
4. ___________________________________________________________
___________________________________________________________
5. ___________________________________________________________
___________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 2

1. Kika
2. Setlhare
3. Ntlo
4. Lesaka
5. Motshe

Moithuti mafoko a a fa godimo a o a kwadileng o a bitsa eng?

__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________

Ke solofela fa o rile a bidiwa maina. Fa o kwadile jalo o tshwere.

O lebeletse one mafoko ao, o ka tlhalosa leina o re ke eng o lebile ka fa o le dirisitseng ka

teng?
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
Moithuti ke solofela gore o rile leina o ka le tlhalosa o re ke karolo ya puo e bitsang sengwe
kgotsa ke lereo la sengwe.

©2018 BOU
4
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 3

Dirisa metsotso e metlhano go araba potso e.

Moithuti ke tsaya gore o lemogile gore dilo ka go farologana di na le maina.
Jaanong, tlatsa moalo o o latelang ka go fa dikai tsa gago. O fe dikai di le nne
gongwe le gongwe.

Dilo ka go farologana Dikai tsa maina

Sekai – moruti, molemi, molemisi,
1.Maina a batho
modise
2.Maina a didirisiwa

3. Maina a diphologolo

4.Maina a dilo tsa tlholego

5.Maina a dipopego tsa

setho

6.Maina a dimela

7. Maina a dijo

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3

Buisana le moithuti ka wena ka dikarabo tse lo di fileng mme lo tshwaalane diphoso.
Moithuti go fitlha fa o setse o ithutile thata ka maina ka go farologana ga one. O mo
sebakeng sa gore e re o filwe temana kana palo efe fela o bo o ka kgona go lemoga
kgotsa go supa leina lengwe le lengwe fa le dirisitswe.

Moithuti re wela jalo ka tlhaloso ya leina. Jaanong re tla tsena mo tlhalosong e e latelang ya

karolo e nngwe ya puo e bong tlhaloso ya Leemedi.

1.2 Leemedi

Pele ga re ka tlhalosa se leemedi e leng sone lebelela diele tse di latelang ka kelotlhoko:

Inola mafoko a a dirisitsweng mo boemong jwa maina mo dieleng tse di latelang:

©2018 BOU
5
JC: Setswana Mothama 3

(a) Sekole sa bone se gaufi le lebentlele la Choppies.

(b) Mme o ntheketse tsone ke tse ke neng ke di batla.
(c) Bolwetse jwa HIV le mogare wa jone bo kokonetse itsholelo ya lefatshe la Botswana.

Mo dikaing tse di fa godimo inola mafoko a a dirisitsweng go emela maina.

__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________

Moithuti ke solofelafa o kgonne go nopola mafoko a a latelang, a a emetseng maina:bone,

tsone le jone.

Mafoko a o a dirisitseng a o a bitsa eng?

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

A o rile a bidiwa maemedi? Fa o kwadile jalo o tshwere.Leemedi le emela leina. Go

na le mefuta e e farologaneng ya maemedi go ya ka maina a a a emelang.

A re lebe maemedi ka go farologana ga one go ya ka maina a farologaneng. Ke tla go fa dikai

di le pedi mme o feleleletse go ikwalela maemedi a mangwe.

©2018 BOU
6
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 4
Dirisa metsotso e metlhano go araba potso e.
Tlatsa moalo o latelang ka maemedi a a lebanyeng maina a a leganyeng le one

Dikai tsa maina a a ka emelwang Leemedi

1. Monna, moruti,modisa, ene
2. Banna, baruti, basadi bone
3. Mogoma, molepo, molapo, morogo
4. Megoma, melepo, melapo, megoma
5. Letlapa, legapu,letlhare, lewatle, letlalo
6. Matlapa, magapu,matlhare, mawatle,matlalo

7. Selepe, setlhako,sefako,serowa,senakangwedi

8. Dilepe, ditlhako, difako,dirowa,dinakangwedi

9. Nku, kgomo, tshukudu, polase, phatana, phate

10. Dinku, dikgomo, ditshukudu,dipolase,diphatana,
diphate
11. Logong, lorako, lofeelo,lofetlho,lonaka,lotshitshi

12. Bolao, bola, bojang, boroko, bodulo, borotho

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 4

2) bone 3) one 4) yone 5) lone 6) one 7) sone
8) tsone 9) yone 10) tsone 11) lone 12) jone/

Ke dumela fa o lemogile fa maemedi a farologana go ya le gore a emela maina afe. A

farologana ka maina a dilo tse di farologanyeng jaaka go setse go sedimositswe ke maina a a
mo tirong e o sa tswang go e dira.

©2018 BOU
7
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 5

Dirisa metsotso e metlhano go araba potso e.

Dirisa maemedi a a latelang mo dieleng o bo o a kgwarele:
a) Tsone
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
b) Sone
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
c) Nna
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
d) Lone
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 5

a) Tsone di rekilwe
b) Sone se siametse go lengwa fa morago ga ntlo
c) Nna ke a ithuta
d) Ngwana kgotletsa lone leo le re bolaisa mosi
e) a) Ene o tsamaile

Gakologelwa moithuti gore ra re leemedi ke karolo ya puo e e dirisiwang go emela leina mo

seeleng.

1.3 Lediri

Pele re ka lebelela se tota lediri e leng sone moithuti ke kopa gore o tsenye matlho
mo
ditshwantshong tse di fa tlase mme o tle o di dirise go araba dipotso tse di di
latelang:

©2018 BOU
8
JC: Setswana Mothama 3

Ditshwantsho tsa bobedi

Lebelela ditshwantsho tse di latelang tsa lelwapa le le atologileng mme morago o arabe
dipotso.

Tiro ya gago 6
Dirisa metsotso e metlhano go araba potso e.
Go diragala eng mo ditshwantshong tse fa godimo? O kgwarele mafoko a a
supang tiro e e dirwang mo dieleng tsa gago.
1. Setshwantsho sa ntlha
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
9
JC: Setswana Mothama 3

2. Setshwantsho sa bobedi
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
3. Setshwantsho sa boraro
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

4. Setshwantsho sa bone
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 6:

1. Mosadi/mme o a gatisa
2. Nkuku o a bala
3. Mosadi o apeile
4. Basimane ba raga kgwele ya dinao

Mo karabong mafoko a a kwadilweng ka bontsho thata ao, o a bitsa eng?

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Ke solofela fa o rile a bidiwa madiri. Fa o kgonne go bolela gore mafoko a o a

kwadileng ao a bidiwa madiri, tlhalosa gore madiri ke eng?
Madiri ke mafoko a a re lemotshang gore tiro e a dirwa. Ka bokhutshwane fela jaaka o ka
tswa o supile, madiri ke mafoko a a supang gore tiro e a dirwa. Mo ditshwantshong tsa rona
re bona go diragala dilo tse di latelang:
1. go gatisa
2. go bala
3. go apaya
4. go raga

©2018 BOU
10
JC: Setswana Mothama 3

Gakologelwa gore rare lediri ke karolo ya puo e e supang se se dirwang kana e e supang tiro
mo seeleng. Eo e ne e le tlhaloso ya lediri a jaanong re lebelele e nngwe karolo ya puo.

1.4 Ditlhaodi

Moithuti pele re ka tlhalosa se ditlhaodi e leng sone ke kopa gore o arabe dipotsonyana tse di
latelang ka e se lantlha o kopana le ditlhaodi. Ikgakolole ka jaana o kile wa ithuta ka ditlhaodi
kwa sekoleng se se botlana, bolela maina a ditlhaodi tse tlhano tse o di rutilweng.
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________

Ke dumela fa o kgonne go ikgalolola ditlhaodi tse tsotlhe ka botlhano. Fa o sa di gakologelwa

o tla kopana le tsone re ntse re tsweletse le thuto.
Lebelela ditshwantsho tse di latelang, mme morago o arabe dipotso:

Ditshwantsho tsa boraro

©2018 BOU
11
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 7
Tsaya metsotso e le mebedi go dira tiro e.
Moithuti dirisa se o se bonang mo ditshwantshong tse di fa godimo go feleletsa
diele tse di latelang,
1.Setshwantsho sa ntlha:
Mosimaneo apere borokgwe jo bo ___________________________________
2. Setshwantsho sa bobedi
Mme o apere hempe e ____________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 7

1. Seele sa ntlha – Mosimaneo a apere borokgwe jo bo makgasa/bosedibo
2. Seele sa bobedi – Mme o apere bolaose/hempe e ntle/jo bontle
Mafoko a o a dirisitseng go tlatsa diele ka one o a bitsa eng?
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
Ke dumela fa o rile a bidiwa ditlhaodi. Ga go nnete e e fetang eo. Ditlhaodi di a tlhaola
kgotsa re ka re ke karolo ya puo e e tlhaolang, Mo dieleng tse di fa godimo, re bone go
tlhaolwa diaparo tsa batho ba babedi, mosimane le mme ka popego le mmala wa tsone.

Kwa tshedimosong re umakile gore re ka tlhaola leina kgotsa leemedi, fa o leba mo dieleng
tsa tse re sa tswang go di leba tseo go tlhaolwa borokgwe le bolaose ebong leina.

A re tswe ka dikai tse dingwe tsa ditlhaodi:

1. Go lela mongwe kwa ntsweng.

2. Morutabana o ruta bana ba ba ditlhogodithata.
3. Ke kopa gore o ntsholele bogobe jwa lerotse.
4. Basimane botlhe ba otlhaetswe go tlola terata.
5. Dimpho o reketswe borokgwe jo borokwa.
6. Ga go dijo dipe mo pitseng.
7. Setlhare se se kalo se digilwe ke phefo maloba.
8. Dikgomo tsa kgosi di sutlhile lesaka.
9. Bana bosi ba tlhaetswe ke dijo kwa moletlong.
10. Dipodi di le pedi di bolailwe ke legadima.
Mafoko a a ntshofaditsweng mo dieleng ke ditlhaodi ka jaana a tlhaola.A re lebelele e nngwe

©2018 BOU
12
JC: Setswana Mothama 3

karolo ya puo, e leng Matlhalosi.

1.5 Matlhalosi
Lebelela ka tlhwaafalo ditshwantsho tse di fa tlase.
Ditshwantsho tsa bone

Moithuti pele re ka bua go le gontsi dira tiro e e latelang:

©2018 BOU
13
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 8

Dirisa metsotso e le metlhano go dira tiro e.

Araba dipotso tse di latelang o lebile ditshwantsho tse di fa godimo
1.Go lebega moithuti a gorogile leng mo ntlwaneng ya borutelo?
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
2. Mo setshwantshong sa bobedi dikgomo di fula ka e?
______________________________________________________________
_______________________________________________________________
3. Mo setshwantshong sa boraro basimane ba ntsha dijo mo go eng?
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 8

1. Moithuti o gorogile thari mo ntlwaneng ya borutelo.
2. Mosimane o gama podi
3. Ba ntsha dijo mo tankeng ya matlakala ka mabogo.

Moithuti dikarabo tsa gago di lebagane le karolo efe ya puo? O itebaganye le dipotso tse di
felelang ka jang? leng? le kae?
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Ke solofela gore o rile ke matlhalosi. Fa o rile jalo opile kgomo lenaka.

Matlhalosi ke mafoko a a tlhalosang. A ka tlhalosa nako (leng),lefelo(kae)ga mmogo le
mokgwa (jang).
Moithuti re wela jalo ka thuto ya matlhalosi jaanong re tla tsena mo karolong e nngwe ya puo
e bong ya makopanyi.

1.6 Makopanyi
Moithuti pele re ka tlhalosa se lekopanyi e leng sone, sekaseka diele tse di lateleng:
a) Ntseana fa a ingongobaditse jaana ke ene a utswileng madi a ga Lesego?
b) Tebogo le Mpho ba utlwana thata
c) Ga ba apaya sepe ntswa dijo di le mo ntlung.

©2018 BOU
14
JC: Setswana Mothama 3

Ke afe mafoko a a dirisitsweng go tshwaraganya dikarolo tsa puo ka go farolagana mo

dieleng tse di fa godimo?
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
Moithuti ke solofela fa o rile mafoko a a dirisitsweng go tshwaraganya diele le mafoko mo
dikaing tse di fa godimo ke:
le
ntseana
ntswa

One mafoko a o a sa tswang go a kwala a a tshwaraganyang mafoko le diele o a bitsa eng?

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Fa o rile a bidiwa makopanyi o tlaa bo o tshwere e le ruri.

Makopanyi ke mafoko a a kopanyang dikarolo tsa puo tse di farolaganeng mo seeleng jaaka
mafoko kgotsa diele gore bokao bo tle bo tswe sentle. Go kopanya jaana go dira gore se se
kwadilweng se balege sentle.
Makopanyi a mantsi fela thata. Dikai tsa mangwe a tsone ke tse di latelang:

Le gone, e reka, aitse, gobane, kana, kante, boo, kooteng, ntekwane/ntekane, e bile,
ekete,
e seng,kante, gongwe,motlhamongwe,ka, e rile, jaanong, etswa/etswe,bo nono, jalo jalo.

Mothuti jaanong re tla tsena mo tlhalosong ya karolo ya puo e elatelang e bong ya leetsisi

1.7 Leetsisi
Moithuti pele re ka tlhalosa gore leetsisi ke eng a re lebelele ditshwantsho tse di fa tlase pele:

Lebelela diele tse di latelang:

a) Naga e ntse ntsho
b)) Noga e lelemela mo mosimeng
c) Koloi e thula setlhare

©2018 BOU
15
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 9

Dira tiro e mo metsotsong e metlhano

Tlatsa diele tse di latelang ka mafoko a a tshwanetseng o lebile ditshwantsho
tse di fa godimo.

1. Naga e ne ya sala e rile __________ morago ga go tshubiwa ke molelo.

2. Noga e ya re ________________ mo mosimeng fa e re bona gaufi le
tshimo ya ga malome.
3. Koloi e ya re ________________ mo setlhareng morago ga go tswa mo
tseleng.

Dikarabo tsa Tiro ya gago 9

1. Tshoo!
2. Lelelele!
3. Thuu!

One mafoko a o a dirisitseng mo dieleng tse di fa godimo o a bitsa eng?

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Ke solofela fa o rile a bidiwa maetsisi.

Fa o kwadile jalo o tla bo o tshwere e le ruri.

Ke boammauri moithuti a bidiwa maetsisi. Maetsisi ke karolo ya puong e e etsang sengwe.

Maetsisi a ka etsa modumo, pono / tebego, seemo, monko le yone tiragalo.

A re sedimose se re setseng re se buile ka ditshwantsho tse di fa godimo tsele.

Mo seeleng sa ntlha go ediwa tebego kgotsa pono – Naga e ne ya sala e rile tshoo!morago ga
go fisiwa ke molelo.

Mo seeleng sa bobedi gone go ediwa tiragalo fa go twe Noga e ne ya re lelele! mo

mosimeng.
Fa re tsaya seele sa boraro gone go ediwa modumo fa go twe Koloi e ne ya re thu! mo
setlhareng.

©2018 BOU
16
JC: Setswana Mothama 3

Re tla bua ka botlalo ka tiriso ya leetsisi re ntse re tsweletse. Jaanong a re lebelele dikai tsa
leetsisi. Moithuti dikai tsa maetsisi di dintsi fela thata. Re tla ipha dingwe tsa tsone.

Elatlhoko
Leetsisi le dirisa letshwao la kgakgamalo/!/

Dikai tsa maetsisi:

bilo! nwe! thuu! kgo! tshoo! tike! jwa!
meno! kwiditi! piriga! tolonbu! khonkhoro! melemethe!
kgothokgotho! tenke! pho! pharagatlha!

Moithuti re ntse re gatela pele. Jaanong re tsena mo tlhalosong ya karolo e nngwe ya puo e
bong ya Lelatlhelwa.

1.8 Lelatlhelwa
Moithuti pele re ka tlhalosa se lelatlhelwa e leng sone ke kopa gore o lebe diele tse di latelang
ka kelotlhoko mme morago o arabe dipotso:

(a) “ Ijo! o batho nthusang ke longwa ke noga”

(b) “Tshutshu! Ke tshubelwang ke metsi a a fisang!”
(c) “Bii! bii! Re thuseng ntloe a ša!”

©2018 BOU
17
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 10

Dira tiro e mo metsotsong e metlhano

Moithuti tlhopha mafoko mo go a mangwe a a sedimositsweng ke diele tse di fa
godimo fale a a dirang gore batho ba bangwe ba tsapoge kgotsa ba tsiboge.

1. Setshwantsho sa ntlha – lefoko le le tsibosang _____________________

2. Setshwantsho sa bobedi – lefoko le le tsibosang ____________________
3. Setshwantsho sa boraro – lefoko le le tsibosang ____________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 10

1.ijoo! 2. tshutshu! 3. bii!

Moithuti, one mafoko a o a nopotseng a o a bitsa eng? Ke solofela fa o rile a bidiwa

malatlhelwa. Mo dipotsong tse ke setseng ke kile ka di go botsa ke kile ka umaka go tsibosa.
Ka bokhutshwane malatlhelwa a a tsibosa. A bitswa gape gotwe ke matsibosi, fa motho a
dirisa lelatlhelwa lengwe re a tsiboga, ga go tlhokafale gore a wetse seele.

Re ka fa sekai fela ka ditshwantsho tsa rona. Fa motho a kua fela a re, “Ijo!”re setse re
gadima fa a tla go umaka gore o lomilwe ke noga re bo re sa bolo go go tsiboga. Re tsibosiwa
fela ke ijo! Yo o šwelwang ke ntlo fela fa a re “bii!”e bile re eme ka dinao go mo tswa thuso.

Malatlhelwa a mantsi fela thata. A re itseele dikai tsa a se kaenyana:

Dikai tsa malatlhelwa:

ee! ehee! mm! nnyaya ! ija! o!

owaii! tshiki! usi! nx! qcm! ijoo!
tsweetswee! tlha! puraa! kibi! tselatshweu! boroko!
pula! monna! lona! betsho!

