Download as pptx, pdf, or txt
Download as pptx, pdf, or txt
You are on page 1of 20

Yuniti 3: Ditlhangwa tsa

porosa ya Setswana
• KGANGKHUTSHWE
• PADI
• TERAMA
• POKO
• TLHAMO
Kgangkhutshwe ke eng?

 Khutshwe ke kgang e khutshwane - e e ka buisiwang mo nakong e e rileng ntle le go


ikhutsa.
 Khutshwe e telele (khutshwe) le khutshwe e khutshwane (khutshwekhutshwane).
 Khutshwe-khutshwane e ka lekanyediwa go mafoko ale 750–1 500 kgotsa ditsebe di le
tharo go ya go di le tlhano,
 khutshwe yona e ka lekanyediwa go mafoko a le 4 000–7 000, ke gore ditsebe di le 10 go
ya go 20.
Kagego ya kgangkhutshwe

Matseno Mmele Bokhutlo


Matseno a kgangkhutshwe
Matseno a khutshwe a tshwanetse go ngoka le go gapa maikutlo a mmuisi, gore a buise go fitlhela kwa
bokhutlong.

Matseno a botlhokwa thata mo khutshweng, e bile a tlhagisa moanelwa yo mogolo le tikologo e tiragalo e
diragalelang mo go yone.

Mo khutshweng e e kwadilweng ka botswerere mokwadi o dirisa matseno go tlhalosa mathata a


moanelwamogolo a yang go kopana le one.

Mmusi o buisetsa khutshwe kwa pele, ka gonne go na le dintlha tse a batlang go di itse.
Gape mokwadi wa khutshwe ga a bee dintlha tsa gagwe mo pepeneneng. Mokwadi wa khutshwe o dirisa
mekgwa e le mentsi go ngoka maikutlo a rona, babuisi.
Mmele wa kgangkhutshwe
 Khutshwe e tshwanetse go ngoka maikutlo a rona go tloga kwa tshimologong go fitlhela
kwa bokhutlong.

 Se mokwadi a ka se dira ka go tlhomaganya dintlha tse di botlhokwa mo mmeleng, le go


ntsha tse di sa batlegeng. Ke mo mmeleng mo re tshwanetseng go bona moanelwa a lwa le
go rarabolola mathata a gagwe, a a ka nnang a thatafalela go ya kwa pele, fa re ntse re
tswelela ka go buisa.

 Fa o ntse o buisetsa kwa pele o ka bona ditsela di le dintsi tse kanedi e ka felelang ka
tsone. Se se dira gore o tswele pele ka puiso ya gago; ka ntlha ya fa o se na bonnete jwa
gore khutshwe e tlile go fela jang.
Bokhutlo jwa kgangkhutshwe

 Fa o sekaseka bokhutlo okare ke tharabologo ya bothata jo khutshwe e bo tlhagisang.


 Jaaka matseno, bokhutlo bo tshwanetse go nna jo bokhutshwane. Go le gantsi dikhutshwe
tse di gapang/amang maikutlo di fitlha bokhutlong ka tsela e re sa e solofelang.
 Mokwadi o dira gore khutshwe e felele ka moo re sa solofelang; ka gonne a itse se re se
solofetseng kwa bokhutlong. O dira jalo gore re amege maikutlo.
 Gantsi fa re sekaseka khutshwe re fitlhela e le gore bokhutlo bo tsamaelana le go amana le
mmele wa yone. Khutshwe e ka fitlha bokhutlong ka mokgwa o o sa tlwaelegang, o o sa
tsamaelaneng le 'mmele', fa e le gore mokwadi ga a tlhopha setlhogo sentle. Ka jalo,
mokgwa oo kanelo e khutlang ka one o re supetsa fa e le gore setlhogo se tlhopilwe sentle
kgotsa nyaya.
Diponagalo tsa kgangkhutshwe

Diponagalo tsa kgangkhutshwe

Morero/ Lefelo la kakanyontlha ya


Molaetsa Poloto Kgotlhang Baanelwa
Thitokgang ditiragatso mokwadi.
Morero/thitokgang

 Morero ke kakanyokgolo e mokwadi a lekang go e tlhagisa, e ka tswa e le kakanyo ya


gagwe ka ga setlhogo kgotsa dintlha tse di rileng.
 Setlhogo se ka tlhagisa se mokwadi a ratang go bua ka ga sona le fa ka dinako dingwe a
ka dirisa puo ya botshwantshi go gatelela/go tlhagisa morero o.
 Morero o ka tlhalosiwa ka lefoko le le lengwe (loso/thuto/megagaru) kgotsa ka polelwana.
 Fa morero o seyo, kanelo ga e nne le bokao. Ka dinako dingwe morero o tlhagisiwa ka
tlhamalalo gongwe ka tsela e e iphitlhileng.
Molaetsa/Kgangkgolo wa kgangkhutshwe

 Setlhangwa sengwe le sengwe se na le thuto e se e romelang go yo a buisang.