Re tla nama re eme go le kalo ka tlhaloso ya dikarolo tsa puo. A re lebe e nngwe gape ntlha
mme re ntse re bua ka tiriso ya dikarolo tsa puo.

©2018 BOU
18
JC: Setswana Mothama 3

2.0 Supa le go nopola/inola dikarolo tsa puo mo

palong
Jaanong ka o tlhalogantse gore dikarolo tsa puo ke eng, a jaanong re dirise kitso eo go di
inola kana go di supa mo palong.

Jaaka gale re tlaa simolola ka leina, leemedi le lediri.

Nopola/supa leina,leemedi le madiri mo palong

Re tla a tsaya dikarolo tse ka go di goboka moithuti mme re di sedimosa ka go farologana. Fa

re tla go fa ditemana mme wena mo tirong e o tla e fiwang o bo o ka sedimosa dikarolo tse
tsa puo go supa fa o di tlhaloganya.

Bala ditemana tse di latelang ka kelotlhako mme morago o tla di dirisa go araba dipotso
tsa Tiro ya Gago 11.

Temana 1
Ditlhopho tsa lefatshe la Botswana tsa ngwaga wa 2009
Bontsi jwa Batswana ba emetse letsatsi le legolo la ditlhopho fa e sale Tautona a rebola
letsatsi la ditlhopho tsa ngwaga wa 2009. Letsatsi la ditlhopho ke Phatwe a le lesome le
borataro. Palamente le yone e setse e phatlaladitswe go fa mapalamente sebaka sa go ya go
itlhokoletsa ditlhopho. Mo mafelong a beke mangwe le mangwe mebila e kgabisiwa ke
mebala e e farolaganyeng ya diphathi tsa sepolotiki. Baemanosi le bone ga ba ipone tsapa.
Metseletsele ya dikoloi tsa bontlhopheng le baemanokeng ba bone ga e kgale mo mebileng.
Babegakgang le bone ga ba bone boroko ka mabaka a go leka go phatlalatsa melaetsa ya
sepolotiki kwa setšhabeng ka botlalo. Batlhophi bone ka fa letlhakoreng le lengwe ba bala
malatsi go ya go itlhophela baemedi ba bone ba ba ba ratang. Kgapetsakgapetsa, ba
gakololwa go bona gore a dikarata tsa bone tsa ditlhopho di babalesegile le go tlhola gore a
boOmang ba bone ba sa le mo tirisong. Bontsi bo itumelela gore letsatsi la ditlhopho ke la go
ipusa, ka jalo go tla ba fa nako ya go ya go tlhopha. Tsholofelo ke gore bontsi bo tla ikgogela
kwa mafelong a matlhophelo go ya go diragatsa tshwanelo ya bone ya go tlhopha.

Temana 2

Thuto ke yone mmammang wa botshelo

Malatsi ano, sengwe le sengwe se ikaegile ka thuto. Gore o age ntlo ya pelo ya gago kana o
tsamae ka koloi ya manobonobo, o tshwanetse gore o bo o rutegile. Ke yone thuto fela e e ka
go kgontshang go dira jalo. Batho ba ba ratang thuto ba nna fela mo dibukeng. Fa o bona le
gompieno Naledi a seke a tswa mo go tsone jaana, ga a itire. O batla go fenya mo dithutong
gore a tle a bone tiro ya motia mme o lemogile gore thuto e ka mo thusa mo go seo. Kana
yone e e amogedisang botoka, e ka mo thusa gore a tle a inole ba gagabo mo lehumeng le le
sa bolong go ba apara. Botshelo jwa gompieno ke thuto. Kwa ntle ga thuto jone bo nna

©2018 BOU
19
JC: Setswana Mothama 3

bokete. O tloge o je a balekane ba gago.

Go na le malwetse a a atileng thata mo lefatsheng la Botswana. Malwetse a, a akaretsa
bolwetsi jwa letshololo, kgotlholo e tona, mmokwane, malaria le a tlhakanelo dikobo. Go na
le a mangwe kwa ntle ga a ke setseng ke a nankotse one ke a mhikela, dikoto le a mangwe.
Bontsi jwa malwetse a, a baka dintsho tsa batho botlhe, bagolo le bana. A a di gogang kwa
pele mo go bakeng dintsho one ke a letshololo, a tlhakanelo dikobo le jwa kgotlholo e tona.
Bolwetse jwa letshololo jone bo atisa go ama bana thata fa a tlhakanelo dikobo one a ama
bagolo thata. Puso e leka ka gotlhe mo e ka go kgonang go ruta setšhaba ka malwetse a e le
tsela nngwe ya go lwantsha kamano ya one.

Tiro ya gago 11

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e

1. Inola maina a le matlhano go tswa mo temaneng ya ditlhopho tsa
lefatshe le Botswana tsa ngwaga wa 2009 (Temana 1).
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
2. Nopola maemedi a le mararo go tswa mo temaneng ya bobedi (Temana

o bolele gore go ka tswa go emelwa maina afe.
a. _________________________________________________________

b. _________________________________________________________

c. _________________________________________________________

3. Nopola madiri fela go tswa mo temaneng ya bobedi

_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
20
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 11

1. Batswana, letsatsi, ditlhopho, tautona, ngwaga, Phatwe, palamente,

mapalmentebeke, mebila, mebala, sepolotiki, baemanosi, metseletsele,
bontlhopheneg, boroko, mabaka,
dikarata, booming, jalo jalo.
2. Tsone – dibuka
Yone – thuto/tiro
Jone – botshelo.
3. Madiri: ata,akaretsa, setseng, nankotse, baka, gogang, atisa, ama, leka,
ruta, lwantsha,
kamano (anama).

A re lebelele tse dingwe dikarolo tsa puo.

Supa kana nopola/inola ditlhaodi, letlhalosi le malatlhelwa:

A re tswelele ka go itlhokotsa ka go nopola kana go inola dikarolo tsa puo mo mokwalong.

Bala temana e e latelang mme morago o arababe dipotso dipotso tsa tiro ya gago 12.
Kwelotlase ya itsholelo ya lefatshe la Botswana

(1) Go lebega kwelotlase ya itsholelo mo lefatsheng la Botswana e tsere phekelo e sele

monongwaga. Maphata mangwe a puso le a e seng a puso ka go farologana a amilwe
ke kwelotlase ya itsholelo. Maphata a, a amilwe ke kwelotlase ya itsholelo ka ditsela
tse di farolaganeng. Dingwe tsa tsone di akaretsa tatlhegelo ya ditiro ya babereki
le phokotsego ya didirisiwa kana ditsompelo. Mo Lephateng le tshwana le la Thuto le
Ithutelo Dikitso, mathata ke a magolo. Seemo se, se baka gape gore baithuti ba
ba feditseng mophato wa botlhano ba nne le mathata a go duelelwa dikole kwa dikoleng tsa
ithutelo ditiro go ya go tsweledisa dithuto tsa bone. Puso e kgonne fela go isa dikolong bana
ba ba fentseng ka dintlha di le masome a mararo le borataro kgotsa go feta. Madi a itshetso a
bana ba dikole tsa ithutelo ditiro le one a ne a tshwanelwa ke go fokodiwa e le tsela
nngwe ya gore puso e bone lemmenyana la go isa ba ba tswang kwa tlase dikoleng
.
(2) Ga se dikole tsosi tse di amegileng, mananeo mangwe a puso le one a ne a tshwanelwa
ke go emisiwa gore madi a tsewe a isiwe kwa letlhoko le le leng legolo teng. Seemo se
se maswe se, se ka tokafala gongwe fa botlhe ba ka dira ka natla gongwe le gongwe fa ba
tshwereng teng ka gore fa go nna jaana go re ama rotlhe. Puso e le esi e ka se kgone fa
rona re le Batswana re ka ineela mo go feng tshwene marapo.
(3) Re le batsadi re isa bana kwa dikoleng ka tsholofelo e tona mo go bone. Metlha ga e sa
tlhole e le ya maloba maje a sale metsi, mo batho ba neng ba sa tsenye bana dikole ba re
ba tla disa. Dilo di fetogile. Botshelo bo ka tswa bo le thata mme fela ke tshwanelo ya
gore ngwana ene a tsene ka kgoro ya sekole. O tlaa fitlhela motsadi a tsoga ka makuku

©2018 BOU
21
JC: Setswana Mothama 3

a naka tsa kgomo go dira gore a bone lemmenyana la gore bogolo ngwana wa gagwe a bone
lesedi la thuto. Fa ngwana ene a tsena kwa sekolong, o lebala gore kana kwa lelwapeng
batsadi ba tshwere ka thata ba mo kgaratlhela. Ka batho ba se ke ba tshwana, bangwe e se
ke e nne maarogi ba dire se se tshwanetseng mme bontsi bo itlhophele go laolwa ke ditsala
phetelela.

Phakela ba emelela sentle mo gae ba raya batsadi ba re ba ya sekoleng kante bone ba bone
tulo nngwe mo motseng mme ba tlhole koo motshegare otlhe. Ba bangwe gatwe ba paka
dilwana tsa kwa gae mme ba ye go tlhola kwa maemelong a dibese ba tlhole ba dira go tlala
ka diatla. Maitseboa motho wa bone e re sekole se tswa, a inaakanye le ba bangwe o ka re
o tswa sekolong. Fa a tsena kwa gae o itela letsapa a tlhalosa fa barutabana ba tlhotse ba ba
berekisa bokete. Nako ya dikoko di robala motho wa bone o a bo a sale a ole ke boroko.
Motsadi a dumele e le ruri ngwana a tlhotse a bereka thata a sa itse fa ngwana a tlhotse a
itirile modisadikago wa matlo a batho a a sa felang.

Tiro ya gago 12

Dira tiro e mo metsotsong e metlhano

Dipotso:
(a) Moithuti nopola dikai tsa ditlhaodi di le lesome go tswa mo ditemaneng 1
le 2 tsa palo ya Kwelotlase ya itsholelo ya lefatshe la Botswana.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(b) Inola matlhalosi mo ditemaneng 3 le 4
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 12

(a) Ya itsholelo, e sele, a a farologaneng, tse di
farolaganeng, dingwe, tsa tsone, ya didirisiwa, ya ditiro,
la Thuto, a magolo, ba ba feditseng, wa botlhano, tsa
ithuteloditiro, di le masome, a mararo le borataro, ba ba
fentseng, tsa bone, mangwe, nngwe, ba ba
tswang, se se maswe, rotlhe, tsosi, botlhe,
la Botswana
(b) Kwa dikoleng, thata, ka makuku a naka tsa kgomo, kwa lelwapeng, kwa
maemelong a dibase. Maitseboa, bokete, thata.
Supa kana inola makopanyi, maetsisi le malatlhelwa mo palong.

©2018 BOU
22
JC: Setswana Mothama 3

Moithuti re sa tswa go fa dikai tse mo go tsone lekopanyi le dirisitsweng go kopanya, jaanong

bala ditemana tse di latelang o bo o araba se o tla a se botswang mo Tiro ya Gago 13

Temana 1
Maši thobeng ke tla ke le phepha selabe se tla le motsaya kgamelo
Bontsi jwa dilo di senngwa ke rona badidirisi.Ke ka moo Motswana a duleng ka seane se
se reng ‘maši ke tswa thobeng ke le phepa, selabe se tla le motsaya kgamelo’. Re ka leba
ngwana jaaka sekai go netefatsa se. Ngwana tota ene o tla mo lefatsheng le le ka kwano
a sa itse sepe ka bosula bope. Go mo batsading kgotsa botlhokomedi go bona gore ba
mmatlele efe tsela ya botshelo. Fa ba sa tseye boikarabelo jwa se, tikologolo kana ditsala di
tla mmontsha tsela ya botshelo. Bangwe batsadi ba kgetha go neneketsa bana ba bone mme
morago ba rwale mabogo mo tlhogong. Ba bangwe bone ba a leka mme mathata e nne gore le
tsone dikgaka di a tle di faapane le bathai ba tsone. Dinako dingwe o kgona go utlwa motsadi
a botsa ngwana gore ba rutwa maitseo afe kwa sekoleng boo go laya bana ke mokgweleo wa
barutabana ba le bosi. O ka bona tota gore le mororo re atisa go supa bana ka menwana ba
bangwe ba a bo ba sa itire. Go ruta ngwana molao a sale monnye ruri ke yone tsela e e
molemo ya go mo dibela mo diphatseng.

Temana 2
Pula ke madiradintle madiradimpe
Batswana ba na le puo e e reng ‘pula ke madiradintle madiradimpe.’ Se se diragetseng
maloba mo Mogoditshane ke sekai sa gore pula ke madiradimpe. E ne ya re batho ba robetse
ga utlwala thwa! mo marulelong a matlo a bone. Dikgadima di ne di gaketse, di boaboa
gantsintsi. Fa o re o okomela kwa ntle go rile sweu! ke sefako sa pula. E ne e sa ne e
tshologa. Ditlhare kwa ntle di ne di bina pina. O a ne o utlwa rwa! di bo di wela fa fatshe.
Digogwane o ne o ka seke o utlwe modumo wa tsone.Go rile tuu! e bile e kete pula ga e ne.
Go ne go utlwala go gwasa ga pula le go thwanya ga magadima fela.

Dipotso
(a) Inola makopanyi a a senogang mo Temana 1 e o sa tswang go e bala
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(b) Nopola maetsisi otlhe a a mo Temana 2.

___________________________________________________________________
___________________________________________________________________

Dikarabo:
( a) jaaka
gore
kana

©2018 BOU
23
JC: Setswana Mothama 3

mme
gore
boo
le mororo
Moithuti ke dumela fa o nopotse maetsisi a a latelang:
(b) thwa! rwa! sweu! tuu!

A re nne re tswelele ka go ithuthuntsha.

Tiro ya gago 13
Dira tiro e mo metsotsone e lesome
Bala puisano e e latelang mme o nopole malatlhelwa mo go yone:
Puisano
Dipuo: Ao! Tsala ke lobaka ke sa go bone. A ba a tsoga kwa gae?
Keneilwe: Ba a tsoga kwa gae mathata ke malome. O robaditswe kwa
kokelong.
Dipuo: Mathata e le eng?
Keneilwe: O fitlhetswe ka mhikela wa AH1N1.
Dipuo: Ijoo! O nkutlwisetsang botlhoko ka rraagwe Kabelo wa
Modimo!
Gone mme Modimo o mogolo, o tla sedilega.
Keineilwe: Ee! ene o a sedilega. Tla fela ke re o fodile ba sa ntse ba
mmeile kwa kokelong go bona gore ga go dikai dipe tsa
mhikela o tse di sa ntseng di itshupa mo go ene.
Dipuo: Nna ruri go tlhagoga ga mhikela o go a ntshwenya. Ga go
njese diwelang.
Ke nna fela ka letshogo, re sa ntse re aperwe ke mathata a
mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS, ga re ka ke ra kgona a
mangwe mathata a tsa botsogotsala. Fa seemo se sa
mogare wa mhikela o mosa se ka se emelwe ka dinaoke
dumela fa malapa mangwe a ka felela a tswetswe ka
letlhaku.
Keneilwe: Aa! yole ke mang ? Kana matlho a me ga a mpontshe
sentle? O kare keDineo. A e bile o kueleditse mosi? Tota
ngwana yo o batla go itira eng?
Dipuo: “Nxe! nna Dineo o ntlhabisa ditlhong. Re lekile go mo
lemotsha bodiphatsa jwa botshelo jo a bo ineeletseng mme
go tshwana le re itaya lentswe ka le lengwe. A re tswe mo go
tseo tsala, kana gatwe mosadi fa inama o a bo ikantse
mosese wa morago.”

©2018 BOU
24
JC: Setswana Mothama 3

Keneilwe: Ijo! Tsala a re kgaogane re buile le ene go padile. Ba dumele

kwa gae.
Dipuo: Ee! Ke dumelana le wena go re re mo kgathologe. Kana le
sone setswana sa re more go betlwa wa taola wa motho o a
ipetla.
Ba tla dumela, le wena ba dumele koo. A malomaago a fole.
Tselatshweu phuti!

Dipotso
Inola malatlhelwa a le lesome go tswa mo puisanong e e fa godimo.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 13

heela! tlhe! ao! ijoo! aa! mxe! ijo!ija! ee! tsela tshweu phuti!
A re garele thuto ya rona.

Tshoboko
Mo thutong e e sa tswang go wela e moithuti, re ne re lebagane le go tlhalosa dikarolo tsa
puo ka go farologana ga tsone le go ya ka tiriso ya tsone. Re tlhalositse dikarolo tsa puo tse di
latelang jaana:
• Leina – karolo ya puo e e dirisiwang go bitsa sengwe kana re ka re lereo la
sengwe
• Leemedi – karolo ya puo e e didirisiwang go emela leina mo seeleng
• Tlhaodi – karoloya puo e e dirisiwang go tlhaola sengwe mo tse dingwe
• Lelatlhelwa – karolo ya puo e supang kgakgamalo
• Leetsisi – karolo ya puo e e dirisiwang go etsa
• Lekopanyi – karolo ya puo e e dirisiwang go kopanya diele kana megopolo
• Letlhalosi – karolo ya puo e e dirisiwang go tlhalosa (mokgwa, tiragalo kana
nako).

©2018 BOU
25
JC: Setswana Mothama 3

Re file dikai di le mmala tsa tsone, ra boa ra kgona go di lemoga fa di dirisitswe mo dieleng
le mo ditemaneng

Moithuti go bona gore o ka tswa o tlhalogantse thuto e ya ntlha go le kae, araba dipotso tse di
latelang tsa A re ikgakolole 1.

A re ikgakolole 1
Tsaya metsotso e le masome a mararo go dira tiro e.

Potso 1
Bala temana e e latelang mme morago a arabe dipotso:

Temana
Bontsi jwa baithuti ga ba kgatlhegele thuto ya bone. Fela fa bele ya gore sekole se tswe e
re ting! ba tla bo ba setse gata kgakala le dibuka ba sa di tshola. O ka ipotsa gore ba a bo ba
sale ba e laletse fa kae. Rwa! wa setshego sa bone wa go itumelela gore sekole se dule o mo
utlwa o le kgakala. Fa ba tsena kwa gae bangwe ba itire ba ba lapileng thata gore ba se ka ba
romiwa, ba robale. Ba bangwe ba lebelele telebešhine ka lobaka lo lo leele ba bolelele batsadi
fa barutabana ba tshela ba tlhalosa fa e le tsela nngwe ya go lapolosa tlhaloganyo. Owaii!
kae? Motho wa teng a robale fela le go okomela dibuka a sa go dire. Phakela fa morutabana
a okomela dibuka go tlhola gore a tiro e dirilwe o fitlhela dibuka di le phepa go se na fa pena
e kileng ya feta teng. O ka se dumele gore ke ene wa maabane o mmona a le matlhagatlhaga.
Molomo a o roke fa a botswa potso ka tiro ya gagwe ya sekole ka le lone lebaka la gore tiro
ke eng e sa dirwa le seyo. Fa bana botlhe ba ne ba ka lemoga gore botshelo bo thata go le kae
ba ka bo ba tlhwaafala.
Dipotso
Inola dikarolo tsa puo go tswa mo temaneng e e fa godimo jaaka go kailwe mo moalong o o
fa tlase:

Leina la karolo ya puo Sekai go tswa mo temaneng

(a) Leina
(b) Lediri
(c) Tlhaodi (o nopole dikai tse tharo)
(d) Leemedi
(e) Letlhalosi
(f). Lekopanyi
(g) Leetsisi
(h) Lelatlhelwa
[10]

©2018 BOU
26
JC: Setswana Mothama 3

Potso 2
Tlhalosa dikarolo tsa puo tse di latelang o lebile ka fa o a tleng o di dirise ka teng.
O fe sekai gongwe le gongwe go sedimosa tlhaloso ya gago:

a)Leemedi
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
b)Letlhalosi [2]

Lekopanyi [2]

[2]

Potso 3
Dirisa dikarolo tsa puo tse di latelang mo dieleng mme o di kgwarele:

(a) Lelatlhelwa [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(b) Tlhaodi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(c) Leetsisi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(d) Lekopanyi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(e) Lediri [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

©2018 BOU
27
JC: Setswana Mothama 3

(f) Leina [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Matshwao otlhe: [28]

Itshwaele.
O tshwere bokae?
Fa o tshwere 70% kana go feta o ka tswelela ka thuto e e latelang. Fa e le gore o tshwere
kwa tlase ga 70% ka tsweetswee boelela thuto e gape go fitlhelela o e tlhaloganya o bo o
dira sentle.

©2018 BOU
28
JC: Setswana Mothama 3

Thuto 2
Tiriso ya dikarolo tsa Puo

Tshedimoso
Re a go amogela moithuti gape mo thutong ya bobedi ya mothama wa boraro. Mo go yone re
tla bo re itebagantse thata le tiriso ya dikarolo tsa puo. Ke dumela fa o sa ntse o gakologelwa
mefutaya dikarolo tsa puo go tswa kwa thutong ya ntlha. Gakologelwa gore re amile dikarolo
tsa puo tse di latelang: leina, leemedi, ditlhaodi, maetsisi, matlhalosi, malatlhelwa ga mmogo
le makopanyi.

Mothutong e e fetileng re lekilego umaka tiriso ya dikarolo tsa puo mo dieleng. Mo thutong
e jaanong re a go tlhalosa gore jaaka o ne o di dirisa jalo o ne o di dirisa jang, di supa kana di
kaya eng.

Pele ga tsotlhe moithuti a re lebelele maikaelelo a thuto e.

Maikaelelo a Thuto
Morago ga thuto e, o Solofelwa gore o bo o ka:
tlhalosa sediri le sedirwa ka fa tshwanelong.
farolanya sediri le sedirwa mo dieleng le mo palong
bolela tiriso ya dikarolo tsa puo go tswa mo palong.
tlhalosa ka fa dikarolo tsa puo di dirisitsweng ka teng mo palong
lokolola seele goya ka tiriso ya dikarolo tsa puo

Diteng tsa thuto Tsebe

1.0 Tlhaloso ya sediri le sedirwa 30
2.0 Pharologano ya sediri le sedirwa 32
3.0 Tiriso ya dikarolo tsa puo 33
4.0 Tokololo ya seele go ya ka tiriso ya dikarolo tsa puo 44
Tshoboko 45
A re Ikgakolole 2 46

©2018 BOU
29
JC: Setswana Mothama 3

1.0 Tlhaloso ya sediri le sedirwa

Re tla a tsaya dikarolwana tse ka bongwe ka bongwe. Pele a re simolole ka sediri.

1.1 Tlhaloso ya sediri sa seele

Moithuti ke dumela fa e se la ntlha o utlwa go buiwa ka sediri. O kile wa kopana le kgang e
kwa sekoleng se se botlana. Ikgakolole gore sediri go ne go ne go twe ke eng go tswa kwa
dikolong tse di potlana, o bo o kwala karabo ya gago fa tlase fa.
Sediri ke
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
Fa o tlhalositse jaana moithuti o tshwere

Sediri ke:
tlhogo ya seele
se go buiwang ka sone mo seeleng
Sediri se dira tiro e go buiwang ka yone mo seeleng.

A re tseya dikai jaanong go sedimosa seo ka diele.

Dikai
Mme o loga nnake.

Mo seeleng se mme ke ene sediri ka jaana o simolola seele, kgang e remeletse mo go ene
kgotsa ke ene tlhogo ya seele

Morutabana o iteile moithuti phakela

Mo seeleng se se fa godimo, morutabana ke sediri ka jaana o simolola seele / ke tlhogo ya
seele /. Gape, go buiwa ka ene mo seeleng, ke ene a dirang kana a dirileng tiro ya go itaya.

Jaanong a re lebelele sedirwa.

1.2 Tlhaloso ya Sedirwa sa seele

Moithuti ke dumela gape gore fa e se la ntlha o utlwa go buiwa ka sedirwa. O kile wa kopana
le kgang e kwa sekoleng se se botlana. Ikgakolole gore sedirwa go ne go twe ke eng ka go
kwala mo ditselaneng tse difa tlase tse.

©2018 BOU
30
JC: Setswana Mothama 3

Sedirwa ___________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
Moithuti ke solofela gore o rile

Sedirwa sone ke:

Ke se tiro e dirwang mo go sone
Sedirwa sone se sala tiri kgotsa lediri morago.

Dikai tsa sedirwa:

(a) Tebogo o tshotse selepe sengwe.
Mo seeleng se se fa godimo sedirwa ke selepe ka gore tiro ya go tshola e dirwa mo go sone e
bile re lemoga fa se sala tiri morago

(b) Mpho o loga ngwana.

Mo seeleng se se fa godimo sedirwa ke ngwana ka go nne tiro ya go loga e dirwa mo go ene
e bile re lemoga fa ngwana a sala tiri (o loga) morago.

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e metlhano go dira tiro e

Dirisamaina setlhare le nama jaaka sediri mo dieleng
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Dirisa maina magodu le petlwanajaaka sedirwa sa seele. Morago o a
kgwarele.
Setlhare
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Nama
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Magodu
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Petlwana
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
31
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1

(a) Setlhare sa motlopi se ole.
(b) Nama e senyegile e ka se apewe.
(c) Kgosi e otlhaile magodu ale maabane.
(d) Rremogolo o betla petlwana.

Dikarolwana tse pedi tse, sediri le sedirwa di farologana jang?

2.0 Pharologano ya sediri le sedirwa

Moithuti ke solofela fa o lemogile fa sediri le sedirwa sa seele e le dilo tse di farologaneng.
Fa o sa kgona go lemoga pharologano ya tsone boela kwa morago o bale thuto e go tloga kwa
tshimologong, fa o lemogile sedimosa seo fa tlase mo ditselaneng tse o di filweng tseo.

Pharologanyo fa gare ga sediri le sedirwa ke gore:

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

___________________________________________________________________________

Ke solofela fa o supile gore:

Sediri ke se se dirang tiro fa sedirwa e le se se dirwang tiro e go buiwang ka yone
mo seeleng.

Sediri ke tlhogo ya seele. Se atisa go tla kwa tshimologong ya seele fa sedirwa se

sala tiri morago.Le gale ga go reye gore ka dinako tsotlhe sediri se simolola seele.ke
felagore gantsi se tlakwa tshimologong

Tiri e le gore yone re raya eng?

Tiri ke tiragalo e e dirwang, e supagala ka legokedi la leina le e leng sediri le lediri. Gantsi
e nna fa gare ga seele, e setse leina le e leng sediri morago. Mme le gale e kgona go sala
dikarolo tse dingwe tsa puo morago.

Dikai tsa tiri

Mpho o loga ngwana.

O loga ke tiri (o ke legokedi la sediri e bong leina Mpho,fa loga ene e le lediri)

©2018 BOU
32
JC: Setswana Mothama 3

Motho mongwe o thudilwe ke koloi ya digase.

O thudilwe ke tiri (o ke legokedi la sediri ebong leina monna fa thudilwe e le lediri)

Moithuti ke dumela fa o lemogile gape gore mo seeleng se tiri ya rona ga e a sa sala sediri
morago jaaka go setse go tlhalositswe gore e ka sala dikarolo tse dingwe tsa seele morago.
Mo seeleng se tiri ya rona e setse tlhaodi e bong mongwe morago. Tlhaodi e, e tlhaola leina
motho.

3.0 Tiriso ya dikarolo tsa puo

Leina le ka dirisiwa jaaka sediri kana jaaka sedirwa mo seeleng. Re tswa go tlhalosa sediri le
sedirwa fa godimonyana fale. Ka jalo, re solofela fa o itse gore sediri le sedirwa go tewa eng.

3.1 Leina jaaka sediri

Ka o itse se sediri e leng sone re simolola fela ka go go fa tironyana.

Tiro ya gago 2
Dirisa metsotso e le meraro go dira tiro e
Dirisa maina a a latelang mo dieleng jaaka sediri sa seele o bo o a kgwarela:
(a) Katse
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(b) Mosimane
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(c) Moemanosi
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(d) HIV/AIDS
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(e) Nogapotsane
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
33
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya gago 2

(a) Katse e bolaile peba maabane.
(b) Mosimane o sela pampiri fa fatshe.
(c) Moemanosi wa kgaolo ya rona ofentse ditlhopho.
(d) HIV/AIDS e amile itsholeloya lefatshe la rona.
(e) Nogapotsane e agile mo lentsweng.

Ke dumela fa o lemoga gore maina otlhe a ke a dirisitseng a simolola seele.

• Ke one a go buiwang ka one.
• Ke one a a dirang tiro e go buiwang ka yone mo seeleng.

Ka jalo maina ao otlhe ke sediri mo seeleng se a leng mo go sone.

3.2 Leina jaaka sedirwa

Ka o setse o na le kitso ya gore sedirwa ke eng tswelela ka tironyana e e latelang:

Tiro ya gago 3

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e

Dirisa maina a a latelang jaaka sedirwa:
Katse
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Mosimane
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Ditlhopho
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Itsholelo
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Serame
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
34
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3

(a) Monna yo o pelompe o bolaile katse ya ga nkuku.

(b) Kabelo o iteile mosimane yole ka mpama.
(c) Kwa kgaolwaneng ya rona re tlhopile moemanosi.
(d) Mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS di kokonetse itsholelo ya lefatshe la
Botswana.
(e) Mmabaledi a re o bone nogapotsane kwa lentsweng la Phaphane maabane.

Mo dieleng tse di fa godimo ke dumela fa o lemogile gore maina ao a:

• Setse tiri morago fela jaaka tlhaloso e supile.

• Ke a tiro e go buiwang ka yone e dirwang mo go one
Ka jalo maina ao otlhe ke sedirwa mo dieleng tseo.

3.3 Tiriso ya leemedi jaaka sediri kana sedirwa

Moithuti, re sa tswa go ithuta tiriso ya leina. Re ithutile gore le ka dirisiwa jaaka sediri kana
sedirwa mo seeleng. Jaanong re tswelela ka go ithuta ka leemedi. Re ithuta gore lone le
dirisiwa jang.

Moithuti, lefoko le, leemedi le go bolelela sengwe gore karolo e ya puo e dirisiwa jang? O
nepile fa o rile leemedi le dirisiwa go emela leina mo seeleng.

A re tseye sekai:
Fa o re, “Mosadi o belege ngwana,” o bo o boa o re, “Ene o belege ngwana,” leemedi /ene/ le
emetse eng?
Ee! Le emetse leina mosadi. Mosadi ke leina. Ka jalo leemedi le dirisiwa go emela leina.
Fela jaaka leina mosadi fa e le sediri, go ntse jalo ka lemedi ene, ke sediri sa seele.

Bana ba ja jone gore ba nonofe.

Mo seeleng se leemedi jone ke sedirwa ka tiro ya go ja e supagala e dirwa mo go jone. Jone
fa o ka tswa a emetse leina bogobe kana borotho. Fela tiro ya go ja e dirwa mo go jone ka jalo
ke sedirwa sa seele se.
Re wela jalo ka tiriso ya leemedi jaanong re tla tsena mo tirisong ya tlhaodi

©2018 BOU
35
JC: Setswana Mothama 3

3.3 Tiriso ya tlhaodi

Moithuti a o gakologelwa gore tlhaodi ke eng? Fa o rile ke karolo ya puo e e tlhaolang leina
mo seeleng o tshwere.

A re ikgakolole ka dikai tse di latelang:

• Mosimane yo montsho o siile ba bangwe.
• Bana ba ba botlhale ba ratiwa thata
Mo seeleng sa ntlha, yo montsho ke tlhaodi ka gore e tlhaola mosimane mo go ba bangwe.
Fa mo seeleng sa bobedi, ba ba botlhale e le le tlhaodi ka e tlhaola bana mo go ba bangwe.
Go ratiwa ba ba botlhale e seng ba ba seng botlhale.

Jaanong moithuti o ka re tlhaodi e dirisiwa jang? Fa o rile go tlhaola o tshwere. Ee tlhaodi e

dirisiwa go tlhaola.
Le e tlhaola jaana le yone fela jalo e ka nna sediri kana sedirwa sa seele. Mo dileng tse re sa
tswang go dibalatseo mo go sa ntlha o kgona go se kwala fela o re yo montsho o siile ba
bangwe.Fa o se kwadile jaana o tlogetse leina monna, tlhaodi e e nna sediri sa seele se gonne
e le yone go supagalang e dira tiro ya go siana.

Mo go sa bobedi fa o tlogela leina bana, tlhaodi ya rona ba ba botlhale e nna yone sedirwa
ka gonne tiro ya go ratiwa e diragala mo tlhaoding e.

Tiro ya gago 4

Tsaya metsotso e le lesome go dira tiro e

1. Mo dieleng tse di latelang dirisa leemedi le le tshwanetseng go emela leina
le le kgwaretsweng:
O kgamilwe ke borotho.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Malome o ntse a batla selepe seo mo ntlong.
______________________________________________________________
______________________________________________________________

Ngwana o a lela fa a tshwerwe ke tlala.

_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
36
JC: Setswana Mothama 3

2. Ka diele di le tharo kwala dikai tsa tlhaodi di dirisitswe mo dieleng o bo o

bolela gore di dirisitswe jang:
(a) ______________________________________________________
______________________________________________________
(b) ______________________________________________________
______________________________________________________
(c) ______________________________________________________
______________________________________________________
3. Ka diele di le pedi dirisa tlhaodi jaaka sediri kana sedirwa, o kgwarele dikai
tseo:
(a) ______________________________________________________
______________________________________________________

(b) ______________________________________________________
______________________________________________________

Dikarabo tsa tiro ya gago 4

1. (a) O kgamilwe ke jone

(b) Malome o ntse a batla sone seo mo ntlung
(c) Ene o a lela fa a tshwerwe ke tlala.
2. Lebelela dikai tse:
• Malome o beile kgomo e tshumu letshwao maloba.

E tshumu ke tlhaodi e e dirisitsweng go tlhaola kgomo.

Kedibonye o tshegitse batho botlhe kwa moletlong
Botlhe ke tlhaodi e e dirisitsweng go tlhaola batho.
Ba jesitse dikgomo tsa kgosi fela boOmang.
• Tsa kgosi ke tlhaodi e e dirisitsweng go tlhaola dikgomo.
3. Tlhaodi jaaka sediri kana sedirwa
(a) Ba tsamaile ka dibuka di sele.
Di sele ke tlhaodi e e dirisitsweng e le sedirwa.
(b) Ba ba tshegang ke ba Mophato wa Ntlha
Ba ba tshegang ke tlhaodi e e dirisitsweng jaaka sediri.

©2018 BOU
37
JC: Setswana Mothama 3

Fa o arabile go tshwana le fa godimo, o tshwere e bile o lemogile sentlentle gore tlhaodi e

dirisiwa go tlhaola.

3.4 Tiriso ya tlhalosi

Moithuti mo setlhogwaneng se re ya go itebaganya le tiriso ya tlhalosi. Re setse re kile
ra ama letlhalosi. Ra kaya fa re ka tlhalosa nako, felo le mokgwa. A re lebe dikai ka go
farologana tse di nang le matlhalosi:

a) Mosimane o leletse ruri.

Ruri ke tlhalosi mme go tlhalosiwa mokgwa o mosimane a lelang ka one.

b) Mme o tswa kgakala.

Kgakala ke tlhalosi mme go tlhalosi lefelo le mme a tswang kwa go lone.

c) Dimpho o tla goroga phakela.

Phakela ke tlhalosi go tlhalosiwa nako e dimpho a tla gorogang ka yone.