 Molaetsa ke se o ithutileng sona go tswa mo setlhangweng
 Kgangkgolo ke kakanyo e botlhokwa e e tlhagisiwang phatlhalatsa mo kgangkhutshweng.
Kgangkgolo e araba potso, 'Ke eng se o ithutileng sona mo go kgangkhutshwe e?’
 Jaaka moithuti o ka tswa o ipotsa gore kgangkgolo e bonagala jang mo kgangkhutshweng?
Ka dinako dingwe mokwadi o kwala kgangkhutshwe, foo a tlhagisang kakanyo e e
botlhokwa, eo mo go yone go leng bonolo go fitlhela le go tlhaloganya molaetsa o tshwana
le lerato, thuto, letlhoo, loso, setegeniki, jalo le jalo.
 Gantsi bakwadi ba kwala dikgangkhutshwe tse go seng bonolo go fitlhelela molaetsa wa
tsone. Se se raya gore mmuisi a ka tlhaloganya molaetsa fa morero wa kgangkhutshwe o
ranoletswe sentle, mme le baanelwa ba tlhopilwe sentle gore re itemogele kgotlhang ka
tsela e e bonolo. Babuisi ba tshwanetse gore ba kgone go lokolola kgang gore ba fitlhelele
kgangkgolo kgotsa molaetsa.
Poloto ke eng?

 Poloto ke tatelano ya ditiragalo tsa setlhangwa le mabaka a a di tlholang. Tatelano e ya


ditiragalo e tlhagisa mo kgotlhang e simololang teng mo kgangkhutshweng.
 Mokwadi o rulaganya ditiragalo go aga kakanyo e e rileng mme gore e fitlhelelwe,
ditiragalo tsa kgang di tshwanetse go latelelana ka tsela e e rileng, go tswa kwa
tshimologong, mmeleng go fitlha kwa bokhutlong. Mo tatelanong e, tiragalo nngwe e
tlhola e nngwe.
Kagego ya poloto

Setlhoa Tharabololo
Thaologo/tharaano Bokhutlo
Matseno Maemo a renang
ditiragalo di kwa ke fa mathata a
ke mo khutshwe e
kwa tshimologong ya se ke mowa o o leng mankalakaleng, di moanelwamogolo a
ke fa ditiragalo di felelelang teng morago
kanelo mokwadi o teng o o thusang mmuisi masisi. simolola go rarabologa.
simolola go nna marara ga tharabololo ya
tlhagisa baanelwa le go tlhaloganya seemo sa Moanelwamogolo o Go tlhagiswa
mme kgotlhang e senoga mathata, bofelelo ba
maitshetlego. ditiragalo. iphitlhela a na le ditlamorago tse di
kgotlhang kgotsa kgang
mathata. lerweng ke morero
Kgotlhang ke eng?

Kgotlhang ke thulano ya fa gare ga batho ba le babedi kgotsa dilo di le pedi. Go le gantsi


moanelwamogolo o nna mo letlhakoreng lengwe la kgotlhang. Kgotlhang ke karolo e e
botlhokwa ya poloto. Kgotlhang ga se fela ya ngangisano.
Kgotlhang e ka mefuta e le meraro:
 Kgotlhang ya ka fa ntle - molwantshi o lwa le molwantshiwa e bile o kgona go bona le
go utlwa ka mafoko gore go lwewa engmo setlhangweng.
 Kgotlhang ya ka fa gare- moanelwamogolo o lwa le maikutlo a gagwe, mme ga a
bolelele ope ka ga se se mo mafatlheng a gagwe
 Kgotlhang ya motho le tikologo ya gagwe - moanelwa o lwa le batho ba a agileng le
bona.
Baanelwa ke eng?

Baanelwa ke batho kgotsa diphologolo ba/tse ka dinako dingwe ba/di tsayang karolo mo
tiragatsong ya kgangkhutshwe, kgotsa mo tirong nngwe ya dikwalo.

Mokwadi o itlhamelang bona fa a tlhama/kwala setlhangwa sa gagwe. Ke batho ba nama le