Tiro ya gago 5

Tsaya metsotso e le meraro go dira tiro e

Itlhamele tsa gago diele di le tharo o kgwarele tlhalosi mo go tsone:
1._____________________________________________________________
______________________________________________________________
2._____________________________________________________________
______________________________________________________________
3______________________________________________________________
______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 5

1. Malome o ile moseja.
2. Baithuti ba mophato wa boraro ba dira go swela
3. Tona ya Lephata la Thuto o tla buisa khuduthamaga ka tshokologo

Moithuti, go tswa mo dikaing tse o di fileng o ka re tota tlhalosi e dirisiwa jang? Fa o

rile go tlhaola o nepile.

Ee! tlhalosi e dirisiwa lgo tlhalosa.

©2018 BOU
38
JC: Setswana Mothama 3

3.5 Tiriso ya Lediri

Moithuti re solofela fa o gakologelwa gore lediri ke karolo ya puo e e kayang tiro e e dirwang
kgotsa e e diragalang mo seeleng.

Lebelela diele tse di latelang:

a)Ngwana o a kwala
b) Ntlo e a ša.
Kwala ke lediri ka gore o kaya gore ngwana o dira eng. Ša le ene ke lediri ka gore o kaya
gore go diragala eng.

Ka go rialo moithuti o ka re lediri le dirisiwa jang?

Fa o rile go bolela tiro e e dirwang kana e e diragalang, o nepile.

Jaanong kwala seele se senang le lediri. Ke dumela fa okgonne moithuti.

3.6 Tiriso ya Lekopanyi

Moithuti, re solofela fa o gakologelwa dikai tsa lekopanyi. Fa o lebetse boela kwa thutong e
re fetileng ka yone ya lekopanyi

a) Lekopanyi le dirisiwa go kopanya. Le ka kopanya diele kana megopolo kana dikarolo tsa puo.

Sekai
Wa re ke go adime madi boo ke a bereka.

Mo sekaing se, go dirisitswe lekopanyi boo go kopanya seelana /wa re ke go adime madi/ le /
ke a bereka/

b) Lekopanyi le dirisiwa go kopanya dikarolo tsa tsa puo

Botswana le Namibia ke mafatshe a a mo Aforika

Mo seeleng se lekopanyi le, le kopantse leina Botswana le leina Namibia

c) Le ka dirisiwa go kopanya diele

Sekai:
Le nna ke ne ka mmolelela ntswa le wena o ne o mmoleletse
Mo seeleng se, lekopanyi ntswa o dirisitswe go kopanya diele /ke ne ka mmolelela/ le /le
wena o ne o mmoleletse.

©2018 BOU
39
JC: Setswana Mothama 3

Elatlhoko
O se ka wa tsiediwa ke gore ra re le dirisiwa go kopanya. Le fa le kopanya jaana le ka tla
tshimologong, fa gare ga seele le kwa bofelong jwa seele.

Dikai:
• Kante motho yo ke sebeto.
• Motho yo kante ke sebeto.
• Motho yo ke sebeto kante.

Tiro ya gago 6

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e.

Bala palo e, mme morago o bo o araba potso.
Re ne ra goroga pula e na. Go ne go le bosigo mme re ne ra robala. Phakela,
ke fa re tsosiwa re bo ne re fiwa sefitlhelo
1. Bolela gore madiri a a ntshofaditsweng a dirisitswe jang.
(a) Goroga:
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(b) Na
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(c) Robala
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(d) Tsosiwa
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(e) Fiwa
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
2. Itlhamele diele di le pedi gongwe le gongwe o dirisa lekopanyi mo mae
mong a mararo a re setseng re buile ka one (kwa tshimolong ya seele, fa
gare ga seele le kwa bofelong jwa seele).
(a) Kwa tshimologong ya seele
(i) _________________________________________________
_________________________________________________
(ii) _________________________________________________
_________________________________________________

©2018 BOU
40
JC: Setswana Mothama 3

(b) Fa gare ga seele

(i) _________________________________________________
_________________________________________________
(ii) _________________________________________________
_________________________________________________
(c) Kwa bofelong jwa seele
(i) ____________________________________________________
____________________________________________________
(ii) ______________________________________________________
______________________________________________________
(iii) ______________________________________________________
______________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 6

a) Goroga: o kaya tiro e e diragalang
b) Na: o kaya tiro e e diragalang
c) Robala: o kaya tiro e e dirwang
d) Tsosiwa: o kaya tiro e e dirwang
e)Fiwa: o kaya tiro e e dirwang

2. Buisanang ka diele tseo tsa makopanyi.

A re tswelele moithuti.

3.7 Tiriso ya maetsisi

Moithuti ke dumela fa o sa ntse o gakologelwa gore re rileng ka maetsisi mo thutong ya
ntlha. Ikgakolole ka go bolela gore dilo tse tharo tse maetsisi a ka di etsang.
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

• Ke solofela fa o rile maetsisi a ka etsa tse di latelang:

Modumo
• Tiragalo
• Tebego/pono

©2018 BOU
41
JC: Setswana Mothama 3

Ka go rialo re ka re tiro ya maetsisi ke mo seeleng ke go etsa. Le etsa dilo tse tharo tse re sa
tswang go di balolola tseo. Re go file dikai mo thutong ya ntlha moithuti mme o ka itlhamela
tse dingwe ka go thusana le yo o ithutang le ene.

Elatlhoko
Leetsisi la pono/tebogo le la tiragalo a a farolagana. Se se ediwang ke leetsisi la tiragalo se
nyelela ka bofefo, dikai : tike! rago! Nyele! jalo jalo fa se se ediwang ke leetsisi la pono/
tebego se tsaya nako se ntse se bonwa, dikai : setlhee! talaa! hubee! jalo jalo

Moithuti re wela jalo ka thuto ya tiriso ya leetsisi.

3.8 Tiriso ya lelatlhelwa/Letsibosi

Moithuti o setse o ithutile ka malatlhelwa ebile re solofela fa o gakologelwa dikai tsa one.
Tiriso ya lelatlhelwa ke go tsibosa, mme e lemotshega ka letshwao la kgakgamalo /!/. Go
tsibosa moo go ka tlisa kgakgamalo, ke ka mong e reng fa o le dirisa mo seeleng o
tshwanelwang ke go le supa ka letshwao le ka dinako tsotlhe.

Malatlhelwa ga a dirisiwe go tsibosa batho fela. A ka tsibosa diphologolo.

Sekai
Ntle! Ke eng e rata batho jaaka dintsi.

Mo sekaing se mmui o tsibosa ntša gore e tswe mo go bone.

• Fa o koba dikolobe wa re oki! oki!

• Dipodi tsone re a re puraa! Puraa!

Buisanang ka a mangwe a lebaganyeng le leruo le lengwe la mo gae.

Tiro ya gago 7

Dira tiro e mo metsotsong e le metlhano

1. Bala palonyana e e latelang mme morago o inole malatlhelwa o bo o supe
gore a dirisitswe jang:

Kagiso: Ga twe o bolelele batho bale gore ba a tlhodia.

Malepa: (A bua le bone) Heelang! Gatwe lo didimale. (A sebetsa Kagiso)
Ijo! O a itse batho bangwe ga ba na botho. Ao! Ba ka tla go tsosa modumo o o
kanakana mo phitlhong.

©2018 BOU
42
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa tiro ya gago 7

Ke solofela fa o segetse malatlhelwa a: heelang! ijo! le ao!
a) Heelang! : Malepa o tsibosa ba ba tsositseng modumo gore o bua le bone.
b) Ijo! : Malepa o tsibosa Kagiso gore o gakgamadiwa ke botho jwa bone.
c) Ao! : Malepa o ntse o tsibosa Kagiso gore o gakgamadiwa ke batho ba ba
modumo mo phitlhong.

Re fetsa jalo ka tiriso ya dikarolo tsa puo. Jaanong a re tseneng mo go lokololeng diele.

4.0 Tokololo ya seele go ya ka tiriso ya dikarolo

Moithuti e thuto e tla nna e ka re e ntsha mo go wena mme tota ga e ntsha. Ke tlaleletso ya se
re setseng re se amile mo thutong e e sa tswang go wela ya tiriso ya dikarolo tsa puo. Re ne
ra bua ka tiriso ya dikarolo tsa puo jaaka leina, leemedi, tlhaodi jalo jalo. O kgonne gape go
nopola dikarolo tsa puo fa di dirisitswe mo maemonga a farologaneng. Se, se ya go dira gore
go nne motlhofo mo go wena go lokolola seele.

Moithuti re a tle re lokolole nama go ya ka dikarolo tsa yone. Seele le sone fela jalo se na
le dikarolwana tsa sone. Moithuti elatlhoko gore go lokolola seele le go supa maemo a a
tsewang ke dikarolo tsa puo mo seeleng ke selo se le sengwe fela. Dikarolwana tse ke tse di
latelang:
• Sediri
• tiri
• sedirwa
• tlhaodi
• tlhalosi

Moithuti re buile thata gore:

• Sediri se tla kwa tshimologong
• Sedirwa sone se sala tiri morago
• Tiri le lediri tsone di kaya fa tiro e dirwa
• Tlhaodi yone e tlhaola leina le e leng sediri kgotsa sedirwa
• Tlhalosi yone e tlhalosa nako, lefelo le mokgwa.

©2018 BOU
43
JC: Setswana Mothama 3

A re tseye dikai tsa go lokolola seele go ya ka tiriso ya dikarolo tsa puo.

Dikai
(a) Malome o ja nama ya nku.
Malome o ja nama ya nku
Sediri tiri sedirwa tlhalosi

(b) Monna wa Mosotho o ruta bana kwa Mahalapye.

Monna wa mosotho o ruta bana kwa mahalapye
Sediri tlhaodi tiri sedirwa tlhalosi

Ithuthuntshe

Tiro ya gago 8

Tsaya metsotso e le lesome go dira tiro e.

Moithuti jaanong lokolola diele tse di latelang
1. Ngwana mongwe o gobaditse morutabana.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
2. Nnake o ile kokelong phakela
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 8

1. Ngwana mongwe o gobaditse morutabana thata

• Ngwana – sediri
• mongwe – tlhaodi
• o gobaditse – tiri
• morutabana - sedirwa
• thata – tlhalosi
2. Nnake o ile kokelong phakela.
• nnake – sediri

©2018 BOU
44
JC: Setswana Mothama 3

• o ile - tiri
• kokelong – tlhalosi
• phakela – tlhalosi
A jaanong re di garele

Tshoboko
Mo thutong e e sa tswang go wela e moithuti, re ithutile go le go ntsi thata ka tiriso ya
dikarolo tsa puo tse di farologanyeng. Re amile tiriso ya:
• Leina
• Leemedi
• Letlhalosi
• Lekopanyi
• Leetsisi
• Lelatlhelwa ga mmogo le ya
• Tlhaodi.
Mo go yone thuto e re ne ra kgona go dirisa dingwe tsa tsone jaaka sediri, tiri, sedirwa ga
mmogo le tlhalosi mo dielelng. Re buile ra bua le ka one molokololo wa seele. Re supa fa
seele se agilwe ka dikarolo tse di farologanyeng jaaka sediri, sedirwa, (leina) tiri, tlhaodi le
tlhalosi.
Moithuti go bona gore o ka tswa o tlhalogantse thuto e ya bobedi go le kae araba dipotso tse
di latelang tsa A re ikgakolole 2.

A re ikgakolole 2
Tsaya metsotso e le masome a mararo fela

1. Dirisa dikarolo tsa puo tse di latelang jaaka go batlega mme o di kgwarele
Tlhaodi e tlhaola sediri sa seele [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Leetsisi go etsa tiragalo [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Lelatlhelwa go supa tenego [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

©2018 BOU
45
JC: Setswana Mothama 3

Lelatlhelwa go supa kutlobotlhoko [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

2. Bala temana e e latelang mme o nopole dikarolo tsa puo go ya ka tiriso ya tsone
jaaka go kailwe:
Ke tswa kgakala ke atisa go thusa Tebogo ke re ke tsala kante ene o ntshema semoamoa. Wa
tsala nako le nako fa ke mo etela o itshwarisa lofeelo gore ke tle ke mo thuse. Le mororo o
bona a lemetse jaana ga a itse Setswana se se reng mabogo dinku a thebana. Fa a nketetse
o nna setilo le fa a bona tiro e le bokete go le kae ga a ke a tsitlega, boo motho a sa rate go
thusiwa. Ke ne ka tswelela ka mogo mo thusa fela jalo ke tsaya gore ke motho o na le
letswalo kante ke itsholofetsa fela. Fa ke tla go lemoga fa a le peloethata ke ka nako ya
enyalo la ga nkgonne ngogola. O ne a nna fela fa fatshe jaaka moeng mongwe le mongwe.
Gangwe le gape ke mo lebe ke tsaya gore o tla rwaega, owaii! Ga tshwana fela. Fa e sale ka
lone letsatsi leo ka ithuta go mo ikeletsa. Ke belaela fa mmamogoma a ne a tsaya gore ga ke
botlhale kooteng.

Dipotso
a) Nopola seele se mo go sone lekopanyi le dirisitsweng kwa bofelong jwa seele mme o le
kgwarele. [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

b) Nopola se tlhaodi e dirisitsweng go tlhaola sediri mme o e kgwarele. [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

c) Nopola seele se leina se dirisitsweng go tlhaola sedirwa sa seele mme o le kgwarele. [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

2. Lokololola diele tse di latelang ka dikarolwana tsa puo tse di bopilweng ka tsone:
(a) Mosetsanyana wa moopedi o gaisitse basimane maloba. [5]
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

(b) Baithuti botlhe ba dira mophato wa bone kwa Moeding. [5]

___________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
Matshwao otlhe: [24]

©2018 BOU
46
JC: Setswana Mothama 3

Itshwaele.
O tshwere bokae?
Fa o tshwere 70% kana go feta o ka tswelela ka thuto e e latelang. Fa e le gore o tshwere
kwa tlase ga 70% ka tsweetswee boelela thuto e gape go fitlhelela o e tlhaloganya o bo o
dira sentle

©2018 BOU
47
JC: Setswana Mothama 3

Thuto 3
Bokao jwa Dikarolo tsa Puo

Tshedimoso
Moithuti o boa o amogelesega gape mo thutong e ya boraro ya mothama wa boraro. Re sa
tswa go ithuta ka tiriso ya dikarolo tsa puo mo thutong ya bobedi. Re supile gore dingwe
dikarolo tsa puo jaaka leina le leemedi di ka dirisiwa e le sediri kana sedirwa, tlhaodi go
tlhaola, dingwe jaaka letlhalosi le dirisiwa go tlhalosa fa makopanyi one tiriso ya one e le go
kopanya. Re ithutile gape ka tokololo ya seele gore seele se ka lokololwa go ya ka dikarolo
tsa puo tse se bopilweng ka tsone. Re supile fa seele se ka nna le leina, tiri, (e e supagalang ka
legokedi la sediri le lediri) le tlhalosi.

Mo thutong e re ya go bua ka bokao jo bo tlhagisiwang ke dikarolo tsa puo go ya ka tiriso ya

tsone. Moithuti karolo ya puo e ka tlhagisa bokao jo bo farologaneng go na le jaaka o e
tlwaetse go ya fela gore mmui kgotsa mokwadi o eletsa go senola maikutlo afe kgotsa
molaetsa ofe. Bokao jo gantsi ke jone jo bo dirang gore se re se lemotshiwang se papamale
jaaka fa setshwanetse le gone gore bokao jwa sone bo senoge botoka

Mo thutong re ya go ama bokao jo bo tlhagisiwang ke dikarolo tsa puo tse di latelang:

Malatlhelwa, maemedi, makopanyi, maina ga mmogo le matlhalosi.

Maikaelelo a Thuto
Morago ga thuto e o solofelwa gore o bo o ka:
• tlhalosa bokao jwa dikarolo tsa puo tse di sa tlwaelesegang mo palong

Diteng tsa thuto e Tsebe

1.0 Bokao jwa dikarolo tsa puo mo palong 61
2.0 Tshekatsheko ya bokao jwa dikarolo tsa puo 52
Tshoboko 61
A re Ikgakolole 3 61

©2018 BOU
48
JC: Setswana Mothama 3

1.0 Bokao jwa dikarolo tsa puo

Moithuti pele re nankola bokao jo bo tlhagisiwang ke dikarolo tsa puo ka bongwe ka
bongwe bala temana e e latelang ka kelotlhoko mme morago o arabe dipotso.

Kaelo, letsipa!
Dikgwedi di ne di setse di fetile di le tlhano go sena kutlwedi ya gore a Kabelo o tla kwala
kgotsa o tla tla gae. Mmapula a ipolelela le nosi gore kana fa o bona banna ba ntse jaana,
ba dirisa basadi jaakadikhukhu. Motho wa teng o go gopola fa pula e na, fa e sa ne o go
latlhela kwa kgakala kwa. A ikaelela go kwalela Kabelo le fa sa itse lebokoso la gagwe la
poso.

Modimo wa mo tla matshediso, ya re a ile fa marekisetsong a kopana le Moarabi mme a

mmolelela fa a dira le Kabelo. Pelo ya ga Mmapula ya bo ya re sweu! a ikutlwa a setse a rile,
a matla ka maleo!

“Ao! Go riana o dira le mosimane wame?”

Moarabi a fetola a re, “Ee! go ntse jalo.”

Ba tswelela le dikgangnyana tse e seng tsa sepe. Morago ba kgaogana mme Mmapula a raya
Moarabi a re,“o ntisetse Kwena!”
Ba tswelela jalo ba ga Kabelo le Mmapula kgetse e santse e olelwa e ise e tlale. Kana ke raya
Kabelo le Mmapula e le monwana le lenala. Batho ba kile ba re, “Heela mosadi! selo se o
tlholang o tabogile fa morago ga sone se, ga se monna!” Mmapula ene a itsenya
ditlhokwa mo ditsebeng. Kante mathata a lona ke eng?” A garumela Moarabi yo a neng
a leka go mo tla matshediso ka a ne a itse Kabelo tota. Jaanong o kae gompieno jaana
Mmapula? O mo lephereseng. O setse a itse go dumedisa le boMoarabi ba a neng a seke a ba
dumedisa. Fa o mo labile e kete ke motho a latlhegelwa ke tlhaloganyo, kgetse yone e tletse
mme motlatsi wa yone a sa utlwale gope.

Fa le phirima a nna fa fatshe mo ntlwaneng ya gagwe go kwalela Kabelo.

Ntsaana Kabelo o bosula jaana? Re ka tsamaya loeto mmogo mme ya re re le bile bokhutlo
wa bo o re nyele! Ke na le pelaelo ya gore gongwe ga o a di lepa sentle. Rra, jaaka ke go
boleletse dikgwedidi thataro,majaaitshutlha ke wena. Ke solofela fa jaanong o tla
gakologelwa ka o ntse o itebaditse. Ke batla diaparo tsa losea le tlhokomelo e e feletseng ka
o itse gore ke tlogela tiro fa kgwedi e fela. Ke letetse go go bona mo lobakeng lo lo sa
fediseng pelo,o seka wantiegela rati!

Kabelo fa a fetsa go buisa lokwalo a nna fa godimo ga bolao a re tuu!a loga maano a a
logolola. A bua ka pelo a re, “Mme wee tota gatwe ke a bo ke bone eng ruri? A e ka re fela

©2018 BOU
49
JC: Setswana Mothama 3

ke bona phala e le khibidu ke bo ke e tlotsa letsoku? Kana botšhobolo ga bo senkwe mo go

Mmapula. Le gale monna o bolawa ke se a se jeleng, go tla tweng?

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e e latelang:

Moithuti re setse re tlhalositse fa bokao jwa dikarolo tsa puo gantsi bo laolwa
ke tiriso ya tsone. Jaanong, nopola dikarolo tsa puo tse di ntshofaditsweng go
tswa mo temaneng, o bolele maina a tsone le bokao jo bo di senolang:

Bokao go ya ka
Karolo ya puo Leina la karolo ya puo
tiriso
Sekai - Kgotsa Lekopanyi kakanyetso
Dikhukhu Leina tshotlo
Sweu! Leetsisi boitumelo
Ao!
Ee!
Kwena!
Selo

Ene
Kante
Jaanong
E kete
Yone
Ntsaana
Gongwe
Majaaitshutlha
Moratiwa
Tu!
Mma wee!
Le gale

©2018 BOU
50
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo Tsa Tiro ya Gago 1

Karolo Ya Puo Leina La Karolo Ya Puo Bokao Go Ya Ka Tiriso

Kgotsa Lekopanyi kakanyetso
Dikhukhu Leina tshotlo
Sweu! Leetsisi boitumelo
Ao! Lelatlhelwa kgakgamalo
Ee! Lelatlhelwa go dumela
Kwena! Lelatlhelwa tlotlo
Selo Leina lonyatso
Ene Leemedi kgatelelo
Kante Lekopanyi tenego
Jaanong Lekopanyi tshotlo

E kete Lekopanyi kakanyetso

Yone Leemedi kgatelelo

Ntsaana Lekopanyi kgakagamalo
Gongwe Lekopanyi go tshosetsa
Majaaitshutlha Leina tshotlo
Moratiwa Leina tshotlo
Tu! Leetsisi go akanya thata

Mma wee! Lelatlhelwa go ikotlhaya

Le gale Lekopanyi go ineela

Ela tlhoko:
Moithuti, dikarolo tsa puo di kgona go senola bokao jo bo farologaneng go ya ka gore o di
dirisitse jang. Dikarolo tsa puo tse re di kaileng di kgona go senola bokao jo bongwe fa
godimo ga jo re bo kaileng.

Jaanong a re tseye dikarolo tsa puo ka bongwe ka bongwe go senola bokao jo bongwe jo bo
sa tlhagang mo temaneng e.

©2018 BOU
51
JC: Setswana Mothama 3

2.0 Tshekatsheko ya bokao jwa dikarolo tsa puo

Jaanong re tsena mo tshekatshekong ya dikarolo tsa puo tse di farologanyeng. Karolo e e tla
a sekasekwang la ntlha ke Lekopanyi.

2.1 Bokao jo bo senolwang ke Lekopanyi

(a) Lekopanyi le ka kaya kgatelelo:

Lekopanyi le ka senola bokao jo bo farologaneng mo seeleng jaaka mo dikaing tse di
latelang:
Fa le dirisitswe kwa bofelong le kwa tshimolong ya seele le a gatelela. A re netefatse se ka go
fa dikai.

i) Fa le dirisitswe kwa tshimologong ya seele

Sekai:
• Kante o bua le mang?
• Jaanong ke eng ba bua le ene?

Diele tse di simolola ka lekopanyi go supagore le gatelela bokao.

ii) Fa le dirisitswe kwa bofelong jwa seele:

Sekai:
• O tsamaile maabane kooteng.

Moithuti fa re ntsha lekopanyi kwa bofelong se balega se re:

• O tsamaile maabane

(b) Lekopanyi le ka kaya kgakgamalo

Dikai:
A go riana la re ntlo ya ga bone Keneilwe e jelwe ke molelo?

(c) Lekopanyi le ka kaya tenego.

• O nteba jang kante?
• Mpho o ne o mpiletsa eng jaanong o itse gore o dira sengwe?

©2018 BOU
52
JC: Setswana Mothama 3

(d) Lekopanyi le ka kaya kutlwelobotlhoko

• Go riana o ntse a lwala jaana motho yo wa batho?

• Ntseana mosadi yo wa Modimo o bolailwe a imile?

2.2 Bokao jo bo senolwang ke Malatlhelwa

Malatlhelwa ka go farologana ga one a senola bokao jo bo farologaneng. Bokao jo bo

senolwang ke malatlhelwa e ka nna jo bo latelang:

(a) A ka kaya tumelo

Dikai
• Ahaa! o tla a kgona
• Ehee! ke a utlwa
• Ee! Go ka tswa go ntse jalo.
• Mh! ke a tsamaya

(b) A ka kaya kganetso

Dikai
• Nnya-ya! ao mafoko ga se ame
• Mh mh! ke a gana
• Nnyaya! ga ke dumelane

(c) A ka kaya kgakgamalo kana tenego

Dikai
• Ao! A e bile dikgang tseo di setse di buega mo motseng? (kgakgamalo)
• Ija! Go riana o ne o mpiletsa go batla go mpotsa maaka? (tenego)

(d) A ka kaya lonyatso

Sekai
Owaii! O ka dira eng tota fa o mo lebile?

(e) A ka kaya go eleletsa mongwe masego

Dikai
• Gola o tlhogole! Ngwana wa ngwanaka!

©2018 BOU
53
JC: Setswana Mothama 3

• A pula e go nele tseleng!

• Pula Barolong!

(f) Go kaya gore o bitsa le go koba diphologolo

Dikai
• Kibi! Go koba koko!
• Sb-sb-sb-sb! Go bitsa katse

Tiro ya gago 2

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e.

Moithuti ka jaana o filwe sekai gongwe le gongwe sa bokao jo bo ka senolwang
ke malatlhelwa jaanong tlatsa moalo o o latelang ka dikai le pedi tsa
malatlhelwa mo bokaong bongwe le bongwe. O setse o filwe dikai di le dintsi
thata tsa malatlhelwa ka jalo ga o na go nna le mathata.

Bokao jo bo senogang Sekai se le sengwe mo

seeleng(gakologelwa go kgwarela
dikai tseo)
(a) Tenego Mxe! tota o dira eng motho ke
wena?
(b) Kgakgamalo

(c).Keleletso masego

(d) Kutlobotlhoko

(e) Go dumela

(f) Kganetso

(g) Lonyatso

(h) Tshupo tlotlo ka tiriso ya

sereto

©2018 BOU
54
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 2

a) Tenego-wai! a a tsamaele koo
b) Kgakgamalo - Ijo! ke la ntlha ke utlwa kgang eo e bile ke tshogile.
c) Keleletso masego - Gola o tlhogole setlogolo sa me
d) Kutlobotlhoko - Tshu tshu! ke tshubelwang ke metsiwee!
e) Go dumela - Mm! go ka siama thata fa o ka dira fela jalo.
f) Kganetso – Nnyaya! ga ke batle go utlwa tsone dikgang tseo ka madi a me.
g) Lonyatso – Nxe! o ithaya o ka dira eng ene mothonyana yo.

h) Tshupo tlotlo ka tiriso ya sereto – Tsamaya sentle Tholo!

2.3 Bokao jo bo senolwang ke Leemedi

(a) Leemedi le ka dirisiwa le leina go supa bokao jwa kgatelelo

Lebelela ka fa leemedi le dirisitsweng ka teng mo temaneng e e latelang mme morago o
bolele se o se lemogang mo tirisong eo:

Tlakisa ngwana
Tota bana bone ke batho ba ba dumelang mo go tlakisiweng. Fa o ile golo gongwe ba dumela
fa ba tshwanelwa ke go tlelwa sengwe. Fa re le batsadi re ka wela mme ra ba letla go re
gogela mo go direng jaana ka malatsi otlhe, re ka iphitlhela re itlhabile ka thipa mpeng.
Mathata e nne gore madi one tota a go a dirisa jalo ka malatsi otlhe ga a bonale motlhofo. Go
tlakisa bana kana go go ntsi. Ga se gore go ba fa sengwe ke yone tsela fela e e teng e e
tlakisang bana. Batsadi bone ba dumela gore ke yone fela tsela ya go ba itumedisa. Go dirisa
mafoko a kgothatso le gone fela jalo ke tsela nngwe ya go ba tlakisa. A re lemogeng gore
ngwana ene fa a tlwaeditswe sengwe go thata go se mo tlogedisa.

O lemogile eng ka tiriso ya leemedi mo temaneng e e fa godimo?

__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________

Fa o rile leemedi le dirisitswe ga mmogo le leina go supa kgatelelo o tshwere, ga go nnete e e

fetang eo. Fa leemedi le dirisitswe ga mmogo le leina, go a bo go gatelelwa.

A re tseye dikai di le pedi gape go netefatsa seo. Re di tsaya teng mo temaneng e re sa tswang
mo go yone..

©2018 BOU
55
JC: Setswana Mothama 3

Dikai tsa leemedi le dirisitswe ga mmogo le leina go supa kgatelelo

Tota bana bone ke batho ba ba dumelang mo go tlakisiweng.

Mo seeleng se se fa godimo leemedi bone le dirisitswe ga mmogo le leina bana.Fa o ntse

jaana ra re leemedi le a bo le dirisitswe le leina go gatelela.

Mathata e nne gore madi one tota a go dirisa jalo ka malatsi otlhe ga a bonale motlhofo.

Mo seeleng se se fa godimo leemedi one le dirisitswe ga mmogo le leina madi go gatetela,

Tiro ya gago 3

Tsaya metsotso e le meraro go dira tiro e.

Nopola diele tse dingwe di le pedi go tswa mo go yone temana e e fa godimo
ya Tlakisa ngwana fa leemedi le dirisitsweng le leina teng go gatelela. O se ka
wa nopola tse di setseng di umakilwe fa godimo fa.O kgwarele leemedi leo:
(i)
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(ii)
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3

• Batsadi bone ba dumela gore ke yone fela tsela ya go ba itumedisa.
• A re lemogeng gore ngwana ene fa a tlwaeditswe sengwe go thata go se mo
tlogedisa.
.
(b) Leemedi le ka boa la supa lenyatso

Dikai
• O ka dira eng tota ene yo?
• A wa re bone bao ba ka apaya tota.
• Lone logong leo a lo ka apaya sengwe ruri?

©2018 BOU
56
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 4

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e.

Moithuti itirisetse leemedi go senola bokao jo bo latelang mme o le kgwarele.
Kgatelelo
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Tshotlo

Go nyatsa

Buisana le moithuti-kawena ka tiro e mme le thusane

Moithuti re wela jalo ka bokao jwa leemedi go ya ka tiriso jaanong re tla tsena mo
bokaong jwa letlhalosi.

©2018 BOU
57
JC: Setswana Mothama 3

2.4 Bokao jo bo senolwang ke Letlhalosi

Moithuti mo setlhogwaneg se se latelang re tla bo re inaakantse le go bua ka bokao jwa

letlhalosi.
Letlhalosi le lone fa le dirisitswe le ka senola bokao jo bo farologaneng. Le ka kaya:

• lorato
• kgatelelo
• tshotlo kana go nyatsa.

Tiro ya gago 5

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e.

Bala temana e e latelang mme morago o bo o bolela bokao jo bo
tlhagisiwang ke matlhalosi a a ntshofaditsweng mo go yone mo
temaneng e e fa godimo.

Maloba jale ke fitlhetse Keneilwe a iketlile tota go se sepe se mo tshwenyang

o ka re ga a bone gore go na le bagolo. Bana ba bangwe ruri ga ba ditlhong.
motho wa bone o iketla le mokapelo fela a sa boife bagolo. Le batsadi ba
ga Kaelo ba tsena ka kgoro o bona gore wa mmago ga a tshwenyege le go
tshwenyega ene o ntse sentle fela.

Nako nngwe gatwe fa tla a itshupa mebala ya gagwe ke fa batsadi ba ga Kaelo

ba seo ba ile phitlhong. Ya re Kaelo a sa ntse a robetse a nonoelela kwa
kamoreng ya batsadi ba gagwe a feta a tsaya madinyana a ba neng ba a
batelegile. Fa a tswa jaana kante wa mogoma o a mmona o ipolelela fa a
ya fa seemelong. Batsadi ba ga Kaelo fa ba boa kwa ba fitlhela maloba e
le maabane. A tlhotlhorile gotlhe. Fa mosimane a botswa gore madi a kae a
gakwa ke puo. A gakologelwa gore kgantejana wa mmenyana o kile a nyelela
sebakanyana mme a se ka a mo utlwa sentle gore go boeng ga gagwe o ne a
re o tswa kae.A lemoga jaanong gore o iphuile mo molelong.

Boitshwaro jo jwa sephologolo jwa mosetsanyana yo, jo batsadi ba tswang

kgakala ba bo dupa mo go wa mmenyana jwa senoga ka bofefo mo matlhong
a batsadi ba gagwe. Tsholofelo ya gore ba tla jela mo mo mogopong o
mosweu lobaka lo loleele ya sulafala. Fa batsadi ba ntse ba tshwere kgang e
ke ngwanyana a tsentse tlhogo go itshupa tota gore o jewa ke letswalo.

Supa bokao jwa matlhalosi a a ntshofaditsweng go tswa mo temaneng e o sa

tswang go e bala:

©2018 BOU
58
JC: Setswana Mothama 3

Letlhalosi Bokao
(a) tota
(b) ruri
(c) mo molelong
(d) sephologolo
(e) mo mogopong o mosweu
(f) kgakala
(g) ka bofefo
(h) sentle

Dikarabo tsa Tiro ya gago 5

Letlhalosi Bokao
(a) tota go gatelela
(b) ruri go gatelela
(c) mo molelong go gatelela
(d) sephologolo go gatelela
(e) mo mogopong go sotla
(f) kgakala go gatelela
(g) ka bofefo go supa kgakologelo
(h) sentle go iketla
Moithuti re wela jalo ka bokao jwa letlhalosi go ya ka tiriso jaanong re tla tsena mo bokaong
jwa leina.

2.5 Bokao jo bo senolwang ke leina

Leina le lone le ka senola bokao jo bo farologaneng go tswa fela gore le dirisitswe jang. Le ka
kaya:

• lorato
• kgatelelo
• tshotlo kana go nyatsa

©2018 BOU
59
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 6
Tsaya metsotso e le lesome go dira tiro e
Moithuti bala temaneng e e latelang morago o bolele gore maina a a
ntshofaditsweng a senola bokao bofe:

Ontiretse wa Setshosa
Setshosa se gotweng Ontiretse sele e a bo e rile maloba ke mo tlogetse le
ngwana ya bo e le go sotla ngwana fela. Ke fitlhetse ngwana a ntse jang! A
ntse leswe, a le dikgodukgodu o ka kgona go bona ka tsone gore o setse a ja
eng. A le kae ene Ontiretse fa ke goroga? A seyo. Ka itse ke sa bolelelwa gore
o abo a latetse sekopa sele sa lekawana la gagwe kwa moseja ga noka.
A tlogetse ngwana fela wa dingwaga tse tlhano a le esi. Ke mo fitlhetse foo
ngwananyana wa teng a sena le fa ele mathata, a itshamekela le ntšanyana
ka jaana mo dinakong tsotlhe ke yone mmelegiyo o boikanyegowa ngwana yo.
O tswa go goroga maitseboa mohumagadi wa rona a se na le fa letsapa le mo
fisang pelo. A tla a gatela godimo melomo e thutshuma o ka re o ntse a nwa
mahura. Kapari e le e e tlhabisang ditlhong. Borokgwana bo felela fa dilwana
tsa ka fe teng di felelang teng. Ka rata go tlolwa ke pelo mmeka bona go
tshwanelwa go itshwara. Kana gangwe le gape fa a dira metlholo ya go nna
jaana e tle e re ke re ke mo tsenyamo tseleng a re o a tshwenngwa. Kana
mme, e sale batsadi ba rona ba huralela lefatshe le le ka kwano ke ntse ke mo
hupile ka meno. Gago na sepe sa sekole se e neng e re fa a re o a se tlhoka
ke se mo tima. Jaanong fa e sale a fetsa mophato wa botlhano ke motsadi wa
me nna ke fetogile ngwana wa gagwe.