madi, ba ba diragalelwang ke dilo tse di ka diragalelang mongwe le mongwe ka letsatsi le
letsatsi. Baanelwa ba ka tlhalosiwa ka semelo kgotsa ka tshobotsi ya bona.
Tshobotsi ke sebopego sa moanelwa fa semelo e le maitsholo a moanelwa, ke gore moanelwa
ke motho wa mofuta mang.
Mefuta ya baanelwa
 Moanelwamogolo/mogapatiro – ke moanelwa yo mokwadi a buang ka ena mo setlhangweng sotlhe, go
tloga mo tshimologong go fitlha kwa bokhutlong.
 Molwantshiwa- ke moanelwamogolo yo a lwantshiwang mo setlhangweng.
 Molwantshi – ke moanelwamogolo yo o kgatlhanong le molwantshiwa.
 Molotlhanyi/Motlatsatiro/Motsereganyi- ke moanelwamogolo yo o tlhotlheletsang ntwa magareng ga
molwantshiwa le molwantshi. Fa go sena molotlhanyi, go tla nna le motsenagare yo le ena e leng,
moanelwamogolo, mme ena o tlisa kagiso magareng ga molwantshiwa le molwantshi fa ba lwa.
 Moanelwa wa madi le nama – ke moanelwa yo o dirang ditiro tse di tshwanang le batho ba ba tshelang mo
lefatsheng.
 Moanelwa wa mmopa – ke moanelwa yo ditiro tsa gagwe di sa amogelesegeng, ga se tse di dirwang ke
batho ba ba tshelang mo lefatsheng.
Lefelo/Tikologo ya tiragatso ke eng?
Ke nako, bosa le lefelo leo ditiragalo di diragalang mo go lone.
Lefelo le tikologo ya tiragatso e tshwanetse ya golagangwa le baanelwa.

Se se nale dikarolo tse di latelang:


 Mafelo- mafelo a a tlhagisiwang mo sekwalong a ditiragalo di diragalelang mo go ona
 Nako – nako e e tlhagisitsweng mo sekwalong e ditiragalo di diregang ka yona.
 Seemo sa bosa- mokgwa o bosa bo neng bo le ka teng
 Seeme sa lefelo - mokgwa o lefelo le neng le bogega ka teng.
Puo le setaele

 Setaele ke fa mokwadi a bontsha boleng jwa puo e e tlhagisang nepagalo, maikutlo le


dikakanyo tsa gagwe.

 Mokwadi wa setlhagwa a ka laola kutlwagalo ya puo, popego ya polelo, motlotlo le dintlha


dingwe tsa puo go ka bopa setaele le maikutlo.

 Mokwadi mongwe le mongwe o na le setaele sa gagwe sa go dirisa puo gore setlhangwa sa


gagwe se ngoke babuise.
Ntlha ya mokwadi
Ke ntlha e e tlhotlheletsang kgang. Mo setlhangweng kakanyo kgotsa ntlha ya mokwadi ke maitemogelo a
gagwe a a amanang le kgang. Ka dinako tse dingwe kanegelo e dirwa go tswa mo kakanyong ya motho wa
ntlha, motho wa bobedi kgotsa wa boraro.

Kakanyo ya mokwadi e botlhokwa mo mabakeng a a latelang:


 E tlhalosa se se botlhokwa le se e seng botlhokwa
 E tlhola kamano magareng ga mmadi le kgang
 E tlhola mokgwa wa kgang le dintlha le dikakanyo tse tlhagisitsweng
 E tlhola kamano ya maikutlo magareng ga mokwadi le kgang
Dintlha tse botlhokwa ka kgangkhutshwe

 Re santse re gatelela gore dikhutshwe tse di gapang mmuisi maikutlo di na le matseno a


makhutshwane, mmele o o tsamaelanang le tiragalo e le nngwe, mmogo le bokhutlo jo
bokhutshwane.
 Fa matseno a le maleele, a tsaya tsebe kgotsa di le pedi, dintlha dingwe di a ipoeletsa. Le
mo mmeleng go tsenngwa dintlha tse di sa batlegeng, tse di seng botlhokwa. Bokhutlo le
jone bo ka nna jo boleele ka go tsenya dintlha tse di sa amaneng le setlhogo. Jaaka re setse
re kaile, mokwadi a ka dirisa ditsela tse di farologaneng go anela khutshwe.
 Mokwadi a ka simolola kanelo ya gagwe fa gare, fa a fetsa a boela kwa tshimologong ka
go tsamaya a tlhalosa se se diragetseng. Mongwe ena a ka simolola kanelo kwa
bokhutlong, mme morago a re isa kwa tshimologong.
Tswelelo…

 Khutshwe e tshwanetse go nna le thitokgang kana kgangkgolo e le nngwe go tloga kwa


tshimologong le go fitlha kwa bokhutlong jwa khutshwe ya gago.
 Kitsiso ya moanelwamogolo le mathata a a tshwaraganeng le ona le tsona di tshwanetse go
lebana le thitokgang eo e le nngwe fela. Ka fa ntlheng e nngwe, ditiragalo tsotlhe tse di
itsisitsweng mo mmeleng le tsona di tshwanetse go nyalelana le thitokgang mo
khutshweng.
 Ditiragalo tse di sa tlhokagaleng di tlogelwe. Tharabololo ya mathata le yona e tsamaisane
le kgankgolo ya khutshwe.
 Ntlha e nngwe gape e o tshwanetseng go e tlhokomela fa o kwala khutshwe ke ya tiriso ya
puo le setaele, lefelo le nako le metlae.
Jaanong
ke nako
ya go buisa buka ya
Mmualebe

You might also like