Leina Bokao jwa leina

1. setshosa
2. dikgodukgodu
3. sekopa
4. mmenyana
5. mmelegi
6. mohumagadi
7. mahura
8. metlholo
9. motsadi
10. ngwana

©2018 BOU
60
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 6

Leina Bokao jwa leina
1. setshosa tlhobosa
2. dikgodukgodu gatelela
3. sekopa tlhobosa/nyatsa
4. mmenyana kutlobotlhoko
5. mmelegi Lorato
6. mohumagadi tshotlo
7. mahura tshotlo
8. metlholo gatelela
9. motsadi kutlobotlhoko
10. ngwana kutlobotlhoko

Moithuti re wela jalo ka bokao jwa dikarolo tsa puo ka go farologana jaanong a re e soboke.

Tshoboko
Mo thutong e e sa tswang go wela e moithuti, re ithutile go le go ntsi thata ka bokao jo bo
senolwang ke tiriso ya dikarolo tsa puo tse di farologanyeng. Re amile bokao jo bo senolwang
ke dikarolo tsa puo tse di latelang: leina, leemedi, letlhalosi, lekopanyi, leetsisi le lelatlhelwa.

Re amile gore dikarolo tsa puo ka go farologana fa di dirisitswe di ka gatelela, tsa supa tlotlo,
kutlobotlhoko, tshotlo, go tenega, ga mmogo le lorato.

Moithuti go bona gore o ka tswa o tlhalogantse thuto e ya boraro go le kae araba dipotso tse
di latelang tsa A re ikgakolole 3.

A re ikgakolole 3
Tsaya metsotso e le masome a mararo mo tirong e.

Potso 1
Bala temana e e latelang mme morago o arabe dipotso:
Temana
Ke gore kolobe e go tweng Tshepo o tla tlhabologa leng? Bona fela jaaka a tlogetse dilwana
di lalaanye mo segotlong. Ke tswa kgakala ke leka go mo lemotsha fa go dira jalo go sa
siama mme ruri, go tsena ka fa go tswa ka fa mo go Tshepo. A ko lo bone fela jaaka a
tlogetse go ntse! Bona jaaka a tlogetse le ntlo e butswe!Ke ipotsa gore a ga a lemoge fa
dilwana tse di mo teng e le letlotlo la botshelo jwa me. Nxe!Dikoko le tsone di setse di
tsena mo ntlong tsa tsholola momelanyana otlhe o ke neng ke o anegile. Tota Tshepo ene
ga ke itse gore o batla motho yo o buang jang le ene.

©2018 BOU
61
JC: Setswana Mothama 3

Bolela gore mafoko a a ntshofafaditsweng mo temaneng a senola bokao bofe: [6]

Karolo ya puo Bokao

1. Kolobe
2. Lalaanye
3. go lowe
4. letlotlo
5. nxe!
6. Ene

Potso 2
Dirisa dikarolo tsa puo tse di latelang mo dieleng go senola bokao jo bo filweng o di kgwarele.

(a) Leemedi go supa kgatelelo [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(b) Lelatlhelwa go supa go nyatsa [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(c) Leina go supa go nyatsa [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(d) Letlhalosi go kgatelelo [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(e) Lekopanyi le supa kgatelelo [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Potso 3
Bolela bokao jwa dikarolo tsa puo tse di ntshofaditsweng mo dieleng tse di latelang:

(a) Kgalalelo mosetsanyana wa batho ruri o re tlhabisitse ditlhong. [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

©2018 BOU
62
JC: Setswana Mothama 3

(b) Tota gatwe gone mo ke eng? [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(c) Modise ke monna bona jaaka lesaka la gagwe le penologa. [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(d) Ke mmangwaneagwe a tshwere ka thata a ipolela gore opela sentle. [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(e) Bojalwa jone bo senyeditse ba le bantsi bokamoso. [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
[Matshwao otlhe 26]
Itshwaele.
O tshwere bokae?
Fa o tshwere 70% kana go feta o ka tswelela ka thuto e e latelang. Fa e le gore o tshwere
kwa tlase ga 70% ka tsweetswee boelela thuto e gape go fitlhelela o e tlhaloganya o bo o
dira sentle.

©2018 BOU
63
JC: Setswana Mothama 3

Thuto 4
Tlhamo o dirisa dikarolo tsa Puo

Tshedimoso
Moithuti re a go amogela mo thutong ya bone ya mothamo wa boraro. Mo thutong e re ya
go remelela mo go tlhameng (diele, ditemane kana dipalo) re dirisa dikarolo tsa puo tse di
farologaneng. O tshwanetse jaanong ka se sebaka wa supa bokgoni jwa gago jwa go dirisa
dikarolo tsa puo ka o setse o se ithutile ka dikarolo tsa puo, tiriso ya tsone le bokao jwa tsone
mo dithutong tse pedi tse di fetileng. Jaanong ka se sebaka moithuti,o tshwanetse wa supa
bokgoni jwa go tlhama o dirisa tsone dikarolo tsa puo ka go farologana.

Mo thutong ya boraro o ithutile gore dikarolo tsa puo di senola bokao jo bo farologaneng jo
eleng jone bo thusang gore melaetsa e goroge sentle kgotsa e tlhaloganngwe bonolo. Re aga
diele ka dikarolo tsa puo. Tsone diele tse, di aga ditemana mme ditemana tse tsone di age
dipolelo, makwalo, dipego, ga mmogo le one maboko tota. Re bala dipampiri tsa dikgang ka
go farologana, re lebe kgotsa re utlwe babadi ba dikgang le bone ba didiragatsi ba
ditshwantsho tsa metshikinyego ka metlha. Botlhe ba dirisa dikarolo tsa puo mo tlhamong
ya bone. Moithuti, thuto e e tla go thusa thata go lemoga bokgoni jwa gago le wena jwa go
tlhama.

Maikaelelo a Thuto
Kwa bofelong jwa thuto e o solofelwa go bo o ka kgona go ka:
• tlhama diele le dipalo o dirisa maina, maemedi, ditlhaodi, madiri, matlhalosi,
maetsisi, maletlhelwa le makopanyi
• kwala dipalo le dipuiso tse di tsepameng e bile di utlwala
• kwala dipolelwana o dirisa dikarolo tsa puo tse di boletsweng
• dirisa dikarolo tsa puo mo mokwalong ka tshwanelo.

Diteng tsa thuto Tsebe

1.0 Tlhamo ya diele ka dikarolo tsa puo tse di farologaneng 65
2.0 Tlhamo ya dipego ka dikarolo tsa puo tse di farologaneng 67
3.0 Tlhamo ya dipolelwana ka dikarolo tsa puo tse di farologaneng 68
4.0 Tlhamo ya dipuiso ka dikarolo tsa puo tse di farologaneng 70
Tshoboko 72
A re ikgakolole 4 72

©2018 BOU
64
JC: Setswana Mothama 3

1.0 Tlhamo ya diele ka dikarolo tsa puo tse di

farologaneng
Moithuti, jaaka setlhogo se kaya, o ka tlhama diele ka go dirisa dikarolo tsa puo tse di
farologaneng.

O ka bopa diele tsa mefuta e e latelang:

• Se se nang le leina (go kaya gore eng) le tiri (go kaya gore e dirile eng)
Sekai: Pula e sentse

• Se se nang le leina, tiri le letlhalosi (go kaya gore kae)

Sekai: Pula e sentse kwa motseng.

• Se se nang le leina, tiri, letlhalosi le tlhaodi (go tlhaola mo go e mengwe, o kaya

goya gore ofe).
Sekai: Pula e sentse kwa motseng wa Chadide

• Se se nang le leina, letlhalosi la nako (go ka gore leng), tiri, letlhalosi le tlhaodi.
Sekai: Pula maloba e sentse kwa motseng wa Chadide

• Se nang le lelatlhelwa(go tsibosa mo/bareetsi), letlhalosi, leina, tiri, letlhalosi le

tiri.
Sekai: Heela! maloba pula e sentse kwa motseng wa Chadibe.

O ka lemoga moithuti gore o ka bopa diele ka dikarolo tsa puo tse di farologang mme fa o
sekaseka seele sa bofelo o lemoga gore se bopilwe jaana:

Heela! maloba pula e sentse thata kwa mosteng wa Chadibe

lelatlhelwa letlhalosi leina tiri tlhalosi letlhalosi tlhaodi

Ela tlhoko
Jaaka gongwe o setse o lemogile ga go reye gore dikarolo tsotlhe tsa puo di ka bonala mo
seeleng se le sengwefela. Dingwe di ka senne teng mme seele sa sala se ntse se na le bokao.

©2018 BOU
65
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e le meraro go dira tiro e

Bopa diele tse pedi tse di nang le leina le tiri fela
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Bopa diele tse pedi tse di nang le leina, tlhaodi le tiri.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
Bopa diele tse pedi tse di nang le leina, tlhaodi, tiri le letlhalosi.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Moithuti supa dikarolo tsa puo tse o di dirisitseng tseo jaaka go dirilwe mo sekaing se
se fa godimo ga tiro e. Tlatsa moalo o o fa tlase go supa dikarolo tseo tsa puo.

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1

Buisanang ka dikarabo tsa lona mme lo thusaneng.

©2018 BOU
66
JC: Setswana Mothama 3

2.0 Tlhamo ya dipego ka dikarolo tsa puo.

Moithuti o setse o ithutile gore o ka dirisa dikarolo tsa puo go bopa diele tse di farologaneng.
Go feta foo, o ka tlhama dipego o dirisa dikarolo tsa puo tse di farologaneng.

Go bona gore re raya jang, bala temana e e latelang:

Mogolwane mo khanseleng ya Boteti o tlhaloseditse morafe wa motse wa Rakops fa go tshela

ga noka ya Boteti go na le dintlenyane le dibelebejane tsa gone. A re ba tshwanetse go nna
podimatseba, ba iphemela mo go tsotlhe tse di borai tse di tlang le noka, a re ba tshwanetse
ba kganela bana ba bone go tshamaela gaufi le noka. O supile fa noka e le borai ka e tletse
didiba, e bile morafe o dirile madiba a mangwe mo nokeng. A re se se botlhoko ke gore
dinako tse dingwe ba letlelela bana go tshamekela mo go yone. A re e ne ya re ka letsatsi le
noka e e tshetseng ka lone ba ne ba fitlhela masea a le mantsi kwa nokeng, bangwe ba
lepeleditse maoto mo go yone kwa ntle ga poifo epe. A re noka e na le go tla ka malwetse le
diphologolo tse di borai, jaaka dikwena. A re ka jalo ba eme ka dinao go kgalema bana ba
bone ka bangwe ba ya maitisong le itloso bodutu mo matshitshing a noka.A re bontsi jwa
bone bo fete bo nwe dinotagi mo go leng borai thata. A re borai jo botona ke gore baagi ba
motse ga ba sa tlhole ba itse go sapa ka jaana go setse go le sebaka se se leele thata noka e
e sa tshele, mo motho a ka nna a re nwee! A sa itemoge. O rotloeditse motsadi mongwe le
mongwe go tsaya boikarabelo jwa go kgalemela bana.

E tserwe mo Daily News, No. 137, 2010. E fetotswe fa le fale

O tlaa lemoga gore pego e, e bopilwe ka go dirisa dikarolo tsa puo tse di farologaneng. Dikai
tsa dikarolo tsa puo tse di tlhageleleng go tswa mo pegong e ke tse di latelang:

Maina a dikarolo tsa puo Dikai tsa dikarolo tsa puo

1. Maina mogolwane, boteti, morafe, bana, madiba, maoto, dikwena

2. Maemedi bone le lone
3. Ditlhaodi ya boteti, epe, tsotlhe, tse di borai , bangwe, se se telele
4. Lediri Tlhaloseditse, tsamaela, lepeleditse, kgalema, itse, shapa
5. Matlhalosi mo khanseleng, gaufi, mo nokeng,
6. Makopanyi e bile, jaaka, ke gore le ka jaana
7. Maetsisi Nwee!

©2018 BOU
67
JC: Setswana Mothama 3

Tiro ya gago 2

Tsaya metsotso e metlhano go dira tiro e.

Moithuti itlhamele ya gago pego e nne le dikarolo tsa puo ka go farologana.

Moithuti ke na le tshepo ya gore o kgonne go fa dikai tseo ka botlalo. Buisana seo se
kwadileng le ba o ithutang le bone mme lo thusane.

3.0 Tlhamo ya dipolelwana ka dikarolo tsa puo

Fa godimo, o ne o ithuta gore o ka tlhama pego ka go dirisa dikarolo tsa puo tse di
farologaneng. Fela jalo dipolelwana le tsone o di tlhama ka go dirisa dikarolo tsa puo ka go
farologana ga tsone.

Sekai
Owai! Fa e le bana ba malatsi a ba rata matlhajana a e seng a sepe. E re mpuru a faretswe
ba itse fa bagolo ba na le maitemogolo a a botoka a botshelo go na le bone. Ga e re maloba
jaana ra bona Kegomoditswe a tlogela sekole a re ene o ya bo batla tiro. Batsadi ba kile ba re
koo ba mo lebisa bodiphatsa jwa se a ba fa sekai ka Ranko yo a reng o sale a se tlogetse mme
botshelo jwa gagwe bo relela reledi. Ba kile ba re ba mo leka jang bathonyana ba Modimo ba
itswela fela jaaka ba tsene. Kae? Ga bo a mo tsaya sebaka o bo a setse a boetse mo gae. Bo
mo dirileng botshelo? Bo mo sotlakile a rile setlhe! A re o a mmotsa a re tu! Tota o bona gore
ga a itire ditlhong di a mo nwa ga di mo lese.

©2018 BOU
68
JC: Setswana Mothama 3

A wa ka mangole a sa tswa go wa kwa mangole gore batsadi ba ye go mmuelela le

barutabana a letlelelwe go boela sekoleng gape. Rraagwe ene a le supa le le fa a re ga a batle
go tshamekisiwa ke ngwana yo e tla reng ba sena go mmuelela le barutabana a ba a boe a ba
swabise gape. Ka mmangwana re itse a e tshwara ka fa bogaleng, a sokasoka monnamogolo
go fitlhelela a bo a latlha seditse, a koloba a dumela go ya sekoleng. Barutabana ba mo
amogela mme fela ba mmaya lefoko. Le ene a ba tshepisa gore o latlhile mokgwa o le wa
bophokoje. Hei! ruri bana ba dubisa batsadi ba bone thankga ka bomo. Ba re fela ba re, tla re
mo fe sebaka motlhamongwe o ithutile sengwe golo a neng a go ile.

A re bone dikarolo tsa puo tse re di setseng mo polelwaneng e:

Karolo ya puo Dikai go tswa temaneng

1. Leemedi ene, bone
2. lediri Latlha, rata
3. Lekopanyi motlhamongwe, mme
4. Letlhalosi kwa sekoleng, mo gae
5. Leetsisi setlhe! tu!
6. Lelatlhelwa hei! owai!
7. Ditlhaodi jwa gago, sengwe

Tiro ya gago 3

Tsaya metsotso e le metlhano mo tirong e.

3. Moithuti, o sa tswa go bala polelwana e mo go yone go dirisitsweng
dikarolo tsa puo ka go farologana. Jaanong, itlhamele ya gago polelwana
e e ditemana di le pedi mme o nopole dikai tsa dikarolo tsa puo tse o di
dirisitseng.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
69
JC: Setswana Mothama 3

2. Inola dikai di le pedi tsa dikarolo tsa puo mo go se o se kwadileng mme o

tlatse moalo o ka fa o sedimoseditsweng ka teng.

Karolo ya puo Dikai go tswa mo temaneng e o e ikagetseng

1. Leemedi
2. Lediri
3. Lekopanyi
4. Letlhalosi
5. Leetsisi
6. Lelatlhelwa
7. Ditlhaodi
8. Maina

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3

Neela morutabana tiro ya gago a go lebisitse ka nako e lo kopanang ya dithuto.

Ke dumela fa o kgonne go nopola dikai moithuti. Jaanong re tsena mo tlhamong e sele.

4.0 Tlhamo ya dipuiso ka dikarolo tsa puo tse di

farologaneng
O setse o ithutile gore o ka tlhama dipego le dipolelwana ka go dirisa dikarolo tse di
farologaneng tsa puo. Moithuti, gape o ka tlhama dipuiso ka dikarolo tsa puo ka go
farologana ga tsone.

Re dumela fa o sa ntse o gakologelwa puiso go tswa kwa Mothameng wa Bobedi.

Bala puiso e e latelang:

Bagaetsho! Ke tla simolalola ka go dumedisa kgosi ya Batshweneng, kgosikgolo Maruaatona
wa boraro, mogolwane wa Lephata la Botsogo rre Modisakgotla, ba Komiti ya Botsogo, ba
ofisi ya Boipelego ga mmogo le morafe ka karetso. Ke le dumedisa ka pula!

Ke le leboga go menagame go bo le tlile ka makatlanamane go bona go tshwanela go tla

pitsong ya botlhokwatlhokwa e. Kana Motswana a re pilediwa e a lwela. Bagaetsho le a
amogelesega mo lekgotleng la lona le le legolo. Mo boemong jwa Komiti ya motse ya
Botsogo, re le phuthile fano ka kopo ya ba Lephata la Botsogo go tla go le lekodisa ka
letsholo le le tla bololang la go kentela bana bolwetse jwa mmokwane. Lotlhe lo gololesegile
go botsa dipotso fa lo sa tlhaloganyangteng morago ga se.

Tota jaaka ke sa tswa go bua moono wa pitso ya letsatsi le ke go tla go le tsibosa ka

©2018 BOU
70
JC: Setswana Mothama 3

letsholo la go kentela bana mmokwane. Ba Lephata la Botsogo ba re go tlhagogile bolwetse

jwa mmokwane jo ke dumelang gore bontsi jwa lona le itse bodiphatsa jwa bone. Bana ba
ba tlaa kentelwang mmokwane ke ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome. Letsholo la
go kentela bana bolwetse jo le tla bolola kgwedi eno e tlhola gane. Bana ba tla kentelwa mo
dikokelwaneng le dikokelo tsotlhe kwa ntle go tuelo epe. Melaetsa mabapi le letsholo le e tla
tswelela ka go anamisiwa mo diromamoweng, mo dipampring tsa dkgang ga mmogo le ka
digoaagoe.
Dikai tsa bolwetse jo ke bogwata mo mmeleng, motlhapo o o fisang, matlho a mahibidu,
sedidi, go kgwa, go latlhegelwa ke keletso ya dijo le gone go lapisega tota. Ke tsibosa
mongwe le mongwe gore fa a bona ngwana a supa dikai tse a mo potlakisetse kwa kokelong
ka jaana bolwetse jo bo le diphatsa ka bo ka baka loso kgotsa bofofu. Bo kgona go ama le
bana ba ba golwane ka jalo dikai dipe tse di ka lemogiwang di seke tsa itlhokomolosiwa.
Batsadi a re emeng puso nokeng go itsa go letla bolwetse jo go anama ka bo le borai thata. A
me a kalo. Jaanong ke tla lo fa sebaka gore le botse fa le sa tlhaloganyang teng. Jaaka ke setse
ke tlhalositse ba botsogo ba teng batla a tlhalosa fa. Fa ke sa welang sentle gone ba tla
tlhalosa ga mmogo le gone go araba dipotso tsa lona. Pula!

Tiro ya gago 4

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e.

Moithuti puiso e e fa godimo e bopilwe ka dikarolo tse di farologaneng tsa puo.
Jaanong, tlatsa moalo o o latelang ka go fa dikai tse pedi gongwe le gongwe ka
dikarolo tsa puo tse di senogang di dirisitswe.

Karolo ya puo Dikai go tswa temaneng (di nne pedi gongwe

le gongwe)
1. Maemedi
2. Madiri
3. Makopanyi
4. Matlhalosi
5. Lelatlhelwa

6. Ditlhaodi
7. Maina

©2018 BOU
71
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa Tiro ya gago 4

Karolo ya puo Dikai
1. Maemedi bone, lona
2. Madiri kwala, setse
3. Makopanyi ka jalo, jaaka
4. Matlhalosi mo mmeleng, kgwedi eno e tlhola gane

5. Lelatlhelwa Pula Batshweneng! Bagaetsho

6. Ditlhaodi epe, a me
7. Maina diromamoweng, motlhapo

Moithuti re wela jalo ka thuto ya wa mothama wa boraro. Re tla tsena mo tshobokong ya

yone.

Tshoboko

Mo thutong e e sa tswang go wela e moithuti, re ithutile go le go ntsi thata ka go tlhama re

dirisa dikarolo tsa puo ka go farologana. Re kgonne go tlhama diele, dipego, dipolelwana ga
mmogo le dipuiso ka go dirisa dikarolo tse di farologaneng tsa puo. Thuto e e re thusitse thata
mo go godiseng bokgoni jwa rona jwa go tlhama le gone go bona gore re tlhalogantse gole
kae ka dikarolo tsa puo.

Moithuti go bona gore o ka tswa o tlhalogantse thuto e ya bone go le kae araba dipotso tse di
latelang tsa A re ikgakolole 4.

A re ikgakolole 4
Tsaya metsotso e le masome a mane go araba dipotso tsa tiro e.
Araba dipotso tsotlhe ka Setswana se se lolameng.

Potso 1
Aga diele tse di nang le dikarolo tse dilateng tsa puo, o kgwarele karolo eo ya puo:

(a) Leina [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

(b) Lediri [2]

72
JC: Setswana Mothama 3

(d) Tlhaodi [2]

___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

(e) Leemedi [2]

Potso 2
Dirisa dikarolo tsa puo go tlhama polelwana ka tlhogo e e latelang: O segele dikarolo tsa pu
dile some ka go farolologana mo polelwaneng eo.
Tiragalo e e gakgamatsang e e diragetseng kwa sekoleng maabane [10]

73
JC: Setswana Mothama 3

Potso 3
Dirisa dikarolo tsa puo go tlhama puiso-batho ka tlhogo e e latelang:
[10]
O mogokgo kwa sekoleng se se golwane sa Mokgosi, O biditse batsadi le bogogi jwa motse
ka jaana o tshwentswe thata ke go tlogela sekole ga bana ka ntata ya boimana. Ba imisiwa
thata ke bagolo mo dinakong tse go nang le dikgwetlho tsa bolwetse jwa AIDS le mogare wa
HIV.

74
JC: Setswana Mothama 3

Potso 4
Dirisa dikarolo tsa puo go tlhama puiso batho o buisa batho ba motse wa ga eno ka
bodiphatsa jwa go tshuba naga. [10]

[Matshwao otlhe 40]

Itshwaele.
O tshwere bokae?
Fa o tshwere 70% kana go feta o ka tswelela ka thuto e e latelang. Fa e le gore o tshwere
kwa tlase ga 70% ka tsweetswee boelela thuto e gape go fitlhelela o e tlhaloganya o bo o
dira sentle.

©2018 BOU
75
JC: Setswana Mothama 3

ThTh

Thuto 5
Ngotlo ya maina, ditlhaodi le matlhalosi

Tshedimoso
Moithuti o amogelesega mo thutong e ya botlhano e bile e le yone ya bofelo ya mothama o.
Mo dithutong tse nne tse di fetileng re ntse re bua ka dikarolo tsa puo ka go farologana. Re
ithutile ka tiriso ya tsone mo thtong ya boedi, mo go ya boraro ra lebelela bokao jwa tsone fa
di dirisditswe mo mokwalong. Mo thutong ya bone gone re ne re ithuta ka go lemoga
dikarolo tse tsa puo mo tlhamong ya diele, ditemana, mo go kwaleng puiso le pego.

Mo thutong e, re tla bo re itebagantse le ngotlo mme re ngotla dingwe tsa tsone dikarolo tse
tsa puo jaaka maina, ditlhaodi ga mmogo le matlhalosi. Moithuti re buile thata ka maina,
ditlhaodi le matlhalosi mo dithutong tse di fetileng. Ke dumela gore o tlhaloganya gore dilo
ka go farologana di na le bonnye le botona jwa tsone. Fa o ngotla sengwe o a bo o batla go se
farologanya le se se tona mo go sone. Fa re ngotla jaana re dirisa megatlana ka go farologana
mo mafokong a re a ngotlang.

Maikaelelo a Thuto
Kwa bofelong jwa thuto e o solofelwa gore o bo o ka kgona go:

• tlhalosa ngotlo ka go fa dikai

• tlhalosa bokao jwa ngotlo o itebagantse le maina a tlholego, ditlhaodi le
matlhalosi.

Diteng tsa thuto e Tsebe

1.0 Tlhaloso ya ngotlo 77
2.0 Megatlana ya ngotlo 78
3.0 Ngotlo ya maina 80
4.0 Ngotlo ya matlhalosi 80
5.0 Ngotlo ya ditlhaodi 82
6.0 Bokao jwa ngotlo 83
Tshoboko 87
A re ikgakolole 5 87

©2018 BOU
76
JC: Setswana Mothama 3

Jaanong a re tsene mo thutong ya rona

1.0 Tlhaloso ya Ngotlo

Moithuti pele re ka bua go le gontsi ka ngotlo ke kopa gore o arabe dipotso tsa tiro ya gago 1.

Tiro ya gago 1

Tsaya metsotso e lesome go dira tiro e

Bolela gore bonnyenane jwa dilo tsa maina a a latelang bo didiwa jang. Kwala
bonnye jwa tsone mo meleng e e segilweng.
1. Tau _______________________
2. Setlhare _______________________
3. Selepe _______________________
4. Emere _______________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 1

1. Tau - tawana
2. Setlhare -setlhatshana
3. Selepe - seletswana
4. Emere - emetshana

Moithuti ke solofela fa o lemoga gore maina a dilo tse di nnye ke ngotlo ya tse ditona.
Go ya ka wena fa o sena go lebelela mafoko ao o ka re ngotlo ke eng?
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

Moithuti ke dumela fa o rile ngotlo ke bonnye jwa sengwe kana kefa o nyenyefatsa sengwe.

A re lebe dingwe tsa dikai tsa ngotlo

• Mosimanyana yole o lebelo.
• Sekole sa bone se kgakajana le legae.
• Ntate o isitse kgomo e naana mafisa kwa go malome

Moithuti mafoko a a ntshofaditsweng mo dikaing tse di fa godimo mo dieleng ke dikai tsa

ngotlo.

©2018 BOU
77
JC: Setswana Mothama 3

• Mo go mosimanyana go ngotliwe leina mosimane

• Mo go kgakajana go ngotlilwe letlhalosi kgakala.
• Mo go naana go ngotlilwe tlhaodi nala.

2.0 Megatlana ya ngotlo

Ngotlo e bopiwa ka go gokelela megatlana mo mafokong a a ngotliwang. Megatlana e ke
/-ana/, /-nyane/, /-nyana/ kana /-ane/.

Dikai:
• Podi - potsane > mogatlana /-ane/
• Ngwana - ngwanyana > mogatlana /-nyana/
• Nala - nana > mogatlana /-ana/

Tiro ya gago 2
Tsaya metsotso e le meraro go dira tiro e.
Sekaseka mafoko a a ngotlilweng go tswa mo moalong o mme o supe gore go
gokeletswe mogatlana ofe mo go one gore a felele a ntse jalo.

Tlholego ya Mogatlana o o
Sekai sa ngotlo
lefoko dirisitsweng
a) Tawana

b) Setlhatshana
c) Seletswana
d) Emetshana
e) Phokoje

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 2

Sekai sa ngotlo Tlholego ya lefoko Mogatlana o o dirisitsweng

a) Tawana Tau -ana

b) Setlhatshana Setlhare -ana
c) Seletswana Selepe -ana
d) Emetshana Emere -ana
e) Phokoje phokojane -ane

©2018 BOU
78
JC: Setswana Mothama 3

A re nne re itlhokotse.

Tiro ya gago 3
Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e
Moithuti ngotla mafoko a a mo moalong o o latelang:

Lefoko Ngotlo ya lone

(a) Kgomo Sekai – Kgongwana
(b) Selepe
(c) Motho
(d) Mosadi
(e) Tshimo
(f) Kwebu
(g) Nala
(h) Seledu
(i) Katse

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 3:

Kgomo + - ana > kgongwana
Selepe + -ana > Seletswana
Motho + - ana > mothwana
Mosadi + - nyana > mosadinyana
Tshimo + - ana > tshingwana
Kwebu + - ana > kotswana
Nala + -ana > nana
Seledu + -ana > seletswana
Katse + -ana/nyana > katsana/katsenyana

Ela tlhoko:
Mogatlana o o gokelela mo leineng go le ngotla.

©2018 BOU
79
JC: Setswana Mothama 3

3.0 Ngotlo ya maina

Moithuti re sa tswa go bona megatlana ya ngotlo, a re tswelele ka go dirisa megatlana e go
ngotla maina. A re boe gape re tseye sekai se re neng ra se dirisa kwa tlhalosong.

Sekai
Emetshana eo, ke ya ga nkuku.

Mo seeleng se re ngotlile leina emere ka go le gokelela mogatlana wa ngotlo /-ana/ go nna

emetshane.

Ithuthuntshe.

Tiro ya gago 4
Tsaya metsotso e le meraro go dira tiro e.
Moithuti bala temana e e latelang mme o nopole maina a a ngotliweng mo go
yone:
Malome o sa tswa go reka kolotsana e ntšha. Ke lebetse leina la modironyana
wa teng. Se ke se gakologelwang thata ka yone ke gore ke koloi e e
lobelonyana. Mmalanyana wa yone o montle e le ruri. Letsatsi le e gorogileng
ka lone o ne o ka bona boitumelo kwa ga gagwe o sa le kgakala. Fa e le
ngwana wa gagwe wa ntlha ene wa mosimanyana ga twe ga a batle go fologa
mo go yone. Ba re fa e ne e le ka go rata ga gagwe le go robala o ka bo a
robala mo go yone. Bana ruri bone ke batho ba go rata dilonyana.

Moithuti nopola maina a a ngotlilweng a le matlhano go tswa mo polelong e.

_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 4

Kolotsana, modironyana, lebelonyana, mmalanyana, mosimanyana le
dilonyana.

4.0 Ngotlo ya Matlhalosi

Moithuti jaanong re tla tsena mo ngotlong e nngwe ya karolo ya puo e bong ngotlo ya
matlhalosi. Ke solofela fa o sa ntse o gakologelwa matlhalosi go tswa kwa dithutong tse di
fetileng. A re tseye sekai sa ngotlo ya letlhalosi.

©2018 BOU
80
JC: Setswana Mothama 3

Dikai
a) Malebogo o tsile phakelanyana re sa ntse re robetse.

Phakela ke letlhalosi mme phakelanyana ke ngotlo ya lone.

b) Mosonyana wa letsatsi la gompieno o tlhapile.

Mo seeleng se re ngotlile letlhalosi la nako moso, go nna mosonyana.

Jaanong Ithuthuntshe.

Tiro ya gago 5

Tsaya metsotso e le metlhano go dira tiro e

Moithuti jaanong bala temana e e latelang mme go tswa mo go yone nopola
matlhalosi a a ngotlilweng:

Bana ba motsenyana ole ba na le go tlhoka go itshwara sentle. Fa o ka ela

tlhoko ke bone ba ba atisang go tla tharinyana mo sekoleng. Fa o ka tsamaela
gautshwane le dibara tsa motse o mo maitseboeng o tla fitlhela go saila bone
fela. Ga se kgang ya go tla thari fela kwa sekoleng gatwe le tiro ya bone ba e
dira ka boitsemenyana. Bontsi jwa ba ba dirang jaana gantsinyana ke ba ba
nnang ba le bosi. Fa batsadi ba ne ba ka ema ka dinao ba bona gore fa go nna
bosigo bana ga ba yo mo mekgwatheng mo, go ne go ka thusa.

Moithuti nopola matlhalosi a a ngotliweng a le matlhano go tswa mo temaneng e.

_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 5

Moithuti fa o nopotse matlhalosi a a latelang o tla bo o tshwere e le ruri:
Motsenyana, tharinyana, gautshwane, ka boitsemenyana, gantsinyana.

©2018 BOU
81
JC: Setswana Mothama 3

5.0 Ngotlo ya ditlhaodi

Moithuti re buile ka ditlhaodi fela thata. Ka jalo re solofela fa o itse gore re bua ka karolo efe
ya puo. Fa o lebetse boela kwa thutong ya tsone o ikgakolole. Ka go rialo a re tsene fela mo
go di ngotleng ka go ithuthuntsha.

Tiro ya gago 6

Tsaya metsotso e metlhano go dira tiro e.

Bala temana e e latelang mme morago o arabe dipotso:

Mongwenyana fale a re o kopane le rre yo o rekang dikgomo kwa molapong

wa Metsimotlhabe. Gatwe o ne kgweetsa koloi ya gagwe e e pegang dikgomo
e talanyana. Nkuku o ne a ya go tlhola koo letsatsi lotlhe motho a sa bonale.
Letsatsi le ne la phirima go se nko e tswang lemina. Maikaelelo e ne e le go
rekisa dikgongwana tsa gagwe tse pedinyana go tla go thusa mo moketeng wa
lenyalo la ga Moithati. A di tlhaotse sentle tse di ikutlwang tota, a tlhophile tsone
tota tsa merobanyana. Nngwe e ne e le kotswana, e nngwe e le tilotsana. Ka
Modimo o sa je nkabo, letsatsi leo monna a bonala. A tla a lelesela ka ya
modironyana o sele monna yo moleejana. Mmala e le o ba sa o tlwaelang e le
o morokwana. Pelo ya ga nkuku ya tlala boitumelo. O ne a batla go bona
lenyalo la ngwana-a-ngwana a gagwe le tsamaya ka thelelo. A di hesa
mosimane wa ga rraangwane ke yoo o majato. Morago mabogo a
fapaakanngwa. Mo pelong ka re re tlile go bontsha Bakwena gore rona re le
Balete ga re tlakatlakelwe. Bontle jwa gagwe jwa ikaga ka bofefo mo
setshegong sa me mosetsana yo mosetlhana. Fa nako e ka bo e laolwa ke ka
bo ke ne ka laola gore le goroge ka bofefo letsatsi leo.

Moithuti nopola ditlhaodi tse di ngotliweng go tswa mo temaneng e e sa

tswang go e bala.
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya Gago 6

Mongwenyana, e talanyana, tse pedinyana, tsa merobanyana, ya modironyana,yo
moleejana, o morokwana, yo mosetlhana.

Re wetsa jalo ka go leba dikai tsa ngotlo. Jaanong re tla tsena mo bokaong jwa yone.

©2018 BOU
82
JC: Setswana Mothama 3

6.0 Bokao jwa ngotlo

Moithuti fa ngotlo e dirisitswe mo temaneng e ka senola bokao jo bo farologaneng kgotsa
maikutlo a a farologaneng. E ka senola maikutlo a a latelang:

• Lorato
• Kutlwelobotlhoko
• Lonyatso
• Bong
• Maemo

A re di tseye ka bongwe ka bongwe:

6.1 Ngotlo e kaya lorato

a) Mme o apeile borotho jo bo monatšana.
b) Naledi o apere mosesenyana o montle tota.
c) Ntlwana ya gagwee phepa e bile e a lakasela.

Fa godimo dikai tsa ngotlo ke monatenyana, mosesenyana le ntlonyana.

Ela tlhoko
Gore ngotlo e supe lorato, mafoko a a ngotliwang a dirisiwa le mafoko a a kgatlhang kgotsa
a le monatenyana.

6.2 Ngotlo e kaya kutlwelobotlhoko

Dikai
• Mosimanyane wa batho o thudilwe ke koloi.
• Ntšanyana ya Modimo e palelwa ke go tsamaya.
• Mosadimogolonyana wa mogolo o tlhoka yo o mo apeelang.

Mo dieleng tse di fa godimo ngotlo e e supang kutlwelobotlhoko ke mosimanyana,

ntsanyana le mosadimogolonyana.

Elatlhoko
Gore ngotlo e kaye kutlwelobotlhoko mafoko a a ngotlilweng go le gantsi a dirisiwa le
legokedi la tlhaodi /wa/.

Dikai:
wa batho, wa Modimo le wa mogolo, ke gore mafoko a a supang kutlwelobotlhoko.

©2018 BOU
83
JC: Setswana Mothama 3

6.3 Ngotlo e kaya lonyatso

Dikai
• Ntlonyana ya gagwe e leswe.
• Mosesenyana wa gagwe ga o kgatlhe.
• Monnanyana yole ke sekopa o tlhola fela mo gae.

Mo dieleng tse di fa godimo mafoko a ngotlo a a supang lonyatso ke ntlonyana,

mosesenyana le monnanyana.

Ela tlhoko
Moithuti gore ngotlo e kaye kilo, e dirisiwa le mafoko a a supang lenyatso, kgotsa go tlhoka
kgatlhego ka se go buiwang ka sone.

6.4 Ngotlo e kaya bong

Dikai
a) Ba bolaile mokatiswane o monaana.
b) Kgomo ya ga rre e tilotsana.
c) Podi ya maabane e kotswana e tsetse mafatlha

Mo dikaing tse di fa godimo ngotlo e e kayang bong ke o monaana, e tilotsana le e

kotswana.

Elatlhoko
Fa tlhaodi e ngotliwa, e e kayang mebala ya diphologolo, se se ngotliwang se nna
senamagadi.

dikai:Naana, tilotsana le kotswana di supa bonamagadi.

6.5 Ngotlo e kaya maemo

Dikai
• Mogolwane wa Lephata o buisa phuthego.
• Kgosana ya motse e kgwathisitse babelaelwa
• Segwana sa bojalwa se kwa segotlong.

©2018 BOU
84
JC: Setswana Mothama 3

Mo dieleng tse di fa godimo ngotlo e e kayang maemo ke mogwalane, kgosana le segwana.

2.6 Ngotlo e kaya bonnye

Dikai
• Kokwana e wetse mo metsing
• O lemile setlhatshana sa perekise.
• Tebogo o apere kojwana e tshweu.

Mo dieleng tse di fa godimo ngotlo ke kokwana, setlhatshana le kojwana.

Moithuti o tla lemoga gore mo dikaing tse di filweng ngotlo ga e kae sepe fela kwa ntle ga
bonnye.

Tiro ya gago 7

Tsaya metsotso e le meraro go dira tiro e.

Bala temana e e latelang mme morago o arabe dipotso:
Temana
Modise o letse a timeditse potsane e ngolwana. Bontlenyane jwa potsanyane e
bo ne bo jesetsa malome mo mogopong o mosweu. Se, se ile sa utlwisa
malome botlhoko fela thata. Mosimanyana wa Modimo o kile a re koo o a
ipobola, ga retela. Moretlwa wa lelela mokwatlanyana wa ga Modise boatleng.
Fa malomaagwe a mo pega ya boraro a gwetla. Se, sa kgopisa malomaagwe
fela. A kua ka lentswe le le kwa godimo a re, “ Phimola maswenyana a gago
a o reng dikeledi ao! Fa ke re o ye go disa wena o tlhola o tabogile le naga o
itewa tsebe ke borekhu jwa mangana a lenaga le. Kgaotsa monna ke ise ke go
sedile dinoka ka logong lo!” Mosimanyana a di phimola ka bofefo ga sala go
sisa pelo fela. A tlhaloganya gore fa a ka se kgaotse go ka tloga ga nna
maswe. O ka isiwa fa pele ga kgosana ya kgotla go ya go okelediwa dithupa.

Nopola diele tsa ngotlo go tswa mo temang e o sa tswang go e bala tse di

senolang bokao jo bo latelang:
(a) Lorato
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(b) Kutlwelobotlhoko
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

©2018 BOU
85
JC: Setswana Mothama 3

(c) Lonyatso
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(d) Bong
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(e) Bonnye
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________
(f) Maemo
_______________________________________________________________
_______________________________________________________________

Dikarabo tsa Tiro ya gago 7

a) Lorato: Bontlenyane jwa potsanyane e bo ne bo jesetsa malome mo mogopong o
mosweu.
b) Kutlwelobotlhoko: Mosimanyana wa Modimo o kile a re koo wa ipobola ga retela.
c) Lonyatso: Phimola maswenyana a gago a o reng dikeledi ao!
d) Bong: Modise o letse a timeditse potsane e ngolwana.
e) Bonnye: Moretlwa wa lelela mokwatlanyana wa ga Modise boatleng.
f) Maemo: O ka isiwa fa pele ga kgosana ya kgotla go ya go okelediwa dithupa.

Moithuti ke dumela fa o kgonne go itlhamela diele tsa gago. Itshwaele ka go di

tshwantshanya le tsa gago.

Moithuti re wela jalo ka thuto ya ngotlo, a re di soboke.

Tshoboko

Mo thutong e e sa tswang go wela e moithuti re ithutile go le go ntsi thata ka ngotlo le bokao

jwa yone. Re file dikai tsa ngotlo ka go farologana ga tsone. Re ile ra tlhalosa gore dikarolo
tsa puo tse di ngotliwang ke maina, ditlhaodi, le matlhalosi ra bo ra fa dikai go rurufatsa seo.
Re umakile fa ngotlo e ka kaya tse di latelang:

• Maemo
• Bonnye
• Lorato

©2018 BOU
86
JC: Setswana Mothama 3

• Kutlwelobotlhoko
• Lonyatso ga mmogo le
• Bong.

Moithuti o nnile le sone sebaka sa go nopola ngotlo fa e dirisitswe mo ditemaneng ga mmogo

le gone go ngotla mafoko o a filwe le go lemoga megatlana e e dirisitsweng mo ngotlong ya
mafoko ao.

Go bona gore o ka tswa o tlhalogantse thuto e ya botlhano go le kae araba dipotso tse di
latelang tsa A re ikgakolole 5:

A re ikgakolole 5
Dirisa metsotso e le masome mararo go araba dipotso tsa tiro e
1. (a) Tlhalosa gore ngotlo ke eng o fe sekai go sedimosa karabo ya gago [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

(b) Nonotsha karabo ya gago e e fa godimo ka dikai di le pedi [2]

__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

2. Bala temana e e latelang mme o nopole mafoko a a ngotliweng mo go yone:

Maloba go ne go rile thi! kwa moletlong wa mmino wa Setswana. Phešwana go foka
e e monatšana ka e bile o ne o tshwaretswe kwa ntle e seng mo ntlong jaaka e le tlwaelo. Go
ne go gaisana ditlhotshwana di ka nna lesome. Sebui sa tlotla sa letsatsi e le Tona ya
Banana, Metshameko le Ngwao. Fa go tla go tsena setlhopha sa mmino wa tsutsube go tswa
Ghanzi, seemo sa fetoga. Morafe wa emelela otlhe mo ditilong. Fa ba ya go supa letsomo
la tau ka mmino ga senyega, motsamaisa-tiro a ba a sitwa ke tiro e le ya gagwe. Fa ba ya go
digela seemo sa boela maanong. Tsa nna tsa wela ditlhopha mme ga se ka ga nna se se neng
se ka gaisa sele. Morago ga metsotsonyana ga tsena nako ya go bua bafenyi. Tota re ka re ga
senkiwa tse pedinyana tse di salang mofenyi ka jaana go ne go le mo pepeneng gore mofenyi
ke mang. Ga nna fela jalo mofenyi a bo a sale a itshupile. Dikgele e le tsa maemo e seng
maemonyana.

Dipotso
Nopola mafoko a le marataro a a ngotlilweng go tswa mo temaneng e. [6]
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________
__________________________________________________________________________

©2018 BOU
87
JC: Setswana Mothama 3

3. Ngotla mafoko a a latelang o supe megatlana e e diritsweng mo ngotlong ya one

(a) Podi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(b) Tedu [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(c) Koko [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
(d) Mosadi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

4. Bala temana e e latelang mme morago o arababe dipotso:

Go lebega kwelotlase ya itsholelo mo lefatsheng la Botswana e tsere phekelo e sele
monongwaga. Ga se ga malobanyana dilo di ne di sa ntse di relela fela. Maphata
mangwenyana a puso le a e seng a puso a tshwanela go nama a emisitse ditirelo tsa one ka
ntlha ya seemo se. Mo Lephateng le tshwana le la Thuto le Ithutelo Dikitso, mathata ke a
magolo. Seemo se, se baka gape gore baithutinyana ba Modimo ba ba feditseng mophato wa
botlhano ba nne le mathata a go fetela pejana go ya ithutelo ditiro. Lemmenyana le puso e le
bonang ka lekgetho la se ka la thusa go utlwala mo go tokafatseng seemo. Ga se dikole tsosi
tse di amegileng, mananeo mangwe a puso le one a ne a tshwanelwa ke go emisiwa gore
madi a tsewe a isiwe kwa letlhoko le le leng legolo teng. Seemo se se maswenyana se, se ka
tokafala fela gongwe fa botlhe ba ka dira ka natla gongwe le gongwe fa ba tshwereng teng ka
gore fa go nna jaana go re ama rotlhe. Puso e le yosi e ka se kgone fa rona re le Batswana re
ka ineela mo go feng tshwene marapo.

Nopola dikai tsa ngotlo ya dikarolo tsa puo tse di latelang:

a) Dikai di le pedi tsa ngotlo ya matlhalosi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
b) Dikai di le pedi tsa ngotlo ya maina [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
c) Dikai di le pedi tsa ngotlo ya ditlhaodi [2]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________

©2018 BOU
88
JC: Setswana Mothama 3

Potso 5
Bolela bokao jo bo tlhagisiwang ke ngotlo mo dieleng tse di latelang:
a) Nku e pirwana e dule monala mo tlhakong ya moja. [1]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
b) Segolenyana sa batho se kganetswe ke pula kwa makisetsong a dijo. [1]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
c) Motsenyana wa bone ga o kgatlhe o dithothobolo gongwe le gongwe. [1]
___________________________________________________________________________
d) Nkuku reketse mme bekenyana e ntle e le ruri. [1]
___________________________________________________________________________
e) Kgosana ya kgotla yoo Ntloedibe e rotloeditse marafe go ipelaga. [1]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
f) Mosimanyana yo o dira mophato wa bone kwa sekoleng se se golwane. [1]
___________________________________________________________________________
___________________________________________________________________________
Matshwao otlhe: [30]
Itshwaele.
O tshwere bokae?
Fa o tshwere 70% kana go feta o ka tswelela ka thuto e e latelang. Fa e le gore o tshwere
kwa tlase ga 70% ka tsweetswee boelela thuto e gape go fitlhelela o e tlhaloganya o bo o
dira sentle.

©2018 BOU
89
JC: Setswana Mothama 3

Dikarabo tsa A re ikgakolole

A re Ikgakolole 1
1. (a) Baithuti, thelebišene, batsadi
(b) okomela
(c) ba bangwe, bangwe, lo lo leele
(d) gagwe, lone, bone
(e) kwa gae, wa maabane
(f) gore
(g) rwa! ting!
(h) owai!, [10

2. a) Leemedi - go emela leina [2]

b) Letlhalosi - go tlhaola nako, lefelo kana mokgwa o tiragalo e diragetseng
kana e senogang ka one. [2]
c) Lekopanyi – go kopanya diele kana megopolo [2]

3. a) Pura! dipodi tse di a reng. (Lelatlhelwa) [2]

b) Mosetsana yo moleele o ba siile (Tlhaodi ya lerui) [2]
c) Go nkga go reb phuu! (Leetsisi) [2]
d) Ke tsamaya le ene (Lekopanyi [2]
e) Apayang bogobe (Lediri) [2]
f) Mosetsana o fentse (Leina) [2]

A re Ikgakolole 2
1. (a) Tlhaodi e tlhaola sediri sa seele – monna yo mo leele o tshwerwe. [2]
(b) Leetsisi go etsa tiragalo – setlhare se ne sa re ruthu! Morago ga sefefo. [2]
(c) Owai! Ke f a e ne e se wa ga nnake ngwana. [2]
(d) Ao! Bathung moruti wa rona tota o bolaisegelang. [2]

2. (a) Ke belaela fa mongwe a ne a tsaya gore ga ke botlhale kooteng. [2]

(b) Setswana se se reng mabogo dinku a thebana se boammaruri. [2]
(c) Fa ke tla go lemoga fa a le peloethata ka ka nako ya lenyalo la ga nkgonne. [2]

©2018 BOU
90
JC: Setswana Mothama 3

3. (a) Mosetsana – leina

wa moopedi – tlhaodi
o gaisitse – tiri
basimane – leina
maloba – tlhaodi [5]
(b) baithuti - leina
botlhe – tlhaodi
ba dira – tiri (ba – legokedi la sediri, dira ke lediri)
mophato – leina
wa bone – tlhaodi
kwa moeding - letlhalosi [5]

A re Ikgakolole 3
1.
Karolo ya puo Bokao
(a) Kolobe tlhalosi (lesutlha)
(b) lalaanye kgatelelo
(c) go lowe tlhalosi
(d) letlotlo tlhalosi
(e) Nxe! kgakhamalo
(f) Ene Kgatelelo
[6]
2. (a) Olebogeng ene o omanetse ruri. (gore go supagale fa le gatelela Leemedi le
tshwanelwa ke go sala leina morago). [2]
(b) Owai! Ene! O ne a ka dire sengwe Tota! [2]
(c) Mosadimogolonyana yo wa lona o rata dilo [2]
(d) Kwa masimo ga go tlakelwe mma. [2]
(e) Ruri batsadi ba rotloetsa bana. [2]

3. (a) Kgatelelo [2]

(b) Lenyatso [2]
(c) Bopaki [2]
(d) Tlhaodi [2]
(e) Kgatelelo [2]

©2018 BOU
91
JC: Setswana Mothama 3

A re Ikgakolole 4
1. (a) Monna o rata nama. [2]
(b) Apaya serobe [2]
(c) Nwe! A bo e le jaaka a tserwe ke metsi. [2]
(d) Ngwana yo mokima o tshabelelwa ke malwetse. [2]
(e) Bone ba gorogile bosigo. [2]

2. Kwala polelwana ka setlhogo seo, o kgwarele dikarolo tsa puo o bo o neela yo lo

thusanang le ene gore a bone gore a ke tsone. Fa lo na le bothata botsang morutabana ka nako
ya bokopano. [10]

3. Bagolo ke a dumedisa. Ke lo biditse fano go tla go lo itsise ka matshwenyego a ke

nang le one mo sekolong se. Hei! o itse ke selelo le khuranyo ya meno. Boitaolo jo bo mo
sekolong se sa rona bo bogolo. Bana ba rona ba sega tsebe batsadi le mororo re bua le bone
nako le nako. Tota ga re itse gore gare go tsenyeng. Ba intshitse botlhogonkope fela le
gotwe go buiwa le bone ga ba reetse. Batsadi bana ba lona ba tswa mo sekolong ka mmetela
ka lebaka la boimana. Se se swabisang le go feta ke gore ba imisiwa ke borre fela ba ba tona,
ba bangwe e leng borramalwapa. Ao! Se ruri ke matlhabisa ditlhong. Batsadi a re thusaneng
bana. Kwa magaeng le gone lekang go nna fa fatshe le bana ba lona lo ba bontsheng
bodiphatsha jwa go sa tlhwaafaleleng dithuto le jone borai jwa go tsenwa ke malwetse a
tshwana AIDS le one mogare wa HIV.

A kalo bagaetsho ke tla a kopa gore le nkgwe dikgaba.

Ela tlhoko
Pego ya gago e nne le dikarolo tsa puo ka go farologana jaaka o bone mo sekaing seo sa
me. Ke segetse dikarolo tsa puo le fa dingwe ke sa di segela, se e ne e le fela go go fa sekai
sa gore dikarolo tsa puo di ka tla jang ka go farologana mo puong fa o kwala mokgwa wa
tsweletso. [10]

4. Bodiphatsa jwa go tshuba naga

O ka ama dintlha tse, morago o kgwarele dikarolo tsa puo:
• Ke letlotlo
• Bojanala
• Dimela dingwe ke dijo fa dingwe e le kalafi
• Bontle jwa tikologo [10]

©2018 BOU
92
JC: Setswana Mothama 3

A re Ikgakolole 5
1. (a) Ngotlo ke nyenyefatso kana bonnye jwa sengwe. [2]
(b) Monna – monnanyana
Mosadi – mosadinyana [2]

2.
• Phešwana
• Monatšana
• Metsotsonyana
• Pedinyana
• Maemonyana
• Ditlotshwana [6]
3. (a) Podi – potsane [2]
(b) Tedu – tetswana [2]
(c) Koko – kokwana [2]
(d) Mosadi – mosadinyana [2]
4. (a) matlhalosi
Malobanyana
Pejana [2]
(b) Maina
Lemmenyanan
Baithutinyana [2]
(c) Ditlhaodi
Maswenyana
Mangwenyana [2]
5. (a) bonnye
(b) kutlwelobotlhoko
(c) Lonyatso
(d) Lorato
(e) Maemo
(f) Nyenyafatso [6]

©2018 BOU
93
JC: Setswana Mothama 3

Metlobo
1. Bokete B, le ba bangwe 2003; Leisong 2. Gaborone: Heinemann Publishers.
2. Tselaesele M. 2010, Thari 2, Buka ya Moithuti. Gaborone: Pentagon Publishers.

©2018 BOU
94
JC: Setswana Mothama 3

©2018 BOU
95
JC: Setswana Mothama 3

©2018 BOU
96

You might also